Mo kopanong ya yona e e neng e tshwerwe ka Laboraro la bo, 15 Mopitlwe 2023, Kabinete e ne ya akgola maloko a mantšhwa mme ya ba eletsa tsotlhe tse di molemo mo tirong ya bona, mme e ne gape ya gatelela gore go botlhokwa thata gore Kabinete yotlhe e diragatse maikarabelo a puso ka bonako jo bo kgonagalang.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Motlakase
1.1. Kabinete e itumeletse go thankgololwa ga Letlole la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase (RMF) le le tlhamilweng ke Tona ya Merero ya Motlakase kwa Kantorong ya Moporesitente, Ngaka Kgosientsho Ramokgopa. Tirisanommogo eno magareng ga puso le Mokgatlho wa go Tshwaraganya Dikgwebo tsa Aforika Borwa maitlhomo a yona ke go tlamela puso ka didirisiwa le kitso e e e tlhokang gore e kgone go diragatsa ka tshwanelo Leano la go Tseela Motlakase Dikgato le le ribolotsweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ka Phukwi 2022 le gape a buileng ka lona le mo Puong ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya 2023 mme seno ke sekao sa tirisanommogo magareng ga maphata a puso le a poraefete go bontsha tsholofelo e e tswelelang go nna teng mo nageng ya Aforika Borwa.
1.2. RMF e tla tswela mosola tiro ya Komiti ya Naga ya Merero ya Matsapa a Motlakase gore e kgone go fitlhelela maikemisetso a yona a go fedisa motlakase o o tshabetseng ruri mo nageng ya Aforika Borwa. Kabinete e ikuetse mo go bannaleseabe botlhe gore ba tsenye letsogo mo go diragatseng Leano la Naga la go Tseela Motlakase Dikgato gore re kgone go fedisa bothata jo bogolo jono jwa motlakase o o tshabetseng ruri jo bo aparetseng ikonomi ya rona.
1.3. Kabinete e nopotse matshwenyego a a tlhagisitsweng ke setheo sa tekolo ya maemo a ikonomi sa S&P Global Ratings mabapi le maemo a kgolo ya ikonomi ya naga ya Aforika Borwa jaaka a tobane le maemo a a bokete ka ntlha ya tlhaelo ya mafaratlhatlha, bogolosegolo tlhaelo e kgolo e e leng teng ya motlakase. Go samagana le kgwetlho eno, puso e tsere dikgato tsa go samagana le bothata jono mme tsona ke tse di mabapi le go bokeletsa matlole, go otlolola maemo a ikonomi ka lebelo mmogo le go tsaya dikgato tsa ka bonako tseo maikemisetso a tsona e leng go fokotsa makgetlo a motlakase o o tshabetseng ruri ka ona mo nakong e khutshwanyana e e tlang mmogo le go fetola lephata leno ka go tlisa diphetogo tse di tsamaisanang le lephata leno gore re tle re kgone le go nna le motlakase o o sa tshabeleng ruri.
1.4. Kabinete e itumeletse gape le go thankgololwa ga dipapatso tsa letsholo la kopo ya botlhano ya dithendara tsa polokelo ya motlakase wa dibeteri ka motlakase wa dimekawate di le 513 mme seno ke karolo ya go gagamatsa dikgato tsa rona tsa go samagana le dikgwetlho tsa motlakase. Letsatsi la bofelo la go romela dikopo tsa go tsaya karolo mo letsholong leno ke la bo 5 Phukwi 2023 ka ura ya botlhano maitseboa mme mongwe le mongwe yo a batlang go nna le seabe a ka tlatsa foromo ya go ikwadisa e e leng mo webesaeteng ya: www.ipp-storage.co.za(link is external).
1.5. Kabinete gape e neseditse pula tshweetso ya ga Tona ya Merero ya Dikgwa, Botshwaro jwa Ditlhapi le Tikologo, Mme Barbara Creecy, ya go letlelela gore Eskom e se tlhole e tshwanelwa ke go dira dikopo tse di telele tse di sa feleng tse di mabapi le go baakanya Laesense ya yona ya Tetlelelo ya go Kgotlhela Legodimo. Go ya ka Eskom, tetla eno e tla ba kgontsha gore e re ka Ngwanaitseele 2023 ba bo ba kgonne go tsenya tirisong dikgato tsa nakwana tsa go rarabolola matsapa a a leng kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Kusile mme seno se tla ba kgontsha gore ba kgone go busetsa tirisong motlakase o o kanaka dimekawate di le 2 100 mme seno se tla fokotsa maemo a a galefileng a go tshabela ruri ga motlakase gore a felele mo maemong a bobedi.
