A. Merero ya ga Jaanong
1. Khonferense ya Aforika Borwa e e mabapi le Dipeeletso (SAIC)
1.1. Kabinete e lebelela ditlamorago tse di itumedisang tsa khoferense ya SAIC mmogo le tsa Foramo ya Dipeeletso ya Aforika (AIF) tse di neng di tshwerwe go ya ka tatelano ya tsona go simolola ka eo e tshwerweng go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 7 Ngwanaitseele 2019 mme go latele e e tshwerweng go tloga ka la bo 11 go fitlha ka la bo 13 Ngwanaitseele 2019.
1.2. Maikano a go beeletsa bokana ka R363 bilione a ne a tsewa kwa khonferenseng ya bobedi ya SAIC fa maikano a go beeletsa bokana ka US$40 bilione one a dirilwe kwa AIF. Seno se gatelela tshepo e e leng teng mo ikonoming ya rona.
1.3. Setlamo se segolo se se dirang dipampiri sa Sappi mmogo le setlamo se segolo se se ritelang bojalwa sa Heineken ke tsa tse dingwe tsa ditlamo tse di dirileng maikano a go beeletsa dibilione tsa diranta. Mo ngwageng yo o fetileng, khonferense ya ntlha ya dipeeletso e iponetse maikano a go beeletsa R300 bilione le go ngokela maikano go tswa kwa setlamong se segolo sa boditšhabatšhaba sa dithekiso tsa mo inthaneteng sa Amazon, sa Aspen Pharmacare mmogo le go tswa mo setlamong sa didirisiwa tsa thekenoloji se se tswang kwa nageng ya Rwanda sa Mara Corporation gareng ga tse dingwe. Ditsholofetso tseno tsotlhe tsa go beeletsa di tswelela go supa gore tiro ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e tsweletse ka tolamo mo go fitlheleleng dipeeletso tse di lebilweng tsa go dira bokanaka R1,2 trilione mo pakeng ya dingwaga di feta di le tlhano.
1.4. Mo bekeng e e fetileng, Lefelo le le Itlhophileng la Dikgwebo tsa go Betla Dijanaga (SEZ) la Tshwane le tsibositse dipeeletso tse go solofetsweng di tla ngokela bokanaka R3,6 bilione le go tlhola ditiro tse di tobaneng le intaseteri eno di ka nna 6 700. Setlamo sa Aforika Borwa sa Ford, se se tla bong se direla mo lefelong leno la SEZ, le ikaeletse go oketsa palo ya tlhagiso ya dijanaga tsa dibene tsa di-Ranger, go tloga mo go di le 520 go tlhagisa di le 720 ka letsatsi tse di tla rekisiwang mo dimarakeng tsa boditšhabatšhaba le tsa ka kwano ka fa gae. Setlamo sa kwa Japane sa Isuzu le sona se tsibositse dipeeletso tsa bokanaka R1,2-bilione mo tlhagisong ya ka fa nageng kwa Port Elizabeth, e e tla tsholetsang ikonomi ya kwa porofenseng ya kwa Kapa Botlhaba.
1.5. Kabinete e itumeletse le go leboga babeeletsi mmogo le batsayakarolo botlhe ba ba nnileng le seabe mo khonferenseng eno e nngwe gape ya dipeeletso. Ka go dirisana mmogo, re ka tsweletsa pele naga ya Aforika Borwa.
2. Khonferense ya Ditona tsa Merero ya Tikologo mo Dinageng tsa Aforika (AMCEN)
2.1. Kabinete e neseditse pula go thapiwa ga Tona ya Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi Barbara Creecy go nna Monnasetulo wa AMCEN mo pakeng ya dingwaga di le pedi tse di tlang.
2.2. Aforika Borwa e tsere maemo a go nna monnasetilo wa AMCEN kwa khonferenseng ya bobedi ya ngwaga e e neng e tshwaretswe kwa City of eThekwini kwa KwaZulu-Natal go tloga ka la bo 11 go fitlha ka la bo 15 Ngwanaitseele 2019. Eno ke foramo e e botlhokwa thata mo Ditoneng tsa dinaga tsa Aforika gore di simolole go loga maano a go somarela tlhago ya rona mo kontinenteng ya Aforika. E thusa gape le kontinente ya rona go ema ka lefoko le le esi mo diforamong tsa boditšhabatšhaba tse di jaaka Khonferense Dinagakopano e e ka ga Phetogo ya Maemo a Loapi (COP25) e e tla tshwarelwang kwa nageng ya Spain mo teropong ya Madrid go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 13 Sedimonthole 2019.
