Skip to main content
x

 

Kabinete e tshwaretse kopano kwa Tuynhuis, Motse Kapa ka Laboraro, 14 Mopitlwe 2018

A. Merero ya ga jaanong

1. Kgolo ya Ikonomi


1.1. Kabinete e amogela kgolo ya ikonomi ka 1.3% ka 2017. Eno ke koketsego go tswa go 0.3% ka 2016. Tiragatso ya ikonomi ka fa tlase ga maemo a a boima e bonelapele ikonomi ya isago e e solofetsang ya naga.

1.2. Dipalopalo tsa kgolo di bontsha gore ikonomi e a tlhatlhoga, le Matlotlo a Bosetšhaba a solofetse ikonomi go gola ka 1.5% monongwaga le go oketsega go ya go 2.1% ka 2020.

1.3. Kabinete e ikuela go maphata otlhe a setšhaba go agelela mo tswelopele e ntle ya 2017, le go dira mmogo le puso go fetolela maano a yona go nna tiragatso ya mmatota go tsweledisa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro.

2. Ntšhwafatso ya Mafatshe 

2.1. Kabinete e amogela tshitshinyo ya go fetola Molaotheo wa Aforika Borwa wa 1996 gore o tle o letle go tsewa ga lefatshe ntle le tuelo.

2.2. E sale ka 1994 puso e dirile ka natla go busetsa morago letlotlo la go amogiwa lefatshe ka fa tlase ga bokolianale le tlhaolele. Re dira go ya ka molao, puso e dirile go le gontsi go netefatsa gore lefatshe le tsweledisa tlhagiso, fa ka fa letlhakoreng le lengwe le itlhaganedisa tsamaiso ya go duela bao ba amilweng ke go amogiwa lefatshe. 

2.3. Ntlha eno e fetiseditswe kwa Komiting ya Tebosešwa ya Molaotheo, eo e tshwanetseng go begela Palamente ka 30 Phatwe 2018. Dikatlenegiso go Kokoano Bosetšhaba di tla laelwa ke metseletsele ya ditheetso tsa setšhaba di salwa morago ke dikopano tsa komiti.

2.4. Kabinete e ikuela go baamegi botlhe go dira ditshwaelo mo tsamaisong eno ya dipuisano, eo e tla kaelang ditshweetso tse di isang naga ya rona kwa pele. Jaaka puso e e kgathalelang le go ikaega ka batho, baamegi botlhe ba tla nna le seabe ka nako ya tsamaiso eno. 

2.5. Kabinete e tswelela go kopa baagi go emisa go itseela lefatshe e se ka molao. Re naga e e obamelang molao le go nna le kagiso ka mekgwa e e lekaneng ya go mekamekana le merero, go tsenyeletsa le morero wa lefatshe.

2.6. Aforika Borwa e tswelela go amogela kgwebo, mme dipeeletso  go temothuo le temo di amogelesegile. Ke mo dikgatlhegong tsa Aforika Borwa go nna le bagwebi ba balemi mme tsamaiso eno e ka netefatsa gore re nna le dipalo tse di kwa godimo tsa bagwebi ba balemi ba ba atlegileng.

3. Porojeke ya Ikonomi ya Diphologo tse di Tlhaga ya Double Drift ya baagi ba Nofingxana

3.1. Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Porojeke ya Ikonomi ya Diphologolo tse di Tlhaga ya Double Drift ya Baagi ba Nofingxana, kwa Serapeng sa Diphologolo sa Double Drift kwa Kapa Botlhaba ke Tona ya Merero ya Tikologo, Ng Edna Molewa. Seno se tsenyeletsa go newa ga makwalokano a bonno go Mokgatlo wa Thototlhakanelwa wa Likhaya Lethu (CPA) mo boemong jwa Tona ya Tlhabololo ya Magae le Ntšhwafatso ya Mafatshe, Moh Maite Nkoana-Mashabane.

