A. Merero ya ga Jaanong
1. Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA)
1.1. Kabinete e boeletsa mafoko a ga Moporesitente Cyril Ramaphosa mo boikuelong jwa gagwe jo a bo dirileng mo Puong ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya ngwaga wa 2023 mo a ikuetseng mo go maAforika Borwa otlhe go tshwarisana tiro mmogo le go dira bonnete jwa gore go se nne le ope yo ba mo tlogelang kwa morago fa go samaganwe le dikgwetlho tse di boima tse naga ya rona e tobaneng natso.
1.2. Dikgato tse di sa tseweng ke phefo tsa ga moporesitente di beile kwa pele maano a puso a monongwaga a go samagana le motlakase o o tshabetseng ruri le go dira gore re se tlhole re sokodisiwa ke tlhaelo ya motlakase.
1.3. Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe a setšhaba sa rona go ema nokeng matsholo otlhe a go boletsweng ka ona mo puong ya SoNA ya Moporesitente, go nne a botlhokwa mo go maswe mo go fokotseng botlhokatiro, tshokolo le ditlhwatlhwa tse di goletseng ruri tsa go reka dilo tse batho ba iphedisang ka tsona mmogo le a go lwantshana le botlhokotsebe le bonweenwee.
1.4. Puso e tloga e ikemiseditse go potlakisa tiro e go setseng go samaganwe le yona ya go oketsa motlakase ka fa nageng mme tiro e re tobaneng le yona ke go sutisa sengwe le sengwe se se kgoreletsang gore seno se diragale.
1.5. Fela jaaka Moporesitente Ramaphosa a setse a tlhalositse mo go SoNA ya gagwe, mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang, ditlhotshwana tsa ditirelo tsa puso di tla abelana ka tshedimosetso ka botlalo ka ga Leano la Dikgato tse Puso e tla di Tsayang (PoA) mo ngwageng yo re o lebileng. Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga le yona ka Laboraro, 22 Tlhakole 2023 e tla abelana ka tshedimosetso e e tseneletseng ka ga merero ya PoA.
2. Kopano e Kgolo ya Beng ba Meepo mo Nageng ya Aforika ya Ngwaga wa 2023
2.1. Kabinete e sekegetse tsebe dintlha tse di tšhotlhilweng kwa Kopanong e Kgolo ya Beng ba Meepo mo Nageng ya Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Cape Town International Convention Centre go tloga ka la bo 6 go fitlha ka la bo 9 Tlhakole 2023 mo molaetsamogolo o neng o re: “Go Bulela Dipeeletso mo Meepong ya Aforika: Go Tlisa Tsetsepelo, Polokesego le Tlamelo e e sa Kgaotseng”.
2.2. Kopano e Kgolo ya Beng ba Meepo mo Nageng ya Aforika e tsenetswe ke beng ba meepo go tswa mo kontinenteng le mo lefatsheng ka bophara e bile e itiretse leina ka go itsege jaaka khonferense e e di gogang kwa pele mo dipeeletsong tsa meepo mo kontinenteng. Moepo o tswelela go nna le seabe se segolo mo go tliseng tlhabologo le mo go ageng diintaseteri mo kontinenteng ka bophara. O botlhokwa thata fa go tla mo go tlholeng ditiro le mo go direng gore batho ba se latlhegelwe ke ditiro, e bile ke ona o o dirileng gore go nne le ditiro di ka nna halofo ya milione mo meepong le ditiro tse dingwe di ka nna milione tse di ikokotletseng ka ditiro tsa meepo mo nageng ya Aforika Borwa.
2.3. Dilo tse di tlhagisitsweng mo meepong ya Aforika Borwa mo ngwageng yo o fetileng di fitlhile kwa mankalankaleng mo di dirileng bokanaka R1.18 trilione, tsa godisa dilo tse di tlhagisiwang ka fa nageng, ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang dinaga tsa boditšhaba mmogo le letseno la rona. Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba nang le seabe mo intasetering eno go tswelela go tshwarisana tiro le puso gore re kgone go nna le intaseteri e e itsegeng mo lefatsheng e e kgonang go ema nokeng kgolo ya ikonomi, go tlhola ditiro le go tlisa tlhabololo e e tsepameng.
3. Merwalela
3.1. Kabinete e rometse matshediso kwa malapeng a bao ba latlhegetsweng ke ba malapa a bona mo merwaleleng ya mo malobanyaneng e e gogotseng mafelo a le mantsinyana ka fa nageng.