3. Samiti ya Dinaga tsa Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS)
3.1. Kabinete e neseditse pula dipoelo tsa Samiti ya bo 11 ya BRICS e e neng e tshwaretswe kwa nageng ya Brazil mo teropong ya Brasilia mo moono wa teng o neng o re: “Kgolo ya Ikonomi mo Boitshimololeding jwa mo Isagong”.
3.2. Moporesitente Ramaphosa mmogo le baeteledipele ba BRICS ba ne ba buisana le Lekgotla la Dikgwebo la BRICS go matlafatsa le go tsholetsa botsalano mo mererong ya ikonomi, kgwebisano, kgwebo le peeletso magareng ga dinagatokololo tsa BRICS. Kabinete e neseditse pula Kgoeletso ya Samiti ya BRICS e e amogetsweng ke Ditlhogo tsa Mebuso ya dinaga tseno.
3.3. Kgoeletso eno e tsenyeletsa maitlhomo a go lwantshana le ditlhwatlhwatlase tsa ditlhagisiwa tse di rekiwang kwa dinageng tsa kwa ntle, mmogo le dikgato tsa go oketsa ditheko kwa dinageng tsa kwa ntle le kgolo ya ikonomi. E totobatsa gape le maiteko a rona a go oketsa tirisanommogo mo mererong e e akaretsang ya dipeeletso mo makaleng a go rekisa mo inthaneteng mmogo le mo dikgwebopotlaneng, tsa mo magareng le tse dikgolo (di-SMME).
3.4. Go nneng leloko ga naga ya Aforika Borwa mo go BRICS go baya naga mo maemong a a tokafetseng mo go ka oketseng maemo a yona a kgwebisano, peeletso, koketso ya go thapiwa ga badiredi, bokgoni le go abelana ka thekenoloji e leng dilo tse di botlhokwa thata mo maitekong a rona a go samagana le dikgwetlhotharo tse re tobaneng le tsona tsa botlhokatiro, lehuma le tlhokotekatekano.
4. Dingwaga di le 25 tsa Kgololesego
4.1. Kabinete e neseditse pula go thankgololwa ga Pegelo ya Ditshekatsheko tsa Kgatelopele mo Nageng mo Nakong ya Dingwaga di le 25, e leng se se supang dikgato tsa go senka maikutlo go ralala naga le kontinente ya Aforika. Pegelo eno e re rolela hutshe fa go tla mo go tsosoloseng seriti sa batho le mo go direng gore phitlhelelo ya ditirelo tsa motheo e sa tlhole e nna namane e tona ya tiro.
4.2. Tse dingwe tsa dilo tse di fitlheletsweng di akaretsa go dira gore mang le mang yo a batlang go ya sekolong a se kgoreletsege, go atolosiwa ga thuto e kgolwane gore mang le mang yo a batlang go tsweletsa dithuto tsa gagwe a se kgoreletsege, go dira gore mang le mang yo a tlhokang ditirelo tsa kalafo le boitekanelo a di bone ntle le go duela sepe kwa maokelong a puso mmogo le go thusa ba ba leng mo tlalelong ka megolo ya thuso ya loago. Le fa tota re fitlheletse maemo ano a a gagamatsang, ikonomi ya rona a santse e tlhoka go refosanwa ka botlalo le go e dira gore e tswele batho botlhe mo nageng mosola. Mo godimo ga seno, mafelo a bodulo a santse a rulagantswe ka tsela eo a saleng a rulaganngwa ka yona mo malobeng go supa mekgwathulaganyomadulo a nako ya tlhaolele.
4.3. Pegelo eno e tshwaela gore naga e tshwanetse go agelela mo godimo ga dikatlego tseo e di boneng mo dingwageng di le 25 tse di fetileng tsa puso ya temokerasi bogolosegolo mo go tseyeng dikgatso tse di tsetsepetseng mo phetolothefosanong bogolosegolo mo mererong ya ikonomi le mo mererong ya madulo a batho ka fa nageng. Pegelo eno e ka bonwa mo webesaeteng ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro e e reng: www.dpme.gov.za
5. Go samagana le merero ya masetlapelo
5.1. Kabinete e rometse matshediso a yona kwa bamalapa a maAforika Borwa a le 14 ao a ragileng kgamelo mo merwaleleng ya sešweng kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal mme gape e eletsa pholo ya ka bonako go bao ba iponetseng dikgobalo.
