A. Merero ya ga Jaana
1. Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA)
1.1. Moporesidente Cyril Ramaphosa o tla neela SoNA ya 2021 ka Labone, 11 Tlhakole 2021, go tloga ka 19:00. SoNA e tla ka nako e rotlhe re tshwanetseng go ema mmogo go fenya ditlamorago tsa leroborobo la Bolwetsi jwa Mogare wa Corona (COVID-19), go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa le go godisa ikonomi ya rona. Kabinete e rotloetsa maphata otlhe a setšhaba go dira mmogo go netefatsa gore go nna le kopano e ntšhwa ya loago e e tla re tlhomang mo tseleng ya go dira Aforika Borwa lefelo le le botoka go botlhe.
1.2. MaAforika Borwa otlhe a kopiwa go dirisa puo ya Moporesidente jaaka seikokotlelo sa go fetola ikonomi ya rona, go fedisa tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le polao ya basadi (GBVF) gammogo le go samagana le dikgwetlho tse tharo tsa lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro. Dikopano tsa go begela bobegakgang morago ga SoNA di tla tlhalosa ka tsenelelo Lenaneo la puso la Ditiragatso la ngwaga wa 2021/22.
2. Dipeeletso
2.1. Kabinete e amogetse dipeeletso tsa R16 bilione ka Setlamo sa Dijanaga sa Ford sa Aforika Borwa kwa polanteng ya sona ya Silverton. Peeletso eno e tla oketsa palo ya dijanaga tse di agiwang ka fa nageng go romelwa kwa ntle le go tlhama ditiro di ka nna 1 200.
2.2. Ke karolo ya Kgaolo e e Kgethegileng ya Ikonomi ya Dikoloi ya Tshwane e e tlhomilweng ka 2019 go tlhama kutla e kgolokgolo ya tlhagiso mo Aforika. E ngoketse batlamedi ba dikarolo tsa dikoloi ba le 12 mme kago ya difeme tsa bona e simolotse, mme yone ke ya boleng jwa R4.33 bilione. Dipeeletso tseno di tlhomamisa go ngokela ga Aforika Borwa jaaka lefelo la bogorogelo la dipeeletso mme di bontsha boikanyo jo batlhagisi ba dikoloi ba lefatshe ba nang le jone mo nageng ya rona.
3. Go Tlhaba Moento wa COVID-19
3.1. Puso e beile kwa pele letsholo la naga la go tlhaba moento go thibela go anama ga COVID-19. Kabinete e tlhomamisetsa maAforika Borwa gore puso e santse e le mo thulaganyong ya go diragatsa lentsholo leno. Jaanong go tla dirisiwa moento wa Johnson & Johnson go na le moento wa AstraZeneca.
3.2. Phetogo eno e latela dipatlisiso tse di tseneletseng tse di dirilweng ke basaense ba kalafi tse di bontshitseng gore AstraZeneca ga e a nonofa mo go kalo kgatlhanong le mofuta wa COVID-19 501Y.V2. Moento wa Johnson & Johnson o bontshitse o na le bokgoni kgatlhanong le mofuta wa 501Y.V2 o o fitlhelwang ka bontsi mo nageng.
3.3. Kabinete e akgotse tiro ya basaense le babatlisisi ba ba nnileng le phitlhelelo malebana le nonofo ya meento kgatlhanong le mofuta wa 501Y.V2. Seno se tlhomamisa bokgoni jwa saense jo bo tsepameng jwa naga jo bo akgolwang mo lefatsheng lotlhe.
3.4. Moento wa AstraZeneca o rekilwe go lebeletswe nonofong ya yona mo bolwetseng jo bo tlileng pele, pele ga go ka lemogwa mofuta wa 501Y.V2 mo nageng. Meento e e amogetsweng go tswa kwa Setheong sa Serum sa India ka 1 Tlhakole 2021 ga e ise e felelwe ke nako mme e ne e siametse go dirisiwa mo kgatong ya rona ya ntlha ya letsholo la go tlhaba moento.
