Skip to main content
x

 

Kabinete e tshwaretse kopano kwa Sefako M Makgatho Presidential Guesthouse kwa Pretoria ka Labobedi, wa la bo 1 Phatwe 2017.

1. Ditshwetso tsa Kabinete

1.1. Aforika Borwa e tlotla Kgwedi ya Basadi ka Phatwe, go bontsha tlotlo mo basading ba feta ba le 20 000 ba ba neng ba gwantela kwa Union Buildings ka la bo 9 Phatwe 1956 go dira ditshupetso kgatlhanong melao e e neng e batla gore le basadi ba tshwarwe fa ba sa tshola dipasa.

Mekete ya Letsatsi la Naga la Basadi e tla tshwarelwa kwa Lebaleng la Metshameko la Galeshewe, Kimberley kwa Kapa Bokone. Kabinete e atlenegsitse moono wa mekete ya monongwaga go nna, “Ngwaga wa ga OR Tambo: Basadi ba tshwaragane mo go tsweletseng pele Aforika Borwa.” Kabinete e ipiletsa mo go maAforika Borwa go dirisa kgwedi ya Phatwe go keteka seabe sa basadi mo setšhabeng sa rona.

1.2. Kabinete e ne ya tsopolelwa ka lenaane la dingwaga di le tharo le le tla phasalatswang ke Mokgatlho wa Tsosoloso ya Maitsholo (MRM). Maitlhomo a MRM ke go tsamaisa, go rotloetsa le go rulaganya lenaane leo le ikaeletseng go tsosolosa maitsholo le go nna le mekgwa mo setšhabeng. Mokgatlho o no o  ikaeletse go tsosolosa Ubuntu/Botho ka go dirisa ka bobedi metswedi ya puso le ya baagi.

Kabinete e akgotse lenaane la tiro la dingwaga di le tharo la MRM mmogo le dikgato tse di tla tsosolosang maitsholo le maitseo mo pusong.

1.3. Kabinete e dumeletse gore Aforika Borwa e tsenye kopo ya yona ya go tshwara Metshameko ya Rakabi ya Sejana sa Lefatshe (RWC) ka 2023. Seno se tla neela gape Aforika Borwa tšhono ya go bapatsa naga mo dinageng tsa boditšhabatšhaba. Mo dinakong tse di fetileng Aforika Borwa e tshwere mekete ya lefatshe ya maemo a a kwa godimo e e jaaka Metshameko Yotlhe ya Aforika, Metshameko ya Kerikete ya Sejana sa Lefatshe, Metshameko ya 2010 FIFA World CupTM mmogo le bogolosegolo dikhonferense tsa boditšhabatšhaba. Jaaka naga re ithutile go tswa mo maitemogelong a ditiro tseno tse di fetileng bogolosegolo mo tirisong ya matlole le mo go utlwaneleng ditlhwatlhwa e leng tseo di tlileng morago ga 2010. Ka ntlha ya seno, puso e ganne go saena ditšheke tse di sa totobatswang gore ke tsa bo mang e leng seo se dirileng gore Aforika Borwa e gogele kwa morago kopo ya yona ya go tshwara Metshameko ya Lefatshe ya Mabelo.

Kabinete e tlotlomaditswe mo morerong ono. Aforika Borwa e setse e na le mafaratlhatlha a a tlhokegang go ka tshwara dikgaisano ntle le go tsenya tekanyetsokabo ya go aga mafaratlhatlha. Metshameko e tseewa jaaka e mengwe ya dilo tse di rotloetsang batho go nna ngatana. Lenaane le le tla gololwang go ralala le naga go fitlha ka 2023 le tla sia lefa le le tla nnelang ruri mo tlhabololong ya rakabi mo ditšhabeng tse di humanegileng.

Kabinete a atlenegisitse paki yotlhe e e tshitshintsweng ya dikgaisano tseno e leng kopo e e tla bong e lebile maemo a ikonomi e leng seo se tla fokotsang tlhokego ya madi a a tla dirisiwang mmogo le go tsosolosa ditiragalo tsa ikonomi, ditiro le matlafatso.

