Skip to main content
x

 

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 16 Diphalane 201, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Maemo a Dikgaisanong tsa Lefatshe 


1.1. Kabinete e amogetse dipoelo tsa Kopano ya Foramo ya Merero ya Ikonomi ya Lefatshe tsa ngwaga le ngwaga tsa Maemo a Dikgaisanong tsa Lefatshe tse di supang gore Aforika Borwa e tlhatlhogile ka maemo a le supa; e leng se se dirang gore babeeletsi ba bantsi ba nne le kgatlhegelo le go nna le tšhono ya go ka tlhola ditiro tse di tlhokegang thata ka fa nageng.
1.2. Pegelo eno e rebola gore Aforika Borwa e nnile le ‘kgatelopele e kgolo’ fa go tla mo go nneng le ditheo tse di nang le boleng, jaaka mo go busetseng mo seemong maatla ka go lekalekana mo ditheong tse di farologaneng tsa puso, mmogo le mo go matlafatseng tiro e e lolameng ya tsamaiso mo makaleng a puso le mo taolong ya puso. 
1.3. Aforika Borwa e fitlheletse gape le dintlha di le 100 tse di mabapi le  “dithoto tsa yona tse di tlhabolotsweng ka botlalo, diinšorense le dimaraka tsa dikoloto”, mmogo le go bewa mo maemong a bo 19 mo lefatsheng ka bophara jaaka naga ya motswedi wa matlole. Pegelo eno gape e baya naga mo maemong a a kwa godimodimo mabapi le “go nna le tse dingwe tsa mafaratlhatlha a dipalangwa a a gatetseng pele go gai sa mo kgaolong” (mo e beilweng mo maemong a bo 45) mmogo le mo maemong a bo 35 mo bogolong jwa dimaraka 
1.4. Go beiwa mo maemong ano a a botoka go paka gore dikgato tse di tserweng ke puso mo go tsosoloseng dikgato tsa go busetsa ikonomi mo sekeng di simolola go nna le dipoelo tse di itumedisang. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go tokafatsa diphitlhelelo tseno tse dikgolo jaaka re Godisa Aforika Borwa Mmogo.  

2. Depeeletso

2.1. Kabinete e leboga dipeeletso tse di dirilweng ke ba Toyota South Africa kwa nageng ya Kenya e leng seo se tla dirang gore naga e kopanye dikarolo tsa Toyota Hilux kwa bodutelong jwa setlamo seno jo bo leng kwa Durban. Seno se tsamaelana le go godisa kgwebisano magareng ga dinaga tsa Aforika mmogo le go matlafatsa lekala la ditlhagisiwa tsa dikoloi mo kontinenteng.
2.2. Jaaka e le karolo ya letsholo la go ngokela babeeletsi, Moporesitente Cyril Ramaphosa mo bekeng eno o ne gape a buisana le babeeletsi mmogo le baeteledipele ba dikgwebo ka fa letlhakoreng kwa moletlong wa 6th Financial Times Africa Summit o o neng o tshwaretswe kwa London. O ne a neelana ka puo ya pulamadibogo kwa moletlong ono, e e neng e ikaegile ka merero ya dikgwebo mmogo le ditšhono tse di leng teng mo dinageng tsa Aforika. 
2.3. Moletlo wa Dipeeletso wa Aforika Borwa wa bobedi o tla tshwarwa go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 7 Ngwanaitseele 2019. Ka moletlo ono go tla lekwa go ka bokeletsa dipeeletso tse dingwe gape tse dintšhwa tse di ka dirang R1.2 trilione mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano tse di tlang mmogo le go bapatsa naga jaaka lefelo la mmamoratwa go ka beeletsa mo go lona. 

