Kapinete e tshwere kopano ya yona ya bofelo ya ngwaga wa 2017 kwa Union Buildings mo Pretoria.
A. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Kabinete e atlenegisitse Togamaano ya Bosetšhaba ya Lekala la Bojanala (NTSS) 2016-2026 gore e ka tsenngwatirisong. NTSS e tlhalosiwa ka dipilara tsa togamaano di le tlhano e leng ya phasalatso, tolamiso ya go nolofatsa phitlhelelo ya bojanala, go oketsa boitumelo jwa bajanala, taolo ya lefelo le go iwang kwa go lona mmogo le go anamisa dipoelo tse kgolo.
Tokomane e e feletseng e teng mo webesaeteng ya Lefapha la Bojanala ya: www.tourism.gov.za
2. Kabinete e atlenegisitse letlhomeso la go tlhoma Setlamo sa Naga sa Neteweke ya Porotebente. Se tla tlhamiwa ka go kopanya Sentech le Broadband Infraco. Seno se tla laola go tsenngwatirisong ga mananeo ano a a tshegetsaneng ka tsela e e rulagantsweng le go tlhoma mofenyi wa naga wa porotebente.
3. Kabinete e atlenegisitse Pegelo ya Ntlha ya Dikgatelopele ya Ngwaga le Ngwaga e e ka ga go tsenngwatirisong Lokwalotemoso lwa Lefapha la Puso ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba Nang le Bogolofadi (WPRPD). Pegelo eno e akaretsa paka e e simolotseng ka la bo 1 Ferikgong go fitlha ka la bo 31 Sedimonthole 2016.
Pegelo eno e tlhagisa tekolo ya maemo a a kwa godimo mo ebileng mafapha a puso a setseng a simolotse go tsenyeletsa ditaelo tsa pholisi eno ya WPRPD mo maanong a bona, mo ditekanyetsokabong le mo dithulaganyong tsa le tsa kaboditirelo le tsa go dira dpegelo.
4. Kabinete e atlenegisitse phasalatso ya Pholisi ya Letlhomeso la Togamaano ya Bogolofadi go samagana le Thulaganyo ya Thuto le Katiso ya Morago ga go Konosetsa Dithuto tsa Sekolo (PSET) gore baagi ba dire ditshwaelo.
5. Kabinete e nopoletswe ka dipoelo tsa Tshekatsheko ya Lenaane la Tlhabololo ya Dithekesi le le diragaditsweng go simolola ka Ngwanaitseele 2015 go fitlha ka Lwetse 2016. Lenaane leno ke karolo ya togamaano e kgolo ya Togamaano ya Dipalangwa tsa Baagi, eo maitlhomo a yona e leng go tlhagisa thulaganyo ya dipalangwa e e dirang sentle e bile e babalesegile e e kopanetsweng mo Aforika Borwa.
Kabinete e atlenegisitse gore go diriwe dipuisano le tiro e e tseneletseng le mafapha a a maleba pele Lefapha la Naga la Dipalangwa le ka samagana le kgato e e ntšhwafaditsweng.
6. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa mo baaging ga kgatiso ya bo robedi ya Ditshupetso tsa Kgatelopele (tsa 2016). Pegelo ya Ditshupetso tsa Kgatelopele e tsepamisitse mogopolo mo tlhabololong ya Aforika Borwa fa e sale go nna le temokerasi mme e ela tlhoko go tsenngwatirisong ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP): Ponelopele ya 2030.
7. Kabinete e atlenegisitse dikgato tse di tla matlafatsang taolo ya dikgato tsa kgalemo ya badiredipuso mabapi le badiredipuso ba ba gwebisanang le ditheo tsa puso. E tswa mo Melawaneng ya Ditirelo tsa Puso ya 2016, e e thibelang badiredipuso go gwebisana le Puso. Go simolola ka la bo 1 Mopitlwe, Lefapha la Matlotlo a Naga, le tshegeditswe ke Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA), ba tla lekola boikwadiso jotlhe jo bo diragadiwang mo Sefalanakgobokgobotshedimosong sa Baabiditirelo (CSD) gore baikwadisi bao ga ba tlhagelele gape mo thulaganyong ya Persal.
