Skip to main content
x

 

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 6 Seetebosigo 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi

Kabinete e etse tlhoko go wa ga Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) ka 2,2% mo kotareng ya ntlha ya ngwaga wa 2018. Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (StatsSA) le rebotse dipalo tseno mo bekeng eno. Diintaseteri tsa temothuo, meepo le tlhagisodikuno di nnile le seabe mo go weleng tlase gono mo kotareng eno ya ntlha. Kabinete e laetse Ditona tsa Maphata a Ikonomi go tshwara kopano ka lepotlapotla go buisana ka ditharabololo mabapi le dipalo tseno.  

Ditlamorago tsa GDP di tlisa mo mogopolong tlhokego ya gore makala otlhe a naga a tshwanetse go dirisana mmogo go tshegetsa ikonomi ya fa gae ya Aforika Borwa. Bagwebi le mekgatlho ya badiri ba tshwanetse go tswelela go dirisana mmogo mo go tshegetseng matsholo a a jaaka Leano la Dintlharobongwe go tlhotlha kgolo ya ikonomi le ditiro tse di tlhokegang. Le lengwe la diikokotletlo tsa lona ke Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri (IPAP), leo le tsepamisitseng mogopolo wa lona mo go oketseng  tlhagisodikuno, go tlhola ditiro mmogo le diromelwantle. Kabinete e na le tshepo ya gore  IPAP e tla thusa go godisa makala a diintaseteri le a ikonomi.

Kwa bofelong jwa monongwaga, puso e tla tshwara Samiti e e ka ga Dipeeletso ya Boditšhabatšhaba go bua bontle ka Aforika Borwa jaaka lefelo leo go ka beelediwang mo go lona. Maitlhomo a mokete ono ke go bokeletsa matlole a le kanaka R1,2 trilione a dipeeletso tse dintšhwa mo dingwageng tse di tlang di le tlhano, e leng seo se tla nnang le seabe se se tonagadi mo kgolong ya ikonomi le mo go tlholeng diphatlhatiro.

2. Dipeeletso

Kabinete e amogetse thankgololo ya feme e ntšhwa ya maemo a a kwa godimo e e tlhagisang ditlhagisiwa tsa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT) kwa East London kwa Kapa Botlhaba ka la bo 5 Seetebosigo  2018 ya Yekani Manufacturing, e leng setlamo se se laolwang ke batho ba bantsho ka nosi. Peeletso eno ya bokanaka R1 bilione e tla tlhoma ditiro di le 1 000 tse dintšhwa e bile di le boleng mo godimo ga badiri ba ga jaanong ba leng teng ba le kanaka 450, bao bontsi jwa bone e leng bašwa le basadi.
 
Peeletso eno e unngwetswe go tswa mo maphateng ka bobedi e leng la Thusokamatlole ya Mafaratlhatlha a Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi mmogo le la Sekema sa Borradiintaseteri ba Bathobatsho (BIS). BIS e dirile gore Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) le letlelele borradiintaseteri ba bathobatsho ba le 103 ba tlamelwe ka thuso ya matlole mo dingwageng di le pedi tse di fetileng. Ditlamo di le 48 le tsone di tlametswe ka tshegetso ya gore di kgone go fitlhelela bareki, mme di le robedi tsa tsone di kwa Kapa Botlhaba.

3. Mogolo o o kwa Tlase wa Bosetšhaba (NMW)

Kabinete e amogetse go phasisiwa ga Molaotlhomo wa NMW ke Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba. E leboga gape le Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le la Mekgatlho ya Badiri mabapi le seabe sa ba nnileng le sone mo go fitlheleleng tumelano eno. Kgato eno e simolotse thulaganyo ya go fokotsa sekgala se se leng teng mo megolong, bogolosegolo mo bathong bao ba golang megolo e e kwa tlase. Badiri ba ka nna 6,4 milione mo Aforika Borwa ba tla ungwelwa gang fa Molaotlhomo ono o sena go saenelwa gore e nne molao. Kabinete, le fa go le jalo, e a dumela gore go gontsi go go santseng go tshwanelwa ke gore go diriwe go tswala sekgala se se santseng se le teng mo megolong mo nageng ya rona.

otlhomo ono jaanong o tla romelwa kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) pele Moporesitente a ka o saena gore e nne molao.

