Skip to main content
x

 

1. Ditshwetso tsa Kabinete

1.1. Kabinete e e buisane ka ga Dipegelo tsa Dipoelo tsa Tiragatso ya Kwatara ya Boraro ya go tloga ka Diphalane go fitlha ka Sedimonthole 2016, tse di elang tlhoko go tswenngwa tirisong ga Lenaanetiro la Puso (PoA) go ya ka ditlamelo tsa Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (NDP) le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Ditona tsa Setlhopha tse di maleba, ka thuso ya GCIS, di tla rulaganya dikopano tsa setlhopha tsa bobegakgang go tlhagisa diphitlhelelo tse mafapha a di fitlheletseng mo pakeng e.

Dintlhakgolo tse di latelang di tla tlhaloswa ka botlalo ka nako ya dikopano tsa ditlhopha tsa Ditona.

a. Phetolo ya ikonomi

1.2. Phetolo ya ikonomi e tlhoka phetogo e e tseneletseng mo lekaleng la ntshodikuno mo ikonoming ya Aforika Borwa; e bile e tlhoka gape go fetolwa ga mekgwa ya go nna le seabe ga batho ba ba neng ba sena ditšhono mo ikonoming.

1.3. Morago ga gore Puso e bege gore e tla tlhola boramadirelo ba bantsho ba le 100 mo pakagareng go baka phetolo ya ikonomi, go setse go tshegeditswe Boramadirelo ba Bantsho ba le 27 fa e sale go tsenngwa tirisong lenaneo le, mme ba le robongwe ba bona, ba tshegeditswe mo kwatareng e.

1.4. Tshegetso ya puso e bakile peeletso e e bonetsweng pele ya lekala la poraefete ya bokana ka R956 milione mme go solofelwa fa go tla tlholwa ditiro di le 1 053. Godimo ga moo, thuso ka matlole yotlhe go boramadirelo ba bantsho go tswa go Koporasitlhabololo ya Madirelo (IDC) e nnile R4, 575 bilione go tloga mo kwatareng ya ntlha go fitlha go ya boraro ka 2016/17.

b. Peeletso

1.5. Ka maiteko a go godisa maemo a tshepo, Puso ka Invest SA e supile diporojeke di le 40 tse di nang le seabe se se kwa godimo tse di setseng di siametse go tsenngwa tirisong mo dingwageng di le pedi tse di tlang. Tshegetso go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo (dti) e ngokile peeletso ya lekala la poraefete ya boleng jwa R4 bilione, ka kgonego ya go boloka le go tlhoma ditiro di le 3 614 mo kwatareng ya Lwetse go fitlha go Sedimonthole 2017. Tikwatikwe ya Kgwebisano ya Dubee ngokile R1.3 bilione ya peeletso ya lekala la poraefete fa SEZ ya Boemafofane jwa Boditšhaba jwa OR Tambo yona e ngokile R260 milione ya dipeeletso tsa lekala la poraefete.

1.6. Maiteko a sedipolomate a ikonomi a a setseng a diragaditswe ona a tlhotse tlhatlogo ya dithekiso tsa diromelwantle tse di tlhagisitsweng ka R247 milione e e tlisang palogotlhe ya letseno mo ngwageng ono go R4. 105 bilione.

1.7. Peeletso ya Boditšhaba ka Tlhamalalo (FDI) e netefatsa gore Aforika Borwa e tswelela go nna lefelo la mmamoratwa la dipeeletso. Go akarediwa ga kotara ya boraro mo go tse di solofelwang go supa kgonego ya FDI ya R4.55 bilione segolo mo lekaleng la maatla le dikhemikhale. Se se tlisa kgonego yotlhe ya FDI go R34.892 bilione. Batlhankedi ba dira ka natla go dira gore dipeeletso tseno e se nne dikakanyo fela mme e nne dipeeletso tsa boammaruri.

