Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, wa la bo 27 Tlhakole 2019 kwa Tuynhuys, Motsekapa.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Puo ya Tekanyetsokabo ya 2019
1.1Kabinete e amogetse Puo ya Tekanyetsokabo ya 2019 e e tlhagisitsweng ke Tona ya Matlole Rre Tito Mboweni kwa Palamenteng, kwa Motsekapa ka Laboraro, wa la bo 20 Tlhakole 2019, go nna letlhomeso le le tsenyang Aforika Borwa mo tseleng eo rotlhe re ka kgonang go ntšhwafatsa le go aga sešwa ikonomi ya rona gore e nne e e akaretsang botlhe le e e dirang bontle.
1.2 Puo ya Tekanyetsokabo e diragatsa maikano a Moporesitente Cyril Ramaphosa a a nopotseng mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) kwa Palamenteng, kwa Motsekapa ka Labone, wa la bo 7 Tlhakole 2019.
1.3 Kabinete e tshegetsa matsholo a a farologaneng, go akaretsa la go fokotsa megolo ya badiredipuso, gore go sonagiwe madi a mangwe a a tla dirisediwang go matlafatsa madi a puso. Go neseditswe pula le letsholo la go gagamatsa melao fa go tla mo mading a tshegetso ya Eskom go kgontsha setheo seno sa tlamelo ya motlakase gore se itsotsorope.
1.4 Rotlhe re na le karolo e re tshwanetseng go e tshameka mo go godiseng ikonomi le mo go tlholeleng batho ba borona ditiro. Gore re kgone go fedisa dikgwetlho tse di boima tse di fetlhilweng ka pitsa ya puso ya tlhaolele go raya gore re tla tshwanelwa ke go tshwarisana le puso gore e kgone go diragatsa manaane a yona, e godise ikonomi le go ngokela dipeeletso tse dingwe gape tse di tswang kwa dinageng tsa kwa ntle.
2. Eskom
2.1 Kabinete e amogetse pegelo go tswa kwa go Motlatsamoporesitente David Mabuza mabapi le tiro e e diriwang ke Komitikopanelo e e Itlhophileng ya Kabinete mabapi le Eskom, e e tlhomilweng mo malobeng go latela kgaolo ya motlakase e e neng e sa solofelwa e e nnileng le seabe se se sa jeseng diwelang mo ikonoming ya rona. Matsapa rulaganngweng a puso a go tlisa tsetsepelo mo matloleng, tirong le mo setheong sa Eskom a tswela pele ka tshwanelo.
2.2 Komitikopanelo e e Itlhophileng ya Kabinete e eteletswe pele ke Motlatsamoporesitente Mabuza mme e akaretsa Tona ya Lefapha la Dikgwebo tsa Puso, Tona ya Dipalangwa, Tona ya Matlole, Tona ya Sepodisi mmogo le Tona ya Tshireletso ya Puso. E rwesitswe maikarabelo a go leba ka leitlho le le ntšhotšho thulaganyo ya kabelo ya motlakase ya letsatsi le lengwe le le lengwe.
2.3 Go lepalepana le maikano a ga Moporesitente Ramaphosa a gore thulaganyo ya ka fao puso e tsibogelang matsapa a motlakase e tshwanetse go nna eo e akaretsang batho botlhe le go senka maikutlo a botlhe, Tona ya Dikgwebo tsa Puso mmogo le Monnasetulo wa Boto ya Eskom ba nnile le kopano ya ntlha ya dipulamelomo le boeteledipele jwa mekgatlho e megolo ya badiri eo e leng teng kwa Eskom, mo meepong ya intaseteri ya malatlha le kwa lephateng la boenjenere.
2.4 Kopano le mekgatlho ya badiri e begile matsapa a ditiro tsa Eskom le dithulagayo tsa yona tsa tlhagisomotlakase, tlhokomelo ya meago le kgaolo ya motlakase e e sa solofelwang. Motheo wa kopano eno e ne e le go senka thulaganyo ya semmuso ya go senaka maikutlo. Go buisanwe gape le ka go rulaganngwa sešwa ga Eskom, mme maphata otlhe a dumelane gore go tla nna le dipuisanelo tse dingwe gape tse di tseneletseng gore go tlhaloganngwe botoka thulaganyo ya mosupatsela le ditlamorago tsa go kgaoganya maphata a kgwebo a Eskom go nna ditheo di le tharo tse di ikemetseng.
2.5 Kopano ya Intaseteri ya meepo ya malatlha e tshwerwe go latela tsibogelo ya Lekgotla la Dimenerale la Aforika Borwa (MINCOSA). Kopano eno e tlhagisitse matsapa a a mabapi le tlamelo e e lekaneng ya malatlha, ditshenyegelo le dituelelo, mmogo le boleng jwa malatlha a a rekisediwang Eskom.
2.6 Mo godimo ga eno, go nnile le dikopano tse dingwe tse di tshwerweng tse di amanang le lephata la boenjenere, go latela tsibogelo ya Lekgotla la Boenjenere la Aforika Borwa (ECSA). Ditiro tsotlhe tsa boenjenere di ne di emetswe ke mekgatlho ya tsona e e ithaopileng go akaretsa le Mokgatlho wa Naga wa Baenjenere ba Bathobatsho (NABE).