5.2. Ditirelo tsa Tshoganyetso ya Masetlapelo di samagane le matsadi a a tlhodilweng ke setsuatsue se se rutlomolotseng mafaratlhatlha a setšhaba le go sia malapa a le 798 a le mo tlalelong kwa KwaZulu-Natal mo motseng wa New Hanover le wa Bergville.
5.3. MaAforika Borwa a rotloediwa go ntsha matlho dinameng le go tsaya dikgato tse di tlhokagalang go ipabalela ka go lebeletswe gore go santse go solofetswe dipula tse dingwe gape tsa matlakadibe kwa dikarolong tse dingwe mo nageng.
6. Eskom
6.1. Kabinete e tshegeditse tshwetso ya go thapa Rre Andre de Ruyter go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) yo mošwa wa setlamo sa Eskom. Go thapiwa ga CEO ya leruri go botlhokwa thata mo go matlafatseng Eskom, gore e kgone go samagana ka tolamo le dikgwetlho mo taolong ya matlole le mo tsamaisong ya puso mo setlamong seno e leng se se tla netefatsang gore go nna le tlamelo ya motlakase e e sa kgaogeng mo nageng.
6.2. Rre de Ruyter ga jaana o dira jaaka CEO mo setlamong se se dirang diphuthelwana sa Nampak. O kile a okama maemo a mmueledimogolo, a motlhatlosa serodumo sa kgwebo le a botsamaisi jwa ditiro kwa setlamong sa Sasol mo nageng ya Aforika Borwa, kwa Germany le kwa China – moo maemo a gagwe a bofelo kwa setlamong sa Sasol e neng e le Mokhuduthamagamogolo wa Ditirelo mo Setlamong seno ka fa nageng ya Aforika Borwa.
6.3. Rre de Ruyter o tla ka maitemogelo a mantsi go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba mo tirong eno; maitemogelo a mantsi a go dira le puso mmogo le a go dira le makala a bothati a dinaga tse di dirisang melao e e farologaneng; bokgoni jwa go fetola maemo a kgwebo ka go fokotsa ditshenyegelo tsa madi, tokafatso ya maemo a kgwebo mmogo le go rulaganya sešwa makala a kgwebo, dikatlego mo go tlhagiseng dipoelo tsa letseno tse di tsetsepetseng le go tlhokomela bannaleseabe; togamaano e e lolameng mmogo le bokgoni jwa go diragatsa mo tsepamiso ya togamaano e totileng go loga maano le go tsenyeletsa ditsamaiso tsa kgwebo tse di dirang le go tlhagisa ditogamaano.
6.4. Kabinete e dumela gore Rre de Ruyter o tla dirisana le boeteledipele jwa Eskom go diragatsa dikgato tse di tshitshintsweng tsa tsereganyo mo Eskom jaaka go tlhalositswe mo sekwalweng sa Eskom se se bidiwang “Roadmap for Eskom in a Reformed Electricity Supply Industry”.
6.5. Puso e tla tswelela go tshegetsa Eskom mo dikgatong tsotlhe tse e di tsayang go netefatsa gore bokgoni jwa yona jwa go tlhagisa motlakase yo o sa kgaogeng bo a diragadiwa.
7. Mogwanto wa badiredi ba Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA)
7.1. Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba amegang mo mogwantong wa badiredi ba SAA go tshwarisana kgetse ya tsie gore ba bone ditharabololo tse di tla ungwelang botlhe bogolosegolo naga ya rona.
7.2. Le fa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 o letlelela gore badiredi ba na le tshwanelo ya go ngala ditiro, re laela gore ba itise ba se ntshe mafoko a a tlhapaolang le a a tshosetsang banamedi kgotsa ba malapa le masika a bona mo nakong eo. Tsela e e renang kagiso e e sa kgoreletseng sepe ya go rarabolola dikgogakgogano ke yona e ka gale e rotloediwang go ka dirisiwa. Kabinete e santse e na le tsholofelo ya gore tharabololo e e tla kgotosofatsang maphata otlhe e tla fitlhelelwa mo mogwantong o o tsereng lobaka wa badiredi ba SAA.
