Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 27Mopitlwe 2019, kwa Union Buildings, Pretoria.a
A. Merero ya ga Jaanong
1. Depeeletso
1.1. Kabinete e amogetse kgato ya bobedi ya kago ya go atolosa Boemelakepe jwa Kgwebisano ya Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi (SEZ) jwa Dube kwa KwaZulu-Natal. Peeletso eno ya boleng jwa R18 bilione e tla aga mafelo a mangwe gape a diintaseteri a bogolo jo bo kanaka diheketara di le 45 mo SEZ. E tla dira jaaka motheo wa go ngokela peeletso e e balelwang go R20 bilione mo dingwageng tse di fetang di le tlhano tse di tlang.
1.2. Kabinete e amogetse gape le peeletso ya R72 milione ya setlamo sa tlhagisodikuno tsa eleketeroniki sa naga ya China sa Hisense mo tlhagisong ya ditsidifatsing le mo dithelebišeneng kwa femeng ya yona ya Atlantis kwa Kapa Bophirima, mme yona e tlhodile diphatlhatiro di le 150 mo lephateng la tlhagisodikuno. Peeletso eno e tlisa dipeeletso tsotlhe tsa Hisense mo femeng eno ya kwa Atlantis mo go R440 milione.
2. Pusetso ya Dinaga
2.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o buseditse lekgetlho la ntlhantlha dikokoma tsa baagi ba Griqua (baagi ba Ebenhaeser) lefatshe la bona kwa Vredendal mo Kapa Bophirima. Pusetso eno ya dinaga e tsweletsa Lenaane la Pusetso ya Naga go tokafatsa maemo baagi bao mo malobeng ba neng ba kgapetswe kwa thoko.
2.2. Kabinete e amogetse tshegetso ya Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga mabapi le tshegetso e e latelang kutlwanelo le konosetso ya lefatshe ka go tlamela ka diterekere tse di farologaneng tse di tla dirisiwang ke balemirui mo lefelong leo, e leng seo se tla netefatsang gore lefatshe leo le temo ya lona e nna mo diatleng tsa beng ba yona ba ga jaana le ba mo nakong e e tlang.
3. Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri
3.1. Kabinete e amogetse go rebolwa ga tshedimosetso ya ga jaana ya badiri mo bekeng eno go tswa kwa Lefapheng la Dipalopalo la Aforika Borwa (StatsSA), e leng seo netefaletsang kgolo mo palong yotlhe ya diphatlhatiro mo ngwageng wa 2018.Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri, e leng dipatlisiso tsa tse dingwe di le pedi tseo di rebotsweng ke StatsSA, di rebotse gore diphatlhatiro mo makaleng a rulaganeng di oketsegile ka 158 000 mo dikgweding di le 12 tse di fetileng tsa 2018. Mo dikgweding di le tharo tse di fetileng tsa bofelo jwa 2018, diphatlhatiro di oketsegile ka 87 000. Dipatlisiso tseno ga di akaretse tshedimosetso e e leng teng mo maphateng a temothuo le mo maphateng ao e seng a semmuso a ikonomi.
3.2. Kgato eno e latela thebolo e e tseneletseng ya mo kgweding e e fetileng ya Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng, Dipatlisisong tsa Kotara tsa Palo ya Badiri (QLFS), e e akaretsang makala otlhe a ikonomi, ka bobedi la semmuso le ao e seng a semmuso, e leng ao le one a tlhagisitseng kgolo e e seng kana ka sepe mo koketsegong ya ditiro mo pakeng ya 2018.
3.3. Koketsego eno mo ditirong e bontsha mo letlhakoreng le lengwe tshepo e e oketsegang eo babeeletsi ba nang le yona fa mo go le lengwe e bontsha dipeeletso tsa dinaga tsa kwa ntle tse di tobaneng le diintaseteri tse di rileng mo ikonoming, e leng seo se botshang katlego ya matsapa a Moporesitente a go tsholetsa naga ya Aforika Borwa jaaka lefelo leo go ka beelediwang mo go lona. Khonferense ya Dipeeletso ya Moporesitente e e neng e tshwerwe ka kgwedi ya Diphalane ngogola e ngoketse maikano a go beeletsa R300 bilione. Mo dingwageng di le nne tse di tlang, puso e tla dirisanammogo le babeeletsi, baagi le mekgatlho ya badiri go kgontsha maikano a a dirilweng gore a diragadiwe, mmogo le go tlhola ditiro tse dingwe le ditšhono tse dingwe mo ikonoming.
3.4. Fa e sale botsamaisi jwa puso ya ga jaana bo simolola, QLFS e supa gore palogotlhe ya bao ba thapilweng e oketsegile go fitlha go 16,5 milione, moo diphatlhatiro di le 1,5 milione tse dintšhwa di tlhodilweng mo pakeng ya dingwaga di le tlhano.