8. Kabinete e atlenegisitse gore Thulaganyo e Ntšhwa ya Tlhabololo ya Bolaodi jwa Tiragatsotiro ya Ditlhogo tsa Lefapha, e e bontshang ka tolamo kgolagano magareng ga tiragatsotiro ya batho le ya mokgatlho o ba o direlang. E tla simolola go tsenngwatirisong ka la bo 1 Moranang 2018.
9. Kabinete e atlenegisitse go tsenngwatirisong ga Letlhomeso la Sekema sa go Thapiwa ga Dialogane mo Ditirelong tsa Puso. Seno ke karolo ya lenaane la tlhabololo mo Ditirelong tsa Puso go ka ngokela dialogane tse di nang le bokgoni go ka direla puso.
Letlhomeso leno le akaretsa go nopola phesente e e rileng ya diphatlhatiro tsa lefapha le lengwe le le lengwe gore e tswalelwe ke dialogane mo ditirong tseo go nang le tlhaelo ya batho ba ba dirang mefuta eo ya tiro. Tona ya DPSA o tla lepalepanya gape letlhomeso leno le Lenaane la Tirelo ya go Thapiwa ga Bašwa.
10. Kabinete e atlenegisitse gore go phasaladiwe Dikitsiso tse di latelang mo Kaseteng ya Puso tse di amanang le Dikamano tsa Melao ya Dikgotlatshekelo, tseo maitlhomo a tsone e leng go tokafatsa phitlhelesego ya bosiamisi mo go bao mo malobeng ba neng ba kgapetswe kwa thoko le mo metseng e e kwa metseselegaeng eo e sa direlweng ka botlalo. Go tla potlakisiwa dikgaolo tsa magiseterata kwa Foreistata le kwa Kapa Bokone, le go ntshiwa ga Dikgaolo tse dingwe tsa Magiseterata mo Kgaolong ya Gauteng go tswa ka fa diphukeng tsa Kgotlatshekelokgolo go di tsenya ka fa tlase ga diphuka tsa bosiamisi jwa Kgaolo ya Kgotlatshekelokgolo ya Bokone Bophirima.
11. Kabinete e atlenegisitse Melawanataolo e e ka ga Melao ya Tsereganyo go ya ka Molao wa Tshireletsego ya Dipeeletso, 2015 (Molao wa bo 22 wa 2015). Melawana eno e thusa mobeeletsi yo a nang le ngongora ka kgato e e tserweng ke puso mme e ama peeletso, go kopa Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) go ka tsereganya ka mekgwa eo maitlhomo e leng go tsereganya.
12. Kabinete e amogetse gore go ka tsenelwa le go tshwarwa dikhonferense tse di latelang:
Khonferense ya 2018 ya Dipatlisiso ka ga Lenaane la Naga la Tlhabololo ya Baagi le Badiri ka DPSA.
Khonferense e e Tshwarwang Ngwaga le Ngwaga ya bo 23 ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Basekisi, e e tla tshwarwang ke Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) kwa Durban mo pakeng ya Lwetse 2018.
Foramo ya Lefatshe ya Saense mo Aforika Borwa ka 2021. Lefapha la Saense le Thekenoloji le tla buisana le Bolaodi jwa Komiti ya Foramo ya Lefatshe ya Saense go buisanela kgonagalo ya gore e ka tshwarelwa fano gae.
Puisanelo ya Maemo a a kwa Godimo ya 2017 ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), e e tshwerweng ke DPSA go simolola gompieno ka la bo 6 go fitlha ka la bo 8 Sedimonthole 2017.
13. Kabinete e amogetse go betliwa ga madi a tshipi a go bontsha tlotlo a a ka bokelediwang le a a tla dirisediwang go reka gore a rebolwe ka 2018.
