Skip to main content
x

 

Jaaka ngwaga o lebile bokhutlhong, Kabinete e ikamanya le maAforika Borwa mo go bontsheng tlotlo ya segopotso sa boraro sa fa e sale Nelson Mandela a tlhokafala ka la bo 5 Sedimonthole 2013.

“Ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi jaaka maAforika Borwa a a tlwaelegileng di tshwanetse go tlhagisa seo Aforika Borwa e leng ka ga sona e leng seo se tla tsosolosang tumelo ya botho mo bosiamising, e gagamatse boitshepo jwa yone mo go tshepeng motho, mme e somarele ditshepo tsotlhe tsa gore matshelo a batho botlhe a tla nna le tlotlo.” – Nelson Mandela

Madiba o ne a ikamantse le ditheo tsa Molaotheo wa rona mmogo le ponelopele ya setšhaba se se lokologileng, se se nang le bosiamisi e bile se tshwaragane e leng dintlha tseo di gapeletsang setšhaba gore se dirisane mmogo. Go direng seno, maAforika Borwa a tlhoka go tshwaraganela ponelopele e le nngwe ya gore go nne le setšhaba se se botoka.

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso

Ikonomi ya Aforika Borwa

1.1. Kabinete e akgola bodirisanimmogo jo bo mosola jwa Setlhopha sa Aforika Borwa – jo bo akaretsang puso, kgwebo, badiri le maAforika Borwa otlhe – mo go dirisaneng go ka babalala dipalo tsa dipeeletso tsa Aforika Borwa. Ka ntlha ya go dira ka natla le go tsaya dikgato ka go tshwaraganela, ikonomi mmogo le go nna le tshepo ga babeeletsi go buseditswe sekeng le fa re le mo dinakong tse di bokete mo ikonoming.

Moporesitente Jacob Zuma o tlhomile setlhopha sa Aforika Borwa gore se samagane le go dira gore makala a a farologaneng a dirisane mmogo gore ikonomi ya rona e tsosolosiwe, go dira gore dipeeletso di ngokelwe mmogo le go tlholela batho ba borona ditiro. Dipoelo tseno tse di itumedisang di tshwanetse go re rotloetsa gore re dire ka natla go feta mono gore mmogo re tsweletse pele Aforika Borwa.

1.2. Moody’s Investor Services, Fitch Ratings and Standard & Poor’s di beile Aforika Borwa mo maemong a yona a dipalotekanyetso tsa dikoloto go a tlatlosetsa mo go a a kwa godingwana le a a kwa tlase a go beeletse.

Matshwenyego a a tlhagisitsweng a tseerwe tsia mme rona mmogo le balekane ba rona mo go tsa loago re samagane le ditsereganyo tsa go ka retola maemo a ikonomi. Kabinete e tswelela go nna le tshepo gore mmila o o tlhagisitsweng ka fa Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) mmogo le go kopanngwa ga matlole a puso, go akaretsa le go tsenngwatirisong ga Leano la Dintlharobongwe, go tla thusa Aforika Borwa go nna naga e e mo maemong a a beeletsegang.

1.3. Kabinete e etse tlhoko goreSeelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) sa Aforika Borwa se oketsegile ka 0.2% mo kgweditharong ya boraro. Bannaleseabe bagolo mo go oketsegeng ga GDP e nnile makala a kwa meepong le kwa meetsing, a matlole, a thekiso ya meago le ditirelo tsa kgwebo, mmogo le ditirelo tsotlhe tsa puso.Lekala la temothuo, jalo dikgwa ditlhapi le amilwe ke go fokotsega ka -0.3%; tlhagisodikono ka -3.2%; motlakase, gase le metsi ka -2.9%; mme kgwebisano, ditirelo tsa dijo le marobalo ka -2.1%. Komelelo e santse e le seabe se segolo mo go fokotsegeng ga lekala la temothuo.

1.4. Go neelwa ga makwalobopaki jwa madulo a ditšhaba di le tlhano tsa Bahurutshe ke Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga, Rre Gugile Nkwinti, ke e nngwe ya ditopotuelelo tse dikgolo tseo di konoseditsweng kwa Polaseng ya Diphologolo tse di Tlhaga ya Motsane kwa bontleng jwa Zeerust kwa Bokone. Bophirima

Naga ya Diheketara di ka nna 54 280, tseo di akaretsang Polase ya Diphologolo tse di Tlhaga, e a tsosolodiwa.

Gape, go thankgololwa ga porojeke e e kwa setlhoeng ya Letlhomeso la Pholisi e e ka ga Matlafatso ya Ditshwanelo tse di Tsamaisanang tsa Batho ba ba Dirang mo Masimong (Pholisi ya 50/50) mabapi le Bokone Bophirima kwa Polaseng ya Stars Away kwa Ottoshoop, Zeerust, go latela konosetso ya tumelano eo badiredi ba kwa dipolaseng mmogo le beng dipolase ba dira jaaka balekane mo go nneng bang dipolase ba kgwebo eo.

1.5. Mafaratlhatlha a metsi ke karolo ya Leano la puso la Mafaratlhatlha a Naga go ka fetola maemo a ikonomi ya rona fa mo letlhakoreng lel engwe go tlholwa ditiro tse dintšhwa mmogo le go gagamatsa kaboditirelo tsa motheo.

Go thankgololwa ga Porojeke ya go Tlhatswa Metsi a Noka ya Mokolo le ya Crocodile (Bophirima) go supa maikemisetso a puso a go tsibogela ditlhokwa tsa baagi. Mafaratlhatlha a phetisetso ya metsi a fetisediwa kwa Masepaleng wa Selegae wa Lephalale, kwa diteišeneng tsa Motlakase wa Eskom (Matimba le Medupi), bodutelong jwa go tlhatswa metsi jwa Zeeland, le kwa Moepong wa Exxaro Grootegeluk. Gape metsi a fetisediwa go tswa kwa Crocodile River West gaufi le Thabazimbi go ya kwa karolong ya Lephalale.

1.6. Botlhatswetso Metsi jwa Welgedacht Wastewater gaufi le Springs, Gauteng, bo atoloseditswe go samagana le koketsego ya tlhokego ya go tlhatswa metsi.

Gore go kgonagale gore go fedisiwe tshilafatso mo Thulaganyong ya Noka ya Vaal, Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le ne la baakanya Bodutelo jwa go Tlhatswa Metsi a Ditshila jwa Oranjeville kwa Masepaleng wa Kgaolo wa Metsimaholo mmogo le Bodutelo jwa go Tlhatswa Metsi a Ditshila jwa Leeuwkuil kwa Masepaleng wa Kgaolo wa Emfuleni ka madi a le kanaka R44.4 million. Mo godimo ga seno, go beetswe kwa thoko madi a feta R300 milione go ka tokafatsa mafelo a le 26 a a sa direng sentle a go tlhatswa metsi a ditshila mo dikgaolong tsa Gauteng le Foreistata.