2.7 ECSA e rebotse dintlha tseo e bonang e le matsapa ao Eskom e tobaneng le ona mme ya rebola gape le ditshitshinyo ka ga ka fao go ka akarediwang gape ka teng bontsi jwa barutegi ba maAforika Borwa le baporofešenale mo mererong ya setegeniki gore ba tsereganye ka potlako go ka busetsa sekeng tlamelo ya motlakase.
2.8 MINCOSA le ECSA ba tla thusa puso go tlhoma Setlhopha sa Ditshekatsheko tsa Tlhokomelo ya Meago le Ditiro tsa Setegeniki.
3. Motlakase wa Ntšhwafatso
3.1 Kabinete e tshegetsa tsiboso ya ga Tona ya Eneji, Rre Jeff Radebe, e e netefaletsang sešwa kakanyo ya motheo e e mabapi le ntšhwafatso ya motlakase mo go fokotseng go kuelela go go kwa godimo ga mesi ka ntlha ya ditukisi tsa fosele tse di jaaka oli le malatlha.
3.2. Eneji ke sekgontshi se se botlhokwa mo kgatelopeleng ya Aforika Borwa gore e fitlhelele kgolo mo ikonoming ya loago le mo go tlhabololong ya yona. Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le tlhalosa gore Aforika Borwa e tlhoka bonnye jo bo kanaka dimekawate di le 20 000 tsa motlakase o o ntšhwafadiwang ka 2030. Lenaane la Ditheko tsa Motlakase o o Ntšhwafadiwang mo Batlhagising ba Motlakase ba ba Ikemetseng le nnile mosola thata mo ikonoming, mo go tlholeng ditirong, mo go tsholetseng baagi, mo go refosaneng taolo ya ikonomi go nna mo diatleng tsa ba bangwe mmogo le mo go fetoleng maemo a loapi.
3.3. Fa Aforika Borwa e santse e tsweletse go dira dikgatelopele tse di seng kana ka sepe mo matsapeng a lefatshe mo go direng gore re nne naga e e tlhagisang khabone e nnye mo lefatsheng le mo go tlhagiseng ditlhabololo tse di tla mekamekanang le maemo a tlhabologo, puso e ikemiseditse go netefatsa gore e phetolothefosano e diragadiwa ka mokgwa o o maikarabelo le wa bosiamisi gore bokamoso jwa rona e nne jo bo senang kgotlhelego.
3.4. Setlamo sa Banka ya Lefatshe mo malobeng se ne se tshwere khonferense ya Ntšhwafatso ya Motlakase wa Aforika Borwa le Dithulaganyo tsa Polokelo ya Motlakase kwa Motsekapa go simolola ka la bo 25 go fitlha ka la bo 26 Tlhakole 2019 ka moono yo o reng: “Dibeteri, Dipolokelo tsa Motlakase le Ntšhwafatso ya Bokamoso – go leba kwa Phitlhelelong ya 100% ya Thulaganyo ya Ntšhwafatso ya Motlakase o go Abelanwang ka Ona”. Baemedi ba intaseteri eno, ba tsa matlole, ba tlamelo ya motlakase, ba bothati jwa taolo, ba puso le ba ditheo tsa thuto e kgolwane ba buisanetse ditlhabololo tse di ka diriwang mo lekaleng la ntšhwafatso ya motlakase go akaretsa dipholisi, melawanataolo, matlole, kgwebo, thekenoloji, didirisiwa, boitshimololedi, go tlhama dikhoutu le ditsela tse di beilweng tsa tiragatso tse di tlhokagalang go ka atolosa ntšhwafatso ya motlakase.
3.5. Thekenoloji ya ntšhwafatso ya motlakase le ya polokelo ya motlakase di tla re kgontsha gore re kgone go fetolela motlakase go nna eneji mme re kgone go o bolokela golo gongwe gore re nne le ona fa re o tlhoka mo tsamaong ya nako. Thulaganyo ya polokelo ya motlakase e tla fokotsa kgang ya go tlhoka tlamelo ya mefelo a dijenereitara a a fetlhiwang ka malatlha le peterole, mme seno se tla fokotsa mesi e e kuang kwa lefelong la tlamelo ya motlakase le go re thusa go mekamekana le phetogo ya maemo a loapi.
4. Lenaane la Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi (di-SEZ)
4.1 Kabinete e amogetse tshepo e e iponagaditseng mo babeeletsing ba ka fa nageng le ba kwa dinageng tsa kwa ntle mo dipeeletsong tse di tlhageletseng mo go beeletseng mo Lefelong la Tlhabololo ya Diintaseteri la Saldanha Bay (SBIDZ), le le tlhabologang go ka nna lefelo le maemo a a kwa godimo mo lefatsheng la mose wa mawatle le la bodutelo jwa ditiro tsa kwa mawatleng. Seno ke karolo ya Lenaane la SEZ la Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti).
4.2 Go tlhomiwa ga di-SEZ go ralala le naga ke letsholo la go dira gore ditiragalo tsa ikonomi di seke tsa sekamela fela mo letlhakoreng le le lengwe, fela jaaka go setse go le ka teng mo mafelong a mangwe a ka fa nageng ka ntlha ya ka fao puso ya tlhaolele e neng e rulagantse mafelo a madulo ka teng.