Dikgaisano tseno di tla nna le seabe mo go tsosoloseng ikonomi ka go tshegetsa ditlapele tsa puso, bogolosegolo ka e amana le melawanataolo ya dikgatlhegelo tsa ditheko le go obamela Lokwalotshwanelo lwa Phetolothefosano mo Metshamekong mmogo le go abelana ka madi a dipoelo ao ba a dirileng. Mokete ono gape o tla tshegetsa lekala la rona la bojanala le la tirelo ya botlhabakgobe.

Kabinete e atlenegisitse go tlhomiwa ga Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e ka ga RWC 2023. IMC e tla eletsa thulaganyo ya go dira kopo ya go tshwara RWC 2023 le go netefatsa gore naga e a unngwelwa mo ikonoming go tswa mo moketeng ono. Tona ya Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa, Rre Thulas Nxesi,o tla tshwara tsiboso ya bobegakgang go ba tlharololela ka ga thulaganyo eno ya go dira kopo.

1.4. Kabinete e atlenegisitse Sekwalwatlhomo sa Dithoto le Dithata (IP) sa Pholisi ya Aforika Borwa – Kgato  I (2017) go ka phasaladiwa mo Kaseteng ya Puso gore baagi ba dire ditshwaelo.

Seno se tsibogela boikuelo jwa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) jwa go rotloetsa boishimololedi, go tokafatsa tlhagiso, dipatlisiso tse di tseneletseng tsa kitso ka ga ikonomi le go tsaya ditšhono botoka ka go leba ditšhono tsa ditshwantshanyo le tsa dikgaisano.

Pholisi ya IP ke sedirisiwa se se botlhokwa thata mo go rotloetseng boitshimololedi, phetisetso ya thekenoloji, dipatlisiso le tlhabololo, go itlhagisa ka mokgwa wa botaki, tshireletsego ya bareki, tlhabololo ya diintaseteri mmogo ka bogolo le, kgolo ya ikonomi.

1.5. Kabinete e akgotse Sekwalwatlhomo sa Togamaano ya Dipalangwa tse di sa Kgotlheleng Tikologo gore se phasaladiwe gore baagi ba dire ditshwaelo. Togamaano eno e tla nna e e botlhokwa mo go tlhagiseng pholisi mo lekaleng la dipalangwa mabapi le go fokotsa Semokong Sotlhe se se Tlhodiwang ke Naga (GHG). Maitlhomo a togamaano eno ke go fokotsa seabe se se sa itumediseng sa dipalangwa mo tikologong fa mo letlhakoreng le lengwe ba samagana le ditlhokwa tsa ga jaana le tsa ka moso tsa dinamelwa go latela metheo ya tlhabololo ya leruri.

Thulaganyo ya dinamelwa ke ditiragalo tsa seikokotlelo sa ikonomi ya loago sa Aforika Borwa ka go letlelela motsamao wa batho le dithoto. Le fa go le jalo, semoko se se tswang kwa lekaleng la dinamelwa se dira 10.8% ya GHG ya naga, ka dipalangwa tsa mo mebileng tse di dirang 91.2% ya semoko seno sa GHG. Aforika Borwa e ikaeletse go fitlhelela seelo sa dipeelo tsa phokotsego ya semoko sa GHG ka 34% mo ngwageng wa 2020 mme e fitlhelele gape 42% ka 2025.

1.6. Kabinete e atlenegisitse gore Lefapha la Merero ya Selegae le ka bulasešwa thulaganyo ya koposešwa ya baagi ba Zimbabwe ba ga jaana ba tshotseng Diphomete tse di Itlhophileng, go latela dintlha tse di rileng. Kokoanyo e e Itlhophileng ya ntlha ya baagi ba Zimbabwe e amogetswe ka Moranang 2009 gore baagi ba kwa Zimbabwe ba ba neng ba le mo Aforika Borwa go se mo molaong ba kwadisiwe. Diphomete tsa bone di tla felelwa ke nako la bo 31 Sedimonthole 2017. Tona ya Lefapha la Merero ya Selegae, Moporofesara Hlengiwe Mkhize, o tla tshwara tsiboso ya bobegakgang go tlhalosa maemo le dithulaganyo tse di tla latelwang gang fa koposešwa e bulwa.

