Skip to main content
x

 

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 22 Phatwe 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi

1.1 Ditiragalo tsa sešweng tse di tsweletseng kwa Turkey di dirile gore maemo a matlole a dimaraka tse di ntseng di supoga a wele tlase ka bontsi, go akaretsa le a Ranta ya naga ya Aforika Borwa.

1.2 Tiriso ya madi ka bontsi mo mebarakeng eno e oketsegile mo go maswe mme le madi a dibonto a oketsegile, mme seno se diegisitse kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro. Maemo a a kwa godimo a matlole a naga ya Turkey mo maemong a boditšhaba a tlhodile gore go nne le dikoloto mmogo le madi a boditšhaba a a sadisitsweng a a sa reng sepe e leng seo se dirileng gore naga eno e gosomele mo megobeng e e seng kana ka sepe ya tiriso ya madi ka bontsi, ka ntlha ya fa maemo a dipholisi a ne a simolola go itsheka mo diikonoming tseo di setseng di gatetse kwa pele.

1.3 Kabinete e nopotse gore naga ya Aforika Borwa e na le diikokotlelo di le mmalwa, go akaretsa banka e e ikemetseng e e sa tseeng letlhakore, bodisi jo bo tobaneng le dikelo moo kelo go netefadiwang gore e tlhola e disitswe go bapa le palo eo e beetsweng yone, dikoloto tse di kwa tlase tota tsa dikadimo tsa matlole go tswa kwa dinageng tsa boditšhaba mmogo le leano le le tlhamaletseng la madiotlhe a naga. Kabinete e ikemiseditse gore ga e kitla e kgaogana le diikokotlelo tseno.

1.4 Mo letlhakoreng le lengwe, puso e tla tswelela go tsenya tirisong dipaakanyo tse di tla godisang bokgoni jwa ikonomi ya rona le go tlotlomatsa serodumo sa ditshwetso tsa dipholisi tsa rona.

1.5 Puso e tla tswelela go dirisanammogo le bagwebi, mekgatlho ya badiri le ya baagi go tsosolosa tshepo mo ikonoming le go baakanya dithulaganyo tse di kgoreletsang kgolo ya ikonomi. Fa re dirisana mmogo re ka fetola maano a rona go nna dikgato tse di gabaletseng go tsweletsa pele ikonomi ya Aforika Borwa.

2. Lekgetho la Ditheko (VAT)

2.1 Kabinete e amogetse pegelo ya Ditona ya Phanele ya Baitsanape eo e sugasuganeng le lenaneo la dilo tse di rekisiwang tse di sa tshwanelwang ke go amiwa ke VAT mme e ne ya tshwaela gape gore go tsenngwe le borotho jo bosweu, folouru ya go baka borotho, folouru ya go baka dikuku, dilwana tsa ka fa teng tsa bomme mmogo le diaparo tsa sekolo.

2.2 Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go tlhagisa maikutlo a bona mo mererong e e ka ga pegelo eno, eo e buletsweng gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga yone go fitlha ka letlha la bofelo la bo 31 Phatwe 2018. Tona ya Matlole, Rre Nhlanhla Nene, o tla tsaya tshweetso e e sa etsaetsegeng ka ga ditshwaelo tse di ka tsenngwang tirisong. Ditshwaelo tseno di ka kwalelwa go vatsubmissions@treasury.gov.za.

3. Kgwedi ya Basadi

3.1 Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go tswelela ka dikgato tsa go netefatsa gore basadi ba babalesegile le go matlafadiwa mo setšhabeng sa rona. Re akgola makala otlhe mo setšhabeng sa rona ka go goga kwa pele matsholo a a ikaeletseng go lwantsha tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV).

3.2 Jaaka Kgwedi ya Basadi e setse e lebile bokhutlhong, Kabinete e tswelela go tlotla bosadi ba gompieno fela jaaka e ntse e tlotla basadi ba motsi wa 1956 bao ba gwantetseng kwa Union Buildings kwa Pretoria ka maitlhomo a go nyatsa puso e e setlhogo eo e neng ya swetsa ka go ba tlontlolola ka gore ba tshware dipasa tseo di neng di supa tlhaolele.

3.3 Fa e sale temokerasi ya rona e simolola ka 1994, go fitlheletswe diphitlhelelo tse dikgologadi mo go netefatseng gore basadi ba keteka ditshwanelo tse di tshwanang le tsa banna mo thutong, ditirong, dithotong, lefeng le mo bosiamising. Mo go kganneng ikonomi e e akaretsang batho botlhe, re semeletsa go netefatsa gore basadi ba tsaya karolo ka bojotlhe mo ikonoming le mo go kganneng ikonomi e e akaretsang batho botlhe.

3.4 Jaaka karolo ya go keteka Kgwedi ya Basadi, Lefapha la Temothuo, jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi – ka tirisanommogo le Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga, mmogo le setlamo sa leokwane sa Total South Africa – e tla re ka Labone, la bo 23 Phatwe 2018 la tshwara Mokete wa bo 19 wa Dikabo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Baitlhamedikgwebo ba Bomme kwa East London mo Kapa Botlhaba.

3.4 Puso, mmogo le balekane ba yona, e tla tshwara Samiti ya Bosetšhaba e e ka ga Merero ya Bong go fitlhelela ditharabololo tse di ka ga tsela e e ka dirisiwang go samagana le GBV.

