Skip to main content
x

 

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso

1.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla tshwara Samiti ya Moporesitente ya Pusoselegae ya boraro go tloga ka la bo 6 go fitlha ka la bo 7 Moranang 2017 ka moono yo o reng, "Go Fetola Dibaka tsa Masepala mo Tlhabololong ya Phetakapejana ya Ikonomi le ya Loago".

Samiti e tla tsepamisa mogopolo mo go matlafatseng thulaganyo ya pusoselegae jaaka karolo ya kgato ya bobedi ya Lenaane la Go Boela kwa Tshimologong. Mo godimo ga seo, e tla baakanya ditsietso tsa sebaka le diphuduso tseo di tswelelang go ama matshelo a batho ba borona.

Mafelo a mangwe a akaretsa: go tlhoma ditšhaba tse di tsetsepetseng go efoga le go fokotsa seabe sa matlhotlhapelo; le go diragatsa ditumelano tsa puso ka bojotlhe go atolosa phetolothefosano ya phetakapejana mo pusoselegaeng.

Pusoselegae ke maikarabelo a motho mang le mang – Kabinete e ikuela mo bannaleseabeng ba puso le ba poraefete, mekgatlhong ya baagi le mo bagwebing botlhe go tshegetsa manaane a a ikaeletseng go tshegetsa dimasepala.

1.2. Khonferense ya boraro ya Bojanala jwa Pusoselegae e tla diragadiwa go simolola ka la bo 3 go fitlha ka la bo 4 Moranang 2017 kwa Emperors Palace, Gauteng ka moono o o reng: "Go loga maano a bojanala ke maikarabelo a botlhe." Khonferense eno e tla tsepamisa mogopolo mo go godiseng bojanala ka fa nageng ka go e tsenyeletsa moditogamaanong tsotlhe tsa diporofense le dimasepala tsa kgolo le tlhabololo ya ikonomi. ya

1.3. Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (SANParks) di tla tshwara Samiti ya Dipeeletso tsa Bojanala ka la bo 4 Moranang 2017, ka go tsepamisa megopolo mo ditšhonong tse dintšhwa tsa go beeletsa di le 55. Mo dingwageng di le 15 tse di fetileng SANParks e e okeditse palo ya tirisanommogo ya Puso le Makala a Poraefete, eo e akareditseng diporojeke di le dintsi tse di akaretsang madulo, mabentlelebojelo, mabentlele, ditiro, boemelafofane jwa Skukuza le Kondola ya kwa Table Mountain.

1.4. Moporesitente Jacob Zuma, jaaka Monnasetulo wa Komiti ya Ditlhogo tsa Dinaga mo Phaneleng ya Maemo a a kwa Godimo e e ka ga Metsi ya Dinagakopano (UN), o butse semmuso Samiti le Pontsho ya UN ya Letsatsi la Lefatshe mmogo le go ribolola phasalatso ya bo 17 ya Pegelo ya UN ya Tlhabololo ya Metsi a Lefatshe, eo e samaganang bogolo le seabe sa taolo ya metsi a leswe go tobana le dikonomi tse di matlhagatlhaga, ditšhaba tse di tsetsepetseng mmogo le paakanyo ya tikologo e e itekanetseng goralala lefatshe lotlhe.

Kabinete e amogetse maikano a Phanele ya Maemo a a kwa Godimo ya Metsi go dirisana le bannaleseabe botlhe ba metsi go netefatsa gore dipeelo tsotlhe tse di amanang le merero ya metsi tsa Lenaneo la 2030 le go feta di a fitlhelelwa.

Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri, Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri di akaretsa peelo e e netefatsang gore mang le mang o iponela metsi a a bolokesegileng ka 2030, go dira gore metsi e nne ntlha e e botlhokwa mo ntweng ya go fedisa lehuma le le tseneletseng. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le eteletsepele tlhabololo ya leruri, e e botlhokwa mo matshelong le mo tikologong ya batho.

1.5. Lefelo la Puso la Ditirelo Tsotlhe tsa Peeletso leo le thankgolotsweng ke Moporesitente Zuma ka la bo 17 Mopitlwe 2017, ga jaanong le dira ka botlalo e bile le buletswe ba beeletsi botlhe. Le dira jaaka lefelo le le botlhokwa le go ka itshegediwang ka lona mo go boneng ditharabololo go tlamela ka ditirelo tse di tlhamaletseng tseo di totileng bao ba batlang go ka beeletsa kgotsa go tlhama dikgwebo mo Aforika Borwa. Ditirelo tsotlhe tseno di ka bonwa kwa lefelong le le esi.

1.6. Moporesitente Jacob Zuma o atolositse phitlhelelo ya Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e e ka ga Bofaladi ka go akaretsa Ditonakgolo tsotlhe tsa Diporofense mmogo le Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga) go nna ditokololo.

Seno se tla netefatsa gore go nna le tsepamiso mogopolo e e tsepameng mo dikarolong tsotlhe tsa pholisi ya bofaladi, ditsela tseo makala a a farologaneng a ka dirisang mmogo ka tsona le puso go rotloetsa bofaladi jo bo rulaganeng mmogo le tirisano mmogo magareng ga baagi le batswantle.

1.7. Jaaka re tla bo re konosetsa Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho Kabinete e leboga maAforika Borwa ao a tsenetseng meletlo ya naga mo go ketekeng Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho, leo le tlotlomaditseng bagale ba rona ba kgaratlho bao ba lwetseng ditshwanelo tseo re iphantshang ka tsona gompieno. Yona e akaretsa go keteka segopotso sa bo 40 sa go tlhokafala ga Bantu Steve Biko.

