Kabinete e kopane ka Laboraro, 7 Phatwe 2019 kwa Union Buildings, kwa Pretoria
A. Merero ya ga Jaananong
1. Maitlamo a Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Badiri (NEDLAC)
1.1. Kabinete e tsweletse go tshwenngwa ke maemo a a kwa godimo a botlhokatiro le dipalopalo tse di kwa tlase tsa kgolo ya ikonomi mo nageng. Dipholo tsa Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri tsa kgweditharo ya bobedi ya 2019 tse di golotsweng ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA), di bontsha gore palo ya semolao ya botlhokatiro e oketsegile ka 1,4% go ya go 29,0% fa go bapanngwa le kgweditharo ya ntlha ya 2019.
1.2. Kabinete e tsweletse go ikana go mekamekana le dikgwetlho tsa maemo mo setšhabeng tse di tsweletseng go ama tiragatso ya ikonomi ya rona le bokgoni jwa yona mo go mekamekaneng le dikgwetlho tsa kgolo.
1.3. Tumelano ya tsibogelo ya ka bonako e e saenilweng ke mekgatlho yotlhe kwa NEDLAC e itlama go kopana le baamegi kgwedi le kgwedi go sala morago maitlamo a Samiti ya Ditiro ya bo some a supa le bosupa (77). Dikopano tsa kgwedi le kgwedi di tla tsamaisiwa ke Moporesitente Cyril Ramaphosa go tloga ka Lwetse 2019.
1.4. Maitlamo a a tserweng ke baamegi botlhe – ao a tsenyeletsang puso, badiri, kgwebo, mekgatlho ya baagi – mananeo a totilweng go tlhama ditiro, mekgwa ya go tlosa dikgoreletsi go tlisa tshimolodiso, gammogo le ditumelano ka ga go tshola ditiro le mekgwa ya go thibela tatlhegelo ya ditiro. Gape go tsenyeleditswe le maitlamo a lephata le le rileng le le lebeletseng boitshimoledi go godisa ikonomi.
2. Tirisanommogo ya Aforika Borwa le Japane
2.1. Kabinete e amogela boitshimoledi jwa tirisanommogo magareng ga Aforika Borwa le Japane go lwantsha kgotlhelego ka dipolasetiki ka go tshegetsa phetogo ya intaseteri ya polasetiki ya selegae go tswa go dipolasetiki tse di tlwaelegileng go ya go mekgwa e e tswelelang le go siamela tikologo.
3. Foramo ya bo 18 ya Molao wa Kgolo le Ditšhono tsa Aforika (AGOA)
3.1. Aforika Borwa bošeng e tsere karolo mo Foramong ya bo 18 ya AGOA e e neng e tshwaretswe kwa Côte d'Ivoire ka fa tlase ga setlhogo: “AGOA le Isago: Go tlhama Maemo a Kgwebisano e Ntšhwa a a tla Kaelang Amerika (US) le Aforika mo Kgwebisanong le mo Dipeeletsong”.
3.2. AGOA ke lenaneo le le ikemetseng la kgwebisano la US le le neelanang ka go sa duedise lekgetho go dithoto tse di tswang le tse di tsenang go dikuno di feta 6 400 go tswa go dinaga di le 40 tsa AGOA tse di dumeletsweng tsa Borwa jwa Aforika ya Sahara, go tsenyeletsa Aforika Borwa, go tsena mo mmarakeng wa US.
3.3. Dipuisano tse di thusang le go namatsa tsa Aforika Borwa le Kemedi ya Kgwebisano ya US di neelana ka kgonagalo ya go fitlhelela mmaraka wa US le Amerika go beeletsa mo ikonoming ya rona, tseo e leng ditsela tse di botlhokwa go arabela go tlhamiwa ga ditiro le go fedisa bohuma.
4. Go tlhaselwa ga maloko a Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS)
4.1. Ditlhaselo tse di sa tswang go diragala mo malokong a SAPS ba le mo tirong kwa Toropong ya Johannesburg ga di a tshwanelwa go amogelwa. Kabinete e kgala ka bogale ditlhaselo tseno mme e laetse maloko a sepodisi le ditheo tsa tirelo ya tsa molao go sala morago babelaelwa ntle le poifo kgotsa go tsaya letlhakore.
