Skip to main content
x

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi

1.1. Kabinete e itumedisiwa ke go fokotsega ka palo e nnye ga dipalopalo tsa botlhokatiro ka fa nageng, jaaka di fokotsegile ka 0.6%, go tloga mo go 34.5% mo kotareng ya ntlha go fitlha mo go 33.9% mo kotareng ya bobedi mo ngwageng wa 2022. Dipalopalo tse di phasaladitsweng mo Dipatlisisong tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS) tse di phasaladitsweng ke ba Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) di bontsha gore ditiro tse dintsi di nnile teng mo Matsholong a Ditirelo tsa Baagi (mo go thapilweng batho ba le 276 000), mo Lephateng la Matlole (mo go thapilweng batho ba le 169 000), le mo Dikonterakeng (mo go thapilweng batho ba le 104 000).

1.2. Palo ya batho botlhe ba ba nang le ditiro e ne e tsamaya mo go dimilione di le 15, 6 mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2022, mme fa palo eno e bapisiwa le mo kotareng e e fetileng go bonagala gore palo ya batho ba ba senang ditiro mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2022 e oketsegile ka 132 000 mme batho ba ba senang ditiro ke ba le kanaka dimilione di le robedi.

1.3. Phokotsego e e potlana eno ya botlhokatiro ke selo se segolo se se bontshang gore maiteko a puso le a badirisanimmogo mo mererong ya loago a go godisa ikonomi le go tlhola ditiro tse di tlhokegang a simolotse go re tswela mosola.

1.4. Seno ke bopaki jwa gore fa re dika tiro mmogo ka go dirisa bokgoni jwa yo mongwe le yo mongwe, re ka kgona go fedisa dikgwetlho tse ikonomi ya rona e tobaneng le tsona.

1.5. Kabinete e tlhaloganya sentle tšhakgalo ya maAforika Borwa jaaka go le boima mo matshelong a bona ka ntlha ya dilo tse di bitsang ditlhwatlhwa tse di kwa godimo mmogo le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba tlhokang ditiro. Re le mmuso o o tlhokomelang baagi ba yona, re santse re eme ka le le reng re tla tshwarisana tiro le badirisanimmogo mo mererong ya go tlhokomela baagi gore motho yo mongwe le yo mongwe isago ya gagwe e nne botoka. Puso e santse e eme ka la gore e tla rekela dikgwebo tsa ka fa nageng ka go reka didirisiwa le ditirelo mo dikgwebong tsa ka fa nageng ya rona.

2. Mafaratlhatlha a Setšhaba

2.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale baagi ba kwa Tongaat kwa KwaZulu-Natal ka go senya mafaratlhatlha a tikologo eo fa ba ne ba rebotse megwanto ya go lwela metsi. Kabinete e ikuetse gore baagi ba theose matshwafo le go nna le pelotelele jaaka ba Setheo sa Ditiro tsa go Tlhatswa Metsi sa Tongaat ba samagane le ditiro tsa go busetsa baagi metsi.

2.2. Kabinete e tlhaloganya sentle tšhakgalo ya baagi ba ba ntseng ba gelela metsi mo diterokong tse di ba tlisetsang metsi mo metseng fa e sale merwalela e e gogotseng lefelo leno kwa tshimologong ya monongwaga. Le fa go le jalo, tirisodikgoka le go melelana meno ga di kitla di tlisa tharabololo, e bile gape go senya mafaratlhatlha a setšhaba ke go itshenyetsa.

3. Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditheo tsa Dimasepala mo Dipusoselegaeng wa Ngwaga wa 2022

3.1. Kabinete e itumedisitswe ke go saeniwa ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ga Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditheo tsa Dimasepala mo Dipusoselegaeng wa Ngwaga wa 2022 (Molao wa bo 3 wa 2022) gore e nne molao. Maitlhomo a molao ono ke go tlhabolola dithata le maemo a maitshwaro a dipusoselegae. Molao ono ke karolo ya dikgato tse di tsewang ke puso tsa go dira gore ditirelo tsa puso e nne tse di manontlhotlho le go dira bonnete jwa gore batho ba tlamelwa ka ditirelo tse di sa kgaotseng, fela jaaka go tlhalositswe mo ditshwanelong tse di botlhokwa tse di umakilweng mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

3.2. Molao ono o totobatsa dikgato tse di tshwanetsweng go latelwa go thapa batlhankedi ba bagolwane mo pusong. Jaanong molao ono o ganetsa batlhankedi ba ba golwane mo pusong go ka tshwara ditiro tse dingwe tsa sepolotiki mo mekgatlhong ya dipolotiki. Se sengwe gape ka molao ono ke gore o re diphatlhatiro tsa batsamaisi ba dimasepala tse di iseng di thapelwe batlhankedi mo go tsona di tshwanetse go phasaladiwa naga ka bophara gore botlhe ba ba nang le matshwanedi ba tsenye dikopo tsa go neelwa ditiro tseo.