2. Mogwanto wa Mokgatlho wa Badiri ba Ditiro tsa Barutabana, Baoki le Badiri ba Mokgatlho ka Tirisanano Mmogo (NEHAWU)
2.1. Mabapi le mogwanto wa NEHAWU, Kabinete e itumeletse dikgato tsa go saeniwa ga Ditumelano tsa Megolo kwa Lekgotleng la Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro (PSCBC) mme seno se dirile gore go garelwe dipuisano tsa megolo mmogo le go khutlisa mogwanto ono mme jaanong seno se buletse dipuisano tsa megolo kwa Lekgotleng la Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro tsa ngwaga wa matlole wa 2023/24.
2.2. Kabinete e lebogile gape le mekgatlho ya badiri yotlhe e e santseng e le mo dipuisanong tsa megolo mo go PSCBC. E ne ya gatelela gore puso e santse e eme ka la gore e batla go bona tharabololo e e namatshang maphata otlhe mo dipuisanong tseno, mme e dirisana le botlhe ba ba matshwanedi go dira bonnete jwa gore dipuisano tseno ga di tlontlololwe le go nyenyefadiwa.
2.3. Go botlhokwa gore batho ba itse gore, jaaka e le se go dumelanweng ka sona fa go Garelwa Ditumelano tsa Mogolo, molao wa gore YO A SA TLANG TIRONG A KA SE DUELELWE o tla diragadiwa ka ponyo ya leitlho mme bao ba duetsweng mogolo ka botlalo mme ba ne ba sa tle tirong ba tla gogelwa madi a matsatsi a ba sa tlang tirong ka ona mo megolong ya bona, mme mogolo o tla kotsolwa ga nnyane ga nnyane sebaka sa dikgwedi di le nne go tswalela sekoloto sa matsatsi a ba sa tlang tirong ka ona. Lefapha la Tirelopuso le Tsamaiso le tla tlhoma leitlho dikgato tseno go dira bonnete jwa gore ditshwetso tseno di tsenngwa tirisong ka tshwanelo.
2.4. Mo godimo ga seno, mapodisi ba tla tswela pele ka ditiro tsa bona tsa go gata motlhala ditiragalo tsa botlhokotsebe tse di dirilweng mo nakong ya mogwanto, mme ka fa letlhakoreng le lengwe batlhankedi ba ba neng ba tsenetse mogwanto ono mme ba gogobisitse mo seretseng Melao ya Maitsholo a Badiredipuso batlhankedibagolwane ba ba ikarabelang mo go bona ba tla rwala maikarabelo a gore ba digame ba sa di tlhapela.
3. Mogwanto wa go Dira gore Ditiro tsa ka fa Nageng di Eme Tsi
3.1. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona mabapi le mogwanto o o tla tshwarwang ka Mosupologo wa la bo 20 Mopitlwe 2023 mme e dumela gore mogwanto ono ke ditiro tsa go tlhoka maikarabelo.
3.2. Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego (JCPS) se samagane le tiro ya gore mo mogwantong ono ga go nne le ditiragalo tsa boitaolo jwa botlhokotsebe.
3.3. Ditatofatso tsa mogwanto ono tse di ka ga go batla gore go fedisiwe ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri, ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dilo tse batho ba phelang ka tsona mmogo le botlhokatiro ke dilo tse Moporesitente Ramaphosa a buileng ka tsona mo go SoNA ya la bo 9 Tlhakole 2023. Mabapi le go fedisa motlakase o o tshabetseng ruri, Moporesitente o thapile Tona ya Merero ya Motlakase, Ngaka Ramokgopa, mme ene a le esi ka monwana o tla samagana le tiro ya go fedisa motlakase o o tshabetseng ruri. Go samaganwe le go tsenngwa tirisong ka ponyo ya leitlho Dintlha di le Tlhano tsa Leano la go Tseela Motlakase Dikgato mme Tona ya Merero ya Motlakase e tla re mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang a itsise setšhaba ka dintlha tse Eskom e ipeetseng tsona go di fitlhelela mo go samaganeng le go fedisa motlakase o o tshabetseng ruri.
