Skip to main content
x

From The Desk of the President

MaAforika Borwa a gaetsho,
 
Fa e sale Motsheganong o roga, fa re simolola go fokotsa bogale jwa go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng go ralala le naga yotlhe ka ntlha ya mogare wa corona, batho ba le bantsi ba setse ba simolotse go boela kwa ditirong tsa bona.
 
Jaaka e le karolo ya go busetsa maemo a ikonomi sekeng, ditlamo mo diintasetering tse di rileng di setse di kgonne go simolola ka ditiro tsa tsona ka botlalo kgotsa ka dikarolo dingwe tsa ditiro tsa tsona.
 
Ga jaanong re mo kgatong ya bone mo nageng, mme seno se raya gore melao e e gagametseng e e ka ga pabalesego e santse e le teng go fokotsa lebelo la tshwaetsego mo baaging. Maitlhomo a rona ke go fokotsa ka tsepamo dikgato tsa rona ka go netefatsa gore re fokotsa lebelo la go tshwaetsana mmogo le go dira dithulaganyo tsa go baakanyetsa mafelo a rona a boitekanelo re ipaakanyetsa sekgala sa dikoketsego tsa balwetse tse re tla nnang le tsona.
 
Jaaka re fokotsa bogale jwa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, botshelo le jona ka itlelo bo tla boela sekeng. Fela ba ka sa tlhole bo tshwana le mo malobeng.
 
Le fa leuba leno go se go gontsi go re go itseng ka lona, baitseanape ga jaanong ba dumelana ka le le reng mogare ono o tla tswelela go nna matshosetsi nako e telele mo ditirelong tsa boitekanelo lefatshe ka bophara.
 
Ka jalo, re tshwanetse go ipaakanyetsa go tshela le mogare ono wa corona gare ga rona sebaka sa ngwaga kgotsa go feta.
 
Re tshwanetse gore re se ijese dijo tsa ditoro mme amogele gore go lwantshana le COVID-19 e tla nna selo se re tshelang ka sona.
 
Go atlega ga rona mo go lwantshaneng le mogare wa corona go tla ikaega ka diphetogo tse re di dirang mo matshelong a rona.
 
Le fa re sena go tswa mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng – bogolosegolo mo pakeng yona eo ya fa re tswile mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng – re tla tswelela go tshwanelwa ke go obamela dikiletso tsa go katoga batho ba bangwe, go apara dimaseke tsa go hema, go tlhapa diatla ka metsi a sesepa gangwe le gape le go efoga go kgomana le batho ba bangwe.

Re tla tshwanelwa ke go rulaganya sešwa mafelotirelo, dikolo, diyunibesiti, dikholeje mmogo le mafelo a mangwe setšhaba gore re fokotse tshwaetsano.
 
Re tla tshwanelwa ke go itlwaetsa ditsela tse dintšhwa tsa go rapela, go tlotla le batho, go ikatisa le go tshwara dikopano tse di fokotsang kgonagalo ya go anama ga mogare ono.
 
Seno ke seemo se dinaga go ralala le lefatshe di tobaneng le sona. Le tsona dinaga tse di setseng di simolotse go fokotsa dikiletso tsa go sekega nwakana ditiro tsa ka fa nageng di dira seno ka makgaokgao le ka kelotlhoko e e tseneletseng.
 
Jaaka le rona re dirile, dinaga di le dintsi di tsentse tirisong matsholo a mantsi a go thusana le setšhaba e le go matlafatsa makala a tlhokomelo ya boitekanelo, go tshegetsa diintaseteri tse di kakatletseng boima mmogo le badiredi ba tsona le go thusana le malapa a a leng mo tlalelong.
 
Fela jaaka le rona, le bona ba ne ba tshwanelwa ke go tsibogela boikuelo jwa gore ditiro tsa ikonomi di boele sekeng. Fela jaaka baagi ba rona, baagi ba bona le bona ba tlalelane ka go sekegwa ga ditshwanelo tsa bona.
 
Le fa go le jalo, baitseanape go ralala le lefatshe ba tsibosa fa leroborobo leno le tla ipoa sebedi jaaka maemo a tla bo a boela sekeng. Dinaga di le dintsinyana go tsenyeletsa ya Germany, Iran le ya China le tsona di itemogetse ditshwaetso tse di oketsegang fa e sale ba fokotsa bogale jwa dikiletso.
 