Go ketekiwa ga bagale ba naga ya rona go netefatsa gore bašwa le dikokoma tsa kamoso ba itse le go tlhaloganya sentle seabe seo ba nnileng le sone le gore ba ne ba emetse eng mo botshelong.

1.8. Re itemogetse palo e e tlhobaetsang ya dikgetse tsa semorafe, e leng seo se re busetsang morago mo tsotlhe tse dintle tseo re di dirileng mo temokerasing.

Re tshwanetse go amogela gore re tshela mo nageng e e tlotlomatsang ditshwanelo tsa batho le seriti. Dipoelo tseno re di bone ka go ikentsha setlhabelo. Batho ba latlhegetswe ke matshelo. Ga re a tshwanela go itebatsa setlhabelo seo se dirilweng mo go boneng tokolo le temokerasi ya rona. Re tshwanetse go tswelela go aga Aforika Borwa e e tla tlotlomatsang ditshwanelo tsa batho botlhe, go sa kgathalesege maemo a bona, bong jwa bona kgotsa koo ba dulang gone.

1.9. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tsenala Letsatsi la Bosetšhaba la Kgololesego mmogo le mekete ya Kgwedi ya Kgololesego. Kgwedi ya Kgololesego mmogo le Letsatsi la Bosetšhaba la Kgololesego di tshwaya motsi oo kgololesego le temokerasi di simolotseng go rena ka one mo nageng ya rona, le leeto la rona la go supuga mo nageng eo e neng e aparetswe kobo e e lefifi ya letlhoo le go se utlwane mo setšhabeng moo re gagang bokamoso jo botlhe re bo batlang.

Mekete ya Kgwedi ya Kgololesego e phasalatsa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP)jaaka ponelopele ya rona ya pakatelele mo tirisanommogong go fitlhelela Aforika Borwa yo a tlhalosiwang mo Molaotheong, mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo tsa rona mmogo le mo Lokwalotumelano lwa rona lwa hisetori lwa Kgololesego lwa 1955.  

1.10. Kabinete e laletsa barutwana botlhe ba thuto e kgolwane go tsenela kgaisano ya go kwala tlhamo ya dikolo tse kgolwane tsa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC), eo e buletsweng barutwana botlhe ba ba tsenang dikolo mo kgaolong ya SADC.

Setlhogo sa kgaisano ya go kwala tlhamo ya dikolo tse kgolwane tsa ADC mo ngwageng wa 2017 ke "Go bokeletsa Motlakase wa Leruri mabapi le Tlhabololo ya Ikonomi ya Tikologo."

Lefapha la Thuto ya Motheo le tla thusa barutwana ba ba batlang go tsenela kgaisano eno ya go kwala tlhamo. Ditlhamo di le tharo go tswa kwa porofenseng e nngwe le e nngwe di tla romelwa kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo ka la bo 5 Motsheganong 2017. Ditlhamo di le tharo tse di fenyang mo nageng di tla romelwa kwa mokwaleding wa SADC ka la bo 31 Motsheganong 2017.

2. Ditshwetso tsa Kabinete

2.1. Ditokololo tsa Khuduthamaga go tswa kwa maphateng a le mararo a puso di tla buisana le maAforika Borwa go ralala naga mo nakong ya National Imbizo Focus Week go simolola ka la bo 17 go fitlha ka la bo 23 Moranang 2017 ka moono “Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa”.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go nna mafolofolo le go nna le maikarabelo, go botsolotsa baeteledipele dipotso ka manaane ao a tsenngwang tirisong go  tokafatsa matshelo a batho le go ba dira gore ba rwale maikarabelo. GCIS e tla gokaganya lenaane, dintlha tsa lona di tla fitlhelwa mo go www.gov.za

2.2. Kabinete e amogetse segopotso sa bo robongwe sa Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri (IPAP) 2017/18 go fitlha go 2019/20 e leng seo se samaganang le dikgwetlho tse di botlhokwa tsa kgolo ya ikonomi le ya diintaseteri mmogo le ya morafe o o amang ke lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro. Eno ke ntlha ya botlhokwa ya Leano la Dintlharobongwe la Moporesitente Jacob Zuma mme e golagantswe le dikakanyo tsa pholisi mabapi le Phetolothefosano e e Potlakileng ya Ikonomi.

IPAP e atlegile thata mo dikarolong di le mmalwa tse di botlhokwa: ka go boloka difeme le ditiro di le dintsi, makala a tshegetso a a botlhokwa mo khumong ya Aforika Borwa tebang le paka e telele ya diintaseteri mmogo le go bula mafelo a mantšhwa a a ka godisang ikonomi mo go ageng menyetla ya rona ya go bapisa le go tlhola bokgoni jwa diintaseteri go gaisana mo maemong a lefatshe.

Bakganni ba IPAP 2017-2020 ba akaretsa: maikemisetso a a menaganeng gabedi a Phetolothefosano; matsapa a a tsweletseng a go somarela kabelano ya kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe; potlakiso ya gangwe le gape ya Lenaane la Borradiintaseteri ba Bathobatsho, le tsepamisomogopolo e e matla le e e gatelang pele mo go tlholeng ditiro tse dintsi go ralala lekala leno le le golaganeng le makala a a botlhokwa mo ikonoming go leba kwa makaleng a ditirelo le tlhagisodikuno go akaretsa le matsapa a diromelwantle a a oketsegileng.

2.3. Kabinete e tsopoletswe ka dipoelo tsa 2014/15 tsa Tshekatsheko ya Bosetšhaba ya Patlisiso le Tekelelo ya Tlhabololo (Tshekatsheko ya R&D).

