Pegelo ya Kopano ya Kabinete ka la bo 13 Tlhakole 2019 kwa Tuynhuis kwa Motse Kapa.
A. Merero ya ga jaananong
1. Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA)
1.1. Kabinete e amogela SoNA ya 2019 ya Moporesidente Cyril Ramaphosa, eo e supang dingwaga di le 25 tsa Kopanotshwaraganelo ya ntlha ya Aforika Borwa wa temokerasi. Bontsi jwa maAforika Borwa, le bona ba amogela puo, eo e tswelelang go neelana ka tsholofelo le ntšhwafatso.
1.2. Moporesidente Ramaphosa o buile ka kgatelolepe e e dirilweng mo ngwageng o o fetileng. Re agelela mo dikatlegong tseno, Moporesidente o tlhagisitse dintlhatebelelo tsa monongwaga. Tseno di tsenyeleditse go tswelela ka mekgwa ya tsenogare go itlhaganedisa kgolo ya ikonomi e e tsenyeletsang botlhe le go tlhama ditiro; go tsosolosa tsamaiso ya thuto ya rona le go tlhabolola bokgoni tebang le isago le go oketsa ntwa kgatlhanong le bonweenwee le go gogwa ga puso ka nko.
1.3. Mo bekeng e e latelang, Tona ya Matlotlo Tito Mboweni o tla tlhalosa ka botlalo leano la ditšhelete fa a neela Puo ya gagwe ya Tekanyetsokabo. Ka go dirisa dipuo tsa thebolo ya tekanyetsokabo tsa mafapha, Ditona di tla tlhalosa maano a tiragatso a bona ao a tla diragatsang SoNA ya Moporesidente.
1.4. Kabinete e santse e itomile sesino go isa naga ya rona kwa go fitlheleleng Pono ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), lenaanetheo la go fedisa bohuma le go fokotsa go sa lekaleneng mo nageng ka 2030.
2. Indaba ya Meepo ya Aforika
2.1. Aforika Borwa e tshwere ka katlego Peeletso ya Indaba ya Meepo ya Aforika ya bo 25th ya ngwaga le ngwaga, eo e leng kokoano e kgolo ya lefatshe ya batsholadišere ba meepo le badiraditshwetso. Mo letsholong la go ngoka peeletso mo go tsa meepo, indaba ya monongwaga e ne e tsherwe ka fa tlase ga setlhogo: “Go tshegetsa Tlhabololo e e Tsepameng ya Ikonomi ya Aforika.”
2.2. Kabinete e amogela tumelano e e saenilweng ya batsholadišere ba meepo. Tumelano e tla fitlhelela kwa kgakala go isa go tsweletso ya dipeeletso tsa boditšhaba ka tlhamalalo mo diseketareng tse di farologaneng tsa intaseteri ya meepo.
2.3. Puso, ka Pholisi ya Intaseteri ya Leano la Tiro ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti), le supile kaonafatso ya diminerale e le karolo eo e tlhagisang bontsi jwa ditšhono tseo babeeletsi ba ka di dirisang go godisa lekala la meepo. Seno se neelana ka kgonagalo e kgolo ya go ka nna le seabe mo go godiseng ikonomi, go tlhama ditiro, go fetola le go fedisa bohuma.
3. Eskom
3.1. Tona ya Dikgwebo tsa Setšhaba Pravin Gordan o itsisitse Kabinete ka ga go timiwa ga motlakase go go diragalang ga jaana go go amileng tsamaiso ya ikonomi go ralala naga. Dikgoreletsi tseno di nnile le seabo se se golo go gaisa mo matshelong a maAforika Borwa le mo ikonoming.
3.2. Motswedi wa eneji wa Aforika Borwa o nna o le botlhokwa thata mme seemo sa ga jaana kwa Eskom e baya pele matshosetsi a a bonalang go naga, maemo a a tlhomameng a ditšhelete a sona le ikonomi. Togamaano ya go tlhatlhomolola Eskom go nna ditheo tse tharo tse di ikemetseng tsa Puso – tlhagiso; phetiso le kabo phatlhalatso - e a tlhokega tebang le paka e telele ya go ikemela ga setheo sa motlakase le naga.
