Skip to main content
x

 

A. Merero ya ga Jaanong

1. Motlakase 

1.1. Tona ya Merero ya Motlakase, Ngaka Kgosientsho Ramokgopa, o etetse diteišene di le 14 tsa motlakase gore a iponele ka matlho a gagwe dikgwetlho tse Eskom e tobaneng natso. 

1.2. Go etela mafelo ano go neile Tona ditšhono tsa gore a kgone go atlhaatlhaa matsapa ano le balaodi ba mafelo ano, badiredi ba ona le mekgatlho ya badiri mo mafelong ano, mme maitlhomo e ne e le go dira gore go nne le tirisanommogo mo diteišeneng tsa motlakase, mme seno ke karolo ya go tokafatsa tlhagiso ya motlakase gore kwa bokhutlhong go fedisiwe matsapa a tlhaelo ya motlakase 

1.3. Kabinete e eme ka lefoko le le lengwe le Tona fa a re badiredi ba Eskom ke bona ba ba botlhokwa thata mo go rarabololeng matsapa a motlakase. 

2. Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng (QLFS)

2.1. Kabinete e itumeletse go tlhatloga ga dipalo tsa batho ba ba nang le ditiro ka fa nageng, jaaka pegelo ya QLFS e tlhalosa gore palo ya ditiro tsa badiri mo lephateng la temothuo mo kotareng ya bone ya ngwaga wa 2022 e oketsegile ka ditiro di le 48 000. Go oketsega ga ditiro tseno go tlhodilwe ke kgwebisano, ditirelo tsa dikgwebo le lekala la meepo, mme seno se okeditse dipalo tsa ditiro ka fa nageng gore di fitlhe mo go di ka nna dimilione di le 10.

2.2. Palo e e oketsegileng ya ditiro ke ka ntlha ya matsapa a maphata otlhe a a dirisanang le puso e a tsereng mo go tsenyeng tirisong Leano la Tsosoloso le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP).
2.3. Palo eno ya koketsego ya ditiro mo kotareng ya bone e latela koketsego e kgolo e re e boneng mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2022 mo go nnileng le koketsego ya ditiro di le 648 000 mmogo le e re e boneng magareng ga kotara ya bobedi le ya boraro ya ngwaga wa 2022 mo go nnileng le koketsego ya ditiro di le 204 000.

2.4. Tswelelo ya go tsenya tirisong ERRP e dira gore re nne le kgatelopele e kgolo mo go tlholeng ditiro mmogo le mo go lwantshaneng le botlhokatiro le tshokolo.

3. Samiti ya Thotloetso ya go Reka ka fa Nageng le go Rekisetsa Dinaga tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng ya Aforika Borwa

3.1. Kabinete e akgotse ditiragalo tsa go tshwara ka katlego Samiti ya Thotloetso ya go Reka ka fa Nageng le go Rekisetsa Dinaga tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng ya Aforika Borwa e e neng e tshwaretswe kwa Johannesburg ka molaetsamogolo yo o reng: “Go godisa ikonomi le go tlhola ditiro ka go reka le go rekisa dilo tse di tswang ka fa nageng” mme kopano eno e ne ya enngwa ka lefoko ke Motlatsamoporesitente, Rre Paul Mashatile, ka la bo 28 Mopitlwe 2023.

3.2. Mo Samiting eno go ne go babadiwa ditlhagisiwa le ditirelo tse di tswang ka fa nageng di ka feta di le 200 go tloga ka dilwana tsa go tshamekisiwa, tsa sekolo, dithoto, dijo le dino go akaretsa le didirisiwa tsa eleketeroniki, mme seno se bontsha bokgoni jo bontsi jo naga ya Aforika Borwa e nang le bona mo go itlhameleng, mo go ithuteng tsa tlhagisodikuno mmogo le mo go nneng le bokgoni jwa go itlhagisetsa dilo ka fa nageng.

3.3. Kabinete e rotloetsa bobedi e bong dikgwebo le baagi ka fa nageng go reka ditlhagisiwa tse di tswang ka fa nageng go nne sengwe le sengwe se se rekiwang ka fa nageng se dira gore ikonomi e kgone go itharabologelwa mmogo le go thusa go tlhola ditiro. 

4. Tirisanommogo ya naga ya Aforika Borwa le ya Belgium

4.1. Kabinete e itumedisiwa ke go akgolwa ga naga ya Aforika Borwa ke Kgosi Philippe le mosadi wa gagwe Kgosigadi Mathilde fa ba ne ba jetse naga nala mo Leetong la bona la Semmuso le le dirileng motlholo la bogosi jwa Belgium, go jela naga eno nala go latela gore ba lalediwe ke Moporesitente Cyril Ramaphosa go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 27 Mopitlwe 2023. 

