Skip to main content
x

 

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 9 Motsheganong 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)

1.1. Kabinete e gatelela kgalemo ya yona ka mafoko a a bogale kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading le mo baneng, mme e ikuela mo go rona rotlhe mo mekgatlhong ya borona go ema kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading, mo baneng, mo basading ba ba ratanang le basadi ba bangwe, mo banneng ba ba ratanang le banna ba bangwe, mo bathong ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bona mmogo le ba joo bo farologaneng le jwa bona mmogo le mo batho ba ba itseang e le ba bong jo bo farologaneng le joo ba belegweng ka bona.  

1.2. Ke maikarabelo a moAforika Borwa mongwe le mongwe go rutana ka ditshwanelo tsa basadi le bana le ka dikgato tse di leng teng tse di farologaneng tse di ka thusang batswasetlhabelo ba tirisodikgoka.

1.3. Kabinete e amogetse katlholo ya Kgotlatshekelokgolo ya Borwa jwa Gauteng ya go latlhela mmolai Sandile Mantsoe kwa kgolegelong dingwaga di le 32 go latela gore a bolaye mookapelo wa gagwe wa metlheng Karabo Mokoena. Dikgetse tse dingwe tse di jaaka go bonwa ga setopo sa Katlego Joja wa dingwaga di le 10 kwa Mamelodi West, kwa botlhaba jwa Pretoria mmogo le go bolaiwa ga Zolile Khumalo, ke mmelaelwa yo e leng moithutikaene wa mo malobeng kwa Yunibesiting ya Thekenoloji ya Mangosuthu kwa Durban, ke bopaki jwa dikgwetlho tse re tswelelang go tobana natso jaaka naga. Kabinete e romela matshediso a yona a kutlwelobotlhoko kwa malapeng a mabedi ano e leng la ba ga Joja le ba ga Khumalo.

1.4. Le fa setheo sa bosiamisi mmogo le sa tiragatso ya molao di samagane le go netefatsa gore batlodi ba melao ga ba tlogelwe fela ba sa otlhaiwa, jaaka setšhaba rotlhe re na le karolo e re tshwanetseng go e diragatsa mo go tlhibeleng bosenyi jono. MaAforika Borwa a rotloediwa go ikamanya le manaane a temoso le a bobueledi mo ditšhabeng tsa bo bona mmogo le mo makaleng a bo bona.

1.5. Kabinete e rotloetsa batswasetlhabelo go bega melato eno e e setlhogo kwa bothating jwa tiragatso ya molao, jo bo tla dirang dipatlisiso tsa ditatofatso tsa melato ya GBV le go tsaya dikgato tse di thatafetseng tse di leng ka fa tlase ga molao go netefatsa gore go diragatswa bosiamisi.

1.6. Mo kgaolong e nngwe, eo e tsamaelanang le dintlha tseno, Kopanokakaretso ya Kokoano ya Dinagakopano (UNGA) e tsibositse la bo 13 Seetebosigo jaaka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Temoso ya Boswafi. Letsholo leno le ikaeletse go lemosa batho ka batho ba ba tshelang ka boswafi bao e bile ba sireleditsweng ka gotlhe ke Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa ya 1996. Ke maikarabelo a maAforika Borwa otlhe go rutana mo setšhabeng ka ga boswafi gore ba kgone go fedisa ditsiabadimo le dihelele. Seno se tla fedisa letsho mo bathong ba ba nang le boswafi mmogo le mo ba malapa a bona.

2. Tshweetso ya Federeišene ya Boditšhabatšhaba ya Mokgatlho wa Metshameko ya Diatlelete (IAAF)

2.1. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona kgatlhanong le dipegelo tse di mabapi le melawanataolo e mentšhwa ya IAAF.

2.2. Kabinete e amogetse tiro e e tsweletseng go diriwa ke Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa mmogo le tsiboso ya gore lefapha le setse le tlhomile setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa tsa boitekanelo le tsa molao. Setlhopha seno se tla lekola melawanataolo eno le go sekaseka bopaki jwa saenthifiki jo bo supang gore IAAF e itshegeditse ka bona. Se tla lekola dipatlisiso tsotlhe mmogo le bopaki jotlhe jwa saenthifiki mmogo le dintlha tse di amanang tsa maitsholo mme se tla dirisa dipoelo tsa seno go mekamekana le melaotaolo eno mo diforamong tse di matshwanedi.