3.2. Baagi ba Double Drift ba ne ba tseelwa ditshwanelo tsa bona tsa boagi le phulo ke Molao wa Lefatshe wa 1913. Ka 1994, baagi bano ba ne ba tsenya topo ya lefatshe eo e neng ya duelwa ka 2012, eo e neng ya tsala go tlhomiwa ga Likhaya Lethu CPA.

3.3. Likhaya Lethu CPA e na le maloko a le 1 500 a baagi ba Double Drift mme e amogetse R6 milione go tswa kwa Lefapheng la Merero ya Tikologo go tlhama kgwebo ya ikonomi ya diphologolo tsa naga mo polaseng ya Naudeshoek (1 400 diheketara). Tuelo e ne ya tsamaiswa ka Lefapha la Tlhabololo ya Magae le Ntšhwafatso ya Lefatshe.

4. Banka ya VBS Mutual 

4.1. Kabinete e utlwile kitsiso ya Banka ya Resefe ya Aforika Borwa malebana le Banka ya VBS Mutual. Go thapiwa ga botlhokomedi go tla thusa Banka ya VBS Mutal go busetsa dikgwetlho tsa yona tsa go bona madi le go direla dikgatlhego tsa setšhaba le babeeletsi ba VBS. Kabinete e nna e ntse e itlamile go katoloso le phetolo ya lephata la ditšhelete kwa ntle ga go tsenya dikgatlhego tsa babeeletsi mo kotsing.

5. Letsholo la peleetso

5.1. Kabinete e amogela letsholo la Brand South Africa ya ‘CEOs Know’ , e dirisana le Business Leadership South Africa, go tsweletsa Aforika Borwa jaaka lefelo la peeletso.

5.2. Seno se agelela mo mafaratlhatlheng a rona a maemo a a kwa godimo ka Lefelo la ditirelodintsi la InvestSA, bokgoni jwa patlisiso le tlhabologo, botlhami le lefelo le le setseng le le gona la go tlhama go tshegetsa babeeletsi. Mafelo a mantšhwa a kgolo le ona a butswe mo ikonoming ya lewatle, eneji e ntšhwafaditsweng, ikonomi ya tlhago le go epiwa ga gase ya shale.

5.3. Letsholo le na le di CEO go tswa kwa dikhamphaning tsa dinaga tsa boditšhabatšhaba tse di leng mo Aforika Borwa ba arolelana maitemogelo a bona a go tswelela go beeletsa mo Aforika Borwa.

5.4. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go nna mo moweng wa “Thuma Mina” (Roma Nna) oo o rotloetsang setšhaba sa rona go tshameka karolo ya bona ka go arolelana dikgang tse di namatsang go aga serodumo sa naga ya rona le go godisa selebego sa yona sa peeletso.

6. Lenaneo la Tshenkelo la Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase (IPPs)

6.1.  Kabinete e itse ka ga kgetse e e tlhatlhetsweng ke mekgatlo e mebedi eo e seng ya puso kwa Kgotlatshekelo Kgolo mabapi le tshwetso ya puso ya go saena ditumelano tsa theko ya motlakase le di 27 IPPs. Kgotla Kgolo e tla tsaya tshwetso ka ga morero ono ka di 27 Mopitlwe 2018. Mo moweng wa puso ya molaotheo le taolo ya molao, go sainiwa go ne ga sutisediwa kwa pele.

6.2.  Kabinete e gatelela maitlamo a go rarabolola merero e e dikologileng mananeo ano. Lenaneo la Tshenkelo la Motlakase o Ntšhwafaditsweng la Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase le tla netefatsa gore badirisi mo nageng ya rona ba neelwa motlakase o o phepha o le tlhotlhwa tlase, le go tlisa peeletso eo e tlhokegang thata mo Aforika Borwa. Diporojeke tseno di tla tlisa ditiro tsa leruri di le 61 600, 95% ya tsone e le tsa baagi ba Aforika Borwa, segolobogolo go lebeletswe thata bašwa. 

