Skip to main content
x

 

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 13 Mopitlwe 2019, kwa Tuynhuys, Motsekapa

A. Merero ya ga Jaanong

1. Dikgato tse di Siameng tsa Ditiro tsa Ikonomi tse di sa Senyeng Tlhago

1.1. Kabinete e rata go ka leboga maAforika Borwa otlhe a a ikamantseng le Moporesitente Cyril Ramaphosa fa a ne a thankgolola letsholo la naga la Dikgato tse di Siameng tsa Ditiro tsa Ikonomi tse di sa Senyeng Tlhago. Letsholo leno le neela makala a a farologaneng mo setšhabeng tšhono ya gore a tshameke karolo ya ona mme ba tlhokomele tikologo ya bona. Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di saenetseng Tumelano ya Paris e e ka ga phetogo ya maemo a loapi e e supetsang tsela matsholo a go fokotsa mesi ya digase tse di kgotlhelang tikologo (GHG)

1.2. Ke maikarabelo a motho mang le mang yo a leng ka fa nageng ya Aforika Borwa go netefatsa gore e nna tikologo e e phepa mme gape e siametse boitekanelo jwa rona le jwa bana ba rona. Tikologo e e tlhokometsweng ka botswapelo e na le seabe mo go fokotseng GHG, mo go nneng le seabe mo go nneng le dijo tse di sa re tlhaeleng, metsi, eneji le mo botshelong ka kakaretso.

1.3. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe go dira letsholo la Dikgato tse di Siameng tsa Ditiro tsa Ikonomi tse di sa Senyeng Tlhago go nna karolo ya matshelo a bona gore mafelo ao re tshelang mo go ona, metse eo re tswang kwa go yona le naga eo re nnang mo go yona e nne sekai fa go buiwa ka mafelo a a phepa, a a tlhokomelang tlhago ao batho ba ka nnang mo go ona.

2. Ditopotuelo tsa Mafatshe

2.1. Kabinete e itumedisitswe ke lenaane le le tsweletseng la pusetso ya dinaga go beng leo maitlhomo a lona e leng go baakanya diphoso tse di tlhodilweng mo nakong e e fetileng mmogo le go aga setšhaba se se lekalekanang se se tla unngwelang maAforika Borwa otlhe.

2.2. Mo go atoloseng pusetso ya dinaga go beng ka go lekalekana, Moporesitente Ramaphosa o etile pele letsholo la go neelana ka lefatshe le go setsweng le dueletswe mme dithulaganyo tsa lone di setse di konoseditswe la bogolo jwa diheketara di le 142 la maemo a a kwa godimo go baagi ba kwa Moretele, ba ba solofeditseng gore ba tla dirisa lefatshe go tlisa ditlhabologo.

2.3. Baagi ba metse eno ba latlhegetswe ke ditshwanelo tsa mafatshe a bona fa ba ne ba tlosiwa ka kgang mo mafatsheng a bona morago ga gore go tsenngwe tirisong Molao wa Mafatshe a Bathobatsho wa 1913. Khomišene ya Pusetso ya Ditshwanelo tsa Naga (CRLR) e setse e duetse madi a feta R203 milione go konosetsa ditopotuelo tsa mafatshe.

3. ESKOM

3.1. Kabinete e amogetse pegelo go tswa kwa go Motlatsamoporesitente David Mabuza mabapi le tiro e e diriwang ke Komitikopanelo e e Itlhophileng ya Kabinete mabapi le Eskom, e e tlhomilweng mo malobeng go latela kgaolo ya motlakase e e neng e sa solofelwa e e nnileng le seabe se se sa jeseng diwelang mo ikonoming ya rona. Matsapa rulaganngweng a puso a go tlisa tsetsepelo mo matloleng, tirong le mo setheong sa Eskom a tswela pele ka tshwanelo.