Tirisomatlole Yotlhe ya Aforika Borwa ya R&D (GERD) e ne e le mo R29, 345 bilione ka 2014/15. Seno ke koketsego ya 14.4% go tloga mo R25, 661 bilione ka 2013/14. Ono ke ngwaga wa bone ka tatelano GERD e ntse e oketsega go latela phokotsego e e diragetseng ka 2009/10 le 2010/11. GERD jaaka e le phesente ya GDP, e leng letshwao le le botlhokwa mo go R&D e gagametse mo ikonoming, ka go oketsega go fitlha go 0, 77% ka 2014/15.

Peeletso e e nepileng le e e maleba mo go R&D e a tlhokega mo go fitlheleleng dipeelo tsa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

2.4. Kabinete e tshegetsa pegelo ya ngwagapedi wa ntlha e e ka ga Seemo sa Phetogoloapi Saense le Thekenoloji mo Aforika Borwa.

Pegelo eno, e e tla phasaladiwang, e neelana ka tshekatsheko e e tseneletseng le papiso ya tsa kwa morago mo dipatlisisong tsa saense tsa phetogoloaping mmogo le tsa boitshimololedi jwa thekenoloji. E dira ditshitshinyo di le robedi tsa go tokafatsa maemo a saense le thekenoloji ya phetololoapi mo Aforika Borwa le go baya naga mo maemong a go nna le seabe mo kontinenteng le mo lefatsheng ka bophara mo saenseng le thekenolojing ya phetololoapi. Seno se tla dirisediwa go matlafatsa, go tsereganya le go amogela togomaano kgatlhanong le phetololoapi.

2.5. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Togamaano ya Tshegetso ya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT), Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Digolwane (di-SMME)  gore setšhaba se dire ditshwaelo. Togamaano eno maitlhomo a yona ke go loga ditsereganyo tsa togamaano go ka potlakisa kgolo le tlhabololo ya di-SMME mo lekaleng la ICT, le go ela tlhoko koketsego mo maemong a go rwala le go dirisiwa ga di-ICT ke makalamagolo a dikgwebopotlana.

2.6. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Togamaano ya Naga ka tsa Eleketeroniki gore setšhaba se dire ditshwaelo.

Togamaano ya tsa ileketeroniki e tlhalosa ponelopele ya tlhabololo ya setšhaba se se akaretsang botlhe mo tshedimosetsong le mo kitsong ya ikonomi ya naga e e ikaegileng ka ditlhokwa tsa baagi, kgwebo le makala a puso. Seno se naya maAforika Borwa tšhono ya go ka tsenyeletsa thekenoloji mo matshelong a bone ka mokgwa yo o ka unngwelang setšhaba sotlhe.

Maitlhomo ke go tlhola setšhaba se se ratang le go tlhokomela batho ka kitso, ka go fetola setšhaba sa Aforika Borwa le ikonomi  go ya ka phitlhelelo le tiriso ya dithekenoloji tsa segompieno tsa tlhaeletsano le tshedimosetso.

2.7. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Mosupetsatsela wa Togamaano ya Puso ya Bosetšhaba ka tsa Eleketeroniki gore setšhaba se dire ditshwaelo.

Togamaano eno e eletsa phetolothefosano ya sedijithale ya tirelopuso gore e nne ya setšhaba se se akaretsang, go kgontsha baagi go unngwelwa go tswa mo ditšhonong tse di tlhagisiwang ke dithekenoloji go tokafatsa boleng jwa matshelo a bone.

Seno se tla nna le seabe mo go iponeleng dipeelo tsa NDP mmogo le go nolofatsa maano le manaane a puso mo go abeleng ditirelo tsa puso ka tsela e e manontlhotlho.

2.8. Kabinete e amogetse Togamaano ya Naga ya Pabalesego mo Tseleng ya 2016-2030. Seno se samagana le dikgwetlho le mekhino eo e supotsweng ke Lefapha la Dipalangwa morago ga go tsenya tirisong ditogamaano tsa mo malobeng, go akaretsa le Togamaano ya Naga ya Pabalesego mo Tseleng ya 2006.

Seno se na le seabe mo go fitlheleleng dipeelo tsa NDP go "fokotsa dikgobalo, dikotsi le tirisodikgoka ka 50% go tloga mo maemong a 2010". Gape e tsibogela ditlhokwa tsa go tlhoma lethathama le le tsibogelang la mafaratlhatlha a ikonomi a a maleba e bile a gaisana mo go netefatseng fa go nna le mafaratlhatlha a tsela a a babalesegileng e bile a bolokesegile.  

Dikotsi tsa mo tseleng di na le ditlamorago tse di masisi mo malapeng le mo baaging ka ntlha ya fa di tlhola dintsho mme seno se imela thulaganyo ya ditšhelete tsa loago tsa madithuso a puso.

2.9. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Sethalwa sa Bosetšhaba sa Togamaano ya Lekala la Bojanala gore baagi ba dire ditshwaelo. Seno ke Letlhomeso la Aforika Borwa le le mabapi le kgodiso le tlhabololo ya bojanala.

Togamaano eno e ikaelela go atolosa seabe se se nepileng bojanala mo ikonoming go tloga ka R118 bilione go fitlha go R302 bilione ka ngwaga wa 2026 ka go loga maano mmogo mmogo le go tsenya tirisong dikgato tse re di utlwanetseng tse di kwa setlhoeng.

Go tsenngwatirisong ga Togamaano ya Naga ya Lekala la Bojanala e nnile le seabe se segolo mo kgolong ya ikonomi fa go tla mo thologelong ya bojanala, ka seabe mo go Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) mmogo le thotloetso e kgolo ya kgwebisano e e itumedisang le mo go tlholeng ditiro. Kgato e e latelang ya kgolo e ikaegile mo go kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe le mo phetolothefosanong ya lekala.

