Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e neng e tshwerwe ka Laboraro, 11 Mopitlwe 2020 kwa Palamenteng, Tuynhuys kwa Motse Kapa
A. Merero ya ga Jaanong
1. Mogare wa Corona (COVID-19)
1.1. Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa otlhe gore go dirilwe dikgato tsotlhe tsa boiphemelo go sireletsa naga kgatlhanong le go tlhagelela ka lobelo ga COVID-19. Tona ya Boitekanelo, Ngaka Zweli Mikhize, o begetse Kabinete gore go na le dikgetse di le 13 tsa COVID-19 mo Aforika Borwa. Mo mosong ono, Tona ya Boitekanelo o netefaditse gore go na le dikgetse di le nne tse dintšhwa tse di supilweng, seo se tlisang palo ya dikgetse tsa COVID-19 go 17. O tla neelana ka dintlha go ya pele fa letsatsi le ntse le tsweletse.
1.2. Kabinete e boeletsa boikuelo jwa Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo le jwa Tona ya Boitekanelo Tona Mkhize, gore batho botlhe mo Aforika Borwa ba tswelele go dirisa mekgwa ya go thibela go fetelana le go anama ga mogare. Dikgatothibelo di tsenyeletsa go tlhapa diatla tsa gago kgapetsa kgapetsa ka sesepa le metsi kgotsa ka go dirisa setlotsi sa diatla se se bolayang megare, gape ba tsenyeletsa go efoge go itshwara matlho, dinko le molomo ka diatla tse di sa tlhapiwang le go tswala molomo ka thišu fa o gotlhola kgotsa o ethimola mme fa o feditse latlha thišu eo. Matshwao a a tlwaelegileng a mogare a tsenyeletsa, mogote mo mmeleng, go gotlhola le go hema ka boima. Fa motho a na le matshwao a a tlhalositsweng fa godimo, ba gakololwa go nna kwa gae le go bona thuso ya ngaka.
1.3. Re ikuela go botlhe go tlotla go sa tlhagisiweng ga tshedimosetso ya balwetse ba COVID-19 le bamasika a bona. Gape re kgalema ka bogale go phasaladiwa ga tshedimosetso e e fosagetseng e e amanang le mogare gore re tle re thibele go anama ga lotshogo, kgethololo-kamanyo le tlontlololo mo setšhabeng sa rona. Batho ba ba nang le matshwenyego ba ka ikgolaganya le Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang (NICD) mo nomorong ya mogala ya 0800 029 999 go bona tshedimosetso e e nepagetseng mabapi le COVID-19.
1.4. Kabinete e ikamanya le Moporesidente Cyril Ramaphosa ka go eleletsa masego setlhopha sa pusetsogae le setlhopha sa Difofane tsa Aforika Borwa (SAA) bao ba tlogileng ka Labobedi go ya kwa Toropong ya Wuhan, Porofenseng ya Hubei kwa Rephaboliking ya China, go lata maAforika Borwa a ga borona a le 122. Setlhopha sa dingaka go tswa kwa Lefapheng la Boitekanelo le Ditirelo tsa Boitekanelo tsa Sesole sa Aforika Borwa le bona ke karolo ya setlhopha sa pusetsogae. Kabinete e romela ditebogo tsa yona go SAA tebang le thuso e e botlhokwa ya bona go tiro ya pusetsogae.
1.5. Setlhopha sa pusetsogae le maAforika Borwa a a busediwang gae ba solofetswe go goroga mo nageng ka Labotlhano ono, 13 Mopitlwe 2020. Mo kgorogong ya bona, ba tla bewa ba le nosi bonnye malatsi a le 14 go ya go bogolo jwa malatsi a le 21. Ka nako eno, metsamao ya batho le dithoto go tsena le go tswa mo kgaolong e e tlhaotsweng di tla nna tse di lekanyeditsweng.
1.6. Re kgalema batho kgatlhanong le go leka go ikgolaganya ka namana kgotsa go etela kgaolo e e tlhaotsweng. Fa fela nako ya tlhaolo e sena go fela le ditlhatlhobo di netefaditse gore ga go na tshwaetsego e e santseng e iphitlhile ya mogare wa COVID-19 mo go bana ba gaborona, ba tla gololwa le go boela kwa baaging ba bona ba ba farologaneng.
