Kabinete e kopane ka Laboraro, la bo 27 Lwetse 2017, kwa Union Buidings, kwa Pretoria.
1. Merero ya ga jaanong
1.1. Kokoanokakaretso ya Ditšhabakopano (UNGA)
Kabinete e amogetse puo ya Moporesitente Jacob Zuma kwa Kopanong ya Tlwaelo ya UNGA kwa New York, Amerika ka la bo 12 Lwetse 2017, ka moono wa, “Re Tsepamisitse Mogopolo mo Bathong: Re Kgaratlhela Kagiso le Botshelo jo bo Renang Seriti go Botlhe mo Polaneteng e e Nnelang Ruri”.
Dipuisano di ne di totile, gareng ga tse dingwe, Diphitlhelelo tsa Tlhabololo ya Leruri (di-SDG); go fetoga ga tlelaemete; dintlha tsa kagiso le tshireletsego le diphetogo tsa UN, bogolo segolo diphetogo mo Lekgotleng la Tshireletso la UN.
Moporesitente Zuma o ne gape a saena Tumelano ya Thibelo ya Dibetsa tsa Nyutlilea, e leng se se bontshang maitlamo a a tswelelang pele a Aforika Borwa go lebisa kwa go reng lefatshe le feleletse le se na matshosetsi a a dirwang ke dibetsa tsa nyutlilea le go netefatsa gore thekenoloji ya nyutlilea e diresediwa mabaka a kagiso fela.
Moporesitente Zuma o ne a amogela baeng kwa dijong tsa maitseboa tsa go keteka ngwagakgolo wa go tlotla Moporesitente wa maloba yo o tlhokafetseng wa African National Congress, Rre Oliver Reginald Tambo.
1.2. Kgwedi ya Ngwaoboswa
Kabinete e lebogela maAforika Borwa otlhe go keteka Kgwedi ya Ngwaoboswa ka Lwetse mme e boeletsa molaetsa wa ga Moporesitente Zuma wa Letsatsi la Ngwaoboswa wa gore naga yotlhe tshwanetse go nna le maikaelelo a go tshwaragana le fa ba farologane.
Jaaka naga e konosetsa Kgwedi ya Ngwaoboswa ka fa tlase ga moono wa “Ngwaga wa ga Oliver Reginald Tambo: Re keteka Kgololesego ya Ngwaoboswa ya rona”, maAforika Borwa a rotloediwa go agelela mo dintlhatheong tse di tswelediwang ke Molaotheo le go maatlafatsa maiteko a go aga setšhaba se se senang lehuma, tlala, go tlhoka magae le go tlhoka tekatekano.
Go tsweletsa mowa wa ngwaoboswa, Kabinete e amogela tumelano e e saenilweng magareng ga Aforika Borwa le Tanzania, e maikaelelo a yona e leng go somarela hisetori ya kgaratlho ya kgololesego.
UN e atlenegisitse go tsenngwa tirisong ga Porojeke ya Ditsela tsa go ya kwa Boipusong ya Aforika. Ke keteko ya mowa wa kutlwano le tirisanommogo magareng ga mekgatlho ya kgololesego ya Aforika mme e tla lebisa kwa go agiweng ga musiamo, laeborari le diakhaefe.
1.3. Letsatsi la Lefatshe la Bojanala
Aforika Borwa, ka boeteledipele jwa Tona ya Bojanala, Mme Tokozile Xasa, e nnile le seabe mo Letsatsing la Lefatshe la Bojanala (la bo 27 Lwetse 2017) le Kgwedi ya Bojanala, ka moono wa "Bojanala jo bo nnelang Ruri - Sedirisiwa sa Tlhabololo". Seno se tlamela ka serala sa go tshegetsa diphetogo mo pholising, ditiragatso tsa kgwebo mmogo le maitsholo a badirisi, go lebisa kwa lephateng la bojanala le le nnelang leruri, le le kgonang go tshwaela ka tšhakgalo mo phitlhelelong ya di-SDG. Ka Letsatsi la Lefatshe la Bojanala, dinaga le ditso tse di farologaneng di keteka ditiragalo tse dintsi tsa dikgaolo di tshwana le tsweletso ya dituelo tse di kgethegileng le/kgotsa go atolosa phitlhelelo ya ditlamelo, go tsena mahala ka mogoso kwa diphakeng le kwa ditshingwaneng, mmogo le dipuisano tse di farologaneng le baamegi.
