Skip to main content
x

 

1. Merero ya ga jaanong

1.1. Kabinete e amogetse dipoelo tsa Samiti e e Tlwaelegileng ya Ditlhogo tsa Dinaga le Dipuso tsa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika ya bo 37 e e neng e tshwaretswe mo Aforika Borwa go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 20 Phatwe ka fa tlase ga setlhogo: “Semphato le Lekala la Poraefete go Tlhabolola Madirelo le Boleng jwa Tirego mo Kgaolong”.

Samiti e e ne e lebile go tsenngwa tirisong ga Togamaano le Mosupatsela wa Madirelo mo SADC go itlhaganedisa kgolo ya ikonomi le tlhabololo mo kgaolong. Togamaano e e ikaelela go fetola popego ya diikonomi tsa kgaolo le go rotloetsa koketso ya boleng go lebilwe temothuo, go epiwa ga diminerale le tsa melemo. Samiti e e gateletse tlhokego ya go nna le dipoelo tse di bonalang tse di dirisang bokgoni jwa dinaga tsa rona.

Kabinete mmogo le Moporesitente Jacob Zuma e leboga Kgosi Mswati III, yo e leng Monnasetilo yo a neng a fologa setilo wa SADC ka seabe se se manontlhotlho le boeteledipele jwa gagwe, jaaka Aforika Borwa a rwala marapo a setilo sa SADC go tloga ka Phatwe 2017 go fitlha ka Phatwe 2018.

1.2. Kabinete e akgola basadi botlhe le go romela ditebogo tsa yona go botlhe ba ba nnileng le seabe mo ketekong le segopotsong sa basadi jaaka re konosetsa Kgwedi ya Basadi ka fa tlase ga setlhogo: “Ngwaga wa OR Tambo: Basadi ba Tshwaragane go tsweletsa pele Aforika Borwa”.

Le fa basadi ba nnile le diphitlhelelo tsa botlhokwa mo Aforika Borwa, go sa ntse go tlhokega go le gontsi mme manaane a puso a tla tswelela go tlhoma kwa setlhoeng go akarediwa ga basadi mo tlhabololong ya baagi ba rona, ikonomi le naga. Basadi ba santse ba tswelela go itemogela maemo a a sa amogelegeng a tshotlako, tirisodikgoka, botlhoki le botlhokatiro.

1.3. Kabinete e etse tlhoko Pegelo ya Dipalopalo tsa Botlhoki, e e rebotsweng ke Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) mme e tla samagana nayo. Kabinete e netefaditse boineelo ba yona mo manaaneng a yona a a lebileng batlhoki, go lebilwe segolo bana ba ba tswang mo malapeng a a dikobo dikhutshwane.

Mo dingwageng di le 23 tse di fetileng, puso e atolositse lenaane la dithebolelo tsa loago go baagi ba ba tlhokang le ba ba leng mo tlalelong go tloga go batho ba le 2,7 milione go fitlha go ba le 17 milione. Lenaane le le akaretsa 91% ya bana ba ba nang le matshwanedi le 95,5% ya batsofe ba ba nang le matshwanedi. Dikolo di feta 20 000 di goeleditswe jaaka dikolo tse di sa duelelweng, mme baithuti ba feta dimilione di le robongwe ba tswelwa mosola ke lenaane la tlamelo ka dijo kwa dikolong.

Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) fa e sale ka 1999 se rebotse R72 bilione ya dikadimo le dikatso go baithuti ba malapa a a tlhokang. Se se dirile gore baithuti ba feta dimilione di le pedi go tswa mo malapeng a a tlhokang ba fitlhelele dithuto tse dikgolwane. Palogotlhe ya bana ba le 1,7 milione ba fitlhelela ditirelo tsa Dikolo tsa Thuto ya Bana ba Bannye, e leng kgato e e botlhokwa ya motheo wa thuto. Ka 2012, puso e tlhagisitse gape tsamaiso ya lenaane la boitekanelo mo dikolong e leng tsereganyo kgatlhanong le maparego mangwe a a ka kgoreletsang katlego ya baithuti bangwe.

