Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 4 Lwetse 2019, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
A. Dintlha tsa Sešweng
Go lebilwe dintlha tsa sešweng, Kabinete e dumelane ka tse di latelang:
1. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)
1.1. Kabinete e eme baagi nokeng mo ditiragalong tse di tlisang kutlobotlhoko tsa dipolao, dipetelelo le go bogisiwa ga basadi mo diatleng tsa banna tse di tsweletseng mo nageng ya rona. Ditlhaselo tseno tse di setlhogo mo basading ba naga ya rona di supa ka fao re reteletsweng mmogo go tsibogela selelo sa bao ba leng mo tlalelong ba le gaufi le rona.
1.2. Mo boteng jwa yona go supoga sesupo se se bontshang gore go tlhaela tsibogelo e e maleba go samagana le ditlolo tsa molao tse di diragalang letsatsi le lengwe le le lengwe tsa go utlwisa botlhoko masea, bana, batsofe, basadi ba ba nang le bogolofadi, basadi ba ba ratanang le basadi ba bangwe, banna ba ba ratanang le banna ba bangwe, batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bona mmogo le ba joo bo farologaneng le jwa bona, batho ba ba itsayang e le ba bong jo bo farologaneng le joo ba belegweng ka bona, batho ba ba lebegang e le ba bong jo bo rileng fela ba na le dikarolo tsa bong jo bo rileng mmogo le ba ba farologaneng/go botsolotsa baagi le basadi ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle.
1.3. Kabinete e ipileditse gore katlholo e e rebolelwang ditlhokotsebe tsa bosenyi jono e nne e e kwa godimo tota. Seno ga se tlhokomologe ntlha ya gore palo ya bao ba bonweng molato mo dikgetseng tsa GBV e kwa godimo (74%) mme palo ya ditlhokotsebe di feta di le 4 000 ba atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong, mme go santse go le gontsi go re tshwanetseng go go dira. Mosadi a le mongwe fela yo a bolawang, a betelelwang le go tlhorisiwa ke kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe mo setšhabeng.
1.4. Rejisetara ya naga ya Batlodi ba Melao ka Thobalano e tla romelwa kwa Palamenteng go sekasekiwa gore Molao wa Ditlolo tsa Molao tsa Thobalano o kwalolwe sešwa. Dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa di tla netefatsa gore mo rejisetareng eno go tsenngwa le batlodi ba molao bao ba dirileng ditlolo tse dingwe le tse dingwe tsa molao tsa thobalano, ka ntlha ya gore ga jaanong rejisetara eno e tlhagisa fela bao ba bonweng molato mme ba latlhelwa kwa kgolegelong mabapi le go betelela bana kgotsa batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong.
1.5. Kabinete e rometse matshediso a yona a kutlobotlhoko kwa malapeng le ditsaleng tsa Uyinene Mrwetyana, Leighandre Jegels, Nolunde Vumsindo, Meghan Cremer, Jess Hess, Ayakha Jiyane mmogo le bokgaitsedi ba gagwe ba bararo mmogo le basadi le bana botlhe ba ba bolailweng setlhogo ke banna.
1.6. Kabinete e ne ya golola nakwana Ditona gore di se tshware kopano ya Kabinete ya setlwaedi gore e ye go buisana le badiraditshupetso ba ba neng ba bolotse mogwanto kwa Palamenteng kgatlhanong le GBV.
1.7. Kabinete e tlhomile gape le Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e tla dirisanang le baagi go fedisa GBV. Komiti eno e tsenyeletsa Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Rre Jackson Mthembu; Tona ya Sepodisi, Rre Bheki Cele; Tona ya Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba (DIRCO), Ngaka Naledi Pandor; Tona ya Manno a Batho, Metsi le Kgeleloleswe, Mme Lindiwe Sisulu; Tona ya Merero ya Sesole le ya Bagale ba Sesole, Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula; Tona ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa, Rre Ronald Lamola; Tona ya Setheo sa Tshireletso ya Puso (SS), Mme Ayanda Dlodlo, Tona ya Tlhabololo ya Loago, Mme Lindiwe Zulu mmogo le Tona mo Kantorong ya Moporesitente e e Samaganang le Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi, Mme Maite Nkoana-Mashabane.
Komiti eno e tla samagana le go dira gore setšhaba sotlhe se eme kgatlhanong le ditiragalo tseno tsa GBV, mmogo le go sedimosetsa Kabinete le baagi ka matsapa a e a dirang go fedisa GBV. Komiti eno e tla netefatsa gape le gore bamalapa le batswasetlhabelo ba ditiragalo tsa GBV ba neelwa tshegetso e ba e tlhokang.