8. Bolwetse jwa Tlhako le Molomo (FMD)
8.1. Kabinete e lomilwe tsebe ka bolwetse jwa FMD mo dikarolong tse dingwe tsa ka fa nageng. Le fa bolwetse jono bo sena kotsi mo bathong, bo fetelana ka lebelo le legolo mo diruiweng tse dingwe tse di nang le tlhakwatlhakwana. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ba kwa porofenseng ya Limpopo ba ba amegang gore ba ikamanye le dikgato tsa pabalesego e le dikgato tsa go thibela leroborobo leno go fetela diruiwa tse dingwe.
8.2 Barui ba kopiwa gore ba se kgobokanye metlhape ya bona mo lefelong le le lengwe go dira difantisi, dipontsho kgotsa ditiragalo tsa mothale ofe. Ba lopiwa gape gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng go bona matshwao afe a a laetsang bolwetse mo seruiweng mme ba ikgolaganye le ngaka ya diphologolo kgotsa modiredi mongwe le mongwe yo a dirang ka diphologolo, fa go tlhokagala.
9. Setlhopha sa Baromiwa ba Letsholo le le Itlhophileng ba Naga ya Borwa jwa Sudan
9.1. Kabinete e neseditse pula kgatelopele e e setseng e rebotswe mo go boneng ditharabololo ka botlalo le mo go tliseng kutlwano mo Nageng ya Borwa jwa Sudan. Naga ya Aforika Borwa e ntse e thusa ka go tshegetsa matsapa otlhe a go tsenya tirisong Tumelano e e Matlafaditsweng ka merero ya Naga ya Borwa jwa Sudan go tsamaelana le maikarabelo a Setlhopha sa Baromiwa ba Letsholo le le Itlhophileng.
9.2. Motlatsamoporesitente David Mabuza, mo maemong a gagwe jaaka leloko la Setlhopha sa Baromiwa ba Letsholo le le Itlhophileng ba Naga ya Borwa jwa Sudan, o ne a tshwara dipuisano tsa go batla maikutlo a baagi ba kgaolo a na le Moporesitente wa naga ya Uganda Yoweri Museveni mmogo le Moporesitente Lekgotla le le Ipusang la Phetolopuso ya naga ya Sudan kwa Khartoum e leng Abdalftah Alburhan A. Alrahman.
9.3. Dikgato tseno tsa go batla maikutlo di ne di totile go tsenngwa tirisong ga Tumelano e e Matlafaditsweng ka goa Ditshwetso tse di Utlwanetsweng mabapi le Dikgogakgogano tse di Tsweletseng kwa nageng ya Rephaboliki ya Borwa jwa Sudan.
10. Khonferense ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Baagi le Ditlhabololo (ICPD25)
10.1. Samiti ya sešweng ya ICPD25 e e neng e tshwaretswe kwa teropong ya Nairobi, e e mo nageng ya Kenya,e tlhagisitswe botlhokwa jwa Lenaanetiro la Letsholo la ICPD le go rotloetsa gore go diragadiwe Mogopolo wa ngwaga wa 2030 wa Tlhabololo ya Leruri.
10.2. Naga ya rona ya Aforika Borwa e iphitlhetse e le mo maemong a a kwa tlase mo maikanong a yona a go bokeletsa dikatlego tsa yona tsotlhe mo mererong ya tekatekano mo bathong ba bong jo bo farologaneng ka go matlafatsa basadi le basetsana go ralala le naga ya rona yotlhe ya Aforika Borwa ka go diragatsa matsholo a a tsenyeletsang a go abelana ka tshedimosetso le ditirelo tsa melemo ya thibelapelegi; go fedisa dintsho tsa bomme le masea mo nakong ya pelegi go tsenyeletsa le go tlamelwa ka ditirelo tsa malwetse a tsa thobalano le dithswanelo tsa ditirelo tsa boitekanelo tsa thibelapelegi mmogo le go gagamatsa matsholo a go fedisa ditlhaselo tsa Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF) mmogo le ditlhaselo tse dingwe tsotlhe tse di lebisiwang kwa basading le basetsaneng.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
11. Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng
11.1. Kabinete e eme ka lefoko la ga Moporesitente Ramaphosa mo go amogeleng katlholelo ya go latlhelwa kwa kgolegelong botshelo jotlhe makgetlho a le mararo ga mobeteledi le mobolai wa moithuti wa kwa Yunibesiting ya kwa Motse Kapa Uyinene Mrwetyana e e rebotsweng ke Kgotlatshekelokgolo ya kwa Motse Kapa. Eno ke e nngwe ya dikatlholo di le mmalwa tse di rebotsweng ke dikgotlatshekelo tsa ka fa nageng ya rona mo kgweding e e fetileng. Re santse re eme sejaro gore bao ba tswelelang go dira ditiro tse di setlhogo tsa mothale ono mo basading le mo baneng ga ba a tshwanela go nna le mo ba ka iphitlhang gone mo setšhabeng sa rona mme ba tshwanetse go tobana le bogale jo bo feletseng jwa molao.