1.7. Khomišene ya Orange-Senqu River Basin e tla simololwa go simolola ka la bo 5 go fitlha ka la bo 9 Sedimonthole 2016 kwa Emperors Palace e e kwa Kempton Park. Aforika Borwa, Lesotho,Botswana le Namibia ke dinaga tseo e leng ditokololo mo Khomišeneng eo. Khomišene eno e tsenyatirisong togomaano letlhomeso la botsamaisi jwa metswedi ya metsi go kgabaganya meolwane mmogo le go direla go fitlhelela dipeelo tsa tlhabololo tsa pakatelele mo nokeng eno.

1.8. Serala sa ga jaana se sentšhwa sa Pan-African, ya Beke ya Kgwebisano ya Aforika ya 2016 e tshwerwe go tloga ka la bo 28 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 2 Sedimonthole ka moono o o reng: “Go Tlhabolola Phetolothefosano e e Rulaganngweng ya Ikonomi ya Loago ka go Gwebisana ka fa Gare ga Naga ya Aforika”. Seno se abelane ka serala se se emang nokeng, se se gokagantsweng e bile se akaretsa go ka tlhola dipuisanelo tsa pholisi magareng ga maphata a a farologaneng a kgwebisano.

Tona ya Kgwebisano le Intaseteri, Ngaka Dr Rob Davies, o tsenetse Dipuisanelo tsa Kontinente tsa Mafelo a Kgwebisano e e Senang Ditueldiso (CFTA), tseo di thankgolotsweng mo pakeng ya Kopanong ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) eo e neng e tshwaretswe mo Aforika Borwa ka la bo 15 Seetebosigo 2015. CFTA e ikaeletse go tshegetsa kgebisano ka fa gare ga dinaga tsa Aforika mmogo le go aga Aforika e e golaganeng e e nang le baagi ba le bilione e le nngwe mme GDP ya yone e le e e ka atumelang go didolara tsa Amerika di le 2.6 trilione.

1.9. Kopano ya bobedi ya Foramo ya Saense ya Aforika Borwa e tla tshwarwa ka moono yo o reng, “Go simolola dipuisano ka ga saense” go simolola ka la bo 8 go fitlha ka ka la bo 9 Sedimonthole kwa Tikwatikweng ya Kopanokgothakgothe ya Boditšhabatšhaba ya CSIR. Borrasaense, bathami ba dipholisi, baithuti, dirutegi mmogo le baagi ba samagane le dintlha tse di botlhokwa tse di ka ga saense, thekenoloji le boitshimololedi.

Go tsepamisitswe maitlhomo mo go saenseng ya loago, mme dipuisenelokganetso di akaretsa mogolo o o potlana o go ka iphedisiwang ka one mmogo le palo e e begilweng ya 60% ya baithuti ba ba tlogelang sekolo mo diyunibesiting tsa Aforika Borwa. Ditlhogo tse dingwe di akaretsa phetogo ya loapi e e tlhodiwang ke koketsego ya diphudugo, dikakanyo tsa batho fa go tla mo ditshedi tse go itiretsweng tsone, go nna le dijo tse di sa tlhaeleng, mmogo le ka fao saense ya loago e ka tokafatsang bokamoso jwa Aforika.

Pusoselegae

1.10. Khonferense ya Bosetšhaba ya Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga) e e neng e tshwerwe mo malobeng go simolola ka la bo 28 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 1 Sedimonthole 2016 e konosetse ka boikanosešwa jwa go samagana le Lenaane la Go Boela kwa Tshimologong mmogo le go rotloetsa bodulo jo bo akaretsang batho botlhe ka go tsenya tirong Letlhomeso le le Golagantsweng le Tlhabololo ya Metseseteropong (IUDF). IUDF e tlhagisa ponelopele ya go tlhola, “Diteropo le diteropokgolo tse go nnegang mo go tsona, tse di babalesegileng, tse di nang le metswedi e e lekaneng , tseo loago lwa tsone lo golaganeng, tseo di akaretsang botlhe mo ikonoming mme di gaisana lefatshe ka bophara, moo baagi ba nang le mafolofolo go ka nna le seabe mo matshelong a kwa metseseteropong”.

Go nna Matlhagatlhaga Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng

1.11. Letsholo la jaanong la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng la 2016 ka fa tlase ga moono: “Nkakaretse: Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa e e senang tirisodikgoka”, leo le thankgolotsweng ke Moporesitente Zuma, le tsentse tirisong tsosoloso ya #365 days. Jaaka karolo ya go atolosetsa phitlhelelo ya ditirelo tsa puso mo bathong botlhe, bogolosegolo ba ba leng mo tlalelong, thankgololo ya tshegetso ya didirisiwa tsa batho ba ba nang le bogole go ka nna le Tikwatikwe ya Bolaodi jwa Dipogiso tse di Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) e tla kgontsha ditokololo tsa ditlhopha tsa batho ba ba nang le bogole go ka fitlhelela le go ka dirisa ditirelo tsa tikwatikwe tsa thobomaikutlo e e manontlhotlho.

1.12. Kabinete e gateletse kgaraswanyo ya yona kgatlhanong le tiragalo e nngwe le e nngwe ya tirisodikgoka e e fetlhilweng ke letlhoo. Puso e tswelela go mekamekana le dintlha tsa pabalesego mo basading bao ba ratanang le basadi ba bangwe, banna bao ba ratanang le banna ba bangwe, batho bao ba ratanang le batho ba bong ka bobedi, batho bao ba fetolang bong jwa bona mmogo le batho bao bong jwa bona bo seng maleba go seo ba leng sone. Molaotlhomo wa go Lwantsha Bosenyi le Dithogakako tse di Tlhodiwang ke Letlhoo, yo ga jaana o santseng o le mo kgatong ya go sekasekiwe, o tla matlafatsa tsenngotirisong ya one mmogo le go sekisiwa.

Boitekanelo

1.13. Go ketekiwa ga Letsatsi la Lefatshe ka ga Aids ka la bo 1 Sedimonthole, ka fa tlase ga moono o o reng, “Go mo diatleng tsa rona go fedisa HIV le TB”, ka ketelopele ya Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa, e tshegeditswe ke thankgololo ya ditekelelo tse dintšhwa tsa tleliniki tebang le moento wa HIV le Aids o o itsegeng ka gore ke HVTN 702.

Kabinete e akgotse borasaense ba Aforika Borwa bao ba eteletseng pele patlisiso eno e e botlhokwa. Tekelelo eno ke e nngwe ya tse dikgolo thata mo lefatsheng e bile ke sesupo sa kgaisano mo lephateng la saense le kalafo.

1.14. Puso e e tswelela ka tirisano mmogo le bannaleseabe ba yonas – go akaretsa PHILA mmogo le Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la Aids – go fitlhelela dikokoma tsa kamoso tseo di senang Aids, go thibela ditshwaetso tse dintšhwa tsa HIV, go kgutlisa leroborobo la TB mmogo le go rotloetsa baagi botlhe ba naga gore ba tsaye ditshwetso tse nang le boitekanelo le maikarabelo.

Aforika Borwa e fitlheletse dipeelo tsa yona tsa kalafo ka anthiretrobaerale (ARV) mme ga jaana re na le lenaane le legolo go gaisa mo lefatsheng, ka batho ba le 3.4 milione ba ba tsayang kalafo eno mo ngwageng wa 2015. Peelo ya tshwaetso go tswa ko mmeng go ya kwa ngwaneng e fitlheletswe, ka kwelotlase ya go tloga mo godimo ga 3.5% ka 2010 go ya go 1.8% ka 2014.

