Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 21 Ngwanaitseele 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Depeeletso
1.1. Kabinete e amogetse moletlo o o tshwerweng ka katlego wa kamogelo ya Foramo ya Dipeeletso ya Aforika o o neng o tshwerwe go simolola ka la bo 7 go fitlha ka la bo 9 Ngwanaitseele 2018 kwa Sandton Convention Centre kwa Gauteng. Maphata a puso a dinaga tsa Aforika mmogo le dikgwebo, ditheo tsa boditšhabatšhaba tse di dirang ka matlole mmogo le balekane ba bangwe ba tlhabololo ba lopane le go dira gore Aforika e nne motshameki yo a gogang kwa pele dipeeletso.
1.2. Kwa bokhutlhong jwa khonferense eno go ne go setse go konoseditswe dikutlwanelokgwebo di le 45, tse di ka jang bokanaka, US$32 bilione, tse di tla ungwelang kontinente. Mo go tsone, Aforika Borwa yona e tla ungwelwa ke dipeeletso tse di ka jang US$6.8 bilione.
2. Samiti ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)
2.1. Kabinete e rotloeditswe ke ditsereganyo tse di tserweng kwa Samiting ya AU e e neng e tshwaretswe kwa Ababa, Ethiopia ka la bo 17 le la bo 18 Ngwanaitseele 2018, moo Moporesitente Cyril Ramaphosa a neng a tsaya karolo. Kopano eno e e itlhophileng eno e rarabolotse thulaganyo e e tsweletseng ga jaana eo mauitlhomo a yona e leng go tlhoma AU e e mosola, e e tsamayang sentle ebile e le matlhagatlhaga e bile e na le bokgoni jwa go ka fitlhelela dilo tse di leng kwa setlhoeng mo kontinenteng le dipeelo tse di tlhomilweng mo Morerong wa 2063, e leng togamaano ya letlhomeso la phetolothefosano ya ikonomi ya loago mo Aforika pakeng e e tlang ya dingwaga di le 50.
2.2. Ditharabololo tsa AU ke thulaganyo e e sa kgaotseng, mme tse dingwe tsa ditshtshinyo tsa yona di setse di diragaditswe, bogolosegolo tse di mabapi le maikano a go dira gore dinaga tse e leng karolo ya AU e nne tsona tse di rwalang maikarabelo a magolo a go tlamela mokgatlho ono ka matlole. Dinaga tse dingwe gape tse dingtsinyana di ntse di tlhagelela mo go saeneng Tumelano ya Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika go netefatsa gore kontinente yotlhe e unngwelwa ke tumelano eno ya kgwebisano e e senang dikgoreletsi mo dinageng tsa kontinente ka bophara.
3. Togamaano ya Tirisanommogo le Dinagakopano tsa Yuropa (EU)
3.1. Kabinete e kgotsofaditswe ke dipoelo tse di itumedisang tsa Samiti ya Bosupa ya EU le Aforika Borwa e e neng e tshwerwe ka la bo 15 Ngwanaitseele kwa Belgium. Dipoelo le maikano a a tserweng kwa samiting eno a tlaleletsa letsholo la rona le le botlhokwa la go baya kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro kwa godimo mo maikaelelong a naga ya rona ya Aforika Borwa.
3.2. Aforika Borwa ke naga e le esi mo kontinenteng e bile gape ke e nngwe ya dinaga di le 10 mo lefatsheng ka bophara e e nang le Togamaano ya Tirisanommogo le EU. EU ke mokgatlho o mogolo o o gwebisanang le naga ya Aforika Borwa e bile gape ke setlhopha se segolo sa dipeeletso, mme e emetse 73.7% ya Dipeeletso tse di Maleba tsa Dinaga tsa kwa Ntle mo nageng eno.