11.2. Naga ya Aforika Borwa e ikamanya le dinaga tse dingwe lefatshe ka bophara mo pakeng ya letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng (go simolola ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole – Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Batho), go bula baagi matlho ka GBVF mo nageng ya rona.
11.3. Kabinete e neseditse pula kgang ya gore Letsholo leno la go Lwela Ditshwanelo la Matsatsi a le 16 le atolosiwe go go diragadiwa matsatsi a le 365 mo le tla tshegediwang ka matsholo a go bula baagi matlho, go ba tshegetsa le go ba ruta gore go kgonagale go fedisa tirisodikgoka e e totileng baagi ba ba leng mo tlalelong mo metseng ya rona, segolobogolo jang basadi le bana.
11.4. Letsholo leno la go Lwela Ditshwanelo la Matsatsi a le 16, le le tsepamisitseng mogopolo thata mo go bokeletseng le mo go buleng baagi matlho le tla thankgololwa kwe Moporesitente wa Naga ya Rephaboliki ya Aforika Borwa Rre Cyril Ramaphosa ka la bo 25 Ngwanaitseele kwa Motseng wa Ga-Seleka o o leng kwa porofenseng ya Limpopo. Moono wa teng, “Go ntse go lekane: Mmogo re sala morago tsengotirisong ya GBV”, le agelela mo godimo ga kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go direng mokgwa o le esi o o dirisanang le maphata a le mantsi a go tsibogela GBVF.
11.5. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tsaya karolo gore le one a eme mme a balelwe gareng ga bao ba setseng ba itatlhetse go mo lwantshaneng le GBV mo go direng gore malapa a rona a nne a babalesegile, metse ya rona e nne e babalesegile mmogo le mafelo a rona a botlhabakgobe a nne a babalesegile mo go rona rotlhe.
12. Dipoelothuno tsa mafapha a puso ya porofense le a puso ya bosetšhaba tsa ngwaga wa 2018/19
12.1. Morunikakaretso (AG) Kimi Makwetu o nopoletse Kabinete ka dipoelothuno tsa mafapha a puso ya porofense le a puso ya bosetšhaba tsa ngwaga wa 2018/19. Kabinete e santse e tlhobaediwa ke sekgala se se tsweletseng go oketsega mo tshenyegelong le mo tirisobotlhasweng ya dithoto. Ditheo di le 12 di ne tsa tlhophiwa gore di tle di runiwe ka merero ya tsona ya tirisobotlhaswa ya matlole. Di le robedi tsa ditheo tseno di tlhageletse gore di nnile le ditshenyegelo le tirisobotlhaswa mo dithotong tsa tsona. Di le supa tsa tsone ke tsa Mafapha a Dipuso tsa Diporofense mo mafapheng a Boitekanelo, a Manno a Batho, a Thuto; mme a puso ya bosetšhaba ona ke Lefapha la Manno a Batho, Metsi le Kgeleloleswe, Lefapha la Thuto ya Motheo mmogo le Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (PRASA).
12.2. Molao wa Boruni jwa Ditheo tsa Puso o o Kwalolotsweng Sešwa, 2018 (Molao wa bo 5 wa 2018), o o tsentsweng tirisong ka la bo 1 Moranang 2019, go solofelwa o tla naya Kantoro ya AG maatla le go netefatsa gore puso jaanong e tla simolola go samagana ka tshwanelo le mafapha a a tswelelang go tlontlolola letlhomeso la puso.
12.3. Go fitlha ga jaanong, Kabinete e neseditse pula kgang ya gore Molao ono o tsenngwe tirisong, bogolosegolo mo maemong ao tirisobotlhaswa e leng mo maemong a a kwa godimo moo Katoro ya AG e gapeletsegang gore tlolo ya molao ya mothale oo e tlhoka gore go diriwe dipatlisiso tse dingwe gape tse di tseneletseng, moo go tla tsenyeletswang gape le ditheo tsa tiragatso ya molao.
