Skip to main content
x

 

Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, 12 Tlhakole 2020 kwa Palamenteng, Tuynhuys kwa Motse Kapa

A. Merero ya ga Jaanong

1. Puo ya Maemo a Setšhaba ya 2020 (SoNA)


1.1. Kabinete e amogela SoNA ya 2020 e e tlhaigisitsweng ke Moporesidente Cyril Ramaphosa kwa Kopanotshwaraganelo ya dintlo tse pedi tsa Palamente, kwa Motse Kapa ka Labone, 13 Tlhakole 2020. Puo e ne ya tlhagisiwa go latela moletlo wa bo 30 wa go gololwa ga Ntate wa Setšhaba, Tata Madiba, yo o golotsweng go tswa kwa Kgolegelong ya Victor Verster ka la bo 11 Tlhakole 1990.

1.2. SoNA ya 2020 ya Moporesidente Ramaphosa e neelane ka Lenaneo la Tiro (PoA) la puso le le tseneletseng leo le tla lekang go godisa ikonomi e e fokolang ya naga ka go baakanya metheo ya ikonomi.

1.3. Dikgwedi di le mmalwa tse di latelang di tla bona go tsenngwa tirisong ga mekgwa eo e tla fetolang ditsela tse re tlhagisang le go reka motlakase ka tsona mo nageng.

1.4. Moporesidente o tlhagisitse maano go thusa tlhagiso ya selegae eo e tla matlafatsang dikgwebopotlana le tse di magareng (di-SMME). Dikuno tse di tlhagisitsweng ka fa nageng di feta di le 1 000 di tla rekiwa mo di-SMME tseno. Matsholo ano a tla nna karolo ya ditsela tsa boitshimololedi mo go tshegetseng dikgwebo tsa bašwa gore ba kgone go ithapa. 

1.5. Dikhempase tsa dikholetšhe tsa Setegeniki le Thuto le Katiso ya Bokgoni jwa Ditiro tsa Diatla (TVET) tse di tla agiwang monongwaga di tla thusa ka go tswala sekgala magareng ga botlhokatiro jwa bašwa le bokgoni. Letsholo la Ditirelo tsa go Thapiwa ga Bašwa (YES), mmogo le dikholetšhe tsa TVET le lephata la poraefete, di tla netefatsa gore baithuti ba le bantsi ba iponela maitemogelo mo letsholong la katiso.

1.6. Gape Kabinete e amogela go itsisewe ga go tlhamiwa ga serala sa SheTradesZA seo se tla thusang dikgwebo tseo beng ba tsona eleng basadi go tsaya karolo mo dikgwebong tsa boditšhabaitšhaba mmogo le mo dimmarakeng tsa teng. 

1.7. Mmotlele wa Tlhabololo ya Sedika oo o neng wa lekeletswa ngwaga o o fetileng mo mmasepaleng o mogolo le bommasepala ba babedi ba sedika monongwaga o tla dirisiwa kwa didikeng le bommasepala ba bagolo botlhe. Seno se tla tsenya tirisong thebolo ya ditirelo e e feletseng eo e tsenyeletsang leano le le nosi le tshegeditswe ke maphata otlhe a le mararo a puso.

1.8. Puo ya Moporesidente e rotloeditse botlhe go nna seoposengwe le go tswela pele mo go fenyeng dikgwetlho tsa rona le go aga temokerasi e e atlegileng ya Aforika Borwa. Kabinete e laletsa maphata otlhe a setšhaba go dira mmogo le puso go tsenya tirisong PoA ya puso. 

1.9. Mo bekeng eno, ka nako ya dingangisano, maloko a Khuduthamaga a tla tswelela go tlhalosa PoA e e tla dirisiwang mo ngwageng wa ditšhelete wa ga jaana le go feta. 