3.5 Tona ya Mapodisi, RreBheki Cele, o laetse mapodisi a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) go bayasešwa kwa setlhoeng dikgetse tse di ka ga tiriso ya dikgoka mo basading le mo baneng. Fa motho wa mme kgotsa ngwana a tla kwa sepodising go tla go tlhatlhela kgetse e e ka ga tiriso ya dikgoka, sepodisi se tshwanetse go netefatsa gore se samagana le yona ka botlalo le ka bonako jo bo seng kana ka sepe le go netefatsa gore e garelwa ka botlalo.

4. Go amoga naga 

Kabinete e lebogile maAforika Borwa a a tsereng karolo mo kgatong ya Palamente ya go reetsa ditshitshinyo tsa baagi ka ga kgonagalo ya go kwalolasešwa Karolo ya bo 25 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 e leng seo se tla kgontshang puso go amoga baagi naga ntle le go ba duela le fa e le sente o montsho. Komiti ya Palamente e e ka ga Tshekatsheko ya Molaotheo e setse e garetse dikgato tsa yona tsa go reetsa ditshwaelo le maikutlo a baagi kwa diporofenseng tsotlhe. Jaanong go tla sugasuganwa le ditharabololo tse di tswang mo maikutlong le mo ditshitshinyong tseno go akaretsa le tseo di kwaletseng komiti kwa Palamenteng.

Dipuisano ka ga merero e e ka ga go nna mong wa naga mo nageng ya Aforika Borwa di botlhokwa thata mme e bile fa re dirisana mmogo re ka netefatsa gore dipusetso tsa dinaga di nna mosola gape le mo go godiseng ikonomi ya rona bogolosegolo mo lekaleng la temothuo le go samagana le tlhokego ya tekatekano ya beng ba naga mo nageng ya rona.

Moporesitente Cyril Ramaphosa o thapile Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng eo e eteletsweng pele ke Motlatsamoporesitente David Mabuza go ka tsamaisa le go tsenyatirisong ditharabololo tse di ka ga potlakiso ya pusetsodinaga go beng, go oketsa paka e e kopilweng ya go dirisa naga, go tlamela balemirui ka tshegetso mmogo le go sugana le seemo sa bodulo se se tlhodilweng ke puso ya tlhaolele, ka go dirisa lenaane le le kgologadi le le tshegetsang pusetsodinaga go beng le tlhabololo mo temothuong.

5. Letsholo la Dintlwanaboithusetso tse di Siametseng Dikolo (SAFE)

5.1 Kabinete e amogela go thankgololwa ke Moporesitente Ramaphosa ga letsholo la SAFE, jaaka karolo ya puso ya go tsibogela dikgwetlho tsa dintlwanaboithusetso tse di tobaneng le tse dingwe tsa dikolo tse di humanegileng mo nageng. 

5.2 Letsholo la SAFE le eteletswepele ke Lefapha la Thuto ya Motheo, ka tirisanommogo le Letlole la Naga la Tshwaraganelo ya Thuto mmogo le ba Setheo sa Nelson Mandela.

5.3 Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe a setšhaba, go akaretsa le dikgwebo tse dikgolo le mekgatlho e e seng ya puso, go tshegetsa letsholo le le ikaeletseng go fedisa ditshalelomorago mo mafaratlhatlheng a dikolo tse di leng kwa mafelong a a humanegileng.

6. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS)

Kabinete e nopoletswe ke Tona ya Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwane, Mme Naledi Pandor, ka ga dikgwetlho tse di tobaneng le NSFAS. Mo go kgontsheng NSFAS gore e tsetsepele le go samagana le dikgwetlho tseo e tobaneng le tsona fa go tla mo kabong ya matlole a go thusa baithuti ba ba tshwanelwang ke go thusiwa, Kabinete e ikamantse le go thapiwa ga Motsamaisi NSFAS, Ngaka Randall Carolissen.

Go thapiwa ga Ngaka Carolissen go raya gore Boto ya ga jaana ya NSFAS e feletswe ke dithata. Botsamaisi mmogo le Boladi jwa NSFAS bo tla samagana le tshalelomorago e e leng teng mmogo le dikgwetlho tse dingwe tse di tobaneng le setheo seno go netefatsa gore tlamelo ka matlole ya baithuti e tswelela go tsamaisiwa ka maemo a a kwa godimo a go kgonagalang mo ngwageng wa 2019, mmogo le go rarabolola mathata otlhe a a saletseng kwa morago mo dingwageng tse di fetileng tsa 2017 le 2018.

7. Phokotso kwa tirong

Kabinete e gagamaditswe ke dipuo tsa sešweng tse di ka kgonagalo ya go fokotsa batho mo ditirong mo diintasetering tse dingwe, go akaretsa tsa meepo le tsa bobegakgang. Re boeletsa mafoko a rona  mo dikgwebong gore phokotso ya badiri kwa tirong e tshwanetse go diragadiwa fa fela e le kgato ya bofelofelo morago ga go tsaya dikgato tse dingwe, mme ba tshwanetse go lekelela ka gotlhe go ka boloka ditiro tsa batho ba bangwe.

Puso e tswelela go dirisana mmogo le bagwebi mmogo le mekgatlho ya badiri, mme e santse e dumela gore ka go dirisana mmogo, re ka baakanya ikonomi ya rona le go tlhola ditiro tse dingwe gape tse dintšhwa.

