Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo Phukwi 2019, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Dipoelo go tswa kwa Samiting ya Dinaga di le Someamabedi (G20)
1.1 Kabinete e amogetse dipoelo go tswa kwa Samiting ya G20 e e neng e tshwaretswe kwa Osaka, Japan go tloga ka la bo 28 go fitlha ka la bo 29 Seetebosigo 2019. Moporesitente Cyril Ramaphosa o nnile le dipuisano di le dintsinyana tsa ka fa thoko le dinaga tse di neng di le teng kwa samiting eno go leka go matlafatsa tirisanommogo le dinaga tseo.
1.2 O tsenetse dikopano tse di emetseng dinaga di le tharo e leng naga ya rona le Monnasetulo wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), yo e leng moemedi wa Egepeta Moporesitente Abdel Fattah el-Sisi mmogo le Monnasetulo wa Mokgatlho o o ka ga Tirisanommogo e Ntšhwa tebang le Tlhabololo ya Aforika, Moporesitente Macky Sall wa naga ya Senegal, a bo a tshwara gape le dikopano tse di amang dinaga tse pedi tse di tshwerweng marareng ga ya rona le ya Russia, ya rona le ya China, ya rona le ya Japan le ya rona le ya Saudi Arabia, mmogo le go tshwara kopano le Moporesitente wa Banka ya Lefatshe, Rre David Malpass.
1.3 Moporesitente Ramaphosa o weditse lenaane la gagwe la kwa Osaka ka go tsenela dikopano le bagwebi mo nakong ya fa go ne go tshwerwe Kopano ya Borrakgwebo ba Bakaedikhuduthamagabagolo ba naga ya Japan le Aforika Borwa maitlhomo e le go tlhagisa naga ka magetla jaaka lefelo le go ka beelediwang mo go lona.
1.4 Kwa samiting eno baeteledipele mo lefatsheng ba totobaditse maitlhomo a bona tebang le go tsenngwa tirisong ga Mogopolo wa 2030 mabapi le Tlhabololo ya Leruri mmogo le Mogopolo o o ka ga Go Diragatsa Tiro o go dumelanweng ka ona kwa Addis Ababa.
2. Go tsaya leeto la tiro la semmuso la go ya kwa nageng ya Lesotho
2.1 Leeto la sešweng la ga Moporesitente Ramaphosa la go ya kwa Nageng ya Bogosi ya Lesotho le tsweletse go aga botsalano jo bo matlafetseng jwa tirisanommogo magareng ga dinaga tseno ka bobedi. Mo leetong leno o ne gape a etile jalo a emetse merero ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) kwa Lesotho.
2.2 Mo leetong la gagwe o ne a begelwa ka dikgatelopele tse di setseng di dirilwe mo go rarabololeng dikgogakgogano tsa kwa Nageng eno ya Bogosi ya Lesotho. Tshedimosetso eno e tla nna botlhokwa mo pegelong ya gagwe e a tla e rebolang kwa Kopanong ya Ditlhogo tsa Naga le tsa Puso e e tla tshwarelwang kwa United Republic of Tanzania ka kgwedi ya Phatwe 2019.
2.3 Kabinete e neseditse pula tumelano e e saenilweng ke makoko a sepolotiki a kwa nageng ya Lesotho mabapi le go tlhoma Bothati jwa Pusetso ya Setheomolao sa Naga jo bo leng mo molaong. Tumelano eno e tlhalosa gore bothati jono bo tla tlhomiwa go latela Molao wa Palamente le gore bothati jono bo tla eletsa naga mo go diragatseng molaotheo, tsamaiso ya puso, pabalesego le pusetso ya ditshwanelo tsa bobegakgang.
2.4 Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe go tshegetsa pulo ya Palamente eno e e tla netefatsang gore tumelano eno e a diragadiwa
3. Go sengwa ga mafaratlhatlha a setšhaba
3.1 Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa sešweng tsa bao ba neng ba le mo mogwantong tsa go ja sekolo se se potlana sa Katlehong ka molelo, kwa Gauteng. Ga go tšhakgalo le ngongora epe e e ka fetlhang gore dithoto tsa puso tse di jaaka sekolo di senngwe, bogolosegolo tseo di leng botlhokwa thata mo go direleng bana ba rona bokamoso.