2.10. Kabinete e amogetse Leano la Togamaano la Naga (NSP) le le mabapi le Lebolelamading (HIV), Lehuba (TB) le Malwetse a a Fetelanang ka Thobalano (di-STD) la 2017-2022.

Tsibogelo ya Aforika Borwa mo malwetseng a HIV le TB e dira gore maAforika Borwa ba tshele sebaka sa dingwaga di le lesome go feta sebaka seo ba neng ba se tshela mo ngwageng wa 2004. Palo ya ditshwaetso tsa HIV e wetse kwa tlase fela jalo le ka dintsho tsa TB.

NSP eno ya bone e leka go oketsa dikatlego fa ka fo letlhakoreng le lengwe e ntse e tsenya tirisong ditogamaano tse dintšhwa tse di ka thibelang dintshwaetso tse dintšhwa, tsa nopola batho ba ba tshwaetsegileng go sa le gale le go ba tlhatlhoba. E tlhalosa letlhomeso la togamaano la tirisanommogo le makalamantsi go ka potlakisa kgatelopele mo go fokotseng ditshwaetso le dintsho tse di bapisiwang le HIV, TB le di-STI. Seno se tsamaisana le NDP eo e amogelang seabe se segolo seo HIV le TB di nang le sone mo go fokotseng lebelo la kgatelopele ya naga.

2.11. Kabinete e ne ya longwa tsebe ka Pegelo ya Komiti ya Ditona e e ka ga sethalwa sa Pholisi ya Letlhomeso la Bogolofadi mo Thulaganyong ya Thuto le Katiso ya Morago ga go Konosetsa Dithuto tsa Sekolo, eo e dirang ditshitshinyo tse di totileng tlhabololo ya Pholisi ya Letlhomeso la Togamaano ya Bogolofadi.

Seno se neela bokao mo Molaotheong ka ga go ntsha dikgoreletsi tse kgoreletsang go akarediwa ga ditlhopha tse di mo tlalelong mo setšhabeng go tsaya karolo jaaka ditokololo tsa setšhaba.

2.12. Kabinete e amogetse tlhagiso ya Tumelano e e Kwalolotsweng Sešwa e e ka ga Tsibogelo ya Dithuto, Makwalonetefaletso a Thuto, Didipoloma, Ditekerii le Makwalothuto a Mangwe a Thuto e Kgolwane mo dinageng tsa Aforika go isiwa kwa Palamenteng gore e konololwe. Tona ya Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwane o tla tsenyeletsa didirisiwa tsa semmuso mo Mokgatlhong wa Dinagakopano (UN) wa Thuto, Saense le Setso (UNESCO).

Tumelano e e Kwalolotsweng Sešwa eno e ikaelela go tlamela ka tikologo e e kgontshang go ralala le dinaga tsa Aforika ka ga tsibogela makwalothuto a thuto e kgolwane a a jaaka makwalonetefaletso a thuto, didipoloma, ditekeri le makwalo a mangwe a thuto ka go kgontsha gore baithuti, barutegi le badiredi ba kgone go ya gongwe le gongwe koo ba batlang go ralala le kontinente.

2.13. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Pholisis ya Naga e e mabapi le Thulaganyo ya Tlhabololo ya Ditiro tse di Kgobokantsweng tebang le Aforika Borwa gorebaagi ba dire ditshwaelo.  

Pholisi eno e tlamela ka tikologo e e kgontshang tebang le ditumelelo tsa Ditirelo tsa Tlhabololo ya Ditiro ka go dirisa dipholisi, dikaelo, dithulaganyo, mekgwatatelo, dikgaolo, kabelanomaikarabelo le tirisanommogo. Seno se tla kgontsha go netefatsa gore baagi botlhe go sa kgathalesege dingwaga tsa bone, ba na le phitlhelelo ya tshedimosetso e e boleng ya ditiro mmogo le ditirelo tsa tlhabololo ya ditiro mo matshelong a bone otlhe, gore ba kgone go dira botoka ka tshedimosetso e e botoka ya ditiro mmogo le go tsaya ditshweetso mo botshelong ka tsela e e tlisang bothapi jwa maemo a a kwa godimo le go thusa go oketsa kgolo ya leruri e e golang ya ikonomi mo nageng mmogo le go gagamatsa seabe tsa bone mo tlhabololong ya naga ya Aforika Borwa.

Seno se lepalepangwa le NDP eo e rotloetsang gore go nne le kgolo ya ikonomi le ditiro, ka go lepalepanya bao ba senang ditiro le ditiro tseo di leng teng, go atolosa tlhabololo ya bokgoni mmogo le palo ya dialogane tsa kwa diyunibesiting.

2.14. Kabinete e nopoletswe ka kgatelopele e e dirilweng mo Tshekatshekong ya Thulaganyo ya Bosiamisi mmogo le mo go ntšhwafatseng Thulaganyo ya Bosiamisi ka go dirisa Lenaane la Kgolaganyo ya Thulaganyo ya Bosiamisi.

Kabinete e amogetse letlhomeso le le namagadi le le mabapi le tlhabololo ya Kgolaganyo ya Thulaganyo ya Bosiamisi e e tla samaganang le dikgwetlho le ditlamorago go ralala lekala lotlhe la bosiamisi.

Kgolaganyo ya Thulaganyo ya Bosiamisi e itukiseditse go samagana le matlafatso ya tirisanommogo le kgolagano le ditheo tsa molao mo go fitlheleleng maikemisetso a NDP – a go tlhola ditšhaba tse di bolokesegileng mmogo le go tlhola Thulaganyo ya Bosiamisi e e sa tseeweng ke ditsuatsue kgatlhanong le bonweenwee. Seno se na le seabe mo e nngwe ya dipeelo e e reng Batho Botlhe mo Aforika Borwa ba Ikutlwa le go Ipona ba Babalesegile.

