Skip to main content
x

 

A.  Merero ya ga Jaana

1.  Tshomarelo ya Metsi


1.1.  Kabibete e lebogile Maaforika Borwa jaaka ba ikobetse dikgato tsa go somarela metsi tse di tsentsweng tirisong mo dikarolong tse di rileng tsa Johannesburg, Tshwane le Ekurhuleni go dira bonnete jwa gore matamo a metsi ga a kgale. Metsi mo matamong le mo madutelong a metsi a tswelela go dirisiwa ka bontsi ka ntlha ya dithemphereitšha tse di kwa godimo go ralala Gauteng, mme tiriso eno ya metsi e e kwa godimo e bakile gore Rand Water e fokotse thata metsi a e a tlamelang bommasepaleng. Setheo se sa tlamelo ya metsi se tlamela ka metsi a mantsi go batho ba feta dimilione tse 11 mo Gauteng le mo dikarolong tsa Mpumalanga, Foreisetata le Bokone Bophirima. 

1.2.  Maikaelelo a dikgato tseno tsa go somarela metsi, tse go seng tsela epe e re ka di tilang ka yona, ke go dira bonnete jwa gore re nne le metsi a a sa kgaleng mme re tla tswelela go ikobela tsona go fitlha maemo a tokafala. Kabinete e ikuetse go baagi go tswelela go ikobela dikgato tsa go somarela metsi le go nna le seabe mo go diriseng metsi ka tshomarelo. 

2.  Go Ngala Ditiro kwa Transnet 

2.1.  Kabinete e amogetse tumelano ya meputso e go dumelanweng ka yona ya dingwaga tse tharo magareng ga Transnet le United National Transport Union (UNTU), e e tsenang tirisong go tloga ka la bo 1 Moranang 2022 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2025. Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo e tseregantse mo tumelanong e, e e tlisitseng boipelaetso ba ditokololo tsa UNTU kwa bokhutlong ka gangwe. Kabinete e amogetse gape tshwetso ya South African Transport and Allied Workers Union ya go fedisa go ngala ditiro.

2.2.  Kabinete e leboga boineelo jo bo dirilweng ke Transnet mabapi le go tsepamisa mogopolo mo tirong e e saletseng kwa morago mo ditirelong tsa go rwala dithoto ka dikepe le diterene e e bakilweng ke go ngala ditiro, e leng se se amileng ikonomi le makala a a ikaegileng ka ditirelo tse ka tsela e e sa itumediseng. 

2.3.  Kabinete e lebogile tshegetso le tirisanommogo e e neetsweng ke lekala la kgwebo mo pakeng e ya go ngala ditiro. Tshegetso eno e rotloetsa kamano e e tswelelang magareng ga boeteledipele ba Transnet le badiri e leng se se tla tswelang mosola setlamo se le ikonomi ya naga. 

3.  Dikamano tsa Aforika Borwa – Saudi Arabia 

3.1.  Kabinete e amogetse Leeto la Tiro le le atlegileng kwa Pusong ya Saudi Arabia ka Moporesitente Cyril Ramaphosa ka la bo 15 le la bo 16 Diphalane 2022. Mo leetong le, dinaga tse pedi tse di saenile Dimemorantamo tsa Tirisanommogo (di-MoU) mo makaleng a a farologaneng a a jaaka la temothuo, la bodirelatlhapi, la meepo, la metlakase e e fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa, la tshireletso, la dipalangwa le la temothuo ya ditlhagisiwa tsa mo metsing. Di-MoU tse dingwe tse di saenilweng di ka ga go tlhongwa ga Lekgotla la Kgwebo ya Motlhakanelwa, tirisano mo diintasetering tsa sesole le theko, gammogo le tirisano mo makaleng a dipatlisiso tsa thutamaje.

3.2.  Moporesitente o dirisitse leeto le go laletsa dikgwebo tsa Saudi Arabia go tsenela khonferense ya botlhano ya peeletso ya Aforika Borwa e e tla tshwarwang ka 2023. Saudi Arabia ke mogwebisani le Aforika Borwa wa maemo a bobedi ka bogolo mo Dinageng tsa Botlhabagare e bile ke lefelo le legolo le dinaga tsa kgaolo eno di rekang mo go lona ditlhagisiwa. Dikamano tsa boditšhaba magareng ga dinaga tsoopedi di nnile le seabe se sentle mo mererong ya kgwebisano le bobeeletsi. 