Aforika Borwa e atlegile go tsweletsa bojanala ka ditlamelo tsa yona tse di farologaneng tse di ngokelang di tshwana le diphaka tsa rona, mabopo a a boneng difolaga tse ditala, mmogo le ditsha tsa ngwaoboswa tse di tlhomamisitsweng tsa lefatshe. Bokgoni jwa bojanala jwa go thapa e sa ntse e le sebetsa se segolo kgatlhanong le botlhokatiro. Jaaka bogorogelo jwa bajanala, Aforika Borwa e lebagane le kgonagalo ya go godisa maphata a yona a le mantsi a bojanala go kgontsha bokgoni jo bogolo jwa ikonomi ka maphata a go tweng ke a a susumetsang a ikonomi ya bojanala. Ona a akaretsa bojanala jwa metsemagae, kalafi, temothuo le setso.
1.4. Tumelano ya ditlhotlhwa tsa melemo ya melemo ya thibeloketegelo
Kabinete e amogela tumelano e e mosola ya ditlhotlhwa e e fitlheletsweng ke Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, ka tirisanommogo le mekgatlho e le mmalwa ya boditšhabatšhaba, go tsweletsa go nna gona ga pilisi e le nngwe e e tlhotlhwatlase ya kalafi ya HIV.
Go fopholediwa gore phokotso ya tlhotlhwa e tla lebisa kwa polokong ya R11.7 bilione mo dingwageng di le thataro tse di latelang. Seno se tla kgontsha Aforika Borwa go kwadisa balwetse ba le bantsi mo kalafing.
Tumelano ya tlhotlhwa e dira gore dipuso tsa dinaga tsa lotseno lo lo kwa tlase le lo lo magareng di kgone go reka molemo wa Dolutegravir, o o atlenegisiwang ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO).
Ka ntlha ya tumelano ya tlhotlhwa, Lefapha la Boitekanelo le rulaganya go itsise motswako o montšhwa wa tekanyetsomolemo e e tsepameng ya melemo e meraro, Tenofovir, Lamivudine le Dolutegravir ka Moranang 2018.
Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe a a robalanang, bogolo segolo bašwa, go tswelela go tshela botshelo jo bo itekanetseng jo bo akaretsang go tsaya dikgato tsa thibelo di tshwana le go tsweletsa thobalano e e babalesegileng ka go itima, go ikanyega le go dirisa dikhondomo, mmogo le go dira diteko tsa HIV gangwe le gape.
1.5. Boitekanelo
Kabinete e amogela go bulwa ga letlhakore le lentšhwa la Sepetlele sa Cecilia Makiwane kwa Mdantsane, East London. Ke kgato e e lebisang kwa tirisong ya Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) e e tla lebisang kwa tlamelong ya tlhokomelo ya boitekanelo ya boleng, bogolo segolo go baagi ba ba humanegileng.
Sepetlele seno sa maemo a lefatshe sa tlhokomelo ya baitseanape, ke peeletso ya phitlhelelo ya ponelopele ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le di-SDG tsa UN tsa tlhokomelo ya boitekanelo e e akaretsang.
Sepetlele sa malao a le 526 se tshegediwa ke thulaganyo e e golaganeng e e atolosang tlamelo ya tlhokomelo ya boitekanelo ya boleng. Se dirisa boitlhamedi jwa thekenoloji go fokotsa dinako tsa go leta ga balwetse, go tokafatsa tlhatlhobo mme gape se dira gore baagi ba bone kalafi ka bonako.