4. Matsadi a Sefefo sa Idai
4.1. Kabinete e romela matshediso a yona kwa malapeng a batswasetlhabelo ba Sefefo sa Idai seo se neng se aparetse dikarolo tsa Mozambique, Malawi le Zimbabwe. Sefefo seno se rutlomolotse, sa nyeletsa magae a matšhwititšhwiti a batho, sa senya mafelo a le mantsi, sa kgaola mafaratlhatlha a ditlhaeletsano le go gogola ditsela.
4.2. Ka go nna le Botho, Moporesitente Ramaphosa o ne a tsibogela boikuelo go tswa kwa dinageng tsa baagisane ba rona ka go romela dithuso tse di farologaneng, go akaretsa ya go batla batho ba ba latlhegileng le go ba falosa mo dipharagobeng tse ba ka tswang ba le mo go tsona.
4.3. Kabinete e lebogile tiro e e dirilweng ke ba tirelo ya Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF), Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) le ba Lefapha la Boitekanelo. Difofane tsa bommalefetlho tsa SANDF di thusitse go le maswe mo go thuseng batho ba ba neng ba tswaletswe ke merwalela fa SAPS e thusitse ka go romela dintšwa tsa bona tse di katisitsweng mmogo le batlhokomedi ba tsona go thusa mo matsholong a go batleng le mo go pholoseng bao ba leng mo 'ganong la tau. Kabinete gape e leboga mekgatlho yotlhe e e seng ya puso mmogo le wa Gift of the Givers go bo e tsweletse ka tlamelo ya thuso ya botho mmogo le ya go ba imolola mo matlhotlhapelong a a ba aparetseng.
5. Eskom
5.1. Motlatsamoporesitente David Mabuza o begetse Kabinete ka ditiragalo tse di amanang le Eskom le matsapa a motlakase. Go nnile le kgatelopele e e itumedisang fa e sale go rekwa malatlha a a matshwanedi mmogo le disele e e lekaneng, mmogo le metsi a a lekaneng a a beilweng kwa bodutelong jwa motlakase o o fetlhiwang ka metsi.
5.2. Phanele ya Botegeniki ya Ditshekatsheko e e thapilweng ke Letona la Lefapha la Dikgwebo tsa Puso Pravin Gordhan mmogo le Boto ya Eskom ka la bo 4 Mopitlwe 2019, e tla konosetsa bontlha bongwe jwa tiro ya yona mo tshimologong ya beke e e tlang mme e tla bo e gokeletse a mangwe a mabaka a kwa tshimologong go tswa mo ditshekatshekong tsa yona ka ga diteišene tsa motlakase tsa Eskom. Seno se tla thusa Eskom mmogo le puso go tsenya tirisong lenaane le lengwe le le gagametseng la tlhokomelo ya bodutelo jwa motlakase, e leng seo se tla thusang go dira gore maemo a thulaganyo ya tlhagiso ya motlakase a okobale mo dibekeng le mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang.
5.3. Kabinete gape e samagane le matsapa a matlole a kwa Eskom. Go atlhaatlhiwa dikgato tse dingwe go ka tshegetsa setlamo seno sa motlakase. Tlhagiso ya motlakase mo bekeng eno e ntse e edile mo kgonagalo ya kgaolo ya motlakase e neng e le kwa tlase. Le fa go le jalo, go na le dikgaolo tse dingwe tsa motlakase di le dintsinyana tse di neng di sa lebelelwa tse di tlholang tshitiso mo thulaganyong yotlhe.
5.4. Kabinete e akgotse botsamaisi jwa Eskom mmogo le badiredi ba yona tebang le matsapa a ba a dirang go ka abela ikonomi ya rona mmogo le baagi ba naga ya rona motlakase o o sa kgaogeng, o o lolameng e bile o tshepagala le fa tiro eno e le boima mo maemong a re leng mo go ona.
5.5. Kabinete e gateletse gore maAforika Borwa otlhe a tshwanetse go dirisanammogo le go loga maano a mašwa – mmogo le go diragatsa dikgato tsa go boloka motlakase tse di neng di diragadiwa mo malobeng – gore tiriso ya motlakase e fokotsege. Dikgato tseno di akaretsa go tima dithuthufatsi tsa metsi tsa kwa dintlong, go tima dipompo tsa metsi a matangwana a kwa malapeng a go thumela mmogo le go tima dipone tse di sa dirisiweng. Itharabologelo e nngwe gape ya Eskom mmogo le ya tlhagiso ya motlakase, jaaka Tona ya Dikgwebo tsa Puso e tlhalositse, e tla begiwa pele beke e e tlang e konosela.