4.  Peeletso mo Mafaratlhatlheng 

4.1.  Kabinete e amogetse go thankgololwa ga polante ya tlhagiso ya maemo a a kwa godimo ka motlhagisi yo o gaisang wa boditšhaba, ALPLA Group, kwa Lanseria mo Gauteng.  

4.2.  Se se netefatsa boineelo ba ga Moporesitente Ramaphosa ba go tlhoma tlhabololo ya mafaratlhatlha jaaka tsela e e ka tsosang ikonomi le go oketsa ditiro. 

4.3.  Peeletso ya bokana ka didolara tse dimilione tse 50 ke seabe sa botlhokwa mo leaning le legolong la Toropokgolo ya Ditirodintsi ya Lanseria e e tla kgweetsang tswelelo le tirisogape gammogo le go tlhola le go boloka ditiro tse 350. Mo go yona go akarediwa lenaneo la go ithutela tiro la baithutela mekhateroniki ba le 36 le borathekeniki ba tirisogape ba ditirelo tsa ALPLA go ralala borwa jwa Aforika. Lenaneo la go ithutela tiro le tla simolola ka 2023, mme baithutela tiro ba ntlha ba le 12 ba Aforika Borwa ba tla bo ba tswa mo mafelong a selegae. 

5.  Ditiragalo tsa Meepo tse di seng mo Molaong 

5.1.  Ditiragalo tsa meepo tse di seng mo molaong di phuaganya metse mo setšhabeng sa borona mmogo le ikonomi ya rona, le go baka tatlhegelo ya lotseno go bobedi puso le lekala la meepo. 

5.2.  Kabinete e itumedisitswe ke go amogiwa moselesele wa ditlhobolo le go tshwarwa ga babelaelwa ba le 20 ba ba golaganngwang le ditiragalo tsa meepo tse di seng mo molaong ka nako ya letsholo le le neng la dirwa kwa šafoteng ya moepo wa Stilfontein kwa Bokone Bophirima. 

5.3.  Kabinete e ikuela go Maaforika Borwa go tswelela go dirisana le ditheo tsa molao go dira bonnete jwa gore matsholo a thibelo ya bosenyi a isago le ona a atlega. Se se tla romela molaetsa o o bogale wa gore bosenyi ga bo duele, le gore disenyi di tla tshwarwa le go sekisiswa ntle le poifo kgotsa kgethololo. 

6.  Motlakase 

6.1.  Go sale gale Eskom e saenile ditumelano tsa kadimo tsa dingwaga tse 30 le babeeletsi ba bafetlhi ba ba ba ikemetseng ba motlakase ba le bane go aga mothamo o mošwa wa go fetlhiwa ga motlakase o o phepa kwa diteišeneng tsa motlakase tsa Majuba le Tutuka kwa Mpumalanga. Dikadimo tse tsa lefatshe di tla ngoka peeletso e e lekanyediwang go diranta di le dibilione tse 40. 

6.2.  Babeeletsi ba bane ba - HDF Energy South Africa, Red Rocket SA, Sola Group le  Mainstream Renewable Power Developments South Africa – ba tla tsenya bonnye dimekawate di le 2 000 mo mafaratlhatlheng a motlakase a bosetšhaba. 

6.3.  Mothamo o mošwa o wa go fetlhwa ga motlakase o solofelwa go golaganngwa mo mafaratlhatlheng a motlakase mo dikgweding tse 24 go ya go 36 go tloga ka konosetso ya tsa matlole, go ikaegilwe ka ditetlelelo tsa tikologo, tlhaolo ya lefatshe le tse dingwe tsa taolo.
 
7.  Dikgato tsa go Dira Bonnete jwa gore Naga ga e Tlhaele Dijo
 

7.1.  Kabinete e amogetse gore Kopano ya Agri SA ya 2022 e tshwarelwe kwa Pretoria ka la bo 13 le la bo 14 Diphalane 2022 ka fa tlase ga setlhogo: “Re Kotula seo re se Jetseng ka fa Nageng”. Kopano e e ne e buisanela merero e e jaaka go dira gore maanomagolo a temothuo a direle balemi ba naga; mafaratlhatlha a a boikanyego a tlhagiso ya dijo ya selegae go isa isagong, le go matlafatsa bokgoni ba batlhagisi ba dijo go dira ka ditlhagiswa tse di jetsweng mono. 