3.5. Kabinete e tlhagisitse fa e na le tshepo mo letsholong le le rulagantsweng la go tlhaba moento le le tla simololang ka go entiwa ga badiredi ba lephata la boitekanelo ba le 1.2 milione. Lefapha la Boitekanelo, le dira mmogo le Lefapha la Matlotlo a Setšhaba, le tla tswelela go reka meento e mengwe go netefatsa gore naga e fitlhelela seemo se mo go sona bontsi jwa baagi bo entilweng.
3.6. Go netefatsa gore letsholo la go tlhaba moento le tsamaya ka tolamo, Lefapha la Boitekanelo le tlhomile Sefalanatshedimosetso sa go Ikwadisetsa go Tlhaba Moento (EVDS) se se ka fitlhelelwang mo https://sacoronavirus.co.za/evds/tscs/(link is external). Kabinete e rotloetsa ba ba nang le tshiamelo ya go entiwa mo kgatong ya ntlha go ikwadisa.
3.7. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba Aforika Borwa go tswelela go obamela dikgato tsa pabalesego go thibela go anama ga ditshwaetso tsa COVID-19 ka go tila dikokoano tse dikgolo, go tlhapa diatla ka metsi le sesepa gongwe sebolayaditwatsi se se nang le 70% tsa alekhohole, go apara maseke fa o le mo gare ga batho le go katogana ka sekgala sa mitara le halofo le batho ba bangwe.
4. Letlole la go Tsibogela GBVF
4.1. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Letlole la go Tsibogela GBVF le le tlhomilweng ke lephata la poraefete. Letlole leno le tla maatlafatsa tsibogelo ya GBVF mo nageng mmogo le go diragatsa lenaneo la go diragatsa Leano la Thulaganyo ya Bosetšhaba le le mabapi le GBVF.
4.2. Letlole leno le diragatsa nngwe ya ditshwetso go tswa mo Samiting ya Kgoeletso ya GBVF e e neng e tshwerwe ka 2018, tse di ikuelang mo balekaneng botlhe ba loago mo nageng – go akarediwa puso, baagi le banni-le-seabe ba bangwe – go dira mmogo go batla ditsereganyo tse di nnelang ruri go fedisa GBV.
4.3. Kabinete e amogetse dikatlholo tse pedi tsa go romelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong tse di neilweng Lungile Nxelelwa kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Palm Ridge ka ntlha ya petelelo le polao ya ga Keneilwe Pule yo o neng a na le dingwaga di le 27 mme a nna kwa Sebokeng ka 2019.
4.4. Gape Kabinete e akgotse maphata a tiragatso ya molao ka ntlha ya tiro e ntle morago ga gore Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Lebowakgomo e atlholela monna wa dingwaga di le 27 kwa motsaneng wa Ga-Tamatis kwa Limpopo e mo atlholele botshelo jotlhe kwa kgolegelong morago ga go bonwa molato wa go betelela mosetsana wa dingwaga di le 14 yo o nang le bogole.
4.5. Kabinete e gateletse gore e tla tswelela go semelela go maatlafatsa tsamaiso ya bosiamisi ya naga go samagana thata le badiramolato ba GBVF, go netefatsa gore batswasetlhabelo ba itemogela bosiamisi jo bo potlakileng le go dira tlamelo ya gore baagi ba babalesege. Go ikuelwa mo maphateng otlhe a setšhaba go tsena mo ntweng ya go fedisa sediko sa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana ka go bega badiramolato kwa mapodising.
5. Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)
5.1. Paka ya Aforika Borwa jaaka Modulasetilo wa AU e khutlile morago ga ngwaga o o sa tlwaelegang mo kontinenteng le mo lefatsheng. Paka ya Aforika Borwa e amilwe thata ke COVID-19 e e amileng dinaga tsotlhe mo kontinenteng. Le fa go ne go na le dikgwetlho tse dintsi tse di bakilweng ke leroborobo, Aforika Borwa e atlegile go tsweletsa pele lenaneo la AU, bogolo segolo malebana le ka moo kontinente e tsibogetseng leroborobo la COVID-19 ka gona.
