Skip to main content
x

 

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Motlakase

1.1.    Kabinete e nopotse kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong Leano la Naga la go Tseela Motlakase Dikgato, e bile e a dumelana gore go santse go le gontsi go go santseng go tlhoka go diriwa mo go baakanyeng diyuniti tsa tlamelo ya motlakase ka fa nageng. 

1.2.    Jaaka naga e tsena mo marigeng, Kabinete e itumedisitswe ke konteraka e e sa tswang go garelwa ya dimekawate di le 400 ya go oketsa motlakase ka Letsholo la go Reka Motlakase mo Ditlamong tse di Nang le Motlakase o Montsi go Feta o di o Dirisang mme motlakase ono o tla gokelelwa mo diyuniting tsa rona tsa motlakase pele kgwedi ya Motsheganong 2023 e konosela. 

1.3.    Mo godimo ga seno, Lefapha la Boitekanelo le nopotse maokelo a le 213 a a sa tshwanelwang ke go kgorelediwa ke go tshabela ruri ga motlakase, mo go ona a le 76 ke ao a ntseng a sa itemogele matsapa ano mme tiro ya go oketsa palo eno ka maokelo a mangwe gape a le 46 e gatetse pele mo go bonagalang. 

1.4.    Kabinete e itumedisitswe gape le ke thankgololo e e solofetsweng ya Lefelo la Ditirelo tse Dintsi tsa Merero ya Motlakase ka la bo 31 Motsheganong 2023 le le tla thankgololwang ke ba Dipeeletso tsa Naga ya Aforika Borwa e leng selo se se tla potlakisang dithulaganyo tsa go ikobela melao go tswela thuso ditlamo tse dintšhwa tsa motlakase gore le tsona di kgone go thusa. 

1.5.    E nopotse kgatelopele e e setseng e dirilwe kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Kusile go busetsa tirisong dimekawate di le 3 200 tsa yuniti ya bo 1, 2, 3 le 5 tsa motlakase mo bokhutlhong jwa ngwaga wa 2023.

1.6.    Kabinete e santse e tlhobaediwa ke dikgang tsa maaka tse di tswelelang go phasaladiwa mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano tse di reng naga e tlo welwa ke lefifi la go tlhoka motlakase ka ntlha ya go phutlhama ga diyuniti tsotlhe tsa tlamelo ya motlakase. Eskom e netefaleditse puso gore e na le maano a go tlhokomela diyuniti tseno go dira gore naga e se iphitlhele mo seemong sa go welwa ke lefifi.

1.7.    Kabinete e santse e boeletsa boikuelo jwa yona jwa gore batho botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa ba tshwanetse go boloka motlakase. Maitlhomo ke go boloka motlakase yo o kanaka dimekawate di le 1 000 ka letsatsi, mme seno se tla kgona go fokotsa motlakase o o tshabetseng ruri ka kgato e le nngwe letsatsi le letsatsi.

1.8.    Tona ya Merero ya Motlakase, Ngaka Kgosientsho Ramokgopa, mo kopanong le bobegakgang ka Labotlhano wa la bo 26 Motsheganong 2023 o tla baya naga mo dinakong ka dikgato tse di tserweng mo go tsenyeng tirisong Leano la go Tseela Motlakase Dikgato.

2.    Boitekanelo

2.1.    Go tloga ka la bo 24 Motsheganong 2023 Puso e tlhomile Komiti ya Merero ya Setegeniki, e e eteletsweng pele ke Lefapha la Boitekanelo la Naga, go samagana le bolwetse jwa Kholera jo bo weleng kwa Hammanskraal mo masepaleng wa Teropo ya Tshwane, jo ga jaana bo setseng bo fetile ka matshelo a le 15.

2.2.    Go samaganwe le namane e tona ya tiro ya go batlisisa gore bolwetse jono bo runtse kae e ka tswa e le mo metsweding ya metsi, diteroko tse di isetsang baagi metsi, mo dipompong le mo Seteišeneng sa go Tlhatswa Metsi a a Leswe sa Rooiwal (WWTW). Go fitlha mo motsing ono, ga go bopaki bope jo bo bontshang fa go na le kokwana ya kholera mo metsweding yotlhe eno, mme seno se re raya se re go wa ga bolwetse jono ke ka ntlha ya tiragalo e le nngwe e e diragetseng e ga jaana e fetileng mme balwetse ba bangwe ba ba tlhagelelang ga jaana ke ka ntlha ya fa ba tshwaetsana.

2.3.    Jaaka go tsweletswe ka ditharabololo, baagi ba motse wa Hammanskraal ba rotloediwa gore ba bedise metsi a a tswang mo dipompong mme ba a topetse letswatswana pele ba ka nwa. Se sengwe gape, fa motho a berekwa ke mala, a feroga dibete kgotsa a na le matshwao a motho yo a tshwerweng ke mala, a motho yoo a lebe kokelong kgotsa kwa tleliniking ya kwa motseng yo a leng mo go ona.

2.4.    Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Rre Senzo Mchunu, o tla ikopanya le Meyara wa Masepala wa Teropo ya Tshwane, Mokhanselara Cilliers Brink, ka Labotlhano 26 Motsheganong 2023 maitlhomo e le go loga leano mmogo la go samagana le go aga sešwa Rooiwal WWTW. 

2.5.    Go bona tshedimosetsoka botlalo o ka letsetsa mogala wa tshoganyetso o o dirang bosigo le motshegare wa Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang (NICD) mo go 082 883 9920. Maele a go okobatsa bolwetse jwa kholera a teng mo go www.nicd.ac.za(link is external).

3.    Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS)

3.1.    Kabinete e tiisiwa mmoko ke seo pegelo ya 2023 ya QLFS e se tlhagisang mo palo ya batho ba ba thapiwang e tlhatlogileng garataro mo dikotareng ka go latelana mme palo ya batho ba ba nang le ditiro ba le 16.2 milione e atumelang mo go ba le 16.4 milione e leng palo e re neng re le mo go yona pele ga COVID-19. Seno ke se supo se se tlhamaletseng sa gore ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e boela sekeng. 

3.2.    Dipalopalo tsa batho ba ba thapilweng mo kgweditharong ya ntlha di bontsha gore go tlhodiwle ditiro di le 209 000 mo ditirong tsa semmuno mmogo le tse dingwe di le 107 000 mo ditirong tseo e seng tsa semmuso mo kgweditharong ya ntlha ya monongwaga.