7.2.  Mo dikgatong tse dingwe gape tsa go dira bonnete jwa gore naga ga e tlhaele dijo, Kabinete e amogetse gape go thankgololwa ga Sefala sa Bosetšhaba sa Tshireletso ya Dimela le Diphologolo, ke Lenaneo la Semphato sa Itlhamelo mo go tsa Temothuo le Ikonomi ya Dimela le Diphologolo sa Lefapha la Saense le Boitlhamelo, ka tirisano le Yunibesithi ya Pretoria. Sefala se se tla tshegetsa thibelo, phokotso le taolo ya malwetse a dimela le diphologolo, e leng se se tla oketsang tlhagiso, tshireletso ya dijo le tlhabololo e e tsepameng ya metsemagae. 

B.  Ditshwetso tsa Kabinete

1.  Mametlelelo ya Tšhata ya Tsamaiso e e seng ya Bogareng ya Mokgatlo wa Tirisano ya Aforika (AU) 


1.1.  Kabinete e amogetse go romelwa kwa Palamenteng ga Tšhata ya AU ka ga Meono le Melawana ya Tsamaiso e e Seng ya Bogareng, Bobusi ba Selegae le Tlhabololo ya Selegae gore e mametlelelwe. Aforika Borwa e saenile Tšhata e ka Phatwe 2021. 

1.2.  Tšhata ya Tsamaiso e e seng ya Bogareng e tlamela letlhomeso go dinaga tsotlhe tse e leng ditokololo setlankana sa kaedi ka ga tsamaiso e e seng ya bogareng ya dithata le ditiro go tswa go puso ya bosešhaba go ya go makala a mangwe a puso. Tšhata e samagana bogolo le tsamaiso e e seng ya bogareng ya thata le ditiro, letlhomeso la bobusi ba selegae le tlhabololo ya selegae. 

2.  Lekgotla la Boditšhaba la Ngwaga le Ngwaga la bo 32 la Pabalesego mo Diporong (IRSC) 

2.1.  Kabinete e amogetse go tshwarwa ga Kopano ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 32 ya IRSC kwa Johannesburg go tloga ka 1 go fitlha ka 6 Diphalane 2023 ka fa tlase ga setlhogo: “Poposešwa ya diporo mo Lefatsheng le le sa tlhomamisegeng”.

2.2.  RSC ke kopano sa boditšhaba e e kopanyang dirutegi mo mererong ya pabalesego ya diporo go ralala lefatshe go abelana maitemogelo a bona ka maikaelelo a go tokafatsa pabalesego ya diporo. 

2.3.  Jaaka tokololo ya IRSC, Molaodi wa Taolo ya Diporo wa Aforika Borwa o nnile moamogelabaeng wa kopano la bofelo ka 2015. 

3.  Seralwa sa Leano la Mafaratlhatlha a Bosetšhaba la 2050 (NIP 2050) Kgato ya bo 2 

3.1.  Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga seralwa sa NIP 2050 Kgato ya bo 2 go ngoka ditshwaelo tsa baagi. Leano le le neelana ka tsela ya go matlafatsa le go tlaleletsa diporojeke tsa puso tse di golaganeng. 

3.2.  Le tlhagisa diporojeke tsa botlhokwa tsa mafelobonno a batho; motlakase wa bommasepala; metsi; matlakala a a popota; dipalangwa; mafaratlhatlha a thuto le boitekanelo; mafaratlhatlha a dijithale, le bosenyi le bobodu. 

3.3.  Popego ya leano le e tlamela ka ponelopele ya karolo e e tshwanetseng go lejwa, e tlamela ka tshekatsheko ya maemo a ga jaana, e tlhalosa dipeelo tse di botlhokwa go netefatsa katlego le go tlhalosa tse di tshwanetseng go dirwa go fitlhelela ponelopele eo. E tshitshinya tsela ya tsenyotirisong e e tshwanetseng go dirwa mo pakeng ya dingwaga tse tharo tsa leanotiro. 