4. Ditirelo tsa Motheo

Kabinete e itumedisitswe ke dipoelo tsa Dipalopalo tse e seng sa Matlole tsa Dimasepala tsa 2017 tse di rebotsweng ke Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa (statsSA). Dipoelo tseno di supa gore badirisi ka bontsi ba ditirelo ba abetswe ditirelo tsa motheo tse di sa duelelweng tse di jaaka motlakase, metsi le kgeleloleswe mo ngwageng wa 2017 fa go bapisiwa le tsa mo ngwageng wa 2016. Puso e tswelela ka maikemisetso a yona a go abela baagi ba yona botlhe ka ditirelo tsa letsatsi le letsatsi tsa motheo, bogolosegolo bao ba humanegileng. Porojeke ya sešweng e e tsamaelanang le tsa metsi ke Porojeke ya Metsi ya  Mhlathuze e e jeleng bokanaka R96 milione kwa Richards Bay mo KwaZulu-Natal, e e tla tsenyang dipompo tsa metsi mo malapeng a feta 6 000.

5. Dipuisanelo tsa dituelelo tsa megolo mo tirelopusong

Kabinete e amogetse tsopolelo go tswa mo Toneng ya Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) e e ka ga dipuisanelo tsa dituelelo tsa megolo mo tirelopusong. Kabinete e leboga maikemisetso a bannaleseabe botlhe a a ka ga go ka bona tharabololo e e ka kgotsofatsang maphata otlhe. Kabinete e gatelela maikano a puso a go buisana ka botlalo le mekgatlho ya badiri gore go fitlhelelwe tharabololo e e namatshang mo maphateng otlhe a a amegang.

6. Madi a loago

Kabinete e netefaletsa bao ba unngwelwang mo lenaaneng la madi a loago gore puso e tla tswelela go abelana ka tirelo eno e e botlhokwa thata eno, jaaka e laetswe ke Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa waa 1996. Madi a loago a tla tswelela go duelelwa mme gape thulaganyo ya go abelana ka dikarata tsa go gola tse dintšhwa tsa Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) le yona e tla tswelela fela jalo go fitlha kwa bokhutlhong jwa Lwetse 2018.

Tirisanommogo magareng ga SASSA le Kantoroposo ya Aforika Borwa (SAPO) le yona e tlisa dipoelo tse di itumedisang ka ntlha ya fa re bona batho ba le bantsi bao ba unngwelwang mo lenaaneng la madi a loago ba ntse ba busa dikarata tsa bona tsa kgale mme ba neelwa dikarata tse dintšhwa.

Kabinete e ikuela mo baaging go se ise tlhogong melaetsakhutshwe eo e ntseng e romelwa baagi bao ba unngwelwang mo lenaaneng la madi a loago ya gore ba tshwanetswe go ikwadisa sešwa gore ba kgone go tswelela go amogela megolo ya bona. Melaetsa e e fosagetseng e e jaaka eo e leka go fetlha tlhakatlhakano mo baaging ba rona ba ba humanegileng mmogo le go tlhakatlhakanya puso gore e retelelwe ke go netefatsa gore megolo e tswelela go duelelwa ka tolamo ntle le kgorelesego epe.

7. Bokone Bophirima

Kabinete e amogetse pegelo ya boraro go tswa kwa Setlhophatirong sa Ditona tsa Mafapha a a Kopanetseng Tiro (IMTT) mabapi le porofense ya Bokone Bophirima. Kabinete e kgotsofaditswe ke kgatelopele e e dirilweng ya go tsenyatirong Kgaolo ya bo  100(1) (a) le (b) mo mafapheng a porofense ya Bokone Bophirima. Go ne gape ga amogelwa gore go simolola jaanong  IMTT e tla tshwanelwa ke go begela Kabinete ka kgatelopele gangwe mo kgweding go kgontsha ditlhopha tse di rometsweng kwa porofenseng go tswelela pele ka tiro ya bona.