Ditshwaetso tse di mabapi le thobalano tsa HIV mo bašweng ba ka nna le dingwaga di le15-24 e wetse tlase go tswa mo 410 000 ka 2011 go fitlha mo 330 000 ka 2014.Ditshwaetso tse dintšhwa tsa TB mmogo le dintsho tsa TB go wetse tlase fela dipeelo tsa go ftlhelela phokotsego ya dintsho tsa TB ka 50% yona ga ya fitlhelelwa.

Dimilione di feta di le 800 milione ya mesomelwana ya banna le e mengwe gape e le 20 milione ya basadi e phasaladitswe mo ngwageng yo o fetileng wa matlole. Letsholo la diteko tsa HIV le kgontshitse gore diteko di le 35 milione tsa HIV di diriwe mo pakeng ya dingwaga di le tlhano. Aforika Borwa e na le metšhini e feta 300 ya GeneXpert e e rometsweng naga ka bophara mme ke diteko di feta 2.1 milione tse di dirilweng ke metšhini ya GeneXpert. Ka 2016 Aforika Borwa e tsentse tirisong lenaane la diteko le kalafi ya naga ka bophara moo motho mang le mang yo a fitlhelwang a na le HIV a tsenngwang mo kalafong go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa CD4 se eme mo kae.

Bolaodi jwa Matlhotlhapelo

1.15. Kopano ya Ditona tsa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) tseo di jarileng maikarabelo a taolo ya dikotsi tsa matlhotlhapelo e tshwerwe ka la bo 26 Ngwanaitseele 2016 kwa Mauritius moo monnasetulo e neng e le Tona ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (Cogta), Rre Des Van Rooyen.

Kopano e letleletse Togamaano ya Ipaakanyetso le Tsibogelo ya Matlhotlhapelo mo Tikologong mme ya tlhoma Setlhophatiro go konosetsa ditshitshinyo mabapi le letlole la ipaakanyetso le tsibogelo ya matlhotlhapelo. Bokwaledi jwa SADC bo tla tshwara kopano e e kopanetsweng ke Ditona tse di jarileng maikarabelo a Taolo ya Matlhotlhapelo le Matlole go sekaseka letlole le le tshitshintsweng la ipaakanyetso le tsibogelo ya matlhotlhapelo.

Bašwa

1.16. Jaaka karolo ya lenaane la go thusa bašwa, Kopano ya Bašwa ya Bosetšhaba ya botlhano kwa Mafelong a Sesole sa Aforika Borwa a mararo, e butswe gaufi le Kimberley kwa Kapa Bokone ke Lefapha la Tlhabololo ya Loago mmogo le Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) le Lefapha la Bagale ba Sesole, go ya ka moono yo o reng #40YearsOn – Bašwa ba santse ba samagane le go tsweletsa pele Aforika Borwa.

Seno se kopanya bašwa ba le 1 000 go tswa kwa ditsong tse di farologaneng, merafeng e e farologaneng, bong jo bo farologaneng, maemong a a farologaneng le kwa dipuong tse di farologaneng go tswa kwa diporofenseng tsa rona tsotlhe ka maitlhomo a go rotloetsa boitshupo jwa naga, go tshwaraganya setšhaba, go nna seopo sengwe, go rata naga ya bobona le go nna baagi ba ba mafolofolo mo bašweng ba Aforika Borwa. Dipuisano di tla ikaega ka dikgwetlho tse dintsi tseo ba tobaneng le tsone jaaka bašwa.

Fa e sale go nna le Kopano ya Bašwa ya Bosetšhaba ka 2012, bašwa bao ba tsayang karolo ba ikamantse le diporojeke di le dintsinyana mo ditšhabeng tsa bobona maitlhomo e le go tlisa tlhabololo. Kopano ya Bašwa ya Bosetšhaba e naya bašwa tšhono, bao ga jaana e leng baeteledipele mo ditšhabeng tsa bobona, ya gore ba abelane maitemogelo a bona le bašwa ba bangwe.

Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba

1.17. Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) ke ponelopele e bile ke leano la pakatelele leo le dirang jaaka motheotumelano wa tiro eo e tshwanetsweng go diragadiwa gore re fitlhelele setšhaba se se humileng sa Aforika Borwa ka 2030. Maitlhomomagolo a NDP ke go fokotsa lehuma, botlhokatiro le tlhokotekatekano.

1.18. Kabinete e ipiletsa mo makaleng otlhe a baagi, dikgwebo, mekgatlho ya badiri le ya baagi go diragatsa karolo ya bona mo go phasalatseng leina la bogwebi la NDP ka go tlhagisa ka fao NDP e tsenngwang tirisong ka go tsaya dikgato tsa go naya leina la bogwebi mo dikgatong tsa go tsenya tirisong leano.

1.19. Kabinete e tsere ditshwantsho go bontsha dikgato tsa go rotloetsa makala otlhe a setšhaba ka go dirisa leina la bogwebi la NDP.

2. Ditshwetso tsa Kabinete

2.1. Kabinete e tshegetsa Tona ya Lefapha la Dipalangwa, Mme Dipuo Peters, mo go laeleng Bothati jwa Maemelakepe a Bosetšhaba jwa Transnet, go ya ka Karolo ya bo 79, karolwana (1) ya Molao wa Boemakepe wa Bosetšhaba, 2005 (Molao wa bo 12 wa 2005), go baakanya Tumelano ya Bolaodi jwa Maemelakepe go kgontsha Letlole la Togamaano ya Leokwane go samagana le merwalo ya Digase tsa Peterole e e Metsi kwa Boemelakepeng jwa Saldanha Bay. Dikadimo le dilaesense tsa Letlole la Togamaano ya Leokwane la ga jaanong le tsone di tla atolosiwa ka bonnyane jwa dingwaga di le 25 go kgontsha netefaletso ya kgwebisano le tsamaiso gore go nne le dipeeletso tsa leruri mo lekaleng la oli le la gase.

Seno se tsamaisana le ditlapele tsa puso tseo di amanang le Operation Phakisa mo go godiseng Ikonomi ya Lewatle mmogo le dipeelo tse di atolositsweng tseo di tlhalositsweng mo go NDP, go rotloetsa kgolo ya ikonomi mmogo le go tshegetsa go tlhamiwa ga ditiro.

2.2. Kabinete e tsibositswe ka maemo a porojeke ya Moepo wa Minoloso ya Esiti “Ditirelo tsa Tshoganyetso” eo e neng e dirisediwa pakakhutshwe manapi le go samagana le Moepo wa Minoloso ya Esiti kwa masimong a gauta a Witwatersrand. Tharabololo ya pakatelele e tla tsenngwatirisong go lepalepana le ditshitshinyo tse di tlhomilweng ke Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC).