8. Tsa Kgaso

Kabinete e amogetse dikgang tsa gore Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC)le tla gasa metshameko ya English Premiership League games. Le fa seno se solofetsa go ka direla SABC letseno, puso e solofela gore seno ga se kitla se tima metshameko ya ka fa nageng serala le go gagamatsa seemo sa matlole seo lekgotlakgaso le setseng le le mo go sone, go lebeletswe bogolosegolo dikgwetlho tsa lona tsa ga jaana tsa go tlhaoloswa.

Kabinete e nopotse Taletso ya go Dira Kopo ya go neelwa laesense ya setlamo sa spectrum mabapi le ditirelo tsa thebolelo ya botokololo jwa kgaso ke Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa).

Le fa merero e e ka ga go rebola dilaesense e le e e tobaneng fela le bothati kanosi, go ya ka Karolo ya bo 192 ya Molaotheo, thulaganyo ya thebolo ya dilaesense e tshwanetswe go diragadiwa ka tsela e e kgoreletseng dirala tsa go gasa ntle le dikgoreletsi mo nakong ya phetolothefosano go tswa mo kgasong ya analoko go leba kwa go ya dijithale kgotsa e tshwanetse go rotloetsa maitsholo a a senang phadisano. E tshwanetse go netefatsa gore beng ba bantšhwa ba dilaesense ba kgona go gaisana ka go tshwana ntle le dikgoreletsi dipe.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Kabinete e tlhomamisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Tumelano e e tlhomang Lefelo la Aforika la Kgwebisano Ntle le Dikgoreletsi gore e amogelwe. Tumelano eno e tla tlisa dimaraka tse dingwe gape tse dintšhwa ebile di le matlhagatlhaga mo nageng yotlhe ya Aforika, bogolosegolo mo mebarakeng e mentšhwa kwa dinageng tse di kwa Bophirima jwa Aforika le tsa Bokone jwa Aforika.

2. Dipatlisiso ka thebolelo ya laesense ya spectrum

Kabinete e tlhomamisitse dipoelo tsa dipatlisiso tse di rebotsweng ke Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR), tseo maitlhomo a tsona e leng go ribolola palo ya di-spectrum tse di tlhokagalang tebang le kgaso e e senang dikgoreletsi le go rebola dilaesense mo intasetering eno. Dipatlisiso di ribolotse gape le gore go a kgonagala gore ditlamo tse dintšhwa tsa kgaso tse di dirisang Tlhaeletsanokhubu ya Kgaso e e Senang Dikgoreletsi (WOAN) mmogo le ditlamo tseo e leng kgale di le mo intasetering eno di ka rebolelwa laesense ya kgaso.

Gareng ga tse dingwe, seno se tla fitlhelela maikano a pholisi ya naga, dituelelo tsa tlhaeletsano; go fedisa dikgoreletsi tse di leng teng fa o simolola kgwebopotlana kana ya mo magareng, mmogo le go somarela dipeeletso tse di leng teng ga jaana. Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Siyabonga Cwele, o tla tshwara tsiboso ya bobegakgang ka botlalo go rebola pegelo eno.

3. Seemo tebang le kgatelopele kwa porofenseng ya Bokone Bophirima

Kabinete e amogetse pegelo ya dikgatelopele ya bone e e ka ga tsereganyo ya Karolo ya bo 100(1) kwa Bokone Bophirima. Kabinete e kgotsofaditswe ke kgato ya tsenngotirisong, moo diphitlhelelo di le mmalwa di setseng di fitlheletswe go ya ka porojeke ya go busetsa ditheo tsa porofense mo taolong. 

  • Memorantamo wa Ditumelano (MoU) magareng ga puso ya porofense le ya naga o setse o saenetswe ke Setlhophatiro sa Ditona tsa Mafapha a a Kopanetseng Tiro (IMTT) ka ga Bokone Bophirima; 
  • Balaodi ba le batlhano ba ba tla samaganang le mafapha a a beilweng ka fa tlase ga Karolo ya bo 100(1)b ba setse ba thapilwe le go tsenngwa semmuso mo maemong a batlhankedi ba ba rwalang maikarabelo ka mafapha ao;
  • Dithulaganyo le ditaelo magareng ga Ditona tsa Mafapha a Naga tse di amegang le Bakhuduthamaga ba porofense di setse di saenilwe go latela Karolo ya bo 100(1)b; mmogo le
  • Molaodikakaretso wa tsereganyo ya botsamaisi jwa Bokone Bophirima o setse le ene a thapilwe.

Kabinete gape e lebogile Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) ka fao ba tsibogetseng ntlha eno ka bonako ka gone mmogo le Setheo sa Tshegetso ya Mafaratlhatlha a Dimasepala tebang le matsapa a kgeleloleswe a a neng a runtse kwa Masepaleng wa Selegae wa Ditsobotla kwa Bokone Bophirima. Leswe le le neng le gasagane, leo le neng le setse le tlhobaetsa boitekanelo jwa baagi, le oletswe lotlhe. 

Kabinete e akgotse tiro e e setseng e dirilwe go fitlha ga jaanong ke Batsamaisi ba ba thapilweng ka fa tlase ga boeteledipele jwa IMTT, eo moeteledipele wa yona e leng Tona Nkosazana Dlamini Zuma.

4. Leano la Metswedi ya Metswako ya Motlakase (IRP)

Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga IRP e e kwalolotsweng sešwa gore baagi ba dire ditshwaelo.

Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) e tlhagisa tlhokego ya gore Aforika Borwa e beeletse mo dintsanantsaneng tse di botlhokwa tsa mafaratlhatlha a ikonomi ao a agetsweng go tshegetsa maitlhomo a ikonomi le a loago a pakakhutshwe le pakatelele. Mafaratlhatlha a eneji ke karolo e e botlhokwa e e samaganang le ditiragalo tsa ikonomi le kgolo ya ikonomi go ralala naga ka bophara; a tlhoka go nna segatlhamelamasisi le a mantsi moo a tla fitlhelelang ditlhokwa tsa intaseteri, tsa kgwebo le tsa kwa malapeng.           

Go konosetswa ga IRP go tla neelana ka lesedi ka ga bannaleseabe mo intasetering mmogo le ka ga bareki fa go tla mo pabalelong ya tlamelo ya motlakase mo pakeng e khutshwane le mo pakeng e telele.

Tona ya Eneji, Rre Jeff Radebe, mmogo le lefapha la gagwe ba tla buisana le Bobusi jwa Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro ka Labotlhano, la bo  24 Phatwe 2018 ka ga pegelotlhomo, e gape e tla phasaladiwang mo Kaseteng ya Puso le mo webesaeteng ya Lefapha la Eneji ya  www.energy.gov.za pele ga Mosupologo, la bo  27 Phatwe 2018.

5. Kabinete e amogetse Pholisi e e ka ga Ditlhaeletsano tsa Puso, e e tla dirisiwang mo maphateng otlhe a puso. Pholisi eno e rebola maitsholo le maemo ao batlhaeletsani ba puso ba tshwanelwang ke go nna nao. Gape e gapeletsa gore mafapha otlhe a puso a rebole tekanyetsokabo ya mananeo a ona a ditlhaeletsano mmogo le badiredi badiredi botlhe ba ba thapetsweng mananeo ano. Pholisi eno e tla tshegetsa Melaotumelano ya Maitsholo mo Bodiredipusong e e leng gone ga jaanong.

6. Kabinete e tlhomamisitse Togamaano ya Bofelo ya go Samagana le Kgotlhelo ya Mowa o o Hemiwang mo Mafelong a mo Aforika Borwa ao Letseno la Baagi mo go ona le leng kwa Tlase gore le ka tsenngwa tirisong. Togamaano eno e rebola dikgato tse di rulagantsweng tseo di ka tseewang go ka fokotsa kgotlhelo ya mowa e e bakiwang ke leokwane la fosele le le dirisiwang mo mafelong a a kitlaneng ao ao letseno la baagi mo go ona le leng kwa tlase.  

Kgotlhelego ya mowa ga jaana mo mafelong ano e feta Maemo a Naga a a Tlhomaneng le Boleng jwa Mowa ao a beilweng ke Molao wa Naga wa Tlhokomelo ya Tikologo le Boleng jwa Mowa:  (Molao wa bo 39 wa 2004). Togamaano eno e ribolola dikgato tse di ka tsewang go fokotsa kgotlhelego mme gape e tshitshinya gore go diragadiwe lenaanetemoso le le tla lemosang baagi bano ka ga dikotsi tse di amang boitekanelo tse di amanang le kgotlhelego eno fa e ka nna e tswela pele. E fana gape le ka metswedi e mengwe ya eneji e e ka dirisiwang mo legatong la eo ba e dirisang.

7. Kabinete e tlhomamisitse Togamaano ya Dinamelwa tse di sa Kgotlheleng Tikologo, e leng seo se tla thusang mo go fokotseng Digase tse di Kgotlhelang Tikologo (GHG) mo tikologong. Ga jaana, lekala la dipalangwa ke lone le le tlholang 10, 8% ya GHG, ka dipalangwa tse di dirisang dikontiri e leng tsone tse di tlholang 91.2% ya GHG.   

Togamaano eno e rebola dikgato di le dintsinyana tse di ka dirisiwang go samagana le seno mme di tla dira gore go nne le kgotlhelesego e e kwa tlase thata. E tshitshinya gore go dirisiwe dipalangwa tse di farologaneng le tsa setlwaedi tseo di kgotlhelang tikologo ka GHG e e kwa tlase thata. Togamano eno ga e a bolo go fetisiwa kwa baaging ka ngwaga wa  2017 gore ba ntshe maikutlo ka ga yona.

8. Kabinete e amogetse lokwalotshwanelo le le isitsweng kwa palamenteng gore le henaheniwe le le ka ga Mokgatlho wa Pabalesego ya Difofane tsa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SASO). Lokwalotshwanelo lono lo na le letlhomeso la semolao le laditheo lo lo tlhomang SASO, go ka thusa Dinaga tsa SADC gore di ka tlhokomela jang pabalesego ya difofane tsa baagi ba dinaga tsa yona. E tla samagana gape le go dira gore mafaratlhatlha a difofane mo dinageng tsa SADC a diragadiwe ka bonako le ka tolamo.

9. Kabinete e tlhomamisitse Lokwalotemoso lwa Lefapha la Puso lo lo ka ga Botaki, Setso le Ngwaobošwa lwa ngwaga wa 2018. Lokwalotemoso lono lo fedisa dintlha dingwe tsa Lokwalotemoso lwa Lefapha la Puso lo lo ka ga Botaki, Setso le Ngwaobošwa lwa ngwaga wa 1996. Lokwalotemoso lono ke motswako wa ditshekatsheko tsa Lokwalotemoso lwa ngwaga wa 1996, loo lo amogetseng diphitlhelelo tsotlhe tse di dirilweng mo dikgaolong tsa botaki, setso le ngwaobošwa mme lo samagana gape le dikgaolo tse di santseng e le dikgwetlho mo go iseng kwa pele mo go ageng setšhaba le mo go nneng seoposengwe mo temokerasing ya rona. 