2.15. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Tokomane ya Dipuisanelo gore baagi ba dire ditshwaelo e leng seo se tla dirang tlhabololo mo "Kgatong yotlhe ya puso le setšhaba" Togamaanong ya Naga e e Kgatlhanong le Bonweenwee.

Togamaano eno e ikaelela go samagana le bonweenwee, mo makaleng ka bobedi e leng a puso le a poraefete jaaka go nopotswe ke NDP. Dikgato tse di tsentsweng tirisong di ikaelela go tlhola thulaganyo e e sa tseweng ke ditsuatsue e e kgatlhanong le bonweenwee e e rotloetsang tirisanommogo le makalantsi go ralala makala otlhe.

2.16. Kabinete e amogetse Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo lošwa lo lo ka ga Bofaladi jwa Boditšhabatšhaba. Leno ke letlhomeso la pholisi le le tla eletsang tsekatseko e e tseneletseng ya bofaladi mmogo le melao e mengwe.

Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo netefaletsa ditshwanelo tsa boikemelo jwa Aforika Borwa jwa kamogelo le maemo a baagi tebang le batswantle go tsamaelana le dipoelo tsa naga. E tlamela ka ponelopele e e gatelang pele ya Aforika Borwa go oketsa dipoelo tse di tlhokometsweng sentle tsa bofaladi jwa boditšhabatšhaba fa mo letlhakoreng le lengwe e fokotsa dikotsi tse di amanang le bone. Bofaladi jwa boditšhabatšhaba bo tshwanetse go tlotlomadiwa fa mo letlhakoreng le lengwe go sirelediwa boikemelo, kagiso le polokesego.

2.17. Kabinete e tshegetsa Mokete wa Setlwaedi o o tla tshwarwang ke Lefapha la Merero ya Selegae mme e dumetse gore o tsenelwe ke botlhe bao ba neilweng maemo a boagi ka ntlha ya setlwaedi. Kabinete gape e letleletse gore dikgotlatshekelo tsa magiseterata, gareng ga tse dingwe, di dirisediwe go tshwarela mekete ya setlwaedi kwa go tsone.

Mokete ono o tlamela ka tšhono ya go ka ruta baagi ba bantšhwa ka ditshwanelo le maikarabelo a bona le go tsaya maikano a baagi mo pele ga Tona. Seno se tla nna le seabe mo go nneng seopa se le sengwe ka go nopola ditlhokwa tsa gore maAforika Borwa a tlhoka go amogela batswantle bao ba neilweng maemo a go nna baagi ba naga eno ka diatla tsoopedi.

2.18. Kabinete e lomilwe tsebe ka tiro ya Setlhophatiro sa Moporesitente mabapi le Intaseteri ya Botaki sa Motlatsatona. Setlhophatiro seo modulasetilo wa sona e leng Motlatsatona kwa Kantorong ya Moporesitente se tlamela ka serala sa togamaano mo badiraditshweetsong ba puso, mekgatlho ya baagi le mo makaleng a poraefete go buisanela dikgato tse ba ka di tsayang mmogo tseo di tla potlakisang phetolothefosano mo intasetering ya botaki. Dintlha tseo go samaganweng natso di akaretsa: kgatiso ya ditshwantsho le mmino ntle le tetla ya semola, tshireletso le Kgobelelo ya Tshwanelo le Tetlelelo, dintshwantsho le mmino wa fa gae go tshamekiwa mo moweng, thsireletsego mo ditlhaeletsanong tsa loago go akaretsa le tsamaiso e e lolameng ya mogolo, mokgatlho bogolosegolo mo badiragatsing ba intaseteri, phetolothefosano ya lekala le tlhabololo ya bokgoni.

Tiro ya Setlhophatiro e tshegetsa Mzansi Golden Economy ya puso, eo e tlhokomelang go tlholwa ga ditiro, ka go tlotlomatsa bobedi madi a loago le bogaisani le go bokeletsa dipeeletso tsa fa gae mo ditirong tse di ka tlholang ditiro tsa leruri. Ka go dirisana le batsayakarolo ba le bantsi mo intasetering le go ralala le mo mafapheng, Setlhophatiro se ranotse ditsereganyo di le mmalwa go bulele le go godisa intaseteri ya botaki mo lekaleng lotlhe mme tse dingwe tsa tseo ke go tsenya tirisong Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Tetlelelokhophi le Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Tshireletso ya Badiragatsi kwa Palamenteng; tokafatso ya matsholo a phuruphutso ya bao ba gatisang dintshwantsho le mmino go se mo molaong go diragadiwa gangwe le gape, jalojalo.   

2.19. Aforika Borwa e amogetse seabo sa yona se se ntšhwafaditsweng mo Dipuisanelong tsa Ditirelo tsa Kgwebisano ya SADC tse di amanang le makala a dikonteraka le a dipalangwa.

Seno se tlotlomatsa kgolo ya ikonomi ya fa nageng ya makala a a leng kwa setlhoeng go akaretsa le katoloso ya ditšhono tsa go fitlhelela dimaraka tebang le ditirelo tsa thomelontle tsa Aforika Bowa.

Kgololo ya tirelo e bontsha kgato e e botlhokwa mo tsenyeletsong ya SADC le go nna le seabe mo go tlhomiweng ga mebaraka ya tikologo eo e tla tshegetsang tshupologo le tlhabololo ya difeme tsa tikologo go abela mebaraka e megolo ya tikologo ka ditirelo. Seno se na le seabe mo dipeelong tsa NDP tsa go rotloetsa kgolaganyo ya ikonomi ya tikologo le tlhabololo ya kontinente ya Aforika.