3.2. Setlhopha sa Ditshekatsheko tsa Setegeniki sa Eskom se se tlhomilweng ke Tona ya Dikgwebo tsa Puso mmogo le Boto ya Eskom se simolotse ka tiro ya sona mo bekeng eno. Go solofetswe gore se tla rebola pegelo ya sona ya ntlha mo dibekeng di le nne. Ka fao bodutelo jwa motlakase bo dirang ka teng go santse go tlhobaetsa le fa tota e le gore la bofelo go kgaolwa motlakase e ne e le ka la bo 15 Tlhakole 2019. Go setse go na le ditiragalo di le mmalwa tse dikgolo tse di setseng di diregile mo mafelong a tlamelo ya motlakase tse di dirileng gore go nne le kgaolo ya motlakase.

3.3. Kabinete e nopotse dikgatelopele tse di nnileng teng mo go busediweng malatlha mo diteišeneng tsotlhe tsa motlakase, mme kelotlhoko e nngwe gape e tshwanetswe go lebisiwa kwa Dikgatong tsa go Rekiwa ga Motlakase. Le fa go le jalo, Kabinete e santse e tshwenngwa ke tiro e e sa itumediseng ya diteišene tsa motlakase e leng sa Medupi le sa Kusile mme e romile Tona ya Dikgwebo tsa Puso go aba leano le le tseneletseng ka ga dikgato tsa pusetsoditshenyegelo go ya ka ditshekatshekosešwa tsa dikarolo tse di botlhokwa tsa ditshenyegelo tsa madi le nako tse di tserweng mo porojekeng eno e ntšhwa ya kago.

4. Khomišene ya Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba ya Merero ya Badiri (ILO) Mabapi le Bokamoso ka ga Ditiro tsa mo Nakong e e Tlang mmogo le ka Tumelano ya Edcon

4.1. Kabinete e amogetse pegelo ya khomišene ya lefatshe e e rebotseng ditshtshinyo di le 10 tse di kgobokantsweng go nna dipilara do le tharo: go beeletsa mo bokgoning jwa batho, go beeletsa mo ditheong tsa lefatshe la ditiro; mmogo le go beeletsa mo ditirong tse di somarelegang tse di nang le seriti. Ditshitshinyo tseno di tobane poo le dikgwetlhotharo tsa lehuma, tlhokotekatekano le botlhokatiro.

4.2. Ka tiro e e dirilweng ke Tona ya Merero ya Badiri Mildred Oliphant, Aforika Borwa e gatetse pele mo go tokafatseng maemo a kwa tirong ka go tsaya dikgato tsa go mekamekana le tekatekano ya badiri ba bong jo bo farologaneng, megolo e e lekanang e e tlhokang lehunelo, go fedisa tirisodikgoka, go tlhokofadiwa mo maikutlong kwa tirong mmogo le dikgato tse di maleba tsa go netefatsa gore go nna le kabelano ka ditšhono ka go lekalekana.

4.3. Kabinete gape e amogetse matsapa a a kopanetsweng a puso, Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF (eo e dirisanang mmogo le mekgatlho ya badiri)) mmogo le makala a poraefete (dibanka le beng ba mabentlele kwa dimolong) go tshegetsa sešwa lebentlele la Aforika Borwa le legolo la diaparo la Edcon. Gore go konosediwe tumelano ya go tshegetsa Edcon, makala otlhe a tshwanetse go ikentsha setlhabelo mmogo le go dirisana mmogo.

4.4. Se se botlhokwa mo matsapeng a go netefatsa gore Edcon e a tswelela ke seabe sa yona mo go thapeng batho. Ditiro tse di tobaneng le intaseteri eno di feta 40 000 mmogo le tse dingwe gape di le diketekete tse di tobaneng le tse di sa tobanang le intaseteri eno di ka bo di latlhegile fa Edcon e ne e sa tsosolosiwa. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go tshegetsa boikuelo jo bo dirilweng kwa Samiting ya Ditiro go reka dikuno tse re ka ipelang ka tsona tse di tlhagisitsweng ka fa nageng ya Aforika Borwa mmogo le go tshegetsa diintaseteri tsa ka fa nageng eno.