6.3. Kabinete e gatelela maitlamo a yona go kgwebisano e e tseneletseng ya puso le dikhamphani tsa poraefete jaaka re latela maikaelelo a rona a phetolo ya motlakase wa isago le botshelo jo bo botoka go botlhe. Seno se a tlhokega go tlisa pholisi eo e tlhokegang thata le netefaletso ya taolo, go tshola maemo a Aforika Borwa jaaka lefelo la boitlhophelo la peeletso go motlakase.

7. Lesetereosisi

7.1. Kabinete e romela matshidiso go ditsala le balosika ba bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona morago ga go tshwaetswa ke bolwetse jwa Lesetereosisi, le go eleletsa bao ba tokafetseng pholo ya ka bonako. Go tlhokafetse batho ba feta 180 mme go setse go begilwe dikgetse di le 940 mo Aforika Borwa.

7.2. Kabinete e rotloeditswe ke matsapa a a tseneletseng a Lefapha la Boitekanelo, Setheo sa Bosetšhaba sa Megare e e Tshelanang (NICD) le Mokgatlo wa Lefatshe wa Boitekanelo go thibela mogare wa leseteria go anama. Go tswelela go matlafatsa maiteko ano, Tona ya Boitekanelo, Ng Aaron Motsoaledi, o tla kopana le Khansele ya Baoki ya Aforika Borwa ka Labone, 15 Mopitlwe 2018.

7.3. Kabinete e lemoga  tswelopele e e namatsang e e dirilweng mo go supeng le go tlhaola motswedi wa leroborobo la bolwetsi jo bo kotsi jwa Lisetereosisi. Go busediwa morago ga dikuno tsa dijo go tswa kwa ditheong di le tharo tsa tirelo tsa Enterprise le Rainbow – kwa mogare o bonweng teng – e ne e le motsotso o o botlhokwa wa go thibela leroborobo. Mogare o o tlhagelelang go tswa mo dijong o ne wa supiwa lwantlha ka Seetebosigo 2017.

7.4.  Liseteriosisi ke bolwetse jo bo kotsi mme bo ka thibelwa le  go ka alafiwa ka katlego ka di anthibiotiki. Bao ba leng thata mo kotsing ke baimana, masea a a sa tswang go tsalwa, bagodi le batho ba ba nang le masole a mmele a a bokoa. Batho ba ba nang le matshwao a letshoromo, ditlhabi mo mesifeng, letlhatsa le letshollo ba tshwanetse go ya go bona ka bonako ngaka ya bona kgotsa kliniki ya selegae.

7.5. Kabinete e na le tsholofelo ya gore Aforika Borwa e tla fenya leroborobo la ga jaana le go kopa batho botlhe go dirisa melao e metlhano ya pabalesego ya dijo ka nako eno:

  • Tlhapa diatla ka sesepa le metsi pele o tshwara dijo, le morago ga go dirisa ntlwanaboithusetso;
  • Apaya dijo go fitlhela di butswa mme o seka wa ja dijo tse di sa butswang ka mogare wa Liseteria o swa fa dijo di apeilwe go butswa;
  • O seka wa tlhakanya dijo tse di tala le tse di apeilweng;
  • Tshola dijo mo maemong a a maleba a thempereitšha; le go netefatsa gore ditlhagiswa tsotlhe tsa mašwi di ntshitswe megare le go tlhatswa dijo tsotlhe tse di sa apeweng ka metsi a a elelang pele o di ja kgotsa bogolo ka metsi a a bedisitsweng pejana.

7.6. Bao ba nang le ketsaetsego mabapi le Lisetereosisi ba ka ikgolaganya le NICD mo go 011 386 6400.

8. Madi a katlaatleloloago

8.1. Kabinete e ne ya tsopolelwa ka ga maemo a Setheo sa Pabalesego ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)a go siamela go neela mmotlele wa haeboriti mo go tsamaiseng madi a katlaatleloloago go baamogeladiatshiamelo ka 1 April 2018. Seno ke go ya ka katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo (ConCourt)  eo e laetseng go atoloswa ga konteraka ya ga jaana ya Cash Paymaster Services (CPS) go fitlha ka 31 Mopitlwe 2018.