1.8. Moporesitente Jacob Zuma o tla thankgolola Tikwatikwe ya Ditirodintsi ya Bosetšhaba ya Invest SA kamoso, Labotlhano, la bo 17 Mopitlwe 2017 kwa Khamphaseng ya dti kwa Pretoria, Sunnyside.

c. Thlabololo ya Dikgwebopotlana

1.9. Jaaka karolo ya go tsenya tirisong 30% ‘e e beetsweng thoko’ ya ditshenyegelo tsotlhe tsa theko go ya go dikgwebopotlana, tsa bogareng le tse dikgolwane (di-SMME), Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tlhabolotse Melawana ya Molao wa Letlhomeso la Pholisi ya Ditheko go ya ka Kgatlhego mme le phasaladitse ditlhabololo tseo ka Ferikgong 2017.

1.10. Mo kwatareng ya pegelo – Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le tshegeditse dikgwebo tsa makeišene di le 1 388 le dikoporasi di le 48 ka dikatso.

1.11. Puso ya bosetšhaba le tsa diporofense di dira mmogo go tsosolosa diphaka tsa madirelo, go thusa go tshegetsa dikgwebo tse di leng teng le go ngoka dikgwebo tse dišwa. Go fitlha ga jaana, Phaka ya Madirelo ya Komani (Kapa Botlhaba) e na le ditlamo di le 30 mme go thapilwe batho ba le 555, fa Phaka ya Botshabelo (Foreisetata) e tshegetsa matshelo a batho ba ka nna 10 000.

d. Temothulo le Tlhabololo ya metseselegae

1.12. Le fa tota maemo a komelelo fa e sale ka 2014 a ne a setse a tokafala mo kwatareng ya bone ya 2016 ka ntlha ya dipula tse di tlisitseng tsholofelo e ntšhwa mo ikonoming ya rona, ditlamorago tsa ona di tla tsaya dikgwedi di le mmalwa. Go runya ga go sa le gale ga diboko tse di senyang dijalo kwa Limpopo go bakela dijalo kotsi e ntšhwa.

1.13. Mo kwatareng e, diheketara di le 374 299 tsa lefatshe le le sa dirisiweng ka botlalo di ne tsa lemiwa ka fa tlase ga Lenaneo la Thulaganyosešwa le Tlhabololo. Le fa go nnile le komelelo, go nnile le phitlhelelo ya 50% ya maikaelelo a tlhagiso ya dijo fa go bapisiwa le dikwatara di le tharo tse di fetileng.

1.14. Batho ba le 244 073 ba boetswe go tswa mo mananeong a tshireletso ya dijo go akaretsa ba ba fepilweng kwa Ditikwatikweng tsa Setšhaba tsa Tlhabololo ya Phepo. Lefapha la Tlhabololo ya Loago le rekile ditlhagiswa go tswa go dikoporasi di le 43 tsa selegae ka boleng jwa R1 684 238.21 go ya ka melawana ya ditshintshinyo tsa gore 75% e nne e e dirisediwang ditheko tsa selegae.

1.15. Baithuti ba le 6 784 179 go tswa kwa dikolong di le 10 300 (khwinthaele 1-3) tse dipotlana le tse dikgolo ba tswetswe mosola ke Lenaneo la Bosetšhaba la Phepo kwa Dikolong. Barebola ditirelo ba le 5 408 (1 142 e le ba Dikoporasi tsa mo Setšhabeng, di-SMME di le 3 112 le marekelomagolo a le 1 154) ba neetswe dikonteraka tsa go tlamela dikolo ka dijo. Bašwa ba le 541 121 le basadi ba le 291 304 ba tswetswe mosola ke ditsereganyo tse di tsentsweng tirisong kwa metseselegaeng mo kwatareng e.

e. Mafaratlhatlha

  • Maatla

1.16. Malapa a le 46 382 a ne a golaganngwa mo mothamong kgotsa sekema se sepotlana sa motlakase fa malapa a le 2 116 a ne a golaganngwa mo thekenolojing e e seng ya mothamo wa bosetšhaba. Kago ya Tikwatikwe e e Momaganeng ya Maatla ya Nwaabe e konoseditswe.