1.7. Kabinete e opela diatla tiro e e dirilweng ke Komiti ya Ditona (IMC) e e mekamekanang le COVID-19, e e eteletsweng pele ke Tona ya Boitekanelo mme a dira le NICD, mo go saleng morago le go laoleng mogare, ka fa letlhakoreng le lengwe a thusa bao e ba amileng le go tswelela go naya setšhaba dintlha tsa sešweng.
1.8. Kabinete e lebogela gore bontsi ba diporofense tiro ya tlhaeletsano ka ga COVID-19 di e tlogetse mo diatleng tsa Tona ya Boitekanelo ka ntlha ya botlhokwa jwa yona mo maemong a bosetšhaba le a boditšhabatšhaba. Re kopa diporofense tse dingwe tsotlhe le tsona di latela go netefatsa gore tlhaeletsano e tswa mo lefelong le le lengwe mme ka jalo go efogwe ketsaetsego e e sa ikaelelwang le go romelwa ga melaetsa e e sa rulaganngwang ka tshwanelo.
1.9. Moporesidente Ramaphosa mo nakong e e sa fediseg pelo o tla sedimosetsa makoko a sepolotiki a a nang le kemedi kwa Palamenteng gammogo le baeteledipele ba dikereke ka ga COVID-19. Kopano ya Kabinete e e kgethegileng e tla tshwarwa ka Lamorena, 15 Mopitlwe 2020, kwa Tshwane.
2. Ikonomi
2.1. Kabinete e tsere tsia go gololwa ga pegelo ya Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa ka ga Palogotlhe ya Dikunoselegae(GDP) eo e bontshitseng gore ikonomi ya rona e wetse go maemo a setegeniki a koafalo ya ikonomi. Dipalopalo di bontsha GDP e fokotsegile ka 1.4 % mo Kwatareng ya 4 ya 2019. Seno se latela phokotsego ya 0.8% mo kwatareng ya 3 ya ona ngwaga oo.
2.2. Le fa re amogela diabe tse di koafatsang tsa kgaolo ya motlakase, Kabinete e nna e tsetsepetse mo go baakanyeng tse di botlhokwa, sala morago dikgaolo tse di masisi tsa kgolo le go kgweetsa ditharabololo tsa kopanelo le balekane ba loago gore mmogo re beye naga mo tseleng e e isang go kgolo ya ikonomi.
2.3. Re oketsa peeletso ya rona mme go fitlha ga jaana diporojeke ka boleng ba peeletso ya R9 billione di weditswe le diporojeke di le 27 tsa bokana ka R250 bilione di mo kgatong ya go tsenngwa tirisong, le di le dintsi di lebeletswe go goroga monongwaga.
3. Ditlhotlhwa tsa data ya Vodacom
3.1. Kabinete e amogela kitsiso e e dirilweng ke Khomišene ya Dikgaisano ka ga tumelano e e fitlheletsweng le Vodacom mabapi le go fokotsa ditlhotlhwa tsa data tsa moneeladitirelo. Seno se latela Patlisiso ya Mmaraka wa Kgaisano go ditirelo tsa data e e kopilweng ke Tona ya Tlhabololo ya Ikonomi, Tona Ebrahim Patel ka 2017, eo e fitlhetseng gore ditlhotlhwa tsa data di ne di le kwa godimo go na le tsa dinaga tse dingwe tse dintsi le go tlontlolola kgatlhanong le badirisi ba ba dikobo dikhutshwane.
3.2. Tumelano le Vodacom e tla simolola ka 1 Moranang 2020 mme ditlhotlhwa tsa data di tla fokotsega go ralala dibantlele tse tsotlhe tsa kgwedi, ditlhotlhwa tsa bantlele ya 1GB di tla ya tlase go tloga go R149 go ya go R99 (phokotsego ya 34%), mme go tla nna le diphokotsego tse dingwe gape mo ngwageng o o latelang. Vodacom gape e tla kgontsha phitlhelelo e e sa duelelweng go badirisi go di webosaete tse di mo kgatlhegelong ya setšhaba tse di rileng (jaaka GCIS, BizPortal e ntšhwa le Wikipedia le go tsena go diwebosaete tsa diyunibesithi tsa Aforika Borwa. Diphokoletso tse dingwe di tla ama badirisi mo baaging ba ba dikobo dikhutshwane ba feta 2 000 mme badirisi ba tla nna le “basic package” ya di SMS tse pedi tse di sa duelelweng tsatsi le letsatsi.