3. Tshomarelo ya Metsi

3.1. Jaaka re tsena mo dikgweding tsa selemo, Kabinete e ikuela mo bathong botlhe mo nageng ya Aforika Borwa go sonaga le go somarela metsi.  
3.2. Kabinete e akgola gape baagi ka go nna pelotelele mo pakeng e e ntseng e logelwa maano ya go timiwa ga metsi a Lesotho Highlands Water Project ke ba Lesotho Highlands Development Authority mmogo le ba Trans-Caledon Tunnel Authority mo kgweding ya Diphalane le ya Ngwanaitseele 2019. Go timiwa ga metsi ano ke karolo ya go tlhatswa metsi le go dira dipaakanyo tse di tlhokegang mo letamong leno e leng selo se se tshwanelwang ke go diriwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le 10. 
3.3. Dikgato tse di potlakileng tsa go thibela lešekere di setse di tserwe kwa Kapa Bokone go latela dikgato tseno tsa go tswalela metsi. Dikgato tseno ke karolo ya Lenaane la Pusetso ya Dinaga le Tsenyeletso ya Tshegetso ya Balemirui. Madi a ka nna R30 milione a diriseditswe go mekamekana le dikgato tseno mo go rekeng le mo go abeleng balemirui ka furu mo nakong e khutshwanyana. Puso e tla oketsa gape dipetse tsa metsi a a borilweng ka go epa metsi ano mo dikarolong tsa porofense tse di amegileng.
3.4. Mo godimo ga dikgato tsotlhe tsa go tsereganya tseo Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le setseng le ditsere, Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ka fa nageng go tswelela go somarela metsi, ka ntlha ya gore naga ya rona ya Aforika Borwa ke naga e e senang metsi a le mantsi. 

4. Ditlhatlhobo tsa Materiki (NSC)

4.1. Kabinete e lakaletsa barutwana botlhe masego le matlhogonolo ka ba tla bo ba ipaakanyetsa go tsena mo ditlhatlhobong tsa bona tsa bofelo jwa ngwaga. Ditlhatlhobo tsa NSC tsa Barutwana ba Materiki di tla simolola ka la bo 23 Diphalane go fitlha ka la bo 28 Ngwanaitseele 2019. Palogotlhe ya barutwana ba ba kwadisitseng go kwala letlakala la materiki ba le 629 197 ke ba ba ikwadiseditseng go tsena sekolo ka dinako tsotlhe fa ba le 122 471 e le ba ba tsenang sekolo e se ka dinako tsotlhe.
4.2. Lekgotla la Netefaletso ya Boleng jwa Makwalo a Thuto mo Thutong ya Sekolo le mo Thutong le Katisong ya Godingwana (Umalusi) le netefaditse gore Lefapha la Thuto ya Motheo (DBE) mmogo le mafapha a lona a kwa diporofenseng a eme sejaro go ka tsamaisa dithulaganyo tsa 2019 tsa NSC. 
4.3. Kabinete e rotloetsa batsadi le batlhokomedi ba bana ba semolao gore ba tshegetse bana ba bona ka mokgwa mongwe le mongwe o ba ka kgonang jaaka ba ipaakanyetsa go konosetsa paka ya dingwaga di le 12 ba ntse ba le mo sekolong. Baagi ba lopiwa go rulaganya mafelo a ba nnang mo go ona gore a siamele bana ba ba tka bong ba kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa bofelo jwa ngwaga.

5. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS)

5.1. Kabinete e lopa barutwana botlhe ba ba nang le matshwanedi a go ka iponela tshegetso ya matlole a go ya sekolong a NSFAS mo ngwageng wa 2020 go dira dikopo e sa le jaanong. Paka ya go dira dikopo kwa NSFAS e gorogile mme barutwana ba ba batlang go tsweletsa dithuto tsa bona kwa diyunibesiti le kwa dikholejeng tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegenik (di-TVET). 
5.2. Letlha la bofelo la go romela dikopo tsa go thusiwa ka matlole a NSFAS ke bosigogare ka la bo 30 Ngwanaitseele 2019. Botlhe ba ba thusiwang ke sekema seno ba tshwanetse go romela dikopo.

6. Paka ya Lekgetho
6.1.  Kabinete e akgola baduelalekgetho botlhe ba le dimilionemilione ba ba setseng ba tlhatlhetse dipusetso tsa lekgetho. Pokeletso ya lekgetho e e dirilweng ka ditsela tse di matshwanedi mmogo le go tsamaisiwa sentle e netefatsa gore re ikemele mo mererong ya matlole.  
6.2. Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) e tla bula ka Lamatlhatso mongwe le mongwe wa kgwedi ya Diphalane 2019 go tloga ka 08:00 go fitlha ka 13:00 go thusa baduelalekgetho go tlhatlhela dipusetso tsa bona tsa lekgetho. 
6.3. Baduelalekgetho ba gopodiwa go boloka ditlankana tsa bona tsotlhe tse di pakang thulaganyo ya bona ya go tlhatlhela dipusetso tsa bona tsa lekgetho. Baduelalekgetho ba rotloediwa thata go dirisa mafaratlhatlha a dikhomphiutha a SARS eFiling mmogo le SARS MobiApp a a tlamelang ka didirisiwa tse di tlhabolotsweng mme e bile gape motho mongwe le mongwe o kgona go di fitlhelela letsatsi lengwe le lengwe bosigo le motshegare. 

7. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF)

7.1. Kabinete e akgotse taelo ya Yuniti yaTirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa ya Dipatlisiso tsa Ditlolomolao tsa Thobalano, Dintwa tsa kwa Malapeng le Tshireletso ya Bana ya kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, e e dirileng go tlala seatla go netefatsa gore e bona dikatlholelo tsa kwa kgolegelong tsa botshelo jotlhe kwa kgolegelong di le 35 mmogo le dikatlholelo tsa kwa kgolegelong dingwaga di le 621 kgatlhanong le bao ba tlolang melao ka tsa thobalano mo kgweding ya Lwetse e le esi.
7.2. Kabinete e tsweletse go matlafatsa ditheo tsa puso go netefatsa gore ditlhokotsebe tsa GBVF ba tshwarwa ka ponyo ya leitlho le go apara kobo e le nngwe le molao. Kabinete e gateletse boikuelo jwa yona mo baaging gore ba tswelele go dirisana mmogo le ditheong tsa tiragatso ya molao go fedisa tirisodikgoka mo basading le mo baneng mo nageng ya rona ya Aforika Borwa.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Leano la Metswedi ya Metswako ya Motlakase (IRP) la 2019


1.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga IRP2019, e leng se e tla nnang motheotumelano wa metswako ya motlakase e e lebeletsweng ka fa nageng mo pakeng e e tlang ya 2030.
1.2. Ka kgwedi ya Phatwe, Kabinete e ne ya nesetsa pula kgang ya go rebola lekwalothalo la IRP2018 gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga lona, e leng kgato e e dirilweng magareng ga kgwedi ya Lwetse le ya Ngwanaitseele 2018. Bontsi jwa ditshwaelo tse di dirilweng ke baagi, dirutegi, baitsanape ba makala a metlakase mmogo le bannaleseabe ba ba maleba ba ba jaaka Lekgotla la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro mmogo le Komiti ya Lefapha la Motlakase, di tsentswe mo go IRP2019.
1.3. Leano leno le tshitshinya dikgato di le robongwe tsa go tsereganya go netefatsa gore naga e tsibogela ditlhokwa tsa naga eno tsa motlakase mo dingwageng tse di tlang di le lesome. 
Ditsereganyo tseno di tswa mo molatheong wa ga jaana wa tlhokego ya motlakase mo nageng mmogo le mo maikanong a naga mo maemong a boditšhabatšhaba a go nna le boleng jo bo kwa tlasetlase jwa mesi e e bolayang tlhago. 
1.4. Leano leno le itshegeditseng ka letlhomeso la pholisi e e batlang go fitlhelela metswako e e farologaneng ya motlakase e e fokotsang ntlha ya go itshepela mo motsweding o le mongwe kgotsa e le mmalwanyana fela ya metlakase. Pholisi eno e tla kwalolwa sešwa go tsamaelana le tikologo ya lekala la motlakase e e fetogetseng ruri.
1.5. IRP2019 e e neseditsweng pula e tla phasaladiwa mo kaseteng le go bonwa mo webesaeteng ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji: www.dmr.gov.za.

2. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS)

2.1. Tona ya Matlole Tito Mboweni o boleletse Kabinete ka MTBPS. Kwa bokhutlhong jwa kgwedi eno, Tona o tla tlhagisa MTBPS kwa Palamenteng, e leng se se tla tlhagisang ditsereganyo mo tekanyetsokabong ya naga go netefatsa gore re nna le tlhokomelo ya matlole. 
2.2. Kabinete e na le tshepo gore MTBPS e tla bontsha maAforika Borwa mmogo le babeeletsi gore puso e tota e ikemiseditse mo go laoleng ikonomi ka tsela e e tshwanetseng le ka go nna le maikarabelo. 