Kago eno ya peeletso ya R1 bilione e tla tshegetsa tlhabololo ya ikonomi mo metsesetoropong. Jaaka re tsosolosa dikago tsa boitekanelo tsa setšhaba, re atolosa le ditšhono tsa gore baagi ba selegae ba tokafatse matshelo a bona ka go tlhama ditiro le tlhabololo ya dikgwebo tsa selegae.
1.6. Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago
Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go tswelela go emisa ba ba se nang lesego jaaka bona go lebilwe kwa Kgweding ya Tlhabololo ya Loago ka Phatwe.
Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago e tshwarwa ngwaga le ngwaga go keteka diphitlhelelo tse dintsi tse naga e di fitlheletseng, ka go tlamela batlhoki le ba ba mo matshosetsing mo Aforika Borwa ka thuso ya loago.
Moporesitente Zuma o tla tlhoma semmuso keteko ya Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago ka Labotlhano, la bo 29 Lwetse 2017.
Kabinete e eleletsa bagodi botlhe letsatsi le le monate la Letsatsi la Bagodi, le le tla ketekwang ka Latshipi, la bo 1 Diphalane 2017.
MaAforika Borwa a rotloediwa go dirisa kgwedi ya Diphalane go lemoga seabe le go intsha setlhabelo go go dirilweng ke bagodi go fitlhelela kgololesego ya naga ya rona. Ke tiro ya baagi botlhe, e seng puso fela, go naya bagodi ba rona le ditlhopha tse di mo matshosetsing tlhokomelo e e tseneletseng.
Lenaane la Puso ya Aforika Borwa la thuso ya loago le theilwe mo tumelong ya gore thuso ya tshireletsego ya loago ke tshwanelo ya motheo ya botho mme e botlhokwa go busetsa baagi seriti. Madi a loago a namolela dimilione tsa magae mo lehumeng la go tlhoka madi mme ka go dira mmogo le puso go tsosolosa ba ba mo matshosetsing gore seemo sa bona sa botshelo se tokafale le go boelwa ke seriti.
1.7. Dipaakanyo tsa ditlhatlhobo
Kabinete e eleletsa barutwana botlhe masego, bogolo segolo ba ba mo Mophatong wa bo 12, jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa bokhutlo jwa ngwaga.
Lefapha la Thuto ya Motheo (DBE) le siametse ditlhatlhobo tsa materiki tse di simololang ka la bo 16 Diphalane 2017 tse di tla kwalwang ke barutwana ba ba kwadisitsweng ba feta 798 000.
7.3. DBE e tlamela barutwana ba materiki ka tshegetso ya tlaleletso ya go ithuta morago ga nako ya sekolo, mo mafelong a beke le ka matsatsi a boikhutso.
Kabinete e ikuela mo batsading le mo batlhokomeding go naya barutwana tshegetso e e tlhokegang fa ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo.
1.8. Beke ya Ngwaga le Ngwaga ya Thusong Service Centre
Puso e konoseditse ka katlego Beke ya monongwaga ya Ngwaga le Ngwaga ya Thusong Service Centre, e e diragetseng go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Lwetse 2017 ka moono wa: "Ngwaga wa OR Tambo - Go Tsweletsa Dikgwebopotlana kwa di-Thusong Service Centre".
Seno e nnile karolo ya Kgwedi ya Tirelosetšhaba mme se tsweleditse Lenaane la Thusong ka go bontsha lenaane le le golaganeng la go fitlhelela baagi mmogo le bokgoni jwa lona go tsibogela ditlhokego tsa baagi. Di-Thusong Service Centre di isa setlhopha sa ditirelo tsa puso le tshedimosetso gaufi le batho.
Lenaane leno le fitlhelela baamogelatshiamelo ba ba fopholediwang go dimilione di le thataro ngwaga le ngwaga ka Lenaane le le Golaganeng le le Tsamayang la go Fitlhelela Baagi, Beke ya Ngwaga le Ngwaga ya Thusong Service Centre mmogo le dirala tse dingwe tsa Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS).