Jaaka re le naga e e senang metsi go le kalo, porojeke ya Moepo wa Minoloso ya Esiti o dirisa tšhono ya go somarela metsi le go dirisa metsi sešwa metsi ao a setseng a dirisitswe, go netefatsa fa go abiwa metsi a a phepafaditsweng ao a ka nwewang le go ikgatolosa go itshepele fela mo motsweding o le mongwe fela wa go dirisa metse a a phepa mo diintasetering. Go tlaleletsa seno, porojeke gape e samagana le go kgaotsa kgotlhelo ya metsi le dikgato tse dingwe tse di sa itumediseng.

2.3. Kabinete e neseditse pula Pholisi ya Bosetšhaba ya Kgeleloleswe ya 2016 gore e tsenngwe tirisong. Seno se latela paka e telele ya go senka dikakanyo tsa setšhaba. Pholisi e beela kwa setlhoeng boitekanelo jwa batho e bile e bonela kwa pele maemo a a tokafetseng a ditirelo, boitlhamedi le thekenoloji e e matshwanedi go netefatsa fa go nna le tokafatso a leruri mo matshelong a bahumanegi.

2.4. Kabinete e neseditse pula gore Tona ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), Rre Nkosinathi Nhleko, a rebole pegelo ya Dipalopalo tsa Bosetšhaba tsa Bosenyi mo dikgweditharong tsa ntlha di le pedi tsa 2016/17. Thebolo ya mo dikgweditharong e kgontsha puso go elatlhoko dipeelo tse di botlhokwa, bogolosegolo mo go fokotseng bosenyi jo bo setlhogo jo bo begilweng kwa sepodising, jaaka go tlhagisitswe mo go Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) e bile di ka thusa go ka dirisiwa jaaka ditsiboso tsa go sa le gale go natlafatsa ditiro tsa go thibela bosenyi mmogo le go ka nna ditogamaano tsa mafapha a a farologaneng a puso. Tona Nhleko o tla rebola dipalopalo tseno tsa bosenyi pele ga la bo 31 Ferikgong 2017.

2.5. Kabinete e amogetse Pegelo ya Naga ya mo Maemong a Bobedi fa go tla mo go tsenyeng tirisong Lokwalotshwanelo lwa Aforika ka ga Ditshwanelo le Boitekanelo jwa Bana (Lokwalotshwanelo lwa Bana) gore e ka tlhatlhelwa kwa go Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) ka Ferikgong 2017.

Lokwalotshwanelo lwa Bana lo amogetsweng ke AU ka 1990 mme ke sediriswa se se mosola se se totomatsang ditshwanelo le go tlhalosa metheo le maitsholo a maemo a bana lefatshe ka bophara. Pegelo ya Naga ya mo Maemong a Bobedi e tlhagisa kgatelopele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong melao le dipholisi tse di kgolo tse di maleba tsa puso go rotloetsa, go sireletsa le go fitlhelela ditshwnaelo tsa bana. Pegelo gape e kgwatile le matsapa a a tsweletseng go diriwa le tswelopele mo go natlafatseng go tsenngwatirisong ga manaane le diporojeke tseo di tla rotloetsang ditshwanelo tsa bana.

2.6. Kabinete e nopoletswe ka dipoelo kwa Kopanong ya bo 17 ya Khoferense ya Makoko (COP17) kwa Kopanokgothakgothe e e ka ga Bogwebisani jwa Boditšhabatšhaba ka Ditshedi tse di leng mo Kotsing ya go Fedisiwa (CITES), eo e neng e tshwerwe ke Aforika Borwa go simolola ka la bo 24 Lwetse go fitlha ka la bo 5 Diphalane 2016.

Makoko a utlwanetse go elatlhoko le go tsaya dikgato go tsenngwatirisong go latela maikarabelo a Kopanokgothakgothe go netefatsa fa kgwebisano e e leng mo molaong ya boditšhabatšhaba e nnela ruri fa kgwebisano e e seng molaong e fedisiwa. Makoko gape a utlwanetse gore a tla elatlhoko gore batho ba tlhoka go unngwela go tswa mo tlhokomelong ya leruri ya metswedi ya yona ya tlhago, go akaretsa go tswa mo kgwebisanong e e ka fa molaong ya boditšhabatšhaba.

2.7. Kabinete e neseditse pula maemo a Afrika Borwa mo dipuisanelong mabapi le Kopano ya bo 13 ya COP mo Kopanokgothakgotheng ya Dipharologano tsa Baeloji (CBD COP13) mmogo le dithulaganyo tsa yona tse di tla tshwarelwang kwa Cancun, Mexico go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 17 Sedimonthole 2016.

CBD COP13 e tla tsayatsiya dintlha tse di latelang: Kgolaganyo ya Metswedi; Kgasokgolo le go Kopanya Ditshedi tse di Farologaneng ka fa gare le go ralala makala otlhe; mmogo le Ditshedi tse di Farologaneng tsa kwa Mabopong le kwa Mawatleng.

2.8. Kabinete e nopoletswe ka kgatelopele e e dirilweng ke puso mo go tsibogeleng ditlhaselo tsa ba boditšhaba le ka fao e ka samaganang le moodi wa tsone.

Ka boeteledipele jwa IMC e e ka ga Bofaladi, puso e tsentse tirisong Operation Fiela, e leng seo se fokoditseng ditlhaselo. Go tloga ka la bo 1 Phukwi go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2015, matsholo a le 702 a diragaditswe, e leng seo se dirileng gore batho ba le 9 741 ba golegwe mme mo go bone ba le 3 158 e ne e le batswantle.

Tiro e e mabapi le moodi wa ditlhaselo e bontshitse gore go nnile le kgaisano e e oketsegileng mo ditšhonong tsa ikonomi, mo metsweding le mo ditirelong tsa puso magareng ga batswantle le maAforika Borwa a a humanegileng a a neng a nna kwa makeišeneng le kwa mafelong a baipei.

Katlenegiso ya bofelo ya Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo lo mabapi le Bofaladi jwa Boditšhabatšhaba e rulagantswe go ka tshwarwa ka Mopitlwe 2017, mme e tla akaretsa motheo wa “Naga ya Ntlha e e Babalesegileng” o o tla re thusang go samagana le bafaladi le bao ba tlileng botshabelo. Kabinete gape e neseditse pula Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Bofaladi ka Lwetse 2015 go ka tlhagisiwa kwa Palamenteng mme Lefapha la Merero ya Selegae le ne la tlhatlhela tokomane kwa SADC moo le neng le laletsa dipuisanelo tse di mabapi le ka fao go ka mekamekwanwang le bofaladi mo kgaolong ya yona. Naga le yona e ne ya rekiwa kwa Lebombo, Mpumalanga ka 2015 mo go tla agiwang tikwatikwe ya ditshekatsheko tsa botshabelo gaufi le kwa molelwaneng.

2.9. Kabinete e ne ya tsenngwa dinakong ka ga go tsenngwatirisong ga Thulaganyo ya Ditekolo tsa Bosetšhaba eo e tlhagisitsweng ka botlalo ka fa Pegelong ya Ngwaga le Ngwaga e e Mabapi le Ditekolo ya 2016/17 e bile e atlenegisitse Leano la Ditekolo la Bosetšhaba la 2017/18.

