A. Merero ya ga Jaanong
1. Puo ya Tekanyetsokabo ya 2023
1.1. Kabinete e leboga Puo ya Tekanyetsokabo ya 2023 e e letlelelang gore dikgato tse di botlhokwa tseo di itsisitsweng ke Moporesitente Cyril Ramaphosa mo Puong ya Maemo a Setšhaba di ka tlamelwa ka matlole gore di phetagadiwe. Mo puong eo go builwe ka maano a a tseneletseng a go samagana le dikgwetlo tsa motlakase, a go fokotsa botlhokatiro, tshokolo le dikgwetlho tsa ditlhwatlhwa tse di goletseng ruri tsa dilo tse di botlhokwa, mmogo le go lwantshana le botlhokotsebe le bonweenwee.
1.2. Fa re tswelela go ema nokeng maikano a rona a go sonaga matlole, kgolo ya ikonomi le peeletso mmogo le megolo ya go thusa baagi ke tsona bontsi tse matlole a puso a diragadiwang mo go ona mo re boneng R66 bilione e abelwa lephata la Thuso ya Baagi mmogo le R36 bilione e e abilweng gore e tlamele Megolo ya go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Wetsweng ke Mathata a Ditšhelete ka Ntlha ya COVID-19 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2024.
1.3. Mo godimo ga seno, matlole a a okeditsweng a mphata a puso ka boraro jwa ona a tla thusa go fokotsa boima jo matlole ano bo bo rweleng, segolobogolo mo go mo mererong ya boitekanelo, ya thuto, mmogo le ya ditirelo tse di botlhokwa tse di abelwang setšhaba ntle le gore se di duelele.
2. Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng
2.1. Kabinete e leboga Pegelo ya ngwaga wa 2022 ya kotara ya bone ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng, mme yona le fa go se gokalo e bontsha phokotsego ya dipalo tsa batho ba ba sa direng ka fa nageng. Palo eno e fokotsegile ka diphesente di le 0.2 go tloga mo diphesenteng di le 32.9 go fitlha mo go di le 32.7.
2.2. Makala otlhe mo setšhabeng go ikuelwa mo go ona go nna le seabe mo go tlholeng ditiro gore re kgone go tswelela go fokotsa dipalo tsa batho ba ba tlhokang ditiro tse di rekotileng mo tsamaong ya nako ya dikotara di le tharo tse di fetileng. Ka go emana nokeng re ka kgona go phutlhamisa bongangabele jwa botlhokatiro ka fa nageng ya rona.
2.3. Puso e santse e eme ka boikano jwa yona jwa Leano la Tsosoloso le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP), leo le tsenyeletsang letsholo la rona le legolo la go thapa batho ba bantsi mo ditirelong tsa setšhaba mmogo le dikgato tsa go ema nokeng kgolo ya ikonomi e e oketsang ditiro go latela gore re sutlhe mo dinaleng tsa phage ya COVID-19.
3. Dikgang tse di ka ga Motlatsamoporesitente
3.1. Kabinete e totobatsang kgang ya gore ke boammaruri gore Motlatsamoporesitente Rre David Mabuza o rotse tiro jaaka Tokololo ya Palamente, mme paka ya gagwe ya go nna Motlatsamoporesitente wa naga e fitlhile kwa bokhutlhong.
3.2. Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa ka go leboga go menagane Motlatsamoporesitente ka tiro e e tswileng diatla e a e diretseng naga mo sebakeng sa go feta dingwaga di le tlhano. Motlatsamoporesitente Mabuza o diretse naga ka botswapelo mme tiro e a e diretseng setšhaba mo go ageng naga ya rona e tla nna mo megopolong ya baagi ba Aforika Borwa
4. Motlakase
4.1. Kabinete e tlhaloganya sentle tšhakgalo ya baagi le dikgwebo mabapi le ditshitiso le dikgoreletsi tse di tlhodiwang ke motlakase o o tshabetseng ruri.
4.2. Ditsholofetso tse di dirilweng mo Puong ya Maemo a Setšhaba mmogo le matlole a a rebotsweng ke Tekanyetsokabo di tla dira gore puso e kgone go phetagatsa ka bonako ditharabololo tse di kwadilweng mo Leanong la go Tseela Motlakase Dikgato.
4.3. Melawanataolo e e senang go phasaladiwa ke Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga e neela puso maatla a go ka samagana ka tshwanelo le matsapa a a gaketseng a re tobaneng le ona a tlhaelo ya motlakase mmogo le go dira jalo ka bonako jo bo tlhokagalang. Se sengwe gape se se botlhokwa ke gore e dira gore go nne le go rwala maikarabelo le go tlhoka lehunelo ka go dira gore mafapha e nne ona a a disang makala ano. Gangwe le gape go tla tshwanelwa gore go rebolwe dipegelo ka sengwe le sengwe seo se dirilweng.
4.4. Go phimolwa ga sekoloto sa bokanaka R254 bilione sa Eskom, go go tla diragadiwang fa setheo seno se dumela gore se tla ikobela dikgato tse di gagamaditsweng, se tla fokoletsa setheo seno matsapa a mantsi mme sa kgona gore se simolole go tsaya dikgato tse di tlhokengang go tsewa tsa go beeletsa le go tlhokomela le go tsosolosa meago le dithoto tsa setheo seno.
