Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 7 Ngwanaitseele 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Samiti ya Moporesitente e e ka ga Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) le Polao ya Basadi le Basetsana
1.1. Kabinete e amogetse ditsereganyo tse di atlegileng tsa Samiti ya Moporesitente e e ka ga GBV le Polao ya Basadi le Basetsana e e neng e tshwerwe ka la bo 01 le la bo 02 mo kgweding ya Ngwanaitseele. Samiti eno e totobaditse lepotlapotla la go utlwanela ditsela tsa go samagana le matsapa a GBV, tlhaolo ya basadi mmogo le go tlhoka tekatekana ga batho ba bong jo bo farologaneng.
1.2. Puso e dumetse gore e tla sekasekana le maano a naga mabapi le go fedisa GBV le go simolola go logana le Leanotiro la Naga le le tla samaganang le GBV. E ikemiseditse go dirisanammogo le maphata otlhe a a nang le seabe go netefatsa gore re fedisa GBV ka bontsi – mme kwa bofelong re e fedisa ka gotlhelele.
1.3. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go dirisanammogo gore go fetolwe maitsholo le dikgato tse di sa siamang mmogo le ditheo mo go fediseng tirisodikgoka e e totileng batho ba bomme.
2. Depeeletso
2.1. Kabinete e amogetse Khonferense e e atlegileng e e neng e tshwaretswe kwa Sandton, Johannesburg. Khonferense eno ya Dipeeletso e kgontshitse naga ya Aforika Borwa go bokeletsa maikano a dipeeletso tse di ka fetang R290 bilione mo makaleng a a farologaneng a ikonomi. Maikano ano a tlaleletsa maikano a a bokeleditsweng a dipeeletso mo nakong ya fa go ne go samaganwe le maeto a go ngokela dipeeletso a a neng a rebotswe ke baromiwa ba ba itlhophileng ba merero ya dipeeletso mmogo le go tswa kwa dinageng tse di farologaneng tsa kwa ntle mo nakong ya maeto a semmuso moo go bokeleditsweng maikano a a fetang R400 bilione a dipeeletso.
2.2. Khonferense eno e ne e tsenetswe ke baromiwa ba feta ba le 1 000, go tswa kwa dinageng di feta di le 35. Go ne go rena mowa o o edileng mme naga e ne ya bontsha ka ditšhono tse dintšhwa tse e nang le tsona tse go ka beelediwang mo go tsona le ka dipholisi tse di tshegetsang gore naga e nne lefelo le le siametseng dipeeletso.
2.3. Kabinete e akgotse setlhopha se se neng se samagane le go rulaganyetsa Khonferense eno mme e solofela go tswelela go amogela dipegelo tsa ka gale mabapi le maikano a a tserweng.
2.4. Fa Aforika Borwa mmogo le Aforika yotlhe e tswelela go gatela pele mo dikgatong tsa yona mo go godiseng ikonomi ya kontinente, Kabinete e amogela Foramo ya Dipeeletso ya Aforika, e ga jaana e tsweletseng go fitlha ka la bo 9 Ngwanaitseele kwa Johannesburg. Foramo ya Dipeeletso ya Aforika e tshwerwe ke Bankatlhabololo ya Aforika. Maitlhomo a yona ke go oketsa dikatlego tse di leng gone ga jaana ka go ngokela dipeeletso go tswa kwa makaleng a puso le a poraefete gore go thadiwe Leano le Lentšhwa la Kgolo ya Ikonomi (NGP) mo Kontinenteng yotlhe ya Aforika.
2.5. Khonferense ya Dinaga tsa Aforika ya G20 e e sa tswang go tshwariwa e tshegetsa kgolo ya ikonomi ka go dira maikano a a farologaneng a a rotloetsang dipeeletso go tswa mo makaleng a poraefete le go tsaya karolo mo dinageng tsa Aforika jaaka e le karolo ya Letsholo la Tumelano le Aforika. Monnasetulo wa Letsholo la Tumelano le Aforika ke naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Germany ka Setlhopha sa Baeletsi ba Dinaga tsa Aforika.
2.6. Kabinete gape e amogetse go thankgololwa ga mo malobeng ga Difeme tsa kwa Phuthaditjhaba kwa Foreistata e leng se se tla rotloetsang pulo ya difeme le go oketsa go tlholwa ga ditiro tsa ka fa nageng le kgolo ya ikonomi kwa porofenseng eo.