4.3 Fa e sale di tlhomiwa, di-SEZ di nnile le seabe mo go ngokeleng dipeeletso go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle tse di jaaka peeletso ya sešweng jaana e e sa tswang go saeniwa ya SBIDZ ya madi a le kanaka R3-bilione.
4.4 Motswedi wa dipeeletso tsa SBIDZ o akaretsa dipeeletso tse dingwe gape di le tlhano tse di tla oketsang dipeeletso ka peeletso e nngwe gape ya R2.4 bilione mo seemong sa pakakhutshwe le paka ya mo magareng ya mafelo ano a ikonomi, gang fela fa e sena go konosediwa.
5. Tlamelo ya metsi
5.1 Kabinete e amogela kgatelopele e e dirilweng ya mafaratlhatlha a Porojeke ya Metsi ya Mzimvubu kwa motseng wa Esiqhungqwini kwa Tsolo, mo Masepaleng wa Selegae wa Mhlontlo kwa Kapa Botlhaba, jaaka sekai sa ka fao puso e tswelelang go fitlhelela ditlhokwa tsa baagi go sa kgathalesege gore Aforika Borwa ke naga e e tlhaelang metsi.
5.2 Go rebolwa ga diporojeke tsa mothale ono tsa metsi go tlhodile ditšhono tsa ditiro le go netefatsa gore go nna le tlamelo e e lekaneng ya metsi a a ka dirisediwang mo ditiro tsa mo malapeng le tsa mo diintasetering.
5.3 Fa e sale temokerasi e roga go setse go dirilwe tiro e e seng kana ka sepe go netefatsa gore baagi ba bona ditirelo tsa motheo tse di jaaka metsi a a nwewang. Malapa a ka fitlha go 90% ga jaana a tsenyeditswe metsi a dipompo.
6. Pabalesego kwa dikolong
6.1 Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tse di begilweng tsa go bogisana, go kgothosiwa le ditiragalo tsa dikgoka tse di itshupileng mo dikolong tse dingwe ka fa nageng. Bana ba rona ba tlhoka mafelo a a babalesegileng go ithutela kwa go ona mme re ipiletsa mo barutwaneng, barutabaneng, batsading le mo batlhokomeding ba bana ba semolao go dirisanammogo go sireletsa bana ba rona mo ditiragalong tsa loago, mo mebeleng ya bona le mo maikutlong.
6.2 Kabinete gape e akgola Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) tebang le tsibogelo ya bona ya phetakapejana go bo ba golegile babelaelwa ba ba amegang mo ditiragalong tsa maiteko a go thopa sejanaga ka dikgoka kwa sekolong sa Edenvale mo Gauteng.
6.3 Kabinete e dira boikuelo jo bo itlhophileng mo makgotlataolong a Sekolo (di-SGB) go sekaseka mafaratlhatlha a a leng teng ga jaana mo dikolong tsa bona go netefatsa gore meago ya dikolo e bolokesegile, ka gale e a baakanngwa le gore e siametse go ka dirisediwa go ruta mo go yona.
7. Ditiragalo tse dingwe tse di sa amogelesegeng ka gotlhe tse di diriwang ke baruti ba bangwe ba dikereke
7.1 Kabinete e tshwentswe ke dipegelo tsa sešweng tsa bobegakgang tse di ka ga ditiragalo tse dingwe tse di sa amogelesegeng ka gotlhe tse di diriwang ke baruti ba bangwe ba dikereke. Tiragalo ya sešweng e e ka ga go tsosiwa ga moswi ke e nngwe ya ditiragalo tse go buiwang ka tsona. Tse dingwe tse dintsi tsa ditiragalo tsa mothale o di dirilwe mo malobeng, go akaretsa tsa go budulela phuthego ka sedirisiwa sa go bolaya ditshenekegi, go ba laela gore ba iphantshe ka leokwane la peterole, ba lautse magotlo le go fula bojang, gareng ga tse dingwe.
7.2 Batho fa ba ya dikerekeng ba ela go fepiwa dijo tsa semowa le go tsosoloswa maikutlo, bogolosegolo fa e le gore ba tla ba sulafaleditswe ke botshelo e bile ba le mo tlalelong. Kabinete e ikuela mo go botlhe go dirisanammogo go fedisa ditiragalo tsa mothale ono tse di dubang maikutlo a batho ba ba leng mo tlalelong le go tsenya matshelo a bona mo kotsing. Ditheong tsa tiragatso ya molao fa go le jaana di tshwanetse go tsenya tlhako mo ditiragalong tsa bosenyi tseo di diriwang mme di iphitlhile ka le lereng ke bodumedi. Kabinete e nopotse gape gore Khomišene e e Tsholetsang le go Babalela Ditshwanelo tsa Ditso, Ditumelo le Dipuo tse di Farologaneng tsa Baagi (CRL) e tsweletse ka dipatlisiso tsa ditiragalo tsa mothale ono, mme e tla rebola ditharabololo tse di botlhokwa tse di tla tlisang bokhutlho jwa ditiragalo tseno.
