Skip to main content
x

 

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 19 Lwetse 2018, kwa Union Buildings, Pretoria.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi


1.1 Kabinete e amogetse go ithaopa ga maphata a poraefete mo go ka romeleng badiredi ba ona ba seporofešenale kwa maphateng a puso fa puso e tlhoka batho ba e ka tshwarisanang le bona tiro. Seno se tlhageletse mo kopanong ya ipaakanyetso e e neng e tsenetswe ke Moporesitente Cyril Ramaphosa mmogo le baeteledipele ba kgwebo, baromiwa ba ba itlhophileng ba merero ya dipeeletso mmogo le Setlhopha sa Bakhuduthamaga mabapi le Samiti ya Ditiro le Khonferense ya Dipeeletso tse di tla tshwariwang mo nakong e e tlang.

1.2 Mo kopanong eno go dumelwane gore go tsosolosa ikonomi ya naga ya Aforika Borwa go tlhokagala gore go tsenngwe ka bonako sephuthelwana sa tsosoloso mmogo le dikgato tsa tshegetso ya kgolo ya ikonomi tse di sa bolo go solofediwa. Go atlhaatlhilwe gape le ditshitshinyo tse dintšhwa tse di ka ga go dira letsholo la tlhabololo ya mafaratlhatlha le le ngokelang tlamelo ka matlole go tswa mo lephateng la poraefete mmogo le kitso e e tseneletseng mo go fitlheleleng dipeelo.

2. Letsholo la dipeeletso

2.1 Kabinete gape e amogetse letsholo le le ka ga dipeeletso le le boloditsweng kwa nageng ya Japan ke ba Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti). Maitlhomo a letsholo leno ke go ngokela dipeeletso di ka ja US$100 bilione mo ikonoming ya naga ya Aforika Borwa mo dingwageng di le tlhano tse di tlang.

2.2 Japan ke kgale e ntse e le e nngwe ya dinaga di le 10 tse di beeletsang ka bontsi tseo di ntseng di tsweletse go beeletsa jaaka molekane mo nageng ya Aforika Borwa, ka ditlamo tsa yona di feta di le 140 tse di dirang ka fa nageng ya rona, mme e bonwa jaaka lefelo la tlhagiso ya dikuno mo kontinenteng ya Aforika. Kabinete e rotloetsa ditlamo tseno go beeletsa le go oketsa ditlamo tsa tsona mo nageng ya Aforika Borwa.

3. Manaane a katiso

3.1 Kabinete e amogela go thankgololwa ga porojeke e e malebana le katiso e e jeleng bokanaka R22 milione e e thankgolotsweng ke Tona ya Lefapha la Merero ya Badiri, Mme Mildred Oliphant, e leng selo se se tla tlholang ditiro mo makaleng a difofane, dikepe le mawatle go akaretsa le a temothuo. Porojeke eno e diragadiwa ka tirisanommogo le Dr John Langalibalele Dube Institute mmogo le ba Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF), e leng setheo sa Lefapha la Merero ya Badiri. Porojeke eno e tla thusa bogolosegolo bao mo malobeng ba neng ba duela lekgetho la UIF mme ga jaanong ba kgaotswe mo ditirong tsa bona.

3.2 Setlhopha sa ntlha sa bao ba tla thusiwang ke batho ba le 50 bao ba neng ba duela lekgetho la UIF go tswa kwa Boemafofaneng jwa kwa Durban jwa Virginia; ba bangwe gape ba le 50 e tla bo e le ba porojeke ya dikepe le mawatle kwa Scottsburg, KwaZulu-Natal, mme basadi ba le 100 ba kwa metseselegaeng go tswa kwa motseng wa Emadungeni ba tla katisetswa go itshimololela koporasi gore ba kgone go itemela maungo, merogo le letseta ntle le go dirisa manyora a diphologolo, go akaretsa gape le dithulaganyo tsa go tsamaisa kgwebo ya bona. Dikoporasi tseno di setse di saenile ditumelano le setlamo sa Pick n Pay mo ba ikanang gore ba tla se tlamela ka merogo mmogo le Lefapha la Tlhabololo ya Loago go tla ka didirisiwa tse di tlhokegang go loga diaparo tsa sekolo.

4. Lefapha la Merero ya Selegae 

4.1 Kabinete e amogetse moletlo wa pulosemmuso ya dikantoro tse dintšhwa tsa Lefapha la Merero ya Selegae o o neng o tsenetswe ke Moporesitente Ramaphosa kwa KwaZulu-Natal.