3.3. Go mekamekana le seemo sa ga jaana, Moporesidente Ramaphosa o thapile Komiti e e Kgethegileng ya Kabinete ya Eskom e e eteletsweng pele ke Motlatsa Moporesidente le go diriwa ke Tona ya Lefapha la Dikgwebo tsa Puso: Tona ya Lefapha la Eneji: Tona ya Lefapha la Matlotlo: Tona ya Lefapha la Dipalangwa; Tona ya Tshireletso ya Puso le Tona ya Sepodisi. Komiti eno e tla mekamekana le merero ya Eskom letsatsi le letsatsi le go rebola dipegelo tsa letsatsi le letsatsi go Moporesidente ka ga gore ke dikgato dife tse di tlhokang go tsewa go bona motswedi wa eneji.
3.4. Setlhopha se solofetswe go kopana le baamegi botlhe go thusa go busetsa seemong tsepamo ya kiriti le go betla tsela e e yang kwa pele fa ba ntse ba netefatsa gore go na le ditshenyegelo tsa ikonomi tse di nnye go badirisi le go baduela lekgetho.
4. Tshwanelo ya go tlhopha
4.1. Kabinete e akgola maAforika Borwa otlhe, bogolosegolo diketekete tsa bašwa le batlhophi bao e tla bong e le lekgetlo la ntlha ba tlhopha, bao ba tsereng karolo mo mafelong a beke a bofelo a go ikwadisetsa go tlhopha ka la bo 26 le la bo 27 Ferikgong 2019 pele naga e tshwara ditlhopho tsa borataro tsa ditlhopho tsa bosetšhaba le tsa diporofense ka la bo 8 Motsheganong 2019.
4.2. Kabinete e ikuela go batlhophi botlhe ba ba dumeletsweng go dirisa tshwanelo ya bona ka tlhomamo le go ikuela go maAforika Borwa bao ba iseng ba ikwadisetse go tlhopha, go dira jalo kwa dikantorong tsa Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) tse di butsweng go ralala naga. O ka nna wa tlhola maemo a gago a ikwadiso ya go tlhopha ka go romela nomoro ya gago ya boitshupo ka molaetsakhutshwe (SMS) go 32810 (SMS e le nngwe ke R1.00) kgotsa o ka tsenya epe ya batlhophi ya mahala ya IEC mo mogaleng wa gago wa seatla le go e dirisetsa go tlhola dintlha tsa gago tsa ikwadiso.
4.3. E sale re bona temokerasi, re agile temokerasi ya molaotheo e e golang ka ditheo tse di netefatsang ditshwanelo tsa motheo tsa rona le dikgololesego. Go ya pele, go tsentswe manaane mo tirisong go fetola ikonomi le go arabela bontsi jwa dikgwetlho tsa rona tsa ikonomi ya loago. Ditlhopho tse di tlang ke tšhono ya losika le le leswa la bašwa ba maAforika Borwa go dirisa tshwanelo ya bona ya go tlhopha, le go tlhagisa maikutlo a bona ka isago ya bona le ya naga.
5. Go Ribololwa ga oli le gase ke setlamo sa Total
5.1. Jaaka karolo ya maiteko a bosetšhaba a go godisa ikonomi le go tlhama ditiro, puso e – ka Operation Phakisa ya Ikonomi ya Mawatle - e kgontshitse ditšhono mo lekaleng la oli le gase tebang le kgolo le peeletso. Aforika Borwa e na le metswedi e e nang le bokgoni ya dibarele di le dibilione di le robongwe tsa oli le 60 tcf (boteng jwa dikhubiki di le trilione) kgotsa dibarele di le dibilione di le 11 tse di lekanang le gase kokwa ga lewatle.