6. Go thula botala ka tlhogo ga Morwediakgosi Thandekile Buthelezi
6.1. Kabinete e rometse matshediso a yona ka pelo e e botlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa ga Morwediakgosi Thandekile Buthelezi, mosadi wa ga Morwakgosi Mangosuthu Buthelezi. Morwediakgosi Irene o ne a le mo kgolaganong ya lenyalo le le boitshepo le moeteledipele wa lekoko la sepolotiki la Inkatha Freedom Party (IFP) sebaka sa dingwaga di le 67.
Morwediakgosi e ne e le seikokotlelo sa ga Morwakgosi Buthelezi mo dingwageng tsotlhe tseo a ntseng a le radipolotiki mo dipolotiking tsa Aforika Borwa. Morwediakgosi o tlogela bana e leng Morwediakgosi Ntuthukoyezwe Zuzifa, Morwediakgosi Phumzile Nokuphiwa mmogo le Morwediakgosi Sibuyiselwe Angela, go akaretsa le ditlogolo tsa gagwe.
7. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS)
7.1. Tona ya Thuto le Katiso tse di Kgolwane mme Naledi Pandor o rebotse gore go tla tsenngwa madi a mangwe gape a bokanaka R967 milione mo sekgwameng sa NSFAS. Madi ano a tla dirisediwa go duela dikoloto tse di leng teng kwa diyunibesiting tsa baithuti ba le 52 514 ba ba duelelwang ke NSFAS bao ba santseng ba le mo sekolong. Madi ano ga a duelele baithuti bao ba duelelwang ditshenyegelo tsotlhe go ya ka ditumelano tse di kwalolotsweng sešwa tsa bao ba amogelang bonnye jwa megolo e e rileng.
7.2. Kabinete e tshegetsa dikgato tsotlhe tse di tsewang go ka dira gore thuto e fitlhelesege, bogolosegolo ke baithuti bao ba tswang kwa malapeng ao a humanegileng. E tla tswelela go tshegetsa tiro nngwe le nngwe eo maitlhomo a yona e leng go fokotsa sekgala sa go se lekalekane mo setšhabeng sa borona. Kabinete e ikuela mo baithuting go tswelela go dirisana mmogo le lefapha go ka bona ditharabololo tsa matsapa a a saletseng kwa morago a ba santseng ba itemogela ona.
8. Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC)
8.1. Kabinete e nopotse le go amogela tiro e e dirilweng go ka tshegetsa SABC gore e kgone go ka bokeletsa R3,2 bilione ya matlole a nakwana go tswa kwa dibankeng tsa kgwebisano. Seno se tla netefatsa gore mogasi o kgona go fitlhelela ditlhokwa tsa tlamelo ya matlole go tloga jaanong go fitlha ka kgwedi ya Lwetse 2019.
8.2. Kabinete e ikemiseditsa go tshegetsa SABC mme seno se latela puong ya mo malobeng ya ga Tona ya Matlole Tito Mboweni mo Puong ya Tekanyetsokabo ya Tlhakole 2019 ya go tshegetsa ditlamo tsa puso (di-SOC) tse di leng mo matsapeng a matlole, go akaretsa SABC, gore di tlamelwe ka matlole a a beetsweng motsing wa pula.
9. Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC)
9.1. Kabinete e itumedisitswe ke go amogela baeng ka katlego ga Aforika Borwa mo nakong ya fa e ne e tshweremmogo Khonferense ya Tshwaraganelo ya SADC le naga ya Sahrawi Arab Democratic Republic kwa tshimologong ya kgwedi eno.
9.2. Western Sahara ke naga ya Aforika e e santseng e le ka fa tlase ga kgatelelo ya bokoloniale. Khonferense eno ya Tshwaraganelo ya SADC e e e tshwereng mmogo le Western Sahara e ikaeletse, gareng ga tse dingwe, go gatelela ditshwanelo tsa batho ba Western Sahara gore ba ipuse ka fao ba batlang. Seno se tsamaisana le Tumelano ya Dinagakopano (UN) mmogo le mokgatlho o mo malobeng o neng o itsege ka gore ke Mokgatlho o o Tshwaraganeng wa Aforika (OAU) mme ga jaanong e leng Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU).
B. Ditshwetso tsa Kabinete
10. Mokomišenare yo Motšhwa wa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS)
10.1. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Rre Edward Christian Kieswetter jaaka Mokomišenare yo Motšhwa wa SARS go simolola ka la bo 1 Motsheganong 2019.
10.2.Rre Kieswetter, gareng ga tse dingwe, o na le tekeri ya Honours in Education Science eo a e boneng ka ngwaga wa 1988, ya Master of Science Education ka 1996 le ya Master of Business Administration ka 2001. O tla kwa SARS ka maitemogelo a a seng kana ka sepe a bolaodi ao a itemogetseng ona kwa makaleng ka bobedi a poraefete le a puso. Go konosediwa ga go thapiwa mo phatlhatirong eno go diragatsa dikatlholo tsa Khomišene ya Dipatlisiso ka ga Merero ya Tsamaiso le Taolo ya Lekgetho ya SARS e e Etilweng Pele ke Moatlhodi Nugent.