3.2 Mo dingwageng di le 25 tse di fetileng, puso e ntse e beeletsa dibilione tsa diranta mo go ageng dikolo tse dintšhwa le mo go tsosoloseng tseo di neng di onetse. Monongwaga, puso e tsentse bokanaka R30 bilione mo go ageng dikolo tse dintšhwa le mo go tsosoloseng tseo di neng di onetse.
3.3 Kabinete e ikuela mo baaging go tlhokomela mafaratlhatlha a setšhaba sa bona, ao a ba tswelang mosola. E ikuela gape le mo baaging go dirisana le sepodisi go netefatsa gore batho bao ba senyetsang setšhaba dithoto tsa sona ba a tshwarwa.
4. Pegelo ya Kantoro ya Morunikakaretso wa Aforika Borwa (AGSA)
4.1 Kabinete e tshwenngwa ke pegelo ya dipoelothuno tsa dimasepala e e rebotsweng ke AGSA mo malobeng. Tsamaiso e e sa lolamang e e bokoa ya puso, bogolosegolo mo taolong ya matlole a puso mo dimasepaleng di le dintsinyana, e re bontsha gore manaane a kabotirelo a diragadiwa ka bokoa le ka tsela e e seng mosola.
4.2 Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Boruni jwa Ditheo tsa Puso, wa 2018 (Molao wa bo 5 wa 2018), o naya AGSA maatla a go rwesa molato batho bao go fitlhelwang ba na le seabe mo taolong e e bokoa ya matlole mmogo le go fedisa tiriso e e botlhaswa ya dithoto tsa puso, bogolosegolo mo dimasepaleng tseo gangwe le gape di ipontshang go sena tokafalo epe mo go tsona fa go tla mo dipholong tsa yona tsa dipoelothuno.
4.3 Mo godimo ga seno, ka go dira le Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA) Ngaka Nkosazana Dlamini Zuma, mmogo le ba Matlotlo a Naga, Kabinete e neseditse pula leano la go tsenyatirisong Lenaane la Go Boela kwa Tshimologong leo le tlamelang ka badiri ba ba nang le bokgoni mo dimasepaleng. Leano leno, gareng ga a mangwe, le ikemiseditse go aga bokgoni mo badireding ka go ba katisa le go fetisetsa bokgoni, mmogo le go rotloetsa kobamelo ya dipeelo tse di beilweng tseo balaodi ba dimasepala mmogo le batlhankedibagolwane ba tshwanetseng go di obamela.
4.4 Ka go dirisanammogo le boeteledipele jwa diporofense, Tona Dlamini Zuma o tla tswelela go tlamela dimasepala ka tshegetso e di e tlhokang.
5. Diintaseteri tsa Thekenoloji (4IR)
5.1 Kabinete e itumedisitswe ke gore Aforika Borwa e tshwere Samiti ya yona ya ntlha ya Ikonomi ya Mafaratlhatlha a Dijithale, e e tshwaretsweng kwa Johannesburg ka la bo 5 Phukwi 2019, jaaka kgato e e botlhokwa thata mo go logeng leano le le lolameng la 4IR ya ka fa nageng. Moporesitente Ramaphosa, Mologamaano a ponelopele George Friedman, mekgatlho ya sepolotiki, dirutegi le baagi ba ne ba tsenetse samiti eno, e e tlhotlhileng pusano magareng ga ditokololo tsotlhe, go tlhaloganyana le go tsaya dikgato tsa maanotiro a a tla baayang Aforika Borwa mo maemong a a tla e dirang gore e nne lefelo le le botlhokwa thata mo lefatsheng.
5.2 Kabinete e amogetse gape le maano a a logilweng ke ba Google a go epela megala e e tla garang kwa tlase ga lewatle go tswa kwa nageng ya Portugal go tla mo nageng ya Aforika Borwa e e tla kgontshang gore neteweke e dire botoka thata go feta maemo a e leng mo go ona jaanong ka makgetlo a le 20, go netefatsa gore ditirelo tsa inthanete di direla ka bonako. Megala eno go solofetswe gore ka ngwaga wa 2021 go tla bo go feditswe go e epela. Dikgato tsa mothale ono di tla nna mosola mo go direng gore Aforika Borwa e nne lefelo le le ngokelang mo babeeletsing ba ba batlang go beeletsa ba ka fa nageng le ba boditšhabatšhaba.