3. Letlhomeso la Naga la Tlhabololo ya Mafelotulo (NSDF)

3.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga NSDF gore baagi ba dire ditshwaelo. Letlhomeso leno le tshitshinya ditsela tsa go refosana maemo mo mafelotulong a ga jaana a a rulagantsweng ka tsela ya bosemorafe, e leng se se tswelelang go tlhotlheletsa go se tshwane ga madulo a batho ba lotso lo lo rileng mo nageng. Mokgwa ono o tlhaola mafelo a a nang le ditšhono tsa moruo le go tshitshinya ditsela tse di maleba tsa go tlhokomela mafelo a naga a a nang le metswedi ya khumo ya naga mmogo le a Kamano ya Ditshedi le Tikologo. 
3.2. Letlhomeso leno le tshitshinya ditsela tse di ka tsewang go rulaganya mafelotulo gore re kgone go nna le tlhabololo ya ikonomi le ya loago e e nnelang ruri mo nageng, le go tlamela ka dikgato tse di golaganeng tse di tsamayang ka lenaneo tsa lekala la maemo a a kwa godimo.

4. Pegelo ya Naga ya Thulaganyo ya Tshedimosetso e e Golaganeng ya Tlhokomelo ya Baagi (NISPIS) 

4.1. Kabinete e amogetse dipoelo tsa ditshekatsheko tse dirilweng ka bajalefa botlhe ba ba amogelang megolo ya loago bao e leng barutwana ba Mophato wa 12. Tshedimosetso eno e tlile le ba NISPIS, eo e leng yona e e disang barutwana ka go dirisa dinomoroitshupo tsa bona tsa makwaloitshupo, mofuta wa mogolo o ba o newang mmogo le dikolo tse ba tsenang kwa go tsona. 
4.2. Go ya ka thulaganyo eno, mo barutwaneng ba le 400 761 ba ba falotseng ditlhatlhobo tsa materiki mo ngwageng wa 2018, ba le 237 114 ke bajalefa ba megolo ya loago. Ba ka nna 36% ba bona ba falotse bontle ka ka diphalolo tse di ba amogelang go dira ditekerii, ba le 38% ba falotse ka diphalolo tse di ba amogelang go dira ditipoloma fa ba le 26% ba falotse ka diphalolo tse di ba amogelang go dira ditefikeiti tse di godingwana. 
4.3. Dipoelo tseno di totobatsa matsapa a a botlhokwa a a tserweng ke puso, bogolosegolo mo go tlhabololeng matshelo a barutwana ba ba humanegileng le ba ba leng mo tlalelong. 

5. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e Samaganeng le Tiro ya Pusetso ya Dinaga

5.1. Kabinete e ne ya babadiwa ka kgatelopele e e dirilweng ke IMC e e Samaganeng le Tiro ya Pusetso ya Dinaga mo go potlakiseng pusetso ya dinaga le kabosešwa ya dinaga ka go abela baagi ka naga e e leng mo diatleng tsa puso gore ba bone madulo teng. 
5.2. Kabinete e amogetse kgatelopele e e dirilweng ke IMC. E neseditse pula pula gape le ditshitshinyo tse di dirilweng tse di ka ga dinaga tse di nopotsweng tseo di leng mo diatleng tsa puso. Dikarolo di ka nna 167 tsa dinaga tseo di leng mo diatleng tsa puso tse di ka dirang bogolo jo bo kanaka diheketara di le 14 105 tse di leng ka fa tlase ga taolo ya Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba di neetswe tetla ya go ka abelwa baagi gore ba itshube gone ka go rebola Makwalo a Babueledi kwa Setheo sa Kago ya Dintlo (HDA). HDA ke setheo sa ka fa nageng sa setšhaba sa dikago mme se reka le go tlhabolola naga mmogo le go aga mo nageng eo le go laola diporojeke tsa kago ya dintlo le madulo.
5.3. Kabinete e rebotse gape le taelo e e laelang ditlamo tsotlhe tsa puso mmogo le ditheo tse dingwe gape tsa puso gore di seke tsa lokolola dinaga tsa tsona.