1.17. Lefapha la Maatla le konoseditse theko ya ditsamaiso tsa maatla a letsatsi tsa magae di le 31 000 gore di tsenngwe (maikaelelo a a rulagantsweng a ngwaga ke 20 000). Go tsenngwa ga tsona go tla simolola mo kwatareng ya bone.

1.18. Puso e tsweletse go rebola Lenaneo la Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Maatla (IPP) ka diphitlhelelo tse di latelang: (i) go ribololwa ga R201 bilione go tswa mo lenaneong la maatla a a Ntšhwafatsegang a IPP; (ii) Maatla a a Ntšhwafatsegang ga jaana a tsenya 3 175MW mo Mothamong; (iii) memorantamo wa tshedimosetso ya porojeke ya IPP tsa gase o konoseditswe mme Kopo ya Ditshitshinyo e tla rebolwa pele ga bokhutlo jwa ngwaga o mošwa wa ditšhelete; le 900MW e rekilwe go tswa go IPP ya malatlha.

  • Thebolo e e Itlhaganedisitsweng ya Mafaratlhatlha a Dikolo

1.19. Go samagana le tshalelomorago ya mafaratlhatlha kwa dikolong tsa metseselegae: go konoseditswe thebolelo ya sekolo ka bongwe, e e tlametsweng ka matlole ka Lenaneo la Thebolo e e Itlhaganedisitsweng ya Mafaratlhatlha a Dikolo, dikolo di le 389 di tsenyeditswe metsi, dikolo di le 57 di tsenyeditswe motlakase, fa dikolo di le 157 di na le matlwanaboithusetso a a nang le seriti.

Godimo ga moo tse di latelang di abetswe ditheo tse di tsenyang tirisong: diporojeke di le 293 tsa go aga dikolo; diporojeke tsa metsi kwa dikolong di le 959; diporojeke tsa motlakase kwa dikolong di le 535 le di le 585 tsa kgelelaleswe.

  • Mafaratlhatlha a Boitekanelo

1.20. Katlego mo go fediseng tshalelomorago ya mafaratlhatlha kwa ditheong tsa boitekanelo e akaretsa: tswelopele mo go baakanyeng ditleliniki le Ditikwatikwe tsa Boitekanelo tsa Baagi di le 70, maokelo a le 18 le ditheo tsa boitekanelo di le 67 tsa didika kwa Inšorense ya Boitekanelo ya Bosetšhaba (NHI) e lekiwang teng. Go agiwa ga Ditikwatikwe tsa Boitekanelo tsa Motheo di le tharo le Ditikwatikwe tsa Boitekanelo tsa Baagi di le tharo go konoseditswe; mme kago ya Ditikwatikwe tsa Boitekanelo tsa Baagi di le nne e santse e tsweletse pele.

  • Metsi le Kgelelaleswe

1.21. Malapa a le 29 626 a na le metsi a dipeipi mo kwatareng e e sekasekwang. Go agiwa ga lefelo la go phepafatsa metsi la Ncora le Kalahari Botlhaba go ya kwa dipeiping tsa Mier go konoseditswe; Jozini Pongolapoort le Letamo la Gariep di mo dikgatong ya bofelo ya kago. Godimo ga moo, diporojeke di le 98 tsa tlhabololo ya metsi le di le 51 tsa kgelelaleswe di konoseditswe.