5.2. Kabinete e akgotse khamphani ya Total ka thibololo ya gase ya go ya lewatleng eo e ka nnang le dibarele di le bilione o le mongwe wa metswedi, eo e tla thusang ka tlamelo ya oli le gase ka fa nageng.
5.3. Thankgololo e dirilwe ke khamphani morago ga go epa lefelokepo la Brulpadda kwa bodutelong jwa Outeniqua, bokgakala jwa dikilometara di le 175 go tswa mo lebopong la Aforika Borwa.
6. Kopano e e Tlwaelegileng ya bo 32 ya Ditšhaba tse di Kopaneng tsa Aforika (AU)
6.1. Kabinete e akgola go thapiwa ga Moporesidente Ramaphosa jaaka Modulasetilo wa AU wa 2020. O tla tsaya marapo go tswa go Moporesidente wa Egepeto e leng Moporesidente Abdel Fattah el-Sisi, yoo ga jaana a tshwereng marapo a paka ya gagwe ya 2019.
6.2. Moporesidente Ramaphosa o ne a eteletse pele kemedi ya Aforika Borwa go Kopano e e Tlwaelegileng ya bo 32nd ya Ditšhaba tse di Kopaneng tsa Aforika ya Ditlhogo tsa Dinaga le Dipuso tsa AU, e e neng e tshwaretswe kwa Addis Ababa, Rephaboliking ya Temokerasi ya Bofederale ya Ethiopia go tloga ka la bo 15 Ferikgong go ya go la bo 11 Tlhakole 2019, ka fa tlase ga setlhogo “Bafaladi, Ba ba boang le Batho ba ba Tserweng kwa Dinageng tsa Bobona: Go isa kwa Ditharabololong tse di Tshwarelelang go Batho bao ba Thopilweng ka Kgang mo Aforika”. Seno se neelane ka serala sa go lebelela le go rarabolola modi o o bakileng go thopa batho ka kgang mo Aforika.
6.3. Aforika Borwa e rometse Mafelo a Kgwebisano e e sa Duelelweng mo Kontinenteng ya Aforika (AfCFTA) ka nako ya samiti. Merero e go builweng ka yona e tsenyeletsa phetolo ya setheo le go newa matlotlo ga setheo sa kontinente; Kagiso le Pabalesego mo Kontinenteng; ditlhabololo tse di amanang le AfCFTA; le dipuisano tebang le tumelano ya tirisanyo e ntšhwa magareng ga Aforika, Caribbean le dinaga tse di tlhabologang tsa Pacific le European Union morago ga-2020.
6.4. Mo gare ga ngwaga ono, Moporesidente Ramaphosa gape go solofetswe a tla rwala marapo a monnasetilo wa kopano ya Komiti ya Ditlhogo tsa Dinaga le Dipuso ya Phetogo ya Maemo a Bosa (CAHOSCC). CAHOSCC e tlhomilwe ka 2009 ke Kopano ya AU ya Ditlhogo tsa Dinaga le Dipuso go etelela pele Maemo a a Tshwanang a Aforika ka ga Phetogo ya Maemo a Bosa le mo dipuisanong tsa lefatshe tsa phetogo ya maemo a bosa.
6.5. Fa Moporesidente Ramaphosa a rwala marapo a monnasetilo, o tla dira mmogo le ditlhogo tse dingwe tsa naga go netefatsa go tsenngwa tirisong go go atlegileng ga Tumelano ya Paris e e botlhokwa go fokotsa le go itlwaetsa ditlamorago tsa phetogo ya maemo a bosa. Ka CAHOSCC, Aforika e tla dira kabo e e bonagalang go maiteko a lefatshe tebang le go dira gore go nne le khabono e e kwa tlase le tlhabololo e e mekamekanang le maemo a bosa.
7. Thuto e Kgolwane
7.1. Kabinete e romela matshidiso go balosika le ditsala ba moithuti wa kwa Yunibesithi ya Thekenoloji ya Durban, Mlungisi Madonsela. Go kgorelediwa ga dithuto le go tswalelwa ga ditheo tsa thuto e kgolwane, bogolosegolo kwa KwaZulu-Natal, eo e bakileng loso le le botlhoko la moithuti yo, ke tlhoba boroko.