Ka lenaneo leno, puso e tswelela go baakanya go tlhoka tekatekano ga maloba ka go isa ditirelo tsa boleng tsa setšhaba gaufi le baagi ba ba neng ba ikgatholositswe mo go tsa tlhabololo ya ikonomiloago.
Gape di-Thusong Service Centre di maatlafatsa baagi ka bokgoni le ka katiso e e maleba go tokafatsa matshelo a bona, ka ditirisanommogo tse di le teng magareng ga puso, ditheo tsa puso mmogo le lephata la poraefete.
Kabinete e boeletsa boikuelo jwa gore baagi ba tswelele go dirisa di-Thusong Service Centre go fitlhelela ditirelo tsa motheo di tshwana le tsa Lefapha la Merero ya Selegae, la Badiri, la Bosiamisi, Setheo sa Aforika Borwa sa Tshireletsego ya Loago (SASSA) le Letlole la Dikotsi tsa Tsela (RAF).
1.9. Myanmar
Kabinete e tshwenyegile ka bothata jwa baagi ba Rohingya ba ba tshabileng kwa magaeng a bona kwa Myanmar.
Aforika Borwa e tshegetsa polelo ya Mokwaledikakaretso wa UN, Rre António Guterres, yo o gateletseng maikarabelo a Puso ya Myanmar go tlamela baagi botlhe ba ba amegileng ka tshireletso, le kopo gape ya gore ditheo tsa thuso di letlelelwe go fitlhelela baagi ba ba tlhokang thuso le tshireletso.
Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe go fedisa tirisodikgoka le go tila tshotlego ya batho mme e ikuela gore seemo sa kwa Rakhine State se rarabololwe go ya ka molao.
1.10. Angola
Kabinete e golagana le Moporesitente Zuma go akgola Rephaboliki ya Angola ka go tshwara Ditlhopho tsa Bosetšhaba tsa Peomolao ka katlego. Moporesitente Zuma o tsenetse Moletlo wa Tlhomo ya Moporesitente João Manuel Gonçalves Lourenço kwa Luanda ka Labobedi, la bo 26 Lwetse 2017.
Aforika Borwa le Rephaboliki ya Angola ba na le hisetori e e tshwanang ya kgaratlho kgatlhanong le bokoloniale le tlhaolele. Fa e sa le ka 1994, dinaga tse pedi tseno di ntse di tsweletse go godisa le go atolosa dikgolagano tse di maatla tsa sebedi.
Angola ke nngwe ya balekane ba bagolo ba kgwebisano ba Aforika Borwa mo kontinenteng ya Aforika mme ba tsweletse go godisa dikamano tsa sebedi.
1.11. Tlhaselo ya bajanala ba ba tswang kwa nageng ya Netherlands
Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale kgothoso ya fa gautshwane ya bajanala ba ba tswang kwa Netherlands ba ba setsweng morago go tswa kwa Boemelafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo. MaAforika Borwa otlhe a tshwanetse go kgalema ka mafoko a a bogale bosenyi jo bo jalo jo bo tshosetsang lephata le la rona le le golang la bojanala. Gape kabinete e ikuela mo Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) go dira sengwe le sengwe se e ka se kgonang go tshwara badiri ba bosenyi jo.
Kabinete e ikuela mo baaging go tla ka tshedimosetso epe e e ka thusang bothati jwa tiragatso ya molao mme e ikuela gore go dirisiwe molao ka botlalo mo go botlhe ba ba tla fitlhelwang ba le molato.
1.12. Go thankgololwa ga buka ya molao wa setso ya Bakoena ba Mopeli
Kabinete e akgola go thankgololwa ga buka ya Bakoena Ba Mopeli Customary Law of Succession and Genealogy, jaaka phitlhelelo ya boeteledipele jwa setso mo Aforika Borwa.
12.2. Tona ya Puso ya Tirisano le Merero ya Setso, Rre Des van Rooyen, le Motlotlegi Kgosi Letsie III, Tlhogo ya Mmuso ya Bogosi jwa Lesotho, ba tsenetse tiragalo eo ka Mosupologo, la bo 25 Lwetse 2017.
Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso le simolotse go kwala hisetori ya Magosi a le 13 ka 2011. Buka eno e tla thusa ka go tlhaloganya hisetori ya Bakoena Ba Mopeli le tatelano ya losika go leka go somarela hisetori ya rona.
2. Ditshwetso tsa Kabinete
2.1. Porotokolo ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC)
Kabinete e amogetse thebolo ya Porotokholo ya SADC ya Tsamaiso ya Tikologo go fitlhelela Tlhabololo e e Nnelang Ruri, ke Palamente. Maitlhomo a porotokholo ke go tsweletsa tiriso e e nnelang ruri le tsamaiso ya go ralala melelwane ya tikologo, e leng se se mo kgatlhegong ya mebuso e e leng ditokololo tsa SADC.
Aforika Borwa, jaaka Modulasetilo wa SADC go tloga ka Phatwe 2017 go fitlha ka Phatwe 2018, e itlamile go maatlafatsa maiteko a kgaolo a go somarela metswedi ya tlhago ya go ralala melelwane le go tsweletsa tlhabololo e e nnelang leruri mo kgaolong ya SADC.
Seno se lepalepane le NDP, e e itlhaganisediitseng go tiisa kgolagano mo kgaolong ya SADC gammogo le go netefatsa gore tikologo eno e nnela ruri le gore go nna le tekatekano mmogo le go dira gore ikonomi eno e nne e e tlhagisang mowa wa khabone o o kwa tlase.
2.2. Khonferense ya Ditona ya Tirisanommogo ya Dikgato ya Ikonomi ya tsa Tlhago
Kabinete e amogetse go amogelwa ga Khonferense ya Ditona ya Tirisanommogo ya Dikgato ya Ikonomi ya tsa Tlhago ka Lwetse 2018. Serala seno se tshegetsa dinaga le dikgaolo go dira gore go nnela ruri e nne mooko wa dipholisi le ditiro tsa ikonomi go tsweletsa Lenane la 2030 la Tlhabololo e e Nnelang Ruri.
Ke lenaane la UN le le kopanyang boitseanape go tswa kwa ditheong tse tlhano tsa UN e leng; Lenaane la Tikologo la UN; Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri; Lenaane la Tlhabololo la UN; Mokgatlho wa Tlhabololo ya Diindaseteri wa UN le Setheo sa Katiso le Patlisiso sa UN.
Go amogela Khonferense ya Ditona go tla tsweletsa lenane la kgolo e e akaretsang, selegae le mo kontinenteng ya Aforika, ka go tsaya tsela ya ikonomi e e tlhagisang khabone e e kwa tlase mme e kgona go emelela tlelaemete.
2.3. Boto ya Metsi ya Umngeni
Kabinete e sekasekile seemo sa Boto ya Metsi ya Umngeni, e leng boto ya metsi ya bobedi ka bogolo mo nageng e e nang le letseno la ngwaga le ngwaga le le fetang R2,4 bilione, ka tekanyetsokabo ya yona ya dingwaga di le tlhano ya Ditshenyegelo tsa Madi tse di fetang R7 bilione. Gape kabinete e itsisitswe ka dipuisano tse lefapha la metsi le kgeleloleswe le nang natso le babeeletsi.
Go re go tsepamisiwe merero ya bolaodi jwa Boto, Kabinete e tlhomamisitse go thapiwa ga Boto ya Nakwana fa Tona a itlhaganedisa tsamaiso ya go thapa Boto ya Metsi ya Umngeni e e feletseng. Kabinete e kgotsofaditswe ke tiro e Tona a e dirang go tsepamisa Boto ya Metsi ya Umngeni.
3. Melaotlhomo
3.1. Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tshekatsheko ya Lefatshe
Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tshekatsheko ya Lefatshe gore setšhaba se tshwaele ka ga ona. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Tshekatsheko ya Lefatshe, wa 1997 (Molao wa bo 8 wa 1997).
