Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 10 Motsheganong 2017, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
1. Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF) e e ka ga Aforika
1.1 Kabinete e amogetse go tshwara kopano go go atlegileng ga WEF e e ka ga Aforika ya bo 27 eo mo go yona Moporesitente Jacob Zuma a neng a eteletse pele Setlhopha sa Barongwa sa Aforika Borwa, Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Dipuso go tswa mo kontinenteng ya Aforika, baeteledipele ba lefatshe mo diintasetering le mo dikhomeseng mmogo le baeteledipele ba setšhaba. Khonferense eno e ne e tshwerwe ka moono o o reng: “Go fitlhelela kgolo e e akaretsang botlhe: boeteledipele bo bo tsibogelang e bile bo le maikarabelo”.
1.2 Kopano eno ya bo 27 ya WEF e e ka ga Aforika e tota e netefaletsa lefatshe gore e santse e le karolo ya mafelo a go ka beelediwang mo go ona mo kontinenteng ya Aforika. Barulaganyi ba kopano eno ba netefaleditse gore baeteledipele ba feta ba le 1 000 ba tsenela kopano eno, e leng palo e ntsi go fetisisa fa a bapisiwa le ya WEF e e ka ga Aforika e e fetileng.
1.3 Mowa o o tebileng wa tirisanommogo magareng ga puso le bagwebi mo kopanong ya WEF e e ka ga Aforika e ne e le o o itumedisang. Dipuisano tse di tseneletseng tseno di neile Aforika Borwa tšhono ya go bontsha kgatelopele eo e e dirileng mo go kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe le go bontsha gore Aforika Borwa e buletse dikgwebo. Aforika Borwa e santse e semeletse mo go tsenyeng tirisong Leano la yona la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) mo go fokotseng maemo a khumanego, tlhokotekatekano le botlhokatiro.
2. Dipalangwa
2.1 Go thankgolowa ga diterene tse dintšhwa tsa Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (PRASA) mmogo le ditirelo tsa diterene, ke Moporesitente Jacob Zuma ka la bo 9 Motsheganong 2017 kwa seteišeneng sa kwa Pretoria.
2.2 Diterene tse dintšhwa tsa motseseteropo (tseo di itsegeng ka gore ke diterene tsa batho) ke karolo ya diterene tse dintšhwa tse di tla thankgololwang ke puso mo dingwageng tse di tlang di le 10 go ya go di le 15 jaaka karolo ya Lenaane la Dintšhwafatso la PRASA. Ke tshimologo ya tirisanommogo ya PRASA le Alstom ka tumelano e e saenilweng magareng ga Fora le Brazil.
2.3 Diterene tse dintle tse dintšhwa tsa motseseteropo (tseo di itsegeng ka gore ke diterene tsa batho) di abelana ka maemo a a farologaneng a boiketlo le ditirelo, mme adi tla fetola megopolo ya banamedi ka go tsaya maeto. Ke karolo ya puso ya go tlhabolola ikonomi ka go aga mafaratlhatlha a magologadi mme e bile di bonolo go ka dirisiwa le ke batho ba ba nang le bogole.
2.4 Kabinete e dirile boikuelo mo maAforika Borweng go ikgantsha le go tlhokomela diterene tseno tse dintšhwa kgatlhanong le ditiragalo dipe tsa tshenyo ya thoto ya puso.
3. Ditshupetso tsa kwa Vuwani
3.1 Kabinete e amogela ditsereganyo tse di atlegileng tsa Moporesitente Zuma kwa Vuwani, Limpopo. Moporesitente o ne a kopana le Kgosi Toni Mphephu Ramabulana wa Vha-Venda, mmogo le bannaleseabe ba bangwe mo baaging gore go bonwe fa go ka se fitlhelelwe ditharabololo tseo ba ka di utlwanelang mo dingongoregong tseo di tlhagisitsweng.