3.2. Re leboga go menagane go ba ditirelo tsa tshoganyetso go ralala le naga ya rona ba ba neng ba tshwere phage ka dingana go pholosa matshelo a batho. Re le naga tla re ipopeng seoposengwe mme re tswe thuso bao ba tlhokang tlhokomelo le kemonokeng.
3.3. Kabinete e ikuetse mo baaging gore ba nne ka fa dintlong fa pula e tshologa le fa go na le merwalela, mmogo le go gakolola bao ba nnang mo mafelong ao metsi a tamang mo go ona fa pula e nele thata gore ba itlhokomele.
3.4. Baagi ba elediwa gore ba se tsamaele gaufi le mo metsi a mantsi a sianang ka lobelo, ba se thumele mo go ona kgotsa ba se kgabaganye mo metsing ano ka dijanaga tsa bona kgotsa gona go leka go kgabaganya ditsela, maborogo le dinoka mo metsi a tletseng. Kabinete e ikuetse mo baaging go dira bonnete jwa gore ka gale bana ba bona ba bolokesegile e bile ga go na kgonagalo ya gore ba ka gogolwa ke metsi fa go na le merwalela.
4. Tirisodikgoka ka Ditlhobolo
4.1. Kabinete e rometse matshediso a yona kwa go ba lelapa le ditsala tsa ga seopedi sa mmino wa hip-hop Rre Kiernan Forbes, yo a tumileng thata ka leina la AKA, mmogo le ba lelapa le ditsala tsa ga tsala ya gagwe yo e neng e le seapei se se tumileng e bong Rre Tebello Motsoane, bao bobedi bo jelweng ka tlhobolo kwa Durban.
4.2. Kabinete e batla gape le go romela matshediso a yona kwa go ba lelapa le ditsala tsa ga molwelakgaratlho ya go lwantshana le bosenyi e bong Rre Ayob Mungalee, yo mo malobanyaneng a jelweng ke tlhobolo kwa Eldorado Park kwa Johannesburg. E ne e le Mokaedi wa mokgatlho o o rotloetsang baagi go ema ka dinao kgatlhanong le digongwana tsa bosenyi le thekiso ya diritibatsi wa People Seeking Justice Action Group.
4.3. Kabinete e rometse matshediso kwa go ba lelapa le ditsala tsa batho bao ba jelweng ka ditlhobolo kwa porofenseng ya Kapa Bophirima, KwaZulu-Natal le ya Kapa Botlhaba. Ditiragalo tse di setlhogo tseno tsa go tlhasela batho ba bangwe, tseo ba sepodisi ba setseng ba weditse diphuruphutso tsa tsona, di re bontsha ka fao tirisodikgoka ka ditlhobolo e setseng e aname ka gona mmogo le dikotsi tse e nang le tsona mo baaging.
4.4. Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore go samaganwe le dikgato tse di tla matlafatsang Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) gore e kgone go lwantshana le bosenyi. Tsona di tsenyeletsa go oketsa palo ya mapodisi mo mebileng mmogo le go tlhoma ditlhopha tse di tla lwantshanang le bosenyi jo bo rileng. Aforika Borwa e tla dirisa gape le dikgato tsa go dirisa tshedimosetso ka mokgwa o o tlhalefileng go itse gore ke mafelo a fe a a tumileng ka bosenyi le a bosenyi bo itaolang mo go ona.
4.5. SAPS e samagane le go gagamatsa matsholo a go utolola ditlhobolo le dikolo le go thopa tsotlhe tse di seng mo molaong tse di leng mo diatleng tsa ditlhokotsebe. Mo dikgweding di le 12 tse di fetileng mapodisi a ne a thopa ditlhobolo di le 65 519 tse di neng di le mo diatleng tsa batho.
4.6. Puso e ikuela mo baaging botlhe mmogo le mo mekgatlhong ya baagi go sikara mmogo tiro eno le ba sepodisi go fedisa botlhokotsebe mo metseng ya rona. Fa go na le sengwe se o se itseng se se ka romelang kwa kgolegelong batho ba mo motseng ba ba dirang dilo tse di seng mo molaong, loma mapodisi tsebe ka go letsetsa Mogala wa go Lwantshana le Ditiro tsa Bosenyi mo go 0800 10111.
