Skip to main content
x

 

Kabinete e tshwaretse kopano kwa Union Buildings kwa Pretoria.

1. Merero ya ga jaanong

1.1. Jaaka re keteka Kgwedi ya Basadi, Kabinete e eleletsa Mme Getrude Shope masego mo go ketekeng letsatsi la gagwe la matsalo fa a tla bo a tshwara dingwaga di le 92.

MmaShope, jaaka a itsege, ke mogaka wa kgaratlho ya kgololesego mmogo le matlafatso ya basadi. Ke moamogedi wa Isithwalandwe/Seaparankwe, e leng tlotlo e e kwa godimo e e rebolwang ke African National Congress go bao ba nnileng le seabe se segolo le go intsha setlhabelo mo go kgaratlheleng kgololesego.

Kabinete e tswelela gape go eleletsa Mme Zondeni Veronica Sobukwe masego fa a keteka letsatsi la gagwe la matsalo fa a tla bo a tshwara dingwaga di le 90. Aforika Borwa ke naga e e botoka ka ntlha ya go intsha setlhabelo ga basadi ba ba tshwanang nae.

Jaaka naga e keteka Kgwedi ya Basadi ka fa tlase ga setlhogo “Ngwaga wa OR Tambo: Basadi ba Tshwaragane go tsweletsa pele Aforika Borwa”, Kabinete e inyalanya le maAforika Borwa otlhe go tlotla basadi ba digatlhamelamasisi ba ba neng ba gwantela kwa Union Buildings ka 1956 go ipelaetsa kgatlhanong le melao ya dipasa.

Mo moweng wa polelo ya ‘Flowers of the Revolution’, re keteka seabe sa basadi jaaka basimolodi ba mokgatlo wa basadi mo nageng e re etse tlhoko gore fa o matlafatsa mosadi, o matlafatsa setšhaba.

Jaaka naga, re fitlheletse go le gontsi mo ntlheng ya matlafatso ya basadi. Pele ga 1994, Palamente e ne e na fela le kemedi ya basadi ya 2,7%, mme morago ga ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi, kemedi ya basadi kwa Kokoanobosetšhabeng e ne e eme go 27,7%. Ka 1999, palo e e ne ya oketsega go nna 30%, morago ya nna 32,7% ka 2004. Morago ga ditlhopho tsa 2009 kemedi ya basadi e ne e eme go 42%. Ga jaana ditona tsa basadi ke 43% mo Kabineteng.

Re na le basadi ba bantsi mo maemong a boeteledipele mme go na le ditheo tsa puso tse di leng teng go tokafatsa kemo ya basadi. Ga jaana re na le Lefapha la Basadi mo Kantorong ya Moporesitente.

1.2. MaAforika Borwa otlhe a dirile go tlala seatla go nna le seabe mo ketekong e. Dipholisi tse di tswelelang pele tsa puso di tswelela go tlhoma matlafatso ya basadi kwa setlhoeng, segolo ba ba nnang kwa metseselegaeng, bao go leng gantsi ba itemogelang botlhoki.

1.3. Jaaka re keteka tswelopele e re nnileng nayo mo matlafatsong ya basadi, Kabinete e gakolola naga ka ga mongwe wa basadi ba rona ba ba neng ba lwa kgatlhanong le tlhaolele yo a neng a bolawa ka la bo 17 Phatwe 1982. Ruth First o ne a bolawa setlhogo ka lekwalo la bomo leo ba neng ba le mo romeletse lona kwa Mozambique. O ne a nna setlhabelo mo boineelong jwa gagwe jwa go batlela Aforika Borwa kgololesego.


Pogiso ka Dikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)
1.4. Kabinete le yona e kgadile ka bogale bidio e e supang mosetsana wa sekolo a tlhaselwa ke mosimane wa sekolo kwa KwaZulu-Natal e bile e amogetse go tshwarwa ga mmelaelwa. Polao ya ga jaana ya morutabana yo a thuntshitsweng ke molekane wa gagwe fa pele ga bana ba sekolo e re gakolola ka dikgwetlho tse re santseng re lebane natso tsa go sotlakakiwa ga basadi.

1.5. Dikutlobotlhoko le dikotsi tse di bakwang ke banna tse di bakang tirisodikgoka mo basading le mo baneng di tshwanetse go lwantshwa ke rona rotlhe re le baagi. Ditheo tsa tiragatso ya molao le tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi di tshwanetse go samagana le badiri ba ditiro tse ka bogale.