1.8. Kabinete e lekotse kgatelopele e e setseng e dirilwe ka ga go tsenya tirisong Kgoeletso e e dirilweng mo Samiting ya Moporesitente e e Kgatlhanong le GBV le Dipolao tsa Basadi e e neng e tshwaretswe kwa Centurion ka la bo 1 le la bo 2 Ngwanaitseele 2018 ya gore go tlhomiwe Leanotiro la Naga la go Lwantshana le GBV. Setlhotshwana sa nakwana se tlhomilwe ka Ferikgong 2019 se se akaretsang baemedi ba mekgatlho ya baagi le mafapha a puso. Go kwadilwe sekwalwa sa Leanotlhomo la Naga se se ka ga dikopano tse di mabapi le go utlwa se se leng mo mafatlheng a baagi go ralala le naga mme kwa bokhutlhong se tla dira gore go nne le Lekgotla la Naga la Merero ya GBV le Dipolao tsa Basadi leo le tla tlamelwang ka ditlhokwa tsotlhe tse le ka di tlhokang mo go samaganeng le lenaane le le kgatlhanong le GBV.
1.9. Le fa re tsentse tirisong melao e mentsi go samagana le merero ya tirisodikgoka mo basading le mo baneng, mmogo le go akgola matsapa ao a diriwang ke mapodisi le ditheo tse dingwe tsa tiragatso ya molao – go akaretsa batšhotšhisi, baagiseterata le Baatlhodi – mo go tshwareng le mo go latlheleng kwa kgolegelong bao ba dirang ditiro tseno tse di setlhogo, Kabinete e ikuela mo baaging botlhe mo nageng, bogolosegolo banna, go ema kgatlhanong le bao ba tswelelang go betelela, go bogisa le go bolaya basadi mo ditšhabeng tsa rona.
1.10. Dikereke le baeteledipele ba ditumelo tse di farologaneng ba tshwanetse go ema kgatlhanong le GBV mme ba tlhotlheletse baagi go ipopa seoposengwe se se kgatlhanong le ditiragalo tseno. Bobegakgang bo tshwanetse go nna le seabe mo go fetoleng ditiragalo le ditumelo tsa ka gale tse di sa siamang mo loagong tse di tlhotlheletsang GBV fa mo letlhakoreng le lengwe baeteledipele ba dikgwebo ba tshwanelwang ke go samagana le mefuta yotlhe ya tirisodikgoka mo mafelong a kwa tiro le go tshegetsa matsapa a mo nageng ya rona a go fedisa GBV. Kabinete e dumela gore tiro e tshaba diatla mme fa re le baagi re dirisana mmogo re ka fedisa GBV le dipolao tsa basadi.
1.11. Kabinete e ikula mo baaging botlhe ba Aforika Borwa go netefatsa gore ba godisa le go ruta bana ba basimane go tlotla motho le ditshwanelo tsa batho, bogolosegolo ba basadi. Bana ba basimane ba tshwanetswe go rutiwa gore ba dirilwe ka letsopa le le dirileng basadi mme batho ba basadi ba lekana fela le bona mme ga se ba letsopa le le seng botlhokwa moo ba tshwanetsweng ke go dirisiwang ka boithatelo le go bogisiwa go fitlha ba neela mowa.
2. Ditshupetso tse di Bolotseng Tirisodikgoka le Tshenyo ya Mafaratlhatlha a Setšhaba
2.1. Kabinete e kgalema ka bogale ditshupetso tsa sešweng tse di neng di bolotse tirisodikgoka tse di neng di runtse mo dikarolong tse di rileng tsa Gauteng le KwaZulu-Natal. Aforika Borwa ke naga e e renang molaotheo wa temokerasi e e laolwang ke melao mme ka jalo, botlhe ba ba ratang kagiso ba tshwanetse go kgalema ka bogale maitshwaro ano a a seng mo molaong le a a gatakakang molao. Ga go ngongorego epe e e ka dirisiwang jaaka lebaka la go dirisa dikgoka le go tlhasela batho, go thopa dithoto tsa mabentlele ka dikgoka, go senya dithoto tsa batho le go thiba ditsela, e leng ditiragalo tsotlhe tse di gatakakang molao mme di tla atlholwa go ya ka molao.
