Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo 18 Diphalane 2017 kwa Tuynhuys, Motsekapa.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Letsatsi la Kgololesego ya Bobegakgang
1.1. Kabinete e ikamanya le maAforika Borwa fa ba bontsha tlotlo ya Letsatsi la Kgololesego ya Bobegakgang ka Labone, la bo 19 Diphalane 2017.
1.2. Bobegakgang bo tshamekile karolo e e namagadi mo go lwantsheng tlhaolele, ka go ntshetsa mo pepeneneng ditiragalo tse di setlhogo tse di dirilweng ke puso ya tlhaolele. Monongwaga o tshwaya dingwaga di le 40 fa e sale puso ya tlhaolele e kgaotsa go phasaladiwa ga makwalodikgang a a ka ga kgatelopele a a jaaka lekwalodikgang la the World, the Weekend World le la the Voice.
1.3. Gompieno Kgololesego ya Bobegakgang e tsenyeleditswe mo Molaotheong wa Aforika Borwa
1.4. Kabinete gape e tswelela go rotloetsa maAforika Borwa go tswelela go rotloetsa phitlhelelo ya tshedimosetso le go dirisa ditshwanelo tsa kgololesego ya bobegakgang ka maikarabelo go thusa mo go ageng Aforika Borwa yo o tshwaraganeng, yo o senang tlhaolele, yo o sa tlhaoleng go ya ka bong, wa temokerasi e bile a humela botlhe.
2. Ikonomi ya kwa Mawatleng
2.1. Kabinete e akgotse Moporesitente Jacob Zuma ka go aleleng bannaleseabe pegelo ya dikgatelopele mabapi le go tsenyatirisong Operation Phakisa ya Ikonomi ya kwa Mawatleng le go ikuela mo go bannaleseabeng botlhe go tswelela go dirisana mmogo le puso go bulela ditšhono tsa ikonomi ya mawatle a rona.
2.2. Ikonomi ya kwa Mawatleng e setse e tsentse 4.4% mo Seelosotlheng sa Aforika Borwa sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) mme pegelo ya Moporesitente go bannaleseabe e bontsha thata matsapa a botlhe mmogo le tshegetso ya balekane botlhe ba puso go fitlhelela bokgoni jo bogolo.
2.3. Diporojeke tsa Ikonomi ya kwa Mawatleng go fitlha ga jaana e buletse dipeeletse tse di kopaneng tsa bokana ka R24.6 bilione go tswa kwa pusong le kwa makaleng a poraefete, le go tlhola ditiro di feta di le 6 500.
2.4. Peeletso e e kgologadi mo Ikonoming ya kwa Mawatleng, e e tlametsweng ka matlole a go tswa kwa pusong, e samagantswe le tlhabololo ya mafaratlhatlha, bogolosegolo maemakepeng, tlhagisodikunong, go ageng dikepe, bolemirui jwa bolelokotlhapi le dipatlisiso tsa saense mo makaleng a oli le gase.
2.5. Puso e loga maano a go aga lefelo le le lengwe le le kgologadi la boagelo jwa dikepe mo dinageng tsa borwa jwa Aforika. Lefeloboagelodikepe la KwaZulu-Natal kwa Boemakepeng jwa Durban le tla bokeletsa bokgoni go tswa kwa dipeeletsong tse dintšhwa, mo dithomelontleng le mo go tlholeng ditiro.
3. Go etela semmuso kwa Zambia
3.1. Kabinete e amogetse dipoelo go tswa mo leetong la semmuso la Moporesitente Zuma la go etela kwa Rephaboliking ya kwa Zambia go simolola ka la bo 12 go fitlha ka la bo 13 Diphalane 2017.
3.2. Dipuisano magareng ga Moporesitente Zuma le molekanekaene wa kwa Zambia Edgar Lungu di matlafaditse tirisanommogo ya dinaga ka bobedi e e ntseng e edile mo dipolotiking, ikonoming le mo setsong, e e tlhodilweng ke hisetori ya tshwaragano ya rona e e boelang kwa matsatsing a bogolotala fa re ne re kgaratlhela tokologo.
3.3. Ditlhogo ka bobedi tsa dinaga ba butse semmuso lefelo la Ngwaoboswa la Naga la OR Tambo kwa Chelstone, Lusaka, go supa tlotlo mo seabeng seo OR Tambo a nnileng le sone mo go kgaratlheleng tokologo mo dinageng tsa borwa jwa Aforika.