6. Motlakase
6.1 Kabinete e amogetse tsiboso ya Eskom ya gore Yuniti ya bo 3 ya Setešene sa Motlakase sa Medupi gaufi le kwa Lephalale kwa porofenseng ya Limpopo se fitlhile mo maemong a go ka dirisiwa mo kgwebong ya yona mme se setse se gokoletswe mo motemeng wa bosetšhaba wa motlakase .
6.2 Sona se tla oketsa tlamelo ya motlakase ka dimekawate di le 796. Banka ya Lefatshe le yona e totobaditse maikutlo a yona a go tshegetsa tshwetso ya puso ya go tshegetsa Eskom.
6.3 Fa re tsweletse go tshegetsa Eskom, Kabinete e ikuela go maAforika Borwa go tswelela go sonaga motlakase, bogolosegolo mo diureng tsa 17:00 le 21:00, e leng yona nako eo motlakase o dirisiwang go feta tekano.
7. Bosenyi
7.1 Kabinete e gagamaditswe ke dipolao tsa batho ba le 13 kwa Phillippi, kwa Motsekapa, ma bokhutlhong jwa beke. Re romela matshediso a rona kwa ba malapa a bao ba bolailweng, bao mo gare ga bona go neng go na le basadi ba le barataro ba ba magareng ga dingwaga di le 18 le 26.
7.2 Kabinete e tsibositswe ka dikgato tse di tsewang mabapi le go matlafatsa tshireletsego le pabalesego mo lefelong leno, mmogo le boikuelo jo bo dirilweng mo baaging ba ba nang le tshedimosetso e e tla re thusang go golefa ditlhokotsebe tseno, go ikgolaganya le seteišene sa sepodisi se se gaufi le bona.
8. Go nama ga bolwetse jwa Dikolobe
8.1 Kabinete e akgola Lefapha la Temothuo, Pusetso ya Naga le Tlhabololo ya Metseselegae ka tsela eo e tsibogetseng ka bonako go nama ga bolwetse jwa dikolobe jo bo runtseng kwa porofenseng ya Bokone Bophirima, Gauteng, Foreistata le ya Mpumalanga. Seno se thusitse thata mo go thibeleng go namelapele ga bolwetse jono. Le fa e le gore bolwetse jwa dikolobe ga bo ame batho, nama nngwe le nngwe kgotsa setlhagisiwa se se dirilweng go tswa mo dikolobeng tse di tshwereng ke bolwetse jono e ka dira gore dikolobe tse dingwe tse di senang bone di fetelwe ke bolwetse jono.
8.2 Kabinete e ikuela mo baruing botlhe mo mafelong ano a a amegileng go ntsha matlho dinameng le go bega matshwao mangwe le mangwe a bolwetse a ba a bonang mo diruiweng tsa bona.
9. Pabalesego mo ditheong tsa tirelo ya tlhokomelo ya boitekanelo
9.1 Kabinete e buile ka botlhokwa jwa pabalesego ya badiredi le balwetse mo ditheong tsa tirelo ya tlhokomelo ya boitekanelo. Seno se tlhotlheleditswe ke ditiragalo tse di neng di diragala moo badiredi ba tirelo ya tshoganyetso ya kalafi ba neng ba tlhaselwa fa ba ne ba tsibogela dikgetse tsa tshoganyetso. Go tloga ka Ferikgong 2019, dikgetse tsotlhe di ka nna di le 10 tsa ditlhaselo tsa mothale ono di begilwe, mme ya sešweng jaana ke ya kwa Cosmo City Extension 2 kwa Johannesburg. Kabinete e ikuela mo ditheong tsa tiragatso ya molao go dirisanammogo le ditheo tsa puso tsa tirelo ya boitekanelo go dira gore tshireletsego le pabalesego di gagamale mo mafelong ano a tirelo mmogo le mo dinamelweng tse di rwalang balwetse.
9.2 Kabinete e ikuela gape le mo badireding botlhe ba tlhokomelo ya boitekanelo gore ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba dire tiro ya bona ka manontlhotlho go tsholetsa maemo a tiro ya bona ka go tlhokomela balwetse ba ba leng mo diatleng tsa bona.
10. Tselafefo ya Gauteng ya e-toll
10.1 Moporesitente Ramaphosa o laetse Tona ya Dipalangwa Fikile Mbalula, Tona ya Matlole Tito Mboweni mmogo le Tonakgolo ya porofense ya Gauteng David Makhura go senka tharabololo mabapi le tselafefo ya Gauteng ya e-toll.