5.2. Ka paka ya bodulasetilo jwa Aforika Borwa, go ne ga tlhomiwa Lefelo la Kgwebisano e e Gololesegileng la Kontinente ya Aforika, go bontsha paka e ntšhwa ya kgwebisano ya mo gare ga Aforika le kgolaganyo ya ikonomi. Aforika Borwa e tshwaetse ka botlhaga mo maitshimololelong a AU a go dira kagiso kwa South Sudan le Ethiopia.
5.3. Kabinete e akgotse Moporesidente Ramaphosa ka ntlha ya boeteledipele jwa gagwe mo pakeng eno gammogo le go thapiwa ga gagwe ntle le kganetso go nna Moeteledipele wa Letlole la AU la go Tsibogela COVID-19. Le fa paka ya Aforika Borwa ya go nna modulasetilo e fedile, Kabinete e tla tswelela go ema nokeng letsholo la maatlafatso ya ikonomi ya basadi mo Aforika mo Dingwageng di le Lesomo jaaka go goeleditsweng mo Kakaretsong ya Basadi ba Aforika mo Ditšheleteng le mo Ikonoming go fitlha ka 2030.
6. Maemo a Bosa a a Kotsi
6.1. Kabinete e amogetse pegelo malebana le go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya tshoganyetso ya paka e e rileng ya bosetšhaba ya botsamaisi jwa matlhotlhapelo gammogo le ditsibogo tse di golagantsweng malebana le Setsokotsane sa pula ya matlakadibe sa Eloise mmogo le maemo a dipula a a tshwanang le a setsokotsane seno. Kabinete e rometse melaetsa ya matshediso go botlhe ba ba latlhegetsweng ke ba ba ba ratang mo puleng ya matlakadibe ya fa gautshwane mme e eleleditse ba ba gobetseng pholo ya ka bonako. Puso e tswelela go dira le baagi le mekgatlho e e seng ya puso (di-NGO) go thusa ba ba latlhegetsweng ke magae a bona mo dipuleng tseno tse di maatla.
6.2. Dipula tseno tse di maatla di bakile tshenyego ya mafaratlhatlha mo diporofenseng tse di farologaneng. Tirelo ya Maemo a Bosa ya Aforika Borwa (SAWS) e tsibositse gore go na le kgonagalo ya gore merwalela e ka ipoeletsa kwa Limpopo, Foreisetata le kwa Bokone Bophirima mo matsatsing a a tlang. Kabinete e ikuetse mo bathong botlhe go ela tlhoko maemo a bosa a a kotsi. Baagi ba gakololwa gore go botoka ba nne mo matlong fa pula e tshologa thata le fa go na le matlakadibe.
6.3. Setheo sa SAWS se tla tswelela go neela diponelopele tsa letsatsi le letsatsi le tsa beke le beke tsa maemo a bosa, gape le go tsibosa Tikwatikwe ya Botsamaisi jwa Matlhotlhapelo jwa Bosetšhaba (NDMC) ka maemo ape a a bosa a a bonagalang a le kotsi. NDMC e tla phasalaletsa tshedimosetso eno go banni-le-seabe ba ba maleba go tsibosa baagi botlhe.
6.4. Puso e dira le di-NGO, setlhopha sa Ditona, ditokololo tsa makgotlakhuduthamaga le baeteledipele ba dikgaolo tse di farologaneng ka fa nageng – go akarediwa NDMC – go gokaganya ditirelo tsa tshoganyetso tse di botlhokwa mo diporofenseng tse di amegileng.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo
1.1. Kabinete e dumeletse go okediwa ga nako ya go nna mo tirisong ga Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo go fitlha ka 15 Mopitlwe 2021, jaaka go kaelwa ke Karolo ya bo 27(5) (c) ya Molao wa Naga wa Botsamaisi jwa Matlhotlhapelo wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002).
C. Melaetsa
1. Mokete wa Segopotso sa Ngwaga
1.1 Kabinete e ketekile segopotso sa ngwaga wa bo 24 sa Molaotheo wa temokerasi wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 o o simolotseng go dira ka 4 Tlhakole 1997 morago ga go itsesewe ke Moporesidente wa maloba Nelson Mandela. Molaotheo ono o o akgolwang lefatshe ka bophara o maatlafaditse kgololesego le temokerasi tse di fentsweng ka bothata mme rotlhe re tshwanetse go itumelela ona.