4.2 Go atolosetsa ditirelo tsa baagi mo metseng e e siilweng kwa morago go botlhokwa thata mo go kgontsheng le mo go tseneletseng temokerasi le bosiamising jwa loago. Seno ke karolo ya maikano a puso a go isetsa baagi ditirelo.

5. Lenaaneng la phetolelokgaso go ya go ya dijithale

5.1 Kabinete e itumeletse kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tloseng kgaso ya ka fa nageng mo analokong go ya kwa dijithaleng. Jaaka karolo ya nako e e beilweng ya gore ka Sedimonthole 2018 porofense ya Foreistata e tla bo e sa tlhole e dirisa Analoko, sedirisiwa sa ntlha se se gasang marang a kgaso kwa motseng wa Senekal kwa Foreistata se tla timiwa ka la bo 20 Lwetse 2018. Seno ke go tsamaisana le tumelano e e utlwanetsweng le ba Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU).

5.2 Letshologadi le le ka ga tsiboso eno le mo tseleng go netefatsa gore malapa otlhe a ipaakanyetsa go timiwa ga sedirisiwa seno. Malapa a a santseng a dirisa dithelebišene tsa analoko mme a batla go reka tse dintšhwa a eletswa gore a reke dithelebišene tse di tsentshitsweng sedirisiwa sa dijithale mo go tsona. Malapa a a nang le letseno le le kwa godimo ga R3 200 ka kgwedi ba ka itlhophela go reka thelebišene e ntšhwa e e tsentshitsweng sedirisiwa sa dijithale mo go yona sa phetolo ya marang a kgaso, se se rekisiwang ga jaana mo mabentleleng a magolo.

6. Phokotso kwa tirong

6.1 Mo go ikamanyeng le boikuelo jwa ga Moporesitente Ramaphosa jwa go emisa dikgato tsa go fokotsa batho kwa tirong ka ntlha ya maemo a ga jaanong a ikonomi mo nageng, Kabinete e boeletsa boikuelo jwa yona mo bathaping gore dikgato tsa go fokotsa batho mo tirong e tshwanetse go nna kgato ya bofelofelo, le gore ditsela tse dingwe tsa go ka sonaga madi le go fokotsa ditshenyegelo di tshwanetswe go ka fenyekololwa go netefatsa gore ga go fokodiwe badiri.

7. Dipalopalo tsa Bosenyi

7.1 Kabinete e neseditse pula ditsereganyo tsa Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego tse di ka ga go samagana ka lepotlapotla le togaleano ka botlalo e e tla samaganang le merero e le mentsinyana e e farologaneng e e rebotsweng ke pegelo ya sešweng ya dipalopalo tsa bosenyi.

7.2 Seno se akaretsa Samiti ya sešweng jaana ya Naga e e ka ga Thibelobosenyi le Tirisodikgoka e e neng e tshwerwe ka moono yo o reng, “Go aga ditšhaba tse di babalesegileng ka kgato tse di tshwaraganeng tse di ka ga tlhabololo mo mererong ya tibelobosenyi le tirisodikgoka”, e e tlhagisitseng ponelopele e e tshwanang mo pabalesegong le mo mo go rwaleng maikarabelo, le go dira serala seo bannaleseabe le baitsanape ba ba botlhokwa ba ka se dirisetsang go buisanela tsenyotirisong e e maleba e e ka ga lokwalotemoso la ngwaga wa 2016 lo lo ka ga Pabalesego le Tshireletsego mo makaleng otlhe.

8. Ditiragalo tsa tirisodikgoka 

8.1 Kabinete e tshwenyegile thata ka maemo a ditiragalo tsa tirisodikgoka mo ditšhabeng tsa borona mme e ikuela mo makaleng otlhe, baaging botlhe le ditheo tsotlhe tsa molao go dirisana mmogo go netefatsa gore dikolo le mafelo otlhe a setšhaba a babalesegile.

8.2 Ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di runtseng mo mafelong a le mmalwa mo nageng ga di amogelesege e bile ga di a letlelelwa ke Molaotheo wa naga ya rona. Kabinete e akgola ka fao Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e samaganeng le tsone ka gone mo go golegeng bao go belaelwang ba amega mo ditiragalong tseno le bao go fitlhetsweng ba tshotse dilo tse go belaelwang di utswitswe.

9. Go runya ga Bolwetse jwa Klebsiella 

9.1 Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba malapa a masea a le thataro ao a tlhokafetseng go latela go runya ga Bolwetse jwa Klebsiella pneumoniae kwa Sepetleleng sa Thelle Mogoerane kwa Vosloorus.