2.3. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go tshegetsa baatlelete botlhe ba ba ka anngwang ke melawanataolo eno mo nageng ya rona le mo dinageng tse dingwe mo lefatsheng ka bophara.

3. Seemo kwa Bokone Bophirima

3.1. Kabinete e neetswe pegelo ke Setlhophatiro sa Ditona tsa fa Nageng (IMTT) kwa Bokone Bophirima. Pegelo e neelane ka tiro ya kwa tshimologong e e setseng e dirilwe mo dibekeng tse di fetileng di le pedi. Kabinete e kgotsofaditswe ke kgatelopele e e dirilweng ke IMTT mo matsapeng a go tsepamisa porofense eno.

3.2. IMTT, e e eteletsweng pele ke Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Ngaka Nkosazana Dlamini Zuma, e tla tswelela go samagana le matsapa a kwa Bokone Bophirima. Tsiboso ya bobegakgang e e tseneletseng ka ga dipoelo tsa tiro eno ya IMTT e tla tshwarelwa kwa Bokone Bophirima mo bekeng e e tlang.
 
4.  Foramo ya Ikonomi ya Ditlamo tsa Puso le tsa Poraefete tsa Japan le Aforika

4.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o neelane ka puo e e botlhokwa kwa kamogelong ya Foramo ya Ikonomi ya Ditlamo tsa Puso le tsa Poraefete ya Japan-Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Tikwatikweng ya Dikopanokgothakgothe ya Sandton go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 4 Motsheganong 2018. Foramo e ne e tshwerwe mmogo ke Aforika Borwa a na le puso ya Japan mmogo le Mokgatlho wa Kgwebisano le Dinaga tsa kwa Ntle wa Japan.

Kabinete e amogela maikemisetso a a tsweletseng a a dirilweng kwa Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Tokyo ka ga Tlhabololo ya Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Nairobi, Kenya ka 2016, e e dirileng gore Japan e beeletse ditolara tsa Amerika tse di ka fitlhang $30 bilione mo Aforika magareng ga 2016 le 2019. Ditlamo di feta di le 100 tsa Japan di teng mo Aforika.

5.  Tlhatloso ya Lekgetho mo Tshiping le mo Alumeniamong ya Dinagakopano tsa Amerika

5.1. Kabinete e tlhagisitse tshulafalelo ya yona ka ga tshweetso ya Amerika ya go se akaretse Aforika Borwa mo ditlhatlosong tsa lekgetho la tshiping le alumeniamo.

5.2. Puso ya Aforika Borwa e tla tswelela go buisana le bothati jwa Amerika gore ba fitlhelele dipoelo tseo ka bobedi ba tla di utlwanlang. Kabinete gape e rotloetsa baromelantle ba fa nageng go tswelela go ngokela bareki ba ditsweletswa tsa kwa Amerika go dira kopo ya gore ba se akaretswe mo dituedisong tseno fa ba reka ditlhagisiwa ka ntlha ya fa ditlamo tsa Aforika Borwa ba romela kwa ntle ditlhagisiwa tse di gaisang tsa dinaga tse dingwe mo mmarakeng le tse di setseng di apeilwe di le gaufi le go ka tlhagisiwa gore di betlelwepele kwa Amerika.

6. Tsosoloso ya Mafelo a Difeme

6.1. Kabinete e amogela konosetso ya kgato ya ntlha ya tsosoloso ya Lefelo la Difeme la Phuthaditjhaba kwa Foreistata jaaka phitlhelelo e kgolo mo go tsenyeng tirisong Manaane a Tsosoloso ya Mafelo a Difeme.

6.2. Dipaakanyo tse di diriwang tse di tla jang R50 milione di tla ngokela baitlhamedikgwebo ba bangwe gape ba le bantsi go tlhoma dikgwebo tsa bona ka ntlha ya mafaratlhatlha a a tokafaditsweng mmogo le ka ntlha ya tshireletsego e e leng teng.

7. Depeeletso

7.1. Kabinete e akgotse tirisanommogo e e leng gone magareng ga Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri  (the dti) mmogo le  Aspen Pharmacare, e e dirileng gore go rebolwe dipeeletso tsa bokanaka R1 bilione mo bodutelong jwa melemo ya diritibatsi kwa Port Elizabeth mo Kapa Botlhaba. Setlamo seno sa melemo se unngwetswe mo Morokotsong wa Lekgetho wa dti 12I ka go busediwa Lekgetho la bokanaka  R209 milione.