C. Melaotlhomo

1.  Molaotlhomo wa Kgotlhelo ya Mawatle ka Oli (Ipaakanyo, Tsibogelo le Tirisano) wa 2019

1.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Kgotlhelo ya Mawatle ka Oli (Ipaakanyo, Tsibogelo le Tirisano) wa 2019, e leng se se kgontshitseng gore go nne le Tumelano ya Boditšhabatšhaba ka ga Ipaakanyo, Tsibogelo le Tirisano ya 1990.
1.2. Tumelano ya Boditšhabatšhaba ya Mawatle e tlhagisitse dikgato tsa go samagana le ditiragalo tsa go kgotlhela mawatle ka oli mo mawatleng a naga ka go dirisana le dinaga tse dingwe. Naga ya Aforika Borwa ke tokololo ya Mokgatlo wa Boditšhabatšhaba wa Mawatle, yo e leng karolo ya setheo sa Mokgatlho wa Dinagakopano se se jereng maikarabelo a go susumetsa pabalesego mo tirisong ya dikepe mmogo le mo go thibeleng kgotlhelo ya mawatle.  
1.3. Gang fa Molaotlhomo ono o sena go amogelwa go nna molao, o tla kgontsha Aforika Borwa go diragatsa matsholo, katiso le manaane a katsio le go rebola dikotlhao ka tshwanelo tsa tsiboso ya tshologo ya oli mo dikepeng tse di kgabaganyang losi lwa Aforika Borwa.

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Kgothakgothe ya Diteropo tse di Golaganeng mmogo le Dipusoselegae (UCLG): Moletlo wa Lefatshe wa Baeteledipele ba Dipusoselegae le ba Dikgaolo 

1.1. Kgothakgothe ya UCLG: Moletlo wa Lefatshe wa Baeteledipele ba Dipusoselegae le ba Dikgaolo o tla tshwarwa ka la bo 11 le la bo 15 Ngwanaitseele 2019 kwa Albert Luthuli International Convention Centre e e kwa Durban. 
1.2. Moletlo yono, yo o rulagantsweng ke UCLG, ke yo mongwe wa e megolo tota o o leng botlhokwa mo lefatsheng o o tsenelwang ke dimeyara, bakhanselara, dipusoselegae mmogo le balekane ba bona ba dinaga tsa boditšhabatšhaba. E tla nna Kgothakgothe ya ntlha go latela Khonferense ya Habitat III mme e tla tlamelwa ka pegelo ya dikgatelopele mabapi le go tsenngwatirisong ga Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri (di-SDG) mmogo le seabe sa tsona mo dipusoselegaeng.

2. Thankgololo ya Mokgwatirelo wa Moporesitente wa Tlhabololo ya Tikologo ya eThekwini

2.1. Mokete wa thankgololo ya Mokgwatirelo wa Tlhabololo ya Tikologo/Teropokgolo kwa eThekwini e tla tshwarwa ka Labotlhano, 18 Diphalane kwa Princess Magogo Stadium kwa KwaMashu. 
2.2. Jaaka karolo ya mokete ono wa thankgololo, Moporesitente Ramaphosa o tla bula Mara Phone, e leng feme e ntšhwa ya megala ya matsogo e e dirisang inthanete ya Setlamo se Segolo sa Batho ba Aforika sa Mara Group. Dipeeletso tseno tsa maemo a a kwa godimo ke karolo ya maikano a a dirilweng kwa Moletlong wa Pulo ya Dipeeletso tsa Aforika Borwa mo ngwageng yo o fetileng.
2.3. Moporesitente Ramaphosa o tla etela gape le Seteišene sa Mapodisi sa Inanda go tlhatlhoba matsapa a tshireletsego le pabalesego fa Tona ya Boitekanelo ene, Ngaka Zweli Mkhize, a tla bo a etela maokelo.  

3.  Foramo ya Ikonomi ya Dinaga tsa Russia le tsa Aforika

3.1. Moporesitente Ramaphosa o tla bo a etile pele baromiwa ba naga ya Aforika Borwa kwa Foramong ya ntlha ya Ikonomi ya Dinaga tsa Russia le tsa Aforika, e e tla tshwarelwang kwa Sochi, Russia go simolola ka la bo 23 go fitlha ka la bo 24 Diphalane 2019.
3.2. Foramo eno e tla go tsepamisa mogopolo mo dikarolong tsa tirisanommogo magareng ga dinaga tsa Russia le tsa Aforika. Dipuisano di tla bo di ikaegile ka dintlha di le tharo tse di botlhokwa: “Go Tlhoma Tirisanommogo mo Ikonoming”, “Go Nna le Diporojeke tse di Tshwaraganetsweng ke Maphata ka Bobedi” mmogo le “Go Dirisana Mmogo ka go Thusana ka go Thapa Batho go tswa kwa Dinageng Tseno mmogo le mo Ditheong tsa Merero ya Loago”.