2.7. Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore dikgato tseno kwa bofelong di tla fokotsa botlhokatiro jo bo leng teng ka fa nageng, ka go tlhotlheletsa mowa wa go nna le tsholofelo le maikaelelo.
3. Go tlhola ditiro
3.1. Puso e oketsa matsapa a go tlholela bašwa le maAforika Borwa otlhe ditiro, ka go tsepamisa maikutlo a yona mo ikonoming ya kwa makeišeneng le ya kwa metseselegaeng, le mo dikgwebong tsa basadi le tsa bašwa bao go leng gantsi o fitlheleng ba tlhomerwe ke dikgwetlho tsa ikonomi.
3.2. Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore sephuthelwana sa tsosoloso ya ikonomi, se se tla tsenyang R50 bilione mo makaleng a a botlhokwa a a jaaka a temothuo, mafaratlhatlha a setšhaba, ikonomi ya kwa makeišeneng le ya kwa metseselegae, e leng se se tla tlholang ditiro tse di tlhokegang le go tshegetsa go boela sekeng ga ikonomi.
3.3. Seno se tlaleletsa dipoelo tsa Samiti ya Ditiro moo puso, maphata a kgwebo le mekgatlho ya badiri ba utlwaneng gore: ba tla reka diphatlho tsa ka fa nageng; ba tseye dikgato tse di gagamaditsweng mabapi le diromelwantle; go tsereganya mo ditlhagisiweng tsa temothuo mmogo le go tshegetsa dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolwane gore di kgone go tlhagisa ditiro.
3.4. Kabinete e dumela gore dikgato tseno di botlhokatiro mo go samaganeng le dipoelo tseo di rebotsweng ke Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng ya boraro mo ngwageng ono wa 2018, e leng se se bontshitseng dikarolo di le pedi e leng kgolo mo diphatlhatirong mmogo le koketsego ya palo ya batho ba ba senang ditiro. Mo pakeng ya dikgwedi di le tharo, go tlhodilwe ditiro di le 92 000 mo godimo ga tse di neng di le teng. Le fa go le jalo, ka ntlha ya gore 'basenkaditiro ba ba nyemileng mooko' ba mo malobeng ba ka nna 131 000 ba simolotse sešwa go batlana le ditiro mo kotareng eno, palo ya batho ba ba senang ditiro le yona e ne ya oketsega, ka dikarolo di le 0.3 tsa phesente go ka nna diphesente di le 27.5.
3.5. Go ya ka Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA) kgolo ya ditiro e bonagetse mo ditirelong tsa kgwebo, kgwebisalo le mo dikonterakeng tsa go aga, fa tatlhegelo ya ditiro yona e bonagetse mo meepong, tlhagisodikunong, dinamelweng le mo ditirong tsa batho ba ba thusang kwa malapeng. Ditiro mo makaleng a a kwadisitsweng semmuso a ne a fokotsega fa ditiro kwa makaleng a e seng a kwadisiwa semmuso tsone di oketsegile.
4. Segopotso sa Ngwaga wa bo 20 sa fa e sale Molao wa Dikgaisano o tsenngwa tirisong
4.1. Kabinete e nopotse gore e setse e le dingwaga di le 20 fa e sale Molao wa Dikgaisano o tsenngwa tirisong ka Diphalane 1998. Mo dingwageng di le 20, ditheo tsa bothati jwa dikgaisano di dirile bontle e le tota mo go lwantsheng mamena a digongwana mo dikgwebong, tirisobotlhaswa ya mebaraka ka go nna komang ka nna mmogo le go sireletsa dikgatlhegelo tsa baagi fa dikgwebo di golagana. Bothati bo kgonne go dira gore ditlamo tse di tshetseng molao ono di atlhaiwe le go duela madi a kotlhao a a fetang R8 bilione. Kantoro ya Tona ya Tlhabololo ya Ikonomi, ka go tsaya dikgato tse di leng ka fa Molaong wa Dikgaisano, e kotlopeditse madi a feta R5 bilione a letlole le le itlhophileng go ka tsholetsa dikgwebopotlana, batlamedi ba ka fa nageng le borapolase ba bathobatsho ba e leng gone ba tsenang mo dikgwebong ya polasa.