8. Ditlhopho tsa naga le tsa porofense tsa 2019
8.1 Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe, bogolosegolo bašwa bao e tla bong e le lekgetlho la bona la ntlha ba dira ditlhopho bao ba ikwadisitseng ka makatlanamane, go diragatsa tshwanelo ya bona ya go tlhopha mo Ditlhophong tsa Naga le tsa Porofense tse di tla tshwarwang ka Laboraro, la bo 8 Motsheganong 2019, mme ba nne le seabe mo bokamosong jwa naga ya bobona.
8.2 Moporesitente Ramaphosa o rebotse semmuso mo kaseteng letsatsi la bo 8 Motsheganong 2019 go nna letlha la ditlhopho tsa naga le tsa porofense. Seno se raya gore jaanong lenaane la batlhophi le tswaletswe semmuso mme batho ga ba kitla ba kgona go ikwadisetsa go tlhopha mo ditlhophong tsa Motsheganong. Moporesitente gape go ya ka Karolo ya bo 2A ya Molao wa Matsatsi a Boikhutso, wa 1994 (Molao wa bo 36 wa 1994), jaaka o kwalolotswe sešwa, o rebotse semmuso letlha la bo 8 Motsheganong 2019 go nna letsatsa la boikhutso mo nageng yotlhe.
8.3 Mo nageng ya Aforika Borwa, tshwanelo ya go dira tlhopho e tlile ka ntlha ya dijarajara tsa kgaratlhelo ya tokologo ya rona. Ga e a itlela bonolo, mme banna le basadi ba tlhoka palo mo nageng ya rona ba latlhegetswe ke matshelo ka go ikentsha setlhabelo ka matshelo a bona.
9. Caster Semenya
9.1 Kabinete e ikamanya le maAforika Borwa otlhe mo tshegetsong ya bona e ba e neileng naletsana ya bona Caster Semenya. Kgetse ya gagwe, e ga jaana e leng fa pele ga Kgotlatshekelo ya Ditsereganyo mo Metshamekong, ga e fela ka merero ya metshameko. Gape e ka ga go gatakaka ditshwanelo tsa batho le ka go bontsha tlotlo ya seriti sa batho botlhe.
9.2 Re ikuela mo bathong go mo tshegetsa ka go dirisa #HandsOffCaster. Tla re bontsheng lefatshe lotlhe gore re setšhaba se se tlotlomatsang go tshwarana ka go tshwana, ka go lekalekana le ka go tlotla seriti sa motho.
10. Intaseteri ya Boitlhamedi
10.1 Kabinete e itumedisitswe ke dipoelo tse di rotloetsang tsa Intaseteri ya Boitlhamedi tse di tlhageletseng mo dipuisanong tse di neng di tsweletse tse di neng di etilwe kwa pele ke Tona ya Ditlhaeletsano Stella Ndabeni-Abrahams, tse di neng di tshwerwe ka Moono yo o reng: “Go Itshegetsa ka Dirala tsa Dijithale tsa Intaseteri ya Didirisiwa tsa Thekenoloji (4IR) mo Boitlhameding”. Maitlhomomagolo a seno e ne e le go buisana le ditokololo tsa intaseteri eno go batlisisa gore 4IR e tla nna le seabe se le kanakang mo lekaleng la boitlhamedi, le mo lekaleng la kgaso le medimokutlo le ditshwantso, le go tlhoma dirala tsa semmuso tsa bannaleseabe go lebisa kwa phetolothefosanong ya lekala leno.
10.2 Batsayakarolo ba dumelane gore puso e tshwanetse go atlhaatlha ntlha eno le bannaleseabe mmogo le Palamente tebang le Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tetlelelokhophi, diphetogo tse di leng teng mo Tšhatheng ya Phetolothefosano mo Bobegakgang, go buisana le bagasi ka maiteko a go fedisa go jewa ntshu ga ditlamo tse dinnye tsa batlhagisi, le go netefatsa gore beng ba tlhagiso nngwe le nngwe ba a unngwelwa fa sengwe le sengwe se ba se tlhagisitsweng se dirisiwa mo diraleng tsa inthanete.
11. Diakhanto tse e seng tsa boammaruri tsa mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano
11.1 Kabinete e tshwenngwa ke diakhaonto tse e seng tsa boammaruri tse di butsweng mo LinkedIn le mo Facebook tse go tweng ke tsa Ditona le Batlatsatona.
11.2 Re batla go ikuela mo baaging ba rona gore ba seke ba latlhetswa ke diakhaonto tseno tse e seng tsa boammaruri, tseo tse dingwe tsa tsona di solofetsang batho go ba naya dikgwebo, mme ebile gape di lopa batho go duela madi a a rileng go nna le karolo mo ditšhonong tseno tsa kgwebo. Ga go ope wa Ditokololo tsa Khuduthamaga ya Puso yo a ka kopang setšhaba go ntsha madi a a rileng go diragatsa tiragatso ya semmuso ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano. Fa o ikutlwa o na le pelaelo, ikgolaganye le dikantoro tse di farologaneng tsa ditona kgotsa mafapha a a farologaneng mo go www.gov.za.
11.3 Baagi ba lopiwa go nna ba ntshitse matlho dinameng mme bao ba iphitlhelang ba wetse mo megobeng ya mothale ono ba lopiwa go begela sepodisi ka gang fela.