4.5. Go se duedisiwe lekgetho gore letsholo la go tsenya dirisiwa tse di pegiwang mo marulelong tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi le kgone go diragadiwa go tla thusa e seng fela malapa a batho le dikgwebo gore ba kgone go iphetlhela motlakase mme gape go tla thusa le gore diyuniti tsa tlamelo ya motlakase ka fa nageng di nne le motlakase. Ka letsholo la go oketsa merokotso ya dikgwebo, fa dikgwebo di beeletsa mo motlakaseng wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, di tla kgona go dira kopo ya gore mo diporojekeng tsotlhe tsa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa di fokolediwa lekgetho ka diphesente di le 125 mo ngwageng wa ntlha, mme go se nne le methamo e e beewang ya gore ba ba tlhagisang motlakase ba se e fete.
5. Dipuisano tse di ka ga Megolo ya Badiredipuso
5.1. Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba tsayang karolo mo dithulaganyong tsa Ditumelano tsa Lekgotla la Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro tsa Badiredipuso mo go Fitlhelele Ditumelano tse Maphata Otlhe a Dumelanang ka Tsona go se iphapose dithulaganyo tseno, gore go fitlhelelwe ditharabololo tse di tla tswelang naga mosola.
5.2. Go botlhokwa gore re dirisane sentle mmogo gore naga ya rona le setšhaba sa rona re di tswele mosola. Le fa e le gore molao o letleletse gore batho ba ka tsenela megwanto, megwanto eno e tshwanetse go diragadiwa ka tsela e e nang le maikarabelo e e ikobelang melao ya rona ya temokerasi.
5.3. Kabinete e gakolola bao ba leng mo maanong a go tsenela megwanto gore ba tshwanetse go dira jalo ka tsela e e senang mmodubudu, mme ga ba tshwanela go rumulana le batho ba bangwe kgotsa go tlhatlhamolola mafaratlhatlha le dithoto tsa naga le tsa batho ba bangwe.
6. Go Lwantshana le Bonweenwee
6.1. Kabinete e eme ka lefoko le le lengwe le Moporesitente mo go direng boikuelo jwa gagwe mo go Mokaedikhuduthamagamogolo wa Eskom Rre Andre de Ruyter gore a lebe kwa mapodising go ya go tlhatlhela kgetse. Ditheo tsa naga ya rona tsa go lwantshana le botlhokotsebe di malalaalaotswe go tshwara le go sekisa bao ba tlolang molao.
6.2. Re ikuela mo go motho yo mongwe le yo mongwe yo go nang le sengwe se a se itseng ka bogodu le bonweenwee jo batho ba bangwe ba bo dirang go loma mapodisi tsebe. Yo mongwe le yo mongwe wa rona o na le maikarabelo a go lwantshana le bonweenwee ao motlhankedi yo mongwe le yo mongwe yo a leng mo maemong a a kwa godimo mo ditheong tsa puso le tsa poraefete a a rwesiwang ke Molao wa go Thibela le go Lwantshana le Ditiragalo tsa Bonweenwee, go bega ditiragalo tseno tsotlhe tsa bonweenwee.
7. Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole (FATF)
7.1. Kabinete e sekegela tsebe tshwetso e e tserweng ke ba FATF e e ka ga go baya naga ya Aforika Borwa mo maemong a a kwa godimo a dinaga tseo tsamaiso ya madi mo go tsona e tshwanetsweng go lebelelwa ka leitlho le le ntšhotšho gore madi go tswa mo nageng eno ga a romelwe digongwana tsa dimenolopuso mme seno se itsegwe ka gore ke FATF’s “grey list”.
7.2. Le fa FAFT e dumela gore naga eno e setse e dirile go tlala seatla mo go samaganeng le matsapa a a nopotsweng mo Pegelong ya Ditshekatsheko tsa Dikarolo tse go Dumelanweng ka Tsona (MER), e tlhomamisitse gore go santse go na le dilo tse dintsi tse di santseng di tlhoka go diriwa.
7.3. Kabinete e itse sentle gore go samagana le dikgwetlho tse di santseng di tlhoka go rarabololwa tseno go tla tswela naga ya Aforika Borwa mosola o o seng kana ka sepe. Puso ikemiseditse go pheta ka pejana tiro eno gore e kgone go tokafatsa maemo a yona a go lwantshana le ditiragalo tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu mmogo le tsa go fetisetsana madi a go neelwa digongwana tsa menolopuso.
8. Leeto la Moporesitente wa Naga ya Ugandan go Etela ka fa Nageng ka Mabaka a Tiro
8.1. Kabinete e itumeletse leeto le le tsamaileng sentle la semmuso go jelwa nala ke Moporesitente Yoweri Kaguta Museveni wa naga ya Rephaboliki ya Uganda go jela nala naga Aforika Borwa ka la bo 28 Tlhakole 2023.
8.2. Mo leetong leno Ditlhogo tsa Mebuso ka bobedi ga bona ba ne ba ema ka lefoko Kopano ya Beng ba Dikgwebo, mmogo le go sekaseka ka fao dinaga tseno di ka gwebisanang ka gona le go beeletsana. Ba ne gape ya nna dipaki tsa fa go saeniwa Memorantamo wa go Utlwanela Ditumelano (MoU) mo maphateng a mantsinyana a a farologaneng a a akaretsang: Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC), Bojanala; Dipalangwa; Didirisiwa tsa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano; Ditirelo tsa kwa Kgolegelong tsa go Thusa Batshwariwa go Nna Batho mo Setšhabeng; mmogo le le mo go a Basadi, Bašwa le Batho ba ba nang le Bogolofadi.