11. Khomišene ya Dipatlisiso ka ga Merero ya Tsamaiso le Taolo ya Lekgetho ya SARS (Pegelo ya ga Moatlhodi Nugent)
11.1. Kabinete e nopoletswe ka ga dipoelo tsa tiro ya Khomišene ya Dipatlisiso ka ga Merero ya Tsamaiso le Taolo ya Lekgetho ya SARS e e Etilweng Pele ke Moatlhodi Nugent. Moporesitente Ramaphosa o thapile khomišene eno ka la bo 24 Motsheganong 2018 gore, gareng ga tse dingwe, go rebola ditshwetso tse di tla dirang gore SARS e tsetsepele, seriti sa yona se boele le go matlafatsha bokgoni jwa yona jwa go fitlhelela dipeelo tsa yona tsa go bokeletsa lekgetho. Pegelo ya yona ya nakwana e ne ya rebolwa ka la bo 27 Lwetse 2018 mme pegelo ya bofelo ya rebolwa ka la bo 11 Sedimonthole 2018.
11.2. Kabinete e etse tlhoko ditharabololo tse di tlhagisitsweng ke khomišene gore go retelelwa ke go dira tiro ga SARS ke ka ntlha ya “go retelelwa ke go laola tsamaiso ya bobusi le go tlhoka seemo” e leng seo se diragetseng ka fa tlase ga taolo ya Mokomišenare wa mo malobeng. Khomišene eno e dirile ditshitshinyo tse di ka baakanngwang di le 27 gore go baakanngwe ditshwetso tse di tserweng mo malobeng tse di tlhodileng matsapa, tse di akaretsang dikarolo di le dintsi tse di farologaneng tse di akaretsang ditirelo tsa ditheko, sebopego sa setheo le go matlafatsa boeteledipele jwa setheo. E nngwe ya ditshitshinyo tse di botlhokwa e ne e le go thapiwa ga Mokomišenare wa SARS.
11.3. Kabinete e tlhagisitse tshegetso ya yona tebang le ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomišene mme Tona ya Matlole o tla tsenya tirisong ditshitshinyo tsa yona, go akaretsa go goga kwa pele thulaganyo ya go batla maikutlo a setšhaba mabapi le go kwalwa sešwa Molao wa SARS gore bobusi le maikarabelo di kgone go tokafadiwa, mmogo le seabe seo Motlhatlhobikakaretso a ka nnang le sona fa go bapisiwa le sa Boto.
11.4. Kabinete e lebogile Moatlhodi Nugent go menagan, ditokololo tsa phanele mmogo le setlhopha sa tshegetso sa Khomišene mabapi le pegelo ya bona ya boleng ya maemo a a kwa godimo, mmogo le lebelo le tolamo eo ba e tlhagisitseng ka yona. Pegelo eno e phasaladitswe gore mang le mang a ka e buisa, mme e ka fitlhelwa mo webesaeteng ya Kantoro ya Moporesitente: www.thepresidency.gov.za
12. Tshekatsheko ya Leano la Botlhokwa la Diritibatsi la Bosetšhaba (NDMP) 2013-2018
12.1. Kabinete e neseditse pula pegelo ya tshekatsheko ya NDMP 2013-2018 jaaka sekai sa go supa maikemisetso a a tsweletseng a puso a go lwantshana le tiriso le seabe sa diritibatsi mo ditšhabeng tsa naga eno.
12.2. Tshekatsheko e ribolotse gore le fa NDMP e tlamela ka letlhomeso le le ka dirisiwang ke lekala, tiragatso ya lona e koafaditswe ka go se rulaganngwe sentle le ditogamaano tse di farologaneng tsa mafapha a a maleba.
12.3. E tshitshinya dikgato di le dintsinyana tsa go tsereganya tse di jaaka go dira gore ditogamaano tsa mafapha di eme ka lefoko le le nosi mmogo le go tshitshinya gore go nne le setheo se se ikemetseng se se tlamelwang ka matlole ka botlalo a se a tlhokang go ka itsise baagi, bogolosegolo bašwa ka tiriso le thibelo ya tirisobotlhasa ya diritibatsi.