11.4 Kabinete e kgalema ka bogale ditiragalo tse di diriwang ka maina a bakhuduthamaga ba puso kgotsa ka leina la mongwe le mongwe fela yo a leng mo setšhabeng ka go dirisa diakhaonto tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano a e seng a boammaruri.
11.5 Ga re ikamanye ka gope le ditshwaelo, dikakanyo le ditshwantsho tse di rwelweng ke diakhaonto tseno tse e seng tsa boammaruri.
12. Naga ya Venezuela
12.1 Kabinete e tshwenngwa ke seemo se se diragalang kwa Venezuela, bogolosegolo dikgwetlho tsa ditlhokwa tsa botho tse di tlhokang tsereganyo ya ka bonako. Re akgotse matsapa a a diriwang ke Dinagakopano (UN) a go tlamela ka ditlhokwa tsa botho mo baaging ba naga eno le go ikuela mo dinageng tsa boditšhabatšhaba go tshegetsa baagi ba kwa Venezuela mo nakong eno e e boima.
12.2 Kabinete gape e tshegetsa boikuelo jwa gore batho ba kwa Venezuela ba letlelelwa go itseela tshwetso tebang le bokamoso jwa bona. Re lebile ko re tswang jaaka Aforika Borwa, re dumela gore tharabololo e e tla tshwarelelang e ka fitlhelelwa fa fela go ka tshwarwa dipuisano tsa sepolotiki tse di amang batho ba ka fa nageng eo fela tse di amang maphata otlhe a a amegileng mo nageng eo.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
13. Lenaanetiro la Naga (NAP) go Lwantshana le Ditiraragalo tsa go Nyefolana go ya ka Lotso, Go Tlhaolana go ya ka Lotso, Ditlhaselo tsa Bosemorafe le Ditiragalo tsa Mothale ono tsa go se Itshokelane
13.1 Go tloga ka ngwaga wa 1994, puso e e tsereng marapo e dirile ka natla go dira gore batho botlhe ba rona ba tshwaragane, ya tsenyeletsa tshwaragano ya setšhaba le go netefatsa gore re nna seoposengwe. Go oka matsadi a go kgaoganngwa mo malobeng ke kgato e e sa kgaotseng e e tshwanetseng go gata gologongwe le netefaletso ya gore ditšhono tsa ikonomi di bulelwa batho ba le bantsi. Ka go rialo, Kabinete e neseditse NAP pula go Lwantshana le Ditiraragalo tsa go Nyefolana go ya ka Lotso, Go Tlhaolana go ya ka Lotso, Ditlhaselo tsa Bosemorafe le Ditiragalo tsa Mothale ono tsa go se Itshokelane gore tlhagisiwe kwa UN.
13.2 Seno se latela go tšhotlha kgang eno ka tsenelelo le mafapha a puso, Ditheo tsa Puso tse di Tshegetsang Temokerasi ya Molaotheo, mekgatlho ya baagi mmogo le bannaleseabe ba ba maleba mo diporofenseng tsotlhe.
13.3 NAP e tla netefatsa gore puso e obamela maikano a yona a boditšhabatšhaba, a sedumedi le a naga, bogolosegolo a Tumelano ya Boditšhabatšhaba a a ka ga go Fedisa Mekgwa Yotlhe ya Ditiraragalo tsa go Tlhaolana go ya ka Lotso mmogo le Tumelano e e tserweng kwa Durban le Lenaanetiro le le tserweng ke UN morago ga Khonferense ya Lefatshe ya Boraro e e ka ga go nna kgatlhanong le Ditiraragalo tsa go Nyefolana go ya ka Lotso (WCAR) e e neng e tshwaretswe kwa Durban, KwaZulu-Natal ka ngwaga wa 2001.
14. Dikgato tsa Tlaleletso mo Tumelanong e e kgatlhanong le go Tlhorontshiwa le go Diriwa Setlhogo kgotsa go Tshwariwa jaaka Ntšwa kgotsa kgotsa go Wisiwa Seriti kgotsa go Otlhaiwa.
14.1 Kabinete e dumeletse gore go ka isiwa kwa Palamenteng Dikgato tsa Tlaleletso mo Tumelanong e e kgatlhanong le go Tlhorontshiwa le go Diriwa Setlhogo, go Tshwariwa jaaka Ntšwa kgotsa go Wisiwa Seriti kgotsa go Otlhaiwa gore di ye go phuruphudiwa go ya ka Karolo ya bo 231(2) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.
14.2 Go phuruphudiwa ga molao go rotloetsa kobamelo ya molaotheo, ditshwanelo tsa batho mme e bile gape go tsamaelana le maikano a boditšhabatšhaba a Aforika Borwa. Molaotheo o re letlelela gore re tle ka dikgato tsa go thibela kgatakako ya ditshwanelo tsa motho yo a golegilweng kwa kgolegelong ka go dirisa dikgaotso tsa puso kgotsa ditaelo tsa kgotlatshekelo.