4. PepsiCo e reka Pioneer Foods
4.1. Kabinete e amogela tumelano ya matlafatso ya badiri e ntšhwa le PepsiCo jaaka karolo ya theko ya khamphani ya dijo ya Aforika Borwa, Pioneer Food. PepsiCo e tshepisitse ditiro, peeletso gammogo le matlafatso ya selegae le tshenkelo. Gape e dumetse gore dikantorokgolo tsa Sub-Sahara di tla nna mo Aforika Borwa.
4.2. Badiri ba le 10 000 ba Pioneer Foods le bona ga ba ne ba latlhegelwa ke ditiro e le ka ntlha ya tshwaragano mme PepsiCo e dumetse go tshola maemo a a magareng a thapo a a leng teng ga jaana go sebaka sa dingwaga di le tlhano. Badiri mo khamphaning gape ba tla rebolelwa dishere tsa bokana ka R1.6 bilione tseo di tla dirisiwang go bona karolo ya 13% mo Pioneer Food mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano.
5. Ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana
5.1. Kabinete e amogela tshwetso ya Kgotlatshekelokgolo ya Gauteng ya go ganela mmeteledi yo o bonweng molato Nicholas Ninow tetla ya go dira boikuelo. Ngogola, Ninow o ne a atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong morago ga go betelela mosetsanyana wa dingwaga di le supa kwa lefelong la dijo la Dros, kwa Siverton, Pretoria ka 2018.
5.2. Katlholo eno, go atlholela botshelo jotlhe kwa kgolegelong mmogo le go ganelwa go dira kopo ya boikuelo, go romela molaetsa o o bogale go basotlakaki le bao ba lekang go nna basotlakaki ba basadi le bana gore, ditheo tsa bosiamisi tsa Aforika Borwa di tla ba rwesa maikarabelo a ditiro tsa bona tse di ferosang sebete.
5.3. Mmogo re tshwanetse go fedisa ditshotlakako tse di nyatsang ditshwanelo tsa botho tse di botlhokwa tsa basadi le bana. Ka ditiro tsa rona rotlhe re tshwanetse go netefatsa gore ga go na mosadi kgotsa ngwana yo o tshwenngwang ka thobalano, a betswa, a betelelwa kgotsa a tlhaselwa gongwe le gongwe mo nageng ya rona.
6. Pabalesego mo tseleng
6.1. Kabinete e romela matshidiso go malapa a le 25 a bapalami bao ba tlhokafetseng mo thulanong ya bese gaufi le Centane kwa Kapa Bophirima mo kgweding eno. Gape e eleletsa bapalami ba le 68 ba ba gobetseng pholo ya ka bonako.
6.2. Dipatlisiso tsa Khampani ya Tsamaiso ya Pharakano ya mo Mebileng le Tirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa di tla thusa go neelana ka dikarabo go maemo a a dikologileng botlhoko jono. Baabelani ba ditirelo tsa dipalangwa ba na le maikarabelo a go dira tsotlhe tse di mo matleng a bona go netefatsa pabalesego ya bapalami ba bona.
6.3. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Mametlelelo ya Molaotlhomo wa Pharakano mo Mebileng ya Bosetšhaba wa 2019 kwa Palamenteng. Gang fela fa o sena go fetiswa go nna molao, Molatlhomo ono o tla nna le seabe mo go fokotseng dintsho mo mebileng ya rona.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Leanotogamaano la Bosetšhaba (NSP) la Tirisodikgoka e e ikaegileng ka Bong (GBVF) le Dipolao tsa Basadi
1.1. Ka Sedimonthole 2019, Kabinete e atlenegisitse GBVF-NSP. Mo godimo ga moo e ne ya laela setlhopha sa Ditona di eteletswe pele ke Tona mo Kantorong ya Moporesidente ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi, Mme Maite Nkoana-Mashabane, go tswelela go dira ditsamaiso tse di tshitsintsweng tsa GBVF go lebelela go tsenngwa tirisong ga GBVF-NSP.