3.4. Zambia e tswelela go nna e nngwe ya dinaga tse di kwa godimo mo go gwebisaneng le Aforika Borwa mo kgaolong le mo nageng. Tirisanommogo mo ikonoming magareng ga Aforika Borwa le Zambia e tswelela go golela pele, ka diromelwantle tsa Aforika Borwa tse di romelwang kwa Zambia di fitlha go R30 bilione mo ngwageng wa 2016. Dinaga ka bobedi di dirisanammogo mo dikarolong tse di farologaneng, go akaretsa mo kgwebisanong le mo dipeeletsong, mo saenseng le thekenoloji, mo sesoleng, temothuong, tikologong, enejing le mo boitekanelong.
4. Go tsaya leeto la tiro la semmuso kwa Nigeria
4.1. Kabinete e akgotse Moporesitente Zuma ka go bontshiwa tlotlo ka sefikantswe le go reela mmila ka ene kwa Nigeria, mo nakong ya fa a ne a tsere leeto la tiro la semmuso go natlafatsa tirisanommogo ya ikonomi le ya loago mmogo le ditirisanommogo tse dingwe.
4.2. Mmusisi wa naga ya Imo, Rochas Okorocha, o ne a apesa Moporesitente Zuma Kabo ya Tiro e Ntle ya Imo, e leng kabo e e kwa godimo thata mo nageng eo e e neelwang batho bao ba dirileng phapang mo tlhabololong ya baagi ba yona.
5. Kopano ya bo 17 ya Mokgatlhokgo o o Kgotlhaneng wa Lekgotla la Ditona tsa Dinaga tse di mo Karolong ya Indian Ocean (IORA)
5.1. Aforika Borwa e tsere bodulo mokgatlhong wa IORA mo kopanong ya bo 17 e e neng e tshwaretswe kwa Durban go simolola ka la bo 14 go fitlha ka la bo 18 Diphalane 2017.
5.2. Moono wa Aforika Borwa mo pakeng ya yona ya bodulo ke, “Re Kopanya baagi ba dinaga tsa Aforika, Asia, dinaga tsa Australasia le tsa Botlhabagare ka Tirisanommogo e e Tlhotlhelediwang go tlhagisa Kagiso, Bokgoni le Tshomarelo”.
5.3. Kabinete e gateletse mafoko a yona a maikaelelo a yona ka go nneng modulasetilo a go tsenyeletsa tirisanommogo ya dikgaolo mo dikarolong tse di jaaka ikonomi ya kwa mawatleng; matlafatso ya ikonomi mo basading; thotloetso ya dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolwana; matlafatso ya basadi, le tirisanommogo mo ditheong tsa dithuto tse dikgolwana, mo saenseng le mo thekenolojing.
6. Dikopano tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Setheo sa Matlole sa Boditšhabatšhaba (IMF) le Banka ya Lefatshe
6.1. Kabinete e nopoletswe ke Tona ya Matlole, Rre Malusi Gigaba, go latela seabe sa Aforika Borwa kwa dikopanong tsa 2017 tsa ngwaga le ngwaga tsa IMF le Banka ya Lefatshe tse di neng di tshwerwe ka la bo 13 go fitlha ka la bo 15 Diphalane 2017.
6.2. Dikopano tseo di tlametse ka ditšhono tsa go sekaseka kgatelopele ya boditšhabatšhaba e e dirilweng mo mererong ya tlhabololo le go tsibosa ka dikgato tseo Aforika Borwa e di tsereng mo go mekamekaneng le tlhabololo ya ikonomi le ya loago, kgolo e e akaretsang botlhe, go tlhama ditiro le go fedisa lehuma.
6.3. Kabinete gape e nopoletswe le ka kopano eo Tona Gigaba a neng a e tshwere le ba ditheo tse di ikemetseng tsa tekolo ya dikoloto le babeeletsi go ba netefaletsa ka dipholisi tsa ga jaaong tsa Aforika Borwa mmogo le dikgato tsa go laola matlole.
6.4. Kabinete e kgotsofaditswe ke netefaletso e e neetsweng babeeletsi ka ga maano a puso a go godisa ikonomi le maikemisetso a puso a go laola merero ya bobusi mo ditheong tsa naga ya rona tsa puso.