1.22. Malapa a le 611 360 a na le ditirelo tsa kgelelaleswe mme a le 20 599 a diretswe ka Thebolelo ya Mafaratlhatlha a Malapa a Metseselegae go fedisa tshalelomorago ya kgelelaleswe: dikgamelo di le 1 405 di ne tsa fedisiwa mme ga tsenngwa ditirelo tsa kgelelaleswe mo mafelobonnong a a tlhomameng.

f. Thuto

1.23. Kwa bokhutlong jwa Ngwanaitseele 2016 – 89% (4 107 ya 4 612) ya dialogane tsa Funza Lushaka tse di neng di siametse go ka thapiwa ka 2016 di thapilwe kwa dikolong e leng tokafalo ya 2% fa go bapisiwa le kwatara e e fetileng e bile ke 4% kwa godimo ga dipeelo tsa ngwaga.

1.24. Lekgotla la Aforika Borwa la Barutisi le ne la kgona go oketsa palo ya barutabana ba ba kwadisitsweng go nna le seabe mo Tsamaisong ya Bolaodi jo bo Tswelelang jwa Tlhabololo ya Barutabana ba Porofešenale go ya go barutabana ba le 6 572.

1.25. Fa e sale go tsenngwa tirisong ga togamaano ya go boelwa ke matlole ga Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Matlole go Baithuti (NSFAS), dikokoanyo tsa kgwedi di oketsegile ka ntlha ya maiteko a a farologaneng mme go fitlha ga jaana go setse go kokoantswe R268.4 milione kgatlhanong le maikaelelo a ngwaga a R285 milione.

1.26. Letlhomeso le le tlhabolotsweng la Tlamelo ka Matlole la Diyunibesithi le konoseditswe mme go tla nna le ditherisano le lekala la diyunibesithi pele le phasaladiwa.

1.27. Badirakadiatla ba le 14 077 ba tlhomamisitswe ke Setheo sa Bosetšhaba sa Badirakadiatla.

g. Boitekanelo

1.28. Thibelo ke motheo wa maiteko a lekala la puso a go samagana le HIV le AIDS. Jaaka karolo ya ditirelo tsa Thobomaikutlo le Diteko tsa HIV (HCT), batho ba le 3 022 988 ba dirilwe diteko tsa HIV, fa go bapisiwa le maikaelelo a kwatara ya boraro a 2 500 000.

1.29. Mesomelwana ya banna e le 221 201 467 le mesomelwana ya basadi e le 6 403 730 e abilwe fa go bapisiwa le maikaelelo a kwatara ya boraro a 150 000 000 le 4 500 000 ka tatelano. Go rupisitswe banna ba le 155 188 kwa mafelong a boitekanelo fa go bapisiwa le maikaelelo a kwatara a 250 000.

1.30. Katlego mo kalafing ya balwetse ba bašwa ba Lohuba (TB) e ne e le 84.2% mme e feta maikaelelo a kwatara ya boraro a 84%.

1.31. Mo kwatareng ya boraro 66.3% tsa basadi ba baimana ba etetse mafelo a boitekanelo pele ga dibeke di le 20, e leng palo e e kwa godimo ga maikaelelo a kwatara a 63%.

1.32. Kabinete e amogetse go tlhongwa ga Komiti ya Ditona, e monnasetilo wa yona e leng Tona ya Bodiredipuso le Tsamaiso, go sekaseka dipeelo tse di tlhomilweng tsa maemo a tiro tse di jaaka: dikoketso tsa ngwaga le ngwaga tsa meputso, maemo a meputso, dibonase tsa tiragatso, dikatso tsa dituelo le dipoelo tsa phenšene. Kabinete e amogetse gape gore go tlhongwe Tsamaiso ya Tsenyotirisong ya Ditherisano tsa Puso go netefatsa tirego e e sa gobeleleng ya magareng ga puso le bonnaleseabe jo bo maleba.

Se se tlhola serala se se nonofileng sa go nyalanya dipeelo tsa tiro tsa badiri mo Makaleng a a farologaneng a bodiredipuso le go netefatsa gore ditlamorago tsa tekanyetsokabo le tse di anameng tsa ikonomi di tsewa tsia fa go lejwa dikoketso.