3.2 Mo kopanong go utlwanetswe gore tshitshinyo ya Kgosi ya gore Masepala wa Kgaolo wa Vhembe o tshwanetse go tlamela ka ditirelo baagi ba Vuwani fa go santse go sekwasekwa ditharabololo tse di tla nnelang ruri tse di mabapi le dintlha tsa go kgaoganngwa ga mebasepala. Tharabololo e e tshitshintsweng eno e tsamaelana le molao o o leng teng ga jaana o o laolang mebasepala.
3.3 Go ne gape ga swetswa ka gore mafapha a a maleba a puso ya bosetšhaba le a puso ya porofense a tshwanetse go tshegetsa masepala ono wa kgaolo mo maikarabelong ano a o sa tswang go a rwala ga jaana. Le fa go le jalo, kwa kopanong eno go gateletswe gore ditshwetso tse di tserweng ga di ree gore masepala o montšhwa ono (LIM 345) o a fedisiwa. Tshwetso eno ke karolo ya maikemisetso a puso a go fitlhelela ditharabololo tse di akaretsang botlhe.
3.4 Dipuisano tsa Moporesitente le bannaleseabe botlhe di dirile gore dikolo le dikgwebo di boele di dire jaaka gale. Kabinete e akgola bannaleseabe mo go gateleleng gore go tsenngwetirisong ditumelano tse di utlwanetsweng tse di tlhagisitsweng ke Kgosi. Moporesitente o ikanne gore o tla boa go tla go buisana le baagi ba Vuwani mme letlha leo le santse le tla utlwanelwa le Kgosi Toni Mphephu Ramabulana mmogo le bannaleseabe botlhe ba lefelo leo.
3.5 Kabinete e ikuela mo batsading le mo baaging gore ba tshegetse ditsereganyo tsa lefapha go netefatsa gore bana ba boela sekolong mme ba ithuta le go gatela pele ka tseo ba saletseng morago ka tsona ka matsholo ao a diriwang kwa dikolong tsotlhe.
4. Ditshupetso tse di renang dikgoka
4.1 Kabinete e ikuela mo baaging go ikgatolosa tirisodikgoka, matshosetsi le go utswa dithoto fa ba dira ditshupetso. Ditiragalo tsa tirisodikgoka le dikgato tsa bogodu jwa dithoto le tsa go senya dithoto tsa bagwebi tseo di ntseng di tsweletse malobanyana fa kwa Coligny, Eldorado Park, le Ennerdale di nyefolwa ka bogale ke Kabinete.
4.2 Kabinete e ipiletsa mo baaging go tlhagisa matshwenyego a bona ka tsela eo e batlang ditharabololo go sena tlhokego ya gore go senngwe dithoto tsa puso kgotsa go gatakaka ditshwanelo tsa baagi ba babangwe.
4.3 Mo nakong ya Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya Tlhakole 2015, Moporesitente Zuma o ne a dira boikuelo jwa gore Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego (JCPS) se samagane ka tshwanelo le ditshupetso tse di renang dikgoka e bile di na le tshenyo ya dithoto. Kabinete e boeletsa ntlha eno gore bao ba tshelang molao ba tla kopana le dinta di fuduga.
4.4 Kabinete e ikuela mo bannaleseabeng botlhe gore ba buisanele dintlha tseo ba lebile gore ba di rarabolole ka bonako kwa Ennerdale, Eldorado Park le kwa Coligny.
5. Molao o o kwalolotsweng sešwa wa Dikwatikwe Tsa Matlhale a Bosenyi Jwa Matlole
5.1 Kabinete e amogetse go saeniwa ke Moporesitente Zuma ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Dikwatikwe tsa Matlhale a Bosenyi jwa Matlole (FICA) gore e nne molao. Aforika Borwa, jaaka karolo ya lefatshe ka bophara eo e samaganeng le go lwantsha ditiragalo tse di seng mo molaong tsa matlole e tla samagana le ditsereganyo tsa boditšhabatšhaba tseo di lekang go lwantshana le dithulaganyo tse di sa lolamang tsa matlole le dithuso tsa madi a menolopuso.
