Skip to main content
x

 

Merero ya ga Jaanong

1. Khonferense ya Aforika Borwa e e mabapi le Dipeeletso (SAIC) ya Ngwaga wa 2023

1.1. Kabinete e akgola phitlhelelo ya dipeelo tse di beilweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa mo ngwageng wa 2018 tsa bokanaka R1.2 trilione ya dipeeletso tse di bokeleditsweng. Maikano a go dira dipeeletso a a dirilweng mo Khonferenseng ya Botlhano ya Dipeeletso ya Aforika Borwa a thusitse puso gore e kgone go feta le dipeelo tse e neng e ipeetse tsona ka bokana ka R300 bilione.

1.2. Le fa tota go santse go le gontsi go go tshwanetsweng go diriwa go dira bonnete jwa gore naga ya Aforika Borwa e boela mo maemong a yona a go nna mogapapelo wa dipeeletso, go fitlhelela R1.2 trilione ya dipeeletso tse di bokeleditsweng go totobatsa maikutlo a babeeletsi ba ka fa nageng le ba dinaga tsa boditšhabatšhaba ka fao ba nang le tshepo mo go beeletseng ka fa nageng ya Aforika Borwa.

1.3. Go fitlha mo motsing ono, ke diporojeke di le 82 tsa boleng jo bo jeleng madi a le kanaka R170.7 bilione tse di konoseditsweng; diporojeke di le 79 tsa boleng jo bo jang madi a le kanaka R514 bilione tsona go santsane go samaganwe le tsona, mme diporojeke di le 28 tsa boleng jo bo tla jang madi a le kanaka R132.9 bilione tsona ga se kgale go simolotswe ka tsona. Mo diporojekeng tseno go akarediwa le tse di ka ga go agiwa ga difeme tse dintšhwa, go rekiwa ga didirisiwa, go epiwa ga metsero ya ka fa mo meepong mmogo le go tsenyetsa mafelo a ka fa nageng mafaratlhatlha a go tokafatsa kgolagano ka inthanete.

1.4. Puso e semeletse go rarabolola dikgwetlho tse naga e tobaneng natso tse di dirang gore go se nne le thologelo ya dipeeletso jaaka tiro ya go bokeletsa dipeeletso tse di ka dirang R2 trilione e tla bo e simolola gape.

2. Kgotlatshekelokgolo ya Merero ya Bosenyi Lefatshe ka Bophara

2.1. Kabinete e santse e totobatsa maemo a naga ya Aforika Borwa a go tswelela go nna karolo ya Kgotlatshekelokgolo ya Merero ya Bosenyi Lefatshe ka Bophara (ICC), e bile e gatelela gape le gore e santse e le e nngwe ya dinaga tse di saenileng go nna karolo ya Molao wa Roma.

2.2. Naga ya Aforika Borwa e tla tswelela go ema ka lefoko le le reng ditheo tse di busang lefatshe ka bophara di tshwanetswe go neelwa maatla, e bile re tswelela go ema ka le le reng melao ya lefatshe e tshwanetse go diragadiwa ka go tshwana mo dinageng tsotlhe.

2.3. Moporesitente o tlhomile Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e eteletsweng pele ke Monnasetulo wa yona e bong Motlatsamoporesitente go atlhaatlha dintlha tse di farologaneng ka ntlha eno.

3. Kopano ya Beng ba Dikgwebo Mabapi le Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA)

3.1. Naga ya Aforika Borwa e ne e tshwere mmogo Kopano ya Beng ba Dikgwebo Mabapi le AfCFTA kwa Motse Kapa go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 18 Moranang 2023 mme maitlhomo e ne e le go kgarametsa gore letsholo leno la AfCFTA le tsenngwa tirisong ka bonako mmogo le go bulela kgwebisano le dipeeletso. Baeteledipele ba ka dira 1 000 go tswa kwa dinageng tse di farologaneng ka fa kontinenteng ya Aforika ba ne ba tsenetse kopano eno.

3.2. Ditharabololo tse di nnileng teng mo kopanong eno ya matsatsi a le mararo di ne di tobane le makala a a botlhokwa a ikonomi a a jaaka la dijanaga, la melemo, la temothuo le tlhagiso ya dijo, la matlalo le ditlhako, la dipalangwa le dijanaga tse di rwalang dithoto, mmogo le la didirisiwa tsa thekenoloji mo ikonoming, mmogo le go gwebisana ka didirisiwa tsa thekenoloji.