4.2. Tirisanommogo e e gagametseng mo maphateng a kgwebisano, go beeletsa mo dinageng tsa bodišhaba le bojanala e ne e le dikarolo tse di botlhokwa tse di tšhotlhilweng mo leetong leno. Mo godimo ga seno, Foramo ya Dikgwebo tsa naga ya Aforika Borwa le ya Belgium e ne ya abelana ka tšhono ya gore go abelanwe ka dikakanyo le go buisana ka tirisanommogo mo makaleng a dikgwebo tseno gore go tokafadiwe tirisanommogo mo kgwebisanong le mo dipeeletsong, e leng seo se nang le bokgoni jwa go ka tlotlomatsa diintaseteri tsa naga ya Aforika Borwa.

4.3. Belgium ke e nngwe ya dinaga tse di botlhokwa thata tse ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e dirisanang le tsona mo go rekiseng ditlhagisiwa tsa yona kwa dinageng tsa kwa ntle. Ka ngwaga wa 2020 naga ya Aforika Borwa e ne ya rekisetsa makala a naga ya Belgium a a jaaka la ditaemane, diteroko tsa go rwala merwalo, dikhemikhale tsa dijalo mmogo le dikorokoro tsa ditshipi tsa maemo a a kwa godimo ditlhagisiwa tse di ka fitlhang go dibilione di le 2.38 tsa ditolara. Go na gape le ditšhono tse dikgolo tsa dipeeletso gare ga dinaga tseno ka bobedi mo maphateng a motlakase, a kago ya mafaratlhatlha le a tlhokomelo ya boitekanelo.

5. Khonferense e Kgolo ya Naga e e Mabapi le Molaotheo

5.1. Kabinete e itumedisitswe ke dipuisano tse di diragetseng mabapi le Molaotheo tse di tshwerweng sebaka sa matsatsi a le mararo mo Khonferenseng e Kgolo ya Naga e e Mabapi le Molaotheo (go tloga ka la bo 22-24 Mopitlwe 2023) ka molaetsamogolo yo o reng: “Tshekatsheko ya Molaotheo: Molao, go rwala maikarabelo, phimolakeledi ya baagi le ikonomi”. Dipuisano tseno di ne di sekametse mo go seo se dirilweng dingwaga di le 25 tse di fetileng fa e sale go nna le Molaotheo mmogo le go tlhagisa seo se tshwanetseng go diriwa. 

5.2. Molaotheo e santse e le yona tokomane e e leng teng e e botlhokwa mo go tshegetseng dikgatong tse puso e tshwanetseng go di tsaya go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa otlhe.

6. Khonferense ya Naga ya Merero ya Phimolakeledi mo Malwetseng a Thobalano le a Boimana

6.1. Mo khonferenseng eno e e tshwerweng go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 24 Mopitlwe, e e neng e eteletswe pele ke Tona ya Merero ya go Thusa Baagi, MmeLindiwe Zulu, go ne go tšhotlhiwa kgang ya go dira gore batho ba nne le Tshwanelo ya go fitlhelela thuso ya kalafo ya Malwetse a Thobalano le a Boimana. Puso e itomile sesino mo go direng gore batho botlhe ba nne le maatla le didirisiwa tse di ka ba thusang gore ba kgone go itseela ditshwetso tse di ba siametseng fa go tla mo mebeleng ya bona, bong jo ba leng bona le boimana jwa bona. 

6.2. Go ne ga thankgololwa gape le pegelo ya bobedi ya Khomišene ya Maemo a a kwa Godimo go latela Samiti e e neng e tshwaretswe kwa Nairobi mabapi le Khonferense ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Palo ya Setšhaba le Tlhabololo mme setlhogo sa yona se bidiwa ‘Phimolakeledi mo Malwetseng a Thobalano le a Boimana e dirisiwa jaaka sedirisiwa sa go diragatsa ditsholofetso tse di dirilweng kwa Samiting ya Nairobi’. Yona e abelana ka tshedimosetso e e ka ga ka fao go ka fitlhelelwang phimolakeledi mo malwetseng a thobalano le a boimana mo go botlhe ba ba leng ka fa nageng ya Aforika Borwa. 