4.2. Kabinete e akgotse bothati jwa dikgaisano tebang le tiro e e dirilweng mo go buleleng borakgwebo ba bantšhwa ditšhono mo ikonoming le go rotloetsa dikgato tsa go itshimololela dikgwebo le go gaisana.
5. Kopano ya bo 18 ya Mokgatlhokgo wa Dinaga tse di Kgotlhaneng tse di leng mo Karolong e e ka fa Letlhakoreng la Indian Ocean (IORA) wa Lekgotla la Ditona tsa Dinaga tseo (COM)
5.1. Kabinete e akgola Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhabatšhaba mo go tshwareng Kopano ya IORA ya bo 18 ya COM e e neng e tshwaretswe kwa Durban, KwaZulu- Natal ka la bo 02 Ngwanaitseele 2018 ka moono yo o reng: "Re Kopanya Merafe ya Aforika, Asia, Australasia le ya Middle East ka tirisanommogo e e tlhotlhelediwang ka Kagiso, Tsetsepelo le Tlhabololo e e Somarelwang”.
5.2. E nngwe ya dipoelo tse di rebotsweng mo kopanong eno ya bo 18 ya IORA e nnile Maikano a a Itlhophileng a go bontsha tlotlo mo go Moporesitente Nelson Mandela yo e leng wa ba bangwe ba bao ba simolotseng IORA. Seno se ne sa dira gore go tlhomiwe “Lenaane la borutelatiro la IORA mabapi le Nelson Mandela la ‘Nna Lefa leo o Batlang go Nna Lona’” leo go lebeletsweng gore le tla thankgololwang semmuso ka Phukwi 2019. Maitlhomo a letsholo leno ke go matlafatsa le go neela bašwa ba mafelo a a welang ka fa tlase ga IORA ka bokgoni le maitemogelo a kwa tirong mo dithutong tseo ba ithutelang tsone.
6. Go Lwantsha Bosenyi
6.1. Kabinete e amogetse Yuniti ya go Lwantsha Digongwana tsa Bosenyi e e sa tswang go thankgololwa kwa Hanover Park, Kapa Bophirima, ke Moporesitente Cyril Ramaphosa. Kgatotharabololo eno ya puso ke tlaleletso mo go samaganeng ka matshwanedi le matsapa a a tlisiwang ke digongwana le ditiragalo tsa bosenyi tseo di amanang le diritibatsi e leng tseo di re senyetsang metse ya rona.
6.2. Yuniti eno e na le ditokololo tse di katisitsweng thata go samagana le dikarolo tse di kotsi thata ka ditokololo tsa yona di nopotswe go tswa mo Ditlhotshwaneng tsa Tirisomaano a Tsibogelo ya Bosenyi (di-TRT) mme ba itsege thata ka gore ke maberethe, Setlhophatlhaselo se se Samaganang le Dikgetse tse di Itlhophileng tsa Bosenyi (STF), mmogo le go tswa mo Yuniting ya Naga ya Ditsereganyo (NIU). Mo maitlhomong a go tlhasela bosenyi, matsholo ano a a eteletsweng pele ke puso a tla thankgololwa naga ka bophara.
6.3. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go dirisana le ditheo tsa molao mo go diseng tshireletsego le pabalesego e leng se se botlhokwa thata mo baaging botlhe gore ba nne le tswelopele. Kabinete e tswelela ka maikemisetso a yona a go netefatsa gore baagi ba babalesegile e bile ba ikutlwa ba babalesegile gotlhe go ba leng gone.
7. Paka ya Lekgetho
7.1. Kabinete e leboga baduelalekgetho botlhe ka go tsenya dipusetso tsa bona tsa lekgetho tsa ngwaga le ngwaga tsa ngwaga ono wa lekgatho wa 2017/18, o o tswaletseng ka la bo 31 Diphalane 2018. Madi a lekgetho a a bokeleditsweng ke one motswedi wa tlamelo ka matlole o o kgontshang gore puso e kgone go rebolella setšhaba ditirelo.
8. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS)
8.1. Kabinete e gakolola barutwana botlhe ba ba batlang go ikwadisetsa madithuso a go duela dithuto tsa bona tse dikgolwane mo ngwageng o o tlang wa 2019 go dira jalo ka inthanete mo setheong sa Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) pele letlha la bofelo la bo 30 Ngwanaitseele 2018 le goroga.
8.2. Ka la bo 01 Lwetse 2018, dikopo di buletswe barutwana ba ba nang le matshwanedi ba ba batlang go ka tsweletsa dithuto tsa bona kwa ditheong tsa thuto e kgolwane mo ngwageng o o tlang wa 2019 mo go ithuteleng serutwa sengwe le sengwe se ba amogetsweng go ka se ithutela mo setheong sengwe le sengwe sa yunibesiti ya setšhaba kgotsa sa kholeje nngwe le nngwe ya Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegenik (di-TVET) mo nageng ya Aforika Borwa.
8.3. Barutwana ba rotloediwa go tsenya dikopo tsa bona ka inthanete kgotsa ba etele tikwatikwe e e gaufi le bona ya Setheo sa Naga sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA) pele letlha la bofelo le goroga.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
9. Kabinete e letleletse gore Letlhomeso la Togamaano le latedise dikgatlhegelo tsa togamaano ya ikonomi ya Aforika Borwa mo lefatsheng ka bophara jaaka le amana le kgwebisano, dipeeletso le go bula difeme. Maitlhomo a togamaano eno ke go netefatsa gore dipuisano tse di diragalang mo maemong a boditšhabatšhaba di sekegela tsebe dintlha tse di botlhokwa tsa dipholisi tsa ka fa nageng tse di jaaka go fedisa lehuma, botlhokatiro le go se lekalekane. Togamaano eno e tlhotlheletsa gore Aforika Borwa e latele dikgato tsa tlhabololo e e tshwaraganetsweng ke naga yotlhe ya Aforika mme e tshegeditswe ke togamaano ya dipeeletso botsalano jwa togamaano ya go aga mo go atoloseng mogopolo wa yona. E golaganya gape botsalano jwa yona jwa kgwebisano le dipeeletso le dinaga tse di gatetseng pele le go latedisa dikgato tsa go beeletsa mo nageng ka boyona, go abelana ka bokgoni le ka thekenoloji mmogo le ka boleng –jwa diromelwantle.
10. Kabinete e amogetse gore megolo ya ngwaga le ngwaga ya ditokololo tsa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Batho ya Aforika Borwa (SAHRC) e okediwe go latela ditlhwatlhwa tsa ditshenyegelo tsa go iphedisa. Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Batho ya Aforika Borwa, wa ngwaga wa 2013 o letlelela gore megolo, madi a ditshenyegelo tsa go diragatsa tiro mmogo le melao le melawana e mengwe e diragadiwe ke Moporesitente ka tirisanommogo le Kabinete mmogo le Tona ya Matlole.
C. Ditiragalo tse di Tlang
11. Mokgatlho wa Badiri wa Boditšhabatšhaba
Khomišene ya Lefatshe ya Maemo a a kwa Godimo ya Mokgatlho wa Badiri wa Boditšhabatšhaba (ILO) e e ka ga Bokamoso jwa Ditiro e tla tshwara kopano ya bona ya bofelelo go simolola ka la bo 15 go fitlha ka la bo 17 Ngwanaitseele 2018. Khomišene eno bannasetulo ba yona ke Moporesitente Cyril Ramaphosa le Moporesitente wa naga ya Sweden Stefan Löfven. Khomišene ya Lefatshe ya Maemo a a kwa Godimo, e e tlhomilweng ke ILO mo ngwageng wa 2017, e rwesitswe maikarabelo a go lekola lebelo la phetolothefosano mo ditirong go ralala lefatshe ka bophara, go nopola dikgwetlho tse di botlhokwa le go loga maano a go di rarabolola go dira gore ditiro mo nakong e e tlang di nne botoka. Tiro ya Khomišene ya Lefatshe e tsamaisana le seo puso e tobaneng le sona mabapi le go tlhola le go somarela ditiro tse di seriti, le matsapa a a tsewang mabapi le go netefatsa gore bašwa ba naga ya Aforika Borwa ba na le bokgoni jo ba bo tlhokang mo go atlegeng kwa ditirong.