2. Samiti ya Dinaga tse di Kopaneng tsa Aforika (AU)

2.1. Kabitene e akgola Moporesidente Ramaphosa mo go tsorameng setilo sa maemo a Monnasetulo wa AU mo boemong jwa Aforika Borwa. Moporesidente o tla dirisa maemo a gagwe go tsweledisa kagiso le tsepamo, taolo e e siameng, tekatekano ya bong le natlafatso ya basadi mo go godiseng ikonomi ya Aforika. Mo tsamaong ya nako kwa pele nyana Tumelano ya Mafelo a Kgwebisano e e sa Duelelweng mo Kontinenteng ya Aforika (AfCFTA) le yona e tla tsenngwa mo tirisong.

2.2. Tumelano eno e kopanya mmaraka o le mongwe go ralala dinaga di le 54 tsa bokana ka batho ba le 1,2 bilione ka palogotlhe ya kuno ya selegae ya go feta US$3. Jaaka Monnasetilo, Aforika Borwa e tla nna baamogelabaeng ba samite go feleletsa ditselatsamaiso tsa AfCFTA tsa tsenyotirisong.

2.3. Aforika Borwa e tla samagana gape le go dira gore Aforika e nne lefelo le le tsepameng le le renang kagiso ka fa tlase ga setlhogo: “Bayang Marumo Fatshe: Re Tlhomeng Maemo a a Namatshang Mabapi le Tlhabololo ya Aforika”.

2.4. Kabinete e amogetse gape le go tsosoloswa ga Letsholo la go Ngokela Baagi ba Naga ya Aforika ba ba leng kwa Dinageng tsa Boditšhaba. Ntlha ya Bogolo jwa Baagi ba Naga ya Aforika ba ba leng kwa Dinageng tsa Boditšhaba, mmogo le bokgoni le didiriswa tse ba nang le tsona, e tlhokega gore re e atlhaatlhiwe gore re kgone go bokeletsa ntlha eno e e botlhokwa gore re kgone go tsweledisa tlhabololo mo kontinenteng eno.

3. Leeto la Semmuso la Batlhankedi ba Naga ya German

3.1. Kabinete e amogela dipoelo tsa Leeto la Semmuso la Moeteledipele wa Puso ya Jeremane Angela Merkel, leo le matlafaditseng dikamano tse di leng teng magareng ga dinaga ka bobedi. Moeteledipele yono wa Puso ya Jeremane, mme Merkel, o ne a etetse Aforika Borwa e le tsibogelo ya taletso ya Moporesidente Ramaphosa go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 7 Tlhakole 2020.

3.2. Aforika Borwa e dirisitse tšhono eno go arolelana ditšhono tse di ntsi tsa go beeletsa tse di leng teng mo nageng. Seno se ne sa dirwa ka nako ya Foramo ya Kgwebo e e neng e tsenetswe ke baeteledipele ba Aforika Borwa le kemedi ya dikgwebo tsa naga ya Jeremane, e e neng e felegeditse Moeteledipele wa Puso ya Jeremane, mme Merkel. Jaaka yo mongwe wa babeeletsibagolo mo Aforika Borwa, naga ya Jeremane e na le dikhamphani di feta 600 mo nageng ya rona. 

4.  Kopano ya Tumelano ya Tirisanommogo mo Mererong ya Loago le mo Kagong ya Setšhaba

4.1. Kabinete e ikamaganya le Moporesidente Ramaphosa mo go amogeleng dipoelo tsa Kopano ya Tumelano ya Tirisanommogo mo Mererong ya Loago le mo Kagong ya Setšhaba e e neng e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo: “Ngwagasome wa Kopano le Ntšhwafatso: Go isa kwa Tumelanong ya Tirisanommogo mo Mererong ya Loago le mo Kagong ya Setšhaba”. 

4.2. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa Lefapha la Metshameko, Botaki le Setso – mmogo le Lefapha la Moporesidente le baamegi ba bangwe ba ba botlhokwa – kgwebo, puso, bodiri le setšhaba ba dumetse go dira mmogo go aga setšhaba se se tshwaraganeng le go tsweletsa kgololesego, kagiso le pabalesego gammogo le go tlotla ditshwanelo tsa botho tsotlhe.