7.2. Go bulwa ga lefelo leno go tla tlhola ditiro tse dintšhwa di le 500. Eno ke peeletso e e botlhokwa tota e e tla isang Aforika Borwa mo maemong a mantšhwa a sebaka sa  tlhagisodikuno le go tlhola ditiro tse di tlhokagalang mo nageng.

8. Dituelelo tse di kwa Tlase tsa Data

8.1. Kabinete e amogetse melao e mentšhwa e e tlhagisitsweng ke Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa) go tokafatsa melawanataolo e e mabapi le ditirelo tsa data, SMS le tsa go letsa.

8.2. Dikgato tseno di netefatsa fa go nna le go se kgetholelane mo kgwebong fa go tla mo ditlhwatlhweng tsa data le go netefatsa gore bareki ba ka sa tlhole ba latlhegelwa ke data ya bone e ba sa e dirisang. Dipatlisiso mo mebarakeng tse di dirilweng ke Khomišene ya Dikgaisano e tla nopola le go tsepamisa megopolo mo dikgatong tse dingwe gape tse di tla tseewang, go netefatsa gore ditlhwatlhwa tsa data mo Aforika Borwa di tshegetsa phitlhelelo e kgolo e e ka ga didirisiwa tsa dijithale mmogo le go re baakanyetsa ditšhono tse di tlholwang ke Phetogo ya Bone ya Diintaseteri.

9. Lekala la Meepo

9.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Ramaphosa ka go tlhagisa kutlobotlhoko go latela go tlhokafala ga badiredi ba meepo kwa Moepong wa Sibanye-Stillwater’s Driefontein gaufi le Carletonville kwa West Rand, mmogo le go romela matshediso a yona kwa ba losika le ditsala tsa bao ba hulereng. Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale, rre Gwede Mantashe, o solofetswe gore a emele puso kwa moletlong wa segopotso o o tla tshwarwang mo bekeng eno.

9.2. Kabinete e ikuela mo lekaleng la meepo go potlakisa dipatlisiso tsa bona tse di tla re thusang gore re nne le bokgoni jwa go ka bona go sa le gale ditiragalo tsa go kgotlokgotsega ga lefatshe mo meepong mme re kgone go ka pholosa batho.

10. Letloletlamelo la Bana la Dinagakopano (UNICEF)

10.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Ramaphosa ka go leboga tshegetso ya UNICEF le tirisanommogo mo go matlafatseng bašwa ba Aforika Borwa.

10.2. Mokaedimogolo wa UNICEF, Mme Henrietta Fore, o tshwere kopano ya semmuso ya setipolomate le Moporesitente Ramaphosa ka Mosupologo, wa la bo 7 Motsheganong 2018. O nopotse pegelo ya UNICEF ka ga matsholo a Aforika Borwa mo ntlheng ya thuto, ya tlhabololo ya bokgoni jwa tiro le ya ditšhono tsa ikonomi mo bašweng, bogolosegolo mo go bao ba leng magareng ga dingwaga di le 10 le di le 18. UNICEF e akgotse matsapa a a dirilweng ke Aforika Borwa mo go tlholeleng bašwa ditiro go nna le seabe se se matshwanedi mo ikonoming, le go tlhagisa kgatlhegelo ya go batla go thusa dikolo mo nageng ya rona ka go di tlamela ka metsi le kgeleloleswe.

10.3. UNICEF e laleditse Aforika Borwa go abelana ka naane ya katlego ya bona mo go matlafatseng bašwa jaaka karolo ya letsholo la bona la lefatshe ka bophara mo go atoloseng ditšhono mo bašweng – e leng sesupo se se totobetseng sa go gagamatsa botsalano le UN.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Kabinete a amogetse Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri (IPAP) 2018/19 – 2020/21. Eno ke poeletso ya bo 10 ya go thankgolola maanotiro a ngwaga le ngwaga a a tsamaisanang le dikatlego tsa paka ya dingwaga di le tharo ya Letlhomeso la Tirisomatlole ya Pakagare (MTEF).

IPAP e e kwadilweng sešwa eno e sosobanya diphitlhelelo tse di dirilweng mo pholising ya diintaseteri mo pakeng e e fetileng ya dingwaga di le robongwe. E tlamela ka tlhaloso ya ikonomi ka ga ikonomi ya lefatshe le ya fa gae e e lebaneng le pholisi ya diintaseteri, e sosobanye dikgwetlho le matsapa a a tobaneng le go tsenngwatirisong ka botlalo ga pholisi ya diintaseteri, mmogo le maanotiro a a botlhokwa a a farologaneng le a a tobaneng le lekala le le rileng mo nakong e e rileng go samagana le mafapha a a matshwanedi.