5.2 Molaotlhomo ono o tla nna gape le seabe mo go natlafatseng botlhokalehunela le mo seriting sa thulaganyo ya matlole ya Aforika Borwa le go ketefaletsa basenyi bao ba tlolang melao ya go duelang lekgetho, bao ba amegang mo dithulaganyong tse di sa lolamang tsa matlole le dithulaganyo tse di seng mo molaong tsa go tila go latela melao ya thulaganyo ya matlole ya Aforika Borwa. Ke karolo ya didirisiwa tseo re nang le tsone mo nageng tsa go lwantsha bosenyi jwa matlole mo makaleng ka bobedi a poraefete le a puso.
5.3 Kabinete e ne ya tsiboswa ke Tona ya Matlole gore dipuisano di tsweletse mme di tla konosediwa go ise go e kae gore kgato ya go phasalatsa melawana e tsee kgato e e tla amang FICA.
6. Ditshwetso tsa Kabinete
6.1 Tona ya Matlole o ne a tsopolela Kabinete ka kopano ya mo malobeng ya Setheo sa Matlole sa Boditšhabatšhaba (IMF)/kopano ya Dikgakologo ya Banka ya Lefatshe, Dipontsho tsa Dipeeletso mmogo le WEF e e ka ga Aforika. O ne gape a tsopolela Kabinete ka ga Kopano ya G20 ka ditshitshinyo tsa Aforika tsa go rarabolola dingongorego tsa babeeletsi le Ditheo tsa Tshekatsheko Maemo a Ikonomi. Go nnile le dipuisano tse di tseneletseng tse di mabapi le sebopego sa maemo a ikonomi ya mo tikologong le ya mo lefatsheng, maeo a a tikologo go tsopotswe tseo di tshwanetsweng ke go diriwa go busetsa morago tshwetso ya go folosiwa mo maemong a ikonomi.
6.2 Kabinete e gateletse gore e santse e ikemiseditse go sala morago moano wa pholisi ya matlole o o tlhalositsweng mo Puong ya Tekanyetsokabo ya 2017; go tsenngwatirisong ga dipaakanyo tsa go tokafatsa puso mo Ditlamong tsa Puso (di-SOC); go se sutise maemo a a beilweng a go lekanyetsa tiriso ya madi mmogo le go netefatsa gore dikoloto tsa puso ga di tswe mo taolong. Lenaane la puso le le totileng go salamorago tshalelomorago e e ka ga go tsenya tirisong dipaakanyo tsa maemo a baeteledipele le ikaeletse go tlhotlhetsa kgolo ya ikonomi, jaaka e tlhalosiwa ka fa teng ga Leano la Dintlharobongwe, mme le santse le le matshwanedi go ka samagana le matshwenyego a mangwe a a tlhagisitsweng ke babeeletsi.
6.3 Kabinete e amogetse pegelo e e sa tswang go gololwa malobanyana ke ba feme ya EY Consultancy e e mabapi le Peeletso ya Dinaga tsa kwa Ntle e e Tobaneng le Aforika. Pegelo eno e nopola Aforika Borwa jaaka lefelo le lengwe le le nang le ikonomi e kgolo le gore e mo maemong a bobedi mo Tshupaneng ya Ngokelo ya Aforika ya 2017.
6.4 Kabinete gape e ne ya tlotlomadiwa ka maeto a a tla diragalang a go etelwa ke ditheo tsa ditshekatsheko tsa maemo a ikonomi a a leng ka ga go buisana le mekgatlho e le mmalwa mmogo le baeteledipele ba puso.
6.5 Kabinete e atlenegisitse Sekwalwatlhomo sa Togamaano ya Tekolosešwa ya Dipalangwa tsa kwa Metseselegaeng. Togamaano eno e tsibogela ditlapele tsa dimasepala tsa kgaolo ya metseselegae mmogo le diporofense, ka go samagana le tlamelo e e tlhaelang ya Mafaratlhatlha a Dipalangwa tsa Metseselegae e leng seo se thibelang tlhabololo ya ditiragalo tsa ikonomi ya loago.
Go tsenngwatirisong ga togamaano eno go tla nna le seabe mo tlhabololong ya ikonomi ya tikologo le ya porofense ka go tokafatsa phitlhelelo ya dipalangwa tsa setšhaba. Seno se tla oketsa kgolagano magareng ga mafelo a kwa metseselegae le a kwa metseseteropong, ka maitlhomo a go dira gore tikologo ya metseselegae e nne karolo ya ikonomi ya naga.