6.5. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBP) e tla tlhagisiwa kwa Palamenteng, Motsekapa, ka la bo 25 Diphalane mme e tla tlhagisa maano a puso a tiriso ya madi mo dingwageng di le tharo.
7. Tlhabololo ya Mafaratlhatlha
7.1. Kabinete e akgola tlamelo e kgolo e e dirilweng mo go tlhabololeng mafaratlhatlh a puso ka go neela semmuso maborogo a le tharo kwa Botlokwa kwa Limpopo ke Moporesitente Zuma ka la bo 17 Diphalane 2017.
7.2. Setheo sa Naga sa Ditsela tsa Aforika Borwa ke sona se se agileng maborogo a kwa Botlokwa moo le le lengwe le nang le mmila wa dijanaga fa a mabedi one e le a batsamaya ka dinao a go kgabaganya mebila mo mmilafefong wa N1 mo magareng a Polokwane le Makhado.
7.3. Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore porojeke eno e tla tlhabolola thata tirisomebila fa go tseewa maeto mmogo le pabalesego mo badirising botlhe ba ditsela ba ba nnang mo karolong eo.
8. Dikgwebopotlana le tse di mo magareng (di-SME)
8.1. Kabinete e akgotse Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana ka go tshwarammogo Mokete wa Dipontsho wa Boditšhabatšhaba wa di-SME tsa China monongwaga, ka ntlha ya fa seno se bulela dikgwebopotlana tsa Aforika Borwa dimaraka le dikoporasi tsa China. Mokete wa dipontsho wa di-SME o tshwaretswe kwa Guangzhou, China go simolola ka la bo 10 go fitlha ka la bo 27 Diphalane 2017.
8.2. Dikgwebopotlana ke tsona moodi wa ikonomi ya rona mme ke tsona tse di fepang kgolo ya ikonomi le go tlhamiwa ga ditiro mo Aforika Borwa, mme seabe sa rona mo moketeng wa dipontsho wa kgwebisano o tlotlomaditse phitlhelelo ya dimaraka le ditšhono tsa go godisa dikgwebo.
8.3. Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore seno se bontsha maikemisetso a puso mo go fitlheleleng thotloetso le tshomarelo ya boitshimololedikgwebo. Go beeletsa mo dikgwebopotlaneng go tla thusa naga go tsibogela dikgwetlho tsa gompieno tse di mabapi le ikonomi le loago.
9. Bojanala
9.1. Kabinete e amogetse go thankgololwa ga Lenaane la Naga la Tekolo ya Bojanala kwa Soweto, ka Labobedi, la bo 17 Diphalane 2017, leo maikaelelo a lone e leng go atolosa maitemogelo a moeng mmogo le go tokafatsa pabalesego ya bajanala.
9.2. Lefapha la Bojanala, ka tirisanommogo le Bothati jwa Bojanala jwa Gauteng le thankgolotse lenaane leno kwa Vilakazi Street, e leng mmila o le esi fela mo lefatsheng ka bophara o o ipelang ka baagi ba one bao ba abetsweng dikabo tsa Nobel Laureates – e leng Moporesitente wa maloba Nelson Mandela le Moatšhebishopo o Mogolo Desmond Tutu.
9.3. Lenaane leno le lepalepantswe le maikaelelo a Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP)mme le ikaeletse go tlhama ditiro mo bašweng ba le 200, bao ba tla katisediwang go nna balekodi kwa mafelong a bojanala mo pakeng ya dikgwedi di le 36.
9.4. Kabinete e rotloetsa beng ba dikgwebo mmogo le baagi mo Gauteng go dirisanammogo le balekodi ba bojanala go ka tokafatsa pabalesego ya bajanala le go soreletsa ditšhono tsa ikonomi go tswa mo intasetering eno.