Mebetlo ya madi ano a tshipi, le seo a se buang, di tla gatisiwa mo Kaseteng ya Puso:
Madi a 2018 a di onse di le 2, ka dikharate di le 22 tsa gauta a ranta ya Kruger;
Madi a 2018 a lethathama la madi a tshipi a Natura ka dikharate di le 24 tsa gauta (Go Tsoga ga dikgolomodumo – Archosauria);
Madi a 2018 a lethathama la madi a tshipi a R1 ka dikharate di le 24 tsa gauta (Digagabi tsa naga ya Aforika Borwa – khudu);
Madi a 2018 a a bopilweng ka motswako wa ditshipi di le pedi a R5 a a tla dirisediwang go reka (Ngwagakgolo wa Nelson Mandela);
Madi a 2018 a lethathama la madi a tshipi a Protea a dikharate di le 24 tsa gauta le selefera o o opafaditsweng a (Botshelo jwa Mogaka – Nelson Mandela);
Madi a 2018 a lethathama la madi a tshipi a R2 wa Korone le 2 ½ waTiki a selefera o o opafaditswenga (Ditlhagisiwa tsa Boitlhamedi tsa Aforika Borwa tsa Didirisiwa tsa khomphiuthara tsa go dirisa maphotho a pono go bona foo go sa bonagaleng); mmogo le
Madi a 2018 a lethathama la madi a tshipi a a kgabisitsweng a selefera o o opafaditsweng(Polokelo ya tsa Tlhago ya Dinonyane le Malomo a Waterberg).
B. Merero ya ga Jaanong
14. Dipoelo tsa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP)
Kabinete e itumedisitswe ke kgolo ya ikonomi ya Aforika Borwa e e godileng ka 2% mo ngwageng mo kotareng ya boraro mo ngwageng wa 2017, go tswa mo palong e e fetotsweng e e neng e le kwa godimo ya 2.8% mo kotareng ya bobedi. Tiragatsotiro e e thata go feta e e neng e solofetswe eno e ne e ikaegile bogolosegolo ka kgolo e e neng e ntse e tsweletse go gola mo lekaleng la temothuo, leo le tlametseng ka seabe sa karolo ya diphesente ya 0.9 go fitlha mo kgolokakaretsong ya mo morago ga 44.2% mo kotareng e nngwe le e nngwe.
Tiragatsotiro e e matlafetseng eno mo temothuong, e e tlhagisitseng dikotara di le tharo tse di latelaneng tsa kgolo, e dirilwe ke kotulo e e kwa godimo ya dijalo (tse di jaaka mmidi) mo mafelong a a tshologelwang ke dipula mo selemong le mo ditlhagisweng tse di somarelwang. Makala a meepo le a tlhagisodikuno le one a latlhetse tlhwarelegonnyane mo kgolong e e nopotsweng, ka meepo le lenkwari di oketsegile ka 6.6% le go nna le seabe sa karolo ya diphesente ya 0.5 mo kgolong.
Lekala la motlakase ke lone le le nnileng bodipa go gaisa, ka go wela tlase ka 5.5%. Kgolo ya dijo tsa kwa malapeng ya 2.6% ke ka ntlha ya go reka ditlhagisiwa tse di sa senyegeng, tseo di nnileng le seabe sa karolo ya diphesente ya 1.6 mo kgolong ya 2.6%. Kgolo e e matla go fete e e neng e solofetswe le koketsego mo kotareng ya bobedi dipoelo tsa kgolo di ra gore kgolo e ka fitlhelela 0.9% ka 2017.
Seno ke go feta 0.7% e e neng e solofetswe fa go ne go diriwa Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS). Puso e tshwanetse go netefatsa gore lebelo leno la kgolo le a somarelwa ka go tswelela go tsenya tirisong dikgato di le 14 tse di tlhotlheletsang boitshepelo tse di agelelang mo boitshepelong jwa moreki le go dira gore dikgwebo le tsone di nne le boitshepelo.