4.  Letlhomeso la Bosetšhaba la Tsenyotirisong la go Dira Bodiredipuso ba Porofešenale 

4.1.  Kabinete e amogetse Letlhomeso la Bosetšhaba la Tsenyotirisong la go Dira Bodiredipuso ba Porofešenale. Letlhomeso le le phasaladitswe ka 2021 go ngoka ditshwaelo tsa baagi. 

4.2.  Letlhomeso le le tlamela ka dipilara tse tlhano tsa ditsereganyo mo go direng Bodiredipuso ba porofešenale. Dipilara tse di akaretsa go ngoka le tlhaolo ya pele ga go tsena mo Bodiredipusong; peodinakong le tshimololo; thulaganyo le taolo ya tiragatso; thuto e e tswelelang le tlhabololo ya porofešenale; le tlhatlogo ka maemo mo tirong le ditiragalo mo tirong. 

5.  Diphetogo mo Dipeelong tsa Tiro tsa Bakaedikakaretso (bo DG) 

5.1.  Kabinete a amogetse pegelo e e tshitshinyang mekgwa ya go matlafatsa nonofo le bokgoni ba bo DG mo Bodiredipusong. Pegelo e e dirile ditshitshinyo di le mmalwa, go akaretsa paka ya tiro ya bo DG le taolo ya maatlatiro ka Bothati ba Khuduthamaga go bantlhankedi ba ba rweleng maikarabelo. 

5.2.  Pegelo e e tshitshintse gape gore DG mo Kantorong ya Moporesitente o tla tsewa gape e le Tlhogo ya Botsamaisi ba Puso. Mo diporofenseng, tiro e e tla newa b oDG ba ba mo dikantorong tsa Ditonakgolo. Pegelo e e tshitshintse gape mekgwa ya go kaela mafapha ka ga taolo ya dikonteraka tsa bo DG. 

5.3.  Tsamaiso ya Taolo ya Tiragatso e ntšhwa ya bo DG e a tlhabololwa go e nyalanya le diphetogo tse di dumeletsweng. 

5.4.  Tona ya Nama-o-Tshwere ya Bodiredipuso le Botsamaisi, Rre Thulas Nxesi o tla bitsa kopano ya bobegakgang mo bekeng e e tlang go tlhalosa Letlhomeso la Bosetšhaba la Tsenyotirisong la go Dira Bodiredipuso ba Porofešenale le go tlhagisa gape le diphetogo tse di letleletsweng mo dipeelong tsa tiro ya bo DG. 

6.  Pegelo ya Botlhano ya Tswelopele mo Tsenyotirisong ya Lekwalopuso la Mabudusatsela ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole (WPRPD) ya 2020-2021 

6.1.  Kabinete e amogetse Pegelo ya Botlhano ya Tswelopele mo Tsenyotirisong ya WPRPD, e e tlhagisang peodinakong ka go tsenngwa tirisong ga WPRPD. Pegelo e e akaretsa ditshitshinyo go tswa go mafapha a puso a bosetšhaba le a diporofense. E tlamela ka peodinakong ka ga tsenyotiriosong ya pholisi e e akaretsang kabo ya matlole. 

6.2.  Pegelongwaga ya ntlha ya tswelopele e phasaladitswe ka 2017. Pegelo ya Tswelopele e ya botlhano e letleletswe go phasaladiwa ka kuranta ya puso ke Lefapha la Basadi, Bašwa le Batho ba ba nang le Bogole.  

7.  Tokafatso ya Athikele 20(1) ya Tumelano ka ga go Fedisiwa ga Mefuta yotlhe ya Kgethololo Kgatlhanong le Basadi (CEDAW) 

7.1.  Kabinete e dumeletse go romelwa kwa Palamenteng ga tokafatso ya Athikele 20(1) ya CEDAW gore e mametlelelwe. Diphetogo tse di tlamela ka paka e e okeditsweng ya dikopano tsa komiti e e sekasekang dipegelo tsa dinaga tse e leng ditokololo. 