3.3. Moporesitente Ramaphosa mo bekeng eno o amogetse Moporesitente wa naga ya Federeišene ya Rephaboliki ya Jeremane, Rre Frank-Walter Steinmeier, mo Loetong lwa gagwe lwa Semmuso go tla mo nageng ya Aforika Borwa, moo ditlamo di feta di le 600 tsa kwa nageng ya Jeremane di butseng ditlamo tsa tsona tsa thuso kgotsa ditlamo tsa tlhagisodikuno mo nageng eno, e leng selo se se tshegeditseng ditiro di ka nna 100 000.
3.4. Loeto lono lwa Semmuso lo dirile gore go saeniwe ditumelano tse di mabapi le kgwebisano le dipeeletso magareng ga dinaga tseno di le pedi, mme seno se neile baeteledipele bano ba babedi tšhono ya go atlhaatlha kgang ya matsapa a dinagantsi le ka fao ba ka dirisanang mmogo jaaka e le tse dingwe tsa dinaga tseo e seng tsa leruri mo Khanseleng ya Tshireletsego ya Dinagakopano (UN) mo pakeng ya dingwaga di le pedi go simolola ka ngwaga wa 2019 go fitlha ka wa 2020.
4. Pusetso ya dinaga
4.1. Kabinete e nopetse gore Komiti ya Palamente e e Kopanetseng Tshekatsheko ya Molaotheo e atlenegisitse pegelo ya yona e e dumelanang le gore Karolo ya bo 25 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 e kwalololwe sešwa. Go kwalolwasešwa gono go tla naya Puso maatla a go amoga motho lefatshe la gagwe ntle le go mo duela fa e le gore seo se tla unngwela setšhaba. Pegelo eno ya komiti go solofelwa fa e tla adiwa kwa Kokoanotheomolaong ya Bosetšhaba gore go ngangisanwe ka yona.
4.2. Thulaganyo ya tshenko maikutlo a setšhaba e bone mekgatlho e le mmalwa e tlhagisa maikutlo a yona ka Molaotlhomo ono mme dikopano tsa go senka maikutlo a setšhaba di tshwerwe naga ka bophara mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe. Go fitlha ga jaana Molaotheo o setse o kwalolotswe makgetlho a le 17 ka yona thulaganyo eno ya go buisana le setšhaba le go akaretsa batho botlhe.
4.3. Puso e ikemiseditse go dira gore thulaganyo eno ya go busetsa batho dinaga tsa bona e diriwe ka maikarabelo e bile ka tsela e e tla kgotsofatsang batho botlhe. Kabinete e gateletse gore puso e obamela le go tlotla molao e bile e tla netefatsa gore kagale, e tsaya dikgato go ya ka Molaotheo.
5. Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo
5.1. Kabinete e amogetse katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e reng Molao wa Tlhagiso ya Dimenerale le Dirašwa tsa Leokwane wa 2002 (Molao wa bo 28 wa 2002) o o disang ka fao tetla ya go dira meepo e rebolwang ka teng, o tshwanetswe go buisiwa mmogo le Molao wa Nakwana wa Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Mafatshe a ba Dikobodikhutshwe wa 1996 (Molao wa bo 31 wa 1996), o o sireletsang ditshwanelo tsa mafatshe a a humanegileng.
5.2. Go fenyeng kgetse ga baagi ba kwa Lesetlheng kwa Bokone Bophirima go supa tshimololo ya go tlotla ditshwanelo tsa mafatshe tsa batho ba ba neng ba gateletswe dijarajara tseo mo hisetoring ya naga ya Aforika Borwa di neng di gatakakiwa. Fa e le gore Moepo o tla tikologo eo batho ba tshelang mo go yona, malapa le baagi, batho bao ba tla amiwang ke go nneng teng ga moepo ba thswanetse go neelana ka tetla ya semolao go bontsha fa ba dumelana le diphetogo tsotlhe tse di amanang le ditshwanelo tsa bona tsa lefatshe.
6. Dipoelothuno
6.1. Kabinete e amogetse le go akgola mafapha a puso le ditheo tsa yona tseo di tswelelang go iponela dipholo tsa boruni tse di wetsang matshwafo ka tolamo. Tsone di latela go rebolwa ga Pegelo ya Boruni Mabapi le Botsamaisi jwa Matlole a Puso ya ngwaga wa matlole wa 2017/18 ke Katoro ya Morunikakaretso (AG) Rre Kimi Makwetu.