Kabinete e neseditse pula leeto la go leba kwa Bokone Bophirima ka la bo 7 Seetebosigo 2018 la go buisana le Khuduthamaga ya Bokone Bophirima, Peomolao ya Porofense mmogo le baruni ba kwa ntle ga porofense bao ba nang le maikarabelo ka ga porofense.

8. Ditshupetso

Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditshupetso tsa sešweng tse go neng go dirisiwa dikgoka mo go tsona go ralala le naga, mme e bile e swabisitswe nko go feta molo ke ditiragalo tsa dikgoka le go tshosetsa balwetse le dingaka kwa bookelong jwa Charlotte Maxeke Johannesburg Academic Hospital. Bao ba dirang ditshupetso ba tshwanetse go dira seno ntle le go gataka ditshwanelo tsa batho ba bangwe, bogolosegolo tsa batho bao ba leng mo tlalelong. Ga gona dingongorego dipe tseo di ka dirisang dikgoka le maitsholo a go tshosetsa ba bangwe a re a boneng mo bekeng e e fetileng jaaka maikatlapelo.

9. Tshireletsego le pabalesego

Kabinete e amogetse le go tshegetsa ‘leano la tsereganyo le tsepamo’ la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), moo se tla dirisanang mmogo le maAforika Borwa  go dira gore mafelo a rona a babalesege. Go dira gore mapodisi a a apereng diaparo tsa sepodisi a nne a mantsi mo ditseleng mme ba tsamaya ka maoto le ka dijanaga – mme ba tshegeditswe gape le ke sepodisi mo difofaneng, matsholo a go emisa ga ka gale le go phuruphutsha babelaelwa, go paraka mebila le go batla ka patla le jase babelaelwa ba ba batliwang – tsotlhe tseno di tla dira go tlala seatla go netefatsa gore baagi mo nageng ya rona ba babalesegile a e bile ba ikutlwa ba babalesegile.

Baagi ba rotloediwa go tlamela seteišene sa sepodisi sa tikologo ya bona ka tshedimosetso e e ka ga pabalesego ya bona kgotsa ba letsetse mogala o o sa duelelweng wa Crime Stop mo go: 08600 10111. Kabinete e ikuela mo baaging go dirisa mogala ono wa Crime Stop ka maikarabelo. Go dirisa mogala ono ka tsela e e seng maleba go ka ama mogala wa boammaruri wa tshoganyetso o o ka bong o pholositse botshelo jwa motho.

10. Bašwa

Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tshameka karolo ya bona mo manaaneng le mo diporojekeng tsaa matlafatso ya bašwa mo Kgweding ya Bašwa ka Seetebosigo. Monongwaga ke ngwagakgolo wa Tata Nelson Rolihlahla Mandela le Mama Albertina Nontsikelelo Sisulu mme Kgwedi eno ya Bašwa ya 2018 e ketekiwa ka moono yo o reng: “Tshela botshelo jwa Lefa: go Leba kwa ikonoming ya loago e e maatlafatsang bašwa”.

Ka go tiisiwa mooko ke lefa la bona le le tlotlometseng, bašwa ba tshwanetswe go maatlafadiwa gore ba kgone go tsaya karolo e e matlhagatlhaga mo go tlhabololeng mafelo ao ba nnang kwa go one ka maitlhomo a go dirisana mmogo gore ba tlhabolole Aforika Borwa. Puso e dira ka natla go netefatsa gore bašwa ba kgona go fitlhelela tshegetso tsotlhe tse dintsi tse ba di tlhokang mmogo le manaane a thuto a puso a a tla ba kgontshang gore ba tshameke karolo ya bona mo ikonoming.

11. Ditlhatlhobo tsa ntlha le tsa fa gare ga ngwaga

Kabinete e ikuela mo batsading le mo batlhokomeding ba bana go tshegetsa, ka moo ba ka kgonang, bana ba ba kwalang ditlhatlhobo tsa bona tsa ntlha le tsa fa gare ga ngwaga  tse di kwadiwang naga ka bophara.

Kabinete e leboga go menagane seabe se se botlhokwa seo barutabana ba nnang le sone mo go baakanyetseng baeteledipele ba rona ba ka moso fa mo letlhakoreng le lengwe ba tswelela go dira sebaka se se siametseng go ithuta ga bana ba rona e bile se babalesegile. Re rotloetsa gape le barutwana ba rona botlhe go tswelela go ithuta le go semelela go dira ka bojotlhe jwa bone.