7. Merwalela le Dipula tsa Matlakadibe 

7.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o jetse nala Port St. Johns kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba ka la bo 28 Mopitlwe 2023 mme o ne a ile go lekola ka fao puso le mekgatlho ya go thusa setšhaba e samaganang le maemo a ka koo ka gone go latela gore go itemogelwe ditshenyegelo tse dikgolo tse di tlhodilweng ke merwalela mo malobanyaneng mo lefelong leo. Moporesitente o ne a solofetsa baagi gore puso e tla ba tswa thuso ka fao e ka kgonang mme o ne gape a akgola batlhankedi ba ditirelo tsa tshoganyetso ka tiro e ba e dirileng mo go pholoseng matshelo a batho morago ga gore go tshologe merwalela kwa Port St. Johns le kwa mafelong a mangwe a a gaufi mo go neng ga nna le ditiragalo tsa go gosomela ga lefatshe, ditlhare tsa tumoga ka medi, ditsela tsa parakega mmogo le go ama matshelo a batho ka tsela e e sa itumediseng le e seng. 

7.2. Setheo sa Naga sa go Disa Maemo a Masetlapelo ke sona se se gogang kwa pele ditiro tsa puso tsa go samagana le masetlapelo ano kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba mme se tshwarisane tiro eno le sa kantoro ya tikologo ya OR Tambo mme go samaganwe le go fokotsa matsapa a a tlhodilweng ke merwalela eno mo matshelong a baagi ba rona. Kabinete e nopotse dikgato tse di tsewang ke puso go samagana le matsapa ano ka go dirisa saense jaaka Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri le setse le thankgolotse tiro e e tla diriwang ke Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri, mmogo le Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tirelo ya Maemo a Loapi, Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tirelo ya go Disa Maemo a Tikologo (SAEON) mmogo le Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tirelo ya Maemo a Loapi. 

7.3. Jaaka maemo a loapi a tswelela go galefa, jaanong seabe sa thekenoloji le boitlhamedi mo go samaganeng le masetlapelo ke dilo tse di tlhokagalang thata, mmogo le mo go thibeleng maemo gore a se tswe mo taolong.

7.4. Kabinete e eleditse gape le batho ba ba nnang mo mafelong a metsi a a tleng a tame mo go ona fa dipula di tshologile mmogo le ba ba nnang mo mafelong a a ratwang ke merwalela gore ba nne ba ntse ba ntshitse matlho dinameng le go ntsha tsebe fa go buiwa ka maemo a a tlhobaetsang a loapi. 

8. Dipuisanelo tsa dituelelo tsa megolo mo lekala la puso 

8.1. Kabinete e lomilwe tsebe ka dipuisanelo tsa dituelelo tsa megolo mo lekala la puso e bile e itumeletse gore go na le kgonagalo ya gore ditumelano tsa megolo di tloga di garelwa mo nakong e e sa fediseng pelo magareng ga puso le mekgatlho ya badiri e e ementseng bontsi jwa badiredipuso.

9. Ka fao Setlhopha sa Phimolakeledi, Thibelobosenyi le Pabalesego (JCPS) se Samaganeng le Mogwanto wa la bo 20 Mopitlwe

9.1. Kabinete e akgotse matsapa a a tserweng ke Setlhopha sa JCPS mmogo le Setlhopha sa Maphata a a Farologaneng a Naga a go Lwantshana le Bosenyi jaaka a dirile bonnete jwa gore mogwanto wa la bo 20 Mopitlwe 2023 o se nne le ditiragalo tse dintsi le tse di masisi tsa bosenyi. 

9.2. Le fa Kabinete e dumela gore seo se dirilweng mo nakong eo ke selo se se ka se kgonagaleng go ka diriwa letsatsi le lengwe le le lengwe, e laetse gore Setlhopha sa JCPS se tshwanetse se tle ka leano la go thibela bosenyi le le akaretsang maphata a go lwantshana le bosenyi gore go kgonwe go samagana le bosenyi jo bo rulaganngweng, go samaganwe le pabalesego le tshireletsego ya batho botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa. 

9.3. Kabinete e lebogile dikgato tsa go ipopa seoposengwe go maAforika Borwa ka bontsi go go dirileng ka go se ikamanye le mogwanto ono ka go sireletsa temokerasi ya rona ya molaotheo. 

10. Go Diriwa Diphuruphutso ka ga Molato wa Thabo Bester yo go Tweng ke Mmeteledi wa Facebook

10.1. Kabinete e lomilwe tsebe ka dikgato tse di setseng di tserwe mabapi le go ka tshwara Thabo Bester yo e leng motshwariwa yo a tshabileng kwa kgolegelong e e tlhokomelwang ke G4S yo go Tweng ke Mmeteledi wa Facebook.