1.33. PoA e nnile le seabe se segolo mo kgolong ya Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) jaaka go itshupa mo dipalong tsa GDP tse di rebotsweng ke Lefapha la Dipalopalo sa Aforika Borwa (Stats SA). Go tshegetsa NDP, Leano la Dintlharobongwe la naga le tlhagisa ditsereganyo tse di rileng tsa go godisa le go tlhabolola ikonomi, go tlhola ditiro le go ngoka dipeeletso.

Bannaleseabe ba bagolo e nnile kgwebisano, intaseteri ya dijo le marobalo gammogo le matlole, thekiso ya matlo le ditirelo tsa kgwebo, tse di oketsegileng ka 2,1% le 1,6% ka tatelano. Nngwe le nngwe e nnile le seabe sa 0,3 tsa peresente mo kgolong ya GDP.

2. Go tsenngwa tirisong fa mannane a puso

2.1. Kabinete e ikamanya le Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa mo go amogeleng kaqmogelo ka diatla tsoopedi ya tumalano ya moputso wa motheo o o dumalanetsweng ke mekgatlo ya badiri, puso le kgwebo ka fa tlase ga Komiti ya Bolaodi jwa Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le ya Badiri (NEDLAC).

Kamogelo e e botlhokwa thata mo tsamaisong ya go dira gore Moputso wa Bosetšhaba wa Motheo e nne sengwe se se tla phimolang ntlha ya “badiri ba ba humanegileng” le go letla badiri go tlamela malapa a bona ka ditlhokego tsa letsatsi le letsatsi. O atolosetsa gape kakaretso ya rona ya loago go baagi ba ba tlhokang le go re thusa go bopa setšhaba se se akaretsang.

2.2. Puso e samagane le go boloka boleng jwa makwalothuto le tsamaiso ya thuto e kgolwane. Pego ka Tona ya Thuto e Kgolwane le Katiso ka ga dikgato tse di tla tsewang kgatlhanong le ba ba tshotseng makwalo a thuto a a sa tlhomamang, go akaretsa go ba sekisa le go itsise maina a bona phatlalatsa e tla nna le seabe sa botlhokwa mo go fediseng go dirwa ga makwalo a thuto a a sa tlhomamang.

Ka bokhutlo jwa Ferikgong 2017, palogotlhe ya makwalo a thuto a le 1 276 (444 a bosetšhaba le 832 a boditšhaba) e kwadisitswe mo lenaneong la Bothati jwa Dithebolo tsa Makwaloithuto a Aforika Borwa (SAQA) la makwalothuto a a sa tlhomamang – ka diafitafiti tse di konoseditswe di le 78 gore di neelwe setheo sa Hawks go ba sekisa.

Jaaka karolo ya taolo, SAQA e tla kwadisa maina a batho ba ba tshotseng ditifikheiti tsa tsietso mo webosaeteng ya yona.

2.3. Kabinete e itumelela gore mogala wa puso kgatlhanong le bonweenwee o thusa mo go senoleng dikgetse tsa bonweenwee. Go fitlha ka la bo 31 Ferikgong monongwaga, dikgetse di le 18 778 di fetiseditswe kwa mafapheng a puso mme go amogetswe tsibogo tebang le di le 17 249 tsa tsona. Dikgetse di le 90% di konoseditswe mme badiredipuso ba le 3 600 ba bonwe molato wa maitsholo a a maswe magareng ga 2004 le Ferikgong 2017.

Bontsi jwa badiredipuso ba boikanyego e bile ba tswelela go rebola ditirelo le go dira tiro ya bona.