E. Melaetsa

1. Kabinete e romela matshediso a yona kwa: 

  • baaging ba puso ya naga ya Japan morago ga typhoon e e kgabotseng kwa nageng eo, mo e bakileng dintsho di le dintsinyana le go senya mafaratlhatlha a naga eo. 

2.    Kabinete e lebogisitse:

  • Setlhopha sa naga sa di-Springboks go bo se fitlheletse makgaolakgang a Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi sa 2019 kwa Japan le go ba lakaletsa masego jaaka ba fetetse kwa pele mo dikgaisanong tseno. 
  • Tonakgolo Abiy Ahmed Ali wa naga ya Ethiopia, yo a abetsweng 2019 Nobel Peace Prize ka ntlha ya matsapa a gagwe a go tliga kagiso le tirisanommogo mo lefatsheng bogolosegolo, mo maitekong a gagwe a go fedisa kgotlhang e e neng e le teng sebaka se se leele magareng ga naga ya Ethiopia le ya Eritrea.
  • Brigid Kosgei wa naga ya Kenya go latela gore a fenye rekoto e e leng teng ga jaana ya lebelo la basadi kwa Chicago mmogo le Eliud Kipchoge go bo e le ramabelo wa ntlha go fenya lefelo la diura di le pedi; ka go siana lebelo la boleele jwa dikhilomitara di le 42 sebaka sa diura tsa di sa feteng di le pedi. 
  • baagi ba Rephaboliki ya Mozambique go bo ba tshwere ditlhopho tsa Kantoro ya Moporesitente, Kantoro ya Palamente le tsa Kantoro ya Puso ya Porofense ka Labobedi, 15 Diphalane 2019. Khomišene ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)o rometse bakeleki le baitsanape ba ditlhopho kwa nageng eo go latela taletso e ba e amogetseng go tswa kwa Pusong ya Mozambique.

3. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
3.1. Ditokololo tsa Boto ya Letloletlamelo le le Botlhokwa la Motlakase:
a. Ngaka Monde Mnyande (Monnasetulo);
b. Mme Nolubabalo Sondlo;
c. Rre Nkululeko Poya; le
d. Moatefokate Priakumari Hassan.

3.2. Ditokololo tsa Batlhokomedi ba Matlole ba Brand South Africa Trust : 
a. Mme Thandi Tobias-Pokolo (Monnasetulo)
b. Mme Loretta Jacobus;
c. Moporofesara Yiva Rodny-Gumede;
d. Mme Rashel Kalidass;
e. Mme Muditambi Ravele;
f.  Ngaka Stavros Nicolaou;
g. Rre Mlungisi Lulu Johnson;
h. Rre Bushang Jacques Modipane;
i.  Rre Johannes George Sebulela;
j.  Ngaka Keabetswe Modimoeng;
k. Mme Tebogo Mamorobela;
l.  Mme Sisanda Bukeka-Nkoala; le
m. Rre Andrew Madella.

3.3. Ditokololo tsa Setheo sa Naga sa Bobegakgang jwa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano sa Bakaedi ba Aforika Borwa:
a.  Mme Molebogeng Leshabane (Monnasetulo);
b. Mme Bongekile Filana;
c. Mme Tobeka Buswana;
d. Moporofesara Christian Adendorff;
e. Rre Melvyn Lubega;
f.  Mme Nomonde Hlatshaneni; le
g. Rre Lionel Adendorf.

3.4. Ditokololo tsa Boto ya Bakaedi ba Kantoroposo ya Aforika Borwa
a. Mme Tshikani Colleen Makhubele (Monnasetulo);
b. Rre Ismail Mamoojee;
c. Mme Nondumiso Pumela Ngonyama;
d. Rre Kgamedi Albert Ramoadi;
e. Mme Catharina van der Sandt;
f.  Mme Nonzukiso Zukie Siyotula;
g. Rre Zolani Kgosie Matthews (moemedi wa mokgatlho wa badiri); le
h. Rre Thomas Sipho Nkese (moemedi wa mokgatlho wa badiri).

3.5. Go thapiwa sešwa ga Rre Thobile Lamati jaaka Mokaedikakaretso (DG) kwa Lefapheng la Merero ya Ditiro le Badiri sebaka sa dingwaga di le tlhano.

3.6.  Mme Simone Constance Geyer jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG) kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building