3.4. Moporesitente o buile fela jalo mo go SoNA ya 2023 ka go samagana le palo e e kwa godimo ya bašwa ba ba se nang ditiro. Ka jalo, ka ntlha ya fa ditletlebo tsotlhe tse go kilwe ga samaganwa natso, go tlhamaletse gore selo se le esi fela se mogwanto ono se neng se ikaeletse go se dira ke go folosa Moporesitente Ramaphosa mo setilong ntle le go latela molaotheo. Re batla go bolelela batho botlhe gore KA FA NAGENG YA AFORIKA BORWA GA GO MENOLOPUSO E E TLA DIRAGALANG GO SA LATELWA MOLAOTHEO. Motho mang le mang yo a nang le ditoro tsa go ipona a busa naga eno o tla tshwanelwa ke go letela ditlhopho tsa setšhaba tsa ngwaga wa 2024. Maiteko a mangwe le a mangwe a go tlisa mmudubudu ka fa nageng molao o tla samagana le ona ka botlalo. Re tshwanetse gape re totobatse ntlha ya gore ga go maiteko ape a sepolotiki a a tla dirang gore maAforika Borwa a gapege maikutlo.
3.5. Kabinete e nopotse gape le ditlhotshwana tse di reng di neile Kabinete taelo ya gore mo matsatsing a le supa di tswalele dikolo go seng jalo go tla bonwa dinta di fuduga. Khalendara ya dikolo tsa poraefete le tsa puso tsa naga ya Aforika Borwa, e e gatisitsweng ka kgwedi ya Mopitlwe 2022 mo lekwalong la puso le le gatisang melao ya puso, e tlhalosa ka tlhamalalo gore ka la bo 20 Mopitlwe 2023 ke letsatsi le le itlhophileng la boikhutso mo dikolong. Ga go a bolo go iponagatsa gore go na le maiteko a go batla gore batho ba ikakgole ka go dira e kete ke bona ba ba dirileng gore dilo dingwe di kgonagale go ntse go se jalo. Go fela jalo le ka matsatsi a go tswalela ga dikolo fa go na le matsatsi a boikhutso.
4. Letsholo la Moporesitente la go Betla Bašwa go Nna Baeteledipele
4.1. Kabinete e itumeletse Letsholo la Moporesitente la go Betla Bašwa go Nna Baeteledipele le le neng le gogwa kwa pele ke Moporesitente Ramaphosa ka la bo 10 Mopitlwe 2023, kwa Yunibesiting ya Walter Sisulu, kwa Mthatha, mo go neng ga tlhongwa le Letsholo la Dithuto tsa Kutlwano ya Dipolotiki tsa MaAforika.
4.2. Seno e ne e le karolo ya Letsholo la Kamogelo ya Dipuisano tsa go Tlhabana Botlhale tsa Bašwa la Nelson Mandela le le neng le tshwerwe ka molaetsamogolo yo o reng: “Boeteledipele jo bo Senang Dilabe jwa Dikokoma tsa Baeteledipele go dira gore Aforika e Tokafale”. Letsholo leno le matlafatsa maano a a ntseng a le teng go ralala le kontinente go tshwana le ditumelano di tshwana le Leano la Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika la 2063, Tumelano ya Bašwa ba Kontinente ya Aforika mmogo le Tumelano ya Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika.
5. Tumelano ya Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Aga Dijanaga ka fa Nageng ya Aforika Borwa
5.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgang tsa gore setlamo sa dijanaga sa Stellantis se se leng teng ka fa nageng ya Aforika Borwa se saenile Memorantamo wa Ditumelano (MoU) le Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) mmogo le Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo tse di ka ga go aga lefelo le lentšhwa la go agela dijanaga mo go lona ka fa nageng ya rona ya Aforika Borwa. Setlamo seno ke sona se se rekisang dijanaga tsa maina a a tumileng tse di jaaka Jeep, Alfa Romeo, Fiat, Citroën, Opel le Peugeot ka fa nageng ya Aforika Borwa.
6. Tirisanommogo ya Naga ya Aforika Borwa le ya Tanzania
6.1. Kabinete e itumedisitswe ke leeto la go etela naga ya Aforika Borwa ka Labone wa la bo 16 Mopitlwe 2023 jaaka Moporesitente Samia Suluhu Hassan wa naga ya United Republic of Tanzania, go latela gore a lalediwe ke Moporesitente mmogo ka ene wa rona, Moporesitente Ramaphosa, gore a re jele nala semmuso. Leeto leno le latela gore go tshwarwe Kopano ya Dintlo tsa Barongwa ba Dinaga (BNC) tsa Naga ya Aforika Borwa le ya Tanzania e e neng e tshwaretswe kwa Pretoria ka Laboraro, 15 Mopitlwe 2023. Leeto leno le tla nesetsa gape pula le Kopano ya bobedi ya BNC ya dinaga ka bobedi, eo mo go yona go nang le dikomiti di le nne: ya Dipolotiki le Ditipolomate; ya Sesole le ya Sepodisi; ya Merero ya Moruo wa Naga, mmogo le ya Merero ya Baagi le ya Setso.