12.4. Kabinete e amogela dikgwetlho tse di tobaneng le baagi baa naga ya rona mabapi le go gosomela ka tlhogo mo diritibatsing. Ditshwaelo tse di ribololang ke tshekatsheko eno di tla nna mosola mo go maswe mo go samaganeng le bothata jono. Kabinete gape e dumetse gore go tlhomiwe Lekgotla le le Kgatlhanong le Diritibatsi, le le tshwanetsweng go bopiwa fela jaaka Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la AIDS, go samagana le twantsho ya go gosomela ka tlhogo mo diritibatsing. Leano la botlhokwa le le kwalolotsweng sešwa le tla bidiwa Leano la Botlhokwa le le Kgatlhanong le Diritibatsi .
13. Letlhomeso le le ka ga Dithulaganyo tsa Matlole,Tekolo, Tshekatsheko le Boruni jwa Togamaano ya Tsibogelo ya Dikgwetlho tsa Bong
13.1. Kabinete e neseditse pula Letlhomeso le le ka ga Dithulaganyo tsa Matlole,Tekolo, Tshekatsheko le Boruni jwa Togamaano ya Tsibogelo ya Dikgwetlho tsa Bong. Letlhomeso leno le baya kwa setlhoeng mereo e e ka ga bong mo dipholising tsa setšhaba ka go tlhagisa togoleano le dikgato tse di tla diragadiwang mo go tsibogeleng merero e e ka ga bong mo thulaganyong ya ga jaana ya go rulaganya maano, matlole,tekolo, tshekatsheko le boruni.
13.2. Gore re fitlhelele maikarabelo a molaotheo a go fedisa go tlhaolwa go ya ka bong, le go fitlhelela ditshwanelo tsa basadi le bana, go tlhokega gore go nne le phetolo e tona mo ditheong tsotlhe tsa puso.
14. Dipegelo tsa Tekolo
14.1. Kabinete gape e neseditse pula dipegelo di le dintsinyana tsa tekolo tse di kwadilweng ke ba Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME) go akaretsa le tse di latelang:
- Tekolo ya Letlhomeso la Togaleano ya Maano a Ngwaga le Ngwaga a Tiragatso ya Tiro (FSAPP) mme e tla rebola gore a naa FSAPP e ntse e le mosola mo go kaeleng mafapha fa go tla mo manaaneng a ona a jabo ya ditirelo, bogolosegolo mo go tsibogeleng dipeelo tse di botlhokwa tsa puso, mmogo le mo go rweseng mafapha maikarabelo mo tirong ya ona.
Tekolo eno e bontshitse mosola wa kgato eno, le fa go le jalo, e nopotse gore dithulaganyo tsa yona e na le mo e tlhaelang le gore tsamaiso eo go na le mo e sa lolama, ga e a ema ka le le lengwe e bile tshwane le dipholisi le melao e mengwe e e amanang.
Pegelo eno e tshitshinya dikgato di le dintsinyana go ka matlafatsa ntlha thulaganyo eno.
- Tekolo ya Pholisi ya Sekwalwatlhomo sa DIkwalwa tsa Dikholeje tsa Baagi eo e samaganang le ka fao sekwalwatlhomo se kwadilweng ka teng go ka samagana le ditšhono tse di tlhaelang tsa thuto le katiso ya bagodi le ya bašwa bao ba leng mo dithutong tsa morago ga sekolo mmogo le go retelelwa ga bona go ka fitlhelela ditlhokwa tsa bagodi le tsa bašwa go ka iponela ditiro le bokgoni jo ba ka iphedisang ka bona. Pegelo eno ya tekolo e nopola ditlhokwa tse di matshwanedi tse di tlhaelang go kgontsha lenaane leno go fitlhelela dipeelo tse di solofetsweng.
- Tekolo ya Merokotso ya Puso mo Beng ba Dikgwebo, e leng seo se lekolang ka fao thulaganyo ka kakaretso e dirang ka gona go tshegetsa dikgwebo le go unngwela setšhaba.
Puso e dirisa merokotso e mentsi e e farologaneng go ka rotloetsa difeme go beeletsa mo ditirong tse di rileng kgotsa go nna le seabe mo dipeelong tse di rileng tsa loago kgotsa tsa ikonomi. Gareng ga tse dingwe e rotloetsa gore go tlhomiwe komiti ya ditsamaiso tsa Merokotso ya Maphata a Puso
- Tekolo ya Togamaano e e Golaganeng ya Tsholetso ya Boitshimololedikgwebo le Dikgwebopotlana, e e lekotseng mosola wa go tsenya tirisong togamaano eno, e e neseditsweng pula ka ngwaga wa
2005 go ka samagana le dikarolo tse di botlhokwa tse di jaaka go tlhola ditiro, tekatekano le go fitlhelela dimaraka.
Dikgwebo tseno di na le seabe se se golo mo go tlholeng ditiro, boitshimololedi le mo go tlhagiseng kgolo. Leano le le tshitshintsweng la tokafatso le akaretsa tokafatso, taolo le phitlhelelo mo makaleng otlhe a puso mmogo le go gagamatsa taolo le tsamaiso ya ditheo tsa puso.