Thulaganyo ya Ditekolo tsa Bosetšhaba e tsenngwatirisong goralala le puso e bile e aga bopaki go latela ditekolo tsa ikonomi di le 16: ditekolo tsa temothuo/metseselegae di le thataro; ditekolo tsa bonno jwa batho di le supa mmogo le mosupetsatsela wa bopaki; ditekolo tsa bana di le tlhano; mmogo le ditekolo tsa pabalesego di le nne (ka ditekolo tsedingwe di le pedi tsa pabalesego tseo di simolong e se kgale).

Kabinete e gateletse gore mafapha a tshwanetse abela tlamelo ya matlole e e tlhokagalang gore go nne le tekolo le tshekatsheko e e mosola go netefatsa mosola le tolamo ya lenaane leno.

2.10. Kabinete e tsibositswe ka diphitlhelo le ditshitshinyo go tswa mo dipatlisisong tse di dirilweng ke Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) mabapi le ka fao go beilweng le ka fao go fitlhelesegang di-Thusong Service Centre, e leng lefelo la ditirelo di le dintsi tsa puso ka go abelana ka tshedimosetso le ditirelo go baagi.

Dipatlisiso tseno di tshitshinya tsela e e botoka ya go aba ditikwatikwe le kgoboketso ya ditheo tsa ditirelo tseo di leng gone ga jaana tsa mafapha a a botlhokwa gore go atolosiwe palo ya batho bao ba fitlhelelang ditirelo, go fokodiwe bokgakala le madi a a dirisiwang go ya kwa mafelong ao; le go fokotsa tlhokego ya dipeeletso tsa go aga mafaratlhatlha a mangwe gape. Mo godimo ga mafelo a le 197 a a leng teng ga jaana a di-Thusong Service Centre, dipatlisiso di nopotse le go tshitshinya mafelo a mangwe gape a le 67 moo phitlhelelo ya ditirelo e tlhokang go tokafadiwa gone go ka fitlhelela ditlhokwa tsa baagi le go ka fokotsa maeto a go ya kwa di-Thusong Service Centre tseno.

2.11. Kabinete e tsopoletswe ka melawanataelo ya ditaelo tsa tlhabololo ya bokgoni ka kakaretso, matsatsi a katiso ya botlhe mmogo le ditlhokwa tse di beilweng tsa go ka tsenela mabapi le Tirelo ya Botsamais Bogolwane (SMS). Seno se tla tokafatsa boleng jwa botsamaising jwa badiredi, e leng ntlha e e botlhokwa mo bokgoning jwa puso gore e fitlhelele maitlhomo a yona le mo goreng e nne le seabe mo go tsepamiseng mogopolo mo NDP ka go aga puso e e nang le bokgoni e bile e le e e tlhabololang.

2.12. Kabinete e atlenegisitse koketsego ya megolo ka 2.5% go samagana le dituelelo tsa ditshenyegelo tsa mo botshelong mo ditokololong tsa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, go simolola ka la bo 1 Moranang 2016.

3. Melaotlhomo

Kabinete e neseditse pula go tsibosa Palamente ka Melaotlhomo e e latelang:

3.1. Molaotlhomo wa Bosenyi ka Tiriso ya Dikhomphiutha le Pabalesego mo Dikhomphiutheng wa 2016, e leng o o natlafatsang thulaganyo ya bosiamisi jwa bosenyi jaaka go bonetswepele mo go NDP, ka go lwantsha bosenyi ka tiriso ya dikhomphiutha, go nna le bokgoni jwa go ka samagana le pabalesego mo dikhomphiutheng mmogo le go sireletsa mafaratlhatlha a tshedimosetso e e botlhokwa.

E na le seabe mo go ageng ditšhaba tse di babalesegileng jaaka go ne go lebeletswe mo go NDP. Mo ntlheng eno, puso e ikemiseditse go tsenyatirisong dikgato tse di tla tlholang tshepagalo mo go babaleleng tiriso e e babalesegileng ya thekenoloji ya ditlhaeletsano tsa tshedimosetso (ICT).

3.2. Molaotlhomo wa Dikgotla wa 2016, o na le seabe mo go itemogeleng puso e e tlhabologang, e e nang le bokgoni le maitsholo ka go laola seabe le ditiro tsa makgotla mo go rarabololeng dikgogakgogano, go latela Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa.

Seno se tla tokafatsa phitlhelelo ya ditirelo tsa bosiamisi go botlhe ka maitlhomo a go rotloetsa gore re nne seopa sengwe.

3.3. Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Thulaganyo ya Bosenyi wa 2016, o o baakanyang Molao wa Thulaganyo ya Bosenyi wa 1977 (Molao wa bo 51 wa 1977).

Dipaakanyo tseno di naya dikgotlatshekelo ditshweetso di le dintsi tseo di ka di tsayang mo go reboleng ditaelo malebana le batho ba ba mo tlalelong, e leng batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong. Dikgotlatshekelo gape di tla thusiwa go fitlhelela ditshwetso tse di nepileng go latela molao le tsamaiso tseo di ikaegileng ka dipegelo tsa mekgatlho ya baitseanape eo e tlhamilweng go latela molaotheo.

4. Ditiragalo tse di Tlang

4.1. Moporesitente wa Zambia Edgar Lungu o mo Leetong la Puso mo Aforika Borwa go simolola ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Sedimonthole 2016. Go solofetswe gore Komiti ya Leruri e e Kopanetsweng magareng ga dinaga ka bobedi e tla nesediwa pula, e leng seo se tla laolang Tumelanokakaretso ya 1996 le Tlhagiso ya Maitlhomo ya 1999 e e tsenyang tirisong ditumelano tsa dinagapedi.

Dinaga ka bobedi di na le tirisanommogo e e siameng fa go tla mo botsalano jwa bonagapedi le mo ikonoming, mo Zambia e leng molekane wa boraro wa bao ba leng kwa setlhoeng bao ba gwebisanangl e Aforika Borwa mo kontinenteng ya Aforika.

Dithomelontle tsa Aforika Borwa go leba kwa Zambia ka 2014 di ne di fitlha go R29.5 bilione, fa dithomelontle tsa Zambia mo Aforika Borwa di fitlheletse R3.6 bilione.

4.2. Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e tshware Samiti ya 2017 ya ICT mmogo le AfricanBrains ka Phukwi 2017. Yona e tla etelelwa pele ke Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso.

4.3. Ka la bo 9 Sedimonthole 2016, puso ya rona ka tirisanommogo le Kantoro ya Dinagakopano (UN) e e samaganeng le Diritibatsi le Bosenyi mmogo le Yunibesiti ya Aforika Borwa, e tla tshwaya gape Letsatsi la Boditšhabatšhaba le le Kgatlhanong le Boferefere go latela moono o o reng: “Re Tshwaragane Kgatlhanong le Boferefere”, e leng seo se tsamaisanang le go tsenngwatirisong ga NDP go rotloetsa baagi ba ba matlhagatlhaga ba ba tla dirisanang mmogo le puso mo ntweng kgatlhanong le boferefere.