5. Arei ya Sekwere kilometara (SKA)

5.1. Go rebotswe paka e ntšhwa ya puso ya saense ya lefatshe fa Tona ya Saense le Thekenoloji, Mmamoloko Kubayi-Ngubane, mo legatong la puso ya Aforika Borwa, a ne a saena tumelano ya boditšhabatšhaba (e e bidiwang Tumelano ya Roma) kwa nageng ya Italy, ka la bo 12 Mopitlwe 2019.

5.2. Yona e tlhomile Tikologo ya Ditlhotlhomiso ya SKA (SKAO), go nna mokgatlho wa maphata a puso, o maikarabelo a ona e leng go aga le go dirisa thelesekoupu ya seyalemowa ya thutadinaledi e e nang le matla a mantsi mo lefatsheng, e e tla fitlhelwang fela mo nageng ya Aforika Borwa le ya kwa Australia.

5.3. Kabinete e akgotse dinaga tse e dirisanang mmogo le tsona mo go fitlheleleng ntlha eno e e botlhokwa mo hisetoring mmogo le go boeletsa maikemisetso a Aforika Borwa a go tshegetsa porojeke eno ya SKA, go tswelela go thankgolola ka katlego thelesekoupu ya rona ya MeerKAT mmogo le seabe se se botlhokwa seo Aforika Borwa e nnileng le sona mo go ageng thelesekoupu ya SKA. SKAO e tla nna mokgatlho wa ntlha wa boditšhabatšhaba o o samaganeng le merero ya saense, o mo go ona Aforika e tla bong e tshameka karolo e e botlhokwa mo boeteledipeleng jwa saense, enjenering le mo dipholising.

6. Merwalela ya kwa KwaZulu-Natal

6.1. Kabinete e romela ditebogo tsa yona kwa mekgatlhong e e seng ya puso (di-NGO) ka tshegetso e ba nnileng le yona moo ba dirisaneng mmogo le puso mo go abelaneng ka thuso mo nakong ya merwalela e e neng e runtse kwa dikarolong tse dingwe tsa naga ya rona.

6.2. Mo go thibeng makoa a a phuntsweng ke merwalela ya sešweng jaana kwa KwaZulu-Natal, puso e tsweletse go thusa malapa a a amegileng. Ditlhopha tsa batlhankedi ba matlhotlhapelo mmogo le batlhankedipuso ba samagane le go phuruphutsa bogolo jwa ditshenyegelo jo bo leng teng.

6.3. Kabinete e ikuela mo baaging go ntsha matlho dinameng fa go na le merwalela le maemo a a sa iketlang a loapi, le go se leke go kgabaganya mebila, maborogo le dinoka tseo di elelang metsi ya merwalela.

7. Merwalela ya kwa Malawi le ya kwa Mozambique

7.1. Moporesitente Ramaphosa wa Aforika Borwa o kopilwe ke Moporesitente wa Malawi Professor Arthur Peter Mutharika le Moporesitente wa Mozambique Filipe Jacinto Nyusi gore a ba tlamele ka thuso ya botho ya go batla batho ba ba latlhegileng le go ba falosa mo dipharagobeng tse ba ka tswang ba le mo go tsona.

7.2. Sefofane se se potlana se setse se rometswe le setlhopha sa baitseanape kwa Malawi go phuruphutsa tlhokego e e tlhokagalang. Aforika Borwa e malaalaotswe go ka thusa naga e nngwe le e nngwe e e tlhokang thuso efe kgotsa efe mo dinageng tseo e leng karolo ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC).