12. Expo ya Diromelwantle ya Boditšhabatšhaba ya China (CIIE)
Kabinete e amogetse go tseyeng karolo ga Aforika Borwa jaaka moeng yo o tlotlegang wa naga eo mo go CIIE kwa Shanghai. Tona ya Kgwebisano le Intaseteri (dti) Rob Davies, o eteletse pele baromiwa ba le 27 go tswa kwa mekgatlhong ya naga ua Aforika Borwa. Baromiwa bano ba tlametswe ka matlole ke Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) ka Sekema sa yona tsa Tshegetso mo Dipeeletsong le mo Dithekong tsa Diromelwantle (EMIA).
Go tseyeng karolo ga Aforika Borwa go tla kgontsha naga go tsholetsa bokgoni jwa yona jwa kgwebisano le dipeeletso mme re fisegela go ka bona dipontsho tsa batsayakarolo mo lekaleng leno, go akaretsa le la tlhagiso ya dijo, ditlhako le matlalo, enjenere, dikhemikhale le peterole, diterene, sesole mmogo le la thekenoloji ya tshedimosetso ya dikgokagano, mme re solofela ba tla boa ba sikere diotara tsa go reka. Go lepalepana le Expo eno, naga ya Aforika Borwa e tshwere gape le komano ya dipeeletso e e tobaneng le ditšhono tse di leng teng mo lekaleng la tlhagisodikuno.
13. Beke ya Mtsholo a Naga a Imbizo
Dibeke di le pedi tse di tlang tsa matsholo a puso di tla tshwaya letsholo la bo robongwe la Beke ya Matsholo a Naga a Imbizo, le le tsamaisiwang ke Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS). Baeteledipele ba naga mmogo le ba dipuso tsa diporofense le dipusoselegae ba tla tshwara metseletsele ya dikopano le di-imbizo go ralala le naga. Lenaneo la dikopano tseno le tla rebolwa mo go www.gov.za tebang le paka ya la bo 12 go fitlha ka la bo 25 Ngwanaitseele 2018.
MaAforika Borwa a rotloediwa go dirisa tšhono eno go buisana le baeteledipele ka dikgwetlho tse ba tobanang natso fa go tla mo kaboditirelong go netefatsa gore re dirisanammogo mo go tshweletseng metse ya borona.
D. Melaetsa ya Matshediso
14. Kabinete e romela matshediso a yona kwa go ba malapa a bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo nakong ya fa go ne go runtse dikgabo kwa Garden Route le mo mafelong a a mabapi, mmogo le kwa Kapa Botlhaba. Kgabo eno eno e fetile ka botshelo jwa ga Nico Heyns, yo e neng e le mofofisi wa difofane tsa “Working on Fire”. Go tlhokafetse gape le batho ba le robongwe mme ba ka nna 2000 ga ba sa tlhole ba na le magae. Dintlo di le dintsinyana mmogo le masimo a le mantsinyana a lakaoditswe ke kgabo eno. Kabinete e leboga ka fao batimamolelo mmogo le ba taolo ya dikgetse tsa matlhotlhapelo ba tsibogetseng ntlha eno ka teng, go akaretsa ba SA Air Force le ba “Working on Fire” ka ba ne ba semeletse ba pholosana le matshelo a batho le go fokotsa bogale jwa molelo.
15. Kabinete e romela matshediso a yona kwa pusong ya Indonesia mmogo le kwa baaging ba yona go latela go sugagana ga sefofane sa naga eo se se isitseng batho ba le 189 maotwana hunyela moragonyanafela ga gore se ragoge kwa teropokgolong ya kwa Indonesia, kwa Jakarta.
E. Melaetsa ya go Akgola
16. Kabinete e akgola naga ya Aforika Borwa go latela gore e tlhophiwe ke dinaga di le dintsi gore e nne karolo ya Lekgotla la Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU) ka Mosupologo, la bo 05 Ngwanaitseele 2018 mo nakong ya fa go ne go tsenetswe Khonferense ya Togomaano ya ITU kwa Dubai.