15. Lethathama la mebetlo ya madi a tshipi a a supang tlotlo a a bokelediwang
15.1 Kabinete e neseditse pula lethathama la mebetlo ya madi a tshipi a a supang tlotlo a a bokelediwang gore a ka rebolwa ka 2019-2021:
a) Lethathama la madi a tshipi ‘Go Ketekiwa ga Aforika Borwa’ la 2019: Dingwaga di le 25 tsa go Nna le Temokerasi ya Molaotheo;
b) Lethathama madi a tshipi a a dirilweng ka gauta fela la 2019-2021: Diphologolo tse Dikgolo tse di Itsegeng tsa Aforika;
c) Lethathama la madi a tshipi a a dirilweng ka polatinamo la 2019-2021: Diphologolo tse Dikgolo tse di Itsegeng tsa Aforika;
d) Lethathama la madi a tshipi a Natura la 2020: Kontinente e e kgologadi ya Gondwana;
e) Lethathama la madi a tshipi a Natura la 2020: R25 ya madi a tshipi a selefera e e sitsweng tota: Tshimologo ya Motho – Sebopego sa Sekamothophologolo wa Ntlha;
f) Lethathama la madi a tshipi a korone a Tiki le R2 ya 2020 ya 2½c: Boitshimololedi jwa Naga ya Aforika Borwa – Kgolagano ya Ditshedi;
g) Lethathama la madi a tshipi a mmala la 2020 a R10 le R5: Dinonyane le Malomo a Masimo a Dibeine a Tshomarelo ya Tlhago a kwa Kapa; mmogo le
h) Lethathama la madi a tshipi a Natura la 2021: R25 ya madi a tshipi a selefera e e sitsweng tota: Kontinente e e kgologadi ya Gondwana.
C. Melaotlhomo
16. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bojanala
16.1 Bojanala ke lekaka le le solofetsang ditšhono tse di gagamatsang mme le tshwanetse go nenekediwa gore le kgone go gola le go tlhabologa. Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le tsaya bojanala jaaka lekala le le nang le bokgoni jwa go nna la a mangwe a makala a a botlhokwa mo kgodisong ya ikonomi.
16.2 Mo go saleng morago kgang eno ya bokgoni jwa bojanala mo nageng jaaka ntlha e e botlhokwa thata mo go tlholeng ditiro le mo go bokeletseng lekgetho, Kabinete e neseditse pula kgang ya gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bojanala o phasaladiwe gore baagi ba dire ditshwaelo ka one, mme ona o tla kwalola sešwa Molao wa Bojanala, wa 2014 (Molao wa bo 3 wa 2014).
16.3 Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di thusa thata mo go tlhabololeng taolo ya Bojanala jwa Aforika Borwa jaaka setheo se se leng ka fa tlase ga taolo ya bothati jwa boto. Gape di tla naya Tona ya Bojanala matla a go tsaya tshwetso ya gore motho a ka duedisiwa bokae fa a renta/rentisa ntlo paka e khutshwane.
16.3 Molaotlhomo ono gape o tlhalosa ditlhokwa tsotlhe tse di tlhokegang go ka nna modisi wa bajanala mmogo le melawanataolo ya bao ba kgannelang bajanala.
17. Molaotlhomo wa Ditirelo tsa Lefelo la Kamogelo le Phetiso ya Dikopo wa 2019
17.1 Jaaka naga re ikemiseditse go amogela le go netefatsa gore thulaganyo ya thuto e kgolwane le katiso e fitlhelelwa ke ba le bantsi. Karolo e e botlhokwa thata mo thulaganyong eno e ka ga go netefatsa gore baithuti ba ba nang le matshwanedi a go ka amogelwa ba fitlhelela thulaganyo e le nngwe ya go tsenya dikopo e e sa tureng e bile e le bonolo go tlhaloganyega e e akaretsang ditheo di le dintsi tsa thuto e kgolwane. Mo ntlheng eno, Kabinete e neseditse pula kgatiso ya Molaotlhomo wa Ditirelo tsa Lefelo la Kamogelo le Phetiso ya Dikopo wa 2019 mo Kaseteng ya Puso, gore baagi ba dire ditshwaelo ka ona.
17.2 Molaotlhomo ono o letlelela gore go tlhomiwe setheo sa puso se se tla laolang tsamaiso ya go tlhatlhela dikopo mo dirutweng tsa thuto le katiso e kgolwane, go fokotsa dituelelo tsa dikopo, go tlamela badiradikopo ka tshedimosetso ka ga dirutwa tsa ditheo tse dikgolwane le go kgontsha ditheo tsa thuto le katiso e kgolwane tsa Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwane go ela tlhoko kgang ya go tshwara badiradikopo botlhe ka go tshwana le ya go ela tlhoko ka fao badiradikopo ba kgaogantsweng ka teng go ya ka bosemorafe.
18. Molaotlhomo wa Ditirelo tsa Tshedimosetso le tsa Dilaeborari tsa Setšhaba tsa Aforika Borwa wa 2019
18.1 Mo go saleng morago kgang eno ya go itlwaetsa go nna naga e e buisang, Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Ditirelo tsa Tshedimosetso le tsa Dilaeborari tsa Setšhaba sa Aforika Borwa wa 2019 gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go samagana le matsapa a a tobaneng le phetolothefosano mo go tlameleng ka dilaeborari tsa setšhaba mo ditšhabeng tseo bogolosegolo mo malobeng di neng di sa tlamelwe ka tsona.