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga Saense, Thekenoloji le Boitshimololedi (STI) sa 2019

1.1. Saense le boitshimololedi go le gantsi e tlhagisa ditsela tse dingwe tse di farologaneng tsa go dira dilo mmogo le go re kgontsha go samagana le dikgwetlho ka boammaruri le ka tsela e e senang ditshenyegelo tsa madi. Go unngwelwa mo melemong eno, Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Masupatsela sa STI, se se rebolang mekgwa e pholisi e tla tsamaisiwang ka yona gore seabe sa STI se gole. Jaaka Tsimologo ya Diintaseteri tsa Thekenoloji e setse e re aparetse, STI e tla re supetsa ditsela tsa go gapa ditšhono tsa thekenoloji e e golelang pele ka bonako.

1.2. Ditshitshinyo tse di tlhagisitsweng mo teng ka Sekwalwa seno sa Masupatsela di senka go baakanya thulaganyo ya dipholisi, go tlhabolola bokgoni jwa batho, go atolosa kitso ya batho, boitlhamedi; tiragatso le koketsego ya dipeeletso. Ditshitshinyo tseno tsa dipholisi e tla nna karolo ya go kwalwa ga maano a a tla dirisiwang mo dingwageng di le lesome a a tla akaretsang bannaleseabe botlhe ba ba matshwanedi.

C. Ditiragalo tse di Tlang

1. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)

1.1. Moporesitente Ramaphosa o tla bula Kgotlatshekelo ya Moagiseterata ya Booysen ka Labone la bo 28 Mopitlwe 2019. Mmogo le di-NGO tse di farologaneng, o tla simolola go saena tumelano, e e tla simololang go tsenya tirisong ditshwetso tse di tserweng mo kamogelong ya Samiti ya Boporesitente e e ka ga GBV le Polao ya Basadi e e neng e tshwerwe ka Ngwanaitseele 2018.

1.2. O tla thankgolola gape le Kgotlatshekelo ya Moagiseterata ya Plettenberg kwa Kapa Bophirima mme e tla tlamela ka ditirelo tsa Kgotlatshekelo e e Samaganang le Dikgetse tsa kwa Malapeng, dikgetse tsa baagi (go akaretsa le merero e e ka ga dikgetse tsa Dikgotlatshekelo tse di Samaganang le Dikgetse tse di ka ga Dikoloto magareng ga Baagi), Dikgotlatshekelo tsa Ditlolo tsa Molao, dikgotlatshekelo tsa kgaolo le dikgotlatshekelo tsa tikologo.

1.3. Puso e tsentse tirisong ditsereganyo di le dintsinyana go ka thusa batswasetlhabelo ba go bogisiwa. Ditikwatikwe tsa Tlhokomelo tsa Thuthuzela di le 54 go ralala le naga di dira jaaka lefelo la ditirelontsi go ka fedisa go sotla ka batswasetlhabelo ba dikgetse tsa thobalano ka go ba isa kwa godimo le kwa tlase mmogo le go fokotsa nako e e tsewang mo go konosetseng dikgetse tse di mabapi le tlolomolao ya thobalano.

1.4. Kabinete e kgalema ka bogale mekgwa yotlhe ya go bogisa batho, go akaretsa le go tlhaba basadi le bana ka mafoko. Puso e ikemiseditse go goga kwa pele ntwa kgatlhanong le GBV. MaAforika Borwa a rotloediwa go bega dikgetse tsotlhe tse di belaelwang tsa petelelo, tlolomolao ya ditiragalo tsa thobalano kgotsa mofuta o mongwe le o mongwe wa tirisodikgoka kwa sepodiseng ka go letsetsa mogala o o sa duelelweng wa 0800 428 428. Dikgetse tsa go bogisiwa ga bana di ka begiwa mo Mogaleng wa Merero ya Tlhokomelo ya Bana wa Aforika Borwa o o sa duelelweng – 0800 055 555.

2. Pusetso ya Dinaga

2.1. Ka CRLR Motlatsamoporesitente, David Mabuza, jaaka Monnasetulo wa Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e samaganeng le merero ya Pusetso ya Dinaga, mmogo le Tona Tlhabololo ya Metseselegae le Tlhabololo ya Dinaga, Maite Nkoana-Mashabane, e tla re ka Lamatlhatso, la bo 16 Mopitlwe 2019, a goga kwa pele semmuso moletlo wa Boporesitente Neelano ka Dinaga tseo di dueletsweng mmogo le ditopotuelo tsa mafatshe tseo di konoseditsweng kwa Empangeni, KwaZulu-Natal.