6.2. Mo godimo ga gore e nne e nngwe ya dinaga tse di neng di eme ka lefoko le le lengwe le naga ya Aforika Borwa mo nakong ya kgaratlho ya go lwela kgololesego, Tanzania ke e nngwe ya dinaga tse re gwebisanang le tsona tse di botlhokwa thata, mo go gwebisana ga dinaga tsoo ka bobedi e tlhatlogileng go tloga mo go dibilione tsa diranta di le 6.89 mo ngwageng wa 2021 go fitlha mo go di le 8.71 mo ngwageng wa 2022. Go na le dikgwebo di feta di le 250 tse di farologaneng tsa naga ya rona tse di leng kwa nageng ya Tanzania.
7. Go Kopanya Setlamo sa Heineken le sa Distell go Nna se le Sengwe
7.1. Kabinete e itumedisitswe ke tshwetso e e tserweng ke Setheo sa go Disa Maemo a Dikgaisano fa go tla mo go kopanyeng setlamo sa kwa ntle sa Heineken le sa ka fa gae sa Distell Group Holdings.
7.2. Go kopanngwa ga ditlamo tseno go nna setlamo se le sengwe, e leng seo se tla dirang gore go nne le setlamo se segolo sa go bedisa majalwa a a nang le tshukitshana, go utlwanwe gore seno se tla letlelelwa fa e le gore se tla tswela setšhaba mosola mo dikarolong tse di latelang, go tla tlhatlhelelwa ka bokgoni batlamedi ba ditirelo tsa setlamo seo, go tla rekwa dikunngo go tswa ka fa nageng, go tla okediwa dipeeletso mo dipatlisisong le mo tlhatlhelelong mmogo le go oketsa palo ya ditlhagisiwa tsa kgwebo eno tse di tlhagisiwang ka fa nageng.
7.3. Setlamo seno se se kopanngweng se tla oketsa gape le boipelo jwa badiri go nna le lenathwana mo setlamong seno ka go ba rekisetsa dišere le go dira gore ba nne le motho yo a emetseng ditshwanelo tsa bona mo botong
8. Go Disa Matsholo a Ngwaga wa 2022 a go Imolola bao Dithoto tsa Bona di Gogotsweng ke Merwalela
8.1. Jaaka naga e tla bo e fetsa ngwaga taa go tloga ka motsi oo e neng ya itemogela merwalela ya ngwaga ya 2022, Kabinete e itumeletse tiro e e dirilweng ke Tona ya Lefapha la Bonno jwa Batho, Mme Mmamoloko Kubayi, mmogo le Ditona le Bakhuduthamaga ba Merero ya Bonno jwa Batho ka go ela maemo tlhoko mo dikgatong tse di tserweng tsa go bonela malapa a magae a ona a gogotsweng ke merwalela ya ngwaga wa 2022 kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal mafelo a ba ka subiwang mo go ona.
9. Go Buela Ditona le Batlatsatona Maaka ka Megolo ya Bona
9.1. Kabinete e tshwentswe ke dipuo tse di sa kgaotseng tsa go buela Ditona le Batlatsatona maaka ka megolo ya bona, e e tlhagelelang mo Bukeng ya go Kaela Tiro ya Batlhankedi ba Khuduthamaga, eo e buang ka megolo ya bona, didirisiwa tseo ba di tlhokang go dira tiro ya bona mmogo le merokotso eo ba e neelwang fa ba ntshitse ga tshwene mo tirong ya bona.
9.2. Malebana le Dintlo tsa Ditona seno ga se a bolo go nna teng jaaka se kwadilwe mo Ditumelanong tsa ngwaga wa 1910 e leng fa go ne go tlhomiwa puso ya Union of South Africa mme ka one motsi oo go ne ga tlhamiwa gore naga ya Aforika Borwa e tla nna le Metsemegolo e le meraro go emela maphata a le mararo a puso e leng wa Pretoria mo go tla nnang Puso e e Samaganang le Tsamaiso ya Naga, Bloemfontein mo go tla nnang Puso e e Samaganang le Merero ya go Disa Melao ya Naga mmogo le Cape Town mo go tla nnang Puso e e Samaganang le Baemedi ba Dipolotiki ba ba Tlhamang Melao ya Naga. Dintlo tse go buiwang ka tsona tseno tse go tweng ke megobagoba ya dintlo sele di rekiwa ka ngwaga wa 1994 mme puso e e eteletsweng pele ke Mokgatlho wa African National Congress e fitlhetse dintlo tseno di le teng mme yona se e se dirileng ke go di tlhokomela fela gore e se feletse e le marope mme dintlo tseno di ba tswela mosola.