18.2 Ka kitso ya gore motlamedi wa dilaeborari tsa setšhaba go ya ka Molaotheo ke maikarabelo a masepala. Gareng ga tse dingwe, Molaotlhomo ono o tlamela ka ditlwaedi le maemo a tshwanetseng go nna teng mo laeboraring ya setšhaba e e solofetsweng. Gape o rotloetsa pusotshwaraganelo le taolo e e golaganeng goralala le maphata otlhe a le mararo a puso fa go tla mo dilaeboraring tsa setšhaba le mo ditirelong tsa go tlamelwa ka tshedimosetso.
18.3 Gang fa Molaotlhomo ono o sena go nesediwa pula go ka nna molao wa mmatota, o tla samagana le matsadi a tlhokotekatekano e e neng e diragala mo malobeng fa go tla mo dilaeboraring tsa setšhaba le go tlamela ka palo e e lekaneng ya didirisiwa ya batho ba ba tshelang ka bogolofadi, bašwa, bagolo le bao ba sa itseng English kwa metseseteropong le kwa metseselegaeng. Tona ya Botsweretshi le Setso Nathi Mthethwa o tla tshwara tsiboso ya bobegakgang go tlhalosa Molaotlhomo ono ka botlalo.
D. Ditiragalo tse di Tlang
19. Go rebolwa ga ntwa kgatlhanong le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)
19.1 Ntwa kgatlhanong le leuba la GBV e tla tlhotlhelediwa ka Labotlhano, wa bo 8 Mopitlwe 2019 fa Moporesitente Ramaphosa, mmogo le mekgatlho e mengwe e e seng ya puso, ba saenela thebolo ya go lwantshana le GBV. Mokete wa go saena o tla tshwarelwa kwa East London kwa Kapa Botlhaba le go latela kolobetso ya Samiti ya Boporesitente ya Merero ya Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi e e neng e tshwerwe ka kgwedi ya Ngwanaitseele ngogola.
20. Kopano ya bo 63 mo Khomišeneng ya UN e e ka ga Maemo a Basadi
20.1 Tona ya Basadi, Mme Bathabile Dlamini, o tla etelela pele baromiwa ba naga eno go ya go rebola pegelo ya naga kwa Kopanong eno ya bo 63 mo Khomišeneng ya UN e e ka ga Maemo a Basadi e e tla bong e tshwaretswe kwa New York, USA ka la bo 13 Mopitlwe 2019.
20.2 Khomišene eno e tla tseela tlhogong “manaane a a ka ga tlhokomelo ya loago, go fitlhelela ditirelo tsa puso mmogo le mafaratlhatlha a setšhaba a a somarelegang tebang le tekatekano ya bong mmogo le matlafatso ya basadi le bana” jaaka selo sa botlhokwa. Pegelo eno e tla nopola maikano a Aforika Borwa a a ka ga go rarabolola tlhokotekatekano ya bong le go se lekalekane go go leng teng ka fa nageng, mmogo le go tswelela go tsenyatirisong manaane le go tsaya dikgato go ka rarabolola ntha eno.
21. Peeletso mo Meepong
21.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa Moporesitente Ramaphosa tsa go bula semmuso Moepo wa Vedanta Zinc International’s Gamsberg Mine kwa Kapa Bokone ka Labone, la bo 28 Tlhakole 2019.
21.2 Peeletso eno e e fetang R21.8 bilione e tlaleletsa mo maikanong a go beeletsa a a bonweng mo nakong ya fa naga e ne e tshwere Khonferense ya Dipeeletso ngogola, e leng se se tlhodileng mokgwa o montšhwa wa tlhabololo ya diintaseteri le ikonomi mo nageng.
21.3 Kgato ya ntlha ya moepo ono e tla tlamelwa ka dipeeletso di le kanaka R5.5 bilione mme go lebeletswe gore o tla dira mo sebakeng sa dingwaga di feta di le 30. Moepo ono o tla thapa batho ba le 3 000 mabapi le kago ya ona mmogo le ba le 700 ba ba tla thapiwang go ya go ile.
22. Kamogelo ya Puisano mo Lekaleng la Dipalangwa tsa Mawatle
22.1 Mo go saleng morago ntlha eno ya bokgoni jwa ikonomi ya mawatle mo nageng ya Aforika Borwa go ya ka kgwebisano ya yona le lefelo le re leng mo go lona le le leng mo ditseleng tse dikgolo tsa kgwebisano mo mawatleng, Tona ya Lefapha la Dipalangwa, Ngaka Blade Nzimande, o tla tshwara Kamogelo ya Puisano mo Lekaleng la Dipalangwa tsa Mawatle go simolola ka la bo 28 Tlhakole go fitlha ka la bo 1 Mopitlwe 2019 kwa Durban, KwaZulu-Natal.
22.2 Puisano eno e ka ga maikano a a dirilweng ke Lefapha la Dipalangwa ka 2019 a go potlakisa go tsenngwatirisong ga Pholisi e e Golaganeng ya Dipalangwa tsa kwa Mawatle (CMTP) e e saleng e nesediwa pula ke Kabinete mo ngwageng wa 2017.