15. Lefelo la ditirelontsi la InvestSA
Kabinete e amogetse go thankgololwa ga Lefelo la Ditirelontsi la InvestSA la kwa KwaZulu-Natal ke Moporesitente Jacob Zuma jaaka karolo ya maitlhomo a go tokafatsa bonolo jwa go dira kgwebo mo nageng ya Aforika Borwa. Leno ke Lefelo la Ditirelontsi la boraro le le thankgolotsweng mo nageng. Maitlhomo a lona ke go dira tikologo e e lokologileng ka go tlhoma setlhongwa se se ka totiwang mabapi le babeeletsi gore ba iponele ditirelo tsotlhe, go latedisa diporojeke le go fokotsa dikgoreletso tsa puso tse di leng teng fa o itshimololela kgwebo.
16. Botsalano jwa Aforika Borwa le Angola
Kabinete e amogetse tumelano e e saenilweng mo leetong la semmuso mo Aforika Borwa la Moporesitente wa Angola João Manuel Gonçalves Lourenço. Ditumelano tse di latelang di saenetswe: Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) o o ka ga go tlhama Khomišene ya Diporesitente tsa Dinagapedi, MoU o o ka ga Tirisano mo Mererong ya Tikologo, Ditshupetsotsela tsa Tsenngotirisong mabapi le go tlhokomologa Visa, Thulaganyo ya Tirisano ya Sepodisi mmogo le Tumelano ka ga go Utlwanela go Thusana mo go tsa Botsamaisi mo Mererong ya tsa Lekgetho.
17. Samiti ya Botlhano ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Yuropa (EU) le Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)
Kabinete e amogetse dipoelo tsa Samiti ya Botlhano ya EU le AU. Samiti eno e neelane ka tšhono ya gore Aforika Borwa e gagamatse botsalano jwa yona jwa togamaano mo ikonoming le mo botipolomateng ka dipuisanelo tse di farologaneng mo samiting le mo meketeng e e jaaka Foramo ya Bogwebi le Samiti ya Bašwa ka tsepamisomogopolo e e ikaegileng ka kgodiso ya ikonomi, go thapiwa ga bašwa mmogo le mo boitlhamedikgwebong.
18. Go gweba ka bana ba mmala wa sebilo jaaka makgoba
Kabinete e ikamanya le baagi ba boditšhabatšhaba mo go kgalemeng ka mafoko a a bogale ditiro tse di begilweng tse go tweng bana ba mmala wa sebilo ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe ba tshwarwa jaaka makgoba fa ba goroga kwa nageng ya Libya. Ditiro tsa mothale oo tse di senang botho di nyatsa ditumelano tsa AU le maano a mangwe a a mabapi a Aforika le a boditšhabatšhaba, go akaretsa Lekwalotshwanelo la Aforika le le ka ga Ditshwanelo tsa Botho le batho.
Kabinete e amogetse tsiboso ya bothati ya gore ba tla tlhoma lefelo la go tsena le gotswa kwa Tripoli go ka thusa bafodugedi le batshamedi ba dinaga tse dingwe ba ba tlhokang go ka sirelediwa mo maemong a boditšhabatšhaba.
19. Go nama ga bolwetse jwa Listeriosis
Kabinete e ikuela mo bathong botlhe go tsaya dikgato tse di babalesegileng ka fao go tlhokagalang – tse di jaaka go tlhapa diatla pele ba ka baakanya dijo mme ba se je dijo tse di tala kgotsa tse di sa apeiwang – go ka fokotsa go anama ga bolwetse jwa Listeriosis, fa dipatlisiso di ntse di tsweletse go ka leka go bona gore motswedi wa twatsi eno o tswa o le mo kokwanatlhokong efe.
Bolwetse jono bo tsa mo kokwanatlhokong e e fitlhelwang mo mmung, mo metsing, mo dijalong le mo ditlhagisiweng tsa mašwi tse di sa apeiwang, mme e ka dira seka mokgotlhwane mo o ka iphitlhelang o tsholola. Yona e ka alafiwa ka melemo ya di antibiotic, fa e ka lemogiwa go sa le gale.