5. Masepala wa Selegae wa Enoch Mgijima (EMLM)
5.1. Tona ya Pusoselegae le Merero ya Setso Mme Nkosazana Dlamini Zuma mmogo le Tona ya Matlole Rre Enoch Godongwana ba ne ba sedimosetsa ditokololo tsa Kabinete ka maeto a bona a go buisana le bannaleseabe ba ba nang le dikarolo le seabe se se botlhokwa mo masepaleng ono wa Enoch Mgijima.
5.2. Ka kgwedi ya Moranang, Kabinete e ne ya nesetsa pula dikgato tse di ka tsewang go rarabolola matsapa a mo masepaleng ono go ya ka Karolo ya bo 139(7) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, fa o buisiwa mmogo le Karolo ya bo 150 ya Molao wa Taolo ya Matlole a Dimasepala wa ngwaga wa 2003 (Molao wa bo 56 wa 2003). Masepala ono wa Enoch Mgijima ga o a bolo go nna mo tobetobeng ya matlole le ya go retelelwa ke go tlamela setšhaba ka ditirelo pele ga o ka tseelwa dikgato.
5.3. Kabinete e dumelana le matsapa a a utolotsweng ke bannaleseabe mme e solofeditse baagi ba masepala yono gore go tla tsewa ditshwetso mabapi le gore ke dikgato dife tse di tshwanetsweng go tsewa go samagana le dikgwetlho tse masepala yono o tobaneng le tsona mme tsona e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo tsa bolelelwa baagi.
6. Pabalesego mo Dikolong
6.1. Pabalesego mo dikolong tsa naga ya Aforika Borwa e santse e le ntlha e e botlhokwa thata mo pusong ya rona mme e bile gape ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di begiwang kwa dikolong magareng ga barutwana le barutabana ke selo se se re tlhobang boroko.
6.2. Le fa Lefapha la Thuto ya Motheo le tsentse tirisong dikgato tsa go samagana le bothata jono, e santse e le maikarabelo a batsadi le bagodisi ba bana go tshwarisana tiro le ditlhogo tsa dikolo mmogo le barutwana go netefatsa gore kwa dikolong go rena polokesego gore barutwana ba rona ba kgone go rutiwa mme e tle e nne batho mo setšhabeng. Se sengwe se se botlhokwa thata mo go rona ke pabalesego ya barutabana ba rona kwa dikolong.
7. Pabalesego mo Mebileng
7.1. Kabinete e santse e tshwenngwa ke dikotsi tse di diragalang go ralala le naga mo mebileng ya rona. Puso e tla tlhotlhomisa melao e mentšhwa e e tla fokotsang dikotsi tsa diteroko, o mongwe wa melao eno ke go dira gore dithoto di se tlhole di tsamaisiwa mo mebileng mme di tsamaisiwe ka diterene mo diporong, mme go solofelwa gore ka go dira jalo seno se tla fokotsa dirori tse di rwalang dithoto mo mebileng.
7.2. Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba dirisang ditsela go obamela melao ya mo mebileng ka go ntsha matlho dinameng, ka go naganela batho ba bangwe ba le bona ba dirisang mmila oo le go se ba felele pele. Botlhe ba ba kgannang ba itshietse kgotsa ba gabotse diritibatsi mmogo le ba ba kgannang boatla, mmogo le ba ba kgannang ka lebelo le le kwa godimo, ke bona ba ba tlholang bontsi jwa dikotsi tseno mo mebileng
B. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo wa Ngwaga wa 2022 wa go Tlhoma Lefelo le le Lengwe la go Abelana ka Ditirelo Tsotlhe tsa go Kgabaganya Melelwane (OSBP)
1.1. Kabinete e neseditse pula Molaotlhomo wa OSBP gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona. Molaotlhomo ono o latela gore go nesediwe pula pholisi ya OSBP mmogo le maano a go e tsenya tirisong ka Mopitlwe 2022. Maitlhomo a ona ke go dira gore go nne bonolo go tsenya batho le dithoto mo mafelong a botseno jwa naga ya Aforika Borwa le kwa mafelong a dinaga tsa baagisani.
1.2. Seno se tla fokotsa tshubetlhelano e e a tleng e nne gone kwa mafelong a go tsena le go tswa ka fa nageng e e diriwang ke batho ba ba kgabaganyang melelwane le ba ba gwebisanang. Dikgato tseno di botlhokwa gape le mo dikgatong tsa naga ya rona mo go diragatseng Tumelano ya Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika (AfCFTA).