8.3. Naga ya Rephaboliki ya Uganda ke naga e e leng mo maemong a bo 15 mo dinageng tseo di gwebisanang le naga ya Aforika Borwa mo Kontinenteng, e bile gape e mo maemong a bobedi mo dinageng tse di gwebisanang le rona tsa kwa Borwa ja Aforika. Magare ga ngwaga wa 2017 le wa 2021 kgwebisano mo dinageng tseno ka bobedi e ne ya oketsega go fitlha go R3 bilione.
9. Samiti ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)
9.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a eteletse pele baromiwa ba naga ya Aforika Borwa kwa Samiting ya AU e e neng e tshwaretswe kwa Ethiopia ka molaetsamogolo y o reng, “Go Potlakisa Lebelo la go Tsenya Tirisong Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA).
9.2. Naga ya Aforika Borwa e neelane ka tshedimosetso ya go baya mo dinakong maloko a AU gore yona ke eng se e setseng e se dirile mo go tsenyeng tirisong AfCFTA.Jaaka naga ya rona e le Monnasetulo mo Lekgotlheng la Merero ya Kagiso le Pabalesego la AU, naga ya rona e neelane gape le ka tshedimosetso e e ka ga seo e setseng e se dirile mo go thuseng go diragatsa Letsholo la 2030 la go Fedisa Dintwa mo Kontinenteng ya Aforika.
9.3. Jaaka Moporesitente Ramaphosa e le ene yo a di gogang kwa pele mo Letsholong la AU la Merero ya COVID-19, o ne a tlhalosa gape le gore ke eng se se ka diriwang go matlafatsa Setheo sa Aforika sa Twantsho le Thibelo ya Malwetse gore kontinente e kgone go ithulaganya sentle gore e kgone go ema sejaro kgatlhanong le maroborobo a mangwe.
9.4. Ka ntlha ya boeteledipele jwa Moporesitente Ramaphosa, Setlhopha sa Tiro ya go Rekela Kontinente ya Aforika Meento ya COVID-19 se sele sa tlhomiwa gore se eme nokeng Leano la Meento la Aforika. Naga ya Aforika Borwa e ne gape ya rekela kontinente mabotlolwana a meento ya COVID-19 a le dimilione di feta di le dimilione di le 500. Mo godimo ga tseno tsotlhe, go ne gape ga tlhomiwa le Letlole la Aforika la go Lwantshana le Leroborobo leo le kgonneng go bokeletsa madi a le kanaka ditolara di le dimilione di le 137 gore a dirisediwe go tlhagisa meento ka fa nageng, go tlhatlhoba, go reka didirisiwa tsa go itshireletsa mo bolwetseng jwa COVID-19, metšhini ya go thusa balwetse go hema le melemo e mengwe e e botlhokwa. Setheo sa go Tlamela Aforika ka Melemo le sone se ne sa tlhomiwa gore se dire bonnete jwa gore dinaga tsotlhe tsa Aforika di tlamelwa ka melemo e e botlhokwa.
10. Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi
10.1. Puso e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tse di sa khutseng tsa go bogisa le go bolaya batho ba sesadi mme e tsweletse go gagamatsa dikgato tsa yona tse dintsinyana tsa go lwantshana le seno.
10.2. Tsona di tsenyeletsa dikgato tse dintsi tsa go kwalola sešwa melao, go tlhoma Letlole la go Lwantshana le GBVF mmogo le go ema nokeng Mafelo a go Gomotsa le go Thoba Maikutlo a Bao ba Fetileng mo Mathateng a go Bogisiwa mo Dikgolaganong tsa Lorato, e leng mafelo a a abelang batswasetlhabelo bano thuso e kgolo tota.
10.3. Mo godimo ga seno, tirisanommogo e puso e e tlhomileng magareng ga yona le mekgatlho ya baagi, badirisanimmogo ba yona mo mererong ya tlhabololo, dikereke le mo makaleng a mangwe ka go sikara mmogo tiro eno go lwantshana le bothata jono jwa GBVF e santse e le botlhokwa mo go maswe.
11. Boitekanelo
11.1. Kabinete e neseditse pula dipuisano tse dikgolo tsa Kopano ya go Atlhaatlha Dikgato tsa Baoki mo Lefatsheng tsa go Thibela Maroborobo mme kopano eno e ne e eteletswe kwa pele ke naga ya rona le e nngwe ka molaetsamogolo yo o reng, “Go dumelana ka go nna le serala se se tshwarang batho ka go lekana se se tla nnelang ruri sa dikgato tsa baoki mo lefatsheng tsa go thibela maroborobo gore ke nne mosola mo maroborobong a a ka nnang teng kamoso.”
11.2. Mo kopanong eno go tšhotlhilwe kgang e e ka ga ka fao mo isagong meento e e pholosang matshelo a batho e ka abelwang dinaga ka go lekalekana, go abelana ka ditirelo tsa go tlhatlhobiwa le go neelwa melemo go ya ka gore di tlhokagala go le go kanakang e seng go ya ka gore ke mang yo a itsholetseng. Seno se ne sa dira gore go nne le dilo tse go dumelanwang ka tsona pele go ka simololwa ka Kopano ya Maemo a a kwa Godimo e e ka ga go Thibela Leroborobo, go Ipaakanyetsa Lona le go Samagana le Lona kwa Kopanokgothakgotheng ya bo 78 ya Dinagakopano monongwaga.