10. Saense le Thekenoloji
10.1. Kabinete e amogela le go akgola rasaense yo a tsereng karolo mo diphuruphutsong tsa dithelesekoupu tsa Lefelotekolo la Tekololefaufau la Aforika Borwa (SAAO) le Thelesekoupu e Kgolo ya Aforika Borwa (SALT). Seno se dirile gore go nne le tirisanommogo e e sa solofelwang ya boditšhabatšhaba go phuruphutsa kwa go simolotsweng kwa teng go lemogiwa ga maphotho a lefaufau ao a bakilweng ke go thulana ga dinaladi di le pedi tsa nyuterone. Go thulana gono gape go dirile gore go nne le go phamphologa ga lesedi go go tlhagisitseng khilonoa. Khilonova ke tiragalo ya lefaufau e e diragalang mo go nang le kopano ya dilo tsa kwa lefaufaung fa go kopana dinaledi di le pedi tsa nyuterone kgotsa naledi ya nyuterone le mosima o o lefifi di kopana.
10.2. Go utulola seno go tlhagisa paka e ntšhwa mo fisikeng ya lefaufau, mo tiragalo ya ntlha ya lefaufau e bonweng ka go dirisa bobedi maphotho a lefaufau le lesedi. Dithelesekoupu tsa SALT le SAAO le tse dingwe di tlametse e nngwe ya tshedimosetso ya ntlha eo ga jaanong e tlhagelelang e le e nngwe ya ditiragalo tse go ithutilweng ka tsone go utlwagala mo fisikeng ya lefaufau.
10.3. SALT le SAAO ke a mangwe a mafelo a dipatlisiso ka lefaufau a le 70 a a leng mo lefatsheng a a boneng phamphololo ya dinaledi fa dinaledi di le pedi tsa nyuterone di thulana, gang morago ga gore go lemogiwa maphotho a lefaufau ke Lefelopatlisiso la Maphotho a Lefaufau la Dikgoreletsi tsa Lesedi leo le leng kwa Amerika mmogo le la kwa Yuropa le le ka ga go nopola Naledi ya Virgo.
11. Mokete wa Lefatshe wa Bašwa le Baithuti
11.1. Russia e tla tshwara Mokete wa Lefatshe wa Bašwa le Baithuti wa 2017 go simolola ka la bo 14 go fitlha ka la bo 22 Diphalane 2017, o o tla tsenelwang ke bašwa ba feta 20 000 go tswa kwa dinageng di le 150.
11.2. Maitlhomo a mokete ono ke go kopanya bašwa ba lefatshe mo atlhaatlheng kakanyo ya bosiamisi, go matlafatsa tirisanommogo ya dinaga tsa boditšhabatšhaba, mmogo le tshimololo ya tirisanommogo mo lotsong le mo ditsong.
12. Tshireletsego ya bana
12.1. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona go latela dipegelo tsa ditiragalo tsa bosenyi tse di diriwang mo baneng, ditiragalo tsa sešweng jaana e leng ditatofatso tsa thobalano le barutwana ba feta 80 kwa Sekolopotlaneng sa AB Xuma kwa Orlando, Soweto kgatlhanong le motlhokomedi wa sekolo. Lefapha la porofense le opelwa legofi ka fao ba tsibogetseng ka bonako ntlha eo ka go kgaotsa botsamaisibogolo ba sekolo ntle le go senya nako gore ba se gate kwa sekolong mme ba bitsa badirediloago mmogo le go tlhoma mokgatlho o o ikemetseng gore ba dire dipatlisiso.
12.2. Kabinete e ikuelela mo baaging botlhe ba Aforika Borwa go dirisanammogo gore ba sireletse bana kgatlhanong le dikotsi tse dingwe le tse dingwe le go bogisiwa, mmogo le go dirisana le sepodisi sa tikologo go babalela baagi ba rona.
13. Ditlhatlhobo
13.1. Kabinete e na le tshepo ya gore ditlhatlhobo tsa bokhutlho jwa ngwaga di tla diragadiwa ntle le dikgoreletsi dipe go latela ditshupetsokgothakgothe tse di dirilweng mo bekeng eno tse di neng di eteletswe pele ke South African Democratic Teachers’ Union (SADTU).
13.2. SADTU e isitse memorantamo kwa go Tona ya Thuto ya Motheo, mme Angie Motshekga, yo a ikanneng go rarabololeng mathata ka bonako jo bo kgonagalang. Go botlhokwa thata gore bannaleseabe botlhe ba dirisane mmogo go tlhola tikologo e e loketseng go kgontsha botoka barutwana gore ba tsepamise megopolo mo go ithuteng le mo ditlhatlhobong tsa bona.