Kabinete e akgotse gape le Rre Mandla Mchunu wa Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (ICASA) yo a tlhophilweng gore a nne karolo ya Boto ya Taolo ya Diyalemowa ya ITU mmogo le Mme Doreen Bogdan-Martin yo a tlhophilweng gore e nne Mokaedi wa Biro yaTlhabololo ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano, mme e bile gape ke mosadi wa ntlhantlha fa e sale go ka nna karolo ya boladi jo bo kwa godimo jwa ITU fa e sale e simololwa ka ngwaga wa 1865.
Aforika Borwa e gagamaditswe ke tshepo e dinaga tse dingwe tsa mokgatlho ono di nang le yona mo go yona gore e nne karolo ya mokgatlho ono o o tlotlegang wa ITU mo pakeng e e tlang ya sebaka sa dingwaga di le nne. Re tla dirisa maemo ano go tsholetsa maikemisetso a tlhabolola le go tlhoma sebaka tsa tshedimosetso se se akaretsang batho botlhe mo dinakong tseno tsa segompieno tse dilo tsotlhe di ikaegileng ka didirisiwa tsa dijithale.
17. Kabinete e akgotse gape le Federal Democratic Republic of Ethiopia go latela go tlhophiweng ga moporesitente wa bona wa ntlha wa mosadi mo kontinenteng ya Aforika. Aforika Borwa e tla tswelela go gagamatsa botsalano jwa yona jwa dinagapedi le Ethiopia mo dikarolong di le mmalwa tse di akaretsang botsalano jwa kgwebisano, dipolotiki le ikonomi.
18. Kabinete e romela melaetsa ya yona ya akgolo kwa go Moporesitente wa naga ya Cameroon, Paul Biya, yo a tlhomilweng semmuso lekgetlho la bosupa mo setulong. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ba Cameroon go dirisana mmogo go ka iponela tharabololo e e renang kagiso ka go buisana le botlhe ba ba amegang. Kabinete e ikaeletse go godisa botsalano jwa yona jwa dipolotiki, ikonomi le kgwebisano magareng ga naga ya Aforika Borwa le Cameroon.
19. Kabinete e akgola gape le baagi ba naga ya Brazil mabapi le go tshwara ka katlego ditlhopho tsa bona tse di tsholeditseng Moporesitente yo a tlhophilweng wa Federative Republic of Brazil, H.E. Jair Bolsonaro, jaaka mofenyi yo e tla nnang Moporesitente yo o latelang wa naga ya Brazil.
20. Kabinete e romela masego le matlhogonolo a yona kwa ditšhabeng tsotlhe tsa maHindu mo nageng ya Aforika Borwa ka di tla bo di keteka Diwali kgotsa Deepavali. Ono ke mokete wa sedumedi o o ketekang go fenya bosula ka ditiro tse di siameng, go nna le kitso le botlhale gona le go ditlhoka mmogo le go fenya ga lesedi kgatlhanong le lefifi. A lesedi le le tlhogonolofetseng le tlhogonolofatse naga ya Aforika Borwa gore go rene kagiso, khumo, boitumelo, katlego le kgotsofalo, jaaka rotlhe re tsaya matsapa a go somarela khutso le tshwaragano mo ditsong le mo ditumelong tsa naga ya rona tse di farologaneng.
F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
21. Go thapiwa sešwa ga Mme Nomfundo Maseti jaaka Tokololo ya Bothati ya Leruri e e rweleng maikarabelo a taolo ya dipeipi tsa digase, go ka abela Boto ya NERSA ka ditirelo.
22. Batho ba ba latelang ba thapilwe mo Lekgotleng la Madirelo a Dikago:
a. Absalom Mosabeni Molobe (Monnasetulo);
b. Mme Maphefo K Mogodi (Motlatsamonnasetulo);
c. Mme Zandile Yvonne Mathe;
d. Ngaka Jenitha Badul;
e. Ngwako Edward Hutamo;
f. Noninzi Qina;
g. Gert Hendrik Meyer;
h. Jerry Leigh Magolius;
i. Hendrik Ndlovu;
j. Ngaka Keith Ivor Jacobs;
k. Moatefokate Boitumelo Tlhakung;
l. Inge Maree Vieira;
m. Sinenhlanhla Thuleleni Mthembu;
n. Ngaka Prittish Dala
o. Ulandi Exner
p. Mme Florence Rabada;
q. Mme Noluthando Hazel Molao; le
r. Ngaka Claire Deacon.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139