Samiti ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC)
1.6. Aforika Borwa jaaka monnasetilo yo o tsenang wa SADC, ke moamogelabaeng wa Samiti ya bo 37 ya Tlwaelo ya Ditlhogo tsa Dinaga le Puso go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 20 Phatwe 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “Semphato le Lekala la Poraefete mo Intasetering e e Tlhabologang le Boleng jwa Tiragatso mo Kgaolong”.

Aforika Borwa o tla dirisa maemo a gagwe go tsweletsa dikgatlhegelo tsa bosetšhaba jaaka di tlhagelela mo teng ga Leanotlhabololo la Bosetšha (NDP), go tsweletsa madirelo a kgaolo le momagano ya kontinente le go matlafatsa go tsenngwa tirisong ga Morero wa Aforika wa 2063 wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU). Morero wa 2063 ke letlhomeso la togamaano ya tlhabololo ya loago le ikonomi mo kontinenteng la dingwaga di le 50 tse di latelang. Le agelela le go batla go itlhaganedisa maiteko a kontinente a kgolo le tlhabololo e e tswelelang.

Ditsela tse tharo tse di kgonegang tsa kgolo, e leng temothuo, go epiwa ga diminerale le ditiragalo tse dingwe tsa tiragatso ya boleng di supilwe.

Samiti e e tla bo gape e leboga Moporesitente yo o fologang setilo wa Angola, José Eduardo dos Santos, yo o tla bong a fologa morago ga dingwaga di le 37 e le Moporesitente le go etelela pele naga ya gagwe go tswa mo ntweng e e tsweletseng sebaka ya bana ba thari.

1.7. Motlatsa Moporesitente Ramaphosa, jaaka Motsereganyi wa SADC kwa Pusong ya Lesotho, le ena o tla rebola pegelo kwa Samiting ya SADC Double Troika e e diragalang kwa Pretoria ka la bo 18 Phatwe, kwa Puso ya Naga ya Bogosi ya Lesotho le yona e solofelwang go bega ka leano la diphetogo. Se se latela ditherisano magareng ga Motlatsa Moporesitente le Puso e ntšhwa, baeteledipele ba makokokganetso, dikholeje tsa magosi mmogo le bannaleseabe ba baagi mo nageng eno ya bogosi ba buisanela matlhagolatsela a go tsenngwa tirisong go go tletseng ga ditshwetso tsa SADC ka ga diphetogo tsa molaotheo le ka ga lekala la tshireletso.

1.8. Kabinete e amogela dipoelo go tswa go Moporesitente Jacob Zuma morago ga go amogela Moporesitente Ellen Johnson Sirleaf wa Rephaboleki ya Liberia, fa a ne a le mo Leetong la Semmuso. Dinaga ka bobedi di dumelane go leba ntlha ya go tlhabolola tikologo e e kgontshang go nolofatsa tsela ya go dira kgwebo mo dinageng tse ka bobedi.
Kabinete e rotloetsa ditlamo tse dingwe tsa lekala la poraefete go beeletsa kwa Liberia.

Maphata ka bobedi a dumelane gape go konosetsa Tumelano ya go Phimolwa ga Visa go ba ba nang le Diphasepoto tsa Sedipolomate le tsa Semmuso. Di dumelane gape ka ga go itlhaganedisa ditherisano le go konosetsa dipuisano tse dingwe tsa sebedi tse di ka ga temothuo, bojanala, boitekanelo, maatla, metsi le kgelelaleswe, gareng ga tse dingwe.

1.9. Kabinete e akgola batho ba Rwanda ka go tshwarwa ga ditlhopho tse di nang le kagiso tse mo go tsona Moporesitente Paul Kagame a tlhophilweng gape. Go konosediwa ga ditlhopho tse dingwe ka katlego mo Aforika ke sesupo sa gore maiteko a temokerasi a a tswelela go ralala kontinete.

1.10. Kabinete e inyalanya gape le AU mo go akgoleng Kenya ka go tshwara ditlhopho ka katlego. Ga jaana go mo baaging botlhe ba Kenya go amogela dipoelo tsa ditlhopho le go dira gore setšhaba mo nageng eo se tshwaragane.