7.2. Kabinete e ikuela go batshameka karolo botlhe go rarabolola dintlha tseno ka kagiso. Naga ya rona e tlhoka bašwa ba ba rutegileng go nna le seabe mo kgolong ya ikonomi ya rona.
7.3. Puso, ka Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso, le thusa ditheo tsa thuto e kgolwane fao di nang le dikgwetlho. Tona ya Thuto e Kgolwane le Katiso Naledi Pandor le ena o laetse batsamsisi ba Sekema sa Thuso ya Matlole a Baithuti sa Bosetšhaba go baya kwa godimo go neela baithuti dipoelo.
8. Go laola mogare wa bolwetse jwa tlhako le molomo (FMD)
8.1. Mo go sireletseng boitekanelo jwa setšhaba, Kabinete e itumeletse tsibogelo le ditsenogare go efoga go anama ga leroborobo la mogare wa FMD kwa Kgaolong ya Vhembe, Limpopo. Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi, mmogo le Mokgatlho wa Nama e Khibidu le baamegi ba bangwe, ba dira mmogo go mekamekana le ntlha eno ka tsela e e tshwaraganetsweng.
8.2. Thulaganyo ya moento e simolotse ka la bo 14 Ferikgong 2019, ka go entiwa ga dikgomo tse di leng kwa metseng e e amegileng, ga mmogo le tseo di leng mo mafelong a bokgakala jwa dikilomitara di le 20 ao a dikologileng metse e e amegileng. Go fitlha ga jaana, palogotlhe ya dikgomo tse di entilweng ke go feta 10 000; di tshwailwe go di farologanya le tse dingwe.
9. Samiti ya Filimi ya Aforika Borwa
9.1. Intaseteri ya Difilimi ya Aforika Borwa ke kgale e lemogilwe jaaka setlhotlheletsi go kgolo ya ikonomi le tlhamo ya ditiro mo Aforika Borwa. Intaseteri ya botlhami le setso, bogolosegolo seketara ya difilimi, le yona e tshameka karolo e e botlhokwa mo go godiseng kgang ya Aforika Borwa le go nna le seabe go maiteko a kago ya setšhaba le mo go nneng seoposengwe.
9.2. Go ikamagantswe le kgato eno, Kabinete e amogetse Samiti ya Difilimi ya Aforika Borwa ya ntlha, e e neng e tshwaretswe kwa Johannesburg go tloga ka la bo 4 go ya go la bo 5 Tlhakole 2019 ka fa tlase ga setlhogo: “Phetogo le Boitshimoledi mo Intasetering ya Aforika Borwa ya Difilimi/Setshwantshomodumo le Phetogo ya Intaseteri e e ka ga Thekenoloji (4IR). A re ipaakanyeditse phetogo?”
9.3. Dipoelo tsa samiti di solofetswe go nna le seabe mo go tlhameng le go kgontsha tikologo ya intaseteri e e golang sentle. Puso e nna e ntse e itlamile go neela diporojeke matlole ka Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseri (IDC) le dti.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
10. Go nna Seoposengwe le Kago ya Setšhaba
10.1. Le fa setšhaba sa rona se dirile go tlala seatla e sale 1994, magora a maitirelo a a ikaegileng ka lotso, boemo le dipharologano tsa setso di tswelela go nyatsa maiteko a rona. Mo ntlheng eno, Kabinete e atlenegisitse Ntlhatebo ya Sepolotiki, eo e neelang letlhomeso la molao le pholisi go tshegetsa kgato ya go nna seoposengwe le ya kago ya setšhaba fa re tswelela re gatela pele.