3.3. Go ema nokeng tlhagiso ya dikuno mo makaleng otlhe a ikonomi ke selo se bontsi bo dumelaneng gore ke sone se se tshwanetsweng go tseelwa kwa godimo gore go tsenngwa tirisong ga AfCFTA go tlise katlego. Lekala la poraefete go ikuetswe mo go lona go nopola dikarolo tse di nang le ditšhono tse le ka oketsang dipeeletso mo go tsona mmogo le go tlhatlhelela ka bokgoni batlhagisi ba ka fa nageng e leng selo se se tla oketsang kgwebisano ya dinaga tsa Aforika mo maphateng a tlhagiso ya dikuno le ditirelo tse di tswang ka fa Aforika

4. Letsholo la goTlhokomela Motlakase o o Batlegang ka Bontsi

4.1. E nngwe ya ditsela tse rotlhe re ka fokotsang tshenyo ya motlakase ka tsona ke go fokotsa tiriso ya motlakase, segolobogolo mo nakong eo motlakase o dirisiwang ke batho ka bontsi, gantsi ke go tloga ka ura ya botlhano maitseboa go fitlha ka ura ya borobongwe bosigo, jaaka e le karolo ya letsholo la Tlhokomelo ya Tiriso ya Motlakase ka Bontsi. Ka go fokotsa ka fao re dirisang motlakase ka gona re ka kgona go dira gore botlhe re unngwelwe gonne ka go fokotsa tiriso e e kwa godimo ya motlakase seno se tla fokotsa go imelwa ga diyuniti tsa tlamelo ya motlakase fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tla bolokela malapa madi a a dirisiwang a go reka motlakase mme seno se ka se kgoreletse tlhagiso mo dikgwebong kgotsa boleng jwa botshelo mo matshelong a batho.

4.2. Kabinete e ikuela mo go bathong botlhe go nna le tsela e ba tsenyang letsogo ka yona mo go bolokeng motlakase ka go o dirisa sentle fa ka fa letlhakoreng le lengwe Eskom e tsweletse go dirisana le Ditlamo tse di Tlhagisang Motlakase go oketsa motlakase o o leng teng ka fa nageng.

4.3. Dikgato tsa letsholo la Tlhokomelo ya Tiriso ya Motlakase ka Bontsi ke selo se se tlwaelegileng mo lefatsheng mme dikgato tseno di ipontshitse gore ka tsona go ka kgonwa go fokotsa tiriso ya motlakase ka nako eo o dirisiwang ka bontsi mme seno se tla dira gore go bolokiwa motlakase.

4.4. Re kgonne go bontsha gore seno se a kgonagala mo nakong ya fa go ne go tshwerwe Metshameko ya Sejana sa Lefatshe mo Ngwageng wa 2010. Maitlhomomagolo ke go dira gore re ipopile ngatana re boloke motlakase ka go tima didirisiwa tsa motlakase tse di seng botlhokwa, ka go apaya ka ditofo tsa gase, ka go tsenya dipone tsa motlakase tse di sa dirising motlakase o montsi, mmogo le go tima didirisiwa tse di jaaka dithuthufatsi tsa metsi tsa kwa dintlong fa di sa dirisiwe.

4.5. Maitlhomo ke go dira gore re boloke dimekawate di ka nna 1 000 tsa motlakase, seno se lekana le kgato e le nngwe ya go tshaba ga motlakase.

4.6. Kabinete e nopotse gore e lemogile fa jaanong go na le bareki ba le bantsinyana ba bagolo ba motlakase ba ba setseng ba simolotse go tsaya karolo mo letsholong la Tlhokomelo ya Tiriso ya Motlakase ka Bontsi, mme go dirilwe boikuelo mo go botlhe ba ba nang le seabe e ka tswa e le ba dikgwebo, diintaseteri mmogo le bareki mo malapeng go sekegela tsebe boikuelo jono ka go ikamanya le letsholo leno.

5. Go Nna le Metsi

5.1. Kabinete e neseditse pula dikgang tsa go konosediwa ga go agiwa ga Lefelo la go Tlhatswa Metsi la Spring Grove kwa Rosetta mmogo le Lefelo la Bodutelo jwa Metsi la Bruntville jaaka e le karolo ya Letsholo le Legolo la Tlamelo ka Metsi la Greater Mpofana kwa Mooi River, mo Kgaolong ya uMgungundlovu kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.

5.2. Porojeke eno e tla dira gore baagi ba le 130 000 mo kgaolong eno ba nne le metsi a a tshepagalang le go nna le seriti, mmogo le go unngwelwa mo mererong ya go thusa baagi le ya go thusa ikonomi ka ntlha ya go nna le metsi.

5.3 Kabinete e nopotse gape le gore go na le tswelopele e e bonagalang mo Porojekeng ya Metsi ya Giyani, mo metseselegae e le 24 mo go yotlhe e le 55 e tla unngwelwang mo e leng gore mo nakong e e sa fediseng pelo e tla nnang le metsi.

6. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Ditlhopho

6.1 Kabinete e amogetse go saeniwa ke Moporesitente Ramaphosa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Ditlhopho wa ngwaga wa 2022 go o dira molao. Molao yo o kwalolotsweng sešwa yono o dira gore go nne le boammaruri jo bo tlhokagalang mo go ipaakanyetseng go tseneng mo pakeng ya Ditlhophokakaretso tsa Ngwaga wa 2024 ka fa nageng.

6.2 Molao wa Ditlhopho yo o kwalolotsweng sešwa jaanong o letlelela gore motho a le mongwe a ka emela ditlhopho go gaisanela ditlhopho tsago busa naga le tsa go busa porofense.

6.3 Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Ditlhopho o oketsa palo ya baeteledipele ba ba batlang go nna le seabe mmogo le palo ya bontlhopheng bao baagi ba ka itlhophelang bona e seng fela ba makoko a dipolotiki mo go buseng setheo sa theomolao ya naga le mo go buseng setheo sa theomolao ya porofense.

7. Letsatsi la Kgololesego

7.1 Mekete e e farologaneng ya go keteka Letsatsi la Kgololesego e e neng e ketekiwa goralala le naga maabane ka la bo 27 Moranang 2023 e re gopotsa gore boitshupo jwa rona re le naga bo ikaegile ka go tlotlana mmogo le ka lerato le boipelo jo re nang le jona mo nageng ya rona.

7.2 Mokete wa Letsatsi la Kgololesego ya Naga, o o neng o tshwaretswe kwa Masepaleng wa Tikologo wa Dr Kenneth Kaunda kwa porofenseng ya Bokone Bophirima o ne o ketikiwa ka molaetsamogolo yo o reng, “Go Bokeletsa le go Tlhokomela tseo di Fitlheletsweng ka Temokerasi”.

7.3 Letsatsi la Kgololesego la ngwaga wa 2023 le ketekiwa ka paka e le nngwe le mekete ya go keteka segopotso sa bo 27 sa go tlhomiwa ga Molaotheo mmogo le go keteka Dingwaga di le 29 tsa Kgololesego.

8. Kamano ya Boditšhabatšhaba

8.1 Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a amogetse Moporesitente Hage Geingob wa naga ya Namibia mo nakong ya fa a ne a Jetse Naga Nala Semmuso mo maitlhomo e neng e le go oketsa botsalano jo re tswang ka bona kwa loe jo dinaga ka bobedi bo nang le bona.

8.2 Dipuisano magareng ga ditlhogo tsa dinaga ka bobedi mmogo le ditona di ne di ikaegile ka botsalano jwa dinaga ka bobedi, go dirisana mmogo ga dinaga ka bobedi mo mererong ya lefatshe mmogo le tirisanommogo mo kgwebisanong le mo dipeeletsong. Tirisanommogo eno e tla natlafadiwa gape le ke go tshwarwa ga kopano ya beng ba dikgwebo magareng ga ditlamo go tswa mo dinageng ka bobedi e e tla tshwarelwang kwa nageng ya Namibia mo bokhutlhong jwa monongwaga.

8.3 Moporesitente Cyril Ramaphosa o amogetse Moporesitente wa naga ya Finland Sauli Väinämö Niinistö ka la bo 25 Moranang fa a ne a Jetse Naga Nala Semmuso. Botsalano jwa naga Aforika Borwa le ya Finland ke jo bogolo e bile bo tlhodilwe ke ka fao Finland e neng e eme nokeng naga ya Aforika Borwa mo nakong ya kgaratlhelo ya kgololesego.

8.4 Botsalano jwa dinaga ka bobedi bo atologile ka iketlo go tswa mo ngwageng wa1994, mo Finland e beeleditseng madi a feta R2 bilione ka fa nageng ya Aforika Borwa mo dingwageng di le tharo tse di fetileng.

9. Go Tshabisiwa ga MaAforika Borwa le Baagi ba Dinaga tse Dingwe kwa Nageng ya Sudan

9.1 Kabinete e otletse legofi pegelo e e tlhalosang dikgato tse di matswakabele tse di tserweng go tshabisa baagi ba naga ya Aforika Borwa kwa nageng ya Sudan moo madi a kgofa a dintwa tsa koo a setseng a tshela le baagi ba koo le ba dinaga tse dingwe.

9.2 Lefapha la Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba mmogo le Masole a Difofane tsa Naga ba ne ba tshwarisane tiro mmogo ya go busetsa maAforika Borwa mo nageng ya bobona ba bolokesegile.

9.3 Sesole sa naga ya Aforika Borwa gape se thusitse le go tshabisa baagi ba dinaga tse di jaaka ya Angola, Namibia, Zimbabwe, Lesotho le ya Brazil.