2.2. Kabinete itumedisitswe ke lebelo leo Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e le dirileng mo go golegeng batho ba le 483 ba ba amegang mo ditiragalong tsa go thopa dithoto tsa mabentlele ka dikgoka, ditshupetso tse di bolotseng tirisodikgoka le tshenyo ya mafaratlhatlha a setšhaba mo porofenseng ya Gauteng mmogo le batho ba le 21 ba ba tshwerweng mabapi le go amega mo ditiragalong tsa go lakautsa diteroko ka molelo kwa KwaZulu-Natal. Kabinete e sulafaleditswe ke tatlhegelo ya matshelo a le 10, mme a le robedi ke matshelo a maAforika Borwa fa a mabedi e le a batswantle. Kabinete e rometse matshediso a yona go tswa kwa boteng jwa pelo kwa malapeng a batho bano.
2.3. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona mabapi le ditiragalo tsa go ja diteroko ka molelo kwa KwaZulu-Natal tse di tlhotlheleditsweng ke ditatofatso tsa gore ditiro tsa go kgannwa ga diteroko di neelwa batswantle mo legatong la gore di neelwe maAforika Borwa mo intasetering ya dijanaga tse di rwalang dithoto. Ga jaanong puso e boloditse letsholo la go emisa dijagana mo ditseleng, go tsepamisa mogopolo bogolosegolo mo go emiseng diteroko, mme fa go ka fitlhelwa gore bakganni ba diteroko tseno ga ba na makwalo a a leng mo molaong ba tla busediwa kwa dinageng tsa bobona.
2. Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF) e e ka ga Aforika
2.1. Aforika Borwa e tla amogela baeteledipele ba dinaga tse dintsinyana mmogo le baeteledipele ba feta sekete mo maphateng a dipolotiki, dikgwebo, mekgatlho ya baagi le ya dirutegi mo Foramong ya bo 28 ya WEF e e ka ga Aforika, e e tla tshwarelwang kwa Motse Kapa go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 6 Lwetse 2019.
2.2. Moono wa samiti eno o o reng: “Go Aga Kgolo ya Ikonomi e e Tsenyeletsang Batho Botlhe le go Abelana Bokamoso mo Tshimologong ya Paka ya Diintaseteri tsa Thekenoloji (4IR)”, e mo go yona bannaleseabe ba le bantsinyana go tswa mo setšhabeng le mo ikonoming ya dinaga tsa Aforika Borwa ba tla nnang le seabe mo go yona.
2.3. WEF e e ka ga Aforika e tla samagana le dikgwetlho tse kontinente e tobaneng le tsona ka go tsepamisa mogopolo mo ntlheng ya go oketsa phetolothefosano ya mafelo go a dira a thekenoloji, go dira dipeeletso, go golagana, go dira diintaseteri le go dira boitshimololedi. Kopano eno e tla samagana gape le Mogopolo wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) wa 2063, motheotumelano mmogo le leanokonokono mabapi le go fetola Aforika go nna lefelo le le botlhokwa thata mo lefaseng mo nakong e e tlang.
2.4 Go nneng le seabe ga Aforika Borwa mo go WEF e e ka ga Aforika, go go tla kopanyang baeteledipele ba ba kwa godimo le go ba dira gore ba rulaganye maemo a a tla dirang gore go nne le dipeeletso mo ikonoming le mo loagong, go tla thusa gape go dira gore mananeo a rona mmogo le dikgato tsa rona tsa go tsereganya di nne le mooko mo go rarabololeng dikgwetlho tsa naga ya rona di le tharo ya botlhokatiro, go se lekalekane le lehuma. Seno se tla re atumetsa kwa Ponelopelebg ya rona ya ngwaga wa 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), motheotumelano wa rona wa go fedisa lehuma le go fokotsa go se lekalekane ka ngwaga wa 2030.
2.5. Kabinete e eletsa gore batsayakarolo botlhe mo kopanong eno ba bone ditharabololo tse di mosola fa ba tla bo ba neelwa kamogelo e e mofutho ya botrho jwa naga ya rona.
3. Go Kwalolwa Sešwa ga Molaotlhomo wa Merero yaTekatekano mo go Thapiweng kwa Tirong
3.1. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona mabapi le phetolothefosano e e iketlileng mo mafelong a tiro go latela go gololwa ga pegelo e e ka ga Tekatekano mo go Thapiweng kwa Tirong. Pegelo eno e bontsha maemo a a swabisang a go obamela Molao wa Tekatekano mo go Thapeng, wa 1998 (Molao wa bo 55 wa 1998) o maitlhomo a ona e leng go samagana le diphoso tse di tlhodilweng ke puso ya tlhaolele tse di ka ga go se lekalekane ga mo mafelong a tiro.
3.2. Mo maitlhomong a go gagamatsa Molao wa Tekatekano mo go Thapeng wa 1998, puso e tla tlhagisa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Tekatekano mo go Thapiweng kwa Tirong.