4.    Tirisanommogo ya Naga ya Aforika Borwa le ya Amerika 

4.1.    Kabinete e totobatsa kgang ya gore botsalano jwa naga ya Aforika Borwa le jwa Amerika e santse e le jwa go ntshana se se mo inong, jo bo sa nonofileng e bile bo tswela maphata otlhe mosola ka go lekana mme seno se latela gore Tona ya Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba, Ngaka Naledi Pandor a rwale maoto go kopana le Moambasatara wa naga ya Amerika, Reuben E Brigety, go tšhotlha kgang ya gagwe ka go latofatsa naga ya Aforika Borwa gore e rekiseditse naga ya Russia dibetsa.

4.2.    Kabinete e boeletsa mafoko a yona gore go na le dikgato tse di tlhomilweng tse di itsegeng tsa setipolomate tsa go se gatane menwana ya maoto tse dinaga tsotlhe di itseng gore di tshwanetse go di latela, le yona Amerika, fa go na le sengwe se se ba tshwenyang gore go kgonwe go mekamekanwa le botsalano jwa dinaga ka bobedi.

4.3.    Kabinete e itumedisitswe ke mafoko a Moporesitente Cyril Ramaphosa a gore go thankgololwe dipatlisiso tse di sa tseyeng letlhakore go batlisisa mofetsho ono wa gore naga ya Aforika Borwa e rekiseditsa naga ya Russia dibetsa. Dintlha tse di ribololwang ke dipatlisiso tseno di tla itsisiwe mo nakong e e sa fediseng pelo.

5.    Tirisanommogo ya naga ya Aforika Borwa le ya Singapore

5.1.    Moporesitente Ramaphosa o ne a amogetse Tonakgolo Lee Hsien Loong wa Naga ya Rephaboliki ya Singapore ka Labobedi, 16 Motsheganong 2023.

5.2.    Naga ya Singapore e beeletsa tota mo nageng ya Aforika Borwa, dipeeletso tsa teng di feta R5 bilione mo maphateng a a jaaka la tlhagisodikuno, la ditirelo tsa matlole le la thekiso ya dintlo. Ditumelano tse di saenilweng magareng ga dinaga ka bobedi maitlhomo a tsona ke go gagamatsa tirisanommogo mo mererong ya kgwebisano, dipeeletso, thuto mmogo le ya sesole. 

6.    Imbizo ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) la Porofense ya Kapa Bophirima

6.1.    Moporesitente Ramaphosa o garetse Imbizo ya Moporesitente ya borataro ya DDM kwa Porofenseng ya Kapa Bophirima, kwa Masepaleng wa Selegae wa Drakenstein, mo Tikologong ya Cape Winelands ka Labotlhano wa la bo 19 Motsheganong 2023.

6.2.    Moporesitente o ne a goga kwa pele baeteledipele botlhe ba maphata otlhe a le mararo a puso ka molaetsamogolo yo o reng: “Go se Nne le Ope yo a Tlogelwang kwa Morago”. Morago ga Imbizo Moporesitente o ne a jela nala lefelo le le gaufi le la Letsholo la Kago ya Mafelo a Bodulo la Vlakkeland, mme leno ke la ntlha ka bogolo le le ka ga kago ya dintlo tsa setšhaba go fitlha mo motsing ono mo Masepaleng wa Selegae wa Drakenstein. Letsholo leno la kago le le simolotseng mo ngwageng wa 2017 e tla re fa re garelwa la naya beng ba dintlo tseno ba le 2 556 magae. 

6.3.    Letsholo la go aga dintlo di le 942 kgato ya lona ya ntlha e setse e simolotswe, mme dintlo di le 454 di setse di feditswe go agiwa fa di le 301 tsona di santse di agiwa. Botlhokwa jwa porojeke eno ke go thusa ka ditsela tse di farologaneng tsa kemonokeng ka matlole go thusa ba ba senang letso le bao letseno la bona le fitlhang go R3 500 (ka letsholo la Breaking New Ground), mmogo le go dirisa letsholo la Finance Linked Individual Subsidy go thusa bao ka ngwaga ba iponelang megolo e e magareng ga R3 501 le R22 000. Mo porojekeng eno go agiwa ka bobedi dintlo tsa setšhaba le tsa Bagale ba Sesole.

7.    Leeto la go Lekola Maemo kwa Masepaleng wa Teropokgolo ya eThekwini le kwa Masepaleng wa Tikologo ya uMgungundlovu ka la bo 18 le la bo 19 Motsheganong 2023

7.1.    Jaaka e le karolo ya Leeto la go Lekola Maemo a go Diragatsa DDM, mo leetong la gagwe la go lekola maemo Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o ne a buisana le bannaleseabe mo maphateng a thuto le tlhatlhelelo ka bokgoni, temothuo, dikhomese le diintaseteri.

7.2.    E nngwe ya diporojeke tse di botlhokwa tse di jetsweng nala ke Projeke ya go Fetola Maemo ya Ntshongweni, e leng teng koo go agiwang Teropo e e tla Dirisang Thekenoloji magareng ga Durban lePietermaritzburg. Porojeke eno e tla tsosolosa ikonomi mo lefelong leno, mme e tla tsenya letseno ka go tlhagisa dipeeletso tse di ka fitlhang go R15 bilione mo dingwageng tse di tlang tse di ka fitlhang magareng ga di le 10 go fitlha go di le 15.

8.    Mafaratlhatlha a Metsi

8.1.    Moporesitente Ramaphosa o ne a jetse nala Porojeke ya Metsi a a Tshologang kwa Dithabeng tsa Lesotho ka Labobedi wa la bo 23 Motsheganong 2023 mme ko teng o ne a tsaya karolo mo letsholong la go thankgolola kgato ya bobedi ya porojeke eno. Jaaka porojeke eno e saenetswe go diragadiwa dingwaga di le dintsi tse di fetileng mmogo le go diegisiwa, mokete ono o a bontsha gore jaanong tiro mo letsholong le le botlhokwa leno e e leng mabapi le letsholo le legolo la dinaga di le pedi e tla diragadiwa. Porojeke ya Metsi a a Tshologang kwa Dithabeng tsa Lesotho e botlhokwa thata mo go direng gore porofense ya Gauteng, Foreistata, Mpumalanga, Bokone Bophirima le Kapa Bokone di nne le metsi.