Fa e sale ka 2014 re kgonne go romela kgolegelong batho ba le 90 mmogo le ditlamo tsa molao mabapi le boferefere le merero e e amanang le boferefere. Di le 32 di ne di le malebana le dikgetse tseo madi otlhe a ka nna R5 milione kgetse e nngwe le e nngwe e dira R3.8 bilione. Ba bangwe ba batho ba le 58 ba bonwe molato wa madi a a ka fa tlase ga R5 milione kgetse e nngwe le e nngwe, mme madi otlhe a a neng a amega mo ntlheng eno a fitlha go R188 milione.

Mo pakeng yona eo, re kgonne go iponela ditaelo tsa kgotlatshekelo tsa go emisa diakhante di le 871 tseo di ka fitlhang go R7.65 bilione mmogo le ditaelo tsa kgotlatshekelo tsa go thopa dithoto di le 1 089 tsa boleng jo bo ka fitlhang go R2.86 bilione.

Boferefere go samaganwa le bona ka mekolokolo ya dikgato, tseo di akaretsang Melaotumelano ya Maitsholo mo Bodiredipusong; go tlhomiwa ga diyuniti tse di itlhophileng tse di kgatlhanong le boferefere tse di jaaka Yuniti e e Samaganang le Bosenyi jo bo Rulagantsweng ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS); Lephata la Bolaodi jwa Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo Masisi; Yuniti ya Thopo ya Dithoto mmogo le Tikwatikwe ya Matlhale a Bosenyi jwa Matlole. Matsapa ano a tshegediwa ke Kgotlatshekelo ya Bosenyi jo bo Itlhophileng jwa Dikgwebo mmogo le go tlhomiwa ga mogala wa dipatlisiso tse di kgatlhanongl e boferefere wa lekala le wa bosetšhaba.

4.4. Ngwaga wa 2016 o tshwaya segopotso sa bo 20 sa go saeniwa ga Molaotheo wa Rephaboliki ke Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela go ka nna molao. Go saeniwa gono go diragetse kwa Sharpeville ka la bo 10 Sedimonthole 1996.

Molaotheo o adile motheo wa setšhaba se se renang temokerasi e bile se phuthulotse diatla moo puso e diragatsang tiro ya yona go ya ka thato ya batho. Ke karolo ya kgaratlho e telele mmogo le dipuisanelo tsa makokokganetso a le mantsi moo boradipolotiki, boramelao mmogo le baemedi ba mekgatlho ya baagi ba nnileng le seabe. O tsewa jaaka o mongwe wa melaotheo mo lefatsheng e e gatelang pele e bile e fetola maemo.

Go keteka segopotso sa bo 20 go latela moono o o reng “Re keteka dingwaga di le 20 tsa Molaotheo – re fetola setšhaba mme re kopanya naga”, puso e tla tsaya dikgato di le dintsinyana tsa dipuisanelo le baagi mmogo le manaane a go ba fatlhosa le go ba fepa ka kitso ya Molaotheo, botlhokwa jwa yone mmogo le ditshwanelo tsa bona. Moketemogolo wa bosetšhaba o tla tshwarelwa kwa Lebaleng la Metshameko la George Thabe kwa Sharpeville ka Lamatlhatso, 10 Sedimonthole 2016.

4.5. Moketemogolo wa bosetšhaba o o tshwayang Letsatsi la Dipoelano ka Labotlhano wa la bo 16 Sedimonthole 2016 go ya ka moono o o reng “Go Tswala Sekgala se se Butsweng re Lebile go Aga Setšhaba se se Senang Tlhaolele”, o tla tshwarelwa kwa Lebaleng la Metshameko la Gopane Black Aces kwa Zeerust fa Bokone Bophirima.

4.6. Kabinete e lakaletsa matlhogonolo go maAforika Borwa go lebilwe mekete e e tlang ya keresemose. Re ikuela go maAforika Borwa a borona go thusa batho le malapa mo ditšhabeng tsa bobona, bogolosegolo bana, bagodi le batho ba ba nang le bogole.

4.7. Tsiboso ya SAPS ya gore mafelo a borekelo a tla nna a mangwe a a kwa setlhoeng go ka sirelediwa mo pakeng eno ya meletlo ya keresemose ke e nngwe ya tse di netefatsang gore maAforika Borwa a babalesegile e bile ba ikutlwa ba babalesegile. Go phasalatsa mapodisi le mapodisi ao a santseng a le mo katisong go ralala mafelo a borekelo a a farologaneng mo nageng ka bophara go bopa karolo ya Letsholo la Go Boela kwa Tshimologong la SAPS mo go tokafatseng go iponagatsa ga mapodisi, go tlhabolola tsela ya go dira tiro ya sepodisi le go fokotsa bosenyi jo bo farologaneng jo bo simololang go gakala mo pakeng ya kereseme.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe, go latela maikarabelo a a tlhagisitsweng mo go NDP, go nna karolo ya ditharabololo le go netefatsa gore botlhe ba keteka mekete ya keresemose e e babalesegileng e bile e na le boitumelo.

Jaaka maAforika Borwa a tla bo a tsaya maeto a go etela bao ba ba ratang le maloko a losika,tsweetswee itlhokomeleng mme le netefatse gore dijanaga tseo le di namelang di tshwanetse go ka tsaya maeto. Go obamela melao ya lebelo la mo tseleng, go ipofa ka lepanta la pabalesego mo sejanageng le go se kganne fa o nwele madila ke tseo o tshwanetseng go di diragatsa mo go netefatseng gore wena le bao ba leng gaufi nao ba babalesegile.

Jaaka re tla bo re keteka meletlo e e tlang, tsweetswee tswela pele go somarela metsi jaaka e santse e le motswedi yo re senang one ka bontsi.

5. Ngwaga yo o fetileng

Ngwaga yo o fetileng o iponetse palo e e oketsegang ya dikgato tsa dipeeletso tseo di tsibosotsweng mo nageng, e leng seo se supang tshepo eo babeeletsi ba dinaga tsa kwa ntle ba nang le yona mo ikonoming ya Aforika Borwa. Seno se bontsha gape gore naga ya rona e mo mmileng wa go itharabologelwa mme e bile e tswelela go nna lefelo leo go nang le dikgatlhegelo tsa go beeletsa mo go lone. Go tsenngwatirisong ga Leano la Dintlharobongwe, Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) mmogo le ditsereganyo tse di jaaka Operation Phakisa di re beile mo maemong a a kwa pele mo go ka fitlheleleng Ponelopele ya 2030 e e ka fa NDP.

Re tlhodile ditšhono tse dintšhwa tseo maitlhomo a tsona e leng go bulela phitlhelelo ya dimaraka le go tsenyeletsa dikgolagano tsa ikonomi. Seno se ne sa tsenngwatirisong ka dikopano tsa dinagapedi le Dikantoro tsa Ditona tsa Puso tse di maleba, ka dikopano le babeeletsi ba ba solofetsang, go buisana le ba Mekgatlokitso ya Dikhomese mmogo le go tsaya karolo mo mabentleledipontshong a bosetšhaba le mo meketeng ya go tsholetsa bojanala.