4.2. Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 o laela ditheo tsa tirelo ya tsa molao, go tsenyeletsa le tirelo ya sepodisi, ba tshwanetse go thibela, go lwantsha le go batlisisisa bosenyi, ba nne le taolo ya setšhaba, ba tshegetse le go sireletsa baagi ba yona le dikago tsa bona tse di farologaneng le go tsholetsa le go tsenya molao tirisong.
4.3. Tlhaselo nngwe le nngwe mo batlhankeding ba tirelo ya molao ke tlhaselo mo pusong ya rona le mo boipusong jwa yona, ditlhaselo tse di jalo ga di a tshwanela go tlogelwa fela di sa otlhaiwa. Re ikuela go baagi go tshegetsa ditheo tsa puso, bogolosegolo tseo e leng tsa molao le go nna seoposengwe kgatlhanong le ditiro tseno tsa tirisodikgoka tseo di batlang go tlhasela mapodisa.
4.4. Kabinete e ikuela go ditheo tsa tirelo tsa molao go tswelela go tsenya molao tirisong le go tshwara bao ba robang melao ya naga ya rona. Melawana ya kgaolo ya bommasepala e tshwanetse ka dinako tsotlhe go obamelwa mme re ipiletsa go bommasepala botlhe go tsenya tirisong melawana ya kgaolo ya rona ya bomasepala. Re tsweletse go nna naga e e obamelang molao eo e tla tswelelang go netefatsa gore go rena kagiso, tsepamo le tswelopele mo baaging ba yona.
4.5. Kabinete e solofela gore batho botlhe ba ba tshelang kgotsa ba ba leng mo nageng ya Aforika Borwa ba tshwanetse go dirisana le ditheo tsa rona tsa molao gore di kgone go lwantshana le ditiro tsa bosenyi le tseo di seng mo molaong.
4.6. Kabinete e netefaletsa setšhaba gore ditheo tsa tirelo ya molao di tla dira ka natla le go tshwara batho bao ba tsweletsang botlhokotsebe le tirisodikgoka.
5. Go senngwa ga thoto ya setšhaba
5.1. Kabinete e amogela bokhutlo jwa go ngala ditiro kwa Toropong ya Tshwane. Le fa go le jalo, go swabisa thata gore bakgweetsi ba dibese ba dirile maparego mo ditseleng tse dikgolo tse di tsenang ka toropo ka dibese tsa mmasepala, mme bangwe ba bao ba ngadileng ditiro ba sentse mafaratlhatlha mme go begwa gape fa ba bangwe ba ba ne ba tshosetsa maloko a setšhaba.
5.2. Kabinete e tshwentswe ke ditiragalo tse di golang tsa go senngwa ga thoto ya setšhaba tseo di tsamaisanang le boipelaetso le go ngala ga ditiro mo nageng. Tshwanelo ya go ipelaetsa e sireleditswe le go nna teng mo Molaotheong, mme go na le ditsela di le di ntsi tsa kagiso tsa go arabela ditletlebo tsa setšhaba ntle le go senya ditirelo le thoto ya setšhaba. Go baakanya mafaratlhatlha a a senyegileng go na le ditlamorago tse dikgolo tsa ditšhelete le tsa loago, tseo di amang ka tsela e e sa siamang baagi bao ba dirisang ditirelo tse di jalo letsatsi le letsatsi.
6. Tuelelo mabapi le bolwetse jwa Silicosis
6.1. Kabinete e nopotse katlholo e iseng e diriwe fa e sale ya tuelelo ya R5 billione e e rebotsweng ke Kgotlatshekelokgolo ya Borwa jwa Gauteng, eo e romelang molaetsa o o bogale go dikhamphani tsa meepo go baya kwa godimo pabalesego ya badiri go thibela malwetse ao a nang le kgonagalo ya go tlhagelela morago ga lobaka fa ba sena go rola marapo.
6.2. Katlholo ya Kgotlatshekelokgolo e tla dira gore diketekete tsa badiri ba kwa meepong ba maloba ba duelelwe botlhoko le tshotlego eo ba e boneng morago ga go bona malwetse a a amanang le dinako tse di telele tsa go dira mo meepong ya gauta.