8.2.    Dipeeletso mo mafaratlhatlheng a metsi go fetola matshelo a maAforika Borwa di a tswelela mo go ntshitsweng R14 bilione go e neela dimasepala go samagana le matsapa a tshalelomorago ya mafaratlhatlhatlha a metsi, mme matlole ao a tla tswa mo Mading a Kago ya Mafaratlhatlha a Magolo a Metsi (RBIG) mmogo le mo Mading a Ditirelo tsa Mafaratlhatlha a Metsi (WSIG). RBIG e tla dirisa madi go thusa diporojeke di le 130 mme WSIG yona e tla thusa diporojeke di le 400 naga ka bophara.

8.3.    Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e diriwang ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe (DWS) mo go lwantshaneng le bonweenwee mo madi a ka fitlha go R600 milione a buseditsweng lefapha ke ditlamo tse di neng di neelwa dithendara go se mo molaong. Kabinete e itumedisiwa gape le ke dikgato tsa thibelo le taolo go fedisa tiriso ya madi go sa mo molaong, tshenyo ya madi le tirisobotlhaswa ya madi.

9.    Dikabo tsa Tlhokomelo ya Baagi

9.1.    Naga ya Aforika Borwa e neetswe tlotlo ke Setheo sa Lefatshe sa Tlhokomelo ya Baagi (ISSA) ka go e abela Kabo ya Ngwaga wa 2023 ya Kontinente ya Aforika ya Tlotlo ya Tiro e e Tswileng Diatla mo go Tlhokomeleng Baagi, mme kabo eno e akgola dipeeletso tsa puso mo matshelong a bana, segolobogolo mo baneng ba ba tswang kwa malapeng a a dikobo dikhutshwane.

9.2.    Maemo a naga ya Aforika Borwa a go tsenela dikabo tseno tse di tlotlegang a ne a bediwa: “Go atolosa ka iketlo tlhokomelo ya baagi go thusa bana ba ba dikobo dikhutshwane: Mo ntlheng ya go Neela Megolo ya Bana, mo nageng ya Aforika Borwa ”. Mo dikabong tseno go amogetswe dikopo di le 138 go tswa mo dinageng tsa Aforika tseo e leng leloko di feta di le 30.

9.3.    Thuso ya baagi ke ntlha e e botlhokwa thata mo letsholong la puso la go fedisa khumanego mme e bile gape ntlha eno e botlhokwa thata mo go busetseng batho ba borona seriti. Thulaganyo ya tlhokomelo ya baagi ya naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dithulaganyo tse dikgolo mo lefatsheng, mo batho ba ba unngwelwang mo go yona ba fetang ba le dimilione di le 18. 

10.    Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo

10.1.    Kabinete e itumedisiwa ke gore Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo di ntse di tsamaya ka thelelo. Lenaneo la dinako tsa Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo tse di saletseng mmogo le dinako tsa dikopano le bobegakgang tse di emang nokeng dipuo tseno: 

10.1.1.    Labotlhano wa la bo 26 Motsheganong 2023 ka 13:00, Tona ya Lefapha la Pusoselegae le Merero ya Setso<segment (CoGTA), Mme Thembi Nkadimeng, o tla tshwara kopano le bobegakgang mabapi le Puo ya Thebolo ya Tekanyetsokabo ya CoGTA mme yona e tla tlhagisa dikgato tse di tla tsewang tse maitlhomo a tsona e leng go tokafatsa tiro ya dimasepala. 
10.1.2.    Ka Labobedi wa la bo 30 Motsheganong 2023, Tona ya Tlhabololo ya Loago, Mme Lindiwe Zulu, mmogo le Tona ya Tlhabololo ya Loago Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa, Rre Ronald Lamola, ba tla tshwara Dipuo tsa bona tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo mme dintlha tsa ona ka ga dikopano le bobegakgang di tla itsisiwe mo nakong e e sa fediseng pelo.
10.1.3.    Puo ya Thebolo ya Tekanyetsokabo ya Kantoro ya Moporesitente e tla phasaladiwa ka Laboraro wa la bo 31 Motsheganong 2023 mme ka Labobedi wa la bo 30 Motsheganong 2023 go tla tshwarwa kopano le bobegakgang mabapi le Kgatelopele e e Dirilweng ka Phetogo ya Letsholo la Phetolo ya Ditheo mmogo le Matsholo a Ditiro a a tsamaisiwang ka Operation Vulindlela.

11.    Segopotso sa Ngwaga wa bo 20 sa Letsatsi la go Keteka Boaforika mmogo le go Keteka Letsholo la go Sekasekana le Dinaga tsa Aforika

11.1.    Kabinete mmogo le maAforika Borwa otlhe ba keteka mmogo kontinente ya Aforika le lefatshe ka bophara Letsatsi la go Keteka Boaforika ka la bo 25 Motsheganong 2023. Yo ngwaga o botlhokwa segolobogolo ka ntlha ya gore ke ngwaga yo go ketekewing segopotso sa bo 60 sa go saeniwa ga lekwalo la ditumelano la Mokgatlho o o Tshwaraganeng wa Aforika (OAU), o e feleditseng e le Mokgatlho o o Tshwaraganeng wa Aforika (AU). Molaetsamogolo wa mekete ya ngwaga wa 2023 – “Go potlakisa go tsenya tirisong Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe” – o akgola kgatelopele e e diriwang mo go tsenyeng tirisong lefelo le legolo mo lefatsheng mo mererong ya kgwebisano.

11.2.    Monongwaga Kgwedi ya Aforika e tla ketekiwa ka nako e le nngwe le ya go keteka segopotso sa bo 20 sa Tsamaiso ya Tebosešwa ya Dinagaleloko tsa Aforika (APRM), e leng maitlhomo a go tlhotlheletsa tsamaiso e e lolameng ya puso mo kontinenteng ka go dirisa thulaganyo ya go ithuta mo go ba bangwe le go ikela tlhoko. 

B. Ditshwetso tsa Kabinete 

1.    Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi (SEZ) a kwa Namakwa

1.1.    Kabinete e neseditse pula SEZ ya kwa Namakwa e e kwa Aggeneys mo porofenseng ya Kapa Bokone. Lefelo leno le neseditswe pula go ya ka Molao wa Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi wa ngwaga wa 2014 (Molao wa bo 16 wa 2014) mmogo le SEZ eo e tshitshintsweng eo e leng karolo ya Letsholo la Dipeeletso la Moporesitente.