4.3. Tumelano eno ya tirisanommogo mo mererong ya loago e dira gore Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba le gatele kwa pele, leo le tshegetsang tlhokego ya bolekani mo go godiseng Aforika Borwa, re lebeletse dikarogano tsa loago tse di bakilweng ke hisetori go ralala setšhaba, bogolosegolo tsa kgethololo ka mmala, tseo ga jaana di santseng di le teng le gompieno.

5. Coronavirus

5.1. Kabinete e totobatsa gape gore ditheo tsa boitekanelo tsotlhe di eme malalaalaotswe go mekamekana le go thiboga ga bolwetse jwa Coronavirus gongwe le gongwe mo bo ka runyang ka fa nageng. Ga go na dipegelo dipe kgotsa dikgetse tse di belaelwang tsa mogare mme Kabinete e boeletsa molaetsa wa Tona ya Boitekanelo, Ngaka Zweli Mkhize, gore go na le dikgato tse di beilweng go thibela tshwaetsego nngwe le nngwe mo nageng.

5.2. Melelwane yotlhe e e tsenang mo nageng e beilwe leitlho le le ntšhotšho le baporofešenale ba boitekanelo ba dira tlhatlhobo ya maemo a thempereitšha ya mmele mo bathong botlhe ba ba tsayang maeto a boditšhatšhaba. Mo godimo ga moo, Aforika Borwa e tlhamile le go phasalatsa dikaedi tsa tlhatlhobo le kalafi le ditlhaloso tsa dikgetse go dingaka le baoki mo maphateng a poraefete le a bosetšhaba.

5.3. Diporofense tsotlhe di setse di ikatetse ka go tlhopha ditlhopha tse di tla tsibogelang go runya ga bolwetse jono mo mafelong a a neng a sa lebelelwa ka fa nageng. Diptlele di le dintsinyana ka fa nageng le tsona di tlhophilwe gore di tla dirisiwa jaaka disenthara go koafatsa bogale jwa bolwetse le go alafa mongwe le mongwe yoo a ka tswang a tshwaeditswe ke Coronavirus.

5.4. Re ntse re etse maemo tlhoko ka go dirisa Embasi ya rona kwa China mme re na le tshepo ya gore, fa go ka nna le tlhokagalo ya seo, re tla kgona go ntsha baithuti le baagi ba Aforika Borwa ba bangwe bao ga jaana ba leng kwa Wuhan, China fa go ka tlhokagala gore re dire jalo.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

6. Tumelano ya Kagiso le Tirisanommogo kwa Borwabotlhaba jwa Asia (TAC)

6.1. Kabinete e rebotse go tlhatlhogela ga Aforika Borwa go TAC eo e tla romelwang  Palamenteng go atlenegisiwa. Mokgatlho wa Ditšhaba tsa Borwabotlhaba jwa Asia (ASEAN) o nang le dikgaolo tse di tshelang tota le go gola ka lobelo lo lo makatsang mo lefatsheng. Go tlhatlhogela go TAC go tla bulela dikgwebo tsa Aforika Borwa ditšhono go fitlhelela kgaolo eo, le dinaga tsa ASEAN go fitlhelela mmaraka wa Aforika Borwa le wa dikgaolo tsa Dinaga Tlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC). 

7.  Simphosiamo sa borataro sa Merero ya Tshwaraganelo ya Boditšhabatšhaba ya Ditšhaba Kopano (UN) go tsa Thekenoloji e e ka Dirisiwang mo Matsholong a Sesole sa go Digetsa Maemo a Dikgotlhang le go Tlisa Kagiso 

7.1. Kabinete e atlenegisitse gore Simphosiamo sa borataro sa Merero ya Tshwaraganelo ya Boditšhabatšhaba ya UN go tsa Thekenoloji e e ka Dirisiwang mo Matsholong a Sesole sa go Digetsa Maemo a Dikgotlhang le go Tlisa Kagiso e tshwarelwe mo nageng ya Aforika Borwa go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 26 Seetebosigo 2020. Le fa e le gore dinaga tse di farologaneng di setse di nnile baamogela baeng mo nakong e e fetileng, leno e tla bo e le lekgetlo la ntlha e tla tshwarelwa mo Aforika.

