Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 20 Seetebosigo 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Lekgotla la Tshireletso la Dinagakopano (UNSC)
1.1. Kabinete e romela ditebogo tsa yona kwa ditokololong tsa Dinagakopano (UN) tseo bontsi jwa tsona bo tshegeditseng Aforika Borwa gore e nne tokololo e e seng ya leruri ya UNSC mo pakeng ya go simolola ka 2019 go fitlha ka 2020.
1.2. Tlhopho eno e latela tshwetso e e tserweng ke maphata otlhe ya go tshwara Samiti ya Kagiso mo Lefatsheng ka Bophara mo go supeng tlotlo mo Moporesitenteng wa mo malobeng Nelson Rolihlahla Mandela ka Lwetse 2018, e leng ngwagakgolo wa rre wa Aforika Borwa. Boleloko jwa rona mo UNSC bo ikaeletse go supa tlotlo mo lefeng la Madiba.
1.3. Aforika Borwa e tla dirisa maemo a yona a boleloko go beela kwa setlhoeng ditlhokwa tsa merero ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) ya 2063, e leng letlhomeso la togamaano ya phetolothefosano ya ikonomi ya loago ya kontinente mo dingwageng tse di tlang di le 50.
2. Ditherisano tsa dituelelo tsa megolo mo lekala la Eskom
2.1. Kabinete e amogetse ditharabololo tse di dirilweng ke Tona ya Lefapha la Dikgwebo tsa Puso Pravin Gordhan mo ditherisanong tsa dituelelo tsa megolo magare ga botsamaisi jwa lekala la Eskom le mekgatlho ya badiri. Tlamelo ya motlakase ke enngwe ya dikarolo tse di botlhokwa mo go godiseng ikonomi ya rona le mo go tlhomeng ditiro.
2.2. Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe go rarabolola ka bonako ditherisano tsa koketso ya dituelelo tsa megolo malebana le go somarela mmogo le go dira sentle ga ikonomi ya naga.
3. Ditshupetso mo ditselafefong
3.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale tota ditiragalo tsa sešweng tsa go thiba ditselafefo di le mmalwa ke badiraditshupetso mo dikgaolong tse dingwe mo nageng.Ditselafefo ke dikarolo tse di botlhokwa thata tsa mafaratlhatlha a rona a dipalangwa tse di thusang tsamaiso ya didirisiwa le ditirelo tsa makala a a farologaneng a ikonomi. Temokerasi ya rona ya molaotheo e tlamela ka dirala tseo batho ba ka kgonang go ntsha se se mo mafatlheng a bona ntle le go baka merusu.
3.2. Ditiragalo tsa tlolomolao tsa go dirisa dikgoka le go tlhola merusu ga di kitla di itshokelwa mme Kabinete e ikuela mo batlhankeding ba tiragatso ya molao go tsaya dikgato tse di tshwanetseng, tse di latelang Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, go netefatsa gore ditlhokotsebe tseno di a golegwa.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
4. Beke ya Tsiboso ya Lenaanetiro
4.1. Kabinete e tlotlomeditswe tebang le pegelo ya kgatelopele mabapi le tiro ya yona ya paka ya bobedi mo pakeng e e simolotseng ka la bo 1 Diphalane 2017 go fitlha ka la bo 30 Mopitlwe 2018. Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e dirilweng mo dikapoelong di le mmalwa tsa ditlapele tsa dipeelo di le 14 mmogo le go amogela ditharabololo tse di tshitshintsweng mo dikgaolong tsa tse dingwe tse di supileng kgatelopele e e kwa tlase. Ditlhopha tsotlhe di tla tshwara dikopano tsa bobegakgang go tlharolola kgatelopele le dikgaolo tse di tlhokang ditharabololo.
4.2. Mo tsamaong ya nako e e sa fediseng pelo GCIS e tla rulaganya dikopano tsa bobegakgang le go phasalatsa lenaneothulaganyo la tsone mo go www.gov.za
5. Tsiboso ka dipuisanelo tsa meepo
5.1. Kabinete e tlhaloseditswe ke Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale Gwede Mantashe ka kopano ya matsatsi a le mabedi e e neng e tshwerwe ka Mopitlwe 2018 le balekane ba loago ba ba neng ba emetswe ke mekgatlho ya dikgwebo le ya badiri. Balekane botlhe ba loago ba dumelane gore ba tla tsosolosa dipuisano tsa loago mo lekaleng la meepo le go nopola ditharabololo tse di botlhokwa tse di tlhokegang go netefatsa gore lekala la meepo le tsenngwa mo tseleng e e tobaneng le go akaretsa le go somarela kgolo.