7.2.  Aforika Borwa e saenile tumelano e ka 1993 le go e mametlelela ka Sedimonthole 1995. Go romelwa kwa Palamenteng go senka go golaganya tumelano e e mametleletsweng mo malobeng le tokafatso ya Athikele 20(1) ya tumelano e. 

8.  Tumelano ya Dinaga tsa Lefatshe ka ga Kamogelo ya Makwalothuto Tebang le Thuto e Kgolwane 

8.1.  Kabinete e amogetse go romelwa kwa Palamenteng ga Tumelano ya Dinaga tsa Lefatshe ka ga Kamogelo ya Makwalothuto tebang le Thuto e Kgolwane gore e tsenngwe molaong semmuso. Fa e sena go tsenngwa molaong semmuso e tla romelwa go Mokgatlo wa Thuto, Saenthifiki le Setso wa Ditšhabakopano (UN) le mono gae e tla nna karolo ya Molao wa Leano la go Tsamaisa Tiro la Naga la Makwalothuto wa ngwaga wa 2008 (Molao wa bo 67 wa 2008). 

8.2.  Tumelano eno ya Dinaga tsa Lefatshe e tlhoma melawana ya lefatshe ka bophara ya Kamogelo ya makwalothuto a ditheo tsa thuto e kgolwane le makwalothuto a mangwe ka go dira gore lefatshe ka bophara go se nne le makwalothotu a a sa tseeweng tsiya, a a nang le lehunelo, le a a sa tlhaolweng. Tumelano eno e neela tetla ya gore makwalothuto a dinaga disele mo dinageng tse 193 tse e leng ditokololo tsa UN a amogelwe ke dinaga tseno. 

9.  Kgogelomorago ya Ditokafatso mo Kaeding ya Maloko a Khuduthamaga 

9.1.  Kabinete e tlhomamisitse pegelo e e dirilweng ke Kantoro ya ga Moporesitente ka Mosupologo, 17 Diphalane 2022 go gogela morago diphetogo tse di dirilweng tsa 2022 mo Kaeding ya Maloko a Khuduthamaga, e e bidiwang gape Bukana ya Ditona. 

9.2.  Ditokafatso tse di dirilweng ka Moranang 2022 di tlamela ka mothamo o o okeditsweng mo dikantorong tse dingwe tsa Ditona tse di nang le maikarabelo a makala a feta bongwe.  Di ne di tlhagisa gape gore Puso e tshwanetse go rwala maikarabelo ka botlalo a ditshenyegelo tse di jaaka tlamelo ya motlakase le metsi kwa mafelobonnong a semmuso a maloko a khuduthamaga. 

9.3.  Kabinete e etse tlhoko dingongorego tsa baagi mme e sweditse go leba sešwa Kaedi ya Maloko a Khuduthamaga. Tiragalo e e tla dirwa ke setheo se se ikemetseng mme fa e sena go konosediwa, kaedi e e tla phasaladiwa mo webosaeteng ya Lefapha la Bodiredipuso le Botsamaisi: www.dpsa.gov.za. 

10. Semphato sa Phetogo e e Lolameng sa Maatla (JETP) le Leano la JETP (JEPT-IP) 

10.1.  Morago ga go amogela tlhagisetso ya JEPT le JETP-IP, Kabinete e ne ya mametlelela JETP-IP le go supa ditebogo ka tiro e e botlalo e e dirilweng go e tlhagisa. 

10.2.  JETP-IP e tlhalosa dipeeletso tse di tlhokegang go fitlhelela boineelo ba Puso ya Aforika Borwa ba go fedisa khabone le go tsweletsa kgolo e e tswelelang, le go netefatsa phetogo e e lolameng go badiri le mafelo a a amegang. 

10.3.  Komiti ya Ditona ya Phetogo ya Tlelaemete e tla tshwara kopano ya bobegakgang mo nakong e e sa fediseng pelo go neela ka dintlha ka botlalo. 

C.  Melaotlhomo

1.  Molaotlhomo wa Thomelo ya Dithoto ka Dikepe wa 2022 


1.1.  Kabinete e amogetse go romelwa ga Molaotlhomo wa Thomelo ya Dithoto ka Dikepe wa 2022 kwa Palamenteng go diragadiwa. Molaotlhomo o o tlhabolola Molao wa Thomelo ya Dithoto ka Dikepe, 1957 (Molao 57 wa 1951) o o setseng o le dingwaga di le 70. 