14.2. Maitlhomo a tekolo eno ke go gagamatsa Ditirelo tsa Setšhaba le taolo ya puso. Ditekolo tseno di dirilwe ke baabi ba ba ikemetseng ba ditirelo mme di tla phasaladiwa mo webesaeteng ya DPME: www.dpme.gov.za.
15. Mokgwatsamaiso wa Bosetšhaba wa UN, AU le SADC
15.1. Go tsamaisana le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), e leng seo maitlhomo a sona e leng go tsholetsa tlhabololo ya leruri ka go samagana le dikgwetlho tsa kgaolo, kontinente le lefatshe, Kabinete e neseditse pula go tlhomiwa ga mokgwatsamaiso wa bosetšhaba go tsamaisa megopolo ya leruri ya UN, AU le ya SADC.
15.2. Mokgwatsamaiso ono wa bosetšhaba o tla dirisiwa jaaka thulaganyo ya ditiro di le dintsi le bannaleseabe ba le bantsi go tsamaisa le go laola ditherisano mo pusong le kwa ntle ga puso ka ga maikano a Aforika Borwa mo tlhabololong ya leruri ya boditšhabatšhaba.
15.3. Kgato eno e tla gapiwa ke Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC), go tswa mo bogareng jwa puso, e leng seo se tla netefatsang gore megopolo e e ka ga tlhabololo (Mogopolo wa UN wa 2030 mabapi le Tlhabololo ya Leruri, Mogopolo wa AU wa 2063 mmogo le Leano la Tlhabololo ya Togamaano ya Maemo a Kgaolo ya SADC) a tlhagelela ka botlalo mo leanong la naga la bosetšhaba, mme e tla tlamela ka kaelo ka botlalo ka ga go diragatsa ditlhokwa tsa tekolo le pegelo.
16. IMC e e ka ga Merero ya Phetogo ya Intaseteri e e ka ga Thekenoloji (4IR)
16.1. Go latela tsibogelo ya Moporesitente Ramaphosa mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA), Kabinete e neseditse pula go tlhomiwa ga IMC e e ka ga Merero ya 4IR.
16.2. Khomišene eno e tla tlhaba ka botlhale jwa ditogamaano le dipholisi go ka tsibogela dilhagiso le ditlhabololo tse dintšhwa mo mererong ya thekenoloji tse di tla bong di fetlhiwa ke dikgato tsa dijithale le tsa 4IR. Maikarabelo magolo a IMC ke go rulaganya maano le mekgwa eo 4IR e tla tsenngwang tirisong ka yona, go akaretsa go thusa mo tirong eo e diriwang ke Khomišene ya Boporesitente mo mererong ya 4IR.
17. Bokhutlho jwa Paka ya go Busa
17.1. Jaaka Kabinete e konosetsa lenaane la yona la paka ya go busa ya botlhano, e lebogile badirisanimmogo mo mererong ya loago mmogo le baagi. E ikuetse mo go maAforika Borwa go nna ba eme sejaro mo go ageng setšhaba se se atlegileng.
17.2. Kabinete e lebogile Palamente le Boatlhodi mo go tsholetseng metheo e e botlhokwa ya molaotheo le mo go rweseng Khuduthamaga ya puso maikarabelo ka ga go dira gore botshelo bo nne botoka mo baaging botlhe.
17.3. E lebogile gape le badirisanimmogo ba Aforika Borwa mo dikgaolong tsa SADC; AU;Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS); Lekoko la Dinaga di le 20 (G20),UN mmogo le mekgatlho e mengwe, go bo ba tshegeditse Aforika Borwa mo go tokafatseng maemo a ka fa nageng, le mo go dirisaneng mmogo le yona mo go kgaratlheleng botshelo jo bo botoka mo nageng ya Aforika Borwa, mo kontinenteng ya Aorika le mo Lefatsheng.
17.4. Kabinete e dirile segopotso sa ditokololo tsa Maloko a Khuduthamaga ya Bosetšhaba a a thutseng botala ka tlhogo mo pakeng eno ya botlhano ya go busa, e leng Tona Collins Chabane le Edna Molewa, mmogo le baeteledipele ba bangwe mo maphateng a mangwe a puso ba ba diretseng puso ka botswapelo le go atolosa dikgatlhegelo tsa Aforika Borwa fa gae le kwa ntle ga naga.
C. Ditiragalo tse di Tlang
18. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) mmogo le Dipolao tsa Basadi
18.1. Katlego e nngwe gape mo go lwantsheng GBV e tla rebolwa ka Labone, la bo 28 Mopitlwe 2019, ka pulo ya Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Booysens kwa Johannesburg. Kgotlatshekelo eno ya Magiseterata ya Booysens ya maemo a a kwa godimo e tlamela ka ditirelo tse di farologaneng mme gape e na gape le ditlhokwa tsotlhe tse e di tlhokang go ka tshegetsa batswasetlhabelo ba GBV mmogo le ba dipolao tsa basadi.