Godimo ga moo, puso e na le maano a le mmalwa kgatlhanong le botlhoki a a thusang go tlamela ka ditirelo tsa motheo go dimilione tsa malapa a a tlhokang jaaka tsa metsi a dipompo a mahala, tsa kgelelaleswe, tsa motlakase wa mahala le tsa go tsewa ga matlakala. Puso e tsentse tirisong gape manaane a ditiro tsa botlhe le dikema tsa dintlo go kgontsha batlhoki go nna le dintlo.

Puso e tla tswelela go batlana le tse dingwe tsa ditsela tsa go matlafatsa mangwe a manaane a tshireletso ya loago a a diretsweng go thusa batlhoki le baagi ba ba senang bokgoni.

1.4. Kabinete e akgola go thankgololwa ga Ghana Radio Astronomy Observatory, ke Moporesitente wa Ghana Nana Akufo-Addo le Tona ya Aforika Borwa ya Saense le Thekenoloji, Mme Naledi Pandor.

Seno se botlhokwa thata mo seabeng sa Aforika Borwa mo porojekeng ya Areing ya Sekwere kilometara (SKA). Lefelopono le le kwa Ghana ke la ntlha morago ga Aforika Borwa, jaaka nngwe ya dinaga tse di nang le semphato.

Jaaka balekane ba Aforika ba SKA, setlhopha sa SKA Aforika Borwa /Hartebeesthoek Radio Astronomy Observatory se dirisane le Ghana go momaganya bokgoni jwa bolepadinaledi jwa radio jwa eriele ya sathalaete ya tlhaeletsano e e neng e sa dire kwa Kuntuse. Lefapha la Dikamano le Tirisano tsa Boditšhaba (DIRCO) le tlametse ka matlole karolo e kgolo ya porojeke ya phetolelo ka Letlole la Ntšhwafatso ya Aforika le Tirisano ya Boditšhaba, le maikaelelo a lona e leng go matlafatsa tirisano magareng ga Aforika Borwa le dinaga tse dingwe tsa Aforika.

Karolo e e botlhokwa ya maiteko a go aga SKA mo kontinenteng ya Aforika mo dingwageng di le lesome tse di tlang ke go tlhabolola dinonofo, melawana le bokgoni jwa setheo jo bo tlhokegang mo dinageng tsa balekane tsa SKA go tlhatlosa seabe sa Aforika mo porojekeng eno.

1.5. Kabinete e amogetse pegelo go tswa go Tona ya Merero ya Tikologo, Mme Edna Molewa ya gore Aforika Borwa o konosetsa mo diporofenseng di le tharo tse di neng di setse, netefatso le boruni jwa dinaka tsa ditshukudu tsa beng ba poraefete tsotlhe tse di leng teng. Boruni jwa ntlha jo bo dirilweng ke diporofense bo sekasekwa le go netefadiwa ke Lefapha la Merero ya Tikologo la bosetšhaba.

Se se tla thusa mo go thibeleng kgonego ya go gweba ka dinaka tsa tshukudu ka bokhukhuntshwane le go netefatsa gore naga e na le tshedimosetso e e tletseng e bile e nepagetse ya palo ya dinaka mo Aforika Borwa ka nako nngwe le nngwe gammogo le mong yo o kwadisitsweng wa lenaka le lengwe le le lengwe la dinaka tseo.

Mo katlholong ya Kgotlatshekelokgolo ya Bokone jwa Gauteng ka ga tetla ya go rekisa dinaka tsa Tshukudu go morui, Rre John Hume, e e neng ya bona Aforika Borwa e nna le fantisi ya ntlha ka inthanete ya go rekisa dinaka tsa Tshukudu, Kabinete e gatelela gore gareng ga dipeelo tse dingwe tse di tshwanetsweng go obamelwa, ke gore maemo a motsholatetla, yo a tshwanetseng a bo a neilwe tetla ya go rekisa lenaka la tshukudu, a ka rekisetsa fela motho yo mongwe yo le ena a neilweng tetla ya go nna moreki e e rebotsweng go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Taolo ya Tikologo le Ditshedi, 2004 (Molao wa bo 10 wa 2004), e e mo letlang go reka lenaka la tshukudu go tswa go motsholatetla ya go rekisa, mme mo ntlheng eno e tla bo e le Rre Hume.