Dipaakanyo di tokafatsa go rwala maikarabelo le bolaodi mme di dira tlamelo ya go thapiwa ga ditokololo tse di rileng tsa Boto ya Taolo ya Tshekatsheko, go tokafatsa taolo ya tshekatsheko ya lefatshe mo Aforika Borwa.
Gape Molaotlhomo o batla go laola tshekatsheko ya lefatshe mo Aforika Borwa ka go maatlafatsa Mosekasekikakaretso Mogolo gore a diragatse kelotlhoko ya bosetšhaba le tsamaiso mo ditshekatshekong tsa keleketlo ya lefatshe, sebopegoboalo jwa lefatshe le diphuruphutso tsa bogolo, boleng le bong jwa lefatshe, tshedimosetso ka ga lefelo le le rileng mmogo le ditirelo tsa tshedimosetso ya lefatshe.
3.2. Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Melao ya Saense le Thekenoloji wa 2017
Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Melao ya Saense le Thekenoloji wa 2017 gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ga ona. Molaotlhomo o tshitshinya gore go dirwe gore ditlamelo tse di laolang ditiro le taolo ya ditheo tsa setšhaba tse di ikarabelang kwa go Tona ya Saene le Thekenoloji di lepalepanngwe le go tlhomamisiwa. Seno se tla netefatsa gore ditlhokego tse di tshwanetseng go fitlhelelwa le dithulaganyo tse di tshwanetseng go latelwa ke ditheo di a tshwana malebana le taolo.
4. Ditiragalo tse di tlang
4.1. Kgwedi ya Dipalangwa
Ka fa Diphalane 2017 e le Kgwedi ya Dipalangwa ka moono wa: "Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa", Kabinete e ikuela mo go botlhe go dira mmogo go netefatsa gore mafaratlhatlha a pharakano otlhe a ungwela botlhe mme e rotloetsa badirisi ba tsela go rwala maikarabelo le go dirisa ipabalelo tseleng jaaka karolo ya matshelo a bona a letsatsi le letsatsi. Fa re dira mmogo re ka fokotsa dintsho mo ditseleng tsa rona.
Mo Kgweding ya Dipalangwa, puso - e eteletswe pele ke Lefapha la Dipalangwa le ditheo tsa lona - e tla tlhagisa dipoelo tsa ikonomi tsa lephata ka go bontsha mafaratlhatlha a ditirelo tsa pharakano mo go tsa phofo, mawatle, dipalangwa tsa botlhe, ditsela le diporo. Tlhomo ya bosetšhaba e dirwa kwa Lebaleng la Metshameko la Sinaba kwa Daveyton mo Toropokgolong ya Ekurhuleni ka la bo 29 Lwetse 2017.
Dipeeletso mo lephateng la dipalangwa di susumetsa tlhabololo le go tlhama ditiro jaaka karolo ya Leano la Dintlharobongwe la Aforika Borwa, le le ikaelelang go godisa ikonomi le go tlhama ditiro tse di tlhokegang. Dipeeletso tseno di tla netefatsa gore go agiwa mafaratlhatlha a a golaganeng a dipalangwa tsa botlhe go ralala naga.
4.2. Aforika Borwa e tla amogela Pitso ya bobedi ya Khomišene ya Ditšhabapedi (BNC) ya Aforika Borwa-Zimbabwe
Moporesitente Jacob Zuma o tla amogela molekananae ka kemo wa Zimbabwe, Motlotlegi Moporesitente Robert Mugabe, yo o tla bong a le mo Aforika Borwa ka la bo 3 Diphalane 2017 ka tiragalo ya Pitso ya Bobedi ya BNC ya Aforika Borwa-Zimbabwe. Tumelano e e tlhamang BNC e saenilwe ka Moranang 2015 mme ya tlhomiwa ka Diphalane 2016 kwa Harare, Zimbabwe.