6.3. Kabinete gape e akgola ditlhopha tsa molao, go tsenyeletsa le thuso ya tsa molao, eo e emetseng mekgatlho e e farologaneng mo kgetseng eno e e gogileng lobala lo lo leele eo kwa bokhutlhong e konoseditsweng ka gore go rebolwe tuelelo go badiri ba meepo ba maloba kgotsa bajalefa ba ba maleba ba bona, mo ntlheng ya badiri ba meepo ba ba setseng ba tlogetse lefatshe le le ka kwano, morago ga go tlhaselwa ke bolwetse jono jwa silikhosisi kgotsa mefuta e e rileng ya bolwetse jwa mafatlha jo bo ba tshwereng morago ga letlha la bo 12 Mopitlwe 1965.
6.4. Dikhamphani di le thataro tsa meepo ya gauta – African Rainbow Minerals, Anglo American, AngloGold Ashanti, Gold Fields, Harmony le Sibanye- Stilwaters- mmogo le babueledi ba badiraditopo, ba tla tlhama Therasete ya Tshiamiso, eo e tla netefatsang gore badiri ba meepo kgotsa bajalefa ba bona ba ba maleba ba amogela phimola keledi.
7. Tumelano ya Mozambique
7.1. Kabinete e amogela go saeniwa ga Tumelano ya Kagiso le Poelano kwa Mozambique ka Labobedi, 06 Phatwe 2019, jaaka letshwao la go nna seoposengwe le batho ba Mozambique, le go tshegetsa kagiso le boitshetlelo mo nageng.
7.2. Tumelano e latela katlego ya puisano ya sepolotiki magareng ga Puso ya Mozambique le Mokgatlho wa Mozambique wa Kgaratlho wa Bosetšhaba, eo e isitseng kwa go saeniweng ga tumelano ka ga go tlisa kwa bokhutlong dikgotlhang tsa sesole ka 1 Phatwe 2019.
7.3. Aforika Borwa le Mozambique di arolelana dikamano tse di namatsang tsa botsalano jwa dinagapedi, jwa sepolotiki, jwa ikonomi le jwa loago tse di tshegediwang ke dikamano tse di matla tsa hisetori tsa go tloga go dingwaga tsa kgaratlhelo ya kgololesego. Moporesitente Ramaphosa le bontsi jwa Ditlhogo tsa Naga go tswa kwa SADC ba ne ba tsenetse moletlo wa tshaeno.
8. Caster Semenya
8.1. Kabinete e swabile nko go feta molomo gore naledi ya rona ya moatlelete, Caster Semenya, ga a kitla a letlelelwa go sireletsa sekgele sa gagwe sa lefatshe sa dimitara di le 800 kwa Makgaolakgang a Lefatshe kwa Doha, Qatar. Seno se latela tshwetso ya kgotlatshekelo ya Swiss e e tshegetsang Fetereišene ya Mokgatlo wa Diatleletiki wa Boditšhaba eo e batlang gore a nwe melemo go fokotsa theseterone mo mmeleng.
8.2. Kabinete e tshegetsa Mohumagadi Semenya ka pelo ya yona yotlhe jaaka a dira boikuelo le go lwela ditshwanelo tsa gagwe tsa motheo. Jaaka baatlelete ba bangwe botlhe, o na le tshwanelo ya go gaisana kwa ntle ga tshunyo nko mo mmeleng wa gagwe ka go mo gapeletsa go fetola mmele wa gagwe ka mokgwa mongwe le mongwe wa melemo.
9. Matshwao a Bosetšhaba
9.1. Kabinete e ipiletsa go maAforika Borwa go tlhopha batho bao ba bonang ba tshwanelwa ke go neelwa tlotla e e kwa godimo ya naga, Matshwao a Bosetšhaba.
9.2. Dikgele tseno di tlotla maAforika Borwa le baditšhaba ba dinaga di sele ba ba botlhokwa bao ba nnileng le seabe ka ditsela tse di farologaneng mo go fitlheleleng Aforika Borwa wa temokerasi yo o gololesegileng, a le seoposengwe, a sena bosemorafe ebile a tswelela pele.
9.3. Ditlhopho tsa Dikgele tsa Bosetšhaba tsa 2020 di tla tswalwa ka di 31 Phatwe 2019 mme moletlo wa dikabo o tla tshwarwa ka Moranang 2020. Diforomo tsa go tlhopha di ka bonwa mo webosaeteng ya Lefapha la Moporesitente: www.thepresidency.gov.za. Maloko a setšhaba a kopiwa go setlegela ka lekwalo le le tlhalosang ka botlalo tshwetso ya bona ka ga motho yo o tlhophilweng.