9.4 Kabinete e lebogile puso ya Egepeta jaaka e thusane le rona mo letsholong la go tshabisa baagi ba naga ya rona mmogo le puso ya naga ya United Arab Emirates jaaka yona e thusitse go tshabisa moAforika Borwa a le mongwe yo ga jaanong a leng mo diatleng tsa embasi ya naga ya rona kwa nageng eo kwa teropong ya Jeddah mo ba thusanang le ene go mo baakanyetsa ditokomane tsa go mo busetsa gae. Go santse go na le maAforika Borwa a mangwe a le matlhano a a santseng a le kwa nageng ya Sudan ka ntlha ya gore fa re ne re tshabisa baagi lekgetlo la ntlha ba ne ba ise ba ikgolaganye le embasi ya rona. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ba ba jelang dinaga tse dingwe nala le fa ba ya matsatsing a boikhutso kwa go tsona gore nako le nako ba itsise embesi ya naga eo gore le bona ba teng mo nageng eo.

9.5 Kabinete e boeletsa boikuelo jo bo dirilweng jwa gore naga ya Sudan e emise dintwa mme go rene kagiso le khutso magareng ga matlhakore otlhe a a gogagoganang mme ba dire seno e le go ikobela maikano a go fedisa dintwa mo kontinenteng a a dirilweng ke Mokgatlho wa Dinagatshwaragano tsa Aforika.

10. Dipeeletso mo Ditheong tsa Thuto e Kgolwane

Ka la bo 24 Moranang 2023 Tona Nzimande o ne a bula meago e le mebedi kwa Yunibesiting ya Kapa Bophirima (UWC) e e agilweng ka madi a Setheo sa Lefapha sa go tlamela ditheo tseno ka Mafaratlhatlha le ka Ditirelo tse di Manontlhotlho (IEG), mmogo le ka madi a Letsholo la Tlhabololo ya Ditho la Sibusiso Bengu (SB-DP):

a. Moago o montšhwa o o tla dirisediwang Dithuto tsa go nna Morutabana (o o bediwang South Campus Education Precinct Project) - o jele madi a le kanaka R268.659 milione mme madi ano a tlametswe ke IEG le SB-DP go tlhabolola moago wa kgale o mo malobeng o neng o dirisediwa go ruta dithuto tsa Bokhemisi, Dipalo, Dithuto tsa Dikhomphiutha mmogo le tsa Dipalopalo.

b. Moago wa Lefelo la Bodulo jwa Baithuti la Unibell – o jele madi a le kanaka R670 milione mme madi ano a tlametswe ke IEG le madi a a adimilweng mo go Bankatlhabololong ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (DBSA) mo go agilweng diphaposi di le 2 720 tsa baithuti mme moago ono boloko nngwe le nngwe ya ona e na le dikarolo di le nne, mme go agilwe diboloko di le thataro kwa Belhar, mo di kopanang le khemphase ya Bellville.

Porojeke eno ya Moago wa Lefelo la Bodulo jwa Baithuti la Unibell e atlegile ka ntlha ya go tshwarisana tiro le Setheo sa Lefapha sa IEG jaaka se ntshitse R235 milione (35%) fa UWC yona e ntshitse madi a yona (30%) mme ba thusiwa ke sekoloto sa DBSA (35%).

Ka la bo 21 Moranang 2023, Tona Nzimande o butse meago e le mebedi mmogo le Lefelo la Dithuto tsa Tlhokomelo ya Didirisiwa tsa Tshedimosetso le tsa Thekenoloji (IT) kwa Mthatha kwa Yunibesiting ya Walter Sisulu (WSU) mme madi ano a tlametswe ke IEG le SB-DP. Meago eno e agilwe gaufi le mmila wa Nelson Mandela Drive le lefelo la go rutela la Zamukulungisa:

a. Moago wa Dithuto tsa Borutabana wa kwa Botlhaba - o jele madi a le kanaka R25.971 milione mme madi ano a tlametswe ke IEG go konosetsa tiro ya go tlhabolola dintlolehalahala tsa go rutela di le 19 mmogo le diphaposiborutelo di le 13 tsa go rutela le go ithutela mo go tsona kwa lefelong la go rutela la Nelson Mandela Drive.

b. Moago wa Lefelo la Bodulo jwa Baithuti – o jele madi a le kanaka R52.799 milione mme madi ano a tlametswe ke IEG go konosetsa tiro ya go tlhabolola meago ya bodulo ya KTC le ya KGB mo diphaposi tsotlhe tsa borobalo di fitlhang go 314 gona kwa lefelong la go rutela la Nelson Mandela Drive.

c. Moago wa Lefelo la Dithuto tsa IT – o jele madi a le kanaka R14.135 milione mme madi ano a tlametswe ke SB-DP ago konosetsa tiro ya go aga moago o montšhwa wa IT o o tla dirisediwang ditiro di le dintsinyana tse di tla ungwelang baithuti le bafatlhosi kwa lefelong la go rutela la Zamukulungisa.