2.20. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa Semmuso ga Tumelano e e Baakantsweng ya Nairobi go Sireletsa, go Laola le go Tlhabolola Tikologo ya Boemakepe le Mafelo a Mabopong a Western Indian Ocean, kwa Palamenteng.

Seo se neelana ka mokgwatsamaiso wa tirisanommogo mo tikologong, dikgato tse di golaganeng le tseo di dirisanang mmogo mo tikologong ya Botlhaba le Borwa jwa Aforika. Seno se tla kgontsha Maphata a a Amegang go bokeletsa didirisiwa le bokgoni go tswa kwa bannaleseabeng ba bantsi ba ba farologaneng le kwa mekgatlhong e e nang le kgatlhegelo go ka rarabolola matsapa a a leng teng mo go golaganeng mo tikologong ya boemakepe le ya mabopo go akaretsa le dintlha tse di botlhokwa thata tsa naga le tsa melelwane.

Go tsenngwa semmuso gono go tla lwantshwa kgotlheloloapi le go netefatsa gore go nna le taolo e e tsetsepetseng ya metswedi ya tikologo ya boemakepe le mabopo eo e amang tlhagiso e e sa tlhaeleng ya dijo, boitekanelo le seabe sa go ka godisa ikonomi.

2.21. Kabinete e begetswe ka ditlamorago tsa Kopanong ya bo 22 ya Khonferense ya Makoko a a Tsayang Karolo mo Kopanokgothakgotheng ya Letlhomeso la Dinagako mabapi le Phetogoloapi (COP22) mo Kopanokgothakgotheng ya UN e e mabapi le Phetololoapi(UNFCCC), mmogo le mo Kopanong ya bo 12 ya Khonferense ya Makoko a a Tsayang Karolo mo Kopanong ya Makoko a Porotokhole ya Kyoto (CMP12), e e neng e tshwerwe ka la bo 7 go fitlha ka la bo 18 Ngwanaitseele 2016 kwa Bab Ighli, Marrakech, Morocco.

Marrakesh COP 22 e nnile motsotso o o botlhokwa thata wa phetogo go latela dingwaga di tlhoka palo tsa go buisanelwa tseo di dirileng gore go nne le Tumelano ya Paris ya go tsenya tirisong dikgato tsa go samagana le go tsamaelana. Dipeelo tsa COP 22 bontsi jwa tsone di fitlheletswe go ya ka maikarabelo a Aforika Borwa.

2.22. Kabinete e amogetse maikarabelo a Aforika Borwa a go buisanela go direla jaaka motheo wa go buisana kwa Kopanong ya Basel, Rotterdam le Stockholm e e tla tshwarwang ka la bo 24 Moranang go fitlha ka la bo 5 Motsheganong kwa Geneva.

Maitlhomo ke go dira go fitlhelela tlhokomelo e e nang le mooko ya tikologo mabapi le dikhemikhale le leswe go ka fitlhelela boitekanelo le tikologo tseo di siametseng matshelo a batho tsa leruri.

2.23. Kabinete e amogetse go tlisiwa ga Pegelo ya Ntlha ya Naga e e ka ga Tumelano ya Boditšhabatšhaba ka Ditshwanelo tsa Ikonomi, Loago le Setso mo Komiting ya UN e e ka ga Ditshwanelo tsa Ikonomi, Loago le Setso.

Go fitlhelela ditshwanelo tsa ikonomi ya loago ke karolo ya botlhokwa ya Molaotheo le NDP. Fa e sale go simolola temokerasi Aforika Borwa e fitlheletse dikgato tse dikgolo mo go iponeleng ditshwanelo tsa ikonomi ya loago ya batho ba yona. Mo Dingwageng tse di fetileng di le 18 re agile ditheo tsa temokerasi, ra fetola maemo a tirelopuso, ra atolosa ditirelo tsa motheo, ra dira gore ikonomi ya rona e se kgwetlhe le go tsaya maemo a rona mo dinageng tsa lefatshe. Le fa re fitlheletse tseno tsotlhe lehuma, go se lekalekane le botlhokatiro di tswelela go nna dikgwetlho tsa rona tse dikgolo.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e atlenegisitse go tsenngwatirisong ga Molaotlhomo wa Sekema sa Dituelelo tsa Dikotsi tsa mo Ditseleng wa 2017 gore o isiwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o tlamela ka sekema sa megolo ya loago mo batswasetlhabelong ba dikotsi tsa mo tseleng ka go dira gore go nne le melao e mentšhwa ya sekema sa dituelo tsa dikotsi tsa dijanaga se se bediwang Sekema sa Dituelelo tsa Dikotsi tsa mo Ditseleng, seo se tla tsenang mo legatong la seo se dirisiwang ga jaana sa Dituelelo tsa Dikotsi tsa mo Ditseleng.

3.2. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Molaotlhomo wa Phediso ya Ditlamo tsa Dirisoto tsa Overvaal, wa 2017 gore baagi ba dire ditshwaelo. Seno se tla fedisa Molao wa Ditlamo tsa Dirisoto tsa Overvaal wa bo 123 (Molao wa bo 123 wa 1997), e leng molao yo o dirileng gore go nne le Aventura. Seno se konosetsa go fedisiwa ga Aventura.

Kabinete e ne ya tsaya tshweetso ka la bo 22 Phatwe 2001 ya go fedisa dirisoto tsa Aventura tseo di neng di tsewa jaaka dithoto tse di seng botlhokwa tsa Puso.

3.3. Kabinete e amogetse go tsenngwatirisong ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Sesole wa 2017 gore o isiwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo o lolamisa Molao wa Sesole wa 2002 (Molao wa bo 42 wa 2002)  go ya ka ditlhokwa tsa ga jaana tsa thulaganyo ya lefapha tseo di tla tokafatsang tolamo ya Lefapha la Sesole. Dipaakanyo ka tlhago di rulagane mme di ama tsamaiso ya ka fa gare ya Lefapha la Sesole.