B. Ditshwetso tsa Botlhokwa
1.1. Go nama ga mogare wa bolwetse jwa Ebola
Tona ya Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba, Ngaka Naledi Pandor le Tona ya Boitekanelo, Ngaka Zweli Mkhize, ba boleletse Kabinete ka ga go nama, mmogo le loso le le bakilweng ke Ebola kwa Democratic Republic of Congo le matshosetsi a a lebaneng dinaga tse di gaufi.
1.2. Mogare ono o fetelana go tswa go motho yo mongwe go ya go yo mongwe ka go kgoma madi le diela tsa mmele wa motho yo a nang le mogare ono. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO), Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tsa mo kontinenteng ya Aforika tse di nang le kgonagalo e e kwa tlasetlase ya go ka fetelwa ke mogare ono.
1.3. Kabinete e nopoletswe ka boripana ka dikgato tse di setseng di tserwe tsa go mekamekana le dikgetse tsa Ebola fa go ka diragala gore e runye mo nageng ya rona. Ditlhatlhobo di le tharo tse di farologaneng tsa matshosetsi a bolwetse jono tse di setseng di dirilwe di netefaditse gore kgonagalo ya go fetelwa ke Ebola mo Aforika Borwa e kwa tlase thata. Dikgato tse di gagametseng tsa boitekanelo di setse di tserwe mo nageng ya rona go tsenyeletsa le tsa go nopolwa ga maokelo mo diporofenseng tsotlhe a a tla dirisediwang go mekamekana le Ebola fa e ka runya mo nageng. Ntle le maokelo a a supilweng, dikgato tse dingwe gape tse di tserweng di tsenyeletsa mafelo a tekolo a a leng kwa melelwaneng ya go tsena mo nageng, ditlhaeletsano le dithulaganyo mmogo le dilaboratori tse di supilweng.
1.4. Kabinete e atlenegisitse dikgato tsa motsi wa tshoganyetso tse di setseng di rulagantswe go netefatsa gore naga e tsibogela ka tolamo bolwetse jono fa go ka diragala gore bo runye. Le fa go le jalo re batla go netefaletsa naga gore Aforika Borwa e santse e le kwa maemong a a kwa tlase a go ka fetelwa ke Ebola.
C. Ditiragalo tse di Tlang
1. Letsatsi la Basadi la Bosetšhaba
1.1. Ka Labotlhano, 9 Phatwe, naga e tla bo e keteka Letsatsi la Basadi la Bosetšhaba, leo le bontshang kgaratlhelo ya go nna naga e e senang tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng, e e senang bosengmorafe le e bile e sa tlhaole go ya ka lotso kana bong, ka fa tlase ga setlhogo: “ Dingwaga di le 25 tsa Temokerasi: Go Godisa Aforika Borwa go samagana le Kgaratlho ya Basadi”.
1.2. Moporesitente Ramaphosa o tla neelana ka puo ya botlhokwa kwa Mapatlelong a Vryburg, kwa Kgaolong ya Ngaka Ruth Segomotsi Mompati, kwa porofenseng ya Bokone Bophirima.
1.3. Kgwedi ya Basadi e setse e bone go agelela ga ditiro tseo di totileng natlafatso le tshireletso ya basadi, go tsenyeletsa go thapiwa ga maloko a Khomišene ya Tekatekano ya Bong (CGE) ke Moporesitente Ramaphosa. CGE ke setheo sa molao se se tlhomilweng go tsweletsa tlotlo ya tekatekano ya bong le tshireletso, tlhabololo le go fitlhelela tekatekano ya bong.
1.4. Basadi ba na le karolo e e botlhokwa e ba e tshamekang mo go ageng ikonomi ya naga, mo go tlhameng ditiro le go tsholetsa malapa go tswa mo bohumeng. Natlafatso ya bomme ke senotlolo sa go kgaola sediko sa tshotlakako eo e tseneletseng setšhaba sa rona sa Aforika Borwa. Kabinete e ikuela go baamegi botlhe go baya kwa godimo go tsweletso ya basadi le go tsenela ditiro tsa go keteka letsatsi la Basadi kamoso.