18.2. Go bulwa ga kgotlatshekelo eno go tla tlhotlheletsa Moporesitente Ramaphosa, mmogo le mekgatlho e e farologaneng ya baagi, go tshwara thankgolola ya Boikano jwa Boporesitente mabapi le merero ya GBV mmogo le ya Dipolao tsa Basadi eo e ikanang go tsenya tirisong ditshwetso tse di tserweng kwa Samiting ya Bosetšhaba mabapi le merero ya GBV mmogo le ya Dipolao tsa Basadi e e neng e tshwerwe ka Ngwanaitseele 2018.
18.3. Dikgotlatshekelo tse di latelang tse di nang le Dikgotlatshekelo tsa Ditlolomolao tsa Thobalano di tla neelwa setšhaba mo pakeng e e tlang ya dikgwedi di le tharo:
- Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Plettenberg Bay kwa Kapa Bophirima e tla neelana ka dikgotlatshekelo di le robongwe, e le nngwe mo go tsona e tla nna Kgotlatshekelo ya Ditlolomolao tsa Thobalano.
- Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Dimbaza le Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Bitji di tla thankgololwa kwa Kapa Botlhaba.
- Kgotlatshekelokgolo ya Mpumalanga kwa Mbombela mmogo le Kgotlatshekelo ya kgale ya Magiseterata ya kwa Middleburg, eo e ntšhwafaditsweng go se nene go tsenyeletsa lekala la merero ya badiri go ka emela kgaolo ya foo ya Kgotlatshekelokgolo.
18.4. Kwa bokhutlhong jwa paka ya ga jaana ya go busa ya botlhano, dikgotlatshekelo tsotlhe di le 59 tse dintšhwa di tla bo di agilwe fa e sale ka 1994, e leng seo se fetang dipeelo tsa puso tsa go aga bonnye jwa dikgotlatshekelo di le pedi ngwaga o mongwe le o mongwe.
19. Kopanokgothakgothe ya Bobedi ya Ngwaga le Ngwana ya go Tsaya Dikgato ga Bašwa tebang le Ditšhono mo Ikonoming
19.1. Kantoro ya Tona ya Ditlhaeletsano, Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso – ka tirisanommogo le mafapha a mangwe a puso, di-SOC le bannaleseabe – ba tla tshwara Kopanokgothakgothe ya Bobedi ya Ngwaga le Ngwana ya go Tsaya Dikgato ga Bašwa tebang le Ditšhono mo Ikonoming ka la bo 13 Moranang 2019 kwa Masepaleng wa Selegae wa Ntabankulu kwa Kgaolong ya Alfred Nzo kwa Kapa Botlhaba.
19.2. Mogwanto ono wa kgololesego ya bašwa, mo go supeng tlotla ga dingwaga di le 25 tsa kgololesego, o ikaeletse go bulela mefutafuta ya ditšhono tsa thuto, ditiro le dikgwebo tse di leng teng mo makaleng a puso le a poraefete mo bašweng, ba ba sa direng le bao ba itshimoletseng dikgwebo.
20. Ditlhophokakaretso tsa Naga tsa 2019
20.1. Jaaka naga e atumela ditlhopho tsa yona tsa temokerasi tsa borataro, Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba nang le matshwanedi a go dira ditlhopho go diragatsa tshwanelo ya bona ya molaotheo ka la bo 8 Motsheganong. Seabe sa badiraditlhopho se botlhokwa thata mo temokerasing e e dirang sentle mmogo le mo ditlhophong tsa ka gale, mo baagi ba ka tlhophang yoo ba batlang gore a ba etelele pele le go ba rwesa maikarabelo.
20.2. Kabinete e ikuela mo go Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC), baemedi ba setšhaba le mo baaging gore mo letsatsing la ditlhopho ba itshware ka tsela e e maleba e e tla netefatsang gore go nna le ditlhopho tse di edileng tse di sa tseeng letlhakore. Ditheo tsa rona tsa tiragatso ya molao di tla tsaya dikgato kgatlhanong le motho mang le mang yo go ka fitlhelwang a tshosetsa, a tlhotlheletsa kgotsa a fetlha tirisodikgoka mo nakong ya ditlhopho.
D. Melaetsa
21. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa go:
21.1. ba lelapa le ditsala tsa ga Semesegolo sa mokgatlho wa dipolotiki sa African National Congress kwa Palamenteng, Rre Jackson Mthembu, yo mosetsanyana wa gagwe e bong Khwezi a latswitseng kika, a na fela le dingwaga di le 25.