11.3. Mo go e nngwe ya ditiragalo e seng tse di tsamaisanang le se re buileng ka sona mo godimo, ke tshwetso ya go dira gore melemo ya setso le yona e dirisiwe mo maokelong mme tshwetso eno e tserwe mo Kopanong ya mo malobeng ya Melemo ya Setso e e neng e tsenetswe ke Lefapha la Boitekanelo, Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO), Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) mmogo le Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC).
12. Go Tlhabela Bana Moento wa Mmoko le Kholera
12.1. Mmoko yo o weleng o ka nna kotsi mo baneng ba ba iseng ba tlhabele moento wa mmoko. Go ikuelwa mo batsading le mo bagodising ba bana go dira bonnete jwa gore bana ba bona ba tlhabelwa moento jaaka go na le letsholo la go tlhabela bana botlhe moento ka fa nageng. Matshwao a mmoko ke a a akaretsang a go fisa mo mmeleng, go hibila matlho, go elaela dinko le go gotlhola, go tšhipoga diso tse disesane.
12.2. Ka ntlha ya dikgetse tse di ntseng di begiwa sešweng jaana tsa batho ba ba tshwerweng ke kholera, Kabinete e ikuetse mo baaging go ikelatlhoko gore ga ba na matshwao ape a go tshwana le go felelwa ke metsi mo mmeleng ka ntlha ya letshololo, go tlhatsa le go tlhoka maatla mo mmeleng. Ka ntlha ya fa bolwetse jono bo anama ka ntlha ya go dirisa metsi a a kgotlhelegileng le dijo tse di tshwaetsegileng, baagi ba elediwa gore ba bedise metsi, ba buduse dijo le go itlwaetsa go tlhapa diatla ka metsi a sesepa gore ba nne phepa gore ba kgone go thibela go anama ga bolwetse jono. Batho botlhe ba ba ikutlwang ba na le matshwao a a tshwanang le a kholera, e ka tswa ba kile ba tswa ka fa nageng kgotsa ba ise ba tswe ka naga, ba tshwanetse go leba kwa bookelong jo bo gaufi le bona.
13. Go se Felelwe ke Metsi
13.1. Kabinete e itumeletse go thakgololwa ga bodutelo jo bogolo ka fa nageng jwa metsi jwa Vlakfontein Reservoir kwa Gauteng, jo bo kgonang go boloka dilitara di le dimilione di le 210 tsa metsi tse di kgonang go tlamela metsi bosigo le motshegare mme tiro e e setseng mo bodutelong jono jwa metsi go solofetswe gore e tla garela ka Moranang 2023. Porojeke eno e tlhodile ditiro di le 220 tseo mo go tsona go thapilweng baagi ba ba tswang mo lefelong leo mmogo le tse dingwe di le 110 mo Masepaleng wa Selegae wa Ekurhuleni.
13.2. Kabinete e ikuetse mo go maAforika Borwa gore ba tlhokomele mafaratlhatlha a naga ya rona a metsi ka go loma sepodisi tsebe fa go na le bao ba a senyang mo go 0800 10111 mmogo le go itsise masepala wa gaeno fa go na le mafaratlhatlha a a dutlang metsi. Baagi le bona ba ka thusa ka go sonaga metsi.
14. Dipula tse di Bogale
14.1. Ka ntlha ya go ema sejaro ga ditlhopha tsa Tlhokomelo ya Masetlapelo, naga e kgonne go fokotsa bogale jwa ditshenyegelo tse di bakilweng ke dipula, tseo di galefisitsweng ke ditsuatsue tsa cyclone Freddy tseo di setlileng dikarolo tsa ka fa bokone le botlhaba jwa Aforika Borwa.
14.2. Puso e tswelela go bokeletse metswedi yotlhe e e ka re tswang thuso e re nang le yona go nna karolo ya letsholo la maemo a masetlapelo ka fa nageng go thusa go busetsa maemo sekeng mo mafelong a a gogotsweng ke merwalela e e nnileng teng. Re bone Mekgatlho e e Seng ya Puso (di-NGO) e mentsi e dira Botho mmogo le baagi le dikgwebo le mekgatlho e e thusang batho e e thusitseng batho ba ba neng ba tlhoka thuso. Go busetsa maemo sekeng go tla tlhoka gore re tsaye matsapa a magolo, re tla tlhoka go sola mosola sengwe le sengwe se re nang le sona le bokgoni bongwe le bongwe jo sešhaba sa rona se nang le jona.
14.3. Go ikuelwa mo baaging gore ba nne ka fa dintlong fa dipula di tshologa, ba seke ba leka go kgabaganya ka maoto, go thuma kgotsa go kgabaganya ka dijanaga metsi a a sianang kgotsa dinoka, mme le baagi ba ba nnang mo mafelong a a tamang metsi ka bontsi ba tshwanetse go tsaya tsia melaetsa ya go lemosa baagi ka dipula tsa matlakadibe mme ba tsaye dikgato go itlhokomela.
15. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS)
15.1. NSFAS ke letsholo le le mosola la puso le maitlho a lona e leng go fedisa khumanego le go se lekalekane mo baaging fa ba tshnwanetse go tsweletsa dithuto kwa ditheong tse digolwane tsa thuto le katiso.
15.2. Le fa go na le dikgwetlho, NSFAS e kgonne go tokafatsa maemo tota, ya tlamela baithuti ba feta ba le milione ka madi a a kanaka R47 bilione a a beetsweng tiro eno.
15.3. Baithuti botlhe ba dikopo tsa bona di sa atlegang ba ka dira boikuelo mo inthaneteng gore di sekasekiwe sešwa ke Bothati jwa go Dira Boikuelo jo bo seng ka fa Tlase ga Setheo Seno ka go dirisa Serala sa Webesaete sa myNSFAS mo go https://my.nsfas.org.za/(link is external)
16. Ikwadiso mo Inthaneteng ya go Tsenela Ditlhopho
16.1. Kabinete e ikuetse mo batlhophing botlhe ba ba nang le matshwanedi go ikwadisetsa ditlhopho tsa ngwaga wa 2024 tsa go tlhopha lekoko le le tla busang mmuso wa Naga le wa Porofense mo go https://registertovote.elections.org.za(link is external)
16.2. Khomišene ya Ditlhopho e thankgolotse lenaneo la go ikwadisetsa ditlhopho ka inthanete ka la bo 20 Tlhakole 2023, mme e ikuetse mo bašweng ba dingwaga tsa bona di ba letlang go ka dira ditlhopho gore ba ikwadisetse gore ba kgone go sola mosola tshwanelo ya bona ya temokerasi ya go itlhophela moeteledipele. Baagi ba e leng gore ba setse bona ba ikwadisitse bona ba rotloediwa gore ba lekole maina a bona mo lenaneong la badiradikopo, mme ba baye dintlha tsa bona mo dinakong fa e le gore go sengwe se se fetogileng mo dintlheng tsa bona tse di leng mo lenaneong leno. Badiraditlhopho ba tshwanetse go ikwadisa mo mafelong a mo metseng e ba nnang mo go yona mmogo le go dira ditlhopho tsa bona mo mafelong ao ba ikwadisitseng mo go ona.
16.3. Motho o letleletswe go dira ditlhopho fa e le gore:
- Ke moAforika Borwa;
- O na le dingwaga di le 16 kgotsa tse di kwa godimo ga tseo (mme o tla letlelelwa go ka dira ditlhopho fa o sena go nna le dingwaga di le 18); e bile gape
- O na le bukana e tala ya lekwaloitshupo kgotsa karata ya lekwaloitshupo kgotsa setlankana se se leng mo molaong sa go dirisiwa nakwana sa lekwaloitshupo.
17. Molaetsa wa Puso ya Amerika go Baagi ba Naga ya Bona ba ba Leng ka fa Nageng
17.1. Kabinete e sekegetse tsebe molaetsa wa puso ya Amerika go tswa kwa embasing ya yona go tsibosa baagi ba naga ya bona ba ba leng ka fa nageng le ba ba tla etelang naga eno ka seemo sa naga eno jaaka e le tsela eo puso eno e tlwaetseng go dira dilo ka gone le baagi ba yona.
17.2. E tsibositse baagi ba yona gore e lebile maemo a a diragalang ka fa nageng eno ka leitlho le le ntšhotšho, mme ya ba eletsa gore ba itlhokomele jaaka go na le kgonagalo ya gore maemo a botlhokotsebe le a megwanto a ka gakala mmogo le gore ba reke dijo, melemo le didirisiwa tsa thuso ya tshoganyetso ka bontsi tse di ka ba fepang sebaka sa matsatsi a ka nna mararo fa dilo di ka tswa mo taolong ka fa nageng.
17.3. Puso ya naga eno ka motsotso yo mongwe le yo mongwe ke yona e e rweleng maikarabelo a go tlhokomela dikarolo tsotlhe ka fa nageng gore go rene pabalesego, fa go na le matshosetsi a tseelwa dikgato ka bonako gore motho mongwe le mongwe ka fa nageng a bolokesege. Fa go ka diragala gore go nne le matshosetsi ape fela, puso e e busang jaanong eno ke yona ya ntlha e e tla itsiseng baagi botlhe ka seno.
18. Tirelo ya Sepedodi sa Aforika Borwa
18.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgang tsa gore Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e gaufi le go garela tiro e e neng e saletse morago ya go dira diteko tsa DNA mo dilaboratoring tsa bona tsa go tlhatlhoba bopaki ka ditsela tsa sesaense. Seno se tla dira gore dikgetse tse di amanang le go bogisiwa le go betelelwa ga basadi di rarabololwe ka bonako.