2. Samiti ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC)
2.1. Moporesitente Ramaphosa o tla etelela pele kemedi go tsaya karolo mo Samiti ya bo 39 ya Ditlhogo tsa Naga le Puso tsa SADC eo e tla tshwarelwang kwa Tanzania ka la bo 17 le la bo 18 Phatwe 2019.
2.2. Ka nako ya samiti, Moporesitente wa Tanzania, John Magufile o tla tsaya marapo a bodulasetilo jwa SADC mo go molekanemmogo ka tiro wa Namibia, Moporesitente Hage Geingob.
2.3. Samiti ya SADC gape e solofetswe go buisana ka botlalo ka ga merero e e farologaneng, go tsenyeletsa le go tsenngwatirsong ga maano a tiriso a kgaolo le maemo a a kwa setlhoeng a a jaaka ditlhabololo, kgwebisano, tlhabololo ya mafaratlhatlha, go tlhomiwa ga palamente ya kgaolo, le go tshwaraganngwa ga kagiso le pabalesego mo kgaolong.
D. Melaetsa
1. Matshidiso Kabinete e romela matshidiso go:
1.1. Batho ba Rephaboliki ya Tunisia go latela go tlhokafala ga Moporesitente Beji Caid Essebsi.
1.2. Balosika le ditsala tsa ga Toni Morrison, mokwadi le moamogedi wa Sekgele sa Nobel, yo o tlogetseng lefatshe le le ka kwano a na le dingwaga di le 88. Mokwadi yono yo o tlotlegang o kwadile ka ga maitemogelo ka ga African- American mo ditlhamong mo dingwagakgolo tse di fetang tlhano, mo dipading tse di tsenyeletsang Beloved le The Bluest Eye.
1.3. Batho ba India go latela go tlogela lefatshe le le ka kwano ga mogaka wa dipolotiki wa India Sushma Swaraj, 67, kwa New Delhi. Swaraj e ne e le Tona ya Merero ya Boditšhaba ya naga go tloga ka 2014 go fitlha go 2019. E ne e le mosadi wa bobedi go okama kantoro eo mo hisetoring ya India.
2. Dikakgolo le Dikeleletso Masego Kabinete e:
2.1. akgola setlhopha sa badiredi ba Batimamolelo ba le 45 le batsamisibagolo ba bona, bao ba feditseng bokana ka matsatsi a le 30 ba lwantsha kgabo ya molelo kwa Porofenseng ya Alberta kwa Canada Bophirimeng. Setlhopha se rometswe koo go thusa mo go timeng molelo o mogolo wa naga kwa Chuckegg Creek oo o fisitseng diheketara di feta 350 000 e sale go tloga ka Motsheganong 2019 fa o ne o simolola, mme seno se latela kopo ya go thusiwa go tima molelo ono e e dirilweng ke baa Senthara ya Canada ya Setheo-Gare sa Melelo ya Dikgwa.
2.2. akgola bathumi ba rona bao ba dirileng setšhaba motlotlo kwa Makgaolakgang a Lefatshe a FINA a 2019 kwa South Korea. Zane Waddell yo a boneng gauta mo lebelong la go thuma la dimitara di le 50 la backstroke, Chad le Clos yo a boneng diboronse di le pedi mo lebelong la go thuma la dimitara di le 100 le di le 200 la butterfly, Tatjana Schoenmaker o bone selefera mo lebelong la go thuma la dimitara di le 200 la breaststroke.
2.3. eletsa setlhopha sa Aforika Borwa sa beisebolo sa ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 18 masego le matlhogonolo fa ba tsholetsa folaga ya rona kwa godimo kwa thonamenteng ya Sejana sa Lefatshe kwa South Korea go tloga ka la bo 30 Phatwe go fitlha ka la bo 8 Lwetse 2019.
2.4. akgola Khanyisile Mthetwa, motshameki yo a neilweng neo ya go letsa folute, yo e leng moAforika wa ntlha go tlhophiwa jaaka moamogedi wa Sekolašipi sa Boditšhaba sa Myrna Brown (sa 2019), seo a se abetsweng ke Mokgatlho wa Amerika wa Folute wa Bosetšhaba.
Dipotso:
Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete sa Namaosatshwere
Mosokelwatsebeng: 083 501 0139