10.2. Kabinete e laetse Lefapha la Ditirelo tsa Dikgolegelo go garela ka bonako tiro ya go tseela tiro ya go tlhokomela dikgolegelo e e neng e neilwe ditlamo tse pedi tsa poraefete tse di amegang mmogo le go dira gore ba di game ba sa di tlhapela.

11. Go bolawa ga Messrs Cloete le Thomas Murray

11.1. Kabinete e kgalemile ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa go bolawa ga Rre Cloete Murray le morwa wa gagwe Thomas, bao ba neng ba dira tiro ya go phutlhamisa dikgwebo tse dikoloto tsa tsona di fetang boleng jwa tsona jaaka ba ne ba samagane le dikgetse tsa mothale ono tse di amanang le batho ba maemo a a kwa godimo mme e bile e romela matshediso a yona kwa go ba lelapa la Murray.

11.2. Kabinete e laetse mapodisi gore go se nne le mofetsho ope o ba itlhokomolosang ona, mme botlhe ba ba amegang e ka tswa e le babolai kgotsa ba ba romileng babolai bano ba tshwanetse go di gama ba sa di tlhapela. 

12. Setheo sa Taolo ya Melelwane (BMA)

12.1. Kabinete e akgotse tiro e ntsi e e dirilweng mo go direng bonnete jwa gore tiro ya go baakanyetsa gore BMA e ikemele e garelwe ka katlego, mme yona e tla simolola go dira jalo go tloga ka la bo 1 Moranang 2023. 

12.2. BMA ke e nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa thata mo tirong ya puso fa go tla mo go diseng melelwane ya naga ya Aforika Borwa ka tsela e e tla tswelang setšhaba mosola le go babalela naga. 

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Kgatelopele e e leng Teng mo Letsholong la Phetolelokgaso go ya go ya Dijithale (BDM)

1.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka letsholo la BDM jaaka naga jaanong e ipaakanyetsa Go Tswalela Dikgaso Tsotlhe tsa Analoko mmogo le go garela dikgato tsotlhe tse e di tsereng le botlhe ba ba amegang, mmogo le baagi mo setšhabeng.

1.2. Kabinete e nopotse seo se setseng se dirilwe mo go tsenyetseng baagi ba ba nang le matshwanedi bao ba dirileng dikopo mo pusong mabokoswana a marang a kgaso.

1.3. Kabinete e dumelane le dikgato tsa ga Tona ya Ditlhaeletsano le Mafaratlhatlha a Thekenoloji tsa go phasalatsa mo lekwalong la mmuso le le gatisang melao ya puso melao e e laelang gore Naga ya Aforika Borwa e se tlhole e gasa ka Mafaratlhatlha a Analoko. 

2. Sekwalwa sa Masupatsela mo Mererong ya Tshomarelo le Tlhokomelo ya Lephata la Aforika Borwa la Tshomarelo le Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo

2.1. Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Masupatsela mo Mererong ya Tshomarelo le Tlhokomelo ya Lephata la Aforika Borwa la Tshomarelo le Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo. 

2.2. Naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di humileng fa go tla mo dimeleng le ditsheding tsa tlhago mo lefatsheng ka bophara mme sekwalwa seno se tla thusa naga gore e sole mosola khumo ya tlhago ya yona. Sekwalwa seno se gateela botlhokwa jwa lekala Aforika Borwa la tlhago mo kgodisong ya ikonomi, mo go somareleng tlhago le mo go tliseng tekatekano mo lekaleng leno la ikonomi. Sekwalwa seno gape se nopola le botlhokwa jwa go sireletsa kitso ya setso le ya tlhago ya bokokokhukhu ba rona. 

3. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Tlamelo ka Matlole ya Dikgwebopotlana, tse di mo Magareng le tse Dikgolo (di-SMME) mmogo le Dikoporasi.

3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Tlamelo ka Matlole ya di-SMME mmogo le Dikoporasi go naya setšhaba tšhono ya gore se ntshe maikutlo a sona ka ga sekwalwa seno. Pholisi eno ke e nngwe ya dikgato tsa go thusa dikgwebopotlana, mmogo le Leano la go Tsamaisa Tiro la go Thusa le go Kopanya Dikgwebopotlana tsa Naga le lona le saleng le nesediwa pula ke Kabinete mo ngwageng wa 2022. 