1.2.    SEZ ya kwa Namakwa e tla letlelela dikgato tsa go bula meepo, go tlhagisa leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo, go agiwa ga mafaratlhatlha, motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mmogo le tlhagiso ya dikuno tsa temothuo. Makala ano a botlhokwa mo go tlholeng ditiro le mo go godiseng ikonomi ya porofense ya Kapa Bokone le ya naga. 

1.3.    Go setse go dirilwe maikano a dipeeletso a feta R29 bilione mo kgatong ya ntlha ya SEZ. Mo go ona go akarediwa a Vedanta Zinc (R16 bilione), Frontier Rare Earth (R13 bilione), Hive Energy (R200 milione) le RRS Trade and Investment (R100 milione). 

2.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Kgatiso ya Boraro ya Leano la Naga la Mafaratlhatlha a Metsi (NWRS-3) sa Ngwaga wa 2023

2.1.    Kabinete e neseditse pula NWRS-3 ya 2023 gore e tsenngwe tirisong mme leano leno le gokelela batlhankedi ba bagolo botlhe le ditheo tsotlhe tseo di rweleng maikarabelo a go tsenya tirong Molao wa Metsi a Naga wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 36 wa 1998).

2.2.    Leano leno le tsamaisana le tshekatsheko e e diriwang morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le tharo ya NWRS-2, mo go nopotsweng dikarolo tse le atlegileng mo go tsona mmogo le dikarolo tse go santseng go na le dikgwetlho mo go tsona. 

2.3.    NWRS-3 e na le dintlha di le tharo tse di botlhokwa, e leng go dira bonnete jwa gore metsi le kgeleloleswe di tlisa tlhabologo, go fedisa khumanego le go se lekalekane, go nna le seabe mo ikonoming le mo go tlholeng ditiro, mme ka jalo metsi a tshwanetswe go tlhokomelwa, a dirisiwe, a phepafadiwe, a laolwe le go elwa tlhoko ka go a somarela le ka go a abela batho ka go lekana.

2.4.    Leano leno le tlhagisa ditshitshinyo tse di utlwagalang mo go oketseng tlamelo ya metsi, go foka tiriso ya metsi, go tlhokomela ka tshwanelo metsi le kgeleloleswe, go tsenya tirisong melao ya go laola lephata la metsi le kgeleloleswe, go abela setšhaba metsi gore re fetole batsholateu, go rotloetsa tirisanommogo le ditheo tsa boditšhabatšhaba mmogo le go tlhokomela metsi le kgeleloleswe ka fa tlase ga maemo a phetogo ya maemo a loapi. 

2.5.    NWRS-3 e phasaladitswe mo webesaeteng ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe www.dws.gov.za. 

3.    Pegelo e e ka ga Dikgato tse Lefapha la Sesole (DoD) le di Tsenyang Tirisong go Samagana le Maitsholo a Masole a Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) a a Rometsweng kwa Dinageng tse di Nang le Dikgotlang go Dira Bonnete jwa gore go Rena Kagiso 

3.1.    Kabinete e amogetse pegelo ya dikgatelopele tseo naga ya Aforika Borwa e di dirileng mo go tseeleng dikgato maitsholo a a mangwe a masole a SANDF a a romilweng go dira bonnete jwa gore go rena kagiso mo mafelong ao ba romilweng mo go ona go ralala le kontinente.

3.2.    SANDF ke setheo se naga e ipelang ka sona ka ntlha ya fa se tsaya karolo mo matsholong a go tlisa kagiso mo kontinenteng go dira gore mafelo a mo go ona go runtseng ntwa ya matlho a mahibidu mo kontinenteng ya Aforika go rene kutlwano le kagiso mo go ona ka go ikamanya le tiro ya Dinagakopano (UN). 

3.3.    Ka ntlha ya ditatofatso tse di runtseng mo ngwageng wa 2015 tsa gore a mangwe a masole a a rometsweng go thusa ka letsholo la go tlisa kagiso a latofadiwa ka mekgwa e e tswileng mo taolong ya thobalano, Setlhophatiro sa Ditona se ne sa tlhomiwa mo ngwageng wa 2019 gore se batlisise, mo go DoD, fa dikgetse tseno tsa go robalana le baagi ba dinaga tseo ka go ba solofetsa legodimo le lefatshe le go ba tlhorisa (SEA) e le boammaruri. 

3.4.    Kabinete e kgotsofaditswe ke dikgato tse di setseng di tserwe go samagana le ditiragalo tsa SEA mo matsholong a go thusa go tlisa kagiso a SANDF. UN e tsaya Aforika Borwa jaaka sekai mme e akgotse ka fao naga e setseng e samagane le matsapa ano a go fedisa SEA mo go SANDF.

3.5.    Kabinete e gateletse gore ga e kitla e letlelela maitsholo a a tsamaisanang le SEA a phuaganya tiro e ntle e e itsegeng e SANDF e e dirang mo kontinenteng. 

4.    Kgwedi ya go Keteka Seabe sa Bašwa ya Ngwaga wa 2023 

4.1.    Kabinete e neseditse pula Letsholo la Ngwaga wa 2023 la Kgwedi ya Bašwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go potlakisa thuso ya bašwa mo mererong ya ikonomi gore re kgone go nna le bokamoso jo bo sa tseweng ke phefo”.

4.2.    Motlatsamoporesitente Mashatile o tla ema ka lefoko Letsatsi leno la Naga mme lona le tla ketekiwa matsatsi a le mabedi monongwaga go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 17 Seetebosigo 2023 kwa Mangaung Outdoor Sport Centre, Mangaung, Bloemfontein, kwa Porofenseng ya Foreistata. Mo matsatsing a le mabedi ao, bašwa ba tla neelwa tšhono ya go buisana le Ditona le Batlatsatona mmogo le ba bangwe ba bannaleseabe mo dikatisong tse di farologaneng tsa go itlhamela dikgwebo le go tlhatlhelelwa ka bokgoni go tswa mo pusong le mo badirisanimmogong ba bangwe mo mererong ya loago. 

4.3.    Kgwedi ya Bašwa e tla thankgololwa ka Labone wa la bo 1 Seetebosigo 2023 ke Tona mo Kantorong ya Moporesitente e e Rweleng Maikarabelo a Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogolofadi, e bong Ngaka Nkosazana Dlamini Zuma kwa Musiamong wa Hector Pieterson Memorial kwa Soweto. 