8.2. Kabinete e boa e ipoa kgatsu ka maitlamo a yona go lenaneo la puso la thuso ya loago, leo le leng kwa boteng jwa diitshimolelo tsa go fedisa bohuma le go busetsa seriti sa batho ba rona. E kgotsofetse gore baamogeladitshiamelo tsa madi a klatlaatleloloago ba tla duelwa ka 1 Moranang 2018.

Dikarata tsa ga jaana tsa SASSA di tla dira go fitlha ka Sedimonthole 2018. Tsamaiso ya go fetola dikarata tsa baamogeladitshiamelo e tla dirwa ka tsela e e senang selabe eo e ka sekang ya kgoreletsa tuelo ya madi.

Baamogeladitshiamelo botlhe ba  tla amogela madi a bona kwa mafelong a bona a tuelo a a farologaneng ao a tsenyeletsang dibanka, Kantoroposo ya Aforika Borwa (SAPO)  le mabenkele a mangwe.

8.3. Kabinete e ikuela go botlhe bao ba senang diakhaonto tsa banka go etela Makala a SAPO go bula diakhaonto tsa bona. Kabinete e laetse SASSA, mmogo le  Lefapha la Tlhaeletsano le Mokgwa wa Tshedimosetso ya Puso (GCIS), go dira tsotlhe tse di kgonegang go itsise baamogeladiatshiamelo botlhe ka diphetogo dingwe le dingwe tse di ka nnang gona mo tsamaisong ya go fetoga go tswa go CPS go ya go mofuta o montšhwa wa haeboriti. Kabinete e nna e ntse e itlamile go netefatsa gore puso e dira go ya ka katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Dikantoro tsa SASSA di tla bulwa le go siamela go tsaya dikopo tse dintšhwa.

8.4. Kabinete e kopa maloko otlhe a setšhaba, segoloboglo baamogeladitshiamelo le bamalapa a bona, go ikgolaganya le SASSA mo go 0800 60 10 11 kgotsa ba etele dikantoro tsa bona tse di gaufi tsa SASSA go bona tshedimosetso go ya pele.

9. Ikwadiso ya go tlhopha

9.1. Kabinete e ikamaganya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho(IEC) le Moporesitente Cyril Ramaphosa mo go lebogeng ma Aforika Borwa bao ba neng ba reetsa piletso ya go ikwadisetsa go tlhopha kgotsa go tsenyadinakong dintlha tsa bona tsa aterese mo bekeng e e sa tswang go feta ya letsholo la go ikwadisetsa ditlhopho. Seno ke kgatelopele mo go baakanyetseng ditlhopho tsa borataro tsa bosetšhaba le porofense tseo di solofetsweng go diragala ka 2019.

9.2. Palogotlhe ya baagi ba le 2 767 139 ba etetse mafelo a go tlhopha mo sebakeng sa beke e e fetileng.

9.3. Mo batlhophing ba feta 2.76 milione bao ba etetseng mafelo a go tlhopha:

  • Go feta fela 1.3 milione ba ikwadisitse gape mo kgaolong ya bona ya ga jaana ya go tlhopha;
  • Go feta  800 000 ba fetotse ikwadiso ya bona go ya go kgaolo e ntšhwa ya go tlhopha;
  • Bokana ka 500 000 e ne e le batlhophi bao ba neng ba ikwadisa lekgetlho lwantlha;
  • Mo dikwadisong tsa go tlhopha tse dintšhwa,  82% e ne e le ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 30 mme bokana ka 54% e ne e le basadi;
  • Gauteng e nnile le bontsi jwa ikwadiso tse dintšhwa ka  23.69%, e salwa morago ke KwaZulu-Natal ka 18.78% le Limpopo ka 17.03%.