2.2. Ditopotuelo tsa Lefatshe tse di tlhatlhetsweng ke Baagi ba Ubizo ke tsa diheketara di le 2 548 mme gape di akaretsa malapa a mo malobeng a neng a amogilwe dinaga a le 149. Go na le bajalefa ba dipusetso tsa mafatshe ba le 894 (mme 30% ya bona ke basadi), bao e leng dikokoma tse di maleba tsa motse ono bao ba tla unngwelwang mo pusetsong eno ya dinaga tsa bona. Boleng jotlhe jwa thoto ya bona ba kanaka R136 milione.

3. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho

3.1. Aforika Borwa e tla keteka le go supa tlotlo Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho ka moono yo o reng: “Ngwaga wa Dipuo tsa ka fa Nageng: Go Tsholetsa le go Tsenyeletsa Setlwaedi sa Ditshwanelo tsa Batho” go lebilwe ka tlhoafalo dipuo tsa ka fa nageng.

3.2. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go diragatsa ditshwanelo tse di tlhagisiwang ke Molaotheo wa rona wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 mmogo le Molaotlhomo wa Ditshwanelo, ka go somarela le go tsholetsa dipuo tsa naga ya rona.

3.3. Mokete ono wa naga o tla ketekiwa ka Labone la bo 21 Mopitlwe 2019 kwa Sharpeville mo Gauteng moo dingwaga di le 67 tse di fetileng baagi ba neng ba tsenela megwanto e e senang tirisodikgoka kgatlhanong le melao ya go rwala dipasa mme ka ntlha ya seno ba ne ba mapodisi a mmuso wa tlhaolele o ne wa ba budulela ka ditlhobolo.

3.4. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho gape e tsenyeletsa Beke ya go nna Kgatlhanong le Ditiraragalo tsa go Nyefolana go ya ka Lotso go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 21 Mopitlwe 2019, mme e tla dirisiwa gape go ka nopola ditlamorago tse di sa jeseng diwelang tsa ditiraragalo tsa go nyefolana go ya ka lotso mo setšhabeng.

D. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e Akgola:

1.1. Bannaleseabe botlhe ba ba tshegeditseng puso gore e kgone go gapa tetla ya go ka nna naga e go tla tshwarelwang kwa go yona metshameko ya Bolotloa ya Sejana sa Lefatshe sa 2023, mme e tla bo e le lekgetlo la ntlha mo nageng ya Aforika fa e sale. Kabinete e leboga Federeišene ya Boditšhabatšhaba ya Bolotloa go bo e na le tshepo e kalo mo nageng ya rona. Naga e itumeletse go amogela baeng ba rona ka diatla tse di mofutho tse di nang le Botho ba ba tswang kwa dinageng di le 16 ba ba tla tshamekang metshameko e le 60 mo pakeng ya matsatsi a le 10 a dikgaisano kwa lefelong la Cape Town International Convention Centre (CTICC).

1.2. Mme Nomzamo Mbatha yo a rwesitsweng korone ya mofenyi wa Kabo ya Bokgosigadi ba Bantle kwa Dikabong tsa Boditšhabatšhaba tsa Basadi ba ba Maatla mo Lefatsheng kwa Los Angeles, Amerika. Go tla ketekiwa Mme Mbatha ka go tlotlia ditalente tseo a nang natso mo thelebišeneng jaaka e le motho yo a diragatsang mo dikanaleng tsa thelebišene mme gape e le motshameki, e bile gape a semeletse ka tiro ya gagwe jaaka motlhankedi wa Dinagakopano (UN).

1.3. Rre Vincent Cosa ka bopelokgale jwa gagwe go bo a kgonne go falosa ngwana mo leganong la tau fa a ne a gogolwa ke morwale kwa Johannesburg.