11. Ditshwetso tsa Kabinete

Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1. Rre Siyabonga Charles Zama o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo Lekaleng la Tlhabololo ya Madulo a Baipei le Kago ya Dintlo tsa fa go na le Tshoganyetso mo Lefapheng la Bonno jwa Batho.

2. Mme Zenkosi Dumile Mhlongo o thapilwe go nna DDG: mo Lekaleng la Dipatlisiso tsa Dipholisi, Togomaano le Tlhamo ya Maano mo Lefapheng la Bonno jwa Batho.

3. Rre Jabulani Hugh Hlatshwayo o thapilwe go nna DDG: mo Lekaleng la Tlhokomelo ya Didirisiwa tsa Tshedimosetso le Ditlhaeletsano tsa Thekenoloji mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.

4. Rre Dipepenene Serage o thapilwe go nna DDG: mo Lekaleng la Tlhagiso ya Dikuno tsa Temothuo, Boitekanelo le Pabalelo ya Dijo mmogo le Tiiso ya Masetlapelo mo Lefapheng la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae.

5. Mme Hlengiwe Bhengu o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Matlole (CFO) mo Lefapheng la Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba.

6. Mme Lucy Bele o thapilwe go nna CFO mo Lefapheng la Bonno jwa Batho.

Kabinete e dumelane le ditshwetso tsa go thapa batho ba ba latelang:

Mo Botong ya Bakaedi ba Khomišene ya Dipatlisiso tsa Metsi

(a) Ngaka Rethabile Melamu (Monnasetulo);
(b)  Ngaka Harrison Pienaar (Motlatsamonnasetulo);
(c) Moporofesara Nnenesi Kgabi
(d) Rre Willem Baird
(e) Moatefokate Reinette Mary Rosey;
(f) Moporofesara Aldo Stroebel;
(g) Mme Zama Portia Dlamini;
(h) Ngaka Tendai Sawunyama;
(i) Mme Nkuli Mxenge-Mayende; le
(j) Mme Megan Schalkwyk

Mo Botong ya Khomišene ya Naga ya Dilotho

(a) Mme Beryl Ferguson;
(b) Mme Precious Mvulane;
(c) Rre Willie Hofmeyr;
(d) Rre Tembinkosi Bonakele;
(e) Rre Lionel October; le
(f) Mme Irene Ramafola

Ditokololo tsa Lekgotla la Boitekanelo le Pabalesego mo Meepong

(a) Rre David Msiza (Monnasetulo);
(b) Rre Xolile Mbonambi;
(c) Ngaka Lindiwe Ndelu;
(d) Rre Divhudza Victor Mahwasane;
(e) Mme Constance Titi Kekana (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(f) Ngaka Dipalesa Mobokoto (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(g) Rre Mthokozisi Zondi;
(h) Rre Thabo Ngwenya (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(i) Rre Masibulele Naki;
(j) Mme Naledi Tsipane (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(k) Mme Melanie Roy;
(l) Rre Victor Radebe (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(m) Rre Nicolaas Van Rooyen;
(n) Rre J White (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(o) Moatefokate Paul Mardon;
(p) Rre Johan Du Toit Boning (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(q) Rre Phuthuma Manyathi;
(r) Rre Gabriel Nkosi (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(s) Ngaka Thuthula Balfour;
(t) Rre Vijay Nundall;
(u) Rre Stuart Sepetla;
(v) Rre Ronald Mafoko;
(w) Rre Joseph Phakathi (Tokololo e e Refosanang Maemo);
(x)  Mme Letisha van der Berg; le
(y) Ngaka Joseph Matjila (Tokololo e e Refosanang Maemo).

A. Ditiragalo tse di Tlang

1. Kgwedi ya go Keteka Aforika

1.1. Naga ya Aforika Borwa, mmogo le dinaga tse dingwe tsotlhe mo kontinenteng e tla re mo kgweding ya Motsheganong 2023 ya keteka Kgwedi ya go Keteka Aforika mmogo le Letsatsi la go Keteka Aforika. Ka la bo 25 Motsheganong 2023, Aforika e tla keteka segopotso tsa bo 60 sa go tlhomiwa ga Mokgatlho o o Tshwaraganeng wa Aforika (OAU).

1.2. Kgwedi eno e re naya tšhono ya go tlotlomatsa tshwaragano ya maAforika, go tshwaragana ga dikgaolo tsa yona mmogo le go tsosolosa maikano a yona a go nna seoposengwe. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go dirisanammogo mmogo le go kgaratlhela go dira gore kontinente e nne botoka, e tshwaragane le go feta mo malobeng mmogo le go atlega.