2.4. Mo maitekong a mangwe gape a ntwa kgatlhanong le bonweenwee, puso e netefaditse gore badiredipuso ba kganelwa go gwebisana le mafapha a puso le ditheo tse dingwe tsa puso. Paka ya nakwana e e beetsweng badiredipuso go senola ditiro tsa bona ka fa tlase ga melawana ya bodiredipuso ya 2016 e khutlile ka la bo 31 Ferikgong 2017. Ka la bo 1 Tlhakole 2017, badiredipuso ba ba neng ba gwebisana le setheo sa puso ba tshwanetse go bo ba lebogile tiro mo kgwebong ya bona, kgotsa ba rotse marapo mo bodiredipusong.

Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso ga jaana le samagane le go kokoanya tshedimosetso ya badiredipuso ba ba reteletsweng ke go ikobela melawana e mešwa e. Fa tiragalo e e sena go konosediwa, dikgato tse di maleba tsa kgalemo di tla tsewa kgatlhanong le ba ba reteletsweng ke go ikobela melawana e.

3. Merero ya Jaanong

3.1. Kabinete e swabisitswe ke ketsaetsego e e bakilweng ke go se nne le bonnete tebang le dituelo tsa dithebolelo tsa loago go baamogedi. Re puso e e nang le tlhokomelo mo bathong mme ditlhoko tsa batho ba rona di botlhokwa thata mo go rona. Re dira mmogo go netefatsa gore baamogela dithebolelo ga ba angwe bobe ke ditiragalo tse.

3.2. Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore re samagana le ntlha e kwa maemong a a kwa godimo. Re dumeletse go tlhongwa ga Setlhopha sa Tiro sa Ditona se se nang le ditona tse di latelang: Tona mo Kantorong ya Moporesitente e e nang le maikarabelo a Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (molaodi), la Tlhabololo ya Loago, la Matlotlo, la Saense le Thekenoloji, la Merero ya Selegae, la Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso gammogo le la Tshireletso ya Puso.
Setlhopha sa Tiro se romilwe go samagana le tse di latelang:

  • Go latela katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo – go leba ditshitshinyo ka maikaelelo a go matlafatsa maemo ga mmogo le go laola ditlamorago (ka gangwe) le go tlhoma paka e e maleba ya phetisetso;
  • Go netefatsa dituelo tsa dithebolelo ka la bo 1 Moranang 2017;
  • Batla kgakololo ya semolao ka ga dikgato tsa tlaleletso tsa semolao ka Puso, segolo mo go samaganeng le maitsholo a a seng mo molaong e bile a sa lolama fa go tlhokegang;
  • Go sekaseka maitsholo a Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) segolo tebang le mothamo le taolo ya botsamaisi le go dira dikatlenegiso;
  • Go tlhoma leano la nakwana; le
  • Go tla ka leano la tsamaiso e e botlalo ya tuelo ya dithebolelo tse mo teng ga setheo.

3.3. Kabinete e amogela ka boitumelo tirelo e e boineelo le nonofo ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) gammogo le melaetsa ya tshegetso go tswa go baagi ba ba thusitseng mo go bonweng ga ngwana yo e santseng e le lesea Siwaphiwe Mbambo. Se se supa gore fa maAforika Borwa a dira mmogo, re ka dira pharologano mo matshelong a batho ba ba senang maatla.

Moporesitente Jacob Zuma o tlhalositse fa Puso e tla tsaya dikgato tse di bonalang kgatlhanong le bosenyi kwa Mmasepaleng wa Selegae wa Mhlabuyalingana kwa bokone jwa KwaZulu-Natal joo bo bakileng kgotlhang magareng ga maAforika Borwa le baagi ba Mozambique.

Kabinete mmogo le Moporesitente e ikuela go baagi ba selegae ba Mhlabuyalingana le bommasepala ba ba mabapi ba Mkhanyakude, Hlabisa le Jozini go ntšhwafatsa tshepo ya bona mo sepodising le go dirisana mmogo le sepodisi go lwantsha bosenyi jwa kgabaganyo ya melelwane, segolo bogodu jwa dijanaga kwa tikologong eo.