10.2 Ditherisano magareng ga puso mo dibekeng tse di tlang di ikaeletse go tlhagisa dipoelo tse di tshwaregang tse di tla romelwang kwa Kabineteng fa Phatwe 2019 e konosela.
10.3 Go tlhokega gore puso e tshwaragane ka diatla mo go tsibogeleng dintlha tse di jaaka e-toll go netefatsa gore maAforika Borwa a na le tshepo mo tirelong ya puso.
11. Dipuo tsa Thebolo Tekanyetsokabo
11.1 Ka Phukwi 2019, mafapha a tlhagisa dipuo tsa one tsa thebolo ya tekanyetsokabo, tse di tlhalosang maano a a utlwagalang a matlole ka ga maikano a a nopotsweng ke Moporesitente Ramaphosa mo Puo ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) tebang le tsamaiso ya borataro ya puso ya temokerasi.
11.2 Dipuo tsa Thebolo Tekanyetsokabo di tlhalosa ka botlalo maemo le maano a mafapha a a farologaneng a puso a ngwaga oo, a a diragatsang Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) la 2019-2024.
11.3 Kabinete e rotloetsa baagi go buisa dipuo tsa thebolo ya tekanyetsokabo tsa mafapha gore ba itse go rwesa mafapha ao a puso maikarabelo. Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo di netefatsa gore matlole a setšhaba a dirisediwa tiro e e tla diragatsang dipeelo tse di botlhokwa tsa puso mmogo le go unngwela bontsi jwa maAforika Borwa.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1.1 Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Naga ya Tshekatsheko ya Boithaopo gore e isiwe kwa Dinagalelokong (UN). Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga di le 193 tseo di leng tokololo ya UN tse di amogetseng semmuso Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri (di-SDG). Ka ngwaga wa 2017, Aforika Borwa e ne ya nna e nngwe ya dinaga di le 51 tse di ithaopileng go romela pegelo ya yona ya dikgatelopele kwa UN.
1.2 Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) la Aforika Borwa, Mogopolo wa ngwaga wa 2063 wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) mmogo le di-SDG tsa UN, bojotlhe jwa tsone bo tlhotlheletsa mogopolo o o ka ga tlhabololo wa Aforika Borwa mmogo le wa kontinente ya Aforika.
1.3 Pegelo ya dikgatelopele e kwadilwe ka go senkana le maikutlo a bannaleseabe ba le bantsinyana, go akaretsa mekgatlho ya baagi, lekala la poraefete le dirutegi. Pegelo eno gape e tswelela go nopola dikarolo tse di santseng di na le dikgwetlho. Gang fa e sena go romelwa, e tla fitlhelwa mo webesaeteng ya UN ya https://www.un.org/en/
C. Melaotlhomo
1.1 Kabinete e neseditse pula Molaotlhomo wa Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) wa ngwaga wa 2018 gore o ka isiwa kwa palamenteng go atlhaatlhiwa. Ka 2018, Kabinete e sweditse gore Molaotlhomo ono o ka romelwa kwa baaging gore ba tlhagise maikutlo a bona ka ona mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo, go simolola ka Seetebosigo go fitlha ka Lwetse 2018. Maikutlo a a tlhagisitsweng a tsenyeleditswe mo sekwalweng seno sa sešweng, seo janong se tla tobanang le thulaganyo e nngwe gape ya palamente e e phurutlhololang.
1.2 Molaotlhomo ono o tla dira gore Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) leo maitlhomo a lona e leng go tlamela baagi botlhe ba naga ya Aforika Borwa ka ditirelo tse di boleng tsa tlhokomelo ya boitekanelo le kgone go diragadiwa, go sa kgathalesege gore ba dikobo dikhutshwane kgotsa jang. O tla ikaega ka metheo ya bosiamisi, go se tsee letlhakore le go tshwaraganela merero ya loago. O tla samagana le thulaganyo ya ga jaana ya maokelo a boitekanelo a poraefete a a direlang maAforika Borwa a le diphesente di le lesomethataro fela fa bontsi jwa bona bo kgaphetswe kwa thoko bo tlamelwa ke maokelo a boitekanelo a puso.