3.2. Sekwalwa seno se tshitshinya dikgato tse di botlhokwa di le 17 tse di tla nnang mosola mo go thuseng di-SMME tse go akanngwang gore di ka nna dimilione di le 3.2 mmogo le dikoporasi di le 43 000 tse di leng teng ka fa nageng gore di kgone go atlega. Dikgato tseno di tsenyeletsa tsa go baakanya dithuso tsa matlole tse di phutlhameng, go kopanya difalanatshedimosetso tsa dikgwebopotlana go dira gore go rene se le sengwe fela, go nolofatsa dikgato tsa go tlamela ka matlole a gore batho ba itshimololele dikgwebo mmogo le go oketsa dikgato tsa go ema nokeng kgodiso ya dikgwebo. 

3.3. Puso e beile kwa setlhoeng dikgato tsa go thusa di-SMME le dikoporasi gonne tseno ke tsona dikgwebo tse di tlholelang batho ba bantsi ditiro le go neela batho ba bantsi ba ba sokolang ditšhono tsa gore le bona ba kgone go iphedisa. 

3.4. Sekwalwa seno mo nakong e e sa fediseng pelo se tla gatisiwa mo lekwalong la semmuso le le gatisang melao ya puso mmogo le mo webesaeteng ya Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana mo go www.dsbd.gov.za

4. Leano la go Tsamaisa Tiro ya Metsi le Kgeleloleswe 

4.1. Kabinete e neseditse pula Leano la go Tsamaisa Tiro ya Metsi le Kgeleloleswe mme lona le tla solwa mosola ka go re kaela ka ditsela tse re tshwanetseng go di latela gore re kgone go loga maano a go abelana ka ditirelo tsa kgeleloleswe, re kgone go tlhokomela ditirelo tseno mmogo le go tsenya melao e e sa sekameleng ka fa letlhakoreng le le rileng e bile a tsamaisana le diphetogo tse di nnang teng mo dithekenolojing tsa ditirelo tseno.

4.2. Leano leno le tlhamilwe gape gore le kgone go mekamekana le dikgwetlho tse di leng teng mo go abeleng setšhaba ka ditirelo, mme dikgwetlho tseno di iponagatsa mo mafaratlhatlheng a a onetseng a a sa ntšhwafadiweng, a a neng a sa direlwa gore a tlhokomele matšhwititšhwiti a gona jaanong a a tlhokomelang. 

4.3. Leano leno le tla dirisediwa gape gore le samagane le tseo kabo ya ditirelo e sa itepatepanyeng natso e bile le na le dikgato tse di tla latelwang go fokotsa palo ya malapa a mantsi a a sa abelweng ka ditirelo ka botlalo le a a sa abelweng ka ditirelo tse di bolokesegileng tsa kgeleloleswe ka fa nageng ya Aforika Borwa, mme tsona di tsenyeletsa tsa go fedisa dintlwanaboithusetso tsa mesima le tsa tsa dikane tse di rwalwang ke boramantumpu mo mafelong a baipei. 

4.4. Leano leno le tlhalosa gape le gore ke batho ba mofuta ofe ba ba tshwanetseng go thapiwa mo tirong ya kgeleloleswe mme le tlhalosa gore ba tshwanetse go nna le makwalo a thuto a mothale ofe le gore ba tshwanetse go nna le maitemogelo a tiro a a ntseng jang gore ba tsene mo ditlhakong tsa badiri ba ba laolang dithulaganyo tsa go tlhatswa metsi a a leswe mmogo le go tsena mo ditirong tsa go nna balaodi ba mafelo a go tlhatswa metsi a a leswe. 

5. Pholisi mmogo le Ditaelo tsa Pholisi Tebang le go Tsenngwa Tirisong ka Bonako le ka Bontsi ga Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana Mmogo le Mafelo a Tsona 

5.1. Kabinete e neseditse pula Pholisi mmogo le Ditaelo tsa Pholisi Tebang le go Tsenngwa Tirisong ka Bonako le ka Bontsi ga Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana Mmogo le Mafelo a Tsona. 

5.2. Maitlhomo a pholisi eno le ditaelo tsa pholisi ke go kaela Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (ICASA) gore bo kgone go kwala melawanataolo e e ka ga dithulaganyo tse di tshwanetsweng go latelwa mo go rarabololeng dikgogakgogano tse di ka nnang teng magareng ga moabi wa dilaesense tsa mafaratlhatlha a dikgokaganyo le mong wa naga yo mongwe le yo mongwe fa go lwe gare go tsenngwa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano le go aga mafelo a tsona. 