Mafapha a Bosetšhaba e leng a Sepodisi, Sesole, Tshireletso ya Puso, Merero ya Selegae, Tlhabololo ya Loago le a mangwe a tla dira ditsereganyo tse di maatla morago ga gore Moporesitente a etele koo, ka tirisano le puso ya Porofense le bommasepala.

3.4. Le fa dikarolo tse dingwe tsa naga di amogetse dipula tsa matsorotsoro tse di dirileng gore maemo a matamo a tlhatloge le go tlatsa a mangwe, komelelo e e tsweletseng kwa Kapa Bophirima e masisi le fa tota maano a go somarela metsi a tsentswe tirisong.

Ditherisano magareng ga mafapha a lekala a bosetšhaba le a porofense gammogo le bommasepala di a tswelela ka maiteko a go fokotsa ditlamorago. Metsi a santse a le botlhokwa thata mo Aforika Borwa mme badirisi botlhe ba metsi – ba selegae le ba kgwebo ba rotloediwa go tswelela go dirisa metsi ka tshomarelo.

3.5. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go akgoleng Moporesitente Nana Addo Akufo-Addo wa Rephaboliki ya Ghana ka phitlhelelo ya keteko ya dingwaga di le 60 tsa kemonosi ya Ghana ka la bo 6 Mopitlwe 2017.

3.6. Kabinete mmogo le Tona ya Ditlhaeletsano e akgola bafenyi ba bosetšhaba ba Aforika Borwa ba Dikabo tsa Bobegakgang tsa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC). Dikabo tse di tlotlomatsa manontlhotlho mo bobegakgannyeng le go rotloetsa babegakgang ba dinaga tse e leng karolo ya dinagatlhabololo go bega ka ditiragalo tsa kgaolo ka maikaelelo a go rotloetsa tshwaragano le tirisano mo kgaolong. Bobegakgang ba Aforika Borwa bo lalediwa go romela ditsenelo tsa bona tsa Kgaisano ya Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC tsa 2017, pele ga letlha la go tswalela la 20 Mopitlwe 2017.

3.7. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga tswelopele le dithulaganyetso tsa Keteko ya Ngwagakgolo wa OR Tambo ya 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “Botshelo le Boswa jwa ga OR Tambo”. Lenaneo le la ngwaga otlhe go ralala naga la ditiragalo tsa tsiboso, thuto, keteko le tlotlo le rulaganyetsa moletlo o o tletseng wa ngwagakgolo ka la bo 27 Diphalane 2017, mme le konosediwa kwa tshimologong ya Sedimonthole ka meletlo ya mmino kwa Mbizana, Wild Coast Casino. Tiragalo e ya bosetšhaba ya ngwaga otlhe e netefatsa seabe sa botlhokwa sa ga OR Tambo mo ntweng ya kgololesego le go fitlhelela Kgololesego le Temokerasi.

Matsatsi otlhe a Segopotso a Bosetšhaba a tla dirisiwa jaaka serala sa Keteko ya Ngwagakgolo wa ga OR Tambo. Kabinete e ikuela go Makala otlhe go nyalanya mananeo a ona le diteng le setlhogo le maitlhomo a Keteko ya Ngwagakgolo wa ga OR Tambo.

4. Melatsa ya go akgolwa

4.1. Kabinete e akgola Tona ya Merero ya Tikolologo‚ Edna Molewa‚ yo o tla tlhongwang go nna Motšhanselara wa Yunibesithi ya Disaense tsa Boitekanelo ya Sefako Makgatho.