1.3 Molaotlhomo wa NHI o laola gape gore go tlhomiwe setheo sa Letlole la NHI seo se tla dirang jaakag setheo sa puso seo se tla nnang ka fa tlase ga taolo ya Tona ya Boitekanelo. Setheo seno se tla tlhomiwa go nna se se ikemetseng go ya ka kgaolo 3A ya Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso (PFMA), wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 1 wa 1999).
1.4 Gang fela fa Molaotlhomo ono o sena go atlenegisiwa, leano le le leng teng ga jaana la dikgato tse di tla diragadiwang go o tsenya tirisong le tla kwalolwasešwa ka tshwanelo go kgontsha gore go ribololwe dithulaganyo tsa go diragatsa NHI ka dikgato. Paka eno ya go ribolola dithulaganyo e tla re kgontsha gore re tlose dikarolo tse dingwe tsa molao gore re kgone go nna le tolamo le kgolagano e e matshwanedi.
1.4 Tona ya Boitekanelo, Ngaka Zweli Mkhize, o tla tshwara kopano e nngwe e e itlhophileng le bobegakgang go ka tlhalosa ka botlalo ka ga Molaotlhomo ono.
D. Ditiragalo tse di Tlang
1.1 Moporesitente Ramaphosa e tla re ka Labobedi, wa la bo 23 Phukwi 2019 a etelela kwa pele baromiwa ba puso kwa Khonferenseng e e tla tsayang matsatsi a le mabedi ya “Dingwaga di le 25 tsa Temokerasi – Dingwaga di le 25 tse di tlang” kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ). Moporesitente o tla neelana ka puo ya pulo ya khonferense, e e tshwaraganetsweng magareng ga Setheo sa Mapungubwe se se ka ga Tebosešwa ya Togomaano, UJ mmogo le Kantoro ya Moporesitente.
1.2 Khonferense eno e tla lebelela Dingwaga di le 25 tsa Temokerasi tse di fetileng mme ya neelana ka ditshitshinyo tse di ka diragadiwang mo dingwageng tse di tlang di le 25 tebang le dikgato tsa ditlhabololo mo nageng ya Aforika Borwa. E tla tsenelwa ke dirutegi tsa maemo a a kwa godimo, baeteledipele ba puso mmogo le baemedi ba ditheo tsa loago, bagwebi, mekgatlho ya badiri, baagi le bašwa go akaretsa le baithuti.
E. Melaetsa
1. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
1.1 Motaki yo o diphatsa yo a fentseng difoka di sena palo, Rre David Koloane. Motaki yono yo a itsegeng e ne e le tokololo ya batho bao ba simolotseng setlamo sa Bag Factory (seo mo malobeng se neng se itsege ka gore ke Fordsburg Artists’ Studios), se se kgontshitseng bathobatsho le batho ba basweu gore ba dirisane mmogo jaaka diporofešenale, le fa go ne go na le melao ya puso ya tlhaolele.
1.2 Mama Vivian Magdalene Sarah Daniels. Mme yono e ne e le segatlhamelamasisi e bile e le mmamoratwa yo a diretseng naga mo go lwantshaneng le puso ya tlhaolele.Kgaratlhelo ya gagwe ya batho go nna mo kgololesegong go dirile gore a nne sie lefa le le tla salang le ntse le le teng mo ditšhabeng tseo a neng a samagane le tsona go ralala le Motsekapa.
1.3 Moambasatara wa mo malobeng, Ngaka Khorshed Ginwala, yo e neng e le yo mongwe wa diambasatara tsa ntlha tsa Aforika Borwa wa temokerasi mme gape a goga kwa pele ntwa ya go lwela kgololesego.
1.4 Rre Mandla Maseko, yo a neng a tshwanetse go nna mothomontsho wa ntlha mo kontinenteng ya Aforika go ya kwa sebakabakeng. Ka ngwaga wa 2014, Rre Maseko o ne a tlhagelela ka magetla mo bagaisaning ba le milione morago ga go fenya dikgaisano gore e nne yo mongwe wa batho ba le 23 ba ba tla duelelwang go ya kwa sekolong sa Axe Apollo Space Academy.
1.5 Mogale wa motshameki wa thelebišene Mama Nomhle Nkonyeni, yo a tlhokafetseng a le dingwaga di le 77. Mo malobeng Moporesitente Ramaphosa o ne a mo abela Kabo ya Naga ya Tlotlo ya Ikhamanga go bontsha tlotlo mo tirong e a e dirileng jaaka motshameki. Mmila wa Aggrey Road o o kwa New Brighton kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, koo a goletseng teng, e reeletswe sešwa ka leina la gagqwe go bontsha tlotlo.O ne a tshameka mo dikanaleng tse di jaaka Mzansi, Tsha Tsha, Igazi le mo diteramakhutshweng tsa ngwaga wa 2007, Society.