14. Ditsuatsue
14.1. Kabinete e rometse matshediso a yona go tswa kwa boteng jwa pelo kwa baratiweng ba bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo ditsuatsueng tsa mo malobeng kwa dikarolong tse dingwe tsa naga.
14.2. Kabinete gape e romela ditebogo tsa yona kwa go botlhe bao ba ithaopileng, mekgatlho ya baagi, baagi, badiri ba ba tlametseng ka thuso mmogo le ditlhopha tsa Taolo ya Matlhotlhapelo go thusa bao ba amegileng.
14.3. Tona ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA), Rre Des van Rooyen, mo maemong a gagwe jaaka tlhogo ya Tikwatikwe ya Naga ya Ditirelo tsa Botsamaisi jwa Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo mo Aforika Borwa, o etetse mafelo a a amegileng mo ditsuatsueng le mo dipuleng tse di tsorotlileng kwa Masepaleng wa Teropokgolo ya eThekwini kwa KwaZulu-Natal ka la bo 13 Diphalane 2017 mmogo le kwa Masepaleng wa Selegae Mogale City kwa Gauteng ka la bo 16 Diphalane 2017.
Ka ntlha ya dipula tse di tsorotlang le ditsuatsue tse di fetlhileng dikarolo di le dintsinyana tsa naga, batho ba le 19 ba tlhokafetse fa ba ba fetang ba le 20 ba tswile dikgobalo. Tona van Rooyen gape o etetse le mafelo a ditiragalo tsa sešweng kwa Philippi e e kwa Kapa Bophirima moo ditokololo di le thataro tsa lesika, go akaretsa le bana ba le bararo, ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ka ntlha ya molelo o o runtseng o o meditseng megoafatshe e le meraro le lebentletšana.
15. Life Esidimeni
15.1. Kabinete e amogetse tshimololo ya tharabololo ya dikgotlhang tsa kwa Life Esidimeni jaaka dikgato tse dingwe tsa ntlha tsa go ka fodisa matswalo le go amogela dintsho tsa ba malapa a bao ba tlhokafaletsweng.
15.2. Kabinete e na le tshepo e e tletseng mo go Motlatsa Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo yo a rotseng tiro Dikgang Moseneke, yo a tlhorameng kgetse eno mmogo le go lakaletsa ba malapa go nna pelo kgale mo ditshekong tseno tseo bopaki jwa tsona bo leng boima tota mo go bona.
15.3. Dipatlisiso tseno ga di a tshwanela go thusa fela go tlisa pholo mo dipelong tsa ba malapa a a amegileng fela di tshwanetse gape di rebole dintlha tseo puso ka kakaretso e tshwanetseng go ithuta mo go tsone. Puso e ikemiseditse go tlamela ka tirelo ya boleng mo go maAforika Borwa otlhe.
16. Avian Influenza
16.1. Kabinete e netefaleditswe gore Lefapha la Temothuo, jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF) le dira diphuruphutso tsa ka gale mo dipolaseng go ralala le naga ka maitlhomo a go thibela go runya ga kanamo ya Avian Influenza (HPAI) H5N8.
16.2. Bolwetse jwa Avian Influenza bo lemogilwe mo losikeng lwa kgogong. Kabinete e lopa setšhaba go se selane le dikgogo tse di lwalang kgotsa tse di suleng le go se fepe dinonyane tsa naga mme ba itsisi bothati jwa selegae ka seo le ka ditiragalo tse dingwe le tse dingwe tse di belaetsang fa go na le bolwetse joo.
17. Ditlhaselo mo Mapodising
17.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale tota go tlhaselwa ga Ditokololo di le thataro tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) kwa Vanderbijlpark kwa Gauteng ka la bo 10 Diphalane 2017 ke ditokololo tsa baagi.
17.2. Ditheo tsa tiragatso ya molao maikarabelo a tsona ke go sireletsa baagi mo ditiragalong tse dingwe le tse dingwe tsa bosenyi. Ka jalo, ga go dikgogakgogano dipe tse di ka tlhotlhang motho mang le mang gore a tlhasele ditheo tsa tiragatso ya molao.