1.3. Ditumelano tse di tlhalosiwang mo Molaotlhomong ono di tla thusa gore ditiro tsa go tlhatlhoba dithoto, dijanaga le batho kwa melelwaneng di se opise tlhogo mme di diriwe ka bonako. Molaotlhomo ono o samagana gape le didirisiwa tse di matshwanedi tsa maemo a boditšhabatšhaba fa go tla mo go laoleng metsamaong ya go gwebisana, mmogo le ya batho le ya dithoto.
2. Molaotlhomo wa Naga wa Ditokomane tsa Boitshupo le tsa go Kwadisiwa wa Ngwaga wa 2022
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Naga wa Ditokomane tsa Boitshupo le tsa go Kwadisiwa wa Ngwaga wa 2022 gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona. Molaotlhomo ono o neela maatla Pholisi ya Taolo ya Makwalo a Boitshupo a Semmuso mmogo le go tla ka leano la go tlhoma thulaganyo ya dikhomphiutha e le nngwe fela ya naga ya makwalo a boitshupo e mo go yona batho botlhe ba ba nnang ka fa nageng kgotsa ba ba kileng ba nna ka fa nageng maina a bona a tla bolokwang mo go yona.
2.2. Sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo ono se tla thusa gore go tlhomiwe sefalanatshedimoso sa go kwadisa baagi le bao e seng baagi ba naga eno mme ba neilwe tetla ya go nnela ruri ka fa nageng mmogo le go se tlhokomela. Se tla thusa gape le gore go tlhomiwe le sefalanatshedimoso se sengwe gape sa go boloka ditokomane tsa boitshupo tsa baagi ba ba tlang go nna sebakanyana ka fa nageng. Sekwalwa seno se tla thusa gape le ka go tlhoma Thulaganyo ya Naga ya go Dirisa Dikarolo tsa Mmele go Tlhagisa Boitshupo jwa Motho (NIS) mme thulaganyo eno e tla dira gore go nne bonolo go bona dintlha tsa motho tsa boitshupo e ka tswa di le mo sefalanatshedimosong sa go kwadisa baagi kgotsa mo go sa go boloka ditokomane tsa boitshupo tsa baagi ba ba tlang go nna sebakanyana ka fa nageng.
2.3. NIS e tla kgona gape le go dirisana le dithulaganyo tse dingwe tsa boitshupo tsa maphata a mangwe a puso le a poraefete.
2.4. Melaotlhomo ya naga ka bobedi e leng wa OSBP le wa Ditokomane tsa Boitshupo le tsa go Kwadisiwa ya ngwaga wa 2022 e tla phasaladiwa mo webesaeteng ya Lefapha la Merero ya Selegae mo go: www.dha.gov.za. Baagi ba rotloediwa go romela ditshwaelo tsa bona tse ba di kwadileng mo atereseng e e latelang: The Director-General of Home Affairs, Private Bag X114, Pretoria, 0001. Mogala: 012 406 4353.
C. Ditiragalo tse di Tlang
1. Samiti ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)
1.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla tsenela Kopano ya bo 36 ya Pulo ya Palamente ya Dinaga tsa Aforika e e tla tsenelwang ke Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Mebuso eno e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 19 Tlhakole kwa Addis Ababa, Ethiopia.
1.2. Pulo ya Palamente ya AU, e e tla bulwang ka molaetsamogolo yo o reng, “Go Potlakisiwa go Tsenngwa Tirisong AfCFTA”, e tla bulelwa ke Kopano e e Edileng ya bo 42 ya Lekgotlakhuduthamaga e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Tlhakole 2023. Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Mebuso ya AU di tla dirisa molaetsamogolo yono go totobatsa maikano a bona a go tsenya tirisong ka botlalo AfCFTA.
2. Leeto la Semmuso la ga Moporesitente wa Naga ya Uganda
2.1. Motlotlegi Moporesitente Yoweri Kaguta Museveni wa kwa Uganda o tla etela naga ya Aforika Borwa ka Labobedi wa la bo 28 Tlhakole 2023, go latela gore Moporesitente ka ene Rre Ramaphosa a mo laletse. Maitlhomo a leeto leno ke go gagamatsa botsalano jwa dinaga ka bobedi. Leeto leno le tla garelwa ka go tshwarwa ga dikopano tsa beng ba dikgwebo ba ba batlang go gwebisana le go beeletsa mo dinageng ka bobedi.