18.2. SAPS e okeditse gape le mafelo a go dira diteko tsa DNA ka go garela go agiwa ga moago wa go tlhatlhoba bopaki ka ditsela tsa sesaense kwa Gqeberha mo porofenseng ya Kapa Botlhaba, seno se tla rola boima jo lefelo leno la porofense ya Kapa Bophirima le neng le borwele.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Leano la Naga la go Samagana le Tiro (NSP) ya go Lwantshana le Bolwetse jwa Lebolelamading (HIV), Bolwetse jwa lehuba (TB) le Malwetse a a Fetelanang ka Thobalano (di-STI) go Tloga ka Ngwaga wa 2023 go Fitlha ka wa 2028
1.1. Kabinete e amogetse gore go ka phasaladiwa Leano la Naga la go Samagana le Tiro (NSP) ya go Lwantshana le Bolwetse jwa Lebolelamading (HIV), Bolwetse jwa lehuba (TB) le Malwetse a a Fetelanang ka Thobalano (di-STI) go Tloga ka Ngwaga wa 2023 go Fitlha ka wa 2028 (NSP 2023-2028).
1.2. NSP 2023-2028 ka botlalo e tla ribololwa gore baagi ba itseele yona ka tsebe ka Letsatsi la go Keteka Dikgato tsa Lefatshe tsa go Lwantshana le TB ka la bo 24 Mopitlwe 2023 kwa Rustenburg mo porofenseng ya Bokone Bophirima.
1.3. NSP e tshitshinya dikgato tse di ka diragadiwang go samagana ka gangwe le malwetse otlhe a HIV, di-STD le TB ka go dirisa matsholo a go a thibela le a go a alafa. NSP eno ke leno ke leano la botlhano la go samagana le HIV, di-STD le TB mme le tlhagisa kgatelopele e e setseng e dirilwe mo nageng ya Aforika Borwa mo go samaganeng le malwetse a mararo ano.
1.4. Leano leno la dingwaga di le tlhano le tlhagisa leano la go tsamaisa tiro ya makala a mantsi a a farologaneng a a ka ga go thusa batho gore e re ka ngwaga wa 2030 go bo go fedisitswe malwetse a setšhaba a HIV, di-STD le TB.
1.5. NSP eno e kwadilwe ke Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la AIDS (SANAC) mme lona le dira gore puso, mekgatlho ya baagi mmogo le ba bangwe ba baagi ba dumelane ka tsela ya go samagana le maroborobo ano a mararo mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano. Thulaganyo ya go kwala leano leno la rona la botlhano e ne e le e telele jaaka go ne go bokelediwa maikutlo a baagi mo setšhabeng gore re kgone go utlwa maikutlo a mantsi a a farologaneng mmogo le go agelela mo go seo re ithutileng sona go tswa mo maanong a mo malobeng
1.6. NSP e gatelela botlhokwa jwa go ritibatsa dilo tseo di re kgoreletsang mmogo le go oketsa phitlhelelo ya ditirelo ka go lekalekana ka go dirisa dithulaganyo tsa boitekanelo tse di sa tseweng ke phefo.
1.7. Go akarediwa ga ditirelo tsa malwetse a kgatelelo ya tlhaloganyo le maikutlo le tsa go thobiwa matswalo ke ka ntlha ya gore malwetse ano a tsamaelana thata le batho ba ba nang le malwetse a HIV, TB, di-STD, mmogo le ba ba bogang ka ditiragalo tsa go bogisa le go bolaya batho ba sesadi, ka go gatakakiwa ga ditshwanelo tse ba nang le tsona tsa botho mmogo le ka ntlha ya go se lekane re se meno.
1.8. Mo leanong le lentšhwa leno go okeditswe gape le ditiro tsa go samagana le malwetse a di-STI, go akaretsa le malwetse a go ruruga sebete mmogo le a Mogare wa Kankere ya Molongwana wa Popelo ao a tshwarang gantsi batho ba ba nang le HIV.
2. Pegelo e e ka ga Tseo di Utlwanetsweng kwa Lekgotleng la Dinagakopano le le Disang Leano la go Tsamaisa Tiro ya Phetogo ya Maemo a Loapi (UNFCCC COP 27)
2.1. Kabinete e rometswe pegelo ya tseo di utlwanetsweng kwa UNFCCC COP 27 e e neng e tshwaretswe kwa Sharm El Sheik kwa nageng ya Egepeta ka Ngwanaitseele 2022. Le fa naga ya Aforika Borwa e dumela gore go santse go na le dikgwetlho tse dintsi mo go samaganeng le phetogo ya maemo a loapi, e nopotse gore dilo tse di setseng di dirilwe go samagana le bothata jono di re tiisa mooko. Dipuisano mo kopanong ya COP 27 di dirile gore go tsewe ditshwetso tse dikgolo tse di iseng di tle di tsewe fa go tla mo mererong ya phetogo ya maemo a loapi mo go tserweng tshwetso ya go tlhoma Letlole leo le tla thusang dinaga tse di santseng di iketetsa go duelela ditshenyegelo tse di bakilweng ke maemo a phetogo ya maemo a loapi mo dinageng tseno. Go tlhomilwe gape le Komiti ya Dithulaganyo go rulaganyetsa letlole leno mme maitlhomo ke gore go tla tsewa ditshwetso ka lona mo kopanong ya COP28 e e tla tshwarwang ka ngwaga wa 2023.
2.2. COP27 e gateletse gape le botlhokwa jwa go oketsa lebelo la go tlhabolola Dibanka tsa go Thusa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba mmogo le Ditheo tsa Boditšhabatšhaba tsa Matlole mmogo le go ikuela mo go batsholadišere ba ditheo tseno go tsaya ditshwetso tse dikgolo tsa go oketsa tlamelo ya matlole a dikgato tsa go samagana le phetogo ya maemo a loapi mo ngwageng wa matlole wa 2023 mmogo le go dira gore dithulaganyo tsa ditheo tsa bona di nne le mosola.