Lokwalotemoso lono lo ikemiseditse go tlhagisa lekala la Aforika Borwa la botaki, setso le ngwaobošwa e e matlhagatlhaga e bile e fetogile e e tla tsenyang letsogo mo go ageng setšhaba, mo go nneng seoposengwe le mo go akaretsaneng mo ikonoming ya loago.

10. Kabinee e tlhomamisitse Letlhomeso la Pholisi ya Naga e e ka ga Ngwaobošwa ya Setso sa ka fa Tlase ga Metsi e e kopanyang Kopanokgothakgothe ya Mokgatlho wa Thuto, Saense le Setso wa Dinagakopano, Molao wa Naga wa Didirisiwa tsa Ngwaobošwa, wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 25 wa 1999) mmogo le melao e mengwe e e matshwanedi ya naga.

Pholisi eno e tshwerwe ke ntlha ya gore ngwaobošwa ya setso ke ya baagi botlhe ba naga ya Aforika Borwa. E tseela kwa tlhogong bannaleseabe ba le bantsi ba ba farologaneng mmogo le dikgato tse di ka tsewang go tsholetsa ngwaobošwa ya setso sa ka fa tlase ga metsi, le go dira gore go itsege botlhokwa jwa yona le ditiro tseo e ka di tlholang.

11. Kabinete e tlhomamisitse Lenaane la Ditempe la Ngwaga le Ngwaga la 2018 le 2019 go tswa kwa Kantoroposong ya Aforika Borwa. Ditempe tseno di bontsha ditso tse di farologaneng tseo Aforika Borwa e nang le tsone go akaretsa le go ikitse ga setšhaba, hisetori ya naga, ngwaoboswa ya rona e e humileng, baganka ba rona ba borre le bomme, tikologo ya rona mmogo le tlhabololo ya ikonomi ya loago. Ditempe tseno gape e tla nna boampasatarapotlana ba naga ya rona ya Aforika Borwa jaaka di tla romelwa go ralala le lefatshe ka mafaratlhatlha a diposo.

12. Kabinete e amogetse go betliwa ga madi a tshipi a go bontsha tlotlo a a ka bokelediwang ao Setlamo sa SA Mint se tla a rebolang ka ngwaga wa 2019.

C. Melaotlhomo

1. Kabinete e tlhomamisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Ditlhopho wa ngwaga wa 2018. Molaotlhomo ono o kwalolasešwa dikgaolo di le tharo tsa molao ono e leng, Molao wa Khomišene ya Ditlhopho wa ngwaga wa 1996  (Molao wa bo 51 wa 1996); Molao wa Ditlhopho wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 73 wa 1998) mmogo le Molao wa Ditlhopho tsa Mebasepala wa Pusoselegae wa ngwaga wa 2000 (Molao wa bo 27 wa 2000).

Molaotlhomo ono o dira dipaakanyo di le dintsinyana go ka tlhatlosa thulaganyo ya ditlhopho ya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC). Tse dingwe tsa ditshitshinyo tse di kwalolotsweng sešwa di ka ga gore IEC e ka dirisa metswedi yotlhe e e nang nayo ya tshedimosetso go ka fitlhelela tshedimosetso e e tlhokegang go ka ka dira le go tlhokomela lenane la batlhophi la ka fa nageng. Gape o thibela go dirisiwa ga leina le ditlhakakhutshwe tsa IEC mmogo le go dirisiwa ga leinakgwebo kgotsa didirisiwa tsa yone.

2. Kabinete e tlhomamisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana. Molaotlhomo ono o kwalolasešwa Molao wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana wa ngwaga wa 2005 (Molao wa bo 36 wa 2005) e leng o o tla tlhagolelang Lokwalotemoso lwa Pholisi ya naga ta ICT, go dira gore Aforika Borwa e nna setšhaba se se tsenyeletsang botlhe, se se itshimololelang kitso le go nna setšhaba se se dirisang didirisiwa tsa dijithale. Gape e dira gore go nne le kgatelopele mo lekaleng leno ka go tsenyeletsa  tshegetso e e atolositsweng ya bantsho mo ikonoming (BBBEE).

Gareng ga tse dingwe, e fokotsa ditlhwatlhwa tse di duelelelwang fa go tla mo dikgokaganyong. Gape e fokotsa tlhatlhamano ya mafaratlhatlha a a tshwanang e bile e rotloetsa dikgaisano go ya ka ditirelo ka go dirisa tirelo ya WOAN.