BRICS
1.11. Gompieno, la bo 17 Phatwe 2017, Moporesitente Zuma o tla etelela pele go thankgololwa semmuso ga Bankatlhabololo e Ntšhwa (NDB) ya Tikwatikwe ya Kgaolo ya Aforika ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS) kwa Hoteleng ya Michelangelo, Sandton. Go thankgololwa ga Tikwatikwe ya Kgaolo ya Aforika go tla bontsha ditirelo tsa NDB, go supa seabe se se solofelwang sa banka e mo ntlheng ya mafaratlhatlha le mo tlhabololong e e tswelelang mo dinageng tse di tlhagelelang le tse di tlhabologang.

1.12. Aforika Borwa ke nngwe ya ditokololo tsa BRICS tse di amogetseng Leanotiro la Dintlha tse di Supa le le ikaelelang go atolosa tirisanommogo ya madirelo, kwa kopanong ya Ditona tsa Intaseteri e e neng e tshwaretswe kwa Hangzhou, China. Dinaga tse di tla dirisana gape mo Makaleng a tlhabololo ya mafaratlhatlha a madirelo a mašwa, thekenoloji le itlhamelo, le dikgwebo tse dipotlana le tse di magareng.

1.13. Ditona tsa Tlhaeletsano go tswa mo setlhopheng sa BRICS di nnile le seabe mo ditherisanong, mme setlhopha se se ne sa phasalatsa Kgoeletso ya Ditona ka ga Thekenoloji ya Tshedimosetso, gore dinaga tsa BRICS di oketse tirisano ya tshireletso ya tshedimosetso, jaaka thekenoloji ya tlhaeletsano ya dijithale e na le seabe sa botlhokwa mo go tsamaiseng kgolo ya ikonomi.

1.14. Kabinete e leboga Mmusisi wa maloba wa Banka ya Risefe ya Aforika Borwa, Rre Tito Mboweni, ka manontlhotlho le boineelo jwa gagwe mo pakeng ya dingwaga di le pedi tse a dirileng jaaka mokaedi yo e seng wa khuduthamaga wa BRICS NDB. Mokaedikakaretso wa Matlotlo a Bosetšhaba, Rre Dondo Mogajane, o tla rwala marapo ao.

Go nna seoposengwe
1.15. Kabinete e kgala ditiragalo tsa ga jaana tsa bosemorafe ka batho bangwe mo setšhabeng sa rona. Maitsholo a a ntseng jaana a kgatlhanong le mowa wa ditshwanelo, maikarabelo le meono ya molaotheo wa rona, e bile ga a amogelege mo setšhabeng sa rona sa temokerasi.

Kabinete e akgola bolaodi jwa ditlamo tsa poraefete tse di sa senyeng nako go samagana le bosemorafe, e leng se se supang gore bosemorafe ke mmutlwa mo setšhabeng, mme bo tshwanetse go lwantshiwa ka maikaelelo a go tlhotlheletsa momagano ya loago le go fodisa matsadi a maloba.

Rotlhe re na le maikarabelo a go tsaya kgato ka bonako fa bosemorafe le kgethololo di tlhagisa tlhogo mo setšhabeng sa rona. Rotlhe re na le maikarabelo a go bopa setšhaba se sešwa jaaka se ne se solofetswe morago ga ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi.

1.16. Kabinete e tlhagisitse go tshwenyega ga yona ka ga go latlhegelwa ga ditiro mo nageng, segolo mo makaleng a tlhagiso le meepo. Le fa go le jalo, e amogela maiteko a a dirilweng ke lekala la meepo ka go nna le ditherisano tse maikaelelo a tsona e leng go boloka ditiro. Go amogelwa ga sešweng ga kopo ya Lonmin ya go reka 42% ya karolo ya Anglo Platinum mo Pandora – kopano ya Lonmin le Anglo Platinum – e amogetswe. Kopano e e bolokile ditiro di le 3 000 mme se se wetsa pelo, segolo mo maemong a ga jaana a ikonomi ya lefatshe. Puso e tswelela ka boineelo jwa yona jwa go tlhola tikologo e e siametseng kgolo ya ikonomi le go tlholwa ga ditiro.

1.17. Kabinete e amogela tshwetso ya kgotlatshekelo e e gateletseng maikarabelo a puso a go dira ditshwetso tsa pholisi le dikaedi ka go tsholola ka ditshenyegelo kopo ya Mokgatlo wa Aforika Borwa wa Batlhotlhisešwa ba Dimetale. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tsholotse kopo ya baromelantle ba selegae ba dimetale ya go ikuela kgatlhanong le katlholo ya kwa Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa le Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo.