Tetla eno ga e dumelele kgwebisano ya boditšhaba ka dinaka tsa tshukudu. Kgwebisano ya boditšhaba ka dinaka tsa tshukudu e santse e ileditswe, go ya ka ditlamelo tsa Tumalano ya Kgwebisano ya Boditšhaba ka Ditshedi tse di mo Kotsing tsa Diphologolo le Dimela tsa Naga (CITES). Ka dinako tsotlhe fa go diriwa fantisi, lefapha la tikologo le tshwanetse go newa ditshwanelo tsa go bona fantisi ka inthanete go netefatsa gore go obamelwa dipeelo.

Aforika Borwa e tswelela go ema nokeng tsamaiso e e laotsweng e e laolang kgwebisano ka ditshedi tse di mo kotsing kgotsa tse di sireleditsweng go ya ka melao ya selegae, gammogo le ditlamelo tsa semolao tsa CITES.

1.6. Kabinete e amogela go bonwa molato ke Kgotlatshekelokgolo ga batho ba ba nnileng le seabe mo kgetseng ya bosemorafe e mo go yona monna wa mothomotsho a neng a tsenngwa mo lekaseng. Ponomolato eno e tla nna tsiboso go ba bangwe ba ba santseng ba na le bosemorafe mo nageng. Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore mofuta ofe fela wa bosemorafe kgotsa letlhoo ga o kitla o itshokelwa. Momagano ya loago e tswelela go nna sengwe se rotlhe jaaka baagi re tshwanetseng go se bopa le go se matlafatsa.

1.7. Kabinete e amogetse katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya gore bommasepala ba ka se tlhole ba kgona go rwesa beng dithoto ba bašwa maikarabelo a dikoloto tsa mmasepala tse di dirilweng ke beng dithoto ba pele. Katlholo e ke phenyo go beng dithoto, ba bangwe ba bona ba ntse ba imelwa ke dikoloto tsa dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng. Katlholo e ke matlhagolatsela go beng dithoto ba isago. Kabinete e ikuela go bommasepala go nyalanya tsamaiso ya bona ya kokoanyo ya dikoloto le katlholo e.

1.8. Kabinete e etse tlhoko gore lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le etse tlhoko ditlhotlhomiso tsa forensiki ka ga tshokamo e e rileng mo lenaaneng la Tsamaiso ya Taolo ya Matlole e e Momaganeng (IFMS). Kabinete e akgola Matlotlo a Bosetšhaba ka ditaolo tsa lona tse di tseneletseng tsa boruni, tse di lemogileng ditshenyegelo tse di sokameng tse. E solofela gore go tla ithutiwa sengwe tebang le dikgwetlho tse di itemogetsweng, mme tiro efe fela ya tlolomolao le go itlhokomolosa dilo ka bomo e tla supiwa mme maphata a a maleba a tla rwesiwa maikarabelo.

Kabinete e na le tshepo e e tletseng mo thateng ya setheo sa Matlotlo a Bosetšhaba le botlhokomedi jwa sona jwa matlole a setšhaba. Kabinete e tswelela gape go supa tshepo mo ditheong tse di tsenyang tirisong lenaane la IFMS - Matlotlo a Bosetšhaba, Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso, le Setheo sa Puso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso – go ka tsenya tirisong porojeke e ka katlego.

1.9. Kabinete e kgadile go sutlhisiwa ga Tokomane ya Kabinete e e tshitshinyang ditsela tse di farologaneng tsa go thusa Tirelophofo ya Aforika Borwa (SAA) ka matlole. Tokomane ya Kabinete ke tokomane ya sephiri mme go e sutlhisa ke kgatako ya letlhomeso la tshireletso ya tshedimosetso ya puso, le le bidiwang Bonnye jwa Maemo a Tshireletso ya Tshedimosetso.

Kabinete e neetse Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso maikarabelo a go tlhotlhomisa tshutlhiso ya tshedimosetso ya sephiri mme e ikuela gore go diragadiwa mekgwa e e maleba ya kotlhao go ba ba amegang.