Dikgato tseno di tlhagisitse ditheko tse di tlhatlogileng tsa ditlhagisiwa tsa boleng jwa dithomelontle tse di ka dirang bokanaka R 1.2 bilione e leng seo se dirang madi otlhe a monongwaga go ka nna R3.8 bilione. Mo godimo ga seo, moodi wa seelo sa Dipeeletso tse di Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle (FDI) o bontsha FDI e e solofetsang ya bokanaka R13.1 bilione bogolosegolo mo lekaleng la motlakase le la dikhemikhale. Seno se tlisa seelo sotlhe se se solofetsang sa FDI mo ngwageng wa 2016 go R30 bilione.

Bojanala jwa boditšhabatšhaba bo tswela pele go nna karolo e e botlhokwa thata mo matsapeng a botipolomate jwa ikonomi ya rona, ka go nna le seabe mo go tlholeng ditiro le mo go godiseng ikonomi. Dipalopalo tsa bogorogelo jwa bojanala di oketsegile ka 14, 8% ka ngwaga wa 2016 fa go bapisiwa le paka yona eno ka ngwaga wa 2015. Madi otlhe a ka dira R39.3 bilione a ditshenyegelo tsa bajanala e fitlheletswe mo dikgweding tsa ntlha tsa 2016, e leng seo se nang le seabe mo go tlholeng ditiro le mo somareleng ikonomi ya selegae. Tshedimosetso eno e bontsha bopaki jwa gore Aforika Borwa e tswelela go nna lefelo le le itsegeng thata mo bojanaleng jwa boditšhabatšhaba.

Jaaka karolo ya Leano la Mafaratlhatlha a Naga re iponetse dipeeletso tsa mafaratlhatlha mo thutong, boitekanelong, metsing, motlakaseng le mo dipalangweng. Tsone tsotlhe di tlhodile ditiro le go tokafatsa matshelo a batho ba borona. Go agiwa ga moteme go natlafaditse boitshepelo jwa go ikanya mo tlamelong ya motlakase ga Aforika Borwa.

Dipuisanelo tsa boditšhabatšhaba tsa megopolo e e farologaneng di tlhagisitse mekolokolo ya Dimemorantamo tsa Tumelano mmogo le ditumelano tse di saenilweng. Seno se dira jaaka tsereganyo mo matsholong a tlhabololo ya ikonomi mmogo le go fitlhelela dipeelo tsa rona tse di mo go NDP.

Re tshwere Ditlhopho tsa Dipusoselegae ka katlego mmogo le go tshwara, ka botho jwa rona, mekete e e farologaneng e megologadi. Yona e akaretsa: AfricaCom; Foramo ya Bobusi jwa Inthanete ya Aforika; Khoferense ya Makoko (COP17) kwa Kopanokgothakgothe e e ka ga Bogwebisani jwa Boditšhabatšhaba ka Ditshedi tse di leng mo Kotsing ya go Fedisiwa (CITES); Kopano ya bo 35 ya Jioloji ya Boditšhabatšhaba; Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Aids mmogo le tse dingwe gape tse dintsintsi. Aforika Borwa e setse e le lefelo la boitlhophelo la boditšhabatšhaba.

Kabinete e itumeletse gore baithuti ba le bantsi mo ditheong tsa thuto le katiso e kgolwane go ralala le naga ba tsibogetse ka tshwanelo boikuelo jwa gore ba boloke lenaane la dithuto la 2016 mme e akgotse diketekete tsa baithuti bao ba kwadileng ditlhatlhobo tsa bone tsa bofelo jwa ngwaga.

Ditlhopha tsa naga ya rona tsa metshameko le tsa baatlelete di tsholeditse folaga ya rona kwa setlhoeng ka tiragatso ya bona le ka maitsholo a bona kwa Metshamekong ya Diolomphiki tsa Rio 2016 mmogo le mo metshamekong e mengwe. MaAforika Borwa mo dikarolong tse di farologaneng ba re itumedisitse ka bokgoni jwa bone le ka dineo tsa bone moo re amogetseng ditlotlo tsa naga le tsa boditšhabatšhaba. Aforika Borwa ke naga e e fenyang.

6. Melatsa ya Matshediso le ya go Akgolwa

Kabinete e Akgola:

6.1. Batshameki ba le Supa ba Springbok ka go tsholetsa folaga ya naga kwa mankalankaleng ka go fenya HSBC World Rugby Sevens Serieskwa Dubai.

6.2. Mokatisi wa Aforika Borwa wa Lebelo la Mekoro mo Diolimphiking di le Pedi, yo a tlotlilweng ka bo bediwa Mokatisi wa Lebelo la Mekoro wa Lefatshe wa Ngwaga wa 2016 ke Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Lebelo la Mekoro.

6.3. Moporesitente yo a tlhophilweng Adama Barrow, yo a tlhophilweng go nna Moporesitente yo mošwa wa Gambia mme go na le tshepo ya gore dipuisano mo nakong e e tlang di tla unngwela dinaga ka bobedi.

Matshediso:

6.4. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Zuma mo go atoloseng matshediso a yona kwa bathong ba Cuba ka ga loso lwa Moporesitente wa bona wa mo malobeng yo e neng e le mogale wa molwelakgaratlho El Commandante Jefe Fidel Alejandro Castro Ruz, yo a ineetseng botshelo jwa gagwe mo tokologong le mo go fitlheleleng maitlhomo a gagwe. Moporesitente Zuma e ne e le wa ba bangwe ba Baeteledipele ba Dinaga le ba Dipuso bao ba neng ba laleditswe go bua mo tirelong e e itlhophileng eno e e neng e tshwaretswe kwa Cuba. Castro o ne a ema kgatlhanong le dipuso tsa bokoloniale mo kontinenteng ya Aforika le go tshameka karolo e e botlhokwa mo go gotetseng kgaratlhelo ya tokologo ya Aforika Borwa.

6.5. MaAforika Borwa otlhe a lalediwa go tshwaragana le batho ba Cuba ka go saena dibuka tsa matshediso tseo di beilweng kwa Union Buildings mo Pretoria, kwa Tuynhuys mo Motsekapa le kwa dikantorong tsa Ditonakgolo mo diporofenseng tsotlhe.

6.6. Kabinete e rometse matshediso kwa pusong le kwa bathong ba Rephaboliki ya Bofederale ya Brazil, bogolosegolo kwa malapeng, ditsaleng le badirimmogong ba batswasetlhabelo botlhe ba sefofane se se sutlhameng mo dithabeng tsa kwa Colombia. Kabinete e eletsa pholo ya ka bonako go bao ba iponetseng dikgobalo.

6.7. Kabinete e romela matshediso a yona ka ga go latswa kika ga Mogale wa Molwelakgaratlho Riot Makhomanisi Mkhwanazi, yo gape a neng a abelwa Kabo ya Mendi mabapi le Bopelokgale jwa gagwe mo go nneng le seabo mo go kgaratlheleng kgololesego ya naga.

6.8. Kabinete e romela matshediso a yona kwa lelapeng le ditsaleng tsa mofenyadikabontsi wa seopedi sa mmino wa Bodumedi Sifiso Ncwane, yo e neng e le wa ba bangwe ba diopedi tse di gaisang tse di tswang mo Aforika Borwa.