1.2.  Fa o sena go amogelwa jaaka molao, Molaotlhomo o o tla tlamela ka letlhomeso la semolao go laola tsamaiso ya boleng ya dikepe. Gareng ga tse dingwe, o tla laola popego, kwadiso, maina le go fedisiwa ga dikepe. 

1.3.  Diphetogo tse di tla nna le seabe mo go tsosoloseng lekala la tsamaiso ya dithoto ka dikepe gammogo le go nyalanya naga le Tumelano ya Mokgatlo wa Boditšhaba wa Pharakano ya Dikepe. Aforika Borwa e mametleletse tumelano e. 
    
2.  Molaotlhomo wa Tokafatso ya Dipalopalo wa 2020 

2.1.  Kabinete e amogetse go romelwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Tokafatso ya Dipalopalo wa 2022 gore o tswelediwe. Molaotlhomo o o tshitshinya tokafatso ya Molao wa Ditlhopho, 1999 (Molao 6 wa 1999). Diphetogo di tlamela ka tlhabololo le tsenyotirisong ya Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Dipalopalo e e tshegetsang ditshwetso tse di tshegediwang ke bopaki. 

2.2.  Di matlafatsa kgolagano magareng ga Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa le ditheo tse dingwe tsa puso, le go atolosa letlhomeso la taolo la Molao o.

D.  Ditiragalo tse di Tlang

1.  Samiti ya Moporesitente ya Dikgwebopotlana, tse Dinnye le tse di Magareng (SMME) le Dikoporasi 


1.1.  Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, ka tirisano le bannaleseabe ba lekala la poraefete, le tla tshwara Samiti ya SMME le Dikoporasi ya Moporesitente ya Bosetšhaba kwa Bryanston, Gauteng ka 13 go fitlha ka 15 Ngwanatsele 2022.

1.2.  Samiti e e tla kopanya bannaleseabe ba botlhokwa ba lekala la poraefete le la puso mo tikologong ya dikgwebopotlana go rerisana ka go senka ditsela tsa go dirisana mmogo go matlafatsa lekala le. Bannaleseabe ba ba solofelwang ba akaretsa mekgatlo ya kgwebo, badiri ba diSMME, dirutegi, badiri ba dipholisi le ditheo tsa tlhabololo ya matlole. 

1.3.    Samiti e tla rerisana gape le ka ga Leanolegolo le le Momaganeng la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, le le tlamelang ka letlhomeso le le botlhokwa go matlafatsa lekala la SMME. Samiti e e solofelwa gape go thankgolola Dikabo tsa Bosetšhaba tsa SMME tsa Moporesitente tsa Ngwaga le Ngwaga. 

2.    Go Tshwarwa ga Samiti ya Moporesitente ya 2022 ya Tirisodikgoka e e Ikaegileng ka Bong le Polao ya Basadi (GBVF) 

2.1.  Moporesitente Ramaphosa o tla tshwara Samiti ya bobedi ya Moporesitente ya GBVF kwa Gallagher Convention Centre mo Gauteng ka 1 le 2 Ngwanatsele 2022. Samiti ya ntlha e e neng e tshwerwe ka 2018 e ne ya dirisiwa go supa boineelo gape ba puso le balekane ba loago mo go fediseng ditiragalo tse di kwa godimo tsa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi mo nageng. 

2.2.  Samiti ya bobedi e tla dirisiwa go lekola Tswelopele e e dirilweng mo go tsenngweng tirisong ga Togamaano ya Bosetšhaba ka ga GBVF. E tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo: “Boikarabelo; Itlhaganediso le Kgodiso JAANONG”. 

2.3.  Samiti e e tla sekaseka gareng ga tse dingwe, go batla ditsela tsa go itlhaganedisa dikgato le maikarabelo go tswa go mafapha a botlhokwa le bannaleseabe ba ba akaretsang baagi, lekala la poraefete le mekgatlo ya badiri. 

3.  Pitso ya Botlhano ya ga Moporesitente kwa Kapa Botlhaba

3.1.  Pitso ya Botlhano ya Mokgwa wa Tlhabololo ya Sedika (DDM) ya ga Moporesitente kwa Upington, Kapa Botlhaba e tla diragala ka Labotlhano, 21 Diphalane 2022 kwa Setediamong sa selegae sa Mxolisi Dicky Jacobs. 