9.4. Kapa Botlhaba e nnile le palo e e kwa godimo ya ikwadiso ka 87%, e latelwa ke Foreisetata ka fela go feta 82%, le KwaZulu- Natal, Limpopo le Kapa Bokone ka 79% ka go latelana. Palogotlhe ya ikwadiso kwa Gauteng e ne e le kwa go 67.3%.

9.5. IEC e begile gore lenaane la batlhophi ga jaana le eme ka batlhophi ba le 26 250 939, eo e batlileng e lekana le 75% ya baagi ba ba dumeletsweng go tlhopha, go ya ka diphopholetso tsa ngwaga  oo o lekaneng go tlhopha wa Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa.

9.6. Bokana ka baagi ba le 300 000 bao ba etetseng diseteišene tsa go tlhopha ba wela mo bokaneng ka 2.8 milione ya batlhophi bao IEC e neng e sena diaterese tsa bona ka mafelo a beke.

9.7. Lenaane la batlhophi le le tlhabolotsweng le nepagetse le netefatsa bonnete jwa lenaane la batlhophi le go matlafatsa temokerasi ya rona ka go netefatsa ditlhopho tse di gololesegileng, di sa tseye letlhakore ebile e le tsa nnete.

9.8. Kabinete e ipiletsa go MaAforika Borwa otlhe ao a sa kgonang go etela diseteišene tsa bona tsa selegae mo mafelong a beke a a fetileng go etela kantoro ya IEC ya bona ya selegae go netefatsa le go tlhabolola diaterese tsa bona. Kgotsa, tirelo ya IEC ya inthanete mo go www.elections.org.za/MyIEC mme sediriswa se nna se le gona diura di le 24 ka letsatsi go batlhophi ba ba ikwadisitseng go tlhola le go tlhabolola dintlha tsa bona tsa aterese.

10. Masego le pholo go moatleletetharo Mhlengi Gwala

10.1. Kabinete e ikamanya le Tona ya Metshameko le Boitapoloso, Moh Thokozile Xasa, mo go kgaleng ka bogale tiro ya bogatlapa ya tirisodikgoka kgatlhanong le moatleletetharo yo mošwa Mhlengi Gwala, yoo a neng a tlhaselwa ka šaga fa a ne a palame baesekele kwa KwaZulu- Natal.

10.2. Kabinete e mo lakaletsa pholo ya ka bonako le go romela ditebogo go setlhopha sa dingaka seo se mo tlhokometseng kwa bookelong jwa St Augustine.
Bonokwane ga bo batlege mo setšhabeng sa rona mme Kabinete e ikuela go baagi go dira mmogo le ditheo tsa tiragatso ya molao go tshwara dinokwane.

11. Leuba le itsisiwe fa e le matlhotlhapelo a bosetšhaba

11.1. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa Tona ya Merero ya Setso le Tirisanommogo ya Puso, Zweli Mkhize, puso e itsisitse maemo a bosetšhaba a matlhotlhapelo go mekamekana le mathata a metsi le leuba mo nageng.

11.2. Kabinete e romela ditebogo go bao mo Aforika Borwa ba tswelelang go somarela metsi le matsapa a a sa feleng a a dirilweng ke Komiti ya Ditona tsa mo Nageng ya Leuba, mmogo le baamegi mo maphateng otlhe a puso le setšhaba, mo go mekamekaneng le maemo a a tsweletseng a leuba ao a tlhasetseng dikarolo di le mmalwa tsa naga.

11.3. Ntle le gore Aforika Borwa ke naga e e tlhaelang ka metsi, Kabinete e netefaditse gore re santse re ntse re le lefelo la itlhophelo la bajanala.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Kabinete e atlenegisitse Tumelano e e Mametlelelang Tlaleletso 1 (Tirisanommogo ya Peeletso) ya Phorotokolo ya Matlole le Peeletso (FIP) ya Dinaga Tlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) e tlhagisiwe kwa Palamenteng go atlenegisiwa.