7.2. Simphosiamo eno e na le seabe mo go tokafatseng kontinente mo thibelong ya dikgotlhang, go tlhama maemo a a tsweletseng a a tlisang kagiso, pabalesego le kagosešwa mmogo le tlhabololo ya morago ga dikgotlhang. Monongwaga go tla lebelelwa mo go boneng ditharabololo ka go tsweletsa tiriso ya dithekenoloji tsa sešweng le megopolo go ditiro tse di eteletsweng pele ke UN. 

Ka nako ya simphosiamo, Aforika Borwa e tla kgona go tsweletsa dikuno tsa yona tse di tlhagisitsweng mo nageng le bokgoni jwa intaseteri ya tshireletso ya naga.

C. Melaotlhomo 

8. Molaotlhomo wa Dithulaganyo tsa go Reka mo Ditheong tsa Setšhaba


8.1. Kabinete e atlenegisitse gore go phasaladiwe Molaotlhomo wa Dithulaganyo tsa go Reka mo Ditheong tsa Setšhaba gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ga ona. Fela fa o sena go fetisiwa go nna molao, Molaotlhomo ono o tla fedisa Molao wa Letlhomeso la Pholisi ya Tshenkelo e e Kgethegileng wa 2000 (Molao wa bo 5 wa 2000) le go kwala sešwa melao e mengwe e e amanang le dithulaganyo tsa go reka mo ditheong tsa setšhaba.

8.2. Molaotlhomo ono o tshitshinya letlhomeso la molao le le lengwe la dithulaganyo tsa go reka mo ditheong tsa setšhaba. O tlhoma bothati jwa tsamaiso ya dithulaganyo tsa go reka mo ditheong tsa setšhaba go laola le go tsweletsa Karolo 217 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 go ralala le puso. E neelana ka molao o o ka fetolwang bonolo go ka diragatsa  ditogamaano tsa dithulaganyo tsa go reka mo ditheong tsa setšhaba tseo di totileng batho ba mo malobeng ba nebg ba thibetswe ditšhono tseno go tshegetsa maikaelelo a puso a ikonomi ya loago.

9. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tekatekano mo Mererong ya go Thapa wa 2020

9.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tekatekano mo Mererong ya go Thapa wa 2020 kwa Palamenteng. Dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa di naya Tona ya Merero ya Ditiro le Badiri maatla, ka go senka maikutlo a bannaleseabe le baamegi mo lephateng leno, a go tlhagisa metheo e e tla kgontshang gore go tlhomiwe dipalo tse di tshwanetsweng go fitlhelelwa tse di mabapi le lephata leno ka ga Tekatekano mo Mererong ya go Thapa. Gape e fokotsa mokgweleo wa melawanataolo o o jarilweng ke bathapi ba ba potlana. Molaotlhomo ono o tsweletsa tsweletsa gape le kabelo ya ditšhono ka go lekalekana mmogo le go tshwariwa ka go tshwana kwa ditirong ka go fedisa kgethololo e e gobelelang.

10. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tokafatso ya Ditshwanelo tsa go nna le Lefatshe

10.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tokafatso ya Ditshwanelo tsa go nna le Lefatshe gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ga ona. Molaotlhomo ono o tla neelana ka tsamaiso e e letleletsweng ke molaotheo gore e dirisiwe tebang le bonwa ga ditshwanelo tsa go nna mong wa lefatshe le tsa go nna moagi mo lefatsheng leo go baakanya dikarolo tse pedi tseno tse di sa tsamaisaneng le molatheo tse di ka ga Molao wa Tokafatso ya go nna le Lefatshe wa 1991 (Molao wa bo 112 wa 1991). Thulaganyo ya ga jaana e na le kgetholola kgatlhanong le basadi mo go fetoleleng ditshwanelo tsa go nna le lefatshe go nna la mong.

10.2. Molaotlhomo ono gape o tla diragadiwa mo nageng yotlhe, go akaretsa le ‘mafelo ao mo malobeng a neng a ipusa’ a Bophuthatswana, Ciskei, Transkei le Venda. 