6.6 Kabinete e atlenegisitse Pholisi e e Golaganeng ya Dipalangwa tsa kwa Mawatle. Yona e tlhalosa maitlhomo a puso mabapi le kgolo, tlhabololo le phetolothefosano ya lekala la Aforika Borwa la dipalangwa tsa kwa mawatle mo go tshegetseng tlhabololo ya ikonomi ya loago fa mo letlhakoreng le lengwe e tsenya letsogo mo kgwebisanong ya boditšhabatšhaba.
Seno se tsamaisana le ditlapele tsa puso tseo di amanang le Operation Phakisa mo go godiseng Ikonomi ya Mawatle. Gape e tsamaisana le dipeelo tse di atolositsweng tseo maitlhomo a tsona e leng go rotloetsa kgolo ya ikonomi mmogo le go tshegetsa go tlhamiwa ga ditiro jaaka go tlhalositswe mo go NDP le mo go Leano la Mafaratlhatlha a Naga.
6.7 Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Sekwalwatlhomo sa Togamaano ya Dipalangwa tse di sa Kgotlheleng Tikologo gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga sona. Dipalangwa di na le seabe se segolo mo go kgontsheng gore go nne le kgwebisano mo lefatsheng ka bophara e e siametseng go ka somarela ikonomi, loago le tikologo. Dithulaganyo tsa dipalangwa ke karolo ya seikokotlelo sa ditiragalo tsa ikonomi ya loago ya Aforika Borwa ka go kgontsha gore batho le dithoto tse di rekisiwanng di kgone go kgabaganya melelwane. Le fa go le jalo, semoko se se tswang mo dijanageng se na le seabe mo semokong sotlhe se se tlhodiwang ke naga (GHG), mo dipalangwa tsa mo tseleng e leng tsone tse di eteletseng pele ka semoko se sentsi. Togamaano eno e senka go tlhagisa ditsela tse di ka fokotsa semoko sa GHG go ya ka melawanatheo ya tlhabololo ya leruri.
6.8 Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e nne karolo ya Smart Africa Alliance. Eno ke tirisanommogo e e etilweng pele ke Aforika mme e lebeletse go tlhagisa ditharabololo tse di matshwanedi le go abelana didirisiwa go samagana le dikgwetlho tsa tlhabololo tse di totileng kontinente. E baya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT) kwa setlhoeng sa Lenaneo la Tlhabololo la 2063 la dinaga tsa Aforika.
Aforika Borwa e tla unngwelwa mo maemong ka bobedi a ikonomi le a sepolotiki ka go nna le seabe mo go Smart Africa Alliance.
Ka go baya diintaseteri tsa Aforika Borwa mo maemong a a tla di unngwelang mmogo le kitso ya bokgoni mo lenaneong la tlhabololo la Smart Africa Alliance, Aforika Borwa e tla nna le seabe mo kgolong ya dikgwebo tsa legae mo kgaolong.
6.9 Kabinete e letleletse gore go phasaladiwe Pholisi ya Naga ya Lefapha la Thuto ya Motheo e e ka ga Lebolelamading (HIV), Malwetse a a Fetelanang ka Thobalano (di-STD) le Lehuba (TB).
Pholisi ya ngwaga wa 1999 e tobane le tlhokomelo ya lefatshe lotlhe mmogo le dintlha tsa melemo ya tlhago ka ga thibelaketegelo, mme ga e lebelele thata sebopego, mekgwa le maitsholo a a bakang HIV.
Pholisi eno e tshitshinya gore go nne le phetogo ka fao HIV e tsewang ka teng ka fao go dirisiwang maokelo a setšhaba go samagana le HIV, mmogo le go akarediwa ga TB jaaka e nngwe ya dintlha tsa botlhokwa go samaganwa natso kwa dikolong, gareng ga mafelo a mangwe. Seno se atologile go akaretsa le barutwana, barutabana mmogo le badiredipuso, kwa dikolong tsa puso le tseo e seng tsa puso.