3.3. Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore dikarolo tseno tse di fetotsweng di tla dira bonnete jwa gore batho bao ba thapilweng kgotsa bao ba tlhophilweng mo maemong a bona ba tla kgona go dira seo ba se thapetsweng go ya ka seo ba se solofeditseng gore re kgone go dira gore botshelo bo nne botoka mo bathong botlhe.

4. Bosenyi

4.1. Kabinete e rolela hutshe batlhankedi ba tlhatlhobo ya dithoto kwa melelwaneng ba Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) jaaka kwa Boemelafofaneng ba OR Tambo ka Latshipi wa la bo 28 Phatwe 2022 ba tshwere dithoto tse di neng di tlisiwa kwano tsa boima jwa dikilokerema di le 785 tsa diokobatsi tsa crystal meth tse boleng jwa tsona bo ka dirang R236 milione fa di rekisiwa mo mebileng. Go tshwariwa ga diokobatsi tseno go tla romela ditlhokotsebe tsa digongwana tsa diokobatsi molaetsa o o totobetseng wa gore melelwane ya rona e tlhokometswe ka botlalo e bile batlhankedi ba naga ya rona ba dira ka natla go fedisa botlhokotsebe.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Pegelo ya Lekgotla le le Samaganang le Merero ya Setheo sa Thuto e Kgolwane ka ga Dipatlisiso tsa Megolo ya Batlatsabakhanselara le ya Batlhankedi ba Bagolo mo Ditheong tsa Aforika Borwa tsa Thuto e Kgolwane

1.1. Kabinete e tsopoletswe ka seo se setseng se dirilwe mo dipatlisisong tsa CHE tse mo ngwageng wa 2020 Tona ya Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi, Ngaka Blade Nzimande a laetseng gore di diriwe, gore go sekasekiwe megolo le go thapiwa ga khuduthamaga ya diyunibesiti mo sebakeng se se fetileng sa dingwaga di le 15, go simolola ka ngwaga wa 2005 go fitlha ka ngwaga wa 2019.

1.2. Maitlhomo a dipatlisiso tseno ke go tlhatlhoba gore diyunibesiti kgotsa ditheo tsa thuto e kgolwane tsa ka fa nageng ya rona ke eng se se di dirang gore di kgone go itshomarela, di kgone go dira tiro ya tsona le gore di kgone go itlhabolola. Pegelo eno e nopotse dintlha tse di botlhokwa tse e di utulotseng mmogo le go dira ditshwaelo tsa gore ke eng se se ka diriwang go okobatsa maemo.

1.3. Gare ga tse dingwe tse dintsi, ditshwaelo tse di tshwaetsweng di tshitshinya gore megolo ya batlhankedi e tshwanetse go tlhoka lehunelo. Go tshwanetswe go tlhomiwe setheo se se ikemetseng se se sa direleng lephata leno gore e nne sona se se rwalang maikarabelo a go tsaya ditshweetso tse di tsamaisanang le megolo. E tshitshinya gape le gore dithulaganyo tsa go tlhatlhoba fa batlhankedi ba dira tiro ka botswapelo di tshwanetse go gagamadiwa mo ditheong tseno. Dipatlisiso tseno tse di dirilweng di lebeletse gape le bogolo jo bo farologaneng jwa ditheo tseno mmogo le go tlhoma boleng jwa maemo a a tsamaisanang le a ditheo tsa dinaga tsa boditšhabatšhaba.

1.4. Go solofetswe gore Tona ya Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi o tla atlhaatlha pegelo eno le khuduthamaga ya diyunibesiti maitlhomo e le go gagamatsa ditheo tseno tsa thuto. E tla re morago ga foo, pegelo eno ya phasaladiwa mo webesaeteng ya Lefapha la Ditheo tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso: mo go www.dhet.gov.za.