Kabinete e leboga:

6.9. Ditokololo tsa bobegakgang mabapi le seabe se ba nnileng le sone mo go netefatseng gore ditshwetso tsa Kabinete di phasaladiwa go maAforika Borwa gore ba tsee karolo mo dipuisanelong tsa setšhaba tse di unngwileng tshedimosetso.

6.10. Baithaopi mmogo le mekgatlho eo e seng ya puso e e nayang ka bojotlhe mo go thuseng batho ba bangwe ba ba tswang kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, ka Botho.

6.11. Mekgatlho ya kgwebo le ya badiri ba dirisana mmogo mabapi le karolo eo ba tswelelang go e tshameka mo go netefatseng gore Aforika Borwa e lepana le tekatekano ya kgolo ya ikonomi.
6.12. MaAforika Borwa otlhe ao letsatsi le lengwe le le lengwe a nnang le seabe mo go ageng Aforika Borwa eo e leng ya botlhe.

7. Go thapiwa:

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

7.1. Rre Alvin P Rapea jaaka Mokwaledi wa SAPS.

7.2. Mme MS Bronkhorst jaaka Motlhankedimogolo wa Tiragatso kwa Lefapheng la Badiri

7.3. Rre D Mashitisho jaaka Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe.

7.4. Mme L Shange jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Botsamaisi jwa DPSA.

7.5. Mme TA Fosi jaaka Motsamaisikakaretso: Botsamaisi jwa Togamaano kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Bogatisi jwa Puso.

7.6. Ngaka Valanthan Munsami jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Aforika Borwa sa Merero ya Naga mabapi le Lefaufau.

7.7. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Sentech
a) Mme Ntombizodwa Petunia Mbele (o thapilwe sešwa);
b) Mme Reitumetse Jacqueline Huntley (o thapilwe sešwa); le
c) Mme Lungile Myrtle Ndlovu.

7.8. Mme NJ Dewar jaaka CEO ya Kantoroposo ya Aforika Borwa.

7.9. Maloko ao e Seng a khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Puso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso:
a) Rre Zukile Nomvete (o thapilwe sešwa e bile ke Monnasetulo);
b) Mme Seadimo Hessie Chaba (o thapilwe sešwa);
c) Rre Graeme Alvan Victor (o thapilwe sešwa);
d) Mme Nokuzola Nelly Ehrens;
e) Rre Mahomed Talib Sadik;
f) Mme Phuti Matlala;
g) Mme Nelisiwe Magubane;
h) Advocate Ndumiso Mahlangu;
i) Ngaka Vuyokazi Felicity Mahlati;
j) Rre Nkhangweleni Walter Mudau (Moemedi wa DPSA); le
k) Rre Job Stadi Mngomezulu (Moemedi wa Matlotlo a Naga).

7.10. Maloko ao e Seng a khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Tirelo ya Botlhe le Phitlhelelo sa Aforika Borwa (USAASA)
a) Mme Mawethu Cawe (Monnasetulo);
b) Rre Xola Gladman Stock;
c) Mme Jabulile Nkosi; le
d) Rre Linda Cecil Nene.

7.11. Letlole la Botlhokwa la Motlakase (SOC) LTD:
a) Rre Luvo Lincoln Makasi (Monnasetulo);
b) Rre Mosimaneotsile Jim Besnaar; le
c) Rre Neville Israel Mompati.

7.12. Bolaodi jwa Motlakase wa Naga jwa Aforika Borwa (Nersa):
a) Rre Christopher Forlee (jaaka CEO e bile e le tokololo ya go ya go ile ya bolaodi).

7.13. Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa:
a) Rre Phumzile Tshelane (o thapilwe sešwa jaaka CEO);
b) Ngaka Gregory Jerome Davids; le
c) Rre Samuel Matlobela Sekgota.

7.14. Ditokololo tsa Boto ya Setheo sa Dikgerekgere tsa Naga tsa Tiriso ya Diradio:
a) Rre Tshepo Mofokeng (Monnasetulo);
b) Rre Luvuyo Mkontwana (Motlatsamonnasetulo);
c) Rre Trevor Mark Gordan;
d) Ngaka Barry Kistnasamy;
e) Mme Mbali Ndlovu;
f) Rre Lebohang Sam Moleko;
g) Mme Lerato Makgae; and
h) Advocate Mothusi Lucas Tsineng.

7.15. Ditokololo tsa Boto ya Bolaodi jwa Motlakase wa Naga
a) Ngaka Thapelo Motshudi (Monnasetulo e bile o thapilwe sešwa);
b) Ngaka Pamela Zibuyile Dube (Motlatsamonnasetulo);
c) Moambasatara Mochubeloa Jacob Seekoe;
d) Rre Abraham Pieter Le Roux;
e) Mme Phoibe Elsie Monale;
f) Rre Protas Thamsanqa Phili;
g) Mme Bridgette Motshidisi Mokoetle;
h) Rre Jeffrey Leaver (o thapilwe sešwa);
i) Ngaka Bethuel Sehlapelo (o thapilwe sešwa);
j) Rre Kabelo Samuel Kakoma (o thapilwe sešwa); le
k) Mme D Bendeman (moemedi go tswa kwa Lefapha la Merero ya Tikologo).

7.16. Rre Siyabulela Tsengiwe jaaka Mokhomišenara wa Khomišene ya Tsamaiso ya Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba.

7.17. Maloko ao e seng a khuduthamaga mo Botong ya Koporasi ya Taolo ya Pharakano ya Mebila (RTMC):
a) Rre Zola Malvern Percival Majavu (o thapilwe sešwa e bile ke Monnasetulo);
b) Mme Thembeka Mdlulwa (o thapilwe sešwa);
c) Mme Pinkie Mathabathe (o thapilwe sešwa);
d) Mme Daphline Harridene Charlotte-Ann Ewertse (o thapilwe sešwa);
e) Rre Thulani Matiki Norman Kgomo (o thapilwe sešwa);
f) Moporofesara Maredi Ivan Mphahlele;
g) Mme Thandi Clarah Thankge; le
h) Ngaka Eddie Mogalefi Thebe.

7.18. Kgotlanaboikuelo ya Boto ya Difilimi le Diphasalatso
a) Mme Nonkoliso Isabela Sigcau;
b) Mme Nonduduzo Samukelisiwe Kheswa;
c) Advocate Thembelihle Pretty Mapipa-Ndlovu;
d) Mme Manko Talitha Tsoehlisi;
e) Rre Sizwe Lindelo Snail;
f) Rre Lutendo Joy Malada;
g) Moporofesara Adelaide Simangele Verah Magwaza;
h) Rre Christopher Mamathuntsha; le
i) Ngaka Mbulaheni Mulaudzi.

7.19. Rre PK Legodi jaaka CEO wa Lepelle Northern Water.

7.20. Ditokololo tsa Lekgotla la Bothati jwa Melawanataolo ya Diintaseteri tsa Ditlamo tsa Pabalesego:
a) Rre Humphrey Nhlanhla Ngubane;
b) Rre Zwile Zulu;
c) Rre Methews Thembinkosi Oliphant; le
d) Mogeneralemogolo Cynthia Lindiwe Pilison.

Dipotsiso:
Rre Donald Liphoko
Dintlhakgokagano: 082 901 0766

 Union Building