7. Melaotlhomo
7.1 Kabinete e atlenegisitse go tsenngwatirisong ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlamo tsa Difofane, 2017 mmogo le Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Taolosephethephethe le Taolo ya Mebila Difofane gore o isiwe kwa Palamenteng.
Diphetogo tse di leng mo Melaotlhomong eno e mebedi di senka go tlamela ka Setheo sa Leruri sa Melawanataolo. Di senka gape le go tlamela ka ditsela tsa go tlhoma dikomiti tsa go tlhatlhela boikuelo, tseo di tla nnang le seabe mo go rarabololeng dikganetsano tse di ka runyang.
8. Ditiragalo tse di tlang
8.1 Moporesitente Jacob Zuma o tla neelana ka puo ya pulo ya 2017 ya Tourism Indaba, e e tla tshwarelwang kwa Tikwatikweng ya Kopanelo ya Boditšhabatšhaba ya Inkosi Albert Luthuli kwa Durban magareng ga la bo 16 le la bo 18 Motsheganong 2017.
Eno ke Indaba ya boditšhabatšhaba e e tla bontshang ditlhagisiwa le ditirelo tsa Aforika Borwa mo lekaleng la bojanala le la botlhabakgobe. Tourism Indaba 2017 gape e tla rotloetsa le go tshegetsa phetolothefosano e e tsweletseng mmogo le go tlhama intaseteri ya bojanala ya Aforika Borwa, go lebeletswe thata karolo ya baitshimololedi ba dikgwebo mmogo le ya beng ba dikgwebopotlana.
Mo Aforika Borwa, bajanala ba feta dimilione di le 10 ba jetse naga nala ka 2016, e leng palo e e oketsegileng ka 13% fa e bapisiwa le ya 2015. Eno ke palo e e gaisang kgolo ya lefatshe ka bophara ya 3% mo pakeng eo. Mo pakeng eno ya Tourism Indaba, Aforika Borwa e tla unngwelwa go tswa mo palong ya baeteledipele bao ba tla jelang naga nala.
8.2 Tona ya Eneji, Mme Mmamoloko Kubayi, mo kgweding eno o tla etelapele letsholo la Kgwedi ya Eneji ka moono yo o reng: “Go rotloetsa metswako ya eneji e e rekegang e bile e le e e somarelegang mo go tshegetseng phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi ya loago”. Letsholo leno le tla ruta, la lemosa le go buisana le baagi ka ga mosola wa eneji, tlhokomelo ya eneji, mefuta e mengwe gape ya eneji le ka fao e ka thusang malapa, dikgwebo le diintaseteri.
8.3 Puo ya Lefapha ya Thebolo Tekanyetsokabo ya 2017 e naya lefapha tšhono ya go tsibosa Palamente mmogo le baagi ka ga tsela eo ba tla dirisang tekanyetsokabo e ba e neilweng yone mo ngwageng wa 2017. Gape ba tla dirisa serala seno go itsise le baagi ka ga seo leano la bona le leng ka ga sona mo ngwageng ono wa matlole. Kabinete e ikuela mo baaging go sekaseka dintlha tseno ka di tla bo di tlhagisiwa kwa thulaganyong ya Palamente.
8.4 Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le tla tshwara Beke ya Kgeleloleswe ka la bo 16 le la bo 22 Motsheganong ka moono yo o reng: “Kgeleloleswe tebang le Boitekanelo le Seriti”. Puso e ikaeletse go busetsa maAforika Borwa seriti sa bona ka go ba tlamela ka ditirelo tsa kgeleloleswe. Selwelwasegolo mo bekeng eno e tla bo e le ka ga Lenaane la Phediso ya Dintlwanaboithusetso tsa Mesima. Seno se tla tlisetsa baagi dintlwanaboithusetso tse di dirisang metsi go gelela leswe kwa Masepaleng wa Selegae wa Nketoana, kwa Foreistata, le kwa Masepaleng wa Selegae wa Dawid Kruiper, kwa Kapa Bokone, jaaka e tla bo e le karolo ya go potlakisa ditirelo tsa go fedisa dintlwanaboithusetso tsa mesima.