1.1. Maikaelelo a FIP ke go tsamaisa mmogo dipholisi tsa matlole le peeletso tsa Dinaga tsa Maloko, gore di tle di tsamaisane le maikaelelo a SADC. Seno se tla netefatsa gore diphetogo dingwe le dingwe go dipholisi tsa matlole le peeletso mo Nageng e le nngwe ya Boloko ga e bake dipaakanyo tse di sa batlegeng mo Dinageng tse dingwe tsa Boloko.

1.2. Diphetolo di ikaeletse go boloka tshwanelo ya dipuso go laola mo dikgatlhegong tsa setshaba, le go lekalekanya ditshwanelo le maikarabelo a babeeletsi le dipuso.

2. Kabinete e atlenegisitse go itsisiwe ga Melaopotlana ya ka Gale e e Ntšhwafaditsweng le go Itsegesešwa ya Ditšhaba Kopano (UN) tebang le Tlhokomelo ya Bagolegwa (“Melao ya Nelson Mandela”), kwa Palamenteng.

2.1. Go fetola leina la Melaopotlana ya ka Gale go nna “Melao ya Nelson Mandela” go tlotla letlotlo la Moporesitente wa rona wa maloba, yoo a nnileng dingwaga di le 27 kwa kgolegelong.

2.2. Go nnile gape le koketsego ya lefatshe ka bophara ya tiro ya Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Nelson Mandela, e dirilwe ke Dinaga tsa Maloko a UN ka 18 Phukwi, go tsweletsa maemo a setho a go nna mo kgolegelong, go tlhagisa tshedimosetso ka ga bagolegwa  e le karolo ya setšhaba le boleng jwa tiro ya badiri ba kwa  kgolegelong jaaka bodiredi loago.

2.3. Melao e tla thusa Aforika Borwa go itlhaganedisa phetogo go nna tsamaiso ya kgopololo e e tlhabololang batho eo e tsamaisanang le metheo le dikaedi tse di farologaneng tsa boditšhabatšhaba.

C. Melaotlhomo

1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo wa Thibelo le Twantsho ya Bosenyi jwa Letlhoo le Puo wa 2018 kwa Palamenteng.

Molaotlhomo o ikaelela go tlhama ditlolomolao tsa bosenyi jwa letlhoo le puo, le go baya mekgwa go thibela le go lwantsha ditlolomolao tseno. E ikaelela go samagana le tirisodikgoka kgatlhanong le batho go ya ka kgobelelo. Gape e tla diragatsa maikarabelo a Aforika Borwa go ya ka melawana ya mekgwa ya ditshwanelo tsa boditšhabatšhaba tsa botho.

2. Kabinete e atlenegisitse Molaotlhomo  wa Setheo sa Bosetšhaba sa Bokgoni jwa Eleketeronoki sa iKamva (iNeSI) wa  2018 go ka romelwa kwa Palamenteng. Molaotlhomo o letlelela gore go tlhomiwe iNesi jaaka setheo sa puso ka molao wa sona go samagana le dikgwetlho tsa bokgoni jwa eleketeroniki (bokgoni jwa dijithale) mo nageng. Tlhabololo ya bokgoni ya e-skills e bonwa jaaka e nngwe ya dikgaolo tse di botlhokwa thata tsa puso go aga ikonomi e e akaretsang, le go tlhoma puso e e nang le bokgoni ebile e gola.

iNeSI e tla dira jaaka modiraphetolommogo wa naga le mofetola mawa, tebang le go tlhagisa bokgoni jwa dijithale le bokgoni jwa thulaganyo mo nageng.

3. Kabinete e atlenegisitse go itsisiwe ga Molaotlhomo wa   Hydrographic wa 2018 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o batla go lemoga le go neela maemo a molao go Kantoro ya Hydrographer, eo e sale e le gona kwa Lefapheng la Sesole (Sesole sa Metsi sa Aforika Borwa) e sale go tsenngwa ga ditirelo tsa hydrographic mo Aforika Borwa.