22.3 Mokete ono o tla tseela tlhogong dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go ka tsenyeletsa phetolothefosano, go ngokela dipeeletso mo diporojekeng tsa mafaratlhatlha a a botlhokwa a kwa mawatle ao a tsewang a le botlhokwa thata mo go beeng Aforika Borwa mo maemong a a Botlhokwa a Boditšhabatšhaba mo Ditiragalong tsa kwa Mawatle. Gape ke go agelela mo Lekgotlheng la Tlhabololo ya Lekala la Dipalangwa tsa Mawatle le le tla tlhomiwang mo nakong e e tlang jaaka go bonetswe kwa pele ke CMTP.
23. Dikgato tse di Siameng tsa Ditiro tsa Ikonomi tse di sa Senyeng Tlhago
23.1 Moporesitente Ramaphosa o tla etelela kwa pele letsholo la “Dikgato tse di Siameng tsa Ditiro tsa Ikonomi tse di sa Senyeng Tlhago” ka la bo 8 Mopitlwe 2019 kwa Buffalo City, kwa Kapa Botlhaba. Maikarabelo a go netefatsa fa go na le tikologo e e phepa e bile e babalesegile e mo magetleng a maAforika Borwa otlhe.
23.2 Gore metse ya rona e nne e le phepa go mo go rona, mme e bile go botlhokwa thata gore metse le dikgwebo di nne le dithulaganyo tsa leruri tsa taolo ya ditlakala.
23.3 Moporesitente gape o tla thankgolola Operation Phakisa: Ikonomi ya Dikhemikhale le Ditlakala, eo maitlhomo a yona e leng go tshegetsa ikonomi ya Aforika Borwa fa mo letlhakoreng le lengwe e tla bo e fokotsa seabe sa yona sa go tlhola leswe mo tikologong.
24. Letsholo la Naga la go Buisa
24.1 Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla tshameka karolo e nngwe gape mo Letsholong la Naga la go Buisa kwa moketeng o o tla tshwarwang ka la bo 8 Mopitlwe 2019 kwa Mdantsane e e kwa Kapa Botlhaba. Maitlhomo a letsholo leno ke go tokafatsa go itlwaetsa go buisa ga maAforika Borwa ka go dira gore ba nne le lerato la go buisa.
25. Bareatlhapi ba makala a a potlana
25.1 Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF), go ya ka Molao wa Ditshedi tse di Tshelang kwa Mawatle, wa 1998 (Molao wa bo 18 wa 1998), jaaka o kwalolotswe sešwa, o tla neelana ka ditshwanelo tsa go reya ditlhapi go bareatlhapi ba makala a a potlana kwa motseng wa Matigulu, kwa KwaZulu-Natal ka la bo 14 Mopitlwe 2019. Seno se latela mokete wa thankgoolo kwa Port Nolloth e e kwa Kapa Bokone.
25.2 DAFF le yona e dirile dikatiso tse di tseneletseng go ka unngwelwa bogolosegolo basadi ba ba nnang mo metseng eno. Mekete ya thankgololo e e fela jaaka ono le yona e tla tshwarelwa kwa Kapa Botlhaba le kwa Kapa Bophirima. Kabinete e amogetse mokgwa wa go tlhatlhela dikopo ka epe e e tlhagisitsweng ke DAFF e e bidiwang Abalobi app, eo maitlhomo a yona e leng go thusa boreatlhapi jwa makala a a potlana gore ba kgone go bapisa dikungo tsa bona le mebaraka e e jaaka mabentlele a magolo a ditlhapi.
E. Melaetsa
26. Melaetsa ya go Akgola
26.1 Kabinete e Akgola:
- Raditshwantsho yo a tumileng ka go tsayang ditshwantsho tsa ditshedi tsa ka fa tlase ga metsi Allen Walker wa kwa Warner Beach ka go fenya mo seraleng sa ditshwantsho tsa dishaka kwa dikabong tsa 2018 tsa World ShootOut tse di neng di tshwaretswe kwa Germany.
- Seapei Kobus van der Merwe sa lefelo la bojelo la Wolfgat kwa Paternoster e e kwa Kapa Bophirima, go bo le fentse Kabo ya Ngwaga ya Lefelo la Bojelo kwa kamogelong Dikabo tsa Lefatshe tsa Mafelo a Bojelo tse di neng di tshwaretswe kwa Paris.
- Baagi ba kwa nageng ya Nigeria le ya Senegal – le go boeletsa mafoko a Khomišene ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) – go bo ba tshwere ditlhopho tsa bona ka katlego. Re solofela go tsenyeletsa tirisanommogo ya rona le bona mo dipolotiking, ikonoming le mo kgwebisanommogong magareng ga Aforika Borwa le dinaga ka bobedi.
27. Melaetsa ya Matshediso
27.1 Kabinete e ikamanya le Moporesitente Ramaphosa mo go romeleng matshediso tebang le go raga kgamelo ga seopedi sa mmino wa jazz seo gape se amogetseng Kabo ya Tlotla ya Naga ya Ikhamanga, Mama Dorothy Masuka, yo a neng a na le dingwaga di le 83. Mama Masuka o tla gopolwa ka seabe sa gagwe se segolo se a nnileng le sona mo ngwaobosweng ya setso sa Aforika Borwa le sa kontinente yotlhe.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139