Kgotlatshekelo e dumelane le ditlamelo tsa Naga tsa thomelontle ya dimetale tse di itsegeng jaaka ditlhwatlhwa tse di tlhophetsweng batlhagisi ba selegae, ditshilo tse dinnye le bagakolosi ba dimetale tse di latlhilweng. E tlamela ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng ka 20% mo ditlhwatlhweng tsa boditšhabatšhaba pele e ka rebolelwa phemiti ya thomelontle. Pholisi e e tla thusa go tlhabolola ikonomi ya naga ka madirelo le go tlhola ditiro.

1.18. Kabinete e amogetse boineelo jwa Puso ya Canada go dirisana le Aforika Borwa mo taolong ya melelwane. Se se tla morago ga fa Tona ya Merero ya Selegae, Moporofesara Hlengiwe Mkhize, a sena go kopana le molekanenae wa Canada e leng Tona ya Khudugo, Batshabi le Baagi, Rre Ahmed Hussen mo bekeng eno. Thefosano e e tla tswelela go matlafatsa kamano e e leng teng fa gare ga dinaga tse pedi tse.

2. Ditshwetso tsa Kabinete
2.1. Kabinete e amogetse Tokomane ya Morero ya Tekanyetsokabo ya 2018. Se se tla tsweletsa go tsenngwa tirisong ga NDP. Tokomane e e matlafatsa go nyalana ga tekanyetsokabo le Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF). E tlhoma motheo wa botlhokwa wa go dira ditlhopho magareng ga dintlha tse di gaisanang mo teng ga metswedithuso e e lekanyeditsweng. Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Rre Jeff Radebe, o tla nna le kopano ya bobegakgang moragonyana.

2.2. Kabinete e amogetse Leano la go Tsenya Tirisong Bojanala ba Mabopo le Metsi a Mawatle, le le tlhomilweng ka fa tlase ga Ikonomi ya Mawatle ya Operation Phakisa. Leano le tla tsholetsa Bojanala mo ikonoming ya mawatle. Le tla godisa lefelo la maemo a lefatshe la Bojanala ba mabopo le metsi a mawatle le le tseelang godimo bokgoni jwa Aforika Borwa jwa go gaisana ka tsa tlhago, setso le ngwaoboswa. Tona ya Bojanala, Mme Tokozile Xasa, o tla nna le kopano le bobegakgang go tlhalosa ka botlalo leano le.

2.3. Kabinete e amogetse go nna le seabe ga Aforika Borwa kwa Morerong wa Bobedi wa Boditšhabatšhaba wa Lewatle la Indian wa 2017 – 2020. Go nna le seabe go go tla tshegetsa Bonnasetilo jwa Aforika Borwa mo Mokgatlong wa Losi lwa Lewatle la India ka 2017/18.

Aforika Borwa e tla dirisa sekepe sa yona sa ditlhotlhomiso SA Agulhus II go dira ditlhotlhomiso tsa metsi a mawatle fa e ntse e katisa le go bopa mothamo wa saenthifiki wa Aforika Borwa le dinaga tsa botlhaba jwa Aforika.

Go kokoanngwa ga tshedimosetso ya motheo ya pakatelele go tla tlhoma dinaga tse di tlhabologang tsa Losi lwa Lewatle la India mo maemong a a botoka a go somarela seriti sa lewatle le, le go batla ditsela tsa go ribolola bokgoni jwa diikonomi tsa mawatle jwa go tokafatsa matshelo a baagi ba tsona.

2.4. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga maiteko a Dilaboratori tsa Phakisa tsa Dikhemikhale le tsa Ikonomi go tswa mo Matlakaleng, tse di tla simololang go dira ka Phatwe 2017. Se ke karolo ya tsereganyo ya naga go laola matshosetsi mo tikologong le mo boitekanelong jwa batho ao a bakiwang ke dikhemikhale le matlakala.

A tla tlamela ka tšhono e nngwe go intaseteri ya dikhemikhale ya Aforika Borwa go supa mafelo a tlhagiso a a amanngwang le Khemiseteri e e sa Kgotleleng Tikologo (go tlhangwa ga ditlhagisiwa le ditirego tsa dikhemikhale tse di fokotsang kgotsa go fedisa go tlhotlhiwa ga dire tse di kotsi).

2.5. Kabinete e ne ya tlhalosediwa ka ga dikopo di le mmalwa tsa go tshwaya sešwa melelwane ya diporofense go tswa go baagi ba diporofense tse di farologaneng. Gareng ga mafelo a a amegang ke Mmasepala wa Selegae wa Elias Motsoaledi, Mmasepala wa Selegae wa Marblehall le Mmasepala wa Selegae wa Matatiele.