2. Go Fetola Batsholateu mo Batlhankeding ba Lephata la Thuto le Dipatlisiso mo Lekaleng la Thuto e Kgolwane

2.1. Kabinete e eme nokeng ditshitshinyo tsa dipatlisiso ka bobedi tse di dirilweng ka maitlhomo a go re tlhaba botlhale ka dikgato tse re tshwanetseng go di tsaya go oketsa lebelo la go fetola batsholateu mo batlhankeding ba lephata la thuto le dipatlisiso mo lekaleng la thuto e kgolwane.

2.2. Pegelo ya ntlha ke e e dirilweng ke Setlhophatiro sa Ditona seo se dirileng dipatlisiso mabapi le gore go gana kae gore go thapiwe, go somarelwe le gore go godisiwe batlhankedi ba thuto e kgolwane ba bathobantsho ba e leng maAforika Borwa. Pegelo ya bobedi ke e e dirilweng ke Lefapha la Saense le Boitshimololedi mmogo le Setheo sa Dipatlisiso sa Naga – mo ba dirileng dipatlisiso tseno e le Diyunibesiti tsa Naga ya Aforika Borwa, e leng lekoko la diyunibesiti tsa puso di le 26 tsa naga.

2.3. Dipegelo tseno ka bobedi di tshitshinya gore go nne le maano a go samagana le morero wa go fetola batsholateu mo dikarolong di le tlhano tse dikgolo, e leng karolo e e mabapi le go tlhagisa batlhankedi ba maemo a thuto ya morago ga go konosetsa dithuto tsa ntlha tse dikgolwane; karolo ya bobedi ke ya go nna le seabe ga badiredi ba setheo; karolo ya boraro ke ya setlwaedi sa go dira dilo mo setheong sa thuto se se amegang le ka fao se dirang tiro ka gone; karolo ya bone ke ya mabapi le dipholisi le maano mmogo le karolo ya botlhano e e leng ka ga go samagana le ditiragalo tsa go tlhaela ga didirisiwa.

3. Tumelano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba Mabapi le Didirisiwa tsa Tshimologo ya Dijalo go Thusa mo Mererong ya Dijo le ya Temo

3.1. Kabinete e isitse tumelano eno kwa Palamenteng gore e amogelwe. Seno se tla dira gore Aforika Borwa e nne e nngwe ya dinaga tse di dumelaneng ka tumelano eno, e e kaelang dinaga tse e leng karolo ya tumelano eno go somarela le go tlhokomela didirisiwa tsa tshimologo ya dijalo go thusa mo mererong ya dijo le ya temothuo.

3.2. Ka go ikobela tumelano eno, seo se tla thusa go gagamatsa maikemisetso a naga eno ago somarela le go tlhokomela ka fao didirisiwa tsa go simolola dijalo e diriwang ka teng, mmogo le go ema nokeng baagi ba kwa metseselegaeng.

4. Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Fetola Aforika Borwa ka Tsela e e Kgotsofalelwang ke Botlhe

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Fetola Aforika Borwa ka Tsela e e Kgotsofalelwang ke Botlhe. Leano leno le na le ponelopele e botlhe ba nang le yona e e ka ga go nna le Aforika Borwa yo botlhe ba lekalekanang mo go yona e gape e sa kgotlheleng tikologo. E tlhalosa ditheo le dipholisi tseo di tla re thusang gore re kgone go diragatsa seo. Leano leno le tla ama motho mang le mang yo a leng ka fa gare ga naga ya Aforika Borwa, e bile e tla re naya tšhono ya gore re kgone go baakanya lefa leo puso ya tlhaolele e re sietseng lona e leng la go dira gore batho ba se lekalekane mme re dire gore re nna le ikonomi e botlhe mo go yona ba unngwelwang.

4.2. Khomišene ya Moporesitente e e Samaganang le Merero ya Phetogo ya Maemo a Loapi e dirile dikgato di le dintsi tsa go batlana le maikutlo a badirisanimmogo mo mererong ya loago mme bontsi jwa bona bo ne ba ema nokeng leano leno. Kabinete e totobaditse gore kgato ya go fetola maemo go dira gore e re ngwaga wa 2050 o goroga o fitlhele re se tlhole re dirisa dilwana tse di kueletsang mesi e tshwanetse go tsamaelana le dilo tse re fisegelang go di bona mo tlhabololong ya naga, mme di tsenyeletsa le tsa go tlhola ditiro tse di nang le seriti mo bathong botlhe, go thusa baagi le go fedisa tshokolo.