8.5 Aforika Borwa e keteka Kgwedi ya Aforika ka moono yo o reng: “Go Aga Aforika yo o Botoka le Lefatshe le le Botoka”. Lefapha la Botsweretshi le Setso le eteletsepele ditiragalo di le mmalwa tse di tla diragadiwang tseo maitlhomo a tsona e leng go tlisa tshwaragano ya Aforika. Ditiragalo tseno di tla tshwarwa ka la bo 25 Motsheganong 2017 moo Moporesitente Zuma tla tshwarang moletlo wa dijo tsa motshegare kwa ntlong ya baeng ba Moporesitente ya Sefako Makgatho. Bao ba tla lalediwang kwa moletlong oo e tla nna baeteledipele ba mekgatlho e e emetseng batswantle bao ba nnang mo nageng ya rona ya Aforika Borwa, bao Moporesitente a kopaneng nabo mo ngwageng wa 2015.
9. Thomelo ya aasole a Sesole sa Tshireletso ya naga ya Aforika Borwa (SANDF)
9.1 Kabinete e amogetse tshwetso ya Moporesitente Jacob Zuma ya go atolosa paka ya thomelo ya masole a SANDF kwa Democratic Republic of Congo (DRC). Ano ke maitlhomo a go nna le seabe mo go tliseng kagiso le tsetsepelo mo kontinenteng ya Aforika bogolosegolo mo tikologong go ya ka maikano a rona a boditšhabatšhaba mmogo le go ya ka dipholisi tsa rona tsa batswantle tsa go nna le seabe mo go ageng Aforika le lefatshe le le botoka.
9.2 Palo e le kanaka 1 371 ya ditokololo tsa SANDF di rometswe kwa DRC mo go tshegetseng Letsholo tsa Tsepamo la Mekgatlho ya Dinagakopano. Pakathomelo ya bona e atolositswe go tloga ka la bo 01 Moranang 2017 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2018.
9.3 Thomelo ya sesole sa rona mo kontinenteng di tshegetsa dithulaganyo tsa tikologo le tsa kontinente go tsibogelo le go rarabolola dikgotlhang, go tsholetsa kagiso le pabalesego, go tshegetsa tshwaragano ya tikologo, go matlafatsa thata kgwebisano gareng ga dinaga tsa Aforika mmogo le go atlega mo tlhabololong e e nnelang ruri ya Aforika.
10. Matshwao a tlotlo a bosetšhaba
10.1 Kabinete e akgotse baamogedi botlhe ba Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba a 2017. Mo ngwageng o go ketekiwang OR Tambo ba re bontshitse matla a go go dira gore Aforika Borwa e tokafale le go dira gore re nne le naga e e tokafetseng. Re tlotlomadiwa ke tse ba di fitlheletseng, boineelo jwa bona, lerato la bona le phisegelo ya bona ya go tokafatsa botho. Letshwao la tlotlo la Ikhamanga le le betlilweng ka Gauta (1); Letshwao la tlotlo la Ikhamanga le le betlilweng ka Selefera (7); Letshwao la tlotlo la Ikhamanga le le betlilweng ka Koporo (1); Letshwao la tlotlo la Baoibab le le betlilweng ka Gauta (1); Letshwao la tlotlo la Baoibab le le betlilweng ka Selefera (2); Letshwao la tlotlo la Baoibab le le betlilweng ka Koporo (2); Letshwao la tlotlo la Luthuli le le betlilweng ka Selefera (29); Letshwao la tlotlo la Luthuli le le betlilweng ka Koporo (1); Letshwao la tlotlo la Mapungubwe le le betlilweng ka Koporo (Selefera); le Letshwao la tlotlo la Ditsala tsa ga OR Tambo le le betlilweng ka Gauta (1).