4.4.    Kabinete e ikuetse mo baaging go gagamatsa matsapa a go netefatsa gore bašwa ba fitlhelela ditšhono tsa go nna le seabe mo ikonoming.

4.5.    Puso, jaaka e le yona e e thapang batho ka bontsi, e tsibogetse botlhokwa jwa tlhatlhelelo ka bokgoni mmogo le go thapiwa ga bašwa ka go dira gore bašwa ba bantsi ba ba alogileng ba thapiwe mo matsholong a go ithutela tiro mo Lephateng la Ditirelo tsa Puso go tla go ithutela tiro teng. Puso e samagane gape le go tsenya tirisong Sekgwama sa Matlole a go Thapa Baagi (SEF) mmogo le go tsosolosa Setheo Naga sa Ditirelo tsa Bašwa (NYS) mo matsholo ano a tla tlholelang bašwa ba le diketekete ditiro mo ikonoming.

4.6.    Letsholo la Moporesidente la Kemonokeng ya Bašwa ka Ditiro le setse le atlegile mo go emeng nokeng ditšhono di le milione le halofo ka megolo ya letseno la nakwana, go tsenya tirong batho ba le milione o le mongwe, ditšhono di le 250 000 tsa go tlhatlhelelwa ka bokgoni o le mo tirong, ditšhono di le 250 000 tsa go lefelwa mabapi le ditirelo tse di abilweng mmogo le bašwa ba le 500 000 ba ba kgonang go itirela letseno le le tla gogang sebaka. Jaaka re tsena mo Kgweding eno ya Bašwa, puso e gakolola bašwa gore ba ikwadise mo sefalaneng sa SAYouth.mobi jaaka bankane ba bona ba le dimilione di le dine bona ba setse ba ikwadisitse, mme seno ke sefalana se ditiro di phasaladiwang teng.

5.    Go Tshwara Mmogo Foramo ya bo Robedi ya Dikgwebo tsa Temothuo tsa Aforika mo Dipatlisisong tsa Lephata la Temothuo (FARA) e e Leng Karolo ya Beke ya Saense Mmogo le Kopanokgothakgothe ya Yona ya Borobongwe

5.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tshwara mmogo FARA e e Leng Karolo ya Beke ya Saense Mmogo le Kopanokgothakgothe ya Yona ya Borobongwe gore e tshwarelwe kwa Durban go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 9 Seetebosigo 2023.

5.2.    FARA ke mokgatlho o mogolo mo kontinenteng o o rwelelng maikarabelo a go disa le go tsamaisa dipatlisiso tsa merero ya temothuo mmogo le go godisa boitlhamedi ka fa kontinenteng. 

5.3.    Ka go tshwara kopano eno, naga ya Aforika Borwa e tla unngwelwa ke tirisanommogo eno mmogo le tirisanommogo magareng ga ditheo tsa dipatlisiso tsa temothuo ka fa kontinenteng gonne mo go yona go tla tlhabanwa botlhale ka tsa saense le dipatlisiso tse di mabapi le temothuo. Aforika Borwa e tsaya dipatlisiso mo mererong ya temothuo jaaka selo se se botlhokwa fa go tla mo tlhabologong, segolo jang fa re lebelela maemo a phetogoloapi mmogo le mabaka a mangwe a a dirang gore naga e tlhoke dijo tse di lekaneng, e godise maemo a ikonomi le go tlhola ditiro. Go solofelwa gore kopano eno e tla ngokela barongwa ba le 800 kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal le ya Gauteng, mme seno se tla thusa ikonomi ya rona. 

6.    Merero ya Kgwebisano

6.1.    Kabinete e amogetse pegelo e e bontshang diphetogo mo letsholong la naga la kgwebisano le thekiso ya ditlhagisiwa tsa ka fa nageng kwa dinageng tsa kwa ntle. Pegelo eno e bontsha gore naga ya Aforika Borwa e rekiseditse dinaga tsa kwa ntle ditlhagisiwa tsa boleng jwa dibilione di le 300 tsa diranta mo ngwageng wa 2022 mo dinaga di le 12 di rekileng, mme seno se dirile gore badiri ba le 57 300 ba se latlhegelwe ke ditiro tse di tobaneng le intaseteri eno. 

C. Bao ba Thapilweng 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Bernard Scelo Duma o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Lephata la Ditiro tsa Dipusoselegae le Kemonokeng mo Lefapheng la Pusotshwaraganelo. 

2.    Mo Botong ya Bakaedi ba Lekgotla la Dithekenoloji tsa Dimenerale
(a)    Mme Ntombifuthi Zikalala-Mvelase (Motlatsamonnasetulo e bile o thapilwe sešwa); 
(b)    Mme Pontsho Maruping (o thapilwe sešwa);
(c)    Rre Rudolf Heydenrich (o thapilwe sešwa);
(d)    Ngaka Siyabonga Simayi;
(e)    Ngaka Takalani Madzivhandila;
(f)    Mme Azwinndini Mavis Thomani;
(g)    Rre Livhu Nengovhela; le
(h)    Mme Faith Ntokozo Ngcwabe (Moemedi wa Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE)). 

3.    Mo Botong ya Bakaedi ba Lekgotla la Saense ya Ditikologo 
(a)    Rre Kelepile Dintwe (Monnasetulo);
(b)    Rre Xolisa Mvinjelwa (Motlatsamonnasetulo);
(c)    Moatefokate Ntika Maake;
(d)    Ngaka Mayshree Singh;
(e)    Ngaka Siyanda Mngadi;
(f)    Ngaka Ntombifuthi Nxumalo;
(g)    Mme Thobeka Njozela;
(h)    Rre Andries Moatshe;
(i)    Ngaka Moloko Matlala;
(j)    Rre Mandla Malindisa; 
(k)    Ngaka Mmboneni Muofhe; le
(l)    Rre Mosa Mabuza (CEO). 

D. Melaotlhomo

1.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Bothati jo bo Ikemetseng jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di ka ga go Tlola Molao ga Sepodisi (IPID) wa Ngwaga wa 2023 

1.1.    Kabinete e neseditse pula Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa IPID wa 2023 gore o romelwe kwa Palamenteng. 