17.3. Kabinete e ikuela mo ditokololong tsa baagi ba no go dirisana le sepodisi gore ba kgone go lwantsha ditiragalo tsa bosenyi le go thusa gore Aforika Borwa e bolokesege mo go botlhe.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
18. Lenaane la Dintlo tsa Setšhaba
18.1. Kabinete e tlotlomaditswe ka dithebolo le ditshtshinyo tsa Seabe le Tsenngotirisong ya Tlhatlhobo ya Lenaane la Dintlo tsa Setšhaba mmogo le leano la tokafatso, ka maitlhomo a go tokafatsa ka fao batho ba neng ba beilwe ka teng mo nakong ya tlhaolele ka go tokafatsa mafelo a bodulo mmogo le diporojeke tsa dintlo go kopanya madulo a kwa metseseteropong.
18.2. Lenaane leno le tlamela ka madulo a a duelesegang mo malapeng a a iponelang letseno le le kwa tlase kgotsa le le mo magareng mo mafelong ao dimmaraka tsa dintlo di neng di ka se ba kgontshe gore ba nne le dintlo gone.
18.3. Leno ke lona lenaane le le lengwe fela le le tlamelang ka tlamelo ya matlole mo dikolotong; le le tseelang tlhogong tshomarelo ya matlole mo pakateleleng ya diporojeke; mmogo le go tlhola mokgwa wa tuediso ya matlole o o nang le botho moo badudi ba duelelang madi a bodulo mme ditheo tsa dintlo tsa setšhaba tsona di duelela direiti, di-tax mmogo le dituelelo tsa ditirelo tsa masepala.
18.4. Pegelo eno e thusa mafapha a a maleba go tswelela go tokafatsa maano a bona a ditirelo. Pegelo ka botlalo e tla tsenngwa mo webesaeteng ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro(www.dpme.gov.za).
19. Tirelo ya Bašwa ya Boset (NYS)
19.1. Kabinete e amogetse Letlhomeso la Lenaane la NYS jaaka karolo ya go tlhabolola bašwa go nna baagi ba ba matlhagatlhaga ba Aforika Borwa.
19.2. NYS ke sekgontshi mo bašweng ba Aforika Borwa go nna baagi ba ba matlhagatlhaga mo nageng le go nna le seabe se se loketseng kgolo ya naga fa mo letlhakoreng le lengwe le bone ba tlhabolola matshelo le bokgoni jwa bona. Seno se tla akaretsa bašwa ba ba tsayang karolo mo ditiragalong tse di unngwelang baagi ba selegae fa mo latlhakoreng le lengwe se tlhabolola bokgoni jwa bona ka ditirelo le go ithuta gore ditšhono tsa gore ba kgone go ka iponela ditiro le go ka itshimololela dikgwe di oketsege.
20. Foramo ya bo 3 ya Aforika ka ga Beke ya Katoloso ya Ditirelo tsa Boeletsi mo Temothuong
20.1. Kabinete e amogetse gore go ka tshwarwa fa gae Foramo ya bo 3 ya Aforika ka ga Beke ya Katoloso ya Ditirelo tsa Boeletsi mo Temothuong, e e tla tshwarelwang kwa KwaZulu-Natal go simolola ka la bo 30 Diphalane go fitlha ka la bo 3 Ngwanaitseele 2017.
20.2. Foramo eno e lepalepisitswe le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le go nopola tlhokego ya dijo jaaka mokgwa wa go ka samagana le dikgwetlhotharo tsa botlhokatiro, lehuma le tlhokotekatekano.
20.3. Moono ono ke: “Go tlhatlosa temothuo ya maemo a bosa ka thekenoloji: Go kopanya bašwa, basadi le tshimologo ya go dirisa didirisiwa tsa dijithale”, mme mokete ono o tla tshwarelwa ka fa tlase ga boeteledipele jwa DAFF, ka tirisanommogo le Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Katoloso ya Temothuo.
20.4. Mokgatlho ono wa tirisanommogo mo kontinenteng wa Ditirelo tsa Keletso le Katoloso mo Temothuong (AEAS) mo Aforika o neelana ka serala sa go ithuta ka go lekana le boitshimololedi mo go batlamedi ba AEAS go ralala Aforika le lefatshe ka bophara.
20.5. NDP gape e rotloetsa gore go nne le tokafatso mo tlhabololong ya bokgoni le mo katisong mo makaleng a temothuo, go akaretsa gape le go katisiwa ga setlhopha sa badiredi ba merero ya katoloso bao ba tla tsibogelang sentle ditlhokwa tsa balemirui bao ba tshotseng dipolasa tse dinnye.