10.2. Jaaka le tlhagisitswe mo go NDP, letlhomeso leno le tla nna le seabe se segolo thata mo go tsenyeng tirisong maikaelelo a go aga “setšhaba sa batho ba ba tshwaraganeng le seo e leng seoposengwe mme ga se fela maikaelelo a bosetšhaba; gape ke mokgwa wa go fedisa bohuma”.
10.3. Diseketara tsotlhe tsa setšhaba di rotloediwa go tshegetsa letlhomeso la pholisi ka go keteka dipharologanyo tsa rona le go aga setšhaba se se phimolang matsadi a letlotlo la bokoloniale le tlhaolele.
10.4. Lefapha la Botaki le Setso le tla tshwara Kopanokgothakgothe ka ga go nna Seoposengwe kwa mafelong a Mopitlwe 2019 kwa Johannesburg fao makala a a farologaneng a setšhaba – go tsenyeletsa a mekgatlho ya baagi, mekgatlho ya badiri, mekgatlho ya kgwebo, mekgatlho ya barutegi le baitseanape, mekgatlho ya badumedi le bobegakgang - ba tla itlamang go porojeke ya kopano ya loago le kago ya setšhaba. Dipuisano le makala di tla dirwa mo kgweding ya Tlhakole go fitlha fa gare ga kgwedi ya Mopitlwe 2019.
C. Melaotlhomo
11. Kwalolosešwa ya Molaotlhomo wa Bana wa 2019
11.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bana wa 2019 go matlafatsa tiro ya setšhaba sa rona mo go sireletseng ditshwanelo tsa bana.
11.2. Ka 2017 Senthara ya Molao wa Bana e ne ya tshwarisa Lefapha la Tlhabololo ya Loago ka ga ditshalelo morago tsa botsadi tlhokomelo.
11.3. Kgotlatshekelokgolo e ne ya laela Tona ya Tlhabololo ya Loago, gareng ga tse dingwe, go baakanya le go itsise fa pele ga Palamente dikarolo tse di botlhokwa tse di kwalolotsweng sešwa mo Molaong wa Bana, 2005 (Molao wa bo 38 wa 2005) le/kgotsa Molao wa Thuso ya Loago, 2004 (Molao wa bo 13 wa 2004) go neelana ka tharabololo ya semolao e e feletseng go arabela dikgwetlho tsa botsadi tlhokomelo.
11.4. Bana botlhe ba tshwanetse go itumelela phitlhelelo ya ditirelo tseo maikaelelo a tsone eleng go tsamaisa pabalesego, tlhokomelo le tshireletso ya bona; le tsamaiso e e nonofileng ya katlaatlelo loago. Go na le ditlhokego di le dintsi mo tsamaisong ya tshireletso ya bana ya ga jaana. Molaotlhomo ono o tla arabela, gareng ga tse dingwe, dikgwetlho tse di amanang le go tlhomiwa le tsamaiso ya botsadi tlhokomelo, le ditlhokomelo tse dingwe tsa bana tse di amanang le merero ya pabalesego.
D. Ditiragalo tse di Tlang
12. Samiti e e ka ga Ikonomi ya Dijithale
12.1. Phetogo ya lefatshe go ya go thekenoloji e rotloeditse 4IR go tlisa ditšhono tse dintšhwa go aga setšhaba sa rona le ikonomi. Go nna re le kwa pele ga metseletsele e mešwa ya thekenoloji, naga e tla tshwara Samiti ya Ikonomi ya Dijithale ka Mopitlwe 2019.
12.2. Samiti e tla tshwarelwa ka fa tlase ga setlhogo sa 4IR Aforika Borwa (4IRSA), kamano magareng ga Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Yunibesithi ya Witwatersrand, Yunibesithi ya Johannesburg le Yunibesithi ya Fort Hare.
12.3. #4IRSA e ikaelela go samagana le dikgwetlho tse di lebaneng Aforika Borwa mo Nakong ya Dijithale gore e tle e bone tsibogelo e e tsepameng ebile e le ya botlhe go naga.