Kabinete e santse e ikuela mo baaging go sonaga metsi ka ntlha ya fa naga e tswelela go nna mo lešekereng. Go sa kgathalesege dipula tse dintseng di tsweletse go tsorotla mo gautshwane, maemo a letamo naga ka bophara a tswelela go wela tlase. Seno ke ka ntlha ya mogote o o tsweletseng mmogo le gore ga re ise re itemogele go tsorotla ga dipula go go latelaneng go sa kgaotse.
Kabinete e rotloetsegile tota ka dipuisano tse di nang le ditharabololo magareng ga dimasepala tse di tseneng ka tlhogo mo dikolotong gore go bonwe tharabololo ya go ka ntsha dimasepala tseno mo dikolotong tseo.
C. Melaotlhomo
20. Kabinete e atlenegisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Melaotlhomo e e latelang:
20.1. Molaotlhomo wa Diphetogo tsa Thuso ya Loago wa 2017.
Molaotlhomo ono o rebola dipoelo tse di tokafaditsweng tebang le madithuso a tlhokomelo ya bana ba dikhutsana le ba ba leng mo tlalelong, go akaretsa bao e leng bona ba ba tlhokometseng malapa a bobona.
20.2. Molaotlhomo wa Badiredi ba Dithoto wa 2017.
Molaotlhomo ono o tsena mo legatong la Molao wa Merero ya Dithoto tsa Dieijente, 1976 (Molao wa bo 112 wa 1976). O tlhola tikologo e e kgontshang e e nang le melawana go ka rotloetsa ditiro tsa ikonomi ka intaseteri ya dithoto tsa dintlo fa mo letlhakoreng le lengwe e samagana le tlhokego ya go netefatsa fa go nna le phetolothefosano mo lekaleng leno.
20.3. Molaotlhomo wa Diphetogo tsa Letlhomeso la Makwalothuto a Bosetšhaba (NQF) wa 2016.
Molaotlhomo ono o matlafatsa Molao o o leng teng ga jaanong wa NQF, 2008 (Molao wa bo 67 wa 2008). O tsenya tirisong dikgato tsa go samagana le merero ya go tlhoka tolamo mme e tlhagisa ditlamorago tse di tla lebanang mang le mang yo a ka tlamelang ka makwaloithuto a a sa lolamang kana ditheo tse di rebolang makwalothuto a a sa lolamang.
20.4. Molaotlhomo wa Bosenyi jwa Boditšhabatšhaba wa 2017.
Molaotlhomo ono o tlhagisitse letlhomeso la molao le le tokafaditsweng go samagana le bosenyi jwa boditšhabatšhaba jo bo dirilweng mo nageng ya Aforika Borwa le kwa ntle ga melelwane ya naga. Gape o tlhagisa tshireletsego le bosiamisi jo bo tokafaditsweng tebang le batswasetlhabelo ba bosenyi jwa boditšhabatšhaba.
D. Melaetsa
21. Kabinete e akgotse:
21.1. Moporesitente Uhuru Kenyatta ka boikaniso jwa gagwe jaaka Moporesitente wa Rephaboliki ya Kenya le go nna lekgetlho la bobedi mo setulong sa gagwe mo pusong. Puso e ikaeletse go dira botsalano jo bo gagametseng jo bo tla itumedisang dinaga tsa rona ka bobedi.
21.2. Moporesitente Emmerson Dambudzo Mnangagwa ka boikaniso jwa gagwe jaaka Moporesitente wa Rephaboliki ya Zimbabwe. Kabinete e ikaeletse go tswelela go gagamatsa tirisano mmogo le puso ya Zimbabwe.
21.3. Majoro Seitebatso Pearl Block ka go fenya Dikabo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Dinagakopano (UN) ka ga Boeteledipeleng jwa Bong mo Sesoleng. Dikabo tseno di bontsha boineelo le matsapa a batho ka bong ba a dirang go ka nna batlisakagiso mo go tsholetseng dikgato tseno mo Molaong wa Lekgotla la Tshireletsego ya UN wa 1325, o o ikuelang mo maphateng otlhe a a lwantshanang go sireletsa basadi le basetsanyana kgatlhanong le Tshotlakako e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV).