5.3. Go tsenngwa ga mafaratlhatlha a ditlhaeletsano a eleketeroniki go botlhokwa mo pusong gonne e eme nokeng dikgato tsa naga tsa go dira gore dithekenoloji di nne le seabe mo ikonoming ya rona. 

C. Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang. 

1. Mme Hapiloe Sello o thapilwe go nna CEO wa Diphaka tsa Naga ya Aforika Borwa. 

2.  Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Sentech:

(a)    Mme Sedzani Faith Mudau (o thapilwe sešwa e bile ke Monnasetulo); 
(b)    Mme Veronica Mmakoma Motloutsi (o thapilwe sešwa);
(c)    Rre Themba Phiri (o thapilwe sešwa);
(d)    Mme Mapuleng Moropa (o thapilwe sešwa);
(e)    Ngaka Tshavhuyo Sesane (o thapilwe sešwa);
(f)     Rre Mbasa Metuse (o thapilwe sešwa); 
(g)    Moatefokate Nkhumeleni Anderson Mudunungu (o thapilwe sešwa);
(h)    Rre Luyolo Keyisa; le
(i)     Rre Kiruben Pillay. 

D. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Motlakase 

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Motlakase.

1.2. Maitlhomo a go Kwalola Sešwa Molaotlhomo ono ke:

1.2.1. go neela maatla Bothati jwa Naga jwa Taolo ya Motlakase wa Aforika Borwa (NERSA) mo tirong ya yona,
1.2.2. go matlafatsa melao e e tsamaisanang le ditiro tsa go rebola le go se rebole dilaesense (le go se tlhokagale go rebolela kgotsa go se rebolelwe dilaesense);
1.2.3. go baakanyetsa go fetola Metswedi ya Tsamaiso ya Motlakase (TSO); mmogo le
1.2.4. go tlhalosa tiro ya TSO eo magareng ga tse dingwe tse dintsi e leng ka ga go tlhoma setheo sa kgwebisano ka motlakase se se tla rekisang metlakase ka go farologana le go rekisetsa mafelo ka go farologana, mmogo le go tlhoma lefelo la tsamaiso ya motlakase o o sa tlhophololeng. 

2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Tsamaiso ya Puso (PAMA) wa ngwaga wa 2023 

2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa ngwaga wa 2023 wa PAMA. 

2.2. Maitlhomomagolo a Molaotlhomo ono ke go tokafatsa kabo ya ditirelo ka go dira gore e tsamaisane le palo ya badiredi ba ba leng teng, e tsamaisane le tirelo ya puso mmogo le go tsamaisana le dithulaganyo tse di leng teng mo maphateng otlhe a le mararo a puso ka bophara. 

2.3. Molaotlhomo ono gape o fedisa go tlhoka tekatekano go go leng teng mo tsamaisong ya puso e bile o dira gore go nne le leano la go tsamaisa tiro mo mererong ya ditumelano tsa lekgotla la ditharabololo tsa dipuisano tsa merero ya ditiro tsa badiredipuso.

3. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Puso wa Ngwaga wa 2023

3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Puso wa Ngwaga wa 2023

3.2. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go tlhalosa ka tlhamalalo ditiro tsa bakhuduthamaga mo pusong gore ditiro tsa bona di se thulane le tsa Ditlhogo tsa Mafapha (di-HoD) mmogo le go laola gore maatla a a rileng a tsamaiso ya puso a tshwanetse go nna mo diatleng tsa di-HOD, mme bakhuduthamaga ba puso bona ba tla tswelela go nna le maatla a go loga maano a puso mo diatleng tsa bona.

3.3. Molaotlhomo ono o laola gore Mokaedi yo Mogolo mo Kantorong ya Moporesitente o tshwanetse go tlhoma Tlhogo ya Tsamaiso ya Puso mmogo le go tlhalosa ka botlalo tiro e Khomišene ya Tirelo ya Puso e tla samaganang le yona fa go tla mo dikgogakgoganong.

4.Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa sa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana 

4.1. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe mo lekwalong la melao ya puso Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. 

4.2. Maitlhomo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno ke go oketsa ditšhono tsa go gaisana mo lekaleng la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano gore seno se kgone go fokotsa ditlhwatlhwa tse di duelelwang go bona ditirelo tseno. 

4.3. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa mo Molaong wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana o tla thusa Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (ICASA) gore e kgone go laola merero e e ka ga go gaisana. 