Le rona re tla tshwana fela le bona. Re tshwanetse go solofela gore re tla nna le tlhatlogo mo dikgetseng tsa go tshwaetsana fa batho ba boela kwa ditirong tsa bona. Re tshwanetse go amogela gore re tla nna le seemo seno, re ipaakanyetse sona le go tshela le sona.
 
Karolo e e latelang ya ka fao re tsibogelang seemo seno ka fa nageng e ka ga kgatelopele fela jalo le ka ga go dira diphetogo kgotsa go tla ka dikarolo tse dintšhwa. Re tla tlhoma letsholo le le tseneletseng la tekolo, tlhatlhobo le la taolo ya dikgetse tsa bolwetse jono. Re tla tsenya tirisong ditsela tse dintšhwa tsa go gata motlhala batho ba ba kileng ba kopana le batho ba ba tshwaeditsweng. Re tla tshwanelwa ke go tsenya tirisong dikgato tsa go tshela sebolayamegare mo mafelotirelong, mo dipalangweng tsa botlhe le mo mafelong a mangwe a a dirisiwang ke setšhaba.
 
Fa e sale re simolola ka go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, maAforika Borwa a le mantsi a ntse a tsweletse go obamela melawanataolo e e leng teng gore ba ipabalele. Ba tsere tshwetso eno ba lebile mabaka le tshedimosetso e e leng teng, ba tlhaloganya sentle le gore go dira seno go botlhokwa thata mo matshelong a bona le mo matshelong a bao ba tshelang le bona.
 
Jaaka re fokotsa bogale jwa melaokiletso mo ditirong tse di tshegetsang ikonomi ya rona le go lokolola ditiro tse dingwe mo matshelong a rona, go botlhokwa thata gore maAforika Borwa otlhe a tswelele go rwala maikarabelo. Mo go sengwe le sengwe se re se dirang, mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo, re tshwanetse go itlhokomela le go tlhokomela matshelo a batho ba bangwe.
 
Re ka tswa re le baagi, bathapi, badiri, puso, mekgatlho ya baagi, mekgatlho ya badiri kgotsa bagwebi, mongwe le mongwe wa rona o tla tshwanelwa ke go nna le seabe mo go lwantshaneng le leuba leno.
 
Fela jaaka re dirile mo go fetoleng ka fao re neng re tshela ka teng mo go thibeleng go anama ga Mogare wa Lebolelamading (HIV), jaanong re tlhoka go fetola ka fao re neng re tshela ka teng mo go thibeleng go anama ga mogare wa corona.
 
Go gapeletsa gore re tsene mo dikgatong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go neile naga ya rona tšhono ya go dira dithulaganyo ka manontlhotlho. Go re neile sebaka sa go ka ithulaganya mo maokelong le go tsenya tirisong dikgato tsa kiletso.
 
Kgato ya itharabologelo, e leng kgato e e latelang ya go tsibogela mogare wa corona, ke yona e e tla nnang bokete go gaisa e re leng mo go yona ga jaana. Dikotsi tsa gore tshwaetsano e runye di tla oketsega. Sekgala sa go tlhoka ditirelo tsa ditleliniki, dipetlele le batlhankedi ba ditirelo tsa boitekanelo se tla tlhatloga.
 
Ke ka ntlha ya seno go fokodiwa ga bogale jwa meilwa ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go sa tshwanelang go dira gore batho ba simolole go nna botlhaswa kgotsa dikgwebo di simolole go itirela boithatelo ka ntlha ya fa ba batla go boela mo ditirong tsa bona e leng seo se tla dirang gore re lobe matshelo a batho.
 
Mogare ono wa corona le ona o tla fela. Fela fa o santse o le kotsi mo matshelong a batho ba borona, re tshwanetse go tswelela go itisa, re ntshe matlho dinameng le go nna le maikarabelo.
 
Mo motsing ono, go gaisa mo metsing e mengwe e e fetileng, bokamoso jwa rona bo ikaegile ka maitsholo a yo mongwe le yo mongwe wa rona.
 
Ke le eletsa tsotlhe tse dintle,

Signature

 Union Building