E tla kgontsha Hydrographer wa Sesole sa Metsi sa Aforika Borwa go lemogiwa jaaka Hydrographer wa Bosetšhaba. E tla netefatsa gore motheo wa ditirelo tsa hydrographic e nna tsa semolao le go tsenngwa go nna molao. Seno ke go ya ka Mokgatlo wa Boditšhatšhaba wa Mawatle le Kopano ya Pabalesego ya Matshelo a kwa Lewatle, eo e leng tumelano ya boditšhabatšhaba ya mawatle eo e tlhalosang maemopotlana a pabalesego mo kagong, didiriswa le tiragatso ya dikepe tsa kgwebo.

D. Ditiragalo tse di tlang

1. Letsatsi/Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho

Meletlo ya Letsatsi/Kgwedi ya Letsatsi la Bosetšhaba la Ditshwanelo tsa Botho la 2018 e tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo: Ngwaga wa Nelson Rolihlahla Mandela: go tsweletsa le go matlafatsa setso sa ditshwanelo tsa botho go ralala setšhaba”.

Tiragalo ya bosetšhaba e tla tshwarwa ka di 21 Mopitlwe 2018 kwa Mabaleng a Khirikhete a George Thabe, Sharpeville kwa Vereeniging. Kabinete e kopa maphata otlhe go tlotla letsatsi leno la bosetšhaba, leo le ketekang setso sa Aforika Borwa sa ditshwanelo tsa botho le go tlotla batho ba ba jaaka Madiba yo o batlileng go swa le go ikentsha setlhabelo go fitlhelela kgololosego eo gompieno re e itumelelang.

2. Beke ya Matsholo a Tsepamisomogopolo a Bosetšhaba a Imbizo

Beke ya Matsholo a Tsepamisomogopolo a Bosetšhaba a Imbizo  e tla diragala go tloga ka 9 go ya go 15 Moranang 2018 ka fa tlase ga setlhogo: “Mmogo re isa Aforika Borwa kwa pele”. Monongwaga, meletlo ya Ngwagakgolo wa Mandela o dira karolo e kgolo ya beke ya beke ya tsepamisomogopolo, ka fa tlase ga setlhogwana: “Nna letlotlo”. Khuduthamaga e tla bo e buisana le baagi mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Mananeo a a farologaneng a Ditona a tla itsisiwe mo nakong e e sa fediseng pelo.

3.  Go thapiwa ga bašwa 

3.1. Moporesitente Ramaphosa o solofetse go tlhoma boitshimoledi jwa ntlha jwa Ditirelo tsa Thapo ya Bašwa kwa Setheong sa Thuthuso sa Riversands kwa Diepsloot ka di 27 Mopitlwe 2018. Boitshimoledi, ke tirisanommogo le lephata la poraefete, leo le ikaelelang go matlafatsa bašwa ba le milione o le mongwe mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano tse di latelang go nna le seabe mo ikonoming, e ka tswa e le jaaka leloko la badiri kgotsa ba tsamaisa dikgwebo tsa bona kgotsa ba bona se ba se ratang go tswelela ka go ithuta.

4. Diketelo tsa tiro go ya  Mozambique le Zimbabwe

Moporesitente Ramaphosa o tla tsaya loeto la tiro go ya kwa Rephaboliki ya Mozambique le Rephaboliki ya Zimbabwe ka go latelana ka Lamatlhatso, 17 Mopitlwe 2018. Diketelo di tla bo di lebeletse thata mo go matlafatseng dikamano tsa matlhakore oo mabedi le dinaga tse di umakilweng fa godimo.

Moporesitente gape o tla refosana dikakanyo ka ga merero ya kagiso le pabalesego mo kgaolong le mo kontinenteng, le go tswelela go buisana ka ga merero ya lefatshe eo botlhe ba e kgatlhegelang.