11. Molaotlhomo wa Dikepe tse di Rwalang Dithoto tse di Rekisiwang wa 2020

11.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Dikepe tse di Rwalang Dithoto tse di Rekisiwang wa 2020 gore setšhaba se tshwaele. Molaotlhomo ono maitlhomo a ona ke go diragatsa phisegelo ya puso ya go tsosolosa lephata la dipalangwa tsa lewatle, mmogo le go oketsa seabe sa lona mo kgolong le mo go potlakiseng phetolothefosano mo mererong ya ikonomi. E lolame le metheo ya Pholisi ya Ditirelo tse di Feletseng tsa Dipalangwa tsa Mawatle e e ka ga go rwlala dithoto tse di rekisiwang ka dikepe eo e neng ya atlenegisiwa ke Kabinete ka 2017. Fela fa o sena go atlenegisiwa go nna molao, Molaotlhomo o tla fedisa melao e le mentsinyana e e amanang le ditirelo tsa mawatle.

12. Molaotlhomo wa Pabalesego ya Diterene wa 2020

12.1. Kabinete e atlenegisitswe go romelwa ga Molaotlhomo wa Pabalesego ya Diterene wa 2020 kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o batla go matlafatsa pabalesego ya diterene tsa rona le go netefatsa gore terena e nna mofuta wa sepalangwa o o kgatlhisang oo gape o tla nnang le seabe se se siametseng ikonomi.

12.2. Molaotlhomo ono o atlenegisitswe lwantlha gore o ka isiwa kwa baaging gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ga ona ka Tlhakole 2018 le go romelwa gape le kwa diporofense tsotlhe ka Mopitlwe 2018. Molaotlhomo o o atlenegisitsweng o o tla romelwang kwa Palamenteng o tseetse tlhogong ditshwaelo tse di amogetsweng ka nako ya ditherisano le setšhaba. Thulaganyo ya kwa palamenteng le yona e tla tlhotlha Molaotlhomo ono pele o fetisiwa go nna molao. 

13. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Dipalangwa wa 2018

13.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Mametlelelo ya Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Dipalangwa wa 2018 kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Dipalangwa wa 1998 (Molao wa bo 39 wa 1998) oo o samaganang le boikuelo jo bo amanang le ditumelelo tsa dipalangwa tse di rwalang dithoto le bapalami (jaanong e bidiwa dilaesense tsa go rebola tetla ya dira), Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tseela tlhogong diphetogo tsa pholisi, ditlhabololo le molao o montšhwa e sale ka 1998.

13.2. Molaotlhomo ono o nolofatsa le go tokafatsa dithulaganyo tsa boikuelo, mme seno kwa bofelong se tla somarela ditshenyegelo le nako, le go dira gore go nne bonolo go badirisi ba dipalangwa tsa mo mebileng tse di kgabaganyang melelwane le tsa selegae go tsamaisa bapalami ka nonofo le go itirela letseno.

D. Melaetsa

14. Dikakgolo


14.1. Kabinete e akgola: 

  • Setlhopha sa Aforika Borwa sa baithuti ba Mophato wa bo 11: Sureshka Naidoo; Caitlin Schwarer; Nondumiso Ntshangase; Nosipho Dube; Mihlali Precious Stofile; Ondele Bede; Okhela Sigwela le Lizalise Dlomo, bao ba fentseng Kgaisano ya botlhano ya Boditšhatšhaba ya Ngangisano ya Dikolo ka go Diragatsa jaaka kwa Kgotlatshekelo kwa Poland. 
  • Mothumi wa Aforika Borwa Natalie du Toit tebang le go nna a le mongwe wa ba batlhano ba go tlhophiwa go makgaolakgang a Laureus Sporting Moment Award ba dingwaga di le 20 tse di fetileng (2000-2020).