Baagi ba, ba tlhagisitse mabaka a a tshegetsang dikopo tse jaaka mafelo a ba leng mo go ona le phitlhelelo ya ditirelo. Dikopo tse di amogetswe ke Lekgotla la Melelwane ya Bommasepala le Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA).

Melelwane ya diporofense e tlhagelela mo teng ga Molaotheo. Kopo efe fela ya mothale o, e tshwanetse go dirwa go ya ka letlhomeso la molaotheo.

Kabinete e dumetse gore tsamaiso ya go leba sešwa melelwane, e e akaretsang Matatiele, e simololwe. Tsamaiso e ya palamente e tla akaretsa gape le seabe sa baagi jaaka go tlhokega go ya ka Molaotheo le molao.

3. Ditiragalo tse di tlang
3.1. Kabinete e gateletse boikuelo jwa ga Moporesitente Zuma, jwa go gakolola baagi go tlhopha batho ba ba farologaneng ba ba tshwanelwang ke go amogela ditlotlo tse di kwa godimo tsa naga, Dikabelo tsa Bosetšhaba, ka Moranang wa ngwaga o o tlang.

Moletlo o o tlotla maAforika Borwa le baditšhaba ba ba kgethegileng ba ba diragaditseng bontle mo makaleng a a farologaneng.

Diforomo tsa ditlhopho di ka fitlhelwa mo webosaenteng ya Kantoro ya Moporesitente (www.thepresidency.gov.za), Ditikwatikwe tsa Ditirelo tsa Thusong, dikantoro tsa bommasepala le dikantoro tsa mafelo. Mabakakhutshwe a a setlegelang gore goreng motho yoo a tlhophilwe a tshwanetswe go gokelelwa mo diforomong. Ditlhopho tsa Dikabelo tsa Bosetšhaba tsa 2018 di tla tswalelwa ka 31 Phatwe 2017.

3.2. Lefapha la Saense le Thekenoloji le tla tshwara Dikabelo tsa Basadi ba Saense mo Aforika Borwa (WISA) tsa 2017. Dikabelo tse di lemoga diphitlhelelo tsa borasaense ba ba itsegeng le go tlhoma serala sa go rotloetsa basadi ba saense go nna le seabe mo ditlhotlhomisong.

WISA e tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo: “Matlafatso ya basadi ya ikonomi mo lefatsheng la tiro le le fetogang”, se se nyalanang le morero wa Khomišene ya Ditšhabakopano ka ga Kemo ya Basadi wa 2017.

3.3. Kabinete e leboga ditokololo tsa Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso ya Botlhano (NHTL) tse dipaka tsa tsona di yang kwa bokhutlong. NHTL ke setheo se se nang le baeteledipele ba setso ba e leng barongwa go tswa kwa matlong a diporofense a baeteledipele ba setso ba Aforika Borwa, ba ba emetseng matlo a diporofense kwa maemong a bosetšhaba. Setlhopha se se na le ditokololo tse di tswang tsa NHTL le ditokololo tse di tlhophilweng sešwa go dira sebaka sa paka e nngwe gape e le nngwe. Ba emetse boeteledipele ba setso le baagi ba bona go rotloetsa seabe sa boeteledipele jwa setso mo pakeng ya molaotheo.

Kabinete e ikamantse le Moporesitente Zuma mo go lebogeng Kgosi PP Maubane (Monnasetilo), Kgosi SE Mahlangu (Motlatsa Monnasetilo) le ditokololo tsotlhe tsa ntlo e le go amogela ka diatla tsoopedi ditokololo tse di tsenang tsa NHTL ya Boratato le tsa matlo a le supa a diporofense.

4. Melaetsa
4.1. Kabinete e akgola Mme Senamile Masango yo e nnileng mosadi wa ntlha wa moAforika go dira teko e e eteletsweng pele ke Aforika kwa laboratoring ya Mokgatlo wa Yuropa wa Ditlhotlhomiso tsa Nutlelere (CERN) kwa Switzerland. E ne e le karolo ya baithuti ba ditlhotlhomiso go tswa kwa Yunibesithing ya Kapa Bophirima fa a ne a ithuta ka ga isotope selenium-70 go tlhaloganya botoka ka moo popego ya yona e amanang le maemo a maatla a yona ka teng.