1.2.    Molaotlhomo yono o kwalola sešwa Molao wa IPID wa ngwaga wa 2011 (Molao wa bo 1 wa2011), mme e dira ditshitshinyo tse maitlhomo a tsona e leng go gagamatsa tiro le go ikemela ga setheo sa IPID, e leng go tsibogela “Katlholo ya Kgotlatshekelo e e ka ga Kgetse ya ga Rre McBride”.

1.3.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di samagana gape le dikarolo tsa Molao wa IPID wa 2011 tseo Kgotlatshekelo ya Molaotheo e di supileng gore ga di mo molaong, mme tsona ke tse di neelang Tona ya Mapodisi maatla a go emisa Tlhogo ya Setheo mo tirong ya gagwe, go tseela Tlhogo ya Setheo dikgato tsa go mo kgalema morago ga gore a mo emise kwa tirong, mmogo le go tebela Tlhogo ya Setheo mo tirong.

1.4.    Molaotlhomo ono o tshitshinya gore dithulaganyo tsa go thapa Tlhogo ya Setheo e nne tse di senang lehunelo mme e nne e e tseneletseng le e e fatololang ka tsenelelo gore maitsholo a motlhankedi wa IPID gore go thapiwe yo a gagwe e leng a a siameng. Molaotlhomo yono o tlhagisa gape le dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa Molao yo Mogolo, go dira bonnete jwa gore IPID e diragatsa tiro ya yona ka tshwanelo le ka botswapelo. Molaotlhomo yono o ka fitlhelwa mo go www.policesecretariat.gov.za.

2.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ka Botlalo ya Twantsho ya Bosenyi (GILAB) wa Ngwaga wa 2023 

2.1.    Kabinete e neseditse pula sekwalwa se iseng se butswe sa GILAB sa ngwaga wa 2023 gore se romelwe kwa Palamenteng. GILAB e na le ditshitshinyo tsa gore Molao wa Naga wa Maano a Twantsho ya Bosenyi o kwalolwe sešwa, (Molao wa bo 39 wa 1994). Molaotlhomo ono o neela maatla ditshwaelo tse di dirilweng ke Phanele ya Moporesitente ya Maemo a a kwa Godimo ya go Sekaseka Maemo a Setho sa Phemelo ya Puso (SSA) mmogo le go diragatsa maano a go tsenya tirisong ditshwaelo tse di dirilweng ke Khomišene ya Diphuruphutso Mabapi le go Goga Puso ka Nko, Bogodu le Bonweenwee mo Ditheong tsa Puso mmogo le mo Ditlamong tsa Puso. 

2.2.    Gare ga tse dingwe tse dintsi maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go: (a) go rulaganya sešwa ditirelo tsa go lwantshana le bosenyi gore go nne le sebopego sa setheo se se kgonang go dira tiro ka botswapelo le ka matshwanedi ka go tlhoma setheo sa go lwantshana le bosenyi se se tla samaganang le merero ya ka fa nageng mmogo le se se tla samagananang le merero ya boditšhaba; (b) go baakanya diphoso tse di leng teng mo go direng ka tshwanelo ga Tiro ya go Lwantshana le Bosenyi jaka Kgotlatshekelo ya Molaotheo e laetse; (c) go samagana le makoa a a nopotsweng ka go sola mosola dikgato tsa Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole, mmogo le dikgato tsa go lwantshana le ditiragalo tsa go timetsa motlhala wa tšhelete ya bogodu mmogo le tsa go tlamela ka matlole digongwana tsa menolopuso mme seno se ka diriwa ka go neela maatla ditheo tsa phemelo ya naga gore di kgone go batlisisa le go phuruphutsa motho kgotsa setheo seo se ka tswang se belaelwa gore se na le mofetsho tsa mothale oo; (d) go gagamatsa dikgato tsa go laola ditlamo tsa phemelo tse di leng mo taolong ya maloko a poraefete jaaka seo e le karolo e kgolo ya go tlhokomela maemo a phemelo ya naga; mme sa bofelo ke (e) go tsenya tirisong dikgato tsa go laola maitsholo a bao mo nakong e e fetileng ba kileng ba direla setheo seno mmogo le a batho ba bangwe ba tiro ya bona e ba kgontshang go bona tshedimosetso e e tsamaisanang le twantsho ya bosenyi.

2.3.    Se sengwe gape se Molaotlhomo ono o samaganang le sona ke go dira bonnete jwa gore ditirelo tsa SSA ga di dirisiwe botlhaswa go tsweletsa maikaelelo a a rileng a batho ba ba rileng. 

2.4.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tla matlafatsa dikgato tsa ditheo tse di jaaka Molekodimogolo wa Ditheo Tsotlhe tsa Twantsho ya Bosenyi, Komiti ya Maloko a a Kopaneng a Palamente mo Mererong ya go Lwantshana le Bosenyi mmogo le Motlhankedi yo Mogolo wa Ditiro tsa Boruni ka fa Nageng go lekola maemo a ditheo tsa go lwantshana le bosenyi. Molaotlhomo ono o ka fitlhelwa mo go www.gov.za. 

3.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Khomišene ya Ditirelo tsa Puso (PSC) wa Ngwaga wa 2023 

3.1.    Kabinete e neseditse pula sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo wa PSC wa ngwaga wa 2023 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Molaotlhomo ono o tsena mo legatong la Molao wa PSC wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 46 wa1997) jaaka e le karolo ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. 

3.2.    Molaotlhomo yono o laela gore go tlhomiwe setheo se se ikemetseng sa mokwaledi wa PSC go neela setheo seno maatla a go ikemela le a go se tseye letlhakore. Ka gangwe fa molaotlhomo ono o setse o garetswe gore o ka nna molao, msikarabelo a PSC a tla okediwa gape go akaretsa a gore le dimasepala le dikgwebo tsa puso di tshwanetse go ikarabela mo go yona. 

3.3.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tla neela PSC maatla a a bonagalang a go e kgontsha gore e kgone go dira diphetogo tse di utlwagalang mo go direng gore ditheo tsa puso tsa tirelo ya setšhaba di kgone go tsibogela ditlhokwa tsa baagi, di dire tiro ya tsona ka maitseo le ka maitshwaro a a siameng. Molaotlhomo ono o ka fitlhelwa mo go www.dpsa.gov.za 

4.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ngwaga wa 2023 wa Taolo ya Motlakase wa Nyutlelia wa Naga 

4.1.    Kabinete e neseditse pula sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Motlakase wa Nyutlelia gore o ka romelwa kwa Palamenteng. Molaotlhomo yono o kwalola sešwa Molao wa Naga wa Taolo ya Motlakase wa Nyutlelia (NNR) wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 47 wa 1999). 