3. Dikabo tsa Bobegakgang tsa Ngwaga wa 2023 tsa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC)
3.1. Kabinete e gakolola badiredi botlhe ba bobegakgang gore Dikabo tsa Bobegakgang tsa Ngwaga wa 2023 tsa SADC di butswe gore mmegadikgang mongwe le mongwe go tswa mo nageng nngwe le nngwe ya SADC yo a batlang go di tsenela a ka dira jalo mme di tla tswalelwa ka Labobedi wa la bo 28 Tlhakole 2023.
3.2. Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC di keteka tiro e e tswileng diatla mo bobegakganyeng jwa makwalodikgang, jwa ditshwantsho, jwa go gasa tshedimosetso mo thelebišeneng le mo seyalemoweng mo dinageng tsa SADC ka maitlhomo a go ema nokeng dikgato tsa go dirisana mmogo ga dinaga tsa kgaolo le go tshwaragana ga tsona.
D. Melaetsa ya go Akgola
1. Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Nomcebo Zikode, Zakes Bantwini mmog le Wouter Kellerman jaaka kwa Dikabong tsa bo 65 tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Grammy ba kgonne go fenya maemo a go diragatsa pina ka botswerere mo lefatsheng ka bophara fa ba ne ba diragatsa pina ya bona e e bidiwang Bayethe.
E. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- batho botlhe ba ba thutseng botala ka tlhogo fa bese e ba neng ba e nametse e ne e sugagana le sejanaga se se rwalang tšhelete kwa tselafefong ya N1 kwa porofenseng ya Limpopo. Kabinete e lakaletsa botlhe ba ba nnileng le dikgobalo mo kotsing eno pholo ya ka bonako.
- Rre John Moeti (yo a neng a na le dingwaga di le 56), yo a kileng a tshamekela setlhopha sa kgwele ya dinao sa Bafana Bafana le sa Orlando Pirates, yo gape a nnileng le seabe se se botlhokwa thata mo go direng gore ka ngwaga wa 1996 re kgone go fenya Sejana sa Baganka ba Kgwele ya Dinao mo Dinageng tsa Aforika.
- Kabinete e rometse gape le matshediso kwa pusong ya Türkiye le ya Syria mmogo le kwa baagi ba dipuso ka bobedi jaaka ba latlhegetswe ke matshelo a batho ba bo bona ba bantsi mmogo le go senyegelwa ke mafaratlhatlha a bona a a leng botlhokwa mo baaging le mo ikonomng ya bona e leng seo se tlhodilweng ke thoromo e kgolo ya lefatshe ka la bo 6 Tlhakole 2023 e bogolo jwa yona bo balelwang go 7.8 mo Sekaleng sa go Meta Dithoromo tsa Lefatshe. Re utlwela botlhoko malapa ao a latlhegetsweng ke ba bo bona le bao ba santseng ba batlana le ba bo bona. Kabinete e rolela hutshe mekgatlho ya naga ya Aforika Borwa e e samaganang le ditiro tsa go tswa baagi thuso e le yona e ileng koo go tswa baagi ba koo thuso. Kabinete e rolela hutshe yo mongwe wa mapodisi a Aforika Borwa a setlhopha sa yuniti ya K-9 yo bogatlhamelamasisi jwa gagwe, gareng ga dilo tse dingwe tse dintsi, bo dirileng gore go feletswe go kgonnwe go ribolola mosadimogolo wa dingwaga di le 80 yo a falotseng kotsi eno yo a neng a santse a le ka fa gare ga dithothobolo tsa moago o o ba wetseng kwa Türkiye yo a ntseng ka fa teng ga mpa ya dithothobolo tseno sebaka sa go feta matsatsi a le robedi.
F. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Mme Azola Mayekiso o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Koporasi ya Tlamelo ka Matlole a Ditheo tsa go Agela Setšhaba Dintlo.
2. Rre Lucas Thabiso Thiti o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG) wa Lephata la Tlhabololo le Kemonokeng ya Setheo ka fa Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
3. Mme Boitumelo Mosako o thapilwe go nna CEO kwa Bankatlhabololong ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (DBSA).
4. Rre Kabelo Rikhotso o thapilwe go nna Mokaedi yo Mogolo mo Botong ya Koporasi ya Dipeeletso tsa Puso (PIC).
5. Rre Matsemela Moloi o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Setheo sa Ditlolo tsa Molao mo Mebileng.
6. Moatefokate Sonwabile Mancotywa o thapilwe go nna Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga mmogo le go nna gape Monnasetulo mo Botong ya Setheo sa Dijanaga tse di Putlang Mebila go Kgabaganya Melelwane ya Dinaga.
Dipotsolotso:
Rre Michael Currin – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 082 462 7896