9.3. Ditona le Batlatsatona ba ba nnang mo dintlong tse puso e ba adimang tsona ba duelela ditirelo fela jaaka batlhankedi ba ba direlang palamente. E tla bo e le go tlhoka botho go batla gore Ditona le Batlatsatona ba tiro ya bona e sa nneleng ruri go ithekela dintlo mo metsemegolong yothe e go boletsweng ka yona e le go dira gore go nne botlhofo gore ba kgone go dira tiro ya bona ya go direla naga.
9.4. Dijanaga tse di dirisiwang ke Ditona le Batlatsatona di tsamaisana le Melawana ya Bukana ya Tiro ya Ditona mme e bile boleng jwa tsona bo mo diatleng tsa Tona ya Matlole mme ene o elediwa ke Tona ya Mapodisi go mo eletsa ka didirisiwa tsa pabalesego tse di tlhokagalang mo dijanageng tseno. Didirisiwa tsa pabalesego ke tsona tse di bitsang thata tse di nang le seabe se segolo mo ditlhwatlhweng tsa dijanaga tseno, mme ditiragalo tsa go tshwana le tsa mo malobanyaneng tsa Mokhuduthamaga yo a thutseng botala ka tlhogo go latela gore sejanaga sa gagwe se amege mo kotsing ke dilo tsa mothale ono tse di dirang gore go nne botlhokwa thata gore re se lebelele seno ka leitlho la sepolotiki.
9.5. Batlhankedi botlhe ba ba direlang Palamente ba na le tshwanelo ya go neelwa badiredi ba ba ka ba thusang ka tiro ya bona. Phapang fela ya palo ya badiri ba ba Thusang Ditona ke nako go ya ka gore Tona e e rileng o tla nna mo tirong sebaka se se kanakang gonne badiredi botlhe ba ba thusang Ditona ba dira go ya ka sebaka sa gore ene o dira sebaka se le kanakang. Seno ke ka ntlha ya gore Melawana ya Bukana ya Tiro ya Ditona e tsamaya e kwalolwa sešwa le go fetolwa.
9.6. Moporesitente o rometse Melawana ya Bukana ya Tiro ya Ditona e e dirisiwang ga jaanong kwa Khomišeneng e e Ikemetseng e e Dirang ka Megolo ya Batlhankedi ba Puso ba Bagolo, go kwalola le go sekaseka karolo ya megolo e e dirisiwang ga jaana mo bukaneng eno.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Basadi mo Metshamekong
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go gatisa mo kaseteng Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Basadi mo Metshamekong gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga yona. Pholisi eno e tlhagisa dikgato tse di tla tsewang go tsholetsa le go ema nokeng basadi mo metshamekong mmogo le go tsenya tirosng matsholo a a tla samaganang le go fedisa go se lekalekane ga batho ba bong jo bo farologaneng mo metshamekong le mo mekgatlhong ya metshameko.
1.2. Se samagana gape le matsapa a basadi ba itemogelang ona fa ba tshwanetse go tsenela metshameko go tshwana le go se enngwe nokeng ka matlole, ka dithuso le ka megolo e e tshwanelang batho botlhe ba e leng batshameki ba metshameko. Maitlhomo a pholisi eno ke go dira gore basadi ba bantsi ba nne le seabe mo metshamekong le mo ditirong tsa go etelela kwa pele mo metshamekong go tshwana le go nna bakatisi le balaodi ba metshameko.
1.3. Pholisi eno e tlhaloganya sentle gore go okediwa ga seabe sa basadi mo metshamekong le mo ditirong tsa boeteledipele mo metshamekong go tla fokotsa thata kgang ya go se lekalekane ga batho ba bong jo bo farologaneng mo dikarolong di le dintsi tsa metshameko tse di tlhaolang basadi. Pholisi eno e batla gore go nne le tekatekano mmogo le go dira gore basadi ba neelwe tlotlo e e ba tshwanetseng le go se tlhaelediwe matlho mo ditirong tsa seporofešenale, go akaretsa le gore ba neelwe megolo e e lekanang fela le ya banna ba le bona e leng batshameki ba metshameko.