4.2. Kabinete e akgola mokgatlo wa Batho ba ba Kgatlhanong le Tiriso e e Botlhaswa ya Basadi (POWA), o o dirileng sedirisiwa sa khophiuthara (App) se se thusang batswasetlhabelo ba GBV, ba ba mo tlalelong le ba ba leng mo maemong a a kotsi, gore ba kgone go fitlhelela ditirelo tse di momaganeng e bile di golagane. Ka llinki ya Tikwatikwe ya Ditirelo ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, App e e ka golaganya le ditirelo tse dingwe tse di jaaka sepodisi le badirediloago, ba ba ka kgonang go lemoga lefelo le molaetsa o o tswang kwa go lona.

Ka go tobetsa konopo ya tlalelo mo mogaleng, motswasetlhabelo o tla golaganngwa le Tikwatikwe ya Ditirelo. Tirisano e magareng ga puso le mekgatlo e e seng ya puso e tla thusa thata mo ntweng e e kgatlhanong le go bogisiwa.

4.3. Kabinete e akgola Setlhopha sa Aforika Borwa ka diphitlhelelo tsa sona mo diatleletiking kwa Mokgatlong wa Boditšhabatšhaba wa Mekgatlo ya Diatleletiki tsa Bommampodi ba Lefatshe kwa London.

Caster Semenya o fentse gauta mo lebelong la basadi la 800m le kgotlho mo go la 1 500m, le go roba rekoto ya gagwe e e gaisang. Semenya o tlotlomaditse naga e le fa tota go nnile le go sa iketlang, o ne a tswelela go tia mooko le go tsepama. O latela dikgato tsa ga Zola Budd, Natalie du Toit, monnaleseabe mo diolimpiking tsa batho ba ba nang le bogole, mmogo le Penny Heyns, mothumi. Wayde van Niekerk o fentse gauta mo lebelong la banna la 400m le selefera mo go la 200m. Ditebogo tse di itlhophileng di lebisiwa kwa go mokatisi, Mme Anna Botha. Luvo Manyonga o fentse metale wa gauta go tlola bophara ba 8.34m mo makgaolakgannyeng a tlolo e e bophara ya banna, Ruswahl Samaai o fentse kgotlho mo tlolong e e bophara ya banna, mme Akani Simbine ena o nnile mo maemong a botlhano a makgaolakgang a banna a 100m.

Tiragatso ya bona e supile bokgoni jwa setšhaba sa rona mo go tsa metshameko, e leng tlhotlheletso le thotloetso go maAforika Borwa otlhe, segolo baatlelete ba ba magorogo mašwa.

Baatlelete ba ba dirile setšhaba sa rona motlotlo le go tsholetsa folaga ya naga ya rona ka monontlhotlho. Re ikuela go maAforika Borwa go tswelela go tshegetsa ditlhopha tsa rona tsotlhe tsa naga mmogo le banna le basadi ba naga ya rona ba metshameko. Ke bona baemedi ba setšhaba sa rona se se maatlametlo, e bile ga re na pelaelo ya gore ba tla tlhotlheletsa bašwa ba bangwe go latela mo dikgatong tsa bona.

5. Ba ba thapilweng
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
5.1. Rre AD Matseke jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Broadband Infraco, go tloga ka la bo 1 Lwetse 2017 go fitlha ka la bo 30 Phatwe 2022.
5.2. Go atolosiwa ga konteraka ya paka e e rileng ya CEO wa ga jaana wa Broadband Infraco, Mme PV Kwele, ka dikgwedi di le tharo, go tloga ka la bo 1 Lwetse go fitlha ka la bo 30 Ngwanaitseele 2017.
5.3. Go thapiwa gape ga ga Rre Ian van Niekerk jaaka Motlhankedimogolo wa Matlotlo wa Broadband Infraco.
5.4. Ngaka Moshibudi Priscilla Rampedi jaaka CEO wa South African National Biodiversity Institute.
5.5. Mme IL Mathenjwa jaaka Motlatsa Mokaedikakaretso (DDG): Tshekatsheko le Kelotlhoko mo Kantorong ya Khomišene ya Bodiredipuso (OPSC).
5.6. Mme Wilhemina Reshoketswe Tshabalala jaaka DDG: Tlhabololo ya Loago le Tlhabololo ya Ikonomi mo Lefapheng la Basadi.
5.7. Rre Matome Emmanuel Malatsi jaaka DDG: Integrity and Anti-Corruption in the OPSC.

Dipotso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139

 Union Building