4.3. Kabinete e ikuetse mo go badirisanimmogo botlhe mo mererong ya loago go ema nokeng leano leno la go tsamaisa tiro. Leano le le tseneletseng la go tsamaisa tiro le tla tle le kwalwa, mme le tla golaganngwa le maano a puso mmogo le go golaganngwa gape le thulaganyetso ya go dirisa matlole.

5. Karata e Ntšhwa ya Laesense ya go Kganna ka fa Nageng ya Aforika Borwa

5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa gore Karata ya Laesense ya go Kganna e e ntseng e dirisiwa e tseelwe legato ke karata eo e nang le dintlha di le dintsinyana tse di ka ga go thibela tirisobotlhaswa ya yona.

5.2. Karata e e dirisiwang ga jaanong e simolotse go dirisiwa bogolotala go simolola ka ngwaga wa 1998. Diphetogo mo thekenolojing di ntse di nna teng mme jaanong re setse re dirisa madi a a boitshegang gore re kgone go tlhokomela dikarata tseno. Karata e ga jaana e tshitshintsweng e tla dira gore dilaesense tsa go kganna tsa naga eno di tsamaisane le Dilaesense tsa go Kganna tse di Dirisiwang ke Dinaga tsa Boditšhabatšhaba ka Thekenoloji ya Tshedimosetso ya Dintlha tsa Boitshupo (ISO18013).

6. Pholisi ya Letsholo la Ditiro tsa Sešhaba mo Metseng (EPWP)

6.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa sekwalwa se iseng se butswe sa pholisi ya EPWP ka maitlhomo a go naya setšhaba tšhono ya gore se ntshe maikutlo a sona ka ga sekwalwa seno. EPWP ke le lengwe la matsholo a a botlhokwa a puso a maitlhomo a lona e leng go fedisa tshokolo le go neela baagi megolo ya tiro e ba e dirileng mo metseng ka go ba naya ditiro tsa nakwana, segolobogolo ka go naya bašwa le basadi ditiro.

6.2. Sekwalwa se sentšhwa se iseng se butswe sa pholisi se tla matlafatsa letsholo leno mmogo le go abelana ka tshedimosetso e e tlhamaletseng e e ka ga megolo, dithulaganyo tse di tla diriwang go kopa thuso ya matlole mmogo le go thusa baagi, mmogo le go dira gore EPWP e tsamaisane le dithulaganyo tse di leng teng tsa matsatsi ano tsa go tlhokomela badiri. Se tla dira gore tirisanommogo magareng ga makala a puso le makala a poraefete e gagamale go dira gore EPWP e nne le mosola o mogolo thata mo go direng gore e tlhole ditiro tse di seriti le mo go fediseng tshokolo. Se sengwe gape se pholisi eno e tla se dirang ke go rotloetsa gore matsholo a go direla setšhaba a se latele thulaganyo e le nngwe e e tshwanang gotlhe mo nageng mme a kgone go nna le boitshimololedi.

7. Diphetogo mo Mofuteng wa Bone wa Madi a Mantšhwa a Tshipi a Naga ya Aforika Borwa

7.1. Kabinete e neseditse pula bogolo jwa mobentlo o montšhwa le dikarolo tse dintšhwa tse di tla tsenngwang mo mading a tshipi a ngwaga wa 2023 mabapi le Diphetogo mo Mofuteng wa Bone wa Madi a Mantšhwa a Tshipi a Naga ya Aforika Borwa. Kabinete e dumelane le gore ngwaga yo mongwe le yo mongwe dipuo tse di dirisitsweng mo mading a a tla dirisiwang a tshipi di tshwanetse go fetolwa gore di neelane tšhono.

7.2. Lefoko "Aforika Borwa" le tla tsenngwa fela mo letlhakoreng le le lengwe la madi ano a tshipi mme le tla kwadiwa ka dipuo tsotlhe tsa naga eno. Mo mading a tshipi a R5 go tla dirisiwa dipuo di le tharo; mo mading a tshipi a R2; a 50c, a 20c le a 10c go tla dirisiwa dipuo di le pedi mme mo mading a tshipi a R1 go tla dirisiwa puo e le nngwe. Dipuo tsotlhe tseno di tla neelana tšhono ngwaga o mongwe le o mongwe sebaka sa dingwaga tse di tlang di le 10.