2. Go Tshwara Khonferense ya Lefatshe ya Ngwaga wa 2023 ya Merero ya Kalafo ya Batsetse le Masea a e Leng Gona a Belegwa
2.1. Kabinete e dumetse gore naga ya Aforika Borwa e ka tswelela pele ya tshwara Khonferense ya Lefatshe ya Ngwaga wa 2023 ya Merero ya Kalafo ya Batsetse le Masea a e Leng Gona a Belegwa kwa Motse Kapa go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 11 Motsheganong 2023 mo bannaleseabe ba feta ba le 1 000 go tswa mo lefatsheng ka bophara ba tla kopanang gona go tla ka ditharabololo tsa go thusa gore batsetse le masea a e leng gona a belegwa a se latswe kika, mmogo le go thibela gore basadi ba se tlhole ba belega masea a a tlhokafalang a ise a belegwe
2.2. Naga ya Aforika Borwa e gatetse pele tota fa go tla mo Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri (SDG) tsa Dinagakopano (UN) fa go tla mo kalafong ya batsetse le masea a e leng gona a belegwa. Naga le yona e tla unngwelwa go tlala seatla go tswa mo khonferenseng eno gonne batho ba ba romilweng go e tsenela ba tla tlhabana botlhale le go fatlhosana ka maano a bona ba a dirisang a a ba tswelang mosola mo mererong ya kalafo ya batsetse le masea a e leng gona a belegwa.
3. Porojeke ya Leeto la Ngwaoboswa, Tokologo le Kgaratlho (RLHR)
3.1. Kabinete e neetswe pegelo e e tseneletseng ya dikgatelopele tsa porojeke ya RLHR. Kabinete e dumelane gore Tona ya Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba mmogo le ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa ba ipope Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e e tla mekamekanang le merero ya RLHR.
3.2. RLHR ke porojeke ya segopotso sa naga mme maitlhomo a yona ke go ikgopotsa le go keteka loeto lwa Aforika Borwa go leba kwa kgololesegong. Kabinete e tlhomile IMC gore e nne yona e e okamang porojeke eno ka go dira gore e nne le baeteledipele ba sepolotiki.
3.3. Maitlhomo a porojeke eno ke go tlhoma dikgopotso tse di farologaneng tse di re gopotsang ka fao bakgaratlhela kgololesego ba ikentshitseng setlhabelo gore naga ya Aforika Borwa e feletse e gololesegile le go nna le temokerasi. Porojeke eno e tla dira gore go agiwe dimusiamo tse dingwe gape, difikantswe, dilaeborari le mafelo a go bolokela dilwana tsa hisetori mme gape e tla tlhagisa gape le ditiro tsa go ipopa ngatana le go dirisana le dinaga tse dingwe tsa Aforika. Porojeke eno e tshegofaditswe ke UN mme e bile e na le bokgoni jwa go gagamatsa tirisanommogo magareng ga batho ka go sola mosola setso le ngwaoboswa go ralala le kontinente.
3.4. Tse dingwe tsa dikgato tse dintsinyana tse di setseng di dirilwe ke leeto le Ditona le le tsereng mo ngwageng wa 2022 go leba kwa Botswana le kwa Zimbabwe mmogo le go rulaganya le kopano magareng ga naga ya Angola le ya Tanzania go di jela nala.
3.5. Ditiro tse di mabapi le porojeke eno maitlhomo a tsona ke go golaganya dinaga tse di ka fa Karolong ya Borwa jwa Kontinente ya Aforika mmogo le go ruta bašwa ka ka kgaratlho e e kileng ya nna teng ya go lwantshana le ditiragalo tsa bokoloniale le tsa go nyefolana go ya ka lotso. Pholisi eno e tla dira gore go nne bonolo go baakanya diphoso tsa mo nakong e e fetileng ka go nolofatsa dikgato tsa go kopa go busediwa gae ga masaledi a balwelakgaratlho ba naga ya rona ba ba tlhokafalatseng kwa dinageng tse dingwe. Go na le mabitla a ka nna a le 11 a a itsiweng gore a hupile ditopo tsa maAforika Borwa kwa nageng ya Zambia, mme le lengwe la mabitla ao ke la Rre Duma Nokwe yo e neng e le Molwelakgaratlho.
4. Pholisi ya Naga e e ka ga go Dira gore Dilo tsa Botsweretshi, Setso le Ngwaoboswa di Somarelwe ka Mokgwa wa Dikhomphiutha
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Pholisi ya Naga e e ka ga go Dira gore Botsweretshi, Setso le Ngwaoboswa di Somarelwe ka Mokgwa wa Dikhomphiutha. Pholisi eno e dira gore Pholisi ya Naga e e ka ga go Dira gore Ngwaoboswa e Somarelwe ka Mokgwa wa Dikhomphiutha e nne le mosola jaaka e sale e kwalwa ka ngwaga wa 2011 ke Lefapha la Botsweretshi le Setso. Pholisi eno e samagana le tiro ya go dira gore ditsweletswa tsotlhe tsa ngwaoboswa di somarelwe mo dikhomphiutheng gore batho ba kgone go di fitlhelela bonolo le go boloka tshedimosetso ya beng ba ditlhagisiwa tseo.