1.4. Mme Nosipho Mkhupheka go bo a fentse Dikabo tsa Basadi ba Aforika ba Badiredi ba Makala a Puso ka Labotlhano, la bo 08 Mopitlwe 2019. Mme Mkhupheka o fentse kabo o fentse kabo ya gagwe ka ntlha ya boineelo jwa gagwe jwa go direla batho ka seriti mmogo le go bula dikgoro tsa tirelo lobaka lo lo fetang lo lo beilweng lwa dikantoro mme o akgotswe ka go abela baagi ba kwa Scottsburg kwa KwaZulu-Natal ka ditirelo tse di nonofileng.

1.5. Moporofesara Mashudu Tshifularo go tswa kwa Yunibesiting ya Pretoria yo a gapileng kwa pele karo ya ntlha mo lefatsheng ya go tsenya leratswana la tsebe le le thusang gore motho a utlwe le le gatisitsweng ka metšhini ya kgatiso ya 3D. Karo eno e dirilwe kwa Steve Biko Academic Hospital kwa Pretoria, ka la bo 13 Mopitlwe 2019.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:

2.1. Tona ya COGTA Ngaka Zweli Mkhize yo a latlhegetsweng ke abuti wa gagwe Rre Jabulani Gerald Mkhize ka Latshipi la bo 10 Mopitlwe. O tla fitlhwa ka la bo 16 Mopitlwe kwa lelapeng la gaabo la Willowfountain Pietermaritzburg, KwaZulu-Natal.

2.2. Rre Sibusiso Khwinana yo a tshamekang karolo ya Lefa mo filiming e e sa tswang go gololwa ya fa gae e e bidiwang Matwetwe. Gape ke tokololo ya Mokgatlho wa Batlhagisi ba Metshameko ya Thethara ba ba Ikemetseng, o o ikemiseditseng go tlhoma badiragatsi ba ba ikemetseng ka go ba rotloetsa go tsaya tsia tiro ya bona le go diragatsa bokgoni jwa bona.

2.3. Batswasetlhabelo ba sefofane se se sugaganeng setlhogo sa Difofane tsa Ethiopia seo se sugaganeng se lebile kwa Nairobi kwa Kenya se tswa se le kwa Addis Ababa, Ethiopia, moo bapalami botlhe mmogo le badiredi ba ka fa difofaneng ba ba neng ba palame ba latlhegetsweng ke matshelo.

2.4. Botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo merwaleleng e e neng e aparetse dikarolo tse dingwe tsa Aforika Borwa mmogo le naga ya Malawi le ya Mozambique.

E. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Rre Mandla Reginald Sithole: Motlhankedimogolo wa Matlole kwa Lefapheng la Ditiro tsa Puso;

2. Rre Enoch Godongwana le Mme Bongiwe Kunene: jaaka Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Bankatlhabololong ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (DBSA) mo Botong ya Bakaedi sebaka sa dingwaga di le tharo go simolola ka la bo 01 Moranang 2019;

3. Go thapiwa sešwa ga Mme Malijeng Theresa Ngqaleni le Mme Martie Jacoba Janse Van Ransburg: Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya DBSA sebaka sa dingwaga di le tharo go simolola ka la bo 01 Moranang 2019;

4. Tokololo ya Boto ya Metsi ya Bloem:

a. Rre Tefetso Bernard Phitsane (Monnasetulo);
b. Moatefokate Tshepiso Doreen Segoe-Backward (Motlatsamonnasetulo);
c. Rre Zolani Mkiva;
d. Rre James Jonathan Price;
e. Mme Theda Ntikile Sandlana-Thebe;
f.  Mme Dipitseng Maropeng Manamela;
g. Rre Luvuyo Xola Ntoyi;
h. Rre Louis Evelyn van Rheede van Oudtshoorn;
i.  Rre TM Manyoni; le
j.  Mme Mmathebe Annah Faith Moja.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

 Union Building