13. Dikabo tsa Bobegakgang tsa 2019 tsa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC)
13.1. Jaaka karolo ya go tsweletsa tsenogare ya kgaolo, tirisanommogo le temogo ya botswerere mo bobegakgang, bobegakgang jwa Aforika Borwa bo laleditswe go tsenela Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC tsa 2019 pele ga Tlhakole 2019. Dikabo di mo maphateng a kgatiso, radio, thelebišene le bobegakgang ka ditshwantsho.
E. Melaetsa
14. Matshidiso
14.1. Kabinete e ikamanya le Moporesidente Ramaphosa le maAforika Borwa otlhe ka go romela matshidiso go balosika le ditsala ba baithuti bao ba tlhokafetseng morago ga go welwa ke borogo ya maoto kwa Sekolong se Segolo sa Driehoek kwa Vanderbijlpark ka Labotlhano, la bo 1 Tlhakole 2019. Kabinete gape e eleletsa baithuti ba ba gobetseng go bona pholo ya ka bonako.
15. Dikakgolo
15.1. Kabinete e akgola:
khwaere ya Soweto Gospel Choir ka go dira Aforika Borwa motlotlo gape morago ga go fenya Grammy ya alebamo ya mmino yo o gaisang wa lefatshe. Setlhopha se fentse ka alebamo ya bona ya Freedom – renditions of well-known liberation struggle songs. Eno ke Kabo ya Grammy ya boraro ya setlhopha.
Bankatlhabololo ya Dibaga tsa Borwa jwa Aforika (DBSA) ka go fenya Kabo ya Lenaneo la Ntšhwafatso ya Eneji ya Seaforika e e rebotsweng ke setheo sa kwa London, Project Finance International. DBSA e ne ya lemogiwa tebang le boitlhamedi jwa go neela matlotlo go diporojeke tsa ntšhwafatso ya eneji di le 14 mo Lenaneong la Ntšhwafatso ya Eneji ya Batlhagisi ba ba Ikemetseng.
Borasaense ba babedi ba rona ba fentse Dikabo tsa AU tsa Kwame Nkrumah tsa Matlhale a Saense kgatiso ya 2018 kwa Addis Ababa, Ethiopia ka di 11 Tlhakole 2019:
Moporofesara Aletta Schutte o fentse sekgele sa kgaolo sa Bomma Saese sa US$20 000 mo mo kgaolong ya Disaense tsa Botshelo le Lefatshe. Ke moporofesara wa Fisioloji kwa Yunibesithing ya Bokone Bophirima. Moporofesara Schutte o na le makwalo a borutegi a SARChI ka ga Go Ribolola go sa le Gale Malwetsi a amanang le Pelo mo Aforika le go a Thibela, modulasetilo wa patlisiso o neelwa matlotlo ke Lefapha la Saense le Thekenoloji (DST). Patlisiso ya gagwe e lebeletse thata mo bolwetseng jwa kgatelelo ya madi le kgolo ya bona mo ditšhabeng tsa Aforika.
Moporofesara David Mark Richardson o fentse sekgele sa kontinente sa US$100 000 tebang le kgaolo ya Lefatshe le Saense ya Botshelo. Ke Moporofesara yo o Itsegeng wa Ikholoji kwa Yunibesithing ya Stellenbosch, le Mokaedi wa Senthara ya Naga ya Dipatlisiso tsa Motheo wa Matlhale a Thutatshelo ya Dimela tsa Boditšhaba ya DST. Patlisiso ya gagwe e mekamekana le go tlhaloganya dintlha tse di amanang le dimela tsa ditlhare tsa boditšhaba.
Setlhopha sa kgwele ya dinao sa ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 20, Amajita, go bona tetla ya go tshameka kwa Sejaneng sa Lefatshe sa 2019 sa FIFA, seo se tla tshwarelwang kwa Poland ka Motsheganong 2019. Amajita ba bone manno a bona ka go fetela go dika makgaolakgang a Khonfedereišene ya Kgwele ya Dinao ya Sejana sa Dinaga tsa Aforika e ga jaana e tsweletseng kwa Niger.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139