21.4. Setlhopha sa diopedi sa Ladysmith Black Mambazo, se se amogetseng ditlhopho di le pedi tsa Dikabo tsa Grammy tsa 2018. Tlhopho ya ntlha e ka ga tlhopho ya Albamo ya Mmino e e Monate Lefatshe ka Bophara ka albamo ya bona ya Shaka Zulu Revisited: 30th Anniversary Celebration, mme tlhopho ya bobedi e ka ga Albamo e e Monate go Gaisa ya Bana mabapi le Dipina tsa Kagiso le Lerato tsa Bana le Batsadi go ralala Lefatshe ka Bophara. Dikabo tsa Grammy di rulaganyeditswe go tshwarwa ka la bo 28 Ferikgong 2018.
21.5. Chad Le Clos, ka go nna mofenyi wa ntlha wa monna wa mothumi go fenya lethathama la dikgele tsa Sejana sa Lefatshe sa Bathumi sa FINA. Re motlotlo ka phenyo ya gagwe mme e bile re na le tshepo ya gore o tla tswelela go emela naga ya Aforika Borwa ka manontlhotlho.
21.6. SuperSport United, ka go fitlha kwa makgaolakganyeng a Sejana sa Mokgatlho wa Metshameko ya Kgwele ya Dinao wa Aforika.
21.7. Mmabontle wa Aforika Borwa, Demi-Leigh Nel-Peters, ka go apesiwa korone ya Mmabontle wa Lefatshe ka Bophara kwa khonthesteng ya bo 66 e e neng e tshwerwe mo nakong e e sa tswang go feta kwa Amerika (USA).
21.8. Ngaka Nkosazana Dlamini-Zuma, yo a abetsweng Kabo ya Diphitlhelelo mo Botshelong ke Foramo ya Lefatshe Lotlhe ya Baeteledipele mo Dipolotiking.
22. Kabinete e romela matshediso a yona kwa:
22.1. Pusong ya batho ba Egepeto go latela ditiragalo tsa borukhutlhi kwa kerekeng ya Sinai Peninsula mo go tlhokafetseng batho ba feta 300 le go gobatsa ba bangwe ba le bantsinyana. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditlhaselo tseno tse di setlhogo mo bathong ba ba senang molato.
22.2. Pusong le baagi ba Nigeria go latela moiphamphodi ka bomo o a iphampholotseng ka la bo 21 Ngwanaitseele 2017 moo batho ba le 50 ba tlhokafetseng mme ba bangwe ba le bantsinyana bona ba tswileng dikgobalo. Kabinete e boeletsa boemo jwa yona le go kgalema ka mafoko a a bogale a a sa kateng ditiragalo tsa borukhutlhi le dintwa tse di setlhogo.
22.3. Ba lelapa le ditsala tsa Ngaka Mochubela ‘Wesi’ Seekoe, mogale wa kgaratlhelokgololesego yo gape e leng Moambasatara wa mo Malobeng wa Aforika Borwa kwa Nageng ya Russia gape e le Monnasetulo wa Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa. Moporesitente Zuma o ntshitse lefoko la gore a direlwe Phitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya porofense.
22.4. Ba lelapa le ditsala tsa ga Mokgaratlhela tokologo wa mogale yo a neng a latlhetswe kwa kgolegelong ya Roben Island, Rre Eddie Daniels, yo mo nakong e e sa tswang go feta a latswitseng kika. O tla gopolwa ka boineelo jwa gagwe le tirelo e a e neetseng batho ba Aforika Borwa.
22.5. Ba lelapa le ditsala tsa ga Tona ya Sesole le Bagale ba Sesole, Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula, ka go tlhokafala ga rre wa gagwe, Rre Douglas Mapisa. O tlhokafaletse kwa Sepetleleng sa kwa East London sa Cecilia Makiwane, kwa Kapa Botlhaba a na le dingwaga di le 96.