1.10. Kabinete e amogela go okediwa ga matlole ke Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) go beeletsa mo bokgoning jwa tlhagiso mo Aforika Borwa, jaaka go tlhagelela mo dipoelong tsa matlole a yona tsa ngwaga go fitlha ka Mopitlwe 2017 tse di rebotsweng go sa le gale. Mo kgweding ya Bosetšhaba ya Basadi, IDC e rebotse matlole a a kana ka R3,2 bilione go thusa dikgwebo tsa matlafatso ya basadi e leng koketso ya 178% fa go bapisiwa le ngogola.

Matlole a a akaretsa go tlamelwa ka matlole ga phetisetso e e bayang taolo ya moepo o mogolo wa mankanese mo diatleng tsa mosadi wa mothomontsho mo Aforika Borwa. Tlamelo ka matlole go ditlamo tsa matlafatso ya basadi e fitlhile go R10,1 bilione, mme R4,7 bilione ya tsona e ne e le ya diporojeke tsa peeletso tse di eteletsweng pele ke boramadirelo ba bathobantsho. Dipalo tse di supa tswelopele e e dirilweng ka tlhabololo ya go nna beng ba ikonomi mo nageng. Palogotlhe ya ditiro di le 20 881 di ne tsa tlholwa kgotsa go bolokwa ka matlole a a tletseng a IDC a ngwaga, a e neng e le R15,3 bilione, e leng maemo a a kwa godimo fa e sale.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng go tloga ka 2013, IDC e ne ya beela thoko R68 bilione ya matlole a diporojeke tsa peeletso. Mmogo le matlole a lekala la poraefete, se se diragaditse dipeeletso tse di fetang R200 bilione le go tlhola kgotsa go boloka ditiro di le 99 000. Kabinete e akgola IDC le Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi ka tiragatso e mo nakong e maiteko a go rotloetsa peeletso le go tlhola ditiro a leng botlhokwa thata.

1.11. Kabinete e amogela go tlhongwa ga Tlhatlhobo ya Mebaraka ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa data le go lemoga go kasetiwa ga dipeelo ke Khomišene ya Dikgaisano. Tlhatlhobo ya Mebaraka e tlhageletse ka ntlha ya kopo ka Tona ya Tlhabololo ya Ikonomi go ya ka Molao wa Dikgaisano. Ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa data di na le ditlamorago tse di masisi tsa ikonomi mme di ka oketsa ditlhwatlhwa tsa go dira kgwebo le go lekanyetsa bokgoni jwa Aforika Borwa jwa go dirisa dithekenoloji tse dišwa tsa tshedimosetso. Kabinete e tshegetsa boikuelo go bareboladitirelo mo lekaleng le go fokotsa ditlhwatlhwa tsa data.

1.12. Kabinete e amogela go saeniwa ga Memorantamo wa Tirisano (MoU) le Puso ya Flanders ka ga thotloetso ya Ikonomi ya Loago mo Aforika Borwa. Togamaano ya ikonomi ya Tsela e Ntšhwa ya Kgolo e e amogetsweng ka 2010 e supile fa ikonomi ya loago e le nngwe ya dintlha di le 10 tse di tlholang ditiro.

Go ya ka MoU o, Tona ya Tlhabololo ya Ikonomi o tla dirisana le Mokgatlo wa Boditšhaba wa Badiri (ILO) le Puso ya Fladers go kwala dikao tse di atlegileng tsa dikgwebo tsa loago mme o tla rerisana le bannaleseabe ba selegae ka ga go tlhoma letlhomeso la pholisi go momaganya le go matlafatsa tiro ya ikonomi ya loago.

Flanders e tla nna gape le semphato le Lefapha la Merero ya Tikologo mo porojekeng ya phetogo ya tlelaemete le ikonomi e tala, e e tla tsepamang mo maanong a go amogela.

1.13. Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke go latlhegelwa ke matshelo mo ditseleng tsa naga go go bakiwang ke bakgweetsi ba ba tswelelang go nna botlhaswa, ba sa ele tlhoko e bile ba sa rwale maikarabelo. Go sa le gale, bana ba le 13 ba ne ba gobala morago ga gore mokgweetsi yo go belaelwang a ne a tagilweng a thule setlhare ka thekesi. Dibeke di le pedi tse di fetileng, go nnile le kotsi e nngwe gape kwa KwaZulu-Natal e e bakileng dintsho tsa batho ba le 19 le dikgobalo tsa ba le robongwe fa thekisi e ba neng ba e palame e thula leborogo.