6.2. Kabinete e tshwenyegile thata ka seo pegelo e se rebotseng moo go bonagalang kwelotlase ya dipholo tsa boruni mo mafapheng a mangwe a puso ya naga le ya porofense le mo ditheong tse dingwe tsa ona. Go saeniwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Boruni jwa Maphata a Puso ke Moporesitente Ramaphosa gore e nne molao, o o tla matlafatsang tiro ya Kantoro ya AG, o tla thusa go dira gore bao ba tlolang melao ya letlhomeso la puso ba rweswe maikarabelo
6.3. Kabinete e rotloetsa mafapha otlhe le ditheo tsa ona go samagana le ditshwale tsa itharabologelo tse di tlhagisitsweng mabapi le mathata otlhe a a nopotsweng ke AG mmogo le go sala morago kgatelopele nngwe le nngwe e e diragalang go rtefatsa gore ba rarabolole mathata otlhe a a nopotsweng pele ga karolo e e tla latelang ya boruni.
7. Tshireletsego le pabalesego
7.1. Kabinete e ikana go tshegetsa Letsholo la Naga la Pabalesego mo Pakeng ya Meletlo le le thankgolotsweng ke Tona Bheki Cele ka moono yo o reng “Letsholo la Sefefo se se Senang Modumo”.
7.2. Maikemisetso a letsholo leno ke go dira gore Aforika Borwa e nne naga e e bolokesegileng jaaka re atumela matsatsi a boikhutso mo bofelong jwa ngwaga. Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e tla tshwara matsholo naga ka bophara kwa teropong e nngwe le e nngwe, kwa motseng o mongwe le o mongwe le kwa lekeišeneng le lengwe le le lengwe go fitlha kwa bokhutlhong jwa kgwedi ya Ferikgong mo ngwageng wa 2019. Ba tla samagana le letsholo la go iponagatsa ga sepodisi, fa mo letlhakoreng le lengwe ba tla bo ba samagane le matsholo a temoso ka bosenyi jo bo itlhophileng le a thibelo ya bosenyi.
7.3. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ba Aforika Borwa go tswelela go dirisana le mapodisi mo go babaleleng ditšhaba tsa borona. Batsadi mmogo le batlhokomedi ba bana ba semolao na elediwa gape gore ntshe matlho dinameng fa ba tlhokometse bana ba bona mo pakeng e e tlang ya meletlo.
7.4. Kabinete e ikana go tshegetsa gape le letsholo la 2018 la Pabalesego mo Ditseleng mo Pakeng ya Meletlo, le le thankgolotsweng ke Tona ya Dipalangwa, Ngaka Blade Nzimande, kwa Limpopo mo bokhutlhong jwa beke.
7.5. Thankgololo ya letsholo leno e diragala ka nako e le nngwe le Samiti ya Pabalesego mo Ditseleng ya matsatsi a le mabedi mmogo le letsholo la UN la Letsatsi la Lefatshe la Kgopolo ya Batswasetlhabelo ba Dikotsi tsa Dijanaga. Ke maikarabelo a rona go kgweetsa sentle le go obamela melao ya tsela.
8. Leborogo la Catembe la kwa Maputo
8.1. Kabinete e akgola baenjenere ba naga ya Aforika Borwa ba e leng karolo ya kgato e e tla dirang hisetori ya go aga leborogo le le telele go gaisa mo kontinenteng ya Aforika. Leborogo la Catembe la kwa Maputo le agilwe ke Koporasi ya go Aga Ditsela le Maborogo ya kwa China mme le tla golaganya Maputo kwa Mozambique le KwaZulu-Natal mo nageng ya Aforika Borwa.