8. Sekwalwa se Iseng se Butswe se se ka ga Pholisi ya Ngwaga wa 2022 ya go Golaganya Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Boleng jwa Metsi (IWQM)

8.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa mo kuranteng ya puso Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya IWQM ka maitlhomo a go naya setšhaba tšhono ya gore se ntshe maikutlo a sona ka ga sekwalwa seno. Pholisi eno e e tshitshintsweng e tla tsena mo legatong la Pholisi e e feletsweng ke nako ya WQM ya ngwaga wa 1991 mmogo le mo legatong la maano a yona a a neng a tsenngwa tirisong ka ngwaga wa 2006.

8.2. Pholisi eno e tlhagisa dintlha di le tlhano tse di botlhokwa tse e tla nnang tsona tse tlhokomelo ya boleng jwa metsi e tla ikakatlelang ka tsona. E rulaganya ka tolamo melao yotlhe e e tsamaisanang le merero ya metsi mmogo le maikano a naga eno mo maitlhomong a yona a go obamela dithulaganyo tsa go somarela metsi jaaka e le sedirisiwa se se tlhokagalang.

9. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Makhubu a Kgaso a mo Nakong e e Tlang

9.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya Makhubu a Kgaso a mo Nakong e e Tlang ka maitlhomo a go naya setšhaba tšhono ya gore se ntshe maikutlo a sona ka ga sekwalwa seno. Makhubu ano ke a mangwe a metswedi ya tlhago a mannye a re nang le ona a a leng botlhokwa thata mo go godiseng ikonomi ya Aforika Borwa mo mererong ya mafaratlhatlha a setšhaba a setegeniki le a ditlhaeletsano.

9.2. Pholisi e e tshitshinngwang eno maitlhomo a yona ke go ema nokeng dikgato tsa go abelana ka dilaesense tsa go disa marang a kgaso mmogo le tsa megala; tsa go gasa dikanale; tsa go gasa marang a ditlhaeletsano tsa difofane le tsa dikepe; tsa go dira dipatlisiso le tlhabologo; tsa go dirisiwa ke baagi le tsa diintaseteri tsa mothale oo. Maitlhomo a mangwe a pholisi eno ke go tlhotlheletsa tekatekano le go abelana marang ano ka go lekalekana gore mo lekaleng leno go nne le  phetogo ya batsholateu le go dira gore kgokaganyo ya marang a setegeniki e kgonege gore e tshware le ko mafelong a a kgakalakgakala le mafelo a a tlhabologileng ka fa nageng ya rona.

10. Bathankedi ba Aforika Borwa ba ba Nopotsweng go ka Tshwanelwa ke go Tsenngwa mo Mokgatlhong wa Boditšhabatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU) le mo Botong ya Melawanataolo ya Marang a Kgaso

10.1. Kabinete e neseditse pula leina la Rre Mandla Samuel Mchunu go nna mothankedi wa Aforika Borwa yo a Nopotsweng go ka Tshwanelwa ke go Tsenngwa mo Mokgatlhong wa Boditšhabatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU) le mo Botong ya Melawanataolo ya Marang a Kgaso (Kgaolo ya D). Rre Mchunu ga jaanong o dira jaaka tokololo mo botong eo. Go tshitshinngwa gore a tlhophiwe lekgetlo le lengwe gape mo Lekgotleng leno la ITU mo pakeng ya 2023 go fitlha mo pakeng ya 2026.

10.2. Ditlhopho tseno di tla tshwarwa ka nako e go tla bong go tshwerwe Khonferense ya Togomaano ya ITU e e tla tshwarelwang kwa Bucharest, Romania go tloga ka la bo 26 Lwetse go fitlha ka la bo 14 Diphalane 2022. Aforika Borwa e santse e eme ka maikemisetso a yona a go tshegetsa maitlhomo a ITU a go tswalela sekgala mo didirisiweng tsa setegeniki ka go dira gore lefatshe lotlhe le gokelelwe mafaratlhatlha ano.