Aforika Borwa le Zimbabwe ba na le dikamano tse di siameng tsa sebedi tsa sepolotiki, ikonomi le loago tse di theilweng ke dikgolagano tse di sa bolong go nna gona dingwaga tse dintsi tse di fetileng. Dinaga tse pedi tseno ga di a tlhakanela fela dikamano tse di maatla tsa hisetori fela di na gape le tirisanommogo ya ikonomi. Zimbabwe ke nngwe ya balekane ba kgwebisano ba Aforika Borwa ba batlhano ba bagolo mo kontinenteng, mme dipalopalo tsa kgwebisano di bontsha kgolo ya ngwaga le ngwaga. Ka 2016, Dithomelontle tsa Aforika Borwa go ya kwa Zimbabwe di ne di fitlhelela go madi a a fopholediwang go R29.3 bilione.
5. Melaetsa
5.1. Letsatsi la Botsalo - Mama Winnie Madikizela-Mandela
Kabinete e golagana le naga yotlhe go eleletsa Mama Winnie Madikizela-Mandela, yo o itsegeng ka lerato jaaka Mmasetšhaba, letsatsi la botsalo le le itumedisang jaaka a ne a tshwara dingwaga di le 81 ka Labobedi, la bo 26 Lwetse 2017.
Mama Madikizela-Mandela ke mongwe wa bagaka ba kgololesego ba ba ketekwang go gaisa mo Aforika Borwa. Kabinete e lebogela tirelo ya gagwe mo kgaratlhong ya kgololesego e e lwetsweng ka natla mme e mo eleletsa ngwaga o o segofetseng ene le baratiwa ba gagwe le balesika.
5.2. Banyana Banyana
Kabinete e akgola Banyana Banyana ka go gapa Bosimega jwa Basadi jwa COSAFA 2017 morago ga go fenya ka 2-1 mo makgaolakgannyeng kgatlhanong le Zimbabwe kwa Bulawayo. Banyana Banyana ba rwala folaga ya Aforika Borwa ka boipelo mme tiragatso ya bona e tswelela go rotloetsa bašwa ba bangwe ba Aforika Borwa go dira ka matsetseleko.
5.3. Thoromo ya lefatshe kwa Mexico
Kabinete e golagana le Moporesitente Zuma go fetisetsa matshediso go Moporesitente Enrique Peña Nieto wa United Mexican States le go baagi ba Mexico go latela matlhotlhapelo a thoromo ya lefatshe, tsunami le kgwanyape tse di bakileng dintsho di feta 225 le tshenyo e e boitshegang ya mafaratlhatlha.
6. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
6.1. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Boto ya Nakwana ya Boto ya Metsi ya Umngeni:
a. Mme Ziphozethu Mathenjwa (Modulasetilo);
b. Mme Nompumelelo Chamane;
c. Rre Visvin Reddy;
d. Rre David Dikoko;
e. Mme Zodwa Manase;
f. Moatefokate Tshidi Hatashe; le
g. Rre Midiavhathu Tshivhase.
6.2. Ditokololo tse di tla dirang mo Phaneleng ya Melawana ya Tseotaolo:
a. Rre Sandile Bubele Siyaka (paka ya bobedi);
b. Rre Ntshengedzeni Anthony Michael Tshivhase (paka ya bobedi);
c. Rre Christopher Ewing (paka ya bobedi);
d. Rre Ebrahim Aboobaker Moolla (paka ya bobedi);
e. Mme Nonzukiso Zukie Siyotula; le
f. Mme Nocamagu Nomfundo Mbulawa.
6.3. Bakaedi ba e seng ba khuduthamaga mo Botong ya Koporasi ya Inšorense ya Melato ya Aforika Borwa SOC Limited:
a. Rre Dhevendren Dharmalingam (Modulasetilo);
b. Mme Vuyelwa Matsiliza (o thapilwe sešwa); le
c. Mme Siobhain O’Mahony (o thapilwe sešwa).
6.4. Rre Patrick Khulekani Dlamini o thapilwe sešwa jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Bankatlhabololo ya Borwa jwa Aforika le Mokaedikhuduthamaga wa Boto.
Dipotsiso:
Mme Phumla Williams
Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139