2. Dikabo tsa Naga tsa go Supa Tlotlo

2.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla rebolela maAforika Borwa mmogo le batlotlegi ba dinaga tsa boditšhaba Dikabo tsa Naga tsa go Supa Tlotlo ka la bo 28 Moranang 2023. Dikabo tsa Naga tsa go Supa Tlotlo ke dikabo tsa maemo a a kwa godimo tsa go bontsha tlotlo tseo naga ya rona e di abelang baagi ba naga ya rona le baagi ba dinaga tsa boditšhaba ba ba nnileng le seabe mo go thuseng go godiseng temokerasi le mo go nneng le seabe se segolo mo go tokafatseng matshelo a maAforika Borwa.

2.2. Dikabo tsa Naga tsa go Supa Tlotlo di akgola gape le seabe se batho ba nnileng le sona mo go ageng setšhaba sa Aforika Borwa se se senang letlhoo la bosemorafe, se se sa tlhaoleng batho go ya ka bong jwa bona, se se nang le temokerasi le se se atlegileng jaaka se fisegelwa mo Molaotheong wa rona.

3. Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo

3.1 Ka kgwedi ya Motsheganong mafapha a puso a tla ema fa pele ga Palamente go tlhagisa Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo.

3.2 Ka nako ya Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo go sekasekiwa ka bobedi ka fao lefapha le weditseng tiro ya lona mo ngwageng o o fetileng wa matlole mmogo le maano a lona a ka fao le tla tsamaisang tiro ya lona mo go fitlheleleng maikano a a dirilweng ke Moporesitente mo Puong ya Maemo a Setšhaba.

3.3. Kabinete e ikuela mo baaging go reetsa dipuo tsa thebolo ya tekanyetsokabo gore ba kgone go ikutlwela e seng ka tsa kemorakile ka fao mafapha ka go farologana a tla diragatsang kabo ya ditirelo mo pakeng e e lebilweng.

3.4 Ka la bo 4 Motsheganong 2023, Tona ya Bonno jwa Batho Mme Mmamoloko Kubayi o tla goga kwa pele Imbizo mmogo le Kopano ya Kabo ya Ditirelo kwa Soweto go ipaakanyetsa go aba Puo ya Thebolo ya Tekanyetsokabo ka la bo 10 Motsheganong 2023.

3.5. Tiragalo eno e tla samagana le dikgwetlho tse di leng gone mo lephateng la Bonno jwa Batho tseo baaging ba ka fa nageng ba itemogelang tsona mmogo le go tlotlomatsa matsholo a lekala leno a a tla ungwelang baagi mo lekaleng leno.

4. Letsatsi la Badiri

4.1 Letsatsi la Badiri le tla ketekiwa ka Mosupologo, 01 Motsheganong 2023, mo go tla bong go supiwa tlotlo mo badiring ka seabe se ba nang le sona mo ikonoming le mo setšhabeng jaaka Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba le tlhalosa.

4.2 Letsatsi la Badiri le re naya tšhono ya go ipatla re ipatlisise ka tseo badiri ba di fitlheletseng mo dingwageng di le 29 tsa fa e sale re nna le kgololesego mmogo le go nopola dikgwetlho tseo badiri ba santseng ba kopana le tsona mo ikonoming eo e gogang boima.

4.3 Leno gape ke letsatsi leo ka lona rona rotlhe re dirang maikano lekgetlho le lengwe gape go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go tlholela dimilionemilione tsa badiri ba maAforika Borwa, bao ba latlhegetsweng ke ditiro, ditiro gore ba kgone go tswelela go sola mosola bokgoni jo ba nang le jona gore ba kgone go itlhokomela le go tlhokomela ba malapa a bona.

4.4 Maikano a puso a go tokafatsa maemo mo ditirong le go tlisa tekatekano mo go thapiweng le kwa tirong a iponagatsa mo diphetogong tse dintsi tse di dirilweng mo Molaong wa Dituelelo tsa Dikgobalo le Malwetse a go Itemogelwang one kwa Tirong mmogo le mo Molaong wa Tekatekano mo go Thapeng e mo malobanyaneng e sa tswang go saeniwa gore e ka nna melao ke Moporesitente Ramaphosa.

5. Letsatsi la Kgololesego ya Makwalodikgang

5.1 Naga ya Aforika Borwa e tla keteka mmogo le dinaga tse dingwe tsa lefatshe Letsatsi la Kgololesego ya Makwalodikgang ka la bo 3 Motsheganong 2023. Letsatsi leno le re naya tšhono ya go keteka le go sekaseka seemo sa kgololesego ya bobegakgang mo setšhabeng sa rona mmogo le dikgwetlho tse bobegakgang bo kopanang le tsona le seabe se se nnang teng fa gangwe le gape bobegakgang bo tsaya karolo mo mererong ya setšhaba.