3.4. Kabinete e amogetse Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tiragatso ya Molao wa 2017 go isiwa kwa Palamenteng.

Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Tiragatso ya Molao wa 2014 (Molao wa bo 28 wa 2014) go samagana le dintlha tsa tiragatso le tsa setegeniki tse di seng botlhokwa go le kalo.

Molaotlhomo ono gape o senka go laola melawana ya dikgaolo tsa dikgotlatsheko tsa Bobueledi jwa Diporofense, go tlhamalatsa gore ke fela babueledi ba molao bao ba ka diragatsang kgotsa ba aba ditirelo tse di rileng, go kgontsha go laola dibanka mo diakhaontong tsa bojalefa, go laola paka ya Foramo ya Naga mo Mererong ya Ditiro tsa Molao le go ntsha letlha la go phatlhalatsa mokgatlho wa molao.

4. Merero ya ga Jaanong

4.1. Puso e amogetse katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo mabapi le dituelo tsa madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba. Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) mo dituelong tsa madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba e eteletswe pele ke Moporesitente Jacob Zuma e ntse e semeletse go netefatsa gore Puso e tswelela go duelela dituelelo di feta di le 17 milione tsa madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba mo go bao bajalefa bao ba nang le matshwanedi ao go simolola ka la bo 1 Moranang 2017.

Bajalefa ba ba amogelang madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba kwa baabing le kwa dibankeng ba tla duelelwa ka la bo 1 Moranang 2017 fa bao ba dirisang Mafelotuelelo a Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) ba tla duelelwa ka la bo 3 Moranang 2017. Bajalefa ba madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba ba tshwanetse go ela tlhoko matsatsi ano ao a tlhagelelang mo setlankaneng sa bona sa tuelelo ya kgwedi e ba amogetseng mogolo labofelo ka yona, ka Mopitlwe 2017. Mogala o o sa duelelweng wa Tikwatikwe ya Megala: 0800 60 10 11 o tla bulelwa go thusa bajalefa ka dipotsolotso tsotlhe tse ba ka tswang ba natso. Dithulaganyo di setse di dirilwe go netefatsa gore porogerama ya SOCPEN e nna malalalaotswe go ka dira diphuruphutso dipe le go netefaletsa dintlha tsa kopo ya megolo.

Lenaane la Madi a Puso a Tlhokomelo ya Setšhaba le tswelela go nna nna letlole le le botlhokwa thata mo dimilioneng tsa maAforika Borwa. Le ka fa boteng jwa lenaane la puso la go fedisa lehuma, mme le thusitse mo go tsosoloseng seriti sa batho ba borona. Re puso e e nang le tlhokomelo eo ka gale e lwelang go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa ao a humanegileng, ao a leng mo tlalelong le ao a tlhokang.

4.2. Kabinete e gateletse gore ditshwanelo le polokesego ya basadi botlhe mo setšhabeng sa rona di tshwanetswe go sirelediwa. Ditiragalo tsa go sale gale tsa petelelo ya mosadi, bogolosegolo ke mokganni wa dithekisi ke sengwe seo se re tlhobaetsang.

Kabinete e akgola mosadi yono yo a begileng tiragalo eno mme e ikuela mo baaging go thusa go tswa letsholo go batlana le dirukhutlhi tsa tirisodikgoka mo basading le mo baneng.

4.3. Kabinete e boeletsa mafoko a Moporesitente Jacob Zuma mo nakong ya puo ya gagwe kwa Dikabong tsa Naga tsa bo 17 tsa Barutabana: fa a ne a re dikgato di tla tseewa kgatlhanong le barutabana bao ba tswelelang go dirisa thupa kwa dikolong, seno ga se mo molaong mme dikgato di tla tseewa kgatlhanong le barutabana bao ba tlolang molao le go pitokolosa mo leroleng seriti le pabalesego ya barutwana. Matsapa a bašwa ba ba nnang mo mmeleng ba santse ba tsena sekolo mmogo le bosenyi jo bo jaaka dintwa tsa dirukhutlhi, diritibatsi, notagi le go bogisana le tsona di beilwe kwa setlhoeng.

4.4. Kabinete e etse tlhoko maemo a a tlhobaetsang a a yang magoletsa a ditiragalo tsa dintwa tsa boradithekisi mo dikarolong tse dingwe tsa naga. Bannaleseabe botlhe mo intasetering ya dithekisi go ikuelwa mo go bona gore ba buisane mme ba tlhagise ditharabololo mo matsapeng ao ba nang nao gore ba se ame ka tsela e e sa siamang banamedi bao ba tlhokang tirelo ya bona. Kabinete e ikuela mo lekaleng la dipalangwa le mo ditheong tsa molao go dirisana mmogo go thibela go thibologa ga ntwa ya boradithekisi.

4.5. Kabinete e tlhobaediwa ke go thubelwa ga katoro ya Moatlhodimogolo mo dikhomphiutara di le mmalwa di utswitsweng. Ditiro tsa mothale ono tsa bosenyi di diragalela moodi wa molaotheo wa temokerasi ya rona mme ditiro tsa mothale ono ga go fo di beewang mo setšhabeng sa rona.

Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego, se se eteletsweng pele ke Moporesitente Jacob Zuma se gateletse maikemisetso a sona a go lwantsha bosenyi mme se ikuela mo baaging go bega ditiragalo tse di belaetsang kwa bothating jo bo maleba.