8.2. Moporesitente wa naga ya Mozambique, Rre Filipe Nyusi, o butse Leborogo la dikhilomitara di le tharo ka boleele la Catembe la kwa Maputo, le le agilweng sebaka sa dingwaga di le nne mme le jele madi a le kanaka US$785 milione.
8.3. Seno se tla godisa kgwebisano le bojanala magareng ga naga ya Mozambique le ya Aforika Borwa moo sekgala sa go tsaya loeto go tswa kwa Maputo go leba kwa Kosi Bay e e kwa molelwaneng wa Botlhaba jwa Lebopo la kwa KwaZulu-Natal se tla fokotsegang thata moo batho ba ka sa tlholeng ba tsaya diura di le thataro mme ba tla tsaya sebaka sa metsotso e le 90 fela.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
9. Beke ya Tsiboso ya Lenaanetiro
9.1. Kabinete e tlotlomaditswe ka pegelo ya kgatelopele e e dirilweng mo dipoelong tse di botlhokwa mo pakeng e e simolotseng ka la bo 1 Moranang 2018 go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2018. Mafapha a a dirang ka fa tlase ga ditlhopha tse di beilweng gore di samagane le dipoelo tsotlhe di le 14 tse di botlhokwa a tswelela go fitlhelela dipeele tsa ona. Dipoelo tseno di inotswe go tswa mo Letlhomesong la Togamaano ya Pakagare (MTSF) le mo Ponelopeleng ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).
9.2. Kabinete e amogetse kgato e e tlhokegang go ka tsewa go samagana le dikgwetlho tse di kgoreletsang tsengotirisong. Dipegelo tseno di phasaladitswe mo webesaeteng ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME ) ya (www.dpme.gov.za).
10. Lenaane la Tlhagiso le Tlhabololo ya Dijanaga (APDP)
10.1. Kabinete e amogetse gore APDP e atolosiwe go simolola ka ngwaga wa 2021 go fitlha ka ngwaga wa 2035 mmogo le dipaakanyo tse di tshwanetsweng go diriwa go ka tshegetsa Leanokgolo la Dijanaga mo Aforika Borwa (SAAM).
10.2. SAAM e tsepamisitse mogopolo wa yona mo dikgaolong di le thataro: Go tlhabolola mebaraka ya fa nageng; Go tlhabolola mebaraka ya fa tikologong; Go tlhagisa dilo tsa fa nageng; Go tlhabolola mafaratlhatlha; Go fetola thefosano ya bolaodi mo diintasetering le mo dikgaolong tsa thekenoloji mmogo le tlhabololo mo bokgoning jo bo mabapi.
10.3. Diphetogo tseno, gareng ga tse dingwe, di ikaelela go rotloetsa maemo a a kwa godimo mo ditlhagisiweng tsa ka fa nageng gore go bulege ditšhono tsa ditiro. Go lekola le go sekaseka lenaane leno le ditiragalo tse dingwe tse di diragalang mo intasetering di a atolisiwa go netefatsa gore go nna le kgolo mo ponelopeleng le mo dipeelong tsa SAAM.
10.4. Tona ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) Ngaka Rob Davies, o tla begela bobegakgang ka ditlhabololo tseno ka Labotlhano, la bo 23 Ngwanaitseele 2018.
C. Melaotlhomo
11. Kabinete e amogetse Molaotlhomo wa Boruni jwa Tiriso ya Madi a Ditheo tsa Puso wa 2018 gore o isiwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo o neela Kantoro ya Morunikakaretso (AG) go tsaya dikgato go netefatsa gore madi a a dirisitsweng botlhaswa ke ditheo tsa puso a a busiwa, fa go kganagalang, mmogo le go bula dikgetse tsa dipatlisiso fao go belaelwang gore tirisobotlhaswa ya madi a puso e ne e se ka ntlha ya botlhaswa. Molaotlhomo ono gape o ikaelela go neela AG matla a go dira dithuno tsa ka fa gare ga ditheo tsa puso mmogo le go dira dithuno tsa ka fao batlhankedi ba dirang tiro ya bona ka teng mmogo le go lepalepanya dithulaganyo tsa puso le ka fao tiro e tshwanetsweng go diriwa ka gone.