5.2 Bobegakgang jo bo gololesegileng le jo bo ikemetseng ke karolo e e botlhokwa mo temokerasing, e bile re tla tswelela go dira bonnete jwa gore bobegakgang ga bo kgorelediwe mme bo tswelela go bega ka tshwanelo, ka go se tseye letlhakore, le ka go se laolwe.

6. Sejana sa Lefatshe sa Bolotloa

6.1 Jaaka go setse matsatsi a le 100 pele metshameko ya Sejana sa Lefatshe sa Bolotloa e simolola e e tla tshwarelang mo nageng ya Aforika go simolola ka la bo 28 Phukwi go fitlha ka la bo 6 Phatwe 2023, Kabinete e ikuela mo baaging go ntsha ga tshwene mo go amogeleng baeng ba dinaga tsa boditšhabatšhaba.

6.2 Jaaka metshameko eno e tla bo e tshwarelwa kwa Motse Kapa, naga ya Aforika Borwa e tla boela e tsosolosa serodumo sa yona sa go tshwara metshameko e megolo go okaretsa le o o neng o tshwerwe mo malobeng wa Mabelo a Dijanaga kwa Motsekapa wa Formula E Cape Town ePrix.

6.3 Tsotlhe tseo go ithutilweng tsona mo nakong ya fa metshameko eno e tshwerwe di akareditswe le mo togong maano ya rona go dira bonnete jwa gore barati ba metshameko mmogo le baeng ba ba leng mo nageng ya rona ba itumelela go re jela nala.

6.4 Kabinete e ikuela mo go batho botlhe go ema nokeng letsholo la Bolotloa mo Labotlhanong yo mongwe le yo mongwe, e leng letsholo le le rotloetsang batho botlhe gore ka Labotlhano yo mongwe le yo mongwe ba bontsha kemonokeng ya bona mo go Setlhopha sa Naga ya Aforika Borwa sa Bolotloa seo se itsegeng ka gore ke Spar Proteas ka go apara diaparo tsa setlhopha seo.

7. Kopano ya bo 16 ya Khoferense ya Makoko (COP 16) a e leng Karolo ya Tumelano ya kwa Basel

7.1 Naga ya Aforika Borwa e tla tsaya karolo mo go COP 16 e e leng Karolo ya Tumelano ya kwa Basel e e tla tshwarelwang kwa Geneva, Switzerland go simolola ka la bo 01 go fitlha ka la bo 02 Motsheganong 2023.

7.2 Tumelano eno e tsentswe tirisong ka maitlhomo a go sireletsa matshelo a batho le go sireletsa tikologo mo ditshenyong tse di setlhogo tse di bakiwang ke ditiragalo tsa go tsamaisa didirisiwa tse di kotsi. Naga ya Aforika Borwa e dumelane le Tumelano eno ka la bo 5 Motsheganong 1994.

7.3 Kabinete e amogetse thomo ya Aforika Borwa ya go buisanela Tumelano ya kwa Basel mabapi le COP 16.

7.4 COP 16 e tla tshwarwa ka nako e le nngwe le nako e go tshwarwang kopano ya bo 11 ya Khoferense ya Makoko a Tumelano ya kwa Rotterdam e e ka ga Thulaganyo ya go Kopa Tetla kwa Pele ya go Gwebisana ka fa Nageng ka Dikhemikhale tsa Ditshenekegi le Didirisiwa tse Dingwe tse di Kotsi.

7.5 Tumelano eno e dira gore makoko otlhe a a amegang mo kgwebisanong ya dikhemikhale tse di kotsi le dinaga tsa boditšhabatšhaba a rwale maikarabelo. Naga ya Aforika Borwa e dumelane semmuso le ditumelano tseno gonne di mosola mo tikologong le mo boitekanelong jwa batho.

Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

- Ba lelapa, masika le ditsala tsa ga mankge wa mmino wa jazz, rre Hugh Masekela. Bra Hugh o akareditswe mo leboteng la go tlotla bomankge la Ertegun Hall of Fame kwa New York. Seopedi seno sa naga ya Aforika Borwa seo ga jaanong se robetseng phate e le nngwe le badimo ba gaabo o tsenngwe mo leboteng leno go nna yo mongwe wa ba ba tlotlegang ba ba leng mo go lona ba ba jaaka Louis Armstrong, Nat “King” Cole le Miles Davis.