15. Matshediso

15.1. Kabinete e romela matshidiso go:

  • balosika le ditsala tsa Moporofesara Joseph Shabalala, rrammino yo o tumileng le motlhami wa setlhopha se se fentseng Sekgele sa Grammy e leng Ladysmith Black Mambazo. Mmino wa gagwe o rotloeditse batho ba le bantsi go dikologa lefatshe le go kopanya maAforika Borwa. Moporesidente Ramaphosa o itsise Khatekori 2 ya Phitlho ya Semmuso e e Kgethegileng go tlotla Moporofesara Shabalala.
  • puso le batho ba Kenya ka go tlhokafala ga Moporesidente wa Maloba wa Kenya Motlotlegi Daniel Toroitich Arap Moi, yoo a dirileng jaaka Moporesidente wa bobedi wa Kenya wa morago ga kgololosego.
  • balosika le ditsala tsa ga Mokapotene Thabiso Collins Tolo (49), Mokganni wa Sefofane wa Bobedi Tebogo Caroline Lekalakala (33) le Motlhatlhobi wa Difofane Gugu Comfort Mnguni (36), bao sefofane sa bona se sugaganeng mo boidiidiing jwa dithaba gaufi le Mossel Bay kwa Kapa Bophirima ka la bo 23 Ferikgong 2020. Ba tlhokafala ba direla Bothati jwa Aforika Borwa jwa Difofane tsa Baagi.
  • balosika le ditsala tsa ga Rre Marcelino dos Santos, yo mongwe wa batlhami ba Mozambique Liberation Front (FRELIMO), yo o tlogetseng botshelo jo bo ka kwano a le dingwaga di le 90. Moeteledipele yono wa hisetori e ne gape e le mongwe wa matshwao a boipuso jwa Seaforika. E ne e le mogaka wa sesole sa Mozambique, gape e ne e le radipolotiki le mmoki yo o saenileng dikwalo tsa gagwe ka leina Lilinho Micaia le la Kalungano leo eseng la nnete la gagwe. 

E. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

16. Rre Busani Ngcaweni jaaka Mogokgo wa Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG).
17. Mme Yoliswa Makhasi jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Tirelo tsa Setšhaba le Tsamaiso.
18. Rre Ayanda Kanana jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) le Mokaedikhuduthamaga wa Banka Tlhabololo ya Lefatshe le Temothuo.
19. Rre Basil Bryan Ford jaaka Motlhokomedikhuduthamaga e bile gape e le Motlhankedi yo a Rweleng Maikarabelo kwa Setheong sa Aforika Borwa sa Ditirelokakaretso le Bothati jwa Thebolelotetla ya Marang a Kgaso (USAASA).
20. Rre Luvuyo Keyise jaaka Motlhokomedikhuduthamaga e bile gape e le Motlhankedi yo a Rweleng Maikarabelo kwa Setheong sa Puso sa Ditirelo tsa Merero ya Tshedimosetso le Thekenoloji (SITA). 

21. Maloko a Boto ya Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa: 
a.   Rre Zola Luxolo Fihlani; 
b.   Mme Gertrude Buyelwa Koyana; 
c.   Rre Faizal Docrat; 
d.   Rre Jeoffrey Mashele.

22. Maloko a Boto ya Setheo sa Naga sa Ditshedi tse di Farologaneng tsa Aforika Borwa: 
a.   Mme Phuthanang Cenea Motsielwa;
b.   Mme Pamela Bulelwa Yako; and
c.   Ngaka Kowiyou Yessoufou.

23. Maloko a Boto ya Bothati jwa Wetland Park:
a.   Moporofesara Antonia Thandi Nzama (Monnasetilo);
b.   Mme Nomagcisa Cawe;
c.   Moporofesara Christopher Peter Small;
d.   Rre Leon Langalibalele;
e.   Mme Letlhogonolo Noge-Tungamirai;
f.    Rre Gonasagren Ganesh Nair; le
g.   Inkosi Tembe Mabhudu Israel;
h.   Kemedi ya Bothati jwa Bojanala kwa KwaZulu-Natal;
i.    CEO; le
j.    Kemedi ya Lefapha la Tikologo, Dikgwa le Tshwaro ya Ditlhapi.

Dipotso:
Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere
Mobile: 083 501 0139

 Union Building