E. Ditiragalo tse di Tlang

1. Matsatsi a sekolo a go ikhutsa 

1.1. Kabinete e lakaletsa barutwana botlhe mmogo le barutabana matsatsi a a monate a go ikhutsa.

1.2. Pabalesego ya bana ba rona e tshwanetse go nna selo se se botlhokwa thata mo go rona, le fa dikolo di tswaletse.

2. Matsatsi a Sedumedi a Easter le a Ramadan

2.1. Kabinete e eletsa badumedi botlhe ba Makeresete le ba Mamoseleme matsatsi a a monate a sedumedi a Easter le a Ramadan ka go latelana ga ona. 

2.2. Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba tla bong ba tsena mo maetong mo matsatsing ano a khunologo go tlhompha matshelo a batho ba bangwe ba le bona ba dirisang ditsela mmogo le go obamela melao ya tsela. Bakganni ba tshwanetse go se kganne ka lebelo le le kwa godimo go feta le le beilweng mo tseleng eo ba kgannang mo go yona, ba tshwanetse go dira bonnete jwa gore dijanaga tsa bona di mo maemong a a siametseng go ka tsena mo tseleng, mmogo le go se kganne ba itshietse. 

3.    Khonferense ya Aforika Borwa e e mabapi le Dipeeletso (SAIC)

3.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla di goga kwa pele mo Khonferenseng ya bo 5 ya SAIC e e tla bong e tshwaretswe kwa Sandton Convention Centre kwa teropong ya Johannesburg ka la bo 13 Moranang 2023. 

3.2. Fa e sale go tshwarwa khonferense ya dipeeletso ya ntlha ka fa nageng ka ngwaga wa 2018, Aforika Borwa e ngoketse ditsholofetso tsa go dira dipeeletso tse di ka fitlhang go R1, 14 trilione. Palo eno e lekana le diphesente di le 95 tsa palo e re neng re ipeetse yona e bile dipeeletso tseno di diragetse go ralala le makala a mantsi ka go farologana ga one a ikonomi ya rona. 

3.3. Mo ditsholofetsong tsotlhe di le 152 tsa dipeeletso tse di solofeditsweng mo nakong e e fetileng, go setse go garetswe mo go tsona diporojeke di le 45, mme tse dingwe di le 57 go samaganwe natso. Ka ntlha ya dipeeletso tseno go agilwe difeme tse dintšhwa, mafelo a megala, mafelo a go fetlha motlakase ka letsatsi, megala ya inthanete e e epetsweng ka fa tlase ga lewatle, mafelo a a okeditsweng a go aga dijanaga mmogo le go tsenngwa tirisong thekenoloji e ntšhwa ya segompieno.

3.4. Mo Puong ya Maemo a Setšhaba, Moporesitente o nopotse gore go ipeetswe palo e e kanaka ditrilione di le R2 mo pakeng e ntšhwa eno ya go bokeletsa dipeeletso. 

4.    Kopano ya Beng ba Dikgwebo Mabapi le Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA) 

4.1. Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Kopano ya Beng ba Dikgwebo mabapi le AfCFTA e e tla tshwarelwang kwa Cape Town International Convention Centre go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 19 Moranang 2023, e e tla bong e tshwerwe mmogo le Bokwaledi jwa AfCFTA.

4.2. Kopano ya Beng ba Dikgwebo mabapi le AfCFTA e tla solwa mosola ka go dira gore dikgwebo le babeeletsi di kopane le badirisanimmogo ba bantšhwa le bareki le badirelwa ba bantšhwa, tšhono ya gore di tlhatlose serodumo sa tsona le go iponela dimaraka tse dintšhwa mo makaleng a a botlhokwa a a nopotsweng. 

5. Kgwedi ya go Keteka Kgololesego 

5.1. Naga ya Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya go Keteka Kgololesego mo kgweding ya Moranang e le go ikgopotsa ka fao naga e tswileng ka teng mo pusong ya tlhaolele go tsena mo go e e busang ya temokerasi e e gololosegileng. Gompieno maAforika Borwa otlhe a itumelela go sirelediwa ke Molaotheo e bile ga go sepe se se re kgoreletsang go nna seo re fisegelang go nna sona le go diragatsa seo re batlang go nna sona ka go latela molao. 

5.2. Mokete ono ke segopotso sa ditiragalo tse dintsi tsa go ikentsha setlhabelo gore re ipone re na le kgololesego eno e e dirileng gore naga ya rona e iphitlhele e tshwere ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi ka la bo 27 Moranang 1994, go keteka seo re setseng re se fitlheletse fa e sale re nna le kgololesego mmogo le go keteka maikemisetso a rona rotlhe a go dira ka natla go rarabolola dikgwetlho tse naga ya rona e tsweletseng go tobana le tsona le go dira bonnete jwa gore ga re tlogele ope kwa morago.