3. Kabinete e tlhomamisitse gore go ka phasaladiwa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Matlole wa ngwaga wa 2018 gore baagi ba dire ditshwaelo ka one. Dipaakanyo tseno di mo dikarolong di le tlhano tsa melao:

  • Molao wa Kgosomelo mo Dikolotong wa ngwaga wa 1963, go gagamatsa melawana ya dikonteraka tse di tsenelwang ke maphata a le mabedi, go latela maikano a a tserweng ke G20;
  • Molao wa Matlole a go Rola Tiro mo Sesoleng wa ngwaga wa 1976, go samagana le dikgaolo tse di tlhaololang tsa molao le go netefatsa gore ga go nne le tlhaolele e e totileng bong jo bo rileng go netefatsa gore molao ono o tseela tlhogong dikamano tse di farologaneng tse di leng teng;
  • Molao wa Dibanka wa ngwaga wa 1990, go kgontsha ditlamo tsa puso tse di nang le matshwanedi go ka dira dikopo tsa dilaesense tsa go tlhama dibanka, go latela go neelwa tetla ke Khuduthamaga.
  • Molao wa Matlole a go Rola Tiro mo Pusong wa ngwaga wa 1996, go fetola ntlha ya kgaoganyo e e sa tseeng letlhakore fa go tla mo ntlheng ya go tswa mo lenyalong, go netefatsa gore dituelelo tsa tokololo tse di duelelwang mokapelo yo a kgaoganeng nae ga di fetolwe go nna sekoloto se se jarwang ke tokololo eno; mmogo le
  • Molao wa Ditiro tsa Boruni wa ngwaga wa 2005, o samagana le dikgwetlho mmogo le dikgoreletsi tseo Boto e e Ikemetseng ya Bolaodi jwa Baruni e tobanang le tsone fa e diragatsa maikarabelo a yona a bolaodi le tlhokomelo.

4. Kabinete e tlhomamisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Ditiro tsa Sesole. O samagana le thulaganyo ya tsamaiso ya dikgotlatshekelo tsa sesole, go tlhomiwa le go thapiwa ga sepodise sa sesole, mmogo le dikopano tsa kgalemelolonyatso mo sesoleng.

Molaotlhomo ono o tla fedisa Molao wa Dikgatotlaleletso tsa Kgalemelolonyatso wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 16 wa 1999) o o santseng o dirisiwa ga jaana. Molaotlhomo ono gape o tla dira gore Ditiro tsa Sesole tsa SANDF di tsamaisane le tsa UN, bogolosegole mo sesoleng se se rometsweng kwa dinageng tse go nang le dikgogakgogano gona go netefatsa gore go rena kagiso.  

5. Kabinete e tlhomamisitse gore go phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlamo wa ngwaga wa 2018 gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga one. Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Ditlamo wa ngwaga wa 2008 (Molao wa bo 71 wa 2008 ). O fokotsa morwalo wa melawanataolo le tsamaiso mo beng ba dikgwebo le go oketsa kgogelo ya babeeletsi mo nageng ya Aforika Borwa.

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Kgwedi ya Bojanala ka Lwetse e thankgolotswe ka la bo 16 Phatwe 2018 kwa lefelong la Tsitsikamma  mo Kapa Botlhaba, ka moono yo o reng: “Bojanala le phetolothefosano mo didirisiweng tsa dijithale”, e leng seo se tsamaisanang le moono wa Letsatsi la Lefatshe la Bojanala la Mokgatlho wa Lefatshe wa Bojanala wa UN le le tla ketekiwang ka la bo 27 Lwetse 2018.

Go ya ka pegelo ya Lekgotla la Lefatshe la go Tsaya Maeto le Bojanala e e gololotsweng ka Ngwanaitseele 2016, bojanala bo thapile batho ba le dimilione di le 1.55 ba ba direlang bojanala ka tlhamalalo le bao ba dirang go sa tlhamalala gore ba thapilwe ke lekala leno mo nageng ya Aforika Borwa, mmogo le seabe sa lona se se tlhamaletseng mo Seelosotlheng sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) ka madi a le kanaka R118 bilione.

Kabinete e ikuela mo go botlhe go tshegetsa lekala leno le le botlhokwa la ikonomi. Go botlhokwa thata gape gore re simolole go dira gore go nne le phetogothefosano mo lekaleng leno la bojanala leo le bulelang boitshimololedikgwebo, ditšhono mo ikonoming mmogo le ditiro mo ditšhabeng tsa borona.

2. Kabinete e tlhomamisitse Lenaane la Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba la 2018 ka moono yo o reng: “Roma Nna: Go Isetsa Baagi Ditirelo tsa Puso: Batho Pele: “We Belong, We Care and We Serve”.

3. Letsatsi la Tlotlomatso ya Naga ya SAPS ka la bo 2 Lwetse 2018, ka ditiro tsa tlotlomatso tse di tla simololang ka la bo 31 Phatwe 2018. Seno ke go tlotlomatsa mapodisi le maresefe bao ba bolailweng ba le mo tirong, bao ba duetseng ka tlhwatlhwa e e kwa godimo go gaisa mo go direleng naga ya bobona.

Kabinete e ikuela mo go maAforika Borweng otlhe go lemoga botlhokwa le go keteka matshelo a baganka bano ba banna le basadi ba ba tlhokafetseng ba direla naga ya bobona. E ikuela mo maphateng otlhe a puso go fofisetsa folaga kwa tlase mmogo le mo baaging go supa tlotlo mo letsatsing leno ka go diragatsa seitu mo meketeng yotlhe ya kwa kerekeng mo pakeng ya matsatsi a go simolola ka la bo 31 Phatwe go fitlha ka la bo 2 Lwetse 2018, e leng tshupo ya go tshegetsa SAPS.  