1.6 Mama Susan Manana Matona – mmemotsadi wa ga Mokwaledi wa Komiti ya Togamaano a Naga Rre Tseliso Matona – yo a tlhokafetseng a na le dingwaga di le 90.
1.7 Motshameki wa ka fa letlhakoreng wa mo malobeng wa setlhopha sa di-Springbok James Small, yo a tlhokafetseng a na le dingwaga di le 50. E ne gape e le motshameki mo setlhopheng sa di-Springbok se se fentseng Sejana sa Lefatshe sa Rakabi sa ngwaga wa 1995 ka fa nageng.
1.8 Mama Betty Philile Khumalo-Zulu, yo e leng mmemotsadi wa ga Motlatsatona wa Lefapha la Tlhabololo ya Loago, Mme Hendrietta Bogopane-Zulu.
1.9 batswasetlhabelo ba pula ya matlakadibe ya monsoon kwa nageng ya India, mmogo le puso ya kwa India. Bao ba gobetseng Kabinete e ba lakaletsa pholo ya ka bonako.
2. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e ikamanya le Aforika Borwa ka kakaretso mo go akgoleng:
2.1 moatlelete wa naga ya rona yo a retšhelelang jaaka sesepa Caster Semenya go bo a ba siile mme a fentse motabogo wa dimitara di le 800 kwa Prefontaine Classic, e e kwa California, kwa Amerika. Semenya, yo a fentseng diolimphiki gabedi, o santse le jaanong go se ope yo a ka mo siang mo motabogong wa dimitara di le 800 fa e sale ka Lwetse 2015
2.2 Bafana Bafana go bo e fentse go fetela kwa sekamakgaolakgang mo Sejaneng sa Kgwele ya Maoto sa Dinaga tsa Aforika kwa Egepeto mme re ba lakaletsa matlhogonolo mo motshamekong wa bona kgatlhanong le Nigeria.
2.3 Amy Claire King, yo a rwesitsweng korone ya Motshameki yo o Diphatsa mo Lefatsheng wa Metshameko ya Senukha kwa Metshamekong e Botlhokwa ya Senukha kwa lefelong la Blackpool le le leng kwa United Kingdom.
2.4 naledi ya thenese Kgothatso Montjane, mosadi wa ntlha wa mothomotsho wa moAforika Borwa yo a tsenang mo makgarebeng a a dirileng bontle kwa Wimbledon. O fentse Katharina Kruger wa naga ya Jeremane mo sekamakgaolakgannyeng sa motshameko wa basadi ba thenese ba ba leng mo dituloteting mo motshameki a tshamekang kgatlhanong le motshameki yo mongwe. Montjane o mo maemong a bo robedi mo lefatsheng ka bophara.
2.6 Kevin Anderson go bo a fitlheletse mokgweleo wa boraro wa banna wa kgato ya ntlha mmogo le Raven Klaasen go bo a fitlheletse dikamakgaolakgang tsa banna tsa magatomabedi.
2.7 setlhopha sa bašwa ba le 20 ba maAforika Borwa ba ba dirileng hisitori mo lekaleng la difofane ka go ikagela sefofane sa bona se se nametsang banamedi ba le bane. Setlhopha seno se tsere dibeke di le pedi go aga sefofane seno mme ba ne ba tshwerwe ka letsogo gore ba se age jang ke badiredi ba Feme ya Difofane, ya U-Dream mmogo le baeteledipele ba le tlhano ba setlhopha go tswa kwa Denel Aviation.Sefofane seno se se nametsang batho ba le bane se tsamaile se ikhutsa kwa Namibia, Malawi, Ethiopia, Zanzibar, Tanzania le kwa Uganda mo leetong la sona la dikhilomitara di le 12 000 go leba kwa Egepeta, go tswa kwa Motsekapa mo kgweding e e fetileng.
3. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
3.1 Go thapiwa ga Boto ya Nakwana ya Bokaedi kwa Koporasing ya Dipeeletso tsa Puso (PIC) go simolola ka la bo 12 Phukwi 2019 go fitlha ka la bo 31 Phukwi 2020.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139