E. Ditiragalo tse di Tlang
23. Go keteka tlotlo ya ngwagakgolo ya ga Nelson Mandela
Kabinete e ikamanya le maAforika Borwa mo go ketekeng tlotlo ya ngwagakgolo wa bone wa ga Nelson Mandela fa e sale a tlhokafala ka la bo 5 Sedimonthole 2013. Ka 2018 naga e tla keteka tlotlo ya ngwagakgolo ya botshelo jwa ga Mandela mme maAforika Borwa otlhe a rotloediwa go ikamanya le mekete eno ya ngwaga otlhe go bontsha tlotlo go yo mongwe wa basimane ba ba golo ba Aforika.
Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe ka go tsaya karolo mo meketeng ya tlotlo e e farologaneng ya ga OR Tambo e e neng e tshwerwe go ralala le naga mme e solofela go tla nna fela jalo ka re tla bo re gopola mogaka wa rona yo gape e leng Moporesitente wa Aforika Borwa wa ntlha yo a tlhophilweng ka mokgwa wa temokerasi, Madiba.
24. Paka ya khunologo
Kabinete e lakaletsa maAforika Borwa otlhe khunologo e e segofetseng e bile e rena kagiso. Re ikuela mo go bao ba tla bong ba tsaya maeto go netefatsa gore dijanaga tsa bona di baakanyeditswe maeto a matelele ao. Badirisi botlhe ba mebila, bakganni ba dijanaga le batsamayakadinao ba tshwanetse go obamela melao ya tsela.
Tona ya Lefapha la Dipalangwa, Rre Joe Maswanganyi, o thankgolotse letsholo la Arrive Alive kwa Bela-Bela, Limpopo ka la bo 5 Sedimonthole. Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e tsenya tirisong letsholo la yona naga ka bophara la paka ya khunologo e e babalesegileng mme botlhe ba na le maikarabelo a go tshegetsa SAPS ka go tlotla molao le go nna le maikarabelo.
Lefapha la Merero ya Selegae le tla rebola maano a paka ya khunologo a 2017/18 mabapi le tikologo ya melelwane ya Aforika Borwa. Seno se mabapi le tsamaiso e e lolameng ya go kgabaganya ga batho le dithoto go tswa le go tsena mo Aforika Borwa mo pakeng ya fa go tla bo go iwa kwa godimo le kwa tlase.
Re ikuela gape le mo batsading go se tlhokomologe bana ba bona ka e le maikarabelo a rona go tlhokomela bana ba rona.
Kabinete e itumedisitswe ke ditlhatlhobo tsa Materiki tse di tsweletseng ntle le dikgoreletso tse dintsi mme e lakaletsa barutwana ba 2017 masego ka ba tla bo ba letetse dipholo tsa bona tsa bofelo.
F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
25. Mme Ilise Karg jaaka moemedi wa dti mo Lekgotleng la Dikeletso ka Boitshimololedi la Bosetšhaba.
26. Boto ya Bajalefa ba Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba:
26.1. Mme Nonkqubela Helen Maliza;
26.2. Mme Lerato Cynthia Molefe;
26.3. Mme Nthabiseng Mateboho Moleko;
26.4. Rre Ernest Kwinda; le
26.5. Rre Sipho Zikode (moemedi wa dti).
27. Rre Sandile Mkhize, jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Magalies Water.
28. Rre Wiseman Mkhize, jaaka leloko la Boto ya Bolaodi jwa Motlakase wa Naga jwa Aforika Borwa (NERSA).
29. Rre Phakamani Buthelezi, jaaka CEO wa Overberg Water.
30. Moatefokate Samuel Vukela, jaaka Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha la Ditiro tsa Puso.
31. Mme Brenda Sibeko, jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG) mabapi le Tshireletsego ya Loago e e Feletseng mo Lefapheng la Tlhabololo ya Loago.
32. Rre Zephania Nhleko, jaaka DDG mabapi le Taolo le Togamaano ya Ikonomi mo Lefapheng la Tlhabololo ya Ikonomi.
33. Rre Mandla Victor Ngcobo, jaaka DDG: Motlhankedimogolo wa Tshedimosetso wa Puso kwa DPSA.
Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139