4.2.    Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go samagana le go tswalela diphatlha tse ga jaana di leng teng mo molaong wa NNR wa 1999. Molao ono jaaka o le ga jaana ga o tsamaisane le maemo a boditšhabatšhaba a a tshwanetsweng go latelwa mo lephateng la pabalelo ya taolo ya motlakase wa nyutlelia gonne ga o samagane le go rarabolola matsapa a malwetse a badiri ba ba direlang ditheo tsa difofane a a tlhodiwang ke mogote wa dilo tse di leng kwa lefaufaung. 

4.3.    Molaotlhomo ono o kwalolotswe sešwa ka maitlhomo a go dira gore Molao wa NNR wa ngwaga wa 1999 o tsamaelane le melao ya taolo e e matshwanedi ya Setheo sa Boditšhabatšhaba sa Motlakase wa Dikarolwana tsa Tlholego (IAEA). Naga ya Aforika Borwa ke karolo ya IAEA.

E.     Ditiragalo tse di Tlang

1.    Go Tlhomiwa mo Setulong ga Moporesitente wa Naga ya Nigeria

1.1.    Ka Mosupologo wa la bo 29 Motsheganong 2023 Moporesitente Ramaphosa o tla tsibogela taletso ya go ya moletlong wa go Tlhomiwa mo Setulong ga Moporesitente yo a Tlhophilweng Semmuso Rre Bola Ahmed Tinubu wa Naga ya Nigeria.

1.2.    Go tsibogeleng taletso eno ga Moporesitente go bontsha maikemisetso a go batla go tswelela go dirisana mmogo magareng ga dinaga ka bobedi e leng Aforika Borwa le Naga ya Nigeria.

1.3.    Naga ya Nigeria ke yona e kgolo go di gaisa kwa ntlheng ya Bophirima jwa kontinente ya Aforika e e gwebisanang le naga ya Aforika Borwa. Difeme di le ditsi tse di farologaneng tsa naga ya Aforika Borwa di beeleditse kwa nageng ya Nigeria, mme ka fa letlhakoreng le lengwe le dikgwebo tsa kwa Nigeria le tsona di setse di simolotse go itirela leina ka fa nageng ya Aforika Borwa.

2.    Beke ya go Keteka Tshireletso ya Bana 

2.1    Naga ya Aforika Borwa e tla keteka Beke ya Tshireletso ya Bana go tloga ka la bo 28 Motsheganong 2023 ka molaetsamogolo yo o reng: “Tla re Sireletseng Bana mo Pakeng ya COVID-19 le go ya go ile”. Letsholo leno le dira gore makala otlhe le ditšhaba tsotlhe di tshwaraganele kgodiso, tlhokomelo le tshireletso ya bana. 

2.2    La monongwaga letsholo le tla nna le seabe mo go RISIHA, seno ke letsholo la mo motseng la go thibela le go sekaseka maemo a a sa itumediseng a bana, mme maitlhomo a lona ke go ntsha bana mo tlalelong go ba dira gore ba nne pelokgale.

3.    Leeto la go Lekola Maemo a go Tsenya Tirisong DDM mo Porofenseng ya Kapa Botlhaba

3.1    Motlatsamoporesitente, Rre Paul Mashatile e tla re ka la bo 26 le la bo 27 Motsheganong 2023 o tla tsaya leeto la go lekola maemo kwa Tikologong ya OR Tambo le kwa Teropokgolong ya Buffalo City kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba.

3.2    Leeto leno ke karolo ya letsholo la puso la go dira bonnete jwa gore tlhabololo mo baagi ba nnang e diragala ka tolamo ka go latela thulaganyo ya DDM.

4.    Palamente ya Borataro ya Setheo sa Palamente ya Kutlwano ya Dipolotiki tsa MaAforika (PAP)

4.1    Baeteledipele go tswa kwa dikhutlong nne tsa kontinente ba kopane ka Mosupologo wa la bo 15 Motsheganong 2023 kwa Midrand, mo nageng ya Aforika Borwa go bula Palamente ya Borataro ya PAP. Kopano eno e tla garelwa ka la bo 02 Seetebosigo 2023.

4.2    Maitlhomo a PAP ke go samagana le dikgwetlho tse di tlwaelegileng mo kontinenteng ka bophara mme ka jalo e na le baemedi ba maAforika go tswa kwa dikhutlong nne tsa kontinente.

5.    Khomišene ya Ditheo tsa Puso mo Mererong ya Dithuto tsa Mawatle (IOC)

5.1    Naga ya Aforika Borwa e tla tsaya karolo mo kopanong ya bo 56 ya lekgotlakhuduthamaga e e tla tshwarelwang kwa Paris, kwa nageng ya France go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2023.

5.2    Khomišene ya Ditheo tsa Puso mo Mererong ya Dithuto tsa Mawatle e e leng karolo ya Mokgatlho wa Thuto, Saense le Setso mo Dinagakopanong (IOC-UNESCO) ke karolo ya UN e e rwelelng maikarabelo a go ema nokeng merero ya lefatshe ka bophara ya saense le ditirelo mo mawatleng.

5.3    Naga ya Aforika Borwa e tlhaloganya sentle botlhokwa jwa dipatlisiso mo tlhokomelong ya mawatle a yona le mabopo a yona fa go tla mo tshomarelong ya ona. Dipatlisiso tsa mawatle gape di thusa ka go abelana ka matshwao a dikotsi go sa le gale fa go tla mo matlhotlhapelong a a fuduwang ke mawatle mme seno se thusa puso go tsaya dikgato tse di lolameng ka ntlha ya kitso eo.

6.    Naga ya Aforika Borwa e tla Tshwara Metshameko e Megolo ya Dikgaisano tsa Bomampodi

6.1    Barati ba metshameko go tswa kwa dikhutlong nne tsa lefatshe ba ka solofela go amogelwa ka diatla tsoopedi tse di mofutho tse di nang le Botho mmogo le borobasogo jwa maemo a a kwa godimo fa ba tlile ka fa nageng ya Aforika Borwa go bona Motshameko wa Sejana sa Lefatshe sa Bolotloa mmogo le wa Dikgaisano tsa Bomampodi tsa Lefatshe wa Karathi wa Kimura Shukokai International (KSI) jaaka naga e setse e ipontshitse gore e na le bokgoni jwa go tshwara ka katlego metshameko e megolo.