21. Setlhopha sa Lefatshe sa Kgwebisano ka Dibeine
21.1. Mo go nneng le seabe mo go sutiseng dikgoreletsi tsa kgwebisano, Kabinete e ne ya nopolelwa ka maemo a bonnasetulo jwa Aforika Borwa mo Setlhopheng sa Lefatshe sa Kgwebisano ka Dibeine go simolola ka Moranang 2017 go fitlha ka Motsheganong 2018. Jaaka monnasetulo Aforika Borwa o tla tshwarela kopano ya ngwaga le ngwaga ya Setlhopha sa Lefatshe sa Kgwebisano ka Dibeine kwa Motsekapa go simolola ka la bo 1 go fitlha ka la bo 3 Ngwanaitseele 2017.
21.2. Setlhopha seno maikaelelo a sona ke go laola ka fao beine go gwebisanwang ka yona mo dinageng tsa boditšhabatšhaba ka go abelana ka tshedimosetso, go buisanela merero ya melawanataolo mo mebarakeng ya beine mmogo le go tshwaraganela dikgato mo go fediseng dikgwetlho tsa kgwebisano. Batlhagisi bao ba supogang mmogo le baromelantle ba beine ya mo diintasetering tsa Aforika Borwa ba unngwelwa go tswa mo karolong eo Aforika Borwa e tsayang.
21.3. Seno se tsaya karolo mo go Leano la Dintlharobongwe mmogo le mo NDP, moo maitlhomo e leng go tsosolosa temothuo le ditheo tse di tlamelang ka ditlhagisiwa tsa temothuo. Mo lekaleng la beine, maitlhomo ke go lefelo le le ka fa tlase ga tlhagiso ya dibeine, go tshegetsa batlhagisi ba dipolasa tse dinnye le go toba dimaraka tse di rileng mo go godiseng diromelwantle.
22. Kopano ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 5 ya Mokgatlho wa ID4Africa
22.1. Kabinete e amogetse go tshwarwa ke Aforika Borwa ga Kopano ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 5 ya Mokgatlho wa ID4Africa ka 2019.
22.2. ID4Africa ke mokgatlho o o nang le bannaleseabe ba le bantsi o o rotloetsang gore go nne le boitshupo jwa dijithale jo bo senang bofitlha e bile bo le maikarabelo gore re kgone go kganna tlhabololo ya loago le ikonomi mo Aforika.
22.3. Dipuisano di tla leka go tokafatsa ka fao baagi ba kwadisiwang ka teng le ka fao tshedimosetso ya dipalopalo tse di botlhokwa e kgobokediwang ka teng, ka fao e tsamaisiwang le ka fao e sekasekiwang, go dira gore bakwaladipholisi ba nne le tshedimosetso e e tshepagalang.
22.4. Go tshwarweng ga khonferense eno go tla thusa Aforika Borwa go itharabologelwa tse dingwe tsa dipeelo tsa NDP le go dira temoso ya boleng jwa togamaano mo lenaneitshupong la Aforika Borwa le le jaaka lenane la go tsenya tshedimosetso ka namana go dira lekwaloitshupo la go tshela melelwane mmogo le tokomane ya thekenoloji ya dikarataishupo (ID). Gape e tla golaganya sentle dinaga tse dingwe tse di leng mo kgaolong gore di bone mosola wa go nna le karataitshupo.
23. Dipalopalo tsa Naga tsa Bosenyi
23.1. Kabinete e tsopoletswe ka dipalopalo tsa naga tsa bosenyi mo pakeng ya 1 Moranang 2016 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2017.
23.2. Dipalopalo tsa naga tsa bosenyi tse di rebolwang ngwaga le ngwaga di kgontsha puso go lekola dipeelo tse di botlhokwa tsa go lwantsha bosenyi, jaaka go tlhagisitswe mo go Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) 2014-2019. Dipalopalo tsa bosenyi di dirisediwa jaaka pulomatlho ya go sa le gale mo go matlafatseng manaane a thibelobosenyi mmogo le ditogomaano tsa mafapha a a farologaneng.