1.2. Re amogela lobelo lwa go simolola tiro ya go fedisa GBVF, Kabinete e atlenegisitse go tlhomiwa ga Lekgotla la Bosetšhaba ka ga GBVF (NCGBVF). Lekgotla leno le tla ngoka batho nagaka bophara, porofense le selegae go etelela pele le go tshegetsa ditsenogare tse di fetolang tsa GBVF. Gape e tla rwala maikarabelo a go tsenngwa tirisong ga GBVF-NSP.
1.3. Lekgotla la Bosetšhaba ka ga GBVF le tla nna ka fa tlase ga Moporesidente ka go dirisa Tona Nkoana-Mashabane. Gape Kabinete e atlenegisitse go tlhomiwa ga IMC e e tla dirwang ke Tona ya Sepodisi Bheki Cele; Tona ya Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo Ronald Lamola; Tona ya Tirelo tsa Setšhaba le Tsamaiso Senzo Mchunu; Tona ya Tlhabololo ya Loago Lindiwe Zulu le Tona Nkoana-Mashabane e le morulaganyi.
1.4. Kabinete e boeletsa bonako jwa go batla mekgwa tshwetso go fedisa tirisodikgoka e e diriwang kgatlhanong le maloko a a bokoa a setšhaba sa rona. IMC e laetswe go direla ka bonako le ka nonofo mo go beyeng Lekgotla la Bosetšhaba ka ga GBVF mo seemong sa semolao. Mo godimo ga moo, ba laetswe go tswelela go batlisisa kgonagalo ya go dira thulaganyo ya setheo ya ga jaana go nna molao.
1.5. Khomišene ya Tekatekano ya Bong – jaaka setheo sa kgaolo ya borobongwe ka taolelo ya molaotheo go tsweletsa tlotlo go tekatekano ya bong, tlhabololo le phitlhelelo ya tekatekano ya bong – gape go solofetswe gore e tswelele kgapetsa kgapetsa go sekaseka le go baya leitlho go tswelopele e e dirilweng mo go tsenngweng tirisong ga GBVF-NSP.
2. Lenaneo la Bogwebi kwa Metsesetoropo le kwa Metseselegae (TREP)
2.1. Kabinete e atlenegisitse go tsenngwa tirisong ga TREP ka go dirisa Letlole la Bogwebi jwa Metsesetoropo. Seno se ikamaganya le ditsenogare tsa ikonomi go tlotla le go godisa diikonomi tsa metsesetoropo le ya metseselegae.
2.2. Letlole leno le tla neelana ka tshegetso le go netefatsa ditsha tsa ikonomi tse di ikemetseng tse di amanang le Mmotlele wa Tlhabololo wa Sedika mo mafelong ao.
3. Letlhomeso la Pholisi e e Bakaantsweng la Tlhatlhobo ya Bosetšhaba (NEPF) 2019-2024
3.1. Kabinete e atlenegisitse NEPF e e Baakantsweng ya 2019-2024 le Leano la Tlhatlhobo la Bosetšhaba 2020-2025, leo le tokafatsang tsamaiso ya tlhatlhobo mo gare ga puso. Ba tla tokafatsa bokgoni jwa puso go tsenya tirisong Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare la 2020-2024 le le amogetsweng.
3.2. Ditokomane ka bobedi di ka bonwa go webosaete ya Lefapha la Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (www.dpme.gov.za).
4. Togamaano ya Lewatle la Antarctic le la Dinaga tsa kwa Borwa
4.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Togamaano ya Lewatle la Antarctic le la Dinaga tsa kwa Borwa gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga yona. Aforika Borwa ke kgoro go ya Antarctica go mananeo a mangwe a le 10 a boditšhabatšhaba, Mananeo ano otlhe a na le seabe mo ikonoming ya Aforika Borwa.
4.2. Togamaano e tshitshinya dipilara di le tlhano tse di latelang: (a) dipuisano le ditirisano tsa boditšhatšhaba; (b) patlisiso; (c) tshireletso le tiriso e e tswelelang; (d) tlhabololo ya bokgoni le katiso le (e) tsibogelo ya batho. Togamaano gape e arabela tsamaiso ya Tumelano ya Antarctic.
C. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo wa Naga o o Kwalolotsweng Sešwa wa Pharakano ya mo Mebileng wa 2019
1.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo wa Naga o o Kwalolotsweng Sešwa wa Pharakano ya mo Mebileng wa 2019 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o gareng ga tse dingwe o tshitshinya melao tebang le intaseteri ya dikolo tse di rutang batho go kgweetsa le go tshitshinya maemo a a maleba ao ka fa tlase ga one bakgweetsi ba baithuti ba tshwanetseng go rutiwa.
1.2. Gape e mekana le bobodu le bonweenwee mo gare ga tikologo ya pharakano ya mo mebileng, go oketsa dikotlhao go bao ba retelelwang ke go obamela melao ya pharakano; e thibela bakgweetsi go nwa nnotagi le go tshitshinya molao wa nomoropolata ya bosetšhaba.
1.3. Molaotlhomo ono gape o tshitshinya go tsamaisa dithata tsa Tona ya Dipalangwa le tsa Maloko a Komiti Khuduthamaga tsa diporofense a a rweleng maikarabelo a dipalangwa.
2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Madi a Phimolakeledi ya Dikgobalo tsa kwa Tirong le Malwetse a a Bonwang kwa Tirong wa 2019
2.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Phimolakeledi ya Dikgobalo tsa kwa Tirong le Malwetse a a Bonwang kwa Tirong wa 2019 kwa Palamenteng.
2.2. Molaotlhomo ono o mekana le dimametlelelo tse di tshitshintsweng mo Molaong wa Phimolakeledi tebang le Dikgobalo tsa kwa Tirong le Malwetse a a Bonweng kwa Tirong, 1993 (COIDA) (Molao wa bo 130 wa 1993). Molaotlhomo ono o atolosa tuelo mabapi le dikgobalo le malwetse a kwa tirong go badiri ba ba bokoa bao pele ba neng ba sa tsenyeletswa ga mmogo le tokafatso ya ditshiamelo tsa phimolakeledi go badiri ka kakaretso.
2.3. Molaotlhomo ono gare ga tse dingwe jaanong o tsenyeletsa badiri ba kwa malapeng ka fa tlase ga kategori ya badiri ka maikaelelo a go bona ditshiamelo go ya ka melawana ya COIDA wa 1993. Gape o tshitshinya letlhomeso la paakanyo le tsenogaregape ga badiri ba ba gobetseng le/kgotsa ba ba tlhokafaletseng kwa lefelong la tiro.
3. Molaotlhomo wa Melelwane ya Mmasepala wa 2020 wa Dipusoselegae
3.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Melelwane ya Mmasepala wa 2020 wa Dipusoselegae gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga ona. Gang fela fa o sena go fetiswa go nna molao, o tla fedisa Molao wa Melelwane ya Mmasepala wa Dipusoselegae, 1998 (Molao 27 wa 1998.
3.2. Molaotlhomo o neelana magareng ga tse dingwe, go tlhomiwa le ditiragatso tsa Boto ya Melelwane ya Mmasepala, ntlhatheo le ditsamaiso fa go kgaoganngwa le fa go kgaoganngwasešwa ga magora a mmasepala le magora a diwate gammogo le go tlhomiwa ga Bothati jwa Boikuelo.
D. Ditiragalo tse di tlang
1. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho
1.1. Moporesidente Ramaphosa o tla neela ka puo ya botlhokwa kwa meletlong ya Ditshwanelo tsa Botho tsa Bosetšhaba tsa 2020 tseo di tla tshwarwang ka Lamatlhatso, 21 Mopitlwe 2020 kwa Lebaleng la Metshameko la Colesburg kwa Kapa Bokone ka fa tlase ga setlhogo: Ngwaga wa kopano, ntšhwafatso ya ikonomi ya loago le kago ya setšhaba.”
1.2. Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho mo Aforika Borwa le na le tlholego ya yona mo ditaragalong tsa hisetori tsa Sharpeville (Gauteng) le Langa (Kapa Bokone) ka di 21 Mopitlwe 1960, fao palo ya batho e neng ya thuntshetswa ditshwanelo tsa botho tsa bona.
1.3. Kabinete e ipiletsa go maAforika Borwa otlhe go keteka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho go tlotla bao ba neetseng matshelo a bona go nna setlhabelo go fitlhelela kgololosego e gompieno re e itumelelang.