3.2.  Pitso ya Moporesitente ya DDM e tla lekola tswelelo ya thebolelo ya ditirelo le dikgwetlho kwa Kapa Botlhaba le go tsereganya go di rarabolola. DDM e netefatsa gore thulaganyo, tsenyotirisong le kabelomatlole ya thebolelo ya ditirelo di momagantswe go tokafatsa thebolelo ya ditirelo go baagi. 

3.3.  Jaaka matlhagolatsela a Pitso e, Ditona, maloko a dikhuduthamaga le bommeyara ba tla tswa letsholo go ya kwa baaging ba kwa Upington le mafelo a a mabapi. 

4.  Puo ya Pholisi ya Maano a go Rulaganyetsa Tiriso ya Matlole mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTBPS)

4.1.  Kabinete e dumela gore MTBPS ya 2022 e e tla alwang ke Tona ya Matlotlo Enoch Godongwana ka Laboraro, 26 Diphalane 2022 ke karolo e e botlhokwa ya tsamaiso e e bulegileng ya Aforika Borwa ya tekanyetsokabo e e maikarabelo. 

4.2.  MTBPS e tlhalosa boineelo ba puso mo teng ga maemo a palogotlhe ya tiriso ya matlole e naga e ka e kgonang. E tlhalosa gape le gore puso e tla tswala jang mokhino fa gare ga lotseno le ditshenyegelo, le go dirisa matlotlo a a leng teng ka tshwanelo.  

5.  Ditlhatlhobo tsa Materiki

5.1.  Ditlhatlhobo tsa Setifikheiti se Segolwane sa Bosetšhaba di simolola ka 31 Diphalane go fitlha ka 7 Sedimonthole 2022. Kabinete e eleletsa setlhopha sa 2022 masego jaaka ba tla bo ba samagana le legato la bofelo la leeto la bona la sekolo. Tshegetso e e tswelelang go tswa go barutisi, batsadi le batlhokomedi e tla nna botlhokwa thata mo go thuseng baithuti ba go samagana le ditlhatlhobo tse ka boitshepo. 

5.2.  Kabinete e ikuela go batsadi le batlhokomedi go nna le seabe ka go rotloetsa le go tlhotlheletsa baithuti, gammogo le go tlhola tikologo e e siametseng go ithuta kwa gae. 

6.  Khonferense ya Leanotlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le Bokgoni ba Naga 

6.1.  Lefapha le Bodiredipuso le Botsamaisi ka semphato le Khomišene ya Bosetšhaba ya Togamaano le Lefapha la Dithuto tsa Tlhabololo la Yunibesithi ya KwaZulu-Natal, le tla tshwara khonferense ya NDP le Bokgoni ba Naga go tloga ka 7 go fitlha ka 9 Ngwanatsele 2022 kwa Khamphaseng ya Kholeji ya Howard ya Yunibesithi ya KwaZulu-Natal. 

6.2.  Khonferense e e tla lekola bokgoni le tiragatso ya puso mo dingwageng tse 10 tsa ntlha tsa NDP, mme e tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo: “Tekolo ya Bokgoni ba Naga le Tiragatso ya Puso mo dingwageng tse lesome tsa ntlha tsa NDP”. 

7.  Go Neelwa Setifikheiti sa Bogosi go Kgosi Misuzulu kaZwelithini

7.1.  Moporesitente Ramaphosa o tla neela Setifikheiti sa Bogosi go Motlotlegi Kgosi Misuzulu kaZwelithini kwa Lebaleng la Metshameko la Moses Mabhida kwa Durban ka Lamatlhatso, 29 Diphalane 2022.

7.2.  Se se latela moletlo wa setso wa go tlhoma kgosi wa “Ukungena eSibayeni” wa Kgosi o o neng o tshwerwe ka 20 Phatwe 2022, o o mo tlhatloseditseng mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi ya Setšhaba sa amaZulu. 