E. Melaetsa

1. Kabinete e akgaola Ntsiki Biyela, mosadi wa ntlha wa motho montsho wa go dira beine mo Aforika Borwa yoo a tlhagisitseng kuno ya leina la gagwe. Ka gerata ya go ithuta ka morara le go dira beine go tswa kwa Unibesithing ya Stellenbosch le maitemogelo a tiro a dingwaga di le 13, Dibeini tsa gagwe tsa Asline di tla rekisa dibotlolo di le 12000 kwa Dinageng tse di Kopaneng tsa Amerika, Jeremane, Taiwan, le Ghana.

2. Kabinete e akgola Caster Semenya ka go roba rekoto ya Aforika Borwa ya 1000m eo e saleng e eme dingwaga di le 35 kwa kopanong ya Athletix Grand Prix e e neng e tshwaretswe kwa  Tuks mo Pretoria. Mmagauta wa rona o fentse lobelo ka nako ya 2:35:44, a fenya rekoto ya kgale eo e beilweng ka 1983 ke Ilze Wicksell ka gaufi le metsotswana e le mebedi. Kabinete gape e opela Semenya diatla ka go diragatsa maikaelelo ao e leng kgale a na le ona a go bona borutegi jwa yunibesithi fa a ne a fetsa Dipoloma mo go Saense ya Metshameko kwa Yumibesithing ya Bokone Phirima kwa Potchefstroom.

3. Kabinete e romela matshidiso go ditsala le balosika ba Leloko le le Tlotlegang la Palamente, Moh Loliwe Fazeka, yoo o neng a tlhokafala mo kotsing ya sejanaga kwa Kapa Botlhaba, beke e e fetileng.

4.  Gape Kabinete e romela matshidiso go balosika ba Moambasetara wa Aforika Borwa go Sweden, Moh Faith Radebe, yo o tlhokafetseg ka Labobedi, 13 Mopitlwe 2018. O ne pejana a dira jaaka Motlhatlhobikakaretso wa Matlhale wa Aforika Borwa.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragala fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Ng Philemon Mjwara jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Saense le Thekenoloji ka konteraka e e okeditsweng ya sebaka sa dingwaga di le tharo, e simolola ka 1 Moranang 1 April 2018.

2. Moh Memme Sejosengwe jaaka Mokwaledikakaretso wa Kantoro ya Moatlhodimogolo ka konteraka ya nako e e okeditsweng ya dingwaga di le tharo, e simolola go tloga ka 1 Moranang 2018.

3. Moh Thuli E Radebe, jaaka Mokaedikhuduthamaga kwa the Centre of Public Service Innovation for an extended contract period of six months.

4. Rre Thilivhali Archibald Ramawa jaaka Motlhankedimoolo wa Matlotlo wa Setheo sa Bobegakgang jwa Eleketeroniki jwa Bosetshaba jwa Aforika Borwa.

5. Boto ya Sentech SOC Limited:
a. Rre Magatho Mello (o thapilwe gape jaaka mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga le Modulasetilo;
b. Rre Lumko Mtimde (o thapilwe gape jaaka mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga);
c. Ng Sandile Malinga (mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga); le
d. Moh Elizabeth Malaka (mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga).

6. Boto ya Broadband Infraco:
a. Rre Mandla Ngcobo (o thapilwe gape jaaka mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga);
b. Moh Nokuthula Selamolela (o thapilwe gape jaaka mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga);
c. Rre Gift Mphefu (mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga);
d. Moh Zandile Matilda Kabini (mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga); le
e. Moh Jennifer Schreiner (mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga).

7. Boto ya SAPO:

a. Rre Comfort Ngidi (o thapilwe gape jaaka Modulasetilo);
b. Moh Nomahlubi Simamane (o thapilwe gape jaaka Motlatsa Modulasetilo);
c. Adv Juliana Galetlane Rasethaba (mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga); le
d. Ng Charles Nwaila (mokaedi yo e seng leloko la khuduthamaga.

Dipotsiso: Moh Phumla Williams – Sebueledi sa Namaotshwere sa Kabinete (GCIS)
Selulafouno: 083 501 0139

 Union Building