21.2. puso le baagi ba kwa New Zealand bao ba latlhegetsweng ke bao ba ba ratang mo tlhaselong e e setlhogo ya ditiragalo tsa borukhutlhi kwa lefelong la thapelo la Christ Church.
21.3. puso le baagi ba Rephaboliki ya Indonesia go latela merwalela. Aforika Borwa le Indonesia ke dinaga tsa Aforika le tsa Borwabotlhaba jwa Asia tseo e leng karolo ya G20, mme gape dinaga tseno ka bobedi ke bo monnasetulommogo mo Togamaanong ya Tirisanommogo e Ntšhwa ya Aforika le Asia.
22. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e Akgola:
22.1. Moporofesara Ncoza Dlova, ngaka ya letlalo e e itsegeng mo maemong a boditšhabatšhaba go tswa kwa Yunibesiting ya KwaZulu-Natal, yo a thusitseng go utulola jini e ntšhwa e e leng yona e e tlholang gore moriri o se tlhole o mela mo basading ba mmala o o sebilo. Lerato la thuto la ga Moporofesara Dlova le dirile gore a kwale dibuka tsa ka fa nageng tsa malwetse a letlalo tseo di tla rutang baithuti ba dithuto tsa bongaka mo nageng, mmogo le dikwalwa le dibidio tse di tla rutang balwetse ka malwetse a bona a letlalo.
22.2. setlhopha sa naga tsa kgwele ya dinao, Bafana Bafana, go bo ba kgonne go fetela kwa Metshamekong ya Sejana sa Dinaga tsa Aforika. Setlhopha seno se ikamanya le ditlhopha tse dingwe gape tsa Aforika Borwa di le nne – sa Banyana Banyana; sa Kerikete; sa Rakabi le sa Amajita, bao le bona ba fitlheletseng maemo a go tshamekela sejana mo metshamekong ya bona. Kabinete gape e ikuetse mo go maAforika Borwa go tshegetsa setlhopha sa naga mo metshamekong e e tlang ya dikgaisanelo tsa kgwele ya dinao. Kabinete e akgotse gape le tshegetso e e e boneng go tswa kwa UN mo kgetseng ya ga Caster Semenya kwa Federeišeneng ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Diatleletiki.
E. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1. Ngaka Fiona Tregenna – o thapilwe sešwa jaaka tokololo ya nakwana ya Bothati jwa Dikgaisano.
2. Rre Cecil Khosa – Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) mo Bothating jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Taemane le Dimenerale tse di Botlhokwa.
3. Rre Themba Cyril Dlamini jaaka CEO mo Bothating jwa Katiso le Thuto mo Makaleng a Tshireletsego le Pabalesego (SASSETA).
4. Rre Mduduzi Eric Zakwe jaaka CEO mo Bothating jwa Katiso le Thuto mo Makaleng a Thekenoloji ya Ditlhaeletsano tsa Tshedimosetso (ICTSETA)
5. Maloko ao e Seng a khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Puso sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana sebaka sa dingwaga di le tharo:
5.1. Rre Mbulelo Sogoni (Monnasetulo yo a Tshitshintsweng);
5.2. Mme Suzan Nyakale;
5.3. Mme Matshediso Ndlovu;
5.4. Mme Nomsa Kana;
5.5. Moatefokate Derick Block;
5.6. Rre Jim Matsho;
5.7. Mme Beatrice Nkambule (Morwediakgosi Tsakani);
5.8. Rre Charl de Kock;
5.9. Moatefokate Mthokozisi Xulu; and
5.10. Rre Mduduzi Sibeko.
6. Mme Thutukile Skweyiya jaaka Monnasetulo wa Setlamo sa Dibetsa sa Aforika Borwa (Armscor) go fitlha ka la bo 30 Moranang 2020.
7. Rre Malusi Stanley Motimele jaaka tokololo e e seng ya khuduthamaga mo Botong gape e le Motlatsamonnasetulo wa Armscor sebaka sa dingwaga di le tharo.
8. Rre Sipho Abednego Mosai – CEO wa setlamo sa metsi sa Rand Water sebaka sa dingwaga di le tlhano.
9. Boto ya Setheo sa Botsamaisi sa Inkomati-Usuthu Catchment:
a. Mme Tokozani Patience Nyakane-Maluka (Monnasetulo);
b. Rre Mandlakayise Sam Mthembu (Motlatsamonnasetulo);
c. Mme Shivon Desiree Wiggins;
d. Moatefokate Muzikayise Bernard Shabangu;
e. Rre Thavamoney M Kelly;
f. Mme Lungile Linda Carol Zulu;
g. Mme Lungile Miranda Sikhakhane;
h. Rre Mashudu Gangazhe; and
i. Rre Pillay Absalom Tshabangu.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139