1.7. Kabinete e amogetse dibopego tsa Setlamo sa Aforika Borwa sa Mint go betla lethathama la madi a tshipi a tlotlo ka 2017: Malomo le Dinonyane tsa Cape West Coast Biosphere Reserve. Madi ano ke a mangwe a a dirilweng mo godimo ga a a setseng a dirilwe  a tlotlo le a a tla dirisiwang a a tla phasalatswang mo ngwageng ono wa 2017.

2. Melaotlhomo

2.1. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Molaotlhomo o o Baakantsweng wa go Kwadisa Makwalo a Manno wa 2017 gore baagi ba dire ditshwaelo. O baakanya Molao wa go Kwadisa Makwalo a Manno, wa 1937 (Molao wa bo 47 wa 1937), gore go tokafadiwe tsenngodikopo le tsenngotirisong ya Molao ono. Molaotlhomo ono gape o tla phasalatsa le go matlafatsa botsamaisi le ikwadiso ya makwalo a manno.

3. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e rometse matshediso a yona kwa malapeng a barati ba kgwele ya dinao ba le babedi bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo nakong ya fa ba ne ba gatakiwa ke matšhwiti a batho kwa Lebaleng la Metshameko la FNB ka Lamatlhatso, la bo 29 Phukwi 2017. Moporesitente o tlhomile Komiti ya Ditona tsa Dipatlisiso e etilwe pele ke Tona Nxesi go phuruphutsa mabaka a a tlhodileng masetlapelo ano. Komiti eno.

4. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

4.1. Rre Lefentse Cuitzen Radikeledi o thapilwe sešwa jaaka moemedi wa Matlotlo a Naga mo Botong ya Koporasi ya Aforika Borwa ya Inšorense ya Dikoloto tsa Diromelwantle ya SOC Limited.
4.2. Katoloso ya pakatiro ya Mme Charlotte Christine Mampane jaaka Mokomišenare wa Khomišene ya Naga ya Dilotho (NLC).
4.3. Moporofesara Ntshengedzeni Alfred Nevhutanda o thapilwe sešwa jaaka Monnasetulo wa NLC.
4.4. Mme Fadila Ethne Lagadien jaaka tokololo ya Khomišene ya Setheo sa Diphasalatso tsa Botsweretshi, Setso le Ngwaobošwa ya Naga ya Dilwana tsa Hisetori, Tlhago, Setso le Meago ya NLC.
4.5. Rre Sunrise Vusumuzi Mkhize  jaaka Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha la Botsweretshi le Setso.  
4.6. Mme Thathakahle Jordan-Dyani jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT) ya Merero ya Boditšhabatšhaba le Kgwebisano kwa Lefapheng la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso.
4.7. Go thapiwa le go thapiwa sešwa ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika sebaka sa dingwaga di le tharo (go fitlha ka la bo 31 Phukwi 2020):

4.7.1. Mme Anuradha Singh (o thapilwe sešwa);
4.7.2. Mme Gugu Mtetwa (o thapilwe sešwa);
4.7.3. Moporofesara Mark Swilling (o thapilwe sešwa);
4.7.4. Mme Zanele Monnakgotla (o thapilwe);
4.7.5. Rre Lufuno Motsherane (o thapilwe);
4.7.6. Mme Bulelwa Ndamase (o thapilwe);
4.7.7. Mme Pinkie Nqeto (o thapilwe);
4.7.8. Mme Letlhogonolo Meko (o thapilwe); mmogo le
4.7.9. Rre Blessing Mudavanhu (o thapilwe).

4.8  Go thapiwa le go thapiwa sešwa ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Koporasi ya Dipeeletso tsa Puso SOC Limited sebaka sa dingwaga di le tharo (go fitlha ka la bo 31 Phukwi 2020):

4.8.1. Ngaka Xolani H Mkhwanazi (Motlatsamonnasetulo) (o thapilwe);
4.8.2. Mme Mathukana Mokoka (o thapilwe);
4.8.3. Mme Dudu Hlatshwayo (o thapilwe sešwa);
4.8.4. Mme Sibusisiwe N Ngubane (o thapilwe sešwa); and
4.8.5. Ngaka Trueman Goba (o thapilwe sešwa).

Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139

 Union Building