9.2 Ga jaanong bolwetse jono bo kgonnwe go fokodiwa bogale. Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, o tlhalositse gore masea le batsadi ba ona bao ba neng ba le mo sepetleleng seno ba setse ba rometswe kwa Sepetleleng sa Bana sa Nelson Mandela mmogo le kwa Sepetleleng sa Dithuto tsa Bongaka sa kwa Johannesburg sa Charlotte Maxeke.

9.3 Seno se tla kgontsha lefapha la porofense la boitekanelo go ka kgorotlha le go kgotlolola tikologo ya yona, mmogo le go baakanya meago ya sepetlele seno , ntle le go kgorelediwa ke sepe.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

10. Sephuthelwana sa tsosoloso


Kabinete e atlhaatlhile le go tlhomamisa sephuthelwana sa tsosoloso se se tshitshintsweng mme sone se tshitshinya dikgato tse di ka tsewang go ka tsosolosa ikonomi ya rona mo dikgaolong di le dintsinyana tsa rona. Tsiboso ya bobegakgang e e tla gogwang kwa pele ke Moporesitente Ramaphosa e tla tshwarwa ka Labotlhano la bo 21 Lwetse 2018 go tlhalosa ka botlalo sephuthelwana seno.

11. Melawana e e kwalolotsweng sešwa e e amanang le VISA

Kabinete gape e amogetse pegelo e e kopanetsweng go tswa kwa Toneng ya Merero ya Selegae le kwa Toneng ya Bojanala, mme yona e atlhaatlhaa melawana e e kwalolotsweng sešwa e e amanang le VISA e leng seo se tla nolofatsang dilo mo lephateng la bojana, bagwebi le barutegi go tla ka fa nageng ya Aforika Borwa.

Melawana e e kwalolotsweng sešwa eno e akaretsa go kwalolwa sešwa ga melawana e e amang bana ba batswakwantle ba ba etelang Aforika Borwa mme e tla phasaladiwa mo Kaseteng ya Puso ka kgwedi ya Diphalane. Go tla konosediwa gape le dipuisano tse di mabapi le go beela visa kwa thoko le go se gagamatse ditlhokwa tsa go ka iponela visa fa o tswa kwa dinageng tse di rileng. Dintlha ka botlalo di tla rebolwa mo bekeng eno.

C. Melaotlhomo

12. Kabinete e dumetse gore Melaotlhomo e e latelang e ka phasaladiwa gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka yona:

12.1 Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tekatekano mo go Thapiweng le kwa Tirong wa ngwaga wa 2017. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tla matlafatsa dithulaganyo tsa kobamelomolao mme di tla kgontsha gore go nne bonolo go dira dipalopalo tsa dipeelo tse di tobaneng le lekala ka lengwe mo mererong ya tekatekano mo go thapiweng le mo tirong. Tona ya Merero ya Badiri, ka go buisana le bannaleseabe ba lekala, ba tla kgona go dira dipalopalo tsa dipeelo tse di tobaneng le lekala ka lengwe mo mererong ya tekatekano mo go thapiweng le mo tirong.

12.2 Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Lekala la Matlole wa 2018: Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa maitlhomo a tsona ke go matlafatsa matla a dibanka tebang le bolaodi le tlhokomelo ya matlole badirisi ba yona, go akaretswa le dibanka tsa puso le tsa dikoporasi, mmogo le ditheo tse dingwe tsa matlole tse e seng dibanka. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tla netefatsa gore fa ditheo tseno tsa matlole di ka itemogela dikgwetlho, di kgone go ka thusiwa ka mokgwa o o tla sireletsang batho ba ba bolokang madi bao ba ka tswang ba le mo tlalelong ka go fokotsa dikgoreletsi tsa dithulaganyo tsa matlole le tsa ikonomi ka kakaretso.

D. Ditiragalo tse di Tlang

13. Letsatsi la Ngwaobošwa


13.1 Mokete wa Letsatsi la Ngwaobošwa ya Naga wa 2018 o o ketekiwang ka moono yo o reng: “Ngwaga wa Nelson Mandela: Go tlhatloswa phetolothefosano ya mafatshe a ngwaobošwa a Aforika Borwa”, o tla tshwarelwa kwa Lebaleng la Metshameko la Riverview kwa Kokstad, KwaZulu-Natal. Seno ke karolo ya lenaane la ditiragalo tsa kgwedi yotlhe tse di samaganang le merero ya phetolothefosano, tsholetso le tshomarelo ya ngwaobošwa e e lobebe e e humileng ya naga ya Aforika Borwa, go iketse mmogo le go aga setšhaba le go dira gore re nne seoposengwe.