D. Ditiragalo tse di Tlang
12. LETSHOLO LA 100 #WomenOfFortitude
12.1. Go latela paka ya ditlhopho, letsholo la 100 #WomenOfFortitude le tla thankgololwa kwa Union Buildings mo Pretoria ka la bo 22 Ngwanaitseele 2018. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e samaganeng le Ngwagakgolo wa ga Nelson Mandela le wa ga Albertina Sisulu e rebotse letsholo la 100 #WomenOfFortitude ka la bo 11 Diphalane 2018 jaaka e nngwe ya ditiragalo tsa go keteka Ngwagakgolo wa ga Mama Sisulu.
12.2. Letsholo la 100 #WomenOfFortitude ke la mogwanto wa basadi ba le 100 moo basadi ba tla buisanang ka ga ka fao basadi ba gompieno ba ka tsholetsang lefa la ga Mama Sisulu.
13. Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng (GBV)
13.1. Lefapha la Basadi le tsamaisa le go rulaganya lenane la meletlo la ditheo tsa puso mabapu le Letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le GBV go simolola ka la bo 25 Ngwanaitseele 2018. Maloko a Khuduthamaga ya Naga mmogo le baeteledipele ba diporofense le ba dipusoselegae ba tla tshwara meletlo ya dipotefoliyo tsa bona kgotsa tse di totaneng le makala go ralala le naga ka bophara ka go tshwara matsholo a go buisana le baagi. Manaane ka botlalo a puso a ka bonwa mo go www.gov.za/16DaysofActivism2018.
13.2. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go dirisa serala seno mme ba nne le seabe mo meketeng ya puso e e tla tshwarelwang gaufi le bona. Mekgatlho ya baagi mmogo le e mengwe ya basadi e rotloediwa go lepalepanya manane a bona le lenane leno mo pakeng eno.
13.3. Go ikuelwa mo go maAforika Borwa otlhe go dira mmogo mo go tsibogeleng letsholo la #HearMeToo, ka go reetsa boikuelo jwa basadi, le go tsaya dikgato tse di tla fedisang leru leno le letsho la tirisodikgoka ka mefuta yotlhe mo basading.
E. Melaetsa ya go Akgola
14. Kabinete e akgola baganka botlhe ba metshameko ba ba dirang gore naga ya Aforika Borwa e tlhagelele ka magetla. Bao ba dirileng bontle mo metshamekong ya bona ba tlotlomaditswe mo moketeng o o sa tswang go feta wa Dikabo tsa Metshameko tsa 2018.
14.1. Motabogi wa Aforika Borwa Caster Semenya o fentse digauta di le pedi ka go fenya kabo ya Motshamiki yo o Tlhwatlhwa wa Ngwaga mmogo le Kabo ya Motshamiki wa Mosadi yo o Tlhwatlhwa wa Ngwaga.
14.2. Mothumi wa Aforika Borwa yo a rategang Chad le Clos o fentse Kabo ya Motshamiki wa Monna yo o Tlhwatlhwa wa Ngwaga.
14.3. Ndodomzi Ntutu o fentse Kabo ya Motshamiki wa Monna yo o a nang le Bogolofadi yo o Tlhwatlhwa wa Ngwaga.
14.4. Anrune Liebenberg Motshamiki wa Mosadi yo o a nang le Bogolofadi yo o Tlhwatlhwa wa Ngwaga.
14.5. Setlhopha sa Banyana Banyana se fentse Kabo e e itlhophileng ya Setlhopha se se Tlhwatlhwa sa Ngwaga. Setlhopha sa Banyana Banyana se fentse gape le motshameko wa sona wa ntlha mo Sejaneng sa Dinaga tsa Aforika (AFCON) mo se neng se tshameka kgatlhanong le sa naga ya Nigeria.