12.4. Kabinete e santse e eme ka le le reng e batla tsamaiso e e lolameng ya puso mo ditheong tse di laolwang ke puso. Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG) se laetswe gore tlamele batlhankedi ba ditheo tsa puso ba ba tlhokang katiso e e tseneletseng ka katiso le tshegetso eo ba ka tswang ba e tlhoka. Bao ba dirang ka bomo go gatakaka letlhomeso la taolo ya matlole a puso ba tla tshwanelwa ke go aramela bogale jwa mola le go tobana le ditlamorago tsa go dirisa dithoto tsa puso botlhaswa.
13. Porojeke ya Leeto la Ngwaoboswa, Tokologo le Kgaratlho (RLHR)
13.1. Kabinete e neilwe pegelo ya dikgatelopele mo mererong ya RLHR go tswa kwa go Tona ya Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso rre Nathi Mthethwa. Lefapha la Botsweretshi le Setso – ka tirisanommogo le Lekgotla la Naga la Ngwaoboswa mmogo le Setheo sa Aforika Borwa sa Metswedi ya Ngwaoboswa – ba tla nopola, ba bokeletsa le go tsholetsa tshomarelo ya hisetori ya batho ba naga ya rona mmogo le mafelo a hisetori a a leng ka fa nageng ya rona a a nang le kgolagano le ngwaoboswa ya kgololesego ya naga ya Aforika Borwa.
13.2. Porojeke eno ke karolo ya seabe sa naga ya rona mo Lenaaneng la Kgololesego ya Ngwaoboswa ya Aforika mo kontinenteng. Mafaratlhatlha le mafelo a a nang le hisetori a setse a utulotswe mo diporofenseng tsa naga ya rona tsotlhe di le robongwe mme e bile a mangwe a mafelo ano ke karolo ya mafelo a bojanala. Kabinete e neseditse pula leano le le tlhagisitsweng la go tsenngwa tirisong mo pakeng ya dingwaga di le tharo.
C. Melaotlhomo
14. Molaotlhomo wa Molawanataolo wa Ikonomi mo Mererong ya Dipalangwa wa 2019
14.1. Kabinete e neseditse pula go isiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Molawanataolo wa Ikonomi mo Mererong ya Dipalangwa wa 2019. Molaotlhomo ono o kopanya melawanataolo yotlhe ya ikonomi mo mererong ya dipalangwa go nna letlhomeso le le lengwe. O tshwaela gore go nne le Bothati bo le Bongwe jwa Taolo ya Ikonomi mo Mererong ya Dipalangwa mmogo le Lekgotla la Ikonomi ya Dipalangwa. Molaotlhomo ono o tla romelwa mo makaleng a dipalangwa tsa difofane, tsa mawatle, tsa diterene le tseo di tsamayang mo mebileng.
14.2. Molaotlhomo ono o fetile mo matsogong a thulaganyo ya tshenko maikutlo a setšhaba ga bedi mo ngwageng wa 2018. Ditshwaelo tse di latlhetsweng ke baagi mo thulaganyong eno di tsentswe mo molaotlhomong ono yo o kwadilweng sešwa. Dipoelo tsa go tsenya molaotlhomo ono tirisong di tla nna mosola mo matsapeng a a diriwang ke Kabinete a go nolofatsa kgang ya go dira kgwebo ka fa nageng ya Aforika Borwa. Ga jaanong dikgwebo di tla tshwanelwa ke go obamela melao go tswa kwa setheong se le sengwe fa di na le tlhokagalo ya go buisana le ba intaseteri ya dipalangwa mo nageng. Setheo se se sa tseeng letlhakore se se tla laolang tiro eno go tshitshinngwa gore se nne ka fa tlase ga taolo ya Tona ya Dipalangwa.
D. Ditiragalo tse di Tlang
15. Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo
15.1. Motlotlegi Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Rre Cyril Ramaphosa o tla thankgolola Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo la boraro kwa Tikologong ya Waterberg ka Labobedi, la bo 26 Ngwanaitseele 2019 kwa Lebaleng la Metshameko la Shongoane le le leng kwa lefelong la Lephalale, mo porofenseng ya Limpopo.
15.2. Lefelo leno la kwa Waterberg ke lefelo le le tlhagisang polatinamo e ntsi mo porofenseng eno, mmogo le go tlhagisa malatlha mme e bile tlhabololo ya ditlhagisiwa tsa leokwane e dirile gore tlhokego ya kgwebo ya tlhagiso ya motlakase e golele kwa godimo. E bile gape Lephalale ke lefelo le le nang le ditiragalo tse di farologaneng tsa temothuo.