C. Ditiragalo tse di Tlang

1. Kgwedi ya Ngwaoboswa

1.1. Kgwedi ya Ngwaoboswa monongwaga ka kgwedi ya Lwetse e tla ketikiwa ka morero yo o reng : "Re bontsha Lefa la Solomon Linda mmogo le Mmino wa Setso wa Naga ya Aforika Borwa Tlotlo”. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go keteka Kgwedi ya Ngwaoboswa ka mokgwa wa go keteka ditso tsa rona tse di humileng tse di nang le maatla a go dira gore re nne seoposengwe. Rotlhe re tshwanetse go tsaya matsapa gore re dirisane mmogo mo go fediseng ditiragalo tsa go re dira gore re se nne bana ba thari e le nngwe mmogo le tsa go se tshware batho ka go tshwana tse re tswang ka tsona kwa loe mme re rotloetse maitsholo a go ipela ga go nna maAforika Borwa a a motlotlo.

D. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

- Batho botlhe ba ba fentseng, ba ba ikgapetseng dimetale le bao ba neng ba gaisana le ba bangwe mo Lebelong la bo 95 la Comrades Marathon, leo le itsegeng ka la gore ke "Lebelo le le a Gaisang Otlhe a a Tshamekiwang ke Batho", leo le neng le tabogiwa ka Latshipi 28 Phatwe 2022. Mofenyi mo lebelong la banna ke Tete Dijana (mo a tabogileng sebaka sa diura di le 5, metsotso e le 30 le metsotswana e le 38) yo a nnang kwa Mahikeng kwa porofenseng ya Bokone Bophirima mme mo lebelong la bomme mofenyi ke Alexandra Morozova (mo a tabogileng sebaka sa diura di le 6, metsotso e le 17 le metsotswana e le 47).

2. Melaetsa ya Matshediso

 Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:

- Mama Rita Alice Ndzanga (yo a neng a na le dingwaga di le 88), yo e neng e le Segatlhamelamasisis mo mererong ya kgaratlhelo ya tokologo yo gape e neng e le mogale mo mokgatlhong wa badiri yo gape a neilweng tlotla ka go abelwa Kabo ya Tlotlo ya Luthuli mo ngwageng wa 2004 “go tlotla seabe sa gagwe sa go lwela ditshwanelo tsa badiri botshelo jwa gagwe jotlhe mmogo le go lwela gore re feletse re na le Aforika Borwa yo a sa tlhaoleng ba bangwe go ya ka morafe wa bona, go ya ka bong jwa bona, yo a nang le tokologo le temokerasi”.

- Mapodisi a le tlhano a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) ao a neng a le ka fa teng ga sefofane sa SAPS fa se ne se sugagana kwa Boemelafofaneng jwa Rand, kwa Germiston ka Labobedi wa la bo 30 Phatwe 2022. Mapodisi a batlisisa gore ke eng se se tlhodileng kotsi eno. Kabinete e beile mo dithapelong tsa pholo ya ka bonako motlhankedi yo a leng mo dikgobalong tse di masisi yo a neng a fofisa sefofane seno.

E. Go Thapiwa

1. Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

a. Mme Gugulethu Abigail Thimane o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo Lephateng la go Disa Lekala la Puso le go Tlhatlhelela Badiredi mo Lefapheng la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro.
b. Mme Kwena Komape o thapilwe go nna DDG: mo Lephateng la go Godisa Ikonomi, Kgwebisano le Tlotlomatso ya Serodumo mo Lefapheng la Temothuo, Pusetso ya Dinaga le Tlhabololo ya Metsemagae.
c. Ngaka Bongani Elias Sithole o thapilwe go nna DDG: mo Lephateng la Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Botsamaisi jwa Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo mo Lefapheng la Pusotshwaraganelo.

2. Kabinete e dumelane le ditshwetso tsa go thapa batho ba ba latelang:

a. Rre Songezo Booi o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO): mo Lekgotleng la go Kwadisa Baagi ba Dintlo tsa Bodulo ka fa Nageng.

b. Boto ya Ditiro tsa go Phuruphutsa Kgonagalo ya go Tlhama Moepo mo Aforika le Tirisano ka tsa Matlole:

(i) Rre Zacharias Bernardus Swanepoel (Monnasetulo);
(ii) Rre Mzwandile Zwelinzima Themba Masondo; le
(iii) Mme Phumzile Mthombeni (Mokaedi wa Khuduthamaga).

3. Rre Patrick Dlamini o thapilwe go nna CEO (Konteraka ya gagwe e okeleditswe nako) mo Bankatlhabololong ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika.

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete
Mogala: 083 501 0139

 Union Building