2.3. Kopano ya bofelo ya COP27 e bontshitse ka fao dikgato tsa go samagana le matsapa a phetogo ya maemo a loapi di tshwanetsweng go tsewa ka bonako ka teng, mmogo le tlhokagalo ya go se sute mo maemong ao go ipeetsweng ona a go dira gore mogote mo lefatsheng o se fete ditekeriselešiase di le 1.5 ao Setlhopha sa Baemedi ba Maphata a Puso a ka fa Nageng e e Buang ka Phetogo ya Maemo a Loapi (IPCC) se a bitsang gore ke "Ngwagasome o o Botlhokwa Thata" mmogo le go tlhagisa letsholo le le tlhamaletseng le le ka ga ka fao go tla okediwang dikgato tsa go samagana le matsapa ano morago ga ngwaga wa 2026.
3. Go Tshwara Kopano ya Lefatshe ya Ngwaga wa 2024 ya Merero ya Ditlakala
3.1. Kabinete e neseditse pula kgang ya gore Aforika Borwa e tshware Kopano ya Lefatshe ya Ngwaga wa 2024 ya Merero ya Ditlakala kwa Motsekapa go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 18 Lwetse 2024. Moletlo ono o rulaganngwa ke ba Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya go Olela Ditlakala, ono ke mokgatlho wa lefatshe o o nang le badiredi le baitseanape ba ditiro tsa go olela ditlakala go tswa mo lefatsheng ka bophara.
3.2. Moletlo ono o tla tswela naga ya Aforika Borwa mosola gonne baromiwa bano ba tla abelana ka ditsela tsa ga jaanong tsa go dira tiro ya go olela ditlakala ka manontlhotlho. Moletlo ono o tla dira gore baitseanape go tswa kwa mafatsheng a boditšhabatšhaba mmogo le baabi ba ditirelo tsa thekenoloji mo lephateng leno ba tshologele ka kwano mme seno se tla tswela mosola lekala la naga ya rona ya Aforika Borwa le iseng le thanye sentle la kolelo ya ditlakala mme dikgwebo tse di dirang ka ditlakala di tla iponela botlhale mo moletlong ono.
3.3. Ka ngwaga wa 2011 Kabinete e ne ya nesetsa pula Leano la Naga la go Sela Ditlakala (NWMS) gore le tsenngwe tirisong. NWMS e na le dilo di le robedi tse e ipeetseng tsona tse di botlhokwa mme mo go tsona ke go dira gore go fokotsa ditlakala e nne selo se se botlhokwa, go dirisa dilo makgetlho a mantsinyana, go fetola tiro ya selo se se latlhilweng mmogo le go tsosolosa selo se se latlhilweng. Seno se tla thusa naga gape gore e kgone go diragatsa tlamelo ya ditirelo tsa go sela ditlakala e e tswileng diatla mmogo le go dira gore lekala la tshelo ya ditlakala le nne le seabe mo ikonoming ya tshomarelo ya tlhago. Se sengwe gape ka naga ya Aforika Borwa ke gore e na le seabe mo ditumelanong tsa boditšhabatšhaba tseo di amanang le matsapa a go sela ditlakala.
4. Go Tlhophiwa ga Teropokgolo e go tla Tshwarelwang kwa go yona Samiti ya bo 15 ya Dinaga tsa BRICS
4.1. Kabinete e dumelane gore Gauteng e tla nna lona lefwlo le go tla tshwarelwang kwa go lona Samiti ya bo 15 ya Dinaga tsa BRICS go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 24 Phatwe 2023.
4.2. Naga ya Aforika Borwa e tsere maemo a a sa nneleng ruri a go nna Komangkanna mo Kopanong ya BRICS monongwaga ka la bo 1 Ferikgong 2023 e e neng e tshwerwe ka molaetsamogolo yo o reng, “BRICS le Tirisanommogo le Dinaga tsa Aforika go Dira Gore Lebelo la Kgolo le Okediwe, e Nne Kgolo e e tla Nnelang Ruri e bile Ditšhaba tsotlhe di Nathelane Tlhogwana ya Tsie”.
4.3. Go tloga ka motsi yo naga eno e neng e nna karolo ya setlhopha seno sa dinaga tse ikonomi ya tsona e ntseng e gola mo dingwageng di le 12 tse di fetileng palo ya maloko a BRICS mo nageng ya Aforika Borwa e oketsegile thata.
4.4. Ka ngwaga wa 2021, diphesente di feta di le 17 tsa ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang dinaga tsa boditšhaba tse di neng di rekisediwa dinaga tse dingwe tsa BRICS fa ka fa letlhakoreng le lengwe diphesente di feta di le 29 tsa dilo tse re di rekang kwa dinageng tsa boditšhaba di rekiwa mo go tsona dinaga tseno.
C. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho
1.1. Naga e keteka Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho ka molaetsamogolo yo o reng, “Go Rokelela le go Somarela Setlwaedi sa Ditshwanelo tsa Batho gore le mo isagong se nne teng”. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go iphantsha ka ngwaoboswa e e humileng ka ditso tse re nang le tsona mmogo le go farologana ga rona go go dirileng gore re ipope seoposengwe.