4.6. Kabinete e amogetse dipatlisiso tsa Khomišene ya Dikgaisano mabapi le ditatofatso tsa maitsholo a go ipeela ditlhwatlhwa go se mo molaong mo lekaleng la ditlhagisiwa tsa dijo tse di foreše mme re santse re letile gore e konosetse dipatlisiso tsa yona. Maitsholo a a sa Tsamaisaneng le Melao ya Dikgaisano a ama malapa a naga ao bontsi a leng mo tlalelong e bile a nyatsa matsapa a rona jaaka naga a go oketsa mebaraka e e supogang ya balemirui ba bathobatsho mo marakeng ono.

Re rolela hutshe tiro ya Khomišene eno mo go sireletseng le mo go tlotlomatseng ditshwanelo tsa bareki le tsa baagi ba naga ya rona.   

4.7. Lefapha la Temothuo, jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi le kopile bothati jwa Brazil go abelana ka tshedimosetso ya semmuso le lenaneo la ditlamo tseo di supilweng mo ntlheng ya go romela nama e e sa siamang kwa dinageng tse dingwe tse di ka akaretsang Aforika Borwa.

Bothati jwa Brazil bo laetswe gore bo emise dithomelontle tsotlhe tsa nama tsa ditlamo tseo go fitlhelela ntlha eno e rarabololwa ka tsela eo e tla kgotsofatsang Bothati jwa Diphologolo jwa Aforika Borwa.

4.8. Moporesitente Jacob Zuma o tlhagisitse fa phitlho ya moswi le molwelakgololesego wa Mosekisiwa wa Kgetse ya Menolopuso ya kwa Kgotlatshekelong ya kwa Rivonia yo a kgaratlheletseng gore go nne le Aforika Borwa e e gololesegileng le temokerasi, ya Rre Ahmed “Kathy” Kathrada, e tla nna Phitlho ya Semmuso e e Itlhophileng.

Kabinete e boeletsa mafoko a Moporesitente Zuma mo go romeleng matshediso kwa mokapelong wa gagwe, Tona ya mo malobeng ya Lefapha la Dikgwebo tsa Puso Mme Barbara Hogan, lelapa la ba ga Kathrada le lelapa la gagwe la sepolotiki, African National Congress, leo malome Kathy a le diretseng a sa inaganele a le esi botshelo jwa gagwe jotlhe e le mogodi.

Tirelo ya segopotso e tla tshwarwa mme dintlha tsa yona di tla itsisiwe mo tsamaong ya nako.

4.9. Kabinete e rometse matshediso kwa ba lelapa le ditsala tsa motlhami wa Bloemfontein Celtic Ngaka Petrus Rantlai Molemela. Lefa la gagwe la tiro e e tswileng diatla eo e tlotliwang mo botsamaising jwa kgwele ya dinao mo Aforika borwa bo nnile le seabe mo metshamekong le mo tlhabololo ya baagi.

4.10. Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le baratiwa ba motshameki le modira difilimi yo a itsegeng thata Rre Joe “Sdumo” Mafela yo a neng a itsege thata ka ‘Sdumo’. O tla gopolwa ka seabe sa gagwe se segolo mo seabeng sa ditso tsa rona.   

5. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

5.1. Boto ya Setheo sa Boitshimololedi jwa Thekenoloji:

a) Rre Edward Christian Kieswetter (Monnasetulo);
b) Ngaka Steven Lennon;
c) Mme Joy Sebenzile Matsebula;
d) Rre Thabiso Ramasike;
e) Mme Fuzlin Levy-Hassen;
f) Mme Patience Lethabo Mlengana;
g) Rre Mzwandile Madikizela;
h) Ngaka Jan van de Loosdrecht;
i) Ngaka Judy Coates; le
j) Moporofesara Roy Marcus.

5.2. Boto ya Bakaedi ba Postbank:

a) Mme Boitumelo Mothelesi;
b) Rre Edward Netshivhulana;
c) Mme Leonora Noluphumzo Noxaka;
d) Rre Ashley Cavel Seymour; le
e) Rre Mark Barnes.

5.3. Go thapiwa gape ga Mme Nomsa Motshegare jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo wa Bolaodi jwa Naga jwa Dikoloto.

5.4. Mme Zodwa Ntuli jaaka Mokomišenara wa Khomišene ya Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming (BBBEE).

5.5. Kgotlatshekelo ya Ditlamo:

a) Advocate Mohammed Alli Chicktay (Monnasetulo);
b) Mme Bongekile Zulu;
c) Mme Ishara Kamini Bodasing;
d) Rre Lindelani Daniel Sikhitha;
e) MoporofesaraPetrus Albertus Delport (o thapilwe gape);
f) Rre Maake Francis Kganyago (o thapilwe gape);
g) Rre Khashane Manamela (o thapilwe gape);
h) Mme Lucia Glass (o thapilwe gape);
i) Mme Khatija Tootla (o thapilwe gape); le
j) Mme Matshego Jacqueline Ramagaga.

5.6. Boto ya Khomišene ya Naga ya Dilotho:

a) Moporofesara Ntshengedzeni Alfred Nevhutanda;
b) Advocate William Elias Huma;
c) Mme Doris Dondur;
d) Rre Muthuhadini Alfred Madzivhandila;
e) Rre Yaswant Narotham Gordhan; le
f) Mme Zandile Nkonyane (moemedi wa dti)

5.7. Ditheo tseo di abang madi a thuso tseo di Phasalatsang Ditheo tsa Boto ya Khomišene ya Naga ya Dilotho:

a) Mme Ndileka Eumera Portia Loyilane;
b) Mme Iveda V Kayser Smith;
c) Mme Chickey Silvy Mofet-Mubu; le
d) Rre Jeffrey Du Preez.

5.8. Rre Jeremiah Lengoasa jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo wa Tirelo ya Bolepi jwa Aforika Borwa.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Dintlhakgokagano: 082 901 0766

 Union Building