4.2. Le fa tota tlhaloso ya mokgwa wa go boloka ditsweletswa mo khomphiutheng e bua bogolosegolo ka go tsaya tshedimosetso e e bolokilweng ka mokgwa wa thekenoloji ya bogolotala go e fetola gore e nne mo thekenolojing ya segompieno, mmogo le go gatisa ditokomane tsotlhe tse di leng mo pampiring gore di tsenngwe mo lhomphiutheng, go kopisa direkoto tse di rekotilweng ka thekenoloji ya bogolotala go di tsenya mo dikhomphiutheng, pholisi eno e okeditse bokao jwa lefoko leno go bua gape le ka tsedimosetso e e leng mo mokgweng wa thekenoloji ya segompieno e go ka se kgonagaleng gore e gatisiwe.
4.3. Go somarela tshedimosetso mo dikhomphiutheng go tla tswela naga mosola o o seng kana ka sepe gonne go tla dira gore tshedimosetso eno go nne bonolo go e bona, segolobogolo tshedimosetso e e tlhokomelwang ke mafelo a go boloka tshedimosetso, dilaeborari le dimosiamo. Pholisi eno e tla tsenngwa tirisong mo maphateng otlhe a puso le a setšhaba.
C. Molaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditheo tsa Molao wa Ngwaga wa 2023
1.1. Kabinete e tlhomamisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Merero ya Ditheo tsa Molao wa Ngwaga wa 2023. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Melao e le mentsinyana e e disiwang ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo ka go bakanya diphoso tsa setegeniki mmogo le dikarolo tse di kgoreletsang go diragadiwa ga Melao eno.
1.2. Molaotlhomo ono o na le dikarolo di le 37 tse di tlhokang go kwalolwa sešwa gore go kgonwe go baakanngwa diphoso tse di leng teng mo melaong e e farologaneng tse di sa tsamaisaneng le molaotheo.
D. Ditiragalo tse di Tlang
1. Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho
1.1. Moporesitente Ramaphosa o tla fana ka puo ya gagwe ya dintlha tse di botlhokwa kwa Moketeng wa Ngwaga wa 2023 wa go Keteka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka Labobedi wa la bo 21 Mopitlwe 2023 kwa Lebaleng la Metshameko la De Aar West la porofense ya Kapa Bokone.
1.2. Molaetsamogolo wa monongwaga ke: “Go Bokeletsa le go Tlhokomela Setlwaedi sa Ditshwanelo tsa Batho go Tsena mo Isagong ka Tsona”, mme seno ke go keteka matlhotlhapelo a a neng a diragala kwa Sharpeville le kwa Langa mmogo le go keteka megwanto e mengwe e e neng ya runya ka lona letsatsi leno ka la bo 21 Mopitlwe 1960 mo nageng ka bophara.
1.3. Jaaka re le puso re rwele maikarabelo a go sireletsa ditshwanelo tsa motho mongwe le mongwe ka fa nageng tse molaotheo o mo nayang tsona. Tla re dirisaneng mmogo go dira bonnete jwa gore go se nne le motho yo re mo tlogelang kwa morago fa go tla mo go direng gore dikarolo tsotlhe tse Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 mmogo le Molao wa Ditshwanelo tsa Botho batho ba ikutlwisa tsona.
2. Letsatsi la Lefatshe la Tshomarelo ya Metsi
2.1. Aforika Borwa e tla keteka Beke ya go Keteka Mosola wa Metsi go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 26 Mopitlwe 2023 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Potlakisa Diphetogo”.
2.2. Beke eno e ketekiwa ka nako e le nngwe le Letsatsi la go Keteka Botlhokwa jwa Metsi ka la bo 22 Mopitlwe 2023, mme lona le nopola ka fao metsi a a phepa a leng botlhokwa ka teng. Le fa re itemogetse dipula tse dintsi mo malobanyaneng, naga ya Aforika Borwa e santse e le naga e e tlhaelang metsi e bile e mo maemong a bo 30 a dinaga tse di nang le komelelo mo lefatsheng.