23.3. Kabinete e amogetse go rebolwa ga pegelo ya Tona ya Sepodisi, Rre Fikile Mbalula.
C. Ditiragalo tse di Tlang
24. Mokete wa Ngwagakgolo wa OR Tambo
24.1. Kabite e itumedisitswe ke gore dipaakanyetso tsa mokete wa ngwagakgolo wa tsalo ya ga OR Tambo di setse di le kwa pele e le tota mme re ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tswelela ba ithute ka lefa la ga Molwelakgaratlho wa rona, seabe se a nnileng le sona mo kgololesegong ya rona, le tseo a neng a di emetse e leng tseo le gompieno e leng tsone tse di re supetsang tsela.
24.2. Moporesitente Zuma o ne a laela gore 2017 ke Ngwaga wa ga OR Tambo ka moono o o reng: “Botshelo le lefa la ga OR Tambo” mme ka Labone, 19 Diphalane 2017, o tla bula sefikantswe sa sekamotho se se telele sa ga OR Tambo kwa Boemafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo kwa Ekurhuleni, Gauteng.
24.3. MaAforika Borwa a rotloediwa go tsenela mekete ya ngwagakgolo, e e tla gotetswang ka la bo 27 Diphalane kwa Mbizana, Kapa Botlhaba, e leng lefelo leo molwelakgaratlho yono a belegweng kwa go lone mo dingwageng tse di fetileng di le 100.
24.4. Puso e tsweletse go agelela mo lefeng la ga OR Tambo fa e sale ka 1994, mme dipoelo tse dintsi tsa rona jaaka maAforika Borwa di tshwanetswe gore di ketekiwe mmogo le go babalelwa.
24.5. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e neilweng tiro ya go baakanyetsa mekete ya ngwagakgolo, eo monnasetilo wa yona e leng Tona Jeff Radebe, ka Labotlhano, 20 Diphalane 2017, o tla begela bobegakgang ka ga boipakanyo jwa naga.
D. Melaetsa
25. Ditlhaselo tsa kwa Somalia
25.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a tletseng bogale ditiragalo tsa sešweng jaana tsa go tlhasela ka bomo kwa ntle ga hotele ya Mogadishu, Somalia. Ke batho ba le 300 ba go begilweng ba latswitse kika mme ba bangwe gape ba le makgolo ke ba ba iponetseng dikgobalo. Kabinete e rometse matshediso a yona kwa ba malapa le ditsala'.
26. Matshediso kwa lelapeng la ga ba Lubisi
26.1. Kabinete e rometse matshediso a yona a a tswang kwa boteng jwa pelo kwa go Mokaedikakaretso mo Kantoro ya Moporesitente, Ngaka Cassius Lubisi, go latela gore mosadi wa gagwe a latlhegelwe ke botshelo, Mme Lumka Lubisi, kwa tshimologong mo kgweding eno. Kabinete e lakaletsa ba lelapa matla mo nakong eno e e bokete ya kutlobotlhoko.
E. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
(a) Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Bolaodi jwa Katiso le Tiragatso, Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso, Rre S Manana;
(b) Motlhankedimogolo wa Matlole, Lefapha la Ditiro tsa Puso (DPW), Mme R Sadiki;
(c) Tlhogo ya Kgaolo: Bolaodi jwa Dikago ka fa DPW, Rre B Mokhothu;
(d) DDG: Matlole a Setšhaba ka fa Lefapheng la Matlotlo a Naga, Ngaka MP Modise;
(e) DDG: Ditirelo tsa Dithuto tse Dikgolwane tsa Boitekanelo jwa Dipetlele mmogo le tsa Tlhabololo ya Botsamaisi jwa Badiredi, Lefapha la Boitekanelo, Ngaka WW Chitha;
(f) Mokaedikhuduthamaga wa Tikwatikwe ya Boitshimololedi jwa Ditirelo tsa Puso, Mme TE Rabebe;
(g) Boto ya Nakwana ya Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa):
Advocate Tintswalo Annah Nana Makhubele (SC) – (Monnasetulo);
Ngaka Natalie Skeepers;
Moporofesara John Maluleke; and
Mme Magdelene Cheryl Reddy.
(h) Boto ya Setlamo sa Difofane tsa Aforika Borwa:
Rre JB Magwaza – (Monnasetulo);
Mme Nolitha Fakude – (Motlatsamonnasetulo);
Rre Geoff Rothschild;
Mme Tinyiko Mhlari;
Rre Ahmed Bassa; le
Rre Martin Kingston.
Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139