Kabinete e ikuela go botlhe ba ba tlhokomelang bana gore ba nne ba tlhokometse bakgweetsi ba ba tsamaisang bana le bapalami. Kabinete e ikuela go ditheo tsa semolao go nna di tlhokometse mo ditseleng tsa rona go netefatsa pabalesego ya badirisi ba tsela.

1.14. Kabinete e kgala ditiragalo tsa tirisodikgoka, tshenyo, le go fisiwa ga dithoto tsa setšhaba tse di jaaka tse di diragetseng kea seteišeneng sa dibese sa Rea Vaya kwa Gauteng. Mafaratlhatlha a dipalangwa tsa botlhe ke thoto ya naga e e tshwanetseng go direla setšhaba. Ga go tiragalo epe ya go se kgotsofale ga baagi e e tshwanetseng go baka tshenyo ya dithoto. Kabinete e ikuela go ditheo tsa semolao go samagana le bosenyi jo.

1.15. Kabinete e akgotse kabo ya matlole ka Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya Taolo ya Matlhotlhapelo go Puso ya Porofense ya Kapa Bophirima. Tlhwatlhwa e e fetang R74 milione e ne ya rebolwa go samagana le dikgwetlho tsa komelelo, go akaretsa melelo e e neng e galefile ya go sa le gale gammogo le tlhaelo ya dijo tsa leruo. Kabinete e tswelela go ikuela go maAforika Borwa go dirisa metsi ka tshomarelo.

2. Ditshwetso tsa Kabinete
2.1. Kabinete e amogetse koketsego mo go tseweng ga dithekenoloji le botlhami jwa selegae mo Aforika Borwa. Saense le thekenoloji di kgontsha maiteko a a maphatamantsi a bosetšhaba go bona dielo tse di kwa godimo tsa kgolo ya ikonomi mo teng ga Leanotlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Go ya ka Pegelo ya 2015 ya Tiragatso ya Saense, Thekenoloji le Botlhami ya Lekgotla la Bosetšhaba la Dikgakololo ka ga Botlhami (NACI), ditshenyegelo tsa thekenoloji di batlile di menagana gabedi jaaka peresente ya GDP go tloga go 0.018% ka 2005 go ya go 0.033% ka 2015.

Mafapha a mangwe, lekala la poraefete le ditheo tsa ditlhotlhomiso di beeleditse thekenoloji le botlhami jo bo bonalang mo manaaneng a tsona a tlhabololo.

Jaaka tsela ya go matlafatsa diphitlhelelo tse, Kabinete e amogetse dikarolo di le tharo tsa ditšhono tse di supilweng ke Lefapha la Saense le Thekenoloji go tshegetsa dithekenoloji tsa boitekanelo, dithekenoloji tse di amanang le pabalesego le tshireletso le mafaratlhatlha a loago tebang le thekenoloji.

Kabinete e mametleletse tiro ya tlaleletso ya go disa le go lekayetsa tlhabololo ya thekenoloji le botlhami mo tlhabololong ya loago le ikonomi.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Overvaal Resorts Limited wa 2017 mo Palamenteng.

Ntlhakgolo ya molao o ke go phimola molao o o tlhomileng Aventura, Molao wa Overvaal Resorts Limited, 1993 (Molao wa bo 127 wa 1993). Se se tla kgontsha go konosediwa ga go fedisiwa ga Aventura. Kabinete e tsere tshwetso ya go fedisa Aventura morago ga go e tsaya e se thoto ya botlhokwa mo pusong. Molaotlhomo ono o ne wa phasaladiwa ka Mopitlwe 2017 gore baagi ba tshwaele.

3.2. Go momaganya molao le ditiragalo mo thutong, Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Tokafatso ya Melao ya Thuto ya Motheo wa 2017 mo teng ga Kuranta ya Puso gore setšhaba se tshwaele.