Kabinete gape e itumelela go bulwa ga dikolo mo dikarolong tse di farologaneng tsa Bokone Bophirima, go akaretsa Koster le Rustenburg. Seno se latela ditshupetso tse di tsereng dibekebeke le dikgoreletso mo makaleng a thuto mo mafelong ano. Kabinete e ikuela mo batsading, barutwaneng le mo barutabaneng go dirisana mmogo mo go lekeng go tswala sekgala se se bulegileng sa go se rutiwe mme maphata otlhe a tsee maikarabelo ka botlalo mo manaaneng a go leka go tswala sekgala

12. Melelo le komelelo

Kabinete e gopotsa maAforika Borwa gore naga e santse e tswelela go nna mo komelelong. Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga di le 30 mo lefatsheng tse di nang le lešekere mme pula eno e e sa neng jaaka go tlwaetswe e gotetsa molelo. Batho botlhe ba tshwanetswe go tswelela go dirisana le puso go somarela metsi go netefatsa gore tlamelo ya metsi e lekana botlhe.

Jaaka re tsena mo setlheng sa mariga, Kabinete e ikuela mo baaging go nna malalaalaotswe go efoga go tshwarwa ga melelo mo mafelong a megoafatshe le mo melelong ya kwa dinageng. Puso e tswelela go dirisana le baagi go ba itsise ka dikgato tsa pabalesego mo nakong eno eo batho ba le bantsi ba dirisang mefuta e e farologaneng ya maokwane ya go ka iphuthumatsa le go futhumatsa mafelo ao ba nnang mo go ona.  

13. Saense le Thekenoloji

Kabinete e lemositswe ka ditiragalo tsa lefaufau tse di diragetseng mo bokhutlhong jwa beke e e fetileng moo badiri ba tsa lefaufau bao ba neng ba dira le ba setlamo sa he Catalina Sky Survey kwa Arizona, USA,  ba boneng letlapa la kwa lefaufaung (2018 LA) gaufi le sebaka sa Ngwedi, moo morago ga diura di se kae le neng la batla le wela mo Lefatsheng.

Ditlamorago tsa go phamphologa di bakile makhubu a a kwa tlase a modumo (infrasound) a a neng a phunyeletsa mo lefaufaung moo modumo ono o neng wa utlwiwa ke sedirisiwa sa medumo eno mo Aforika Borwa, seo se neng sa neelwa tiro ya go nna karolo ya Mokgwa wa Boditšhabatšhaba wa go Ela Maemo Tlhoko tebang le Tumelano ya go Kgaotsa Diteko ka Kakaretso tsa Dinyutlilea.

Seno se bontsha bokgoni jo bo tlang bo ntse bo gola jwa dipatlisiso tsa segompieno tsa lefaufau go ka bona matlapa a kwa lefaufaung a a tlang a totile Lefatshe le bokgoni jwa Aforika Borwa jo bo itsegeng mo lefatsheng.  

B. Ditshwetso tsa Kabinete

14. Kabinete e amogetse go tlisiwa kwa Palamenteng ga pegelo ya 2016/17 e e ka ga tiragatso ya Dipatlisiso le Tlhabololo (R&D) ka ga Manaane a Merokotso ya Lekgetho. Lenaane leno la merokotso le kgontshitse ditlamo go oketsa kitso ya tsona mo go R&D, go itirela dithoto le dithata ka botsona le go itlhamela didirisiwa tse dintšhwa. Lenaane leno la merokotso, leo le tsentshitsweng tirisong ka Ngwanaitseele 2006, le tsenngwatirisong ke Lefapha la Saense le Thekenoloji mmogo le Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS)  mmogo le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba.

Go tloga ka Mopitlwe 2016 go fitlha ka Tlhakole 2017, palogotlhe e le kanaka 153 ya dikopo tsa Merokotso ya Lekgetho ya R&D e amogetswe go tswa kwa ditlamong di le  117, mme di le 58 e ne e le tseo e leng lwantlha di dira dikopo. Dikopo tseno di ne di lebagane le diporojeke tsa R&D di le 571 tseo di neng di beetswe matlole a le kanaka R3,6 bilione.  
Kabinete e itumedisiwa ke koketsego ya ditlamo tse di beeletsang mo go R&D mme e tswelela go ikuela mo dikgwebong gore di beeletse go feta fano mo go R&D, e leng seikokotlelo se se botlhokwa mo go godiseng ikonomi ya rona.