3.3. Molaotlhomo ono o oketsa madi a kotlhao mo go bao ba tlolang Molao ono le go dira gore e nne selo se se tlhokegang fa mothapi a batla go tsena mo kgwebong le puso gore a bontshe gore o na le setifikeiti se se bontshang fa a obamela molao wa merero ya tekatekano mo go thapeng.
4. Go aga setšhaba
4.1. Kabinete e dumelana le maAforika Borwa fa ba amogela katlholo ya Kgotlatshekelo ya Tekatekano e e thibelang batho go fofisa folaga ya puso ya maloba ya tlhaolele ya pele ga 1994, e e leng segopotso sa puso e e neng e re fetlha gore re kgaogane. Kabinete e tshegetsa katlholo eno e e reng folaga eno ya maloba “e gatakaka seriti sa bathobatsho le gore bao ba lwelang go tsholetsa folaga eno ya puso ya tlhaolele ba fisegela go bona kgatelelo mo bathong go na le go bona kgololesego”.
4.2. Dilo tse di supang motsi o o setlhogo mo nageng ya Aforika Borwa, bogolo jang folaga ya puso ya mo malobeng, ga di na mosolo mo go re kopanyeng re le naga gore re nne seoposengwe, re se tlhaolane go ya ka lotso le go ya ka bong mme re nne naga e re fisegelang go nna yona jaaka re le naga e e gatelang pele ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.
4.3. Go tsholediwa ga folaga ya puso ya tlhaolele go tla diragadiwa fela mo mererong e e ka ga botaki, ya dithuto kgotsa ya merero ya bobegakgang mo dikgatlhegelo tsa baagi di tla bong di beetswe kwa pele.
B. Ditshwetso tsa Kabinet
1. Pegelo ya Dipalopalo tsa Bosetšhaba tsa Bosenyi ya 2018/19
1.1. Kabinete e amogetse go rebolwa ga Pegelo ya Dipalopalo tsa Bosetšhaba tsa Bosenyi ya 2018/19.
1.2. Dipalopalo tsa bosenyi tsa ngwaga le ngwaga di kgontsha puso go lekola dipeelo tse di botlhokwa, bogolosegolo go fokotsa dikgetse tse di setseng di tlhatlhetswe tsa bosenyi jo bo setlhogo, jaaka go tlhagisitswe mo Letlhomesong la Togamaano ya Pakagare (MTSF). Dipalopalo tsa bosenyi di ka dirisiwa gape jaaka pulamatlho ya go sa le gale mo go matlafatseng manaane a thibelobosenyi mmogo le ditogomaano tsa mafapha a a farologaneng.
1.3. Tona ya Sepodisi, Mogenerale Bheki Cele, o tla tshwara kopano le bobegakgang go rebola dipoelo tsa dipalopalo tsa bosenyi.
2. Thulaganyo ya go Abelwa Ditshwanelo tsa go Tshwara Ditlhapi (FRAP) 2020
2.1. Kabinete e neile Lefapha la Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi (DEFF) tetla ya go ka kwalola sešwa dinako tse di beilweng mabapi le go abiwa ga dilaesense mo maphateng a le 12 a botheo jwa ditlhapi. Mo ntlheng eno, go ise go ye kae Tona ya Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi Barbara Creecy o tla phasalatsa mo kaseteng dinako tse dintšhwa mabapi le FRAP 2020.
2.2. Kabinete e dumela gore go botlhokwa thata gore thulaganyo eno e nne le seriti, e e senang bofitlha le go tsenyeletsa phetolothefosano mo intasetering eno yotlhe. Dinako tse dintšhwa di tla kgontsha DEFF go konosetsa ditlhokwa tsotlhe tsa FRAP, go akaretsa le go thapa mekgatlho ya dikeletso ka merero e e saenthifiki, go dira dipatlisiso ka disetoko tsa ditlhapi le go dira dipatlisiso tsa ikonomi le loago mo mafelong a go tshwara ditlhapi.
C. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditheo tsa Molao wa 2019
1.1. Kabinete e neseditse pula kgang ya go tlisiwa ga Molaotlhomo ono kwa Palamenteng.
1.2. Molaotlhomo ono maitlhomo a one ke go kwalola sešwa Melao e mebedi gore go kgonwe go samagana le diphatlha tse di nopotsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo:
- Molao wa Karogano mo Manyalong, wa 1979 (Molao wa bo 70 wa 1979) – go kwalolwa sešwa ga Molaotlhomo ono go laela gore karoganyo ya dithoto e tshwanetse go latela melawanataolo e e rileng mmogo le go duelela madi a tlhokomelo ya batho ba ba amegang mo thulaganyong ya go kgaogana go latela katlholo e e rebotsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo; mmogo le
- Molao wa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA), wa 1998 (Molao wa bo 32 wa 1998) – go kwalolwa sešwa ga Molaotlhomo ono go samagana le dikarolo tse di amanang le paka ya go okama kantoro ya Mokaedi wa Naga wa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NDPP) mmogo le paka ya go okama kantoro ya Motlatsa Mokaedi wa Naga wa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NDDPP) go latela katlholo e e rebotsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
D. Melaetsa
1. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e rometse matshediso kwa go:
1.1. ba lelapa le ditsala tsa Mogale wa Sesole sa Umkhonto We Sizwe yo e leng gape tokololo ya Lliga ya Basadi ya African National Congress, mosadi yo a atlegilweng mo go tsa kgwebo, Ngaka Thandi Cynthia Ndlovu, yo a tlhokafetseng ka la bo 24 Phatwe 2019. Moporesitente wa nako eo wa Namaotshwere Rre David Mabuza o tsibositse gore phitlho ya gagwe e tla nna Phitlho ya Semmuso ya Porofense e e Itlhophileng ya Legato la Bobedi le le ka ga diphitlho tsa bagale le balwelakgaratlho. Ngaka Ndlovu o amogetse dikabo tse dintsi tse di farologaneng mo tirong ya gagwe e e tswileng diatla, mme o tswelela go nna sekai mo go ba bangwe, mo makaleng ka bobedi, la thuto le la dikgwebo tsa basadi. Botshelo jwa gagwe bo ne bo gagamatsa jaaka mokgaratlhi wa dipolotiki le moeteledipele wa kgaratlhelo ya basadi. Ka kgwedi ya Tlhakole, e ne ya nna karolo ya bao ba ka pakang go saeniwa ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ga Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dikgaisano, wa 1998 (Molao wa bo 18 wa 2018) gore e nne molao.
1.2. ba lelapa le ditsala tsa Mogale wa mobegakgang, mokwadi le mobatlisisi, Rre Harry Mashabela. Ka kgwedi ya Phukwi 1976, o ne a tshwarwa mmogo le ba bangwe ba bantsi ba babegakgang ba ba itsegeng mo nageng, ka ntlha ya Molao o o itsegeng wa Menolopuso. O diretse makwalodikgang a le mantsinyana, go akaretsa Rand Daily Mail, The Star, Drum le Financial Mail. E ne gape e le mokwadi wa dibuka di le dintsinyana, go akaretsa Townships of the PWV, a People on the Boil (1988) mmogo le Mekhukhu: Urban African Cities of the Future (1990).
1.3. ba lelapa le ditsala tsa ga mobegakgang yo e neng e le Mokaedi wa Lephata la Dikgang mo go eNCA, Rre Ben Said mmogo le mobegakgang yo gape e neng e le moranodi wa metshameko mo go SABC sports, Rre David Kekana. Intaseteri ya bobegakgang mo Aforika Borwa e latlhegetswe ke bagale ba ba neng ba dirisa bokgoni jwa bona jwa bobegakgang go neela baagi tshedimosetso le go dira gore naga ya Aforika Borwa e nne lefelo le le botoka.
1.4. Tona ya Merero ya Selegae, Ngaka Aaron Motsoaledi le ba lelapa la gagwe, go latela gore mme wa gagwe, Mama Sina Sekeku Motsoaledi a rage kgamelo.
2. Go akgola le go lakaletsa masego
Kabinete e Akgola:
2.1. Batshameki ba setlhopha sa di-Springbok ba ba emetseng naga kwa metshamekong ya kwa Japan ya Sejana sa Lefatshe sa Rakabi (RWC). Re na le tshepo e e tletseng gore ba tla emela naga ka tlotla le boikgantsho, mme re ba lakaletsa masego mo letsholong la bona la go fenya le go tla gae ka sejana sa RWC.
2.2. Setlhopha sa Khwaere ya Bašwa sa Ndlovu, seo tiragatso ya bona e e tswileng diatla e kgomileng dipelo le maikutlo a batho go ralala le lefatshe le go ba kgontsha go fitlhelela maemo a a kwa godimo mo makgaolakganyeng a dikgaisano tsa America's Got Talent.
E. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1. Mme Mapatane Elizabeth Kgomo jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Lekala la Tshegetso ya Botsamaisi jwa Tiragatso ya Mafaratlhatlha mo Lefapheng laa Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA).
Dipotsolotso:
Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139