13.2 Mokete wa Letsatsi la Ngwaobošwa ke go supa tlotlo go Adam Kok le ditšhaba tsa maGriqua malebana le bopelokgale jwa bone, maikemisetso le bommatota jwa bona mo go lwantsheng puso ya bokoloniale.

13.3 Kabinete e ikuela mo baaging go keteka tshwaragano ya bona mo pharologanong e ba nang le yone jaaka re tla bo re dirisana mmogo mo go ageng naga eo baagi ba yona ba tla ratanang le go tlotlana.

14. Kopanokakaretso ya Kokoano ya Dinagakopano (UNGA)

14.1 Mo go nneng le seabe mo go ketekeng ngwagakgolo wa Moporesitente wa mo malobeng Rre Nelson Mandela, UNGA ka la bo 24 Lwetse 2018 e tla tshwara kopano ya togomaano ya maemo a a kwa godimo mabapi le kagiso e e ralalang lefatshe lotlhe e e reetsweng leina la gore ke Samiti ya Kagiso ya Nelson Mandela, go supa tlotlo mo ngwagakgolong wa matsalo a ga Madiba.

14.2 Kopano eno e rulagantswe ka tsela eo e tla kgontshang gore go utlwanelwe kgoeletso ya sepolotiki e e bueletsweng ke Dinagaleloko tsa UNGA. Seno se latela go buisana le ditokololo tsa leruri mo mokgatlhong wa UN tsa Aforika Borwa le tsa Ireland, tse di dirang jaaka letsogo le lengwe la bolaodi, moo dipuso di leng mo beteng jwa kgoeletso eno. Moporesitente Ramaphosa gape go solofetswe gore o tla nna le seabe kwa Kopanong ya Maemo a a kwa Godimo ya UN e e ka ga Lehuba (TB) ka la bo 26 Lwetse 2018. TB ke bolwetse jo bogolo mo nageng ya Aforika mme tse dingwe tsa dinaga tse di nang le balwetse ba le bantsi ba TB di mo kontinenteng eno.

E. Melaetsa

15. Melaetsa ya Matshediso


Kabinete e romela matshediso a yona kwa bamalapa ao a latlhegetsweng ke bao ba ba ratang mo kotsing eo e diragetseng mo tselafefong ya N1-25 gaufi le lefelo la Tobias kwa Masepaleng wa Tikologo wa Waterberg kwa Limpopo. Kabinete gape e eletsa bao ba iponetseng dikgobalo pholo ya ka bonako.

16. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e akgola Tona ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, Mme Lindiwe Zulu, go bo a amogetswe kwa maemong a a kwa mankalankaleng a Kabo ya Tlotlo ya Rio Branco (Ordem de Rio Branco), mmogo le ya Sefapano se se Tshegonolofetseng go tswa kwa Pusong ya Brazil.

Seno ke go leboga matsapa a Tona mo tirong ya gagwe e e sa kgaotseng ya go tokafatsa merero ya botsalano jwa dinaga ka bobedi e leng ya Brazil le ya Aforika Borwa. Tlotla ya mothale ono ya kwa nageng ya Brazil ga e abelwe mang le mang fela e abelwa bao ba dirileng bontle go gaisa mo tirong e e duleng diatla le mo ditirelong tsa baagi. Tona Zulu e ne e le moAmbasatara wa naga ya Aforika Borwa kwa nageng ya Brazil magareng ga ngwaga wa 2004 le wa 2008.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

17. Boto ya Setlamo sa Rand Water:

a. Moatefokate Faith Matshidiso Hashatse (Monnasetulo);
b. Mme Massacha Khulekelwe Glynnis Mbonambi (Motlatsamonnasetulo);
c. Rre LL Makibinyane;
d. Mme Phindile Sweetness Mbanjwa;
e. Rre Ahmed Mohammed Pandor;
f. Mme Mahlatse Martha Kabi;
g. Mme Mankone Ntsaba;
h. Mme Nomsa Georgina Mbileni;
i. Rre Protas Thamsanqa Phili;
j. Mme Sophie Fende Molokoane;
k. Mme Savannah Nonhlanhla Maziya; le
l. Rre Ramateu Johannes Monyokolo.

18. Rre Percival Sechemane jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo wa Trans-Caledon Tunnel Authority.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 1039

 Union Building