4.2. Kabinete e akgola bašwa ba borasaense ba Aforika Borwa ba ba tlhophilweng ke Setheo sa Saense sa Aforika Borwa, ba ba tla bong ba na le borasaense ba bangwe ba bašwa ba le 400 go tswa kwa dinageng di le 76 ba ba tlhophilweng go nna le seabe mo Kopanong ya bo 67 ya Lindau Nobel Laureate kwa Lindau, Germany. Bone ke Ngaka Hlamulo Makelane, Yunibesithi ya Kapa Bophirima; Funeka Nkosi, Yunibesithi ya Witwatersrand; Retha Peach, Yunibesithi ya Bokone Bophirima, le Ngaka Mark Williams-Wynn, Yunibesithi ya KwaZulu-Natal. Kopano e tla tshwarwa go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo kwa go solofelwang fa baamogela dikgele ba le 31 ba tla nna le seabe.

4.3. Kabinete e akgola setlhopha sa batlhotlhomisi ba e leng basadi fela go tswa kwa Yunibesithing ya Motsekapa, gammogo le Gasnat Shaboodien le Sarah Krause, le batlhotlhomisi go tswa kwa Italy ba ba ribolotseng sere sa tlhaselo ya pelo. Phitlhelelo e e botlhokwa eno mo lekaleng la boitekanelo e na le bokgoni jwa go thibela dintsho tse di bakwang ke malwetse a pelo a le makgolokgolo, ngwaga le ngwaga.

4.4. Lefapha la Metshameko le Boitekanelo la Aforika Borwa le Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) di abetswe Sekgele sa Dipuodintsi sa Boto ya Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa mo setlhopheng sa Puso/Lekaleng la Bodiredipuso. Di amogetse sekgele se ka ntlha ya maiteko a tsona a go rotletsa dipuontsi mo Aforika Borwa.

4.5. Phetisetso e e atlegileng ya bonnasetilo jwa khomišene ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) go tswa go Ngaka Nkosazana Dlamini-Zuma go ya go Moussa Faki Mahamat wa Chad. Kabinete e mo eleletsa masego.

4.6. Kabinete e akgola Amajita ka tiragatso ya bona kwa Sejaneng sa Ditšhaba tsa Aforika sa ba ba ka fa Tlase ga 20, kwa Zambia. Ba fitlheletse dikamakgaolakgang mme ka go dira jalo ba bonela Aforika Borwa maemo kwa Sejaneng sa Lefatshe sa FIFA sa ba ba Kwa Tlase ga 20 se se tla tshwarelwang kwa South Korea.

5. Melaetsa ya matshediso lekutlobotlhoko

5.1. Kabinete e romela melaetsa ya matshediso go ba malapa le ditsala tsa ba ba latlhegetsweng ke ba ba ba ratang mo melelong e e laotseng mafetobonno a a sa tlhomamang kwa Motsekapa le go tlogela dikete tsa batho ba iphotlhere.

Puso e tlhomile ditente tse pedi go thusa ka kwadiso ya ba ba latlhegetsweng ke ditokomane tsa botlhokwa tsa boitshupo mme diholo di le nne di dirisediwa ba ba senang magae, kwa ditirelong tsa motheo tse di jaaka metsi le dijo di tlamelwang teng.

Mafapha a a farologaneng a puso a nnile le seabe go tlamela ka tshegetso le ditirelo go fokotsa ditlamorago mo baaging.

Kabinete e lebogo mekgatlo ya Thuso le baithaopi ba ba thusang ka ditiro tsa namolo mo lefelong leo.

5.2. Kabinete e rata gape le go eleletsa molwela kgololesego Winnie Madikizela-Mandela pholo jaaka a le kwa bookelong, mme e ikuela go setšhaba go mo baya mmogo le ba lelapa la gagwe mo megopolong le mo dithapelong mo nakong eno.

5.3. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go eleletseng molwela kgololesego Ahmed Kathrada pholo e e bonako mo bolwetseng jwa gagwe. Ke mongwe wa Batshwarwa ba Rivonia ba le bararo ba ba santseng ba tshela mme re ikuela go setšhaba go mo baya mmogo le ba lelapa la gagwe mo megopolong le mo dithapelong mo nakong eno.

Dipotsiso:
Rre Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

 Union Building