Molaotlhomo o ke poelo ya tshekatsheko ya melao yotlhe ya thuto ya motheo ka maikaelelo a go tokafatsa nonofo ya setheo le go tokafatsa tsamaiso ya dikolo, boeteledipele le maikarabelo, go fetola ditirelo tsa thuto le go sireletsa ditlhopha tse di bokoa go netefatsa gore baithuti ba tsholwa sentle.

Ditokafatso di ne tsa tshitshinngwa mo Molaong wa Dikolo tsa Aforika Borwa, 1996 (Molao wa bo 84 wa 1996), le Molao wa go Thapiwa ga Barutisi, 1998 (Molao wa bo 76 wa 1998).

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Ka Lwetse re keteka Kgwedi ya Ngwaoboswa, Kgwedi ya Bojanala, Beke ya Jalo ya Ditlhare, Kgwedi ya Bodiredipuso, Kgwedi ya NDP le Beke ya Thusong Service Centre. Dintlha ka botlalo tebang le ditiragalo tse di tla rebolwa ke mafapha a a maleba.

4.2. Jaaka monnasetilo wa SADC, Aforika Borwa o ithaopile go nna moamogelabaeng wa Kopano ya Ditona ya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano tsa Tshedimosetso (ICT) ya SADC go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 7 Lwetse 2017 go buisana ka ga tswelopele e e fitlheletsweng mo go tsenyeng tirisong Lenaane la SADC la Ditlhaeletsano le ICT.

Tona Ayanda Dlodlo le Tona Siyabonga Cwele ba tla etelela pele setlhopha sa Aforika Borwa mo kopanong e. Kopano e tla tlamela ka kaedi mo mererong ya togamaano ya ditlhaeletsano le ICT le go ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga ditshwetso tse di dirilweng kwa dikopanong tse di fetileng.

Aforika Borwa o tla dirisa kopano e go rotloetsa ditirelo tse di rekegang tsa mafaratlhatlha a ICT, ka go dira jalo e tlhoma naga jaaka mooko wa mafaratlhatlha wa kgaolo le go rotloetsa dikgwebopotlana, tse di mo magareng le tse dikgolwane (di-SMME) ka fa tlase ga merero ya SADC ka kakaretso ya madirelo le momagano ya kgaolo.

4.3. Samiti ya bo 9 ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS) e tla tshwarwa kwa Xiamen, China go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 5 Lwetse 2017. Morero wa Bonnasetilo jwa BRICS ka China ke: “BRICS: Dikamano tse di Maatla go tlisa Isago e e Tsabakelang”.

Palogotlhe ya kgwebisano ya sebedi magareng ga Aforika Borwa le dinaga tse dingwe tsa BRICS e fitlhile go US$29 bilione ka 2016. Lefelo le Aforika Borwa e tswelelang go romela ntle kwa go lona go gaisa mo teng ga BRICS e ntse e le China, go latele India, Brazil mme go tle Russia. Go fela jalo le ka dithomeloteng, China e santse e le yona motswedi o mogolo o Aforika Borwa o rekang go tswa kwa go ona.

Samiti ya BRICS 2017 e tla leba dintlhakgolo di le tlhano e leng, go tsepamisa tirisano, go matlafatsa bobusi ba lefatshe, go dira dithefosano tsa batho-ka-batho, tsweletso ya ditokafatso tsa ditheo le go bopa dikamano tse di anameng.

Ntlhakgolo ya togamaano ya Aforika Borwa mo BRICS ke go rotloetsa kgwebisano ya boleng, go ngokela dipeeletso mo makaleng a naga a tlhagiso le go rotloetsa tirisano go tsweletsa maitlhomo a tlhabololo.

4.4. Kabinete e etse tlhoko go nna le seabe ga ditlamo tsa Aforika Borwa mo kopanong ya bo 53 ya Kgwebisano ya Boditšhaba ya Maputo, e e itsegeng jaaka FACIM, e e diragalang kwa Mozambique go tloga ka la bo 28 Phatwe go fitlha ka la bo 3 Lwetse 2017. FACIM ke tiragalo ya boditšhaba ya kgwebisano ya ngwaga le ngwaga go bontsha Mozambique jaaka lefelo le lentle la kgwebisano le peeletso.