1.4. E le nngwe ya sekao se se jalo ke moeteledipele yo o botshepegi Ngaka Alfred Bathini Xuma, yo mongwe wa dingaka tsa ntlha tsa mothomontsho mo Aforika Borwa le gape Moporesidente wa maloba wa African National Congress. Moporesidente Ramaphosa o ketekile botshelo jwa ga Ngaka Xuma ka go itsise Phitlho e e Kgethegileng ya Semmuso: Khategori 1 tebang le go bolokwa gape go tswa kwa mabitleng a Brixton mo Johannesburg go ya kwa lefelong la gagwe la matsalo kwa Motseng wa KwaManzana, Engcobo kwa Kapa Bophirima ka Sontaga o o sa tswang go feta.
2. Leeto la Tiro la Moporesidente Ramaphosa kwa Rephaboliki ya Congo
2.1. Moporesidente Ramaphosa o tsenetse Kopano ya Ntlha ya Setlhopha sa kgolagano kwa Libya e e tshwaretsweng kwa Oyo, mo Rephaboliking ya Congo ka di 11 le di 12 Mopitlwe 2020. O ne a felegeditswe ke Tona ya Tirisano le Dikamano tsa Boditšhabatšhaba, Ngaka Naledi Pandoor, Tona ya Tshireletso le Bagaka ba Sesole, Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula le Tona ya Pabalesego ya Naga, Mme Ayanda Dlodlo.
2.2. Motlotlegi Denis Sassou N’Guesso, Moporesidente wa Rephaboliki ya Congo, o laleditse Moporesidente Ramaphosa go tsenela kopano jaaka Modulasetilo wa Dinaga tse di Kopaneng tsa Aforika (AU).
2.3. Kopano ya Kokoano ya bo 33 ya AU e sweditse go tlhoma Setlhopha sa Kgolagano, ka bodulasetilo jwa Rephaboliki ya Congo le go tsenyeletsa maloko a Komiti ya Boemogodimo ya AU ka ga Lybia go neelana ka boeteledipele ba sepolotiki le go tsweletsa tomagano ya maiteko a boditšhabatšhaba mo go batleng tharabololo go Mathata a Lybia.
3. Molaetsa wa matshidiso
3.1. Kabinete e romela matshediso go balosika, ditsala le badirimmogo ba motlhotlhomisimogolo wa Lephata la Dipatlisiso le le Ikemetseng la Sepodisi, Rre Mandla Mahlangu (47), yo o bolailweng mo bekeng eno. Gape Kabinete e romela matshidiso go balosika, ditsala le badirimmogo ba baofisiri ba di-Hawks ba babedi Letseka Delene Grobelaar Koonin (44) le Sejene Wynand Herbst (42), bao ka bobedi ba bolailweng mo thutshanong kwa Bokone Bophirima.
3.2. Kabinete e kgala ka bogale dipolao tsa badiri bano ba ba botshepegi, bao ba nang le tiro ya go sireletsa maAforika Borwa otlhe. Re le setšhaba, re tshwanetse rotlhe re emelele mo go kgaleng go bolawa ga mapodisa a rona.
4. Molaetsa wa keleletso masego
Kabinete e akgola le go eletsa masego:
1.1. Moporesidente yo o tlhophilweng, Motlotlegi Rre Fauré Essozimna Gnassingbé, ka go tlhophiwa gape jaaka Moporesidene wa Rephaboliki ya Togo ka nako ya Ditlhopho tsa Boporesidente tse di neng di tshwerwe ka di 22 Tlhakole 2020. Kabinete e ikamanya le Moporesidente Ramaphosa gape ka go akgola batho ba Togo tebang le go tshwara ditlhopho tse di renang kagiso.
5. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1. Maloko a Boto ya Bothati jwa Tshireletso ya Lewatle jwa Aforika Borwa:
a. Mme Nthato Minyuku (Modulasetilo).
b. Mme Lindelwa Nonjabulo Dlamini;
c. Rre Lucas Haluodi;
d. Mme Eva Dorothy Khosa; le
e. Rre Captain Bheka Clive Zulu.
Dipotso:
Mme Phumla Williams
Mogala: 083 501 0139