10.2 Go phasaladiwa ga Pegelo ya bo 17 ya Khomišene ya Tekatekano mo go Thapeng ka Toya ya Lefapha la Badiri, Mme Mildred Oliphant, go bontsha phetolothefosano e e iketlileng e le ruri mo mafelong a a farologaneng a tirelo mo mebarakeng ya badiri ya Aforika Borwa. Pegelo eno e supa sentle fela gore re santse re le kgakala go ka fitlhelela maemo a a bontshang setšhaba sa borona mo mebarakeng ya badiri. Bathobantsho, basadi le batho ba ba tshelang ka bogole ke matoditodinyana fela mo dikarolong tsotlhe tsa badiri.
10.3 Pegelo eno e bontsha gore 68% ya bathobasweu ba okame diphatlhatiro tsa botsamaisibogolo mo makaleng a puso le a poraefete, e leng palo e e fetang ga rataro palo ya bao ba nang le seabe mo ikonoming. Bathobatsho bona ba dira 14.4% ya bao ba okameng diphatlhatiro tsa botsamaisibogolo.
10.4 Go lebeletswe tlhokego e e potlakileng ya go refosana ikonomi le go netefatsa fa kgolo ya ikonomi e le e e akaretsang botlhe, se se diragalang seno ga se itumedise le e seng. Kabinete e amogetse tsiboso ya Tona ya Lefapha la Badiri ya gore lefapha la gagwe le setse le akanya gore le tsenyetiriso dikotlhao tse di bogale go bao ba sa obameleng melao eno.
11. Melaetsa ya kakgolo le ya matshediso
11.1 Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go akgoleng Rre Emmanuel Macron, Moporesitente yo a tlhophilweng wa Rephaboliki ya Fora, go latela phenyo ya gagwe ka la bo 7 Motsheganong 2017 ya ditlhopho tsa moporesitente wa Fora.
Aforika Borwa e tla itumelela go dirisana le puso ya Fora e e tla bo e eteletswe pele ke Rre Macron go matlafatsa botsalano jo bo leng teng jwa sepolotiki, jwa ikonomi le jwa kgwebisano magareng ga Aforika Borwa le Fora.
11.2 Kabinete e akgola Meyara wa mo malobeng wa Johannesburg, yo e leng monnasetulo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (SALGA), Parks Tau, mo go thapiweng ga gagwe jaaka motlatsamonnasetulo wa Phanele e e Ikemetseng ya Maemo a a kwa Godimo ya Dinagakopano go ela maemo tlhoko a Habitat III.
Lenaane leno le ne la amogelwa ke UN go tsosolosa maikano a yona a go somarela metseseteropo.
11.3 Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) le ne la fenya Kabo ya Dipontsho tse di Gaisang tsa Dinaga tsa kwa Ntle kwa Moketeng wa wa bo 58 wa Zimbabwe wa Dipontsho tsa Kgwebisano tsa Boditšhabatšhaba (ZITF).
Seno se netefatsa gore matsapa a a tserweng ke Setlhopha sa Barongwa sa Aforika Borwa mabapi le go netefatsa maikemisetso a naga a go tlhola botsalano le Zimbabwe a tlhagisitse dipoelo mo ikonoming.
11.4 Kabinete e romela matshediso kwa pusong le kwa baaging ba Rephaboloki ya Tanzania ka ga kotsi e e setlhogo ya bese mo batho ba le 36 ba neng ba tlhokafala mo ba leng 33 e neng e le bana.
12. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
12.1. Ditokololo tsa Boto e e Ikemetseng ya Bolaodi jwa Baruni:
a) Mme Amanda L Mazibuko (o thapilwe gape),
b) Rre Abel Dlamini (o thapilwe gape),
c) Rre Thiru Pillay (o thapilwe gape),
d) Mme Nkabaneng T Mashile,
e) Mme Zuziwe Ntsalaze,
f) Rre Mohamad I Motala,
g) Rre Madoda A Petros, and
h) Mme Martie J Janse van Rensburg.
12.2. Go thapiwa gape ga Rre Cedric Monwabisi Masondo jaaka Mokaedimotsamaisi le Mokaedimogolo wa Mokgatlho wa Dikoloto tse di Itlhophileng (SASRIA) SOC LTD.
Dipotsiso:
Mme Phumla Williams
Mogala: 083 501 0139