F. Melaetsa

1.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

- rametlae wa naga ya Aforika Borwa, Trevor Noah, yo a fentseng Kabo ya Tlotlo ya Tiro e e Tswileng Diatla ya Yuropa ya Erasmus Prize, seno se raya gore fa e sale kabo eno e fenngwa ke Charlie Chaplin ka ngwaga wa 1965, ke ene yo a e fentseng. Erasmus Prize ke kabo e e abelwang mongwe kgotsa setheo se se nnileng le seabe se segolo mo matshelong a batho, mo setšhabeng kgotsa mo dithutong tsa batho kwa Yuropa le mo lefatsheng ka bophara.

- bao ba amogetseng Kabo ya Basadi ba Aforika ba Baeteledipele mo Dikgwebong ya Charlotte Maxeke tseo di neng di eteletswe kwa pele ke Tona ya Lefapha la Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba, Ngaka Naledi Pandor. Mo moketeng ono go tla ketekiwa le go tlotliwa Basadi ba Aforika ba ba Dirang Bontle mo go eteleleng kwa pele dikgwebo bao seo ba se fitlheletseng se rotloeditseng le go godisa tlhabololo ya Aforika mo makaleng a a farologaneng a setšhaba sa rona. Dikabo tseno gape di keteka seabe seo se diriwang mo go godiseng boleng jwa batho ba bong le jwa matlafatso ya basadi.

- Banyana Banyana, jaaka ba ipaakanyetsa go tsena mo motshamekong wa bona wa bobedi wa Sejana sa Lefatshe sa FIFA. Ka la bo 10 Moranang 2023 na tla leba kwa Serbia go ya go tshameka motshameko wa botsalano le naga eo.

- Bafana Bafana ba ba fentseng motshameko o o ba letlang gore ba tsenele Sejana sa Dinaga tsa Aforika sa 2023 golatela gore ba fenye ka dino di le 2 go e le 1 fa ba ne ba tshameka le setlhopha sa naga ya Liberia kwa Monrovia ka la bo 28 Mopitlwe 2023.

2. Melaetsa ya Matshediso 

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

- Moambasatara Moosa “Mosie” Moolla yo a neng a na le dingwaga di le 88, yo ka ngwaga wa 2013 a neng a tlotliwa ka Kabo ya Luthuli ya Selefera go leboga tiro ya gagwe e e tswileng diatla mo kgaratlhelong ya kgololesego eo ka nako eo e neng e baya botshelo jwa gagwe mo kotsing e e seng kana ka sepe mmogo le go tswelela go tsweletsapele maikemisetso a mokgatlho wa kgololesego le wa naga ya Aforika Borwa mo dinageng tsa boditšhaba. E ne e le yo mongwe wa batlhankedi ba ANC ba ba neng ba tshwarwa ba latofadiwa ka Molato o Mogolo thata ka Sedimonthole 1956. 

- batho ba le bararo ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo merwaleleng ya kwa Port St. John’s mmogo le mo mafelong a a gaufi le lefelo leno.

- batho ba le batlhano ba ba bolailweng mmogo le ba bangwe ba le bararo ba ba tswileng dikgobalo tse di masisi mo ditiragalong tse di diragetseng tsa go thuntshiwa tse di sa amaneng kwa Tongaat, KwaZulu-Natal ka la bo 23 Mopitlwe 2023.

- Rre Randall Robison yo a neng a na le dingwaga di le 81, yo e neng e le molwelakgaratlho wa moAmerika e bile e le ene yo a tlhamileng mokgatlho wa TransAfrica, ono ke mokgatlho o mogolo wa go bokeletsa baemanokeng kwa Washington o o thusitseng gore naga ya Amerika e fetole mogopolo wa yona mo dipholising tsa yona tsa go amana le dinaga tsa boditšhaba fa go tla mo mererong ya puso ya Aforika Borwa ya tlhaolele.

Kabinete e rometse matshediso a yona kwa:

- pusong ya naga ya India, Pakistan le Afghanistan le kwa go batho ba yona go latela gore batho ba dinaga tseno ba latlhegelwe ke matshelo a bona ka ntlha ya thoromo ya lefatshe e e amileng dinaga tseno. 


Dipotsolotso:
Rre Michael Currin
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere 
Mogala: 082 462 7896

 Union Building