1.2. Tla re tlotleng bao ba e ikentshitseng setlhabelo mo kgaratlhong ya gore re nne le kgololesego ka maitlhomo a gore ka le lengwe la matsatsi re keteng go nna le ditshwanelo re le batho mme re tswelele go gata mo mositong wa gore batho botlhe ba nne le seabe mo ikonoming jaaka borakhukhu ba rona ba re bonetse seno kwa pele.
D. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Setlhopha sa Aforika Borwa sa Basadi ba Motshameko wa Kerikete, ka ntlha ya go tsholetsa folaga ya naga kwa godimo kwa Metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Kerikete ya Basadi ya T20 e e neng e tshamekelwa ka fa nageng.
- Sethopha sa Basadi sa Motshameko wa ice hokhi sa Aforika Borwa seo se tshamekileng motshameko wa sona wa ntlha kwa Sejaneng sa Motshameko wa Lefatshe wa Ice Hockey o o neng o tshamekelwa kwa Motsekapa.
- Setlhopha sa Banna sa Motshameko wa Hockey sa Aforika Borwa jaaka se atlegile mo go tshwareng Metshameko ya Sejana sa Lefatshe ya FIH ya go Tshamekela Hockey ka fa Teng ga Meago kwa Pretoria go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 11 Tlhakole 2023.
- Setlhopha sa Bagale ba Aforika sa Banyana-Banyana morago ga motshameko wa bona kwa Motshamekong wa Sejana sa Lefatshe sa Turkey, mo setlhopha seno se neilweng maemo a boganka go laetla gore se fenye metshameko ya Setlhopha sa A le go boa ka sejana ka fa nageng.
- Barulaganyi ba metshameko ya Mabelo a Dijanaga ya Formula E e e neng e tshwaretswe ka fa nageng le ka fa kontinenteng lekgetlo la ntlha mme e tsamaile sentle, e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa. Teropokgolo eno e ne ya keteka seno go tshwana le diteropokgolo tse dingwe tsotlhe di le 11 mo lefatsheng tshe di kileng tsa tshwara Metshameko ya Lefatshe ya Mabelo a Dijanaga ya Formula E , mo dijanaga tsotlhe le mafelo a a neng a dirisiwa go dirisitsweng fela motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa le maokwane a a sa kgotlheleng tikologo.
- Rre Calib Cassim yo a thapilweng go nna CEO wa namaotshwere kwa Eskom yo a rwalang marapo go latela gore a rolwe ke Rre André Marinus de Ruyter, yo puso e mo eletsang tsotlhe tse dintle mo go tseo a batlang go di dira mo isagong ya gagwe.
- Baagi ba naga ya Nigeria go latela gore Setlhopha sa Basekaseki ba Tsamaiso ya Ditlhopho ba Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika ba totobatse gore tsotlhe mo ditlhophong tsa naga yotlhe di ne di apere tshiamo.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Peter Cyril Jones, molwelakgaratlho wyo gape e neng e le moeteledipele wa mokgatlho wa Black People’s Convention.
- Morwediakgosi Alice, morwedi a Kgosi Solomon kaDinuzulu.
- Paul Herbst, Motlhankedimogolo wa setlamo sa Medi-Response, yo e leng moeteledipele yo a tlotliwang mo ditirelong tsa tshoganyetso tsa kalafo yo mo malobeng a thusitseng go pholosa batho kwa Türkiye le kwa Seria.
- Rafiq Rohan yo e neng e le mmegadikgang yo a itsegeng yo gape e neng e le yo mongwe wa maAforika Borwa ao a neng a tshwaretswe ditiro tsa sepolotiki kwa Robben Island yo a kileng a nna o mongwe wa barulaganyi ba ba simolotseng lekwalodikgang la puso la Vuk’uzenzele, mo e neng e le morulaganyi wa dikgang mme mo tsamaong ya nako ya nna morulaganyi wa dikgang tsa sepolotiki mo lekwalodikganyeng la “The Sowetan”, ya nna morulaganyimogolo mo lekwalodikganyeng la “The Star”, mme mo malobanyaneng e ne e le morulaganyi yo mogolo wa Al Jazeera.
E. Ba Ba Thapilweng
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Rre Hishaam Emeran o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setlamo sa Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (PRASA).
2. Rre Themba Rikhotso o thapilwe go nna CEO wa Banka e e Thusang Balemi le Barui ba Dipolasa ka Mafatshe ya Naga ya Aforika Borwa mmogo le go nna Motlhankedimogolo mo Botong ya Batlhankedibagolo ba Banka eno ya Mafatshe.
3. Rre Maesela Kekana o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo Lekaleng la Tlhokomelo ya Phetogo ya Maemo a Loapi le Boleng jwa Mowa ka fa Lefapheng la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo.
Kabinete e dumelane le ditshwetso tsa go thapa batho ba ba latelang:
4. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Ditlamo tsa Difofane tsa Aforika Borwa
(i) Moatefokate Sandile Nogxina (Monnasetulo)
(ii) Rre Yershen Pillay
(iii) Ngaka Kgabo Hendrik Badimo
(iv) Mme Ntombifuthi Mvelase
(v) Mme Dudu Hlatshwayo
(vi) Rre Gcobani Mancotywa
(vii) Mme Sibongile Rejoyce Sambo
(viii) Mme Nonzukiso Siyotula
Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485