2. Kabinete e letleletse gore Tumelano ya Mafelo a Kgwebisano a Dinagatharo (TFTA) e tlhagisiwe ko Palamenteng go amogelwa semmuso. Tumelano eno e tlhoma Mebaraka ya go Tshwana mo Botlhabeng le mo Borweng jwa Aforika, mo Ditšhabeng tsa Botlhaba jwa Aforika le mo Dinageng tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC).

TFTA eno e ke porojeke e e botlhokwa e e supang kgato e e totobetseng ya go fedisa lefa la bokoloniale mo dimarakeng tse di sa tsepamang tse dinnye, ka go rotloetsa gore go nne le dipeeletso mo dinageng tsa Aforika le go ngokela dipeeletso tse dingwe gape tsa kwa dinageng tsa kwa ntle mo tikologong e go gwebisanwang mo go yona ka tokologo.
Ka ntlha ya matsapa a kopanyo ya mafelo le ikonomi e e lolameng, go nnile le kgolo e kgolo mo dipeeletso tsa mo dinageng tsa Aforika.

3. Kabinete e amogetse Pegelo ya boraro ya Aforika Borwa ka Ditlhaeletsano tsa Naga go ka isiwa kwa Kgothakgotheng ya Letlhomeso la Tumelano ya Dinagakopano tebang le Phetogo ya Maemo a Loapi (UNFCCC).

Maitlhomomagolo a UNFCCC ke go fitlhelela tsepamiso ya digase tse di seng bogale mo tlhagong e bile di sa tlala mo lefaufaung go dira gore di fitlhe mo maemong a di ka se bakeng kgotlhelego e e kotsi ya tikologo e e tla kgoreletsang thulaganyo ya loapi.

Pegelo ya Aforika Borwa e na le tlhaloso ka ga kgatelopele ya yona go tloga mo Ditlhaeletsanong tsa Naga tsa ntlha go fitlha mo Ditlhaeletsanong tsa Naga tsa bobedi go latele Pegelo ya Ditlhaeletsano ya boraro, jaaka e tlhagisitswe ke dinaga tsa boditšhabatšhaba le bannaleseabe ba fa nageng.
 
C. Melaotlhomo

1. Kabinete e amogetse gore go tlisiwe kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Bolemirui jwa Bolelokotlhapi. Molaotlhomo ono, o go buisanweng ka ona ka botlalo le bannaleseabe botlhe  
 mo lekaleng la bolemirui jwa bolelokotlhapi, o ikaeletse go rotloetsa tlhabololo ya bolemirui jwa bolelokotlhapi  mo ikonoming ya tsa kwa mawatleng. Gareng ga tse dingwe, e tlamela ka thulaganyo ya ditheo mo lekaleng leno; e bontsha dikobamelo tse di tshwanetsweng go fitlhelelwa go ka iponela dilaesense le diphomete  mo bolemiruing jwa bolelokotlhapi le ka fao dizoune tsa tlhabololo ya bolemirui jwa  bolelokotlhapi bo ka tlhomiwang ka gone.

2.  Kabinete e amogetse gore go tlisiwe kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Pabalesego le Boitekanelo kwa Tirong wa 2018. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Pabalesego le Boitekanelo kwa Tirong, 1993 (Molao wa bo 85 wa 1993).  Gang fa o satse o dirilwe molao,  Molaotlhomo ono o tla diragatsa pabalesego e kgolo ya babereki fa go tla mo dikgobalong le mo malwetseng a a ba fetelang ba le kwa tirong. Molaotlhomo ono o tlhoma Thulaganyo ya Botsamaisi e e senang selabe ka Pabalesego le Boitekanelo mme e tsamaisana le tiragatso e e siameng ya boditšhabatšhaba. Gape e tlamela ka diphuruphutso ka botlalo tsa  matshosetsi tse di tshwanetsweng go ka diriwa ke mothapi mmogo le maano a botsamaisi jwa matshosetsi a a tobaneng le mafelotirelo a a tlhometsweng le go tsenngwatirisong ka maitlhomo a go fokotsa dikotsi tseo  badiredi ba tobanang le tsone kwa tirong.

D. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

1.1. Kabinete e akgola Moporesitente Ramaphosa, yo a laleditsweng ke Mokgatlho wa Bobusi jwa Khonferense ya Badiri ya Boditšhabatšhaba (ILC) gore ba tshwaremmogo Khomišene ya Lefatshe ka ga Bokamoso jwa Ditiro.  

1.2. Moporesitente gape o laleditswe go bua kwa khonferenseng, e e tla bong e keteka dikopano di le 100. Fa a le foo, o tla leboga le go bontsha tlotlo ya Ngwagakgolo wa Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela. Kabinete e leboga Setlhopha sa Aforika mo mokgatlhong wa bobusi jwa Mokgatlho wa Badiri wa Boditšhabatšhaba (ILO) ka go etela pele dipuisano kwa Geneva le go leboga dipuisano tse di tshwarwang ke mokgatlho o o busang wa naga mo dikgaolong tsa bona tsa kwa nageng.

2. Matshediso

2.1. Kabinete e tlhagisa matshediso a yona mo ba lelapa le ditsala tsa ga Tona ya ntlha ya Matlole ya mo malobeng ya Aforika Borwa wa temokerasi, Rre Derek Keys, yo a nnileng le seabe se se botlhokwa thata mo go neelaneng ka marapo a Matlole mo pusong e e tlhophilweng ka tsela ya temokerasi ka 1994.   

3. Ramadan

3.1. Kabinete e lakaletsa setšhaba sa maMoseleme tsotlhe tse di siameng jaaka ba tla bo ba simolola ka tumelo ya bona ya setlwaedi sa go se je dijo sebaka sa kgwedi yotlhe e e boitshepo ya Ramadan mo bekeng e e tlang. Mo pakeng ya Ramadan, maMoseleme ga ba latswe sejo go tloga phakela go fitlha bosigo ka ba dirisa nako ya bona go rapela.

E. Ditiragalo tse di Tlang

1. Moporesitente Ramaphosa gompieno, ka la bo 10 Motsheganong 2018, o tla etela Lefapha la Sesole mmogo le Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA) ka tatelano, e le karolo ya matsapa a gagwe a go buisana le baeteledipele ba bagolo go netefatsa gore tiro ya puso o tsamaisana ka tolamo. Loeto leno ke karolo ya maikano a Moporesitente a a a tlhagisitseng fa a ne a neelana ka Puo ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Tlhakole 2018 a go etela lefapha lengwe le lengwe la bosetšhaba mo ntlheng eno.

2. Motlatsamoporesitente David Mabuza gompieno, ka la bo 10 Motsheganong 2018, o tla neelana ka puo ya gagwe kwa Samiting ya boraro ya Lekgotla la Tlhabololo ya Badiredi la Aforika Borwa e e tla tshwarelwang kwa Emperors Palace e e kwa Johannesburg ka moono yo o reng: ‘Tirisanommogo e e tsosolosang tiro le go ithuta’. Samiti eno ya matsatsi a le mabedi e tla kopanya baeteledipele ba ba botlhokwa thata ba le babedi ba intaseteri eno, e leng baitseanape ba merero ya ditiro le barutegi go ka tsereganya mo mabakeng a a farologaneng, go akaretsa le ditshitshinyo tsa go samagana le botlhokatiro jo bo aparetseng bašwa, mmogo le matlafatso e e gatetseng kwa pele le Tshimologo ya Bone ya Intaseteri.

3. Kabinete gape e gatelela taletso go maAforika Borwa go ikamanya le mekete ya ngwaga otlhe e e ka ga Ngwagakgolo wa Tata Nelson Mandela le Mama Albertina Sisulu, bao ba thusitseng go ka tlhoma motheo wa temokerasi ya Aforika Borwa eo re itumelelang yone gompieno. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e ka ga Ngwagakgolo wa Nelson Mandela mmogo le Ngwagakgolo wa Albertina Sisulu e thankgolotse Lenaane la Naga mo bekeng eno. Dintlha tse di mabapi le mokete ono di ka fitlhelwa mo go webosaete ya puso, (www.gov.za), moo disekejule le dikopano/ditiro tse dingwe tsa puso di ka fitlhelwang mo teng.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Mme Lerato Mataboge jaaka moemedi wa dti mo Botong ya Diromelwantle Koporasi ya Aforika Borwa ya Inšorense ya Dikoloto SOC Limited.

2. Mme RS Mogaladi jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Tshegetso le Tsamaiso ya Ditheo, CoGTA.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

 Union Building