15. Kabinete e letleletse gore go phasaladiwe dipatlisiso tsa 2016/17 tse di ka ga tlamelo ya puso ka matlole mo Ditirong tsa Saense le Thekenoloji. Dipatlisiso tseno ngwaga o mongwe le o mongwe di ela tlhoko maemo a ka fao go diragadiwang ka teng lekala la saense le thekenoloji mmogo le seabe sa lona mo kgolong le mo tlhabololong ya Aforika Borwa. Kabinete e lemogile dikgoreletso tsa matlole tseo di dirileng gore kgolo ya ikonomi e nne e e loleya mo tirisong ya madi a R&D mo mafapheng otlhe.  

16. Kabinete e amogetse gore Letlhomeso la Pholisi le le sekasekilweng sešwa la Ditirelo tsa Katlenegiso ya Pharologanong mo nageng ya Aforika Borwa. Letlhomeso la pholisi eno le tsentswe tirisong ka 2010 go bapa le Molao wa Bosiamisi jwa Bana, 2008 (Molao wa bo  75 wa 2008). Maitlhomo a thulaganyo ya tshekatshekosešwa ke go netefatsa gore baabelani ba ditirelo tsa pharologano mmogo le manaane a pharologano ka dinako tsotlhe a obamela maemo a a tlhomilweng. Dikgaolo di le thataro tsa ona di kwalolotswe sešwa ka maitlhomo a go tokafatsa boleng le maemo a ditirelo tse di abelwang bana bao go fitlhelwang ba tlodile molao.

17. Kabinete e amogetse Togamaano ya Dipuisano mo Kgaolong mabapi le Mokgwa wa Pabalesego ka dirwe tsa mmele le tsela eo e tla tsenngwang tirisong. Thekenoloji e e laolwang ka dikarolo tsa mmele e bonwa jaaka sedirisiwa se se botlhokwa mo kgolong ya ikonomi gape le go nna sedirisiwa se se botlhokwa thata mo go lwantsheng tlala le khumanego, bogolosegolo mo dinageng tse di santseng di tlhabologa.

Togamaano eno e tla ela tlhoko maemo a kgwebisano ka fa gare ga Aforika le go tokafatsa kgwebisano ya kgaolo mo dimarakeng tsa lefatshe.  e tla tokafatsa tirisanommogo mo kgaolong ya Aforika.

C. Melaotlhomo

18. Kabinete e amogetse Molaotlhomo wa  Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI)  wa 2018 gore o phasaladiwe mo Kaseteng gore baagi ba dire ditshwaelo. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go tlhoma Letlole la NHI la Aforika Borwa, jaaka setheo sa puso, gore e kgone go tlamela ka phitlhelelo ya leruri ya boitekanelo jo bo sa tureng e bile bo na le boleng. Gape e tlhalosa tiro ya lona, matla le maikarabelo a letlole leno.

Molaotlhomo ono o tlamela ka letlhomeso le le mosola la go reka ditirelo tsa boitekanelo ka letlole leno mo legatong la badirisi le go dira dikgato tse di ka ga metswedi ya tiriso e e lekalekanang, e e mosola e bile e tsamaya sentle ya letlole go ka samagana le ditlhokwa tsa boitekanelo tsa badirisi. Mo bekeng e e tlang Tona ya Boitekanelo o tla tshwara kopano le bobegakgang go tlhalosa Molaotlhomo ono ka botlalo.

19. Kabinete e amogetse gore go tsenngwe tirisong Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Saense le Thekenoloji wa 2017 go tlisiwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o baakanya melao ya taolo ya ditiro tsa ditheo mmogo le bolaodi jwa ditheo tsa puso tseo di ikarabelang mo Toneng ya Lefapha la Saense le Thekenoloji. Seno se tla dira gore go nne le tolamo mo ditlhokweng tsotlhe mmogo le go netefatsa gore dithulaganyo tsotlhe di a latelwa.