5.2. Balekane bano ba loago ba ba tlhagelelang mo kotareng e e fetileng ba fokotsegile mo tlhagisong ya kwa meepong mmogo le mo makaleng a mangwe a e leng a dipeeletso tsa meepo, a tlhagiso le a ditiro. Ba dumelane ka tlhokego ya go kgaogana ponelopele ya lekala la meepo, mo tsholetsosešweng le go akgola thusano mo phetolothefosanong le mo kgaisanong.
5.3. Kabinete gape e tsopoletswe ka ditlhophapedi tseo di nang le matšhwititšwhiti a bannaleseabe tseo di diretsweng gore di feleletse Lokwalotshwanelo lwa Meepo. Gang fela fa dithulaganyo di sena go konosediwa, lokwalotshwanelo lono lo tla isiwa kwa Kabineteng gore e lo nesetse pula.
6. Sethalwa sa Letlhomeso la Naga la Tekanyetsokabo ya 2019 (Pampiri ya Ditaelo)
6.1. Kabinete e dumeletse gore go rebololwe Letlhomeso la go Beela kwa Setlhoeng Tekanyetsokabo mabapi le Tekanyetsokabo ya 2019 mmogo le lenanethulaganyo le le supang gore go tla konosediwa neng Letlhomeso la go Beela kwa Setlhoeng Tekanyetsokabo mabapi le Tekanyetsokabo ya 2020.
6.2. Lenanethulaganyo le tlhagisa manaane a a kwa setlhoeng mo ngwageng wa 2019 e leng one a a tla kgontshang puso go samaganang le dikgwetlho tsa lehuma, go tlhoka tekatekano mo metsweding eo e leng gone.
7. Motlakase
7.1. Kabinete e amogetse maikarabelo a go Emisa le go go Phepafatsa ao a neng a gokeletswe mo Togamaanong ya Mafelong a Nyutlelia a a sa Tlholeng a Dirisiwa mo nakong e e fetileng (Kgato ya bo 1) mmogo le mo mafelong a a dirang ga jaanong (Kgato ya bo 2) kwa kgaolong ya Phelindaba. Maikarabelo ano ga jaanong a tlhagelela mo dibukeng tsa Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa. Kabinete e dumelane gore kgato eno e tshwanetswe go tswelediwa ka go utlwanelwa mmogo le ba Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba.
C. Ditiragalo tse di Tlang
8. Kopano ya Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF)
8.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla tshwara kopano ya WEF kwa Hoteleng ya Park Hyatt kwa Rosebank ka la bo 28 Seetebosigo 2018 ka moono yo o reng: “Re Rulaganya Ntšhwafatso ya Ikonomi ya Aforika Borwa - e leng seabe sa Kgwebo.” Kopano eno e tla kopanya beng ba dikgwebo tsa fo nageng le tsa boditšhaba ba ka nna 100 le badiredipuso ba Puso ya Aforika Borwa gore ba atlhaatlhe ditšhono tsa go beeletsa mmogo le tsa tirisanommogo.
8.2. Kopano eno le beng ba dikgwebo ba WEF ke tshimololo ya Khonferense ya Dipeeletso ya puso eo e tla tshwariwang kwa bokhutlhong jwa ngwaga, ka maitlhomo a go bokeletsa dipeeletso tsa bokanaka US$100 bilione mo pakeng ya dingwaga di le tlhano.
9. Samiti ya Mekgatlho ya Makgetho a Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (SACU)
9.1. Moporesitente Ramaphosa o tla etelela kwa pele baromiwa ba ba tla tsenelang Samiti ya SACU e e tla tshwariwang ka la bo 29 Seetebosigo 2018 kwa Botswana. Moporesitente o tla tsaya tšhono ka kgobokgobo eno mme a ikopanye le Bokwaledi jwa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) go atlhaatlhaa ka fao go tla tsenngwang tirisong manaane a dikgaolo.
9.2. Jaaka monnasetulo wa jaanong wa SADC, Aforika Borwa e ntse e tshegetsa ka tolamo kopanyo ya kgaolo ka kakaretso ka SACU le ka SADC, le go tsorama go tlhoma diintaseteri mo kgaolong le go kopanya batho ka go dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go godisa ikonomi.
10. Khonferense ya Bolaodi jwa Setheo sa Metsi sa Aforika Borwa (WISA)
10.1. Khonferense le Dipontsho tsa WISA 2018 tse di Tshwarwang Morago ga Sebaka sa Dingwaga di le Pedi e tla tshwarwa go simolola ka la bo 24 go fitlha ka la bo 27 Seetebosigo 2018 kwa Motsekapa. Kgaolo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika e tobane le ketsaetsego le matshosetsi a go tlhaela metsi, e bile go setse go itemogetswe komelelo e e tsereng sebaka mo malobeng.