4. Aforika Borwa e tla tshwara Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Saense, Thekenoloji, Enjenering le Botsamaisi, e e rulagantsweng ke ba mokgatlho wa Research World, go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 25 Phatwe 2018 kwa Motsekapa. Khonferense eno e tla neela batsayakarolo ditšhono tsa go abelana le bao ba tla bong ba tsenetse khonferense eno go tswa lefatsheng ka bophara ka dikakanyo tsa bona mmogo le maitemogelo a bona, mme seno ke sesupo se se netefaletsang sešwa gore Aforika Borwa e tota e le lefelo le le kwa godimo le go ka tshwarelwang mekete ya lefatshe kwa go lone.

5. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tsaya karolo mo ditiragalong tse di ka ga go keteka Kgwedi ya Ngwabošwa ka Lwetse. Kgwedi ya Ngwabošwa e ketekiwa ngwaga mongwe le mongwe ka maitlhomo a go rotloetsa baagi go keteka tshwaragano ya bona go sa kgathalesege gore ba farologane go le kanakang mmogo le go tswelela go aga naga eo beng ba yona ba ratanang le go tlotlana mo go maswe.

E. Melaetsa

1. Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba

Kabinete e boeletsa taletso ya ga Moporesitente Ramaphosa e e laletsang baagi go tlhopha baagi ba ka fa nageng le ba kwa ntle ga naga bao ba dumelang gore ba diretse naga bontle e le tota moo e bile ba nang le matshwanedi a go ka neelwa tlotla  e e kwa godimo tota ya naga, e leng Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba. Letlha la bofelo la go romela ditlhopho tseno ke la bo 7 Lwetse 2018.

2. Eid

Kabinete e lakaletsa masego le matlhogonolo go Mamoseleme a a nnang mo nageng ya rona ya Aforika Borwa le go ralala le lefatshe ka bophara fa ba ne ba keteka Eid-ul-Adha maabane, ka la bo 22 Phatwe 2018. Mamoseleme a feta 2 500 go tswa mo nageng ya Aforika Borwa a ile kwa Nageng ya Bogosi ya Saudi Arabia go kopana le Mamoseleme a mangwe gape a feta dimilione di le pedi go tswa kwa dikhutlhong tsotlhe tsa lefatshe go tla go keteka mokete wa sedumedi wa Hajj

3. Melaetsa ya Matshediso

3.1  Kapa Botlhaba e ikamanya le mafoko a Moporesitente Ramaphosa mo go romeleng matshediso kwa ba lelapa le ditsala tsa ga Mama Zondeni Sobukwe, yo a neng a itsege thata ka leina la “Mme wa naga ya Azania”. Moporesitente Ramaphosa o itsisitse gore Tirelophitlho ya gagwe e tla nna ya Maemo a Bobedi a Tirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng. E ne e le moganka wa mosadi yo a neng a lwela kgololesego ya baagi botlhe ba Aforika Borwa, yo a neng a tswelela go lwela kgololesego le mo pusong ya ga jaana ya temokerasi. Ka la bo 28 Moranang 2018 – e bile e le go atolosa mekete ya Letsatsi la Kgololesego – Moporesitente Ramaphosa o ne a rwesa Mama Sobukwe Totla e e  Selefera ya Naga ya Luthuli. E ne gape e le mosadi wa Moporesitente wa Ntlha wa mokgatlho wa dipolotiki wa Pan Africanist Congress (PAC) Rre Robert Mangaliso Sobukwe. Ngwaga ono wa 2018 gape o tshwaya segopotso sa bo 40 fa e sale Rre Sobukwe a latswa kika. Mama Sobukwe o tla fitlhwa ka Lamatlhatso, la bo 25 Phatwe 2018, kwa Diphupung tsa Kroonvale kwa Graaff-Reinet kwa Kapa Botlhaba.

3.2 Kabinete e ikamanya gape le Moporesitente Ramaphosa mo go romeleng matshediso a yona go latela go latswa kika ga Motlotlegi Kofi Atta Annan, yo e neng e le Mokwaledikakaretso wa mo malobeng wa UN (UNSG). Rre Annan ke mothomontsho wa ntlha wa moAforika go ka nna UNSG mme o ne a dirisa maemo a gagwe go tsweletsa megopolo ya maAforika. Leso la gagwe e tota e le tatlhegelo e kgologadi mo lefatsheng ka bophara.

3.3 Kabinete e romela gape le matshediso a yona go latela go raga kgamelo ga ga seopedi se se diphatsa se se itsegeng lefatshe ka bophara seo gape e neng e le molweladitshwanelo  tsa baagi yo o matlhagatlhaga wa Dinagakopano tsa Amerika, Mme Aretha Franklin.

3.4 Kabinete e ikamanya le dinaga tsa boditšhabatšhaba mo go romeleng matshediso a yona kwa Pusong ya Italy le kwa baaging ba naga eo, go akaretsa le kwa bamalapa le ditsala tsa batswasetlhabelo, go latela go gosomela ga leborogo la dijanaga la Morandi kwa teropong ya Genoa e e kwa bokone jwa bophirima jwa Italy. Kabinete e lakaletsa bao ba tswileng dikgobalo mo tiragalong eno go ka fola ka bonako.      

3.5 Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa ga serutegi se se itsegeng lefatshe ka bophara sa merero ya dipolotiki le ikonomi sa moAforika, Rre Samir Amin, yo a hulereng ka la bo 12 Phatwe 2018 a na le dingwaga di le 86. Botshelo jwa gagwe jotlhe o ne a touta ntlha ya kgololesego ya Lefatshe la Boraro, mme dikakanyo tsa gagwe di fetotse ka fao re tlhaloganyang puso ya go busa ka madi le e e busang ka tšhaka.