D. Ditiragalo tse di Tlang

20. Samiti ya Dinaga di le Supa (G7)

Kabinete e amogetse taletso ya Aforika Borwa ya go tsenela Samiti e e tlang ya G7 kwa Canada. Aforika Borwa e nnile le seabe mo samiting eno mo dingwageng di le supa tse di fetileng mme taletso eno ke bopaki jwa gore go na le tshepo mo ikonoming ya Aforika Borwa.

Puso ya rona e tla tsaya tšhono eno go ka laletsa babeeletsi go tsenya matlole mo ikonoming ya rona. Go beeletsa go botlhokwa thata mo kgolong ya ikonomi le mo go tlholeng ditiro mo seemong se se tla fokotsang ka bogale maemo a ga jaana a botlhokatiro.

21. Moletlo wa Segopotsa sa Dingwaga di le 125 tsa Botsalano jwa Aforika Borwa le India

Jaaka karolo ya mekete ya ngwagakgolo ya ga Nelson Mandela le Albertina Sisulu, Kabinete e amogela segopotso sa la bo 7 Seetebosigo 2018 sa go folosiwa mo tereneng ga  Mahatma Gandhi kwa Seteišeneng sa Diterene sa Pietermaritzburg dingwaga di le 125 tse di fetileng. Tiragalo eno e ne ya tlhotlheletsa thero ya ga Gandhi e e ka ga Satyagraha (truth-force), e e nnileng le seabe se segolo mo boeteledipeleng jwa sepolotiki le mo go nneng le seabe mo kgaratlhong ya rona ya kgololesego.

22. Leeto la Semmuso la Rephaboliki ya Demokerasi ya Saharawi Arab

Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a amogetse molekanekaene wa Rephaboliki ya Demokerasi ya Saharawi Arab, Brahim Ghali, ka la bo 4 Seetebosigo 2018 fa a ne a le mo Leetong la Semmuso mo nageng.

Kabinete e tlhagisitse tshwaraganelo ya yona le batho ba Saharawi mo ntweng ya bona ya go lwela boikemelo mme e ipiletsa mo dinageng tsa boditšhabatšhaba go abelana ka tshegetso e e tlhokagalang mo baaging ba Saharawi.

E. Melaetsa

23. Melaetsa ya Matshediso

23.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Ramaphosa mo go romeleng matshediso a gagwe a kutlobotlhoko kwa balelapa le ditsala tsa basimanyana ba batlhano ba ba tlhokafetseng mo kgabong e e laoditseng megoafatshe kwa Philippi, Motsekapa.
Kgabo eno gape e dirile gore batho ba le 30 ba megoafatshe eno ba tlhoke foo ba ka latsang tlhogo gone. Puso e semeletse ka natla go netefatsa gore baagi botlhe ba Aforika Borwa ba na le dintlo, ba babalesegile e bile ba tlhabile kgobe.

24. Melaetsa ya go Akgola

24.1. Kabinete e lakaletsa mogaka wa African National Congress Baba Andrew Mokete Mlangeni masego mo letsatsing la gagwe le le fetileng la matsalo. Baba Mlangeni o ketekile ngwaga wa bo 93 ka Laboraro, la bo 6 Seetebosigo 2018. E ne e le yo mongwe wa ba ntlha bao ba rometsweng katisong ya sesole kwa ntle ga naga ya Aforika Borwa mme morago ga gore a tshwarwe a boela gae, o ne a bonwa molato mme a atlholelwa kwa kgolegelong botshelo jwa gagwe jotlhe kwa Robben Island.

24.2. Kabiete e akgotse baolara ya setlhopha sa the Proteas Kagiso “KG” Rabada, yo a neng dira dikgakgamatso kwa Dikabong tsa Motshameko wa Kerikete tsa Aforika Borwa tse di neng di tshwerwe mo malobeng kwa Sandton, Gauteng. O ne a tlotlwa ka dikabo di le thataro, go akaretsa kabo ya rakirekete le ya motshameki wa ngwaga otlhe. Ono e nnile ngwaga o o itumedisang mo go Rabada yo gareng ga tse dingwe tse a di fitlheletseng e nnileng go tlhatlhoga go ya mo maemong a bo 1 mo go konopeng go ralala lefatshe lotlhe mo motshamekong wa kerikete wa go Ikatisa. Ga jaanong ke ene mokonopi yo a di gogang kwa pele mo ngwageng wa 2018 e bile gape o mo maemong a bo 7 mo motshamekong wa kerikete wa Boditšhabatšhaba wa Letsatsi le le Lengwe.  