2.3. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go tlhokomela metswedi ya metsi ya naga ya rona go tshwana le mafelo a nang le metswedi, go nne a botlhokwa thata mo go direng gore re nne le felo gongwe mo re ka iponelang metsi fa go le thata. Rotlhe ke maikarabelo a rona go tlhokomela metsi le go dira bonnete jwa gore metsi ga a fele.
3. Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya Bolwetse jwa Lehuba (TB)
3.1. Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o tla fana ka puo ya gagwe ya dintlha tse di botlhokwa kwa Moketeng wa Semmuso wa go Keteka Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya Bolwetse jwa Lehuba (TB) ka la bo 24 Mopitlwe 2023 mo go tla bong go ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Jalo! Ke Nna le Wena ba Re ka Fedisang TB”.
3.2. Mo moketeng ono o o tla tshwarelwang kwa Lebaleng la Metshameko la kwa Tlhabane mo Porofenseng ya Bokone Bophirima Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la Aids mmogo le Lefapha la Boitekanelo ba tla thankgolola Leano la Naga la go Samagana le Tiro ya go Lwantshana le TB, HIV, Malwetse a a Fetelanang ka Thobalano magareng ga ngwaga wa 2023 go fitlha ka wa 2028. Leano leno le agelela mo godimo ga dilo tse di botlhokwa tse di setseng di fitlheletswe ka go tsosolosa matsholo a thibelotshwaetso, a kalafo, a go nwa melemo, a go etela mafelo otlhe a balwetse ba nnang mo go ona le a go dira gore batho ba ikobele ditaelo tsa go tsaya melemo, mmogo le go fedisa ditiragalo le dipuo tsa go nyenya balwetse bano.
D. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Setlhopha sa motshameko wa kerikhete sa the Proteas se se tla amogelang sa West Indies fa di tshameka metshameko ya multi-format tour. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go ema nokeng setlhopha sa naga ya rona jaaka se tswelela go re dira motlotlo.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Mokhuduthamaga wa Lefapha la Thuto wa Puso ya Porofense ya Foreistata Tate Makgoe yo a neng a na le dingwaga di le 60,yo a nnileng le seabe se segolo mo lephateng la thuto mmogo le go atlega mo go direng gore porofense eno e ntshe dipholo tse dintle thata tsa materiki ka tatelano sebaka sa dingwaga di le nne..
- Mme Maurencia Gillion, yo a neng a emetse porofense ya Kapa Bophirima kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) mmogo le go direla Komiti e a Tlhophilweng mo go yona ya Ditirelo tsa Kokelo le tsa go Tswa Baagi Thuso. E ne e le molwelakgaratlho yo a neng a tumile e bile o diretse baagi ba Kapa Bophirima sebaka se tlhoka palo, segolobogolo baagi ba kwa metseselegae ya porofense eo.
- Rre John Wills yo a neng a na le dingwaga di le 66, yo e neng e le ramolao yo a neng a tumile e bile e le .molwelakgaratlho yo a neng a emela kwa kgotlatshekelo baeteledipele ba le bantsinyana ba dipolotiki, mmogo le Moporesitente wa mo malobeng e bong Rre Nelson Mandela.
- Rre Mark Pilgrim yo a neng a na le dingwaga di le 54, yo e neng e le mogasi wa dikgang yo a neileng bagasi ba bangwe ba le bantsi mafolofolo mo intasetering ya kgaso ya dikgang.
- Mme Gloria Bosman yo a neng a na le dingwaga di le 50, yo a nang le dikabo di tlhoka palo tse a di fentseng yo e neng e le seopedi le sekwadi sa mmino wa Aforika Borwa wa jazz.
E. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Ditokololo tsa Lekgotla la go Eletsa Botsamaisi jwa Sekema sa Makwalo a Madulo:
(a) Moatefokate Boyce Mkhize (Monnasetulo);
(b) Hosi Pheni Cypraim Ngove (Motlatsamonnasetulo);
(c) Mme Kagisho Mmaseleke Choenyana;
(d) Rre Pieter Jacobus De Beer;
(e) Moatefokate Nomonde Nokuthula January;
(f) Rre Iqbal Mohamed Motala; le
(g) Ngaka Vuyisani Moss.
2. Ditokololo tsa Khomišene ya Baatlhodi:
(i) Mme Nomzamo Zondo;
(ii) Rre Hanif Vally;
(iii) Ngaka Cornelia September;
(iv) Rre Makgabhana Mokoena (o thapilwe sešwa); led
(v) Moporofesara Estelle Hurter (o thapilwe sešwa).
Dipotsolotso:
Rre Michael Currin – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 082 462 7896