6.2    Boitumelo bo tswelela go oketsega jaaka go setse matsatsinyana fela a a fetang a le 60 gore Motshameko wa Sejana sa Lefatshe sa Bolotloa o o tla tshamekelwang kwa Motsekapa go tloga ka la bo 28 Phukwi go fitlha ka la bo 6 Phatwe 2023. Leno ke lekgetlo la ntlha dikgaisano tseno di tshwarelwa mo nageng ya Aforika.

6.3    Kabinete e ikuela mo go batho botlhe go ema nokeng Letsholo la Netball Friday ka go apara diaparo tsa mebala e e emang nokeng ditlhopha tse di tla tshamekang kgotsa ka go apara mebala ya setlhopha sa naga go ema nokeng Setlhopha sa Naga ya Aforika Borwa sa Metshameko ya Bolotloa.

6.4     KSI ya Naga ya Aforika Borwa le yona e tla bo e tshwaretse Dikgaisano tsa Bomampodi ba Lefatshe kwa Motsekapa go tloga ka la bo 10 go fitlha ka la bo 15 Phukwi 2023, mme re eletsa Setlhopha sa Aforika Borwa masego jaaka se ipaakanyetsa dikgaisano tseno tse di botlhokwa tsa lefatshe.

6.5    Naga ya Aforika Borwa e motlotlo go tshwarela Metshameko ya Makgaolakgang a Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng ya Ngwaga wa 2023 kwa Durban International Convention Centre. Ga jaana go na le batho ba le 600 ba ba tswang kwa dinageng ka go farologana mo lefatsheng ba ba tshamekang mo dikgaisanong tseno mme seno se naya batshameki ba naga ya rona tšhono ya go tlhagisa bokgoni jwa bona. Metshameko eno e simolotse ka la bo 20 Motsheganong mme e tla garela ka la bo 28 Motsheganong 2023.

F.    Melaetsa

1.    Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

- Tona ya Matlole, Rre Enoch Godongwana, yo a neetsweng Kabo ya Tlotlo ya Batlhankedi ba Dibanka tsa Aforika ya Ngwaga wa 2023 ya go Nna Tona ya Matlole e e Dirileng Tiro e e Tswileng Diatla mo Ngwageng e a e amogetseng kwa Sharm El Sheikh, kwa nageng ya Egepeta ka Laboraro wa la bo 24 Motsheganong 2023 e leng kabo e e akgolang matsapa a gagwe ao a a dirileng mo dingwageng di le pedi tse di fetileng mo go laoleng ikonomi ya naga ya Aforika Borwa mo maemo a ikonomi mo lefatsheng le ka fa nageng a neng a le matswakabele. Kabo eno e lebelela gape le ka fao Tona a dirisitseng pholisi ya taolo ya matlole go oketsa palo ya dipeeletso mo lephateng la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.

- Hana Gammon, mokwadi wa moAforika Borwa yo a nang le dingwaga di le 20 jaaka a fentse Dikgaisano tsa Dinaga tsa Seoposengwe fa go tla mo Dikabong tsa go kwala Dikgang tse Dikhutshwane mo kgaolong ya Aforika mme e bile ke ene yo monnye go gaisa fa e sale yo a kileng a fenya kabo eno. 

- Setlhopha sa Motshameko wa Rakabi sa The Stormers jaaka se fitlheletse makgaolakgang a Dikgaisano tsa Bomapodi ba Metshameko ya Rakabi. The Stormers ba tla thulana le setlhopha sa The Irish Musters kwa Lebaleng la Metshameko la kwa Motsekapa ka Lamatlhatso wa la bo 27 Motsheganong 2023. 

- RreZakes Mda, mokwadi wa dibuka tsa dipadi wa moAforika Borwa mmogo le Moporofesara Tshilidzi Marwala, yo e kileng ya nna Motlatsatlhogo le Tlhogo ya Yunibesiti ya Johannesburg, bobedi maina a bona a okotswe go ka abelwa Kabo ya Ngwaga wa 2023 ya Botlhogoputswa ba Kontinente ya Aforika. Rre Mda le Moporofesara Marwala maina a bona a okotswe mmogo le a maAforika a mangwe a le 19 a le ona ditiro tsa bona di tswileng diatla ao a dirileng bontle mo maphateng a a farologaneng.

2.    Melaetsa ya Matshediso 

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

- Moambasatara wa naga ya Aforika Borwa yo a neng a dira kwa nageng ya Algeria, Rre Billy Masetlha, yo a diretseng naga eno mo ditirong tse di farologaneng mo pusong, go tsenyeletsa le go nna Mokaedikakaretso wa Setheo sa Ditirelo tsa Twantsho ya Bosenyi. O ne a dira go tlala seatla mo Kgaratlhelong ya Kgololesego mo nageng ya Aforika Borwa, mme o kile gape ya nna tokololo ya Umkhonto we Sizwe.

- Murthi Naidoo, yo a dirileng ka boineelo go lwela kgololesego ya naga eno. O ne a golega ke sepodisi sa puso ya tlhaolele ka Ngwanaitseele 1965 mme a gololwa ka Moranang 1966 mme go se ditatofatso dipe tse a latofadiwang ka tsona mme o ne a nna le seabe se segolo mo nakong eo ka fa nageng go neng go ilediwa metsamao ka ngwaga wa 1980.

- Barry Dwolatzky, yo a neng a di goga kwa pele mo lekaleng la dithekenoloji tsa tshedimosetso le ditlhaeletsano. E ne e le Moporofesara yo a Tlotlegang mo Dithutong tsaBoenjenere jwa Tshedimosetso le Didirisiwa tsa Thekenoloji mo Lephateng la Dithuto tsa Boenjenere le tsa Kago ya Meago kwa Yunibesiting ya Wits.

- Baagi ba ka fa nageng ba le 15 ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona go latela gore baagi ba kwa Hammanskraal mo Masepaleng wa Teropokgolo ya Tshwane ba welwe ke leru la Kholera.


Dipotsolotso: Rre Michael Currin
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 082 462 7896

 Union Building