Ditlamo di le 20 di ne tsa tlamelwa ka matlole ke Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti) fa di le 10 di tlametswe ke Setheo sa Kgolo ya Ikonomi sa Mpumalanga. Ditlamo tseno di ne di emetse makala a a farologaneng go akaretsa a dikhemikhale, a temothuo, a diaparo le masela, a boenjeneri, a meepo le didiriswa tse dikgolo, a thekenoloji ya motlakase le a tikologo ya kago.

Mozambique ke mogwebisani wa boraro ka bogolo wa Aforika Borwa mo kgaolong ya SADC go latela Botswana le Namibia. Kgwebisano magareng ga dinaga di le pedi tse e oketsegile go tloga go R29 bilione ka 2012 go fitlha go R43 bilione ka 2016. Ga jaana go na le ditlamo di le 300 tsa Aforika Borwa tse di dirang kwa Mozambique.

Go nna le seabe ga ditlamo tsa Aforika Borwa mo FACIM go amogetse temogo mo bekeng e e fetileng kwa Khomišeneng ya Dinagapedi jaaka sengwe sa dirala tse dikgwebo mo dinageng di le pedi tse di ka se dirisang go rerisanela tirisanommogo le semphato go oketsa kgwebisano le peeletso mo gare ga dinaga tsa rona.

4.5. Tona ya Lefapha la Merero ya Selegae, Moporofesara Hlengiwe Mkhize, o tla nna le seabe mo Dipuisanong tsa Ditona tsa Khudugo mo Borwa jwa Aforika tse di tla tshwarelwang kwa Pusong ya Swaziland go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 4 Lwetse 2017. Maitlhomomagolo a tiragalo e ke go tlhoma dipuisano gareng ga dinaga tse e leng ditokololo tsa SADC go tokafatsa tsamaiso ya khudugo mo kgaolong. Dintlha tse di tla sekasekwang di akaretsa go tlhoka bobusi, khudugo, taolo ya melelwane le khudugo ka ntlha ya ditiro.

5. Melaetsa

5.1. Kabinete e romela melaetsa ya matshidiso go:

Tona ya Sepodisi Fikile Mbalula le ba lelapa la gagwe ka ga go tlhokafala ga mmaagwe, Mama Emma Mbalula. A ba nne le maatla a go itshokela kutlobotlhoko e go tlhokafala ga mme go e tlisang mo lapeng lengwe le lengwe.

Ba malapa a badirameepong ba bararo ba go netefaditsweng gore ba tlhokafetse morago ga thoromo ka fa tlase ga lefatshe kwa Kusasalethu Mine gaufi le Cartonville kwa Gauteng, ka ntlha ya tiragalo e e neng ya kwadisa 1.8 mo Sekaleng sa Richter. Kabinete e solofela gore badiramoepong ba bangwe ba babedi ba ba iseng ba bonwe ba tla falodisiwa ke ditlhopha tsa patlo tse ga jaana di semeletseng, e bile e itumelela gore bontsi jwa badirameepong bano ba falodisitswe mo gare ga tiragalo e.

Puso le batho ba Rephaboliki ya Sierra Leone go latela o mongwe wa merwalela e e masisi mo kontinenteng ya rona. Matlhotlhapelo ano a tlhago a sentse dikarolo di le dintsi tsa naga eo, le go baka tatlhegelo ya matshelo, tshenyo ya dithoto le go tlogela matlhotlhapelo a a masisi mo matshelong a batho. Ka DIRCO, Aforika Borwa e neetse R8 milione go thusa mo namolong ya matlhotlhapelo a.
 
5.2. Kabinete e akgola botlhe ba tumelo ya Semoseleme ka go konosetsa ka katlego moletlo wa ‘Haj’ (leeto la sedumedi) mme e ba eleletsa ‘Eid-al-Adha’ e e tletseng boitumelo.

6. Ba ba thapilweng
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Rre Mziwonke Dlabantu jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Kwadiso ya Baagi ba Dintlo.

6.2. Boto ya Bogakolodi ya Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi:

Mme Lizeka Valerie Matshekga (Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri, tokololo e e tlhophilweng); le
Rre Sipho Reginald Zikode (Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri, tokololo e nngwe).
 
Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139

 Union Building