2. Kabinete e akgotse le go eleletsa masego go:
2.1. Moatefokate Dumisa Ntsebeza SC ka ntlha ya go tlhophiwa jaaka Moatlhodi kwa Kgotlatshekelong ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le tsa Batho.
3. Matshediso
Ka ntlha ya fa kopano eno e le ya ntlha ya 2021, Kabinete e rometse matshediso a a thari go bamasika le ditsala tsa:
3.1. Rre Jackson Mphikwa Mthembu e ne e le Tona mo Kantorong ya Moporesidente mo tsamaisong ya puso ya borataro. E ne e le molweladitshwanelo yo o itlamileng mme o diretse kantoro ya setšhaba ka botswerere.
3.2. Rre Jonas Gwangwa e ne e le mogaka wa setso yo o neng a itsege lefatshe lotlhe jaaka motlhami, morulaganyi, motlhagisi le moletsaterompeta wa jazz.
3.3. Ngaka Sibongile Khumalo e ne e le seopedi sa mmino e e farologaneng le morutabana wa mmino yo o nnileng le seabe mo tlhabololong ya botsweretshi le setso mo Aforika Borwa mo maphateng a mmino wa jazz le opera.
3.4. Mme Rebecca Kotane, yo o neng a itsege thata ka gore ke MmaKotane, o nnileng le seabe sa botlhokwa mo kgaratlhong ya naga ya go bona kgololesego. O gopolwa ka seabe sa gagwe mo Mogwantong wa Basadi wa 1956 wa kwa Union Buidings mme gape e ne e le mogatsa moeteledipele yo o tlhokafetseng wa Mokgatlho wa Bokomonisi wa Aforika Borwa, Rre Moses Kotane.
3.5. Moatlhodi Khayelihle Kenneth Mthiyane e ne e le Motlatsamoporesidente wa maloba wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo.
3.6. Mme Thoko Ndlozi e ne e le ena fela yo a neng a santse a tshela mo setlhopheng sa gagwe sa baopedi ba basadi fela sa Joy, se se dirileng hisetori ka pina ya bona e e rategileng thata ya, Paradise Road.
3.7. Rre Wandi Nzimande e ne e le mongwe wa basimolodi ba leibole ya moaparo o o rategileng mo Aforika Borwa ya Loxion Kulca, yo a beileng Aforika Borwa mo maemong a a kwa godimo mo go tsa fišene.
3.8. Rre Knowledge Simelane o diretse dipuo tsa bathobatsho ka botswapelo. O tlogetse phatlha e kgolo mo lephateng la kgatiso ya makwalodikgang.
3.9. Rre Welcome ‘Bhodloza’ Nzimande, yo o tseneng mo Ukhozi FM ka 1978 lerato la gagwe la mmino wa Maskandi le ribolotse baopedi ba le bantsi ba mmino wa setso wa Aforika Borwa.
3.10. Rre Kabelo ‘KB’ Molopyane e ne e le mogasi yo o itsegeng yo tiro ya gagwe ya bogasi e simolotseng ka 1996 mme o ne a tuma fa a ne a tsena mo Motsweding FM.
3.11. Ngaka Sam Phillips o ne a tumile mo dinageng tsa boditšhabatšhaba e bile o gapile le sekgele sa tiragatso mo sekirini, o ne gape e le mokwadi, motlhami wa mmino le mokaedi.
3.12. Rre Edwin De Lille, monna wa Tona ya Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba, Patricia de Lille.
3.13. Motlotlegi Kgosi Thulare Victor Thulare III, Kgosi ya setšhaba sa Bapedi, yo o amogetseng setifikeiti se se mo tlhomamisang jaaka Kgosi go tswa go Moporesidente Ramaphosa ka 2020.
D. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Moatefokate Doctor Mashabane – Mokaedikakaretso wa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete
Mogala: 083 501 0139