16. Kgwedi ya Bosetšhaba ya Ditemoso tsa Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi
16.1. Naga ya Aforika Borwa e bontsha tlotlo ya yona mo Kgweding ya Bosetšhaba ya Ditemoso tsa Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi e e saleng e simolola ka la bo 3 Ngwanaitseele 2019 mme e tla konosela ka la bo 3 Sedimonthole 2019. Moono wa monongwaga ke yo o reng: “Mmogo re Aga Aforika Borwa yo a Tseelang Tlhogong Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi”.
16.2. Puso e gatetse pele fa go tla mo go netefatseng gore baagi ba ba nang le bogolofadi ba tshegediwa ka megolo ya loago mme e bile ga e tsweletse go gapela pele mo manaaneng a yona a a tlhotlheletsang gore merero ya rona ya ikonomi ya loago e tshwanetse go tsenyeletsa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi.
17. Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS
17.1. Motlatsamoporesitente Mabuza, mo maemong a gagwe jaaka Monnasetulo wa Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la AIDS, o tla goga kwa pele go thankgololwa ga Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS ka la bo 1 Sedimonthole 2019 kwa teropong ya Orkney, mo porofenseng ya Bokone Bophirima.
17.2. Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS ke tšhono e kgolo mo dinageng go ralala le lefatshe ka di ipatla di ipatlisisa ka seabe se di nnileng le sona mo go lwantsheng go anama ga mogare wa HIV le AIDS. Monongwaga moono wa teng o leboga seabe seo baagi ba nnileng le sone le seo ba tswelelang go nna le sone mo go tsibogeleng HIV le AIDS.
17.3. Naga ya Aforika Borwa e ntse e tsweletse ntle le go kgaotsa mo letsholong la yone la go fokotsa HIV le AIDS mmogo le bolwetse jwa lohuba (TB), moo e bile go setseng go na le dikatlego tse di bonalang tse di akaretsang kgatelopele mo ditlhabololong tsa saense tsa go tlhatlhoba kalafo ya HIV mme e bile gape ke palo e e oketsegileng jaanong ya batho ba amogelang melemo ya kalafi ya thibelaketegelo ya kokwanatlhoko (ARV).
17.4. Palo ya batho ba ba amogelang melemo ya ARV kwa maokelong a puso e oketsegile go tloga mo go balwetse ba le 45 500 ka ngwaga wa 2004 go feta 4,7 milione ka ngwaga wa 2019. Seno se thusiwa gape le ke maitsholo a a fetogileng a baagi ka ba dira diteko tsa madi gangwe le gape mmogo le go sola mosola mesomelwana ya banna le ya basadi go fokotsa lebelo la go tshwaetsana.
E. Melaetsa
18. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e rometse matshediso kwa go:
- ba Bogosi jwa AmaXhosa mmogo le baagi ba jone ka kakaretso, go latela go thula botala ka tlhogo ga Motlotlegi, Kgosi Mpendulo Calvin Zwelonke Sigcawu.
- ba lelapa le ditsala tsa ga mogasi yo a neng a tumile e bile e le moeteledipele mo mererong ya go ja marapo a tlhogo, Rre Xolani Gwala. Moporesitente Ramaphosa o reboletse Rre GwalaTirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya Kgato ya Porofense ya Maemo a Bobedi. O fitlhilwe kwa teropong ya Impendle e e leng kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal ka Lamatlhatso, la bo 9 Ngwanaitseele 2019.
- ba lelapa le ditsala tsa ga Mokaedikhuduthamagamogolo wa maloba wa Ditlamo tsa Lekgotlakgaso la Aforika Borwa, Rre Solly Mokoetle.
- ba lelapa le ditsala tsa ga rakgwebo, Rre Allan Gray, yo a simolotseng kgwebo ya setlamo sa taolo ya dithoto se se reeletsweng ka ene.
- ba lelapa le ditsala tsa ga mokwadi, molwelakgaratlho le moboki yo a itsegeng thata wa moAforika Borwa, Rre Sandile Dikeni.
- ba lelapa le ditsala tsa ga motshameki, Rre Andile Gumbi, yo a neng a itsege thata ka dikarolo tse a di tshamekileng mo terameng ya Isibaya le mo terameng ya serala ya The Lion King.
- ba lelapa le ditsala tsa ga mogasi wa maloba wa lenaneo la thelebišene la YoTV yo gape a neng a le mo setlhopheng sa mmino se se neng se ipitsa Jozi, Rre Luther Cohen.
19. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e lebogisitse:
- Tona ya Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae Thoko Didiza, jaaka a tlhophilwe go nna Monnasetulo wa Komiti ya Merero e e Itlhophileng ya Tlhabololo ya Temothuo le Metseselega e e dirang ka fa tlase ga Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU).
- MaAforika Borwa otlhe jaaka ba ne ba tswile ka makatlanamane go amogela le go itumedisa le setlhopha sa naga ya rona se se fentseng sa rakabi, di-Springboks jaaka ba ne ba tlhaga ba fentse Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi sa 2019 go tswa kwa nageng ya Japan.
- Brad Binder yo a fentseng lebelo la dithuthuthu kwa motshamekong wa Malaysian Moto2 Grand Prix. Re mo lakaletsa masego fa a tla bo a gaisana mo setlheng se se latelang fa a tla bo a gaisana mo legatong la MotoGP class fa a tla bo a gaisana le setlhopha sa mabelo a dithuthuthu sa Red Bull KTM Factory Racing.
- Chad le Clos go bo a fentse mabelo ka bobedi a go thuma e leng la dimitara di le 100 le la dimitara di le 200 a butterfly kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Metshameko ya go Thuma sa FINA kwa Doha, kwa nageng ya Qatar.
- Caitlin Rooskrantz go bo a kgonne go tsenela Diolimphiki tsa ngwaga wa 2020 tse di tla tshamekelwang kwa Japan go latela gore e nne ene moAforika Borwa wa ntlhantlha go ka fenya metale wa gauta kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa Botaki jwa Dijiminestiki tsa 2019.
- Teddy Nzama, yo a rwesitsweng korone ya go nna Mofenyi wa dikgaisano tsa boditšhabatšhaba tsa ngwaga wa 2019 ka e nnile Mofenyi wa dikgaisano tsa go Tlhotlha Ditee tse di Monate tsa setlamo sa ditee sa Starbucks go tswa mo dikgaolong tseo se leng mo go tsona kwa Yuropa, kwa Dinageng tsa Botlhabagare mmogo le tsa Aforika tse di neng di tshwaretswe kwa London.
- Setlhopha sa Aforika Borwa sa Baatlelete se se neng se emetse naga kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa Baatlelete ba ba Tshelang ka Bogolofadi tse di neng di tshwaretswe kwa teropong ya Dubai. Setlhopha se fentse palogotlhe ya dimetale di le 11 mme di le pedi tsa tsone ke tsa gauta. Anrune Weyers: o fentse Lebelo la Basadi la dimitara di le 400 la T47 (mo teng o fentse metale wa Gauta), a falola Lebelo la Basadi la dimitara di le 200 la T47 (teng a gapa metale wa Selefera), a falola Lebelo la Basadi la dimitara di le 100 la T47 (mme teng a gapa metale wa Boronse); Ntando Mahlangu: o fentse Lebelo la Banna la dimitara di le 100 la T61 (mo teng o fentse metale wa Gauta);Simone Kruger: o falotse Motshameko wa go Konopa Sekotlojana wa Basadi wa F38 (teng a gapa metale wa Selefera); Mpumelelo Mhlongo: o falotse Lebelo la Banna la dimitara di le 100 la T64 (teng a gapa metale wa Selefera), a falola Motshameko wa go Tlola ka go Ikonopela wa Banna wa T64 (mme teng a gapa metale wa Boronse); Charl Du Toit: o fentse Lebelo la Banna la dimitara di le 400 la T37 (mme teng a gapa metale wa Boronse); Reinhardt Hamman: o falotse Motshameko wa go Konopa Lerumo wa Banna wa F38 (mme teng a gapa metale wa Boronse); Anika Johanna Pretorius: o falotse Lebelo la Basadi la dimitara di le 100 la T13 (mme teng a gapa metale wa Boronse); mmogo le Sheryl James: yo a falotseng Lebelo la Basadi la dimitara di le 400 la T37 (mme teng a gapa metale wa Boronse).
- Luyolo Yiba, yo a rwesitsweng korone ya go nna mofenyi mo Kanaleng ya bo 15 ya dikgaisano tsa Idols South Africa.
F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
20. Khomišene ya Sesole:
a. Moatefokate Motlatjo Josephine Ralefatane;
b. Moatefokate Linda Mbana; le
c. Mme Salome Velma Mabilane.
Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139