24.3. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Siya Kolisi mo go nneng mokapotene wa ntlha wa mothomotsho wa setlhopha sa di-Springbok mo lethathameng la metshameko e e latelaneng e le meraro ya go ikatisa kgatlhanong le setlhopha sa England. Re na le tshepo gore o tla dira gore Aforika Borwa e ipele ka ene jaaka mokapotene wa setlhopha sa rona, le gore ditiro tsa gagwe le boeteledipele jwa gagwe di tla rotloetsa le ba bangwe gape e ka tswa e le bao a tshamekang le bone ka fa lebaleng kgotsa bao ba bogetseng.

24.4. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Tona ya Matlole Nhlanhla Nene jaaka Monnasetulo wa Boto ya Babusi ba Banka e Ntšhwa ya Tlhabololo (NDB). NDB ke banka ya ya tlhabololo ya dinagantsi e e tlhomilweng ke dinaga tsa Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS) ka ngwaga wa 2014. E rwesitswe maikarabelo a go kgoboketsa didirisiwa tsa mafaratlhatlha mmogo le go tshegetsa diporojeke tsa tlhabololo ya leruri mo go BRICS le mo diikonoming tse dingwe tse di runyang le mo dinageng tse dingwe tse di tlhabologang, go konosetsa matsapa ditheo tsa matlole tsa dinagantsi le dikgaolo mabapi le kgolo le tlhabololo ya lefatshe.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
25. Go thapiwa sešwa ga Rre Ebrahim Mohamed jaaka Mokhomišenara wa Khomišene ya Naga ya Ditshwanelo tsa Bareki

26. Boto ya Naga ya Taolo ya Dikatlenegiso tsa Aforika Borwa

a. Mme Fezile Flip Wetes;
b. Rre Lulama Lloyd Mayedwa;
c. Rre Tom Tshitangano;
d. Rre Samuel Mlangeni;
e. Mme Lerato Herriette Mothae;
f. Ngaka Matshwenyego Sarah Mohlala;
g. Mme Patricia Lindi Tlou; le
h. Mme Anna-Marie Lotter (o thapilwe sešwa jaaka moemedi wa dti).

27. Bolaodi jwa Setheo sa Ditekanyetso sa Aforika Borwa (NMISA):
a. Rre Ndwakhulu Samuel Mukhufhi (o thapilwe sešwa jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo).

28. Maloko ao e seng a khuduthamaga a Boto ya NMISA:
b. Rre Molelekoa Petrus Mohlomi;
c. Rre Odirile Welcome Dingoko;
d. Mme Bavelile Gloria Hlongwa;
e. Mme Nobom Gcinashe Mfabana;
f. Mme Lindie Lankalebalelo;
g. Mme Jabu Vuyiswa Mogadime (o thapilwe sešwa); le
h. Ngaka Tshengedzeni Demana (moemedi wa dti).

29. Go thapiwa sešwa ga Rre Rakesh Garach jaaka Monnasetulo yo Seng a Khuduthamaga wa Boto ya Ditokololo tsa Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba.

30. Boto ya Ditlamo tsa Diinšorense tsa Matshosetsi a a Itlhophileng tsa Aforika Borwa:
a. Rre Norman Tinyiko Baloyi (Mokaedi yo Seng wa Khuduthamaga e bile gape ke Monnasetulo);
b. Mme Priscilla Onkgodisitse Mokonyane (Mokaedi yo Seng wa Khuduthamaga e bile gape ke Motlatsamonnasetulo);
c. Mme Bajabulile Luthuli (Mokaedi wa Khuduthamaga); le
d. Rre Christiaan Johannes van Dyk (Mokaedi yo Seng wa Khuduthamaga).

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams
Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building