14.6. Setlhopha sa Bafana Bafana se tshamekile maleka 1-1 mo metshamekong ya AFCON kgatlhanong le sa naga ya Nigeria.
14.7. Setlhopha sa naga ya Aforika Borwa sa Rakabi se akgotswe ka fao ba ntseng ba diragatsa bontle ka teng mme re ba lakaletsa masego mo motshamekong o o tlang kgatlhanong le setlhopha sa Wales ka la bo 24 Ngwanaitseele 2018.
Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go tswelela go tshegetsa banna le basadi ba ka fa nageng ba metshameko.
15. Kabinete gape e akgola:
15.1. Tona ya Lefapha la Saense le Thekenoloji Mmamoloko Kubayi-Ngubane, yo a tlhophilweng go ka direla Lekgotlha la Mokgatlho wa Foramo ya Merero ya Ikonomi ya Lefatshe mo Letsholong la Tshimololo ya Bone ya Diintaseteri, le akaretsa mebuso, mekgatlho ya baagi le ya dirutegi. Seno se tla thusa dinaga mo lefatsheng ka bophara go tsibogela le go tsaya monyetla ka dintšhono tsotlhe tse di tla tlhagang di gapiwa ke Letsholo la Tshimololo ya Bone ya Diintaseteri.
15.2. Tona ya Matlole Tito Mboweni jaaka a thapilwe jaaka tokololo mo Botong ya Ditokololo tsa Letlole la AU la go netefatsa gore go rena kagiso, le le tla tlamelang ditiro tsa go tsereganya le tsa thibelodintwa ka setipolomate, ditlhokwa tsa badiredi ba ditheo mmogo le matsholo a sesole a go rena kagiso mo kontinenteng ya Aforika. Jaaka tokololo mo Botong ya Ditokololo tsa Letlole, Tona Mboweni o tla nna le seabe mo tsamaisong ya togamaanong le mo go tokafatseng thulaganyo ya bobusi, go disa matlole le tsamaiso ya Letlole la go Rena ga Kagiso. Go thapiwa jaaka tokololo ya batlhokomedi ba matlole a Letlole la go Rena ga Kagiso la AU ke kgato e e botlhokwa mo go tsenyeng tirisong mogopolo wa ka fao maikemisetso a AU a ka tlamelwang ka matlole ka gone, e leng karolo ya kgato e e tsweletseng ya go refosana taolo ya setsheo.
15.3. Tona ya Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane, mme Naledi Pandor, yo a tla tlotliwang ka Kabo ya Naga ya Fora ya Kabo ya Letshwao la Tlotlo, ka la bo 30 Ngwanaitseele 2018. Kabo eno e leboga diphitlhelelo tse dikgolo tse a di fitlheletseng mmogo le matsapa otlhe a a a tsereng mo go direng botsalano le tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Fora mo Saenseng le mo Thekenolojing. Mokete ono o tla tshwarelwa kwa lefelong la bodulo la Moambasatara wa naga ya Fora mo nageng ya Aforika Borwa kwa Pretoria.
F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
16. Ditlhogo tsa Lephata la Bolaodi jwa Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo Masisi kwa Diporofenseng:
16.1. Foreistata: Mobrikadire Kubandran Moodley; le
16.2. Bokone Bophirima: Majorokakaretso Dumisani Patrick Mbotho.
17. Go thapiwa sešwa ga Moatefokate Makhosini Solomon Msibi jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) ya Koporasi ya Taolo ya Pharakano ya Mebila (RTMC).
18. Go thapiwa sešwa ga Rre Makhosini Thulani Matiki Norman Kgomo jaaka tokololo e e seng ya khuduthamaga mo Botong ya RTMC.
19. Go thapiwa sešwa ga Mme Daphline Harridene Charlotte-Ann Ewertse jaaka tokololo e e seng ya khuduthamaga mo Botong ya RTMC.
20. Go thapiwa ga Moatefokate Sandile Nogxina jaaka Mokaedi yo seng wa Khuduthamaga e bile gape e le Monnasetulo wa Boto ya Setlamo sa Difofane ya Aforika Borwa
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139