- Kabinete e akgotse gape le HOT 102.7FM jaaka ba fitlhile makgaolakgannyeng mo maemong a le mane a Dikabo tsa kwa Amerika tsa Ngwaga wa 2023 tsa New York Festival’s Radio tseo di abiwang go keteka seabe seo se diriwang ke bao ba nang le seabe mo intasetering eno mo dinageng di feta di le 30.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:

-
Rre Harry Belafonte, seopedi sa naga ya Amerika se se tumileng lefatshe ka bophara, yo gape e neng e le motshameki mo metshamekong ya thelebišene e bile gape e ne e le molwelatokologo. E ne e le mankge wa go lwela ditshwanelo tsa maAmerika a Bathobantsho e bile gape o ne a dira gore lefatshe le ntshe matlho mo kgaratlhong ya go lwantshana le mmuso wa tlhaolele.

- O nnile le seabe se segolo mo go direng gore diopedi tsa naga ya Aforika Borwa e bong mme Miriam Makeba le rre Hugh Masekela ba tume lefatshe ka bophara, mme seno se dirile gore lefatshe le itseele ka tlhaa melodi, mmino le poko ya maAforika Borwa, e leng dilo tse di neng di bua ka dikarolo tsotlhe tsa matshelo a maAforika Borwa, mme se se botlhokwa le go feta, ke dilo tse di neng di bua ka kgaratlhelo ya kgololesego ya rona.

- Rre Tiego Moseneke, mmueledi yo a neng a tumile yo e neng e le rrakgwebo e bile yo e kileng ya nna molwelakgaratlho mo nakong ya gagwe ya fa e ne e santse e le moithuti kwa yunibesiti.

- Rre Mbulelo Musi, yo e neng e le lesole la uMkhonto We Sizwe e bile gape e le Lekomisara, o nnile le seabe gape le mo megwantong ya June 16 1976, o ne a tlotliwa mo bodiredipusong e bile o fitlheletse dilo tse dintsi tse dintle jaaka modiredipuso, e bile gape e ne e le moitseanape yo o diphatsa mo ditlhaeletsanong mme o diretse puso ka botswapelo.

- Tonakgolo ya mo malobeng ya porofense ya Foreistata Beatrice Marshoff, yo a diretseng maAforika Borwa ka botswapelo mo ditirong tse dintsi tse di farologaneng mo tirong ya gagwe e a e dirileng sebaka le ka botswapelo.

- Loyiso Nkohla, yo e neng e le molweladitshwanelo tsa baagi yo botshelo jwa gagwe jotlhe a neng a lwela baagi ba metse ya bona e sa tlamelweng ka ditirelo ka tshwanelo kwa makeišeneng a porofense ya Kapa Bophirima. O ne a bolawa a thusa baagi go ba bonela mafelo a ba ka itshubang mo go ona go latela gore go tsewe tshwetso ya gore baagi ba ba neng ba nna gaufi le diporo ba baakanyediwe go fudisiwa gore diterene di kgone go simolola go tsamaya. Kabinete e laetse sepodisi go batla le go tshwara bao ba amegang mo polaong ya ga Rre Nkohla. Kabinete e eletsa bao ba nnileng le dikgobalo mo tiragalong eo pholo ya ka bonako.

- Ba lelapa la ga Nqobile Zulu, yo a neng a na le dingwaga di le 5, le ba lelapa la tsala ya gagwe Tshiamo Ramanye, yo a neng a na le dingwaga di le 6, bao mebele ya bona go fitlhetsweng dikarolo tsa bona tsa mebele di ripitlilweng ka Labone wa la bo 20 Moranang 2023. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale thata ditiragalo tseno tse di setlhogo tsa polao ya bana bano mme e ikuela mo baaging go thusa mapodisi go tsomana le beng ba ditiragalo tseno. Fa go na le mongwe yo a itseng sengwe kgotsa a utlwetse mofetshe mongwe go ikuelwa mo go bona go letsetsa Mogala wa go Lwantshana le Ditiro tsa Bosenyi mo go 08600 10111.

- Batho ba le robedi ba lelapa la ga Memela kwa Lekeišeneng la Imbali kwa Pietermaritzburg bao matshelo a bona a meditsweng ke tlhobolo ka Labotlhano wa la bo 21 Moranang 2023 mmogo le basadi ba le babedi ba ba neng ba ba jetse nala.

- Kabinete e akgotse mapodisi ka tiro ya bona e ba e dirileng ya go se senye nako mo go gateng motlhala babelaelwa le go ba tseela ditlhobolo di le tharo. Yo mongwe wa babelaelwa o tlhokafetse fa ba ne ba itwela mo sepodising ka go thuntshana le sona ka Labotlhano wa la bo 21 Moranang 2023. Mmelaelwa wa bobedi o nnile le dikgobalo mme mapodisi kwa bookelong a mo bokanetse jaaka dintshi mo mogodung fa mmelaelwa wa boraro ene a le boditse phokoje.


Dipotsolotso: Rre Tyrone Seale – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere

Mogala: 083 575 7440

 Union Building