3.6 Kabinete gape e romela matshediso a yona kwa pusong le kwa baaging ba naga ya India go latela tatlhegelo ya matshelo mo merwaleleng e e neng e rwaletse fa gautshwane le kgosomelo ya lefatshe kwa nageng ya Kerala.

3.7 Matshediso a ne a romelwa gape le kwa pusong le kwa baaging ba naga ya Sudan go latela go betiwa ke metsi ga bana ba sekolo ba le 24 ba ba nwetseng ka sekepe mo nokeng ya Nile River.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Mme Deshni Subbiah jaaka Mokaedi wa Boto ya Koporasi ya Aforika Borwa ya Inšorense ya Dikoloto tsa Diromelwantle ya SOC Limited.
2. Mme Thezi Rosemary Mabuza, o thapilwe sešwa jaaka Motlatsamokhomišenara wa Khomišene ya Naga ya Ditshwanelo tsa Bareki.

3. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bakaedi ba Bankatlhabololong ya Lefatshe le Temothuo:

  • Moatefokate Sandra Coetzee (o thapilwe sešwa); le
  • Mme Mathane Eveline Makgatho (o thapilwe sešwa).

4. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Ditlamo tsa Difofane tsa Aforika Borwa:

  • Ngaka Nolulamo Nobambiswano Gwangwa (Monnasetulo);
  • Mme Phydelis Ntombifuthi Mvelase;
  • Rre Yershen Pillay;
  • Rre Bonang Francis Mohale;
  • Rre Pascalis Mathealira Mokupo;
  • Mme Nosizwe Nokwe-Macamo; le
  • Rre Nqobizitha Irvin Phenyane.

5. Maloko ao e Seng a khuduthamaga mo Botong ya Setlamo sa Setheo sa Ditsela tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa:

  • Rre Themba Barrange Mhambi (Monnasetulo);
  • Rre Alderman Robert Haswell;
  • Mme Nkareng Mpobane;
  • Rre Thamsanqa Piet Matosa; le
  • Mme Dladla.

6. Lekgotla la Dikeletso ka Boitshimololedi la Bosetšhaba:

  • Mme Claire Busetti (o thapilwe sešwa);
  • Rre Paul Steenkamp (o thapilwe sešwa);
  • Mme Thulile Mthethwa;
  • Rre Isaiah Clive Engelbrecht;
  • Rejoyce Gavhi-Molefe;
  • Moporofesara Derrick Ian Swartz (Monnasetulo);
  • Ngaka Tiisetso Elizabeth Lephoto;
  • Mme Ilse Karg (o thapilwe sešwa e bile gape ke moemedi wa Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti));
  • Ngaka Molapo Qhobela (o thapilwe sešwa);
  • Moporofesara Crain Arthur Soudien (o thapilwe sešwa);
  • Ngaka Thulani Humphrey Dlamini (o thapilwe sešwa);
  • Rre Dhesigen Pydiah Naidoo (o thapilwe sešwa);
  • Ngaka Shadrack Moephuli (o thapilwe sešwa);
  • Moporofesara Roseanne Denise Diab (o thapilwe sešwa);
  • Ngaka Boitumelo Phakathi; le
  • Mme Mamello Matikinca.

7. Setheo sa Naga sa tsa Lefaufau sa Aforika Borwa:

  • Mme Xoliswa Kakana (Monnasetulo);
  • Moporofesara Azwinndini Muronga;
  • Rre Johan Prinsloo (o thapilwe sešwa);
  • Rre Willie van Biljon (o thapilwe sešwa);
  • Rre Eugene Jansen (o thapilwe sešwa);
  • Rre Ashley Naidoo (o thapilwe sešwa e bile gape ke moemedi wa Lefapha la Merero ya Tikologo);
  • Rre Lindelwa Simphiwe Hamilton (o thapilwe sešwa e bile gape ke moemedi wa Lefapha la Sesole);
  • Mme Nomfuneko Majaja (moemedi wa dti);
  • Mme Mariam Paul (moemedi wa Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso);
  • Mme Leago Stella Takalani;
  • Mme Lumka Msibi;
  • Moatefokate Icho Kealotswe Matlou;
  • Mme Matsie Matooane (o thapilwe sešwa);
  • Mme Innocentia Mmule Pule (o thapilwe sešwa); and
  • Mme Mbaliyethu Mfeka (o thapilwe sešwa).

8. Setheo sa Dipatlisiso sa Naga:

  • Moporofesara Tinyiko Maluleke (o thapilwe sešwa);
  • Moporofesara Nadine Felicity Petersen;
  • Ngaka Sarah Mosoetsa (o thapilwe sešwa);
  • Ngaka Nompumelelo Obokoh (Monnasetulo);
  • Moporofesara Haroon Bhorat;
  • Moporofesara Zebion Vilakazi;
  • Moporofesara Sinah Saurabh;
  • Moporofesara Nomalanga Mkhize;
  • Moporofesara Glenda Elisabeth Gray;
  • Ngaka Bongani Ngqulunga;
  • Mme Mpho Letlape (o thapilwe sešwa);
  • Rre Mashangu Ronny Lubisi (o thapilwe sešwa); and
  • Mme Claire Busetti (o thapilwe sešwa).


Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

 Union Building