E.  Melaetsa

1.  Go akgola


Kabinete e akgola le go eleletsa masego: 

- Rre Sam Matekane, Rre yo a tlhophilweng go nna Tonakgolo ya Puso ya Lesotho. Kabinete gape e inyalantse le Setlhopha sa Tshekatsheko ya Ditlhopho sa AU kwa Ditlhophong tsa Kokoanobosetšhaba kwa Pusong ya Lesotho ka la bo 7 Diphalane 2022 mo go akgoleng tsepamo ya ditlhopho le sepolotiki ya Batho ba Puso ya Lesotho go bo ba tshwere ditlhopho tse di atlegileng. 

Aforika Borwa e tswelela go ineela mo go matlafatseng le go tiiseng dikamano tsa sebedi gammogo le go kgontsha tirisano mo mererong ya dikgatlhegelo tse di tshwanang mo kgaolong, kontinente le go ralala lefatshe. 

2.  Matshediso 

Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go lelapa le ditsala tsa ga: 

- Rre Albert Nolan (88), Moperisita wa Catholic ya Aforika Borwa yo o boineelo yo o neng a gwetlha dikakanyo tsa sedumedi tse di neng di batla go mametlelela tsamaiso ya tlhaolele. Ka 2003, Moporesitente wa nako eo Thabo Mbeki o ne a mo neela Kabo ya Luthuli ya Selefera ka ntlha ya “boineelo ba gagwe ba botshelo botlhe go kgaratlhela temokerasi, ditshwanelo tsa botho le bosiamisi le go gwetlha tsamaiso ya sedumedi go akaretsa mametlelelo ya tlhaolele ka tsela ya sedumedi.” 

F.  Go Thapiwa

1.  Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

a.  Atefokheiti James Mlawu – Mokaedikakaretso: Lefapha la Dipalangwa. 
b.  Rre Shabeer Khan – Ramatlotlo-Kakaretso: Matlotlo a Bosetšhaba.

2.  Kabinete e dumalane le go thapiwa ga ba ba latelang: 

2.1.  Maloko a Boto ya Bojanala ya Aforika Borwa:
a.  Ngaka Nondumiso Maphazi (Monnasetilo);
b.  Ngaka Aubrey Mhlongo (Motlatsa Monnasetilo);
c.  Mme Pretty Ntombela;
d.  Mme Nomahlubi Mazwai;
e.  Rre Odwa Mtati;
f.   Rre Ravi Nadasen (O thapilwe gape);
g.  Rre Enver Duminy (O thapilwe gape);
h.  Mme Nandipha Mzileni Mbulawa;
i.  Rre Mduduzi Zakwe (O thapilwe gape);
j.   Mme Rosemary Anderson;
k.  Mme Lehlohonolo Rapodile; le
l.   Mme Nonkqubela Silulwane (Moemedi wa lefapha).

2.2.  Maloko a Boto ya Koporasi ya Taolo ya Pharakano ya Ditsela:
a.  Ngaka Eddie Mogalefi Thebe (O thapilwe gape);
b.  Mme Thandi Clara Thankge (O thapilwe gape);
c.  Moporofesara Maredi Mphahlele;
d.  Mme Nomusa Mufamadi (Monnasetilo);
e.  Atefokheiti Xola Stemela;
f.   Mme Lerato Magalo;
g.  Moporofesara Chitja Twala;
h.  Rre Nkumeleni John Kudzingana;
i.  Mme N Jaxa (Leloko la thefosano); le 
j.  Mme HM Mbanyele-Ntshinga (Leloko la thefosano).

2.3.  Rre Tshepo Monaheng – Motlhankedi Khuduthamaga (CEO): Setlamo sa Aforika Borwa sa Merero ya Dikgwa (Konteraka e ntšhwafaditswe sebaka sa dingwaga tse tharo (3)) 
2.4.  Rre Reginald Lavhelesani Demana – CEO: Setheo sa Bosetšhaba sa Ditsela sa Aforika Borwa. 
2.5.  Mme Ditebogo Kgomo – CEO: Molaodi wa Nutlere wa Bosetšhaba. 
2.6.  Rre Risenga Maluleka – Radipalopalo-Kakaretso (Ntšhwafatso ya Konteraka).
2.7.  Mme Kedibone Olga Madiehe – CEO: Setheo sa Tsamaiso ya Diphenšene sa Puso.

Dipotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building