10.2. Khonferense eno go solofetswe e tla ngokela baromiwa ba ka nna 2 000 ba ba tla atlhaatlhang ditsela tsa go netefatsa gore go fitlhelelwa peelo ya borataro ya Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri (di-SDG) tsa Dinagakopano (UN), eo e buang ka go ipona re tlamela batho botlhe ka metsi a a phepa le kgeleloleswe mo ngwageng wa 2030.
D. Melaetsa
11. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona a a tswang kwa boteng jwa pelo kwa:
11.1. Ba lelapa le ditsala tsa ga Motlotlegi Sibusiso Radebe, yo e leng Tokololo ya Palamente ya mokgatlho wa African National Congress kwa Mpumalanga, yo a bolailweng fa ba ne ba leka go mo kgothosa sejanaga kwa Gauteng. Motlotlegi Radebe o tla gopolwa jaaka mokgaratlhela kgaratlho wa mošwa yo a neng a dira ka natla go ka tokafatsa matshelo a maAforika Borwa.
11.2. Ba lelapa le ditsala tsa ga Mme Joyce Mashamba, yo mo nakong ya fa a ne a tlhokafala e neng e le Mokhuduthamaga wa Temothuo kwa Limpopo. Mokgaratlhela kgololesego yono wa mo malobeng o ne a dira jaaka Mokhuduthamaga mo diphotefoliyong tse di farologaneng mo porofenseng fa e sale go simolola temokerasi.
11.3. Ba lelapa le ditsala tsa ga Rre Billy Modise, yo e neng e le Mookamedi wa Lekala la Ditsamaiso le Maitsholo mo Pusong ya Aforika Borwa e bile gape a kile a neelwa Tlotlo ya Naga ya Luthuli. O itsege thata ka tiro ya gagwe ya go tlhola mokgatlho o o neng o ema kgatlhanong le tlhaolele kwa dinageng tse di farologaneng tsa Yuropa mo dingwageng tsa bo 1960.
11.4. Ba malapa a badiredi ba kwa meepong ba le bararo ba ba ragileng kgamelo kwa Moepong wa Sibanye-Stillwater’s Kloof Ikamva gaufi le Westonaria kwa Gauteng mme e ikuela mo bannaleseabeng botlhe mo lekaleng leno go tswelela go baya kwa setlhoeng pabalesego mo meepong.
11.5. Morafe wa Amampondo ka go latswa kika ga Mmemotsadi wa Kgosi e e busang ga jaanong ya Amampondo aseNyandeni, e leng Kgosigadi Fikelephi ‘Bongolethu’ Ndamase.
11.6. Ba lelapa le ditsala tsa ga Rre Ismail Bassa le Rre Sayaad Hitig, bao ba neng ba bolawa mo nakong ya fa ba ne ba tlhasetswe kwa lefelong la thapelo la Mamoseleme la Malmesbury kwa Kapa Bophirima.
12. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e akgola ba ba latelang:
12.1. Ngaka Robert Gess, mobatlisisi yo a di gogang kwa pele mo nageng ya Aforika Borwa fa go tla mo dithutong tsa Devonian marginal marine ecosystems and early vertebrates kgotsa ancient fish and early tetrapods. O utolotse seo go dumelwang e le fosele e e nang le dingwaga di le 360 milione. Mefuta eno e mebedi ya ditshedi tsa difosele, tseo maina a tsona e leng Tutusius le Umzantsia, ke digagabi tsa bogolotala tsa Aforika tsa maoto a le mane tseo di neng di le teng mo dingwageng di le 70 milione tse di fetileng. Kutlololo eno gape e totobatsa maemo a rona jaaka naga e e di gogang kwa pele mo lefatsheng fa go tla mo saenseng le mo dipatlisisong.
12.2. Bongumusa Mthembu mabapi le go emeleng maemo a gagwe mo metshamekong ya Lebelo la di-Comrade mmogo le Ann Ashworth mabapi le go fenya metshameko ya lebelo leno la basadi. Kabinete gape e akgotse le Xolani Luvuno mabapi le maikemisetso a gagwe le boitshoko jwa gagwe jo bo dirileng gore a konosetse lebelo leno leo a neng a le taboga a dirisa dipatla.
12.3. Ngaka Siyabonga Cwele, jaaka Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, go latela go tlhophiwa ga gagwe go nna Monnasetulo wa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Disathalaete tsa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITSO). Aforika Borwa e tla nna monnasetulo wa ITSO lekgetlho la ntlha fa e sale mme e tla nna mo maemong ao sebaka sa dingwaga di le pedi. Naga e tla dirisa maemo a yona a bonnasetulo go atolosa dikgatlhegelo tsa kontinente ya Aforika mmogo le tsa dinaga tse di tlhabologang tse di leng karolo mo mekgatlhong ya dinagantsi.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams
Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139