Skip to main content
x

A. Merero ya ga Jaanong

1. Go kgalengwa ka mafoko a a bogale ga dipolao tsa mapodisi

1.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditlhaselo le dipolao tsa batlhankedi ba sepodisi ka ditiragalo tsa mothale ono di sa tsewe fela gore ke tsa batho ba ba sa tlhabologang mme e di tsaya gape jaaka ditiro tse di nang le matshosetsi mo tlhaselong ya ditheo tsa tshireletso ya puso. Batlhankedi ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mmogo le batlhankedi ba bangwe ba ditheo tsa go disa kobamelomolao, go akaretsa le batlhankedi ba ditlamo tsa phemelo, ba baya matshelo a bona mo kotsing letsatsi le lengwe le le lengwe go dira gore re babalesege; mme ka jalo ba re tshwanetse go ba tshegetsa le go ba sireletsa.

1.2. Kabinete e akgotse dipatlisiso tsa sepodisi tsa phetakapejana tse di thusitseng gore go golegwe babelaelwa ba ba amegang mo polaong ya mapodisi a le mabedi a porofense ya Kapa Bophirima a a bolailweng ka Latshipi, 28 Tlhakole 2021, ba ba neng gape ba utswetswa ditlhobolo tsa bona. Ditiragalo tsotlhe tsa botlhokotsebe, go tsenyeletsa le dipolao, ga di kake tsa itlhokomoloswa, mme ditlhokotsebe tsa ditiragalo tseo di tla tsongwa jaaka dibatana le go di gama ba sa di tlhapela.  

1.3. Kabinete e akgola gape le dikgato tsa SAPS tsa go thopa diritibatsi tsa cocaine tse di nang le boleng jwa go ka dira madi a le kanaka R500 millione fa di rekisiwa mo mebileng tse di thopilweng mo mokorwaneng wa go thaya ditlhapi kwa lebopong la Saldanha. Letsholo leno le ne le gogwa kwa pele ke matseka a Yuniti e e Samaganang le Bosenyi jo bo Rulagantsweng jwa Diritibatsi, mme ba ne ba tshwarisane tiro eno le diyuniti tse dingwe tsa SAPS.

1.4. SAPS e akgotswe gape ka tiro ya go thopa mabotlolwana a le 400, a a ka dirang meeto e le 2 400, a meento ya maaka ya Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) mo lefelotirelong lengwe kwa Germiston, Gauteng. Mapodisi a ne gape a thopa le dimaseke tsa maaka le go tlhatlhela batho ba le bararo.

1.5. Kabinete e ikuela mo baaging gore ba se reke meento ya maaka mo ditlhokotsebeng tse di senang kutlwelobotlhoko tse di bayang matshelo a batho ba modimo mo kotsing. Ka go dirisa Lefapha la Boitekanelo, puso e tla kgona go diragatsa letsholo la yona la go tlhaba meento le le sa duelelweng la go enta maAforika Borwa otlhe a a ithaopang go entiwa. Go fitlha ga jaana Kgato ya Ntlha ya letsholo la go tlhaba meento mo mafelong a a nopotsweng naga ka bophara e setse e kgonne go ka enta batho ba le 100 000.

2. Matlhotlhapelo a go Bolawa ga Monna Mongwe kwa Braamfontein, Johannesburg

2.1. Kabinete e hutsafaditswe ke go bolawa ga monna mongwe fa baithuti ba Yunibesiti ya Wits ba ne ba rebotse mogwanto kwa Braamfontein mo Johannesburg ka Laboraro, 10 Mopitlwe 2021, mme e romela matshediso a yona kwa balelapa le ditsala tsa moswi.

2.2. Bothati jo bo Ikemetseng jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di ka ga go Tlola Molao ga Sepodisi (IPID) bo setse bo rebotse dipatlisiso go fatolola gore sentlentle ke eng se se tlhodileng polao ya monna yono.

2.3. Kabinete e ikuela mo mapodising go itshwara fa ba samagane le go tlisa khutso mo ditshupetsong le gore ba seke ba bo ba dirisa dikolo tsa nnete tsa ditlhobolo.

3. Mokgotlhwane wa Metlhape ya Dikolobe ya Aforika (ASF)

3.1. Go runya ga Mokgotlhwane wa Metlhape ya Dikolobe ya Aforika go begilwe mo dipolaseng di le pedi tsa kwa Mfuleni mo porofenseng ya Kapa Bophirima. Lefapha la Temothuo la Kapa Bophirima le tsentse tirisong dikiletso tsa go rekisa le go rwala dikolobe tse di tshelang go tswa ka lefelo la Mfuleni e le dikgato tsa go laola sekgala sa go anama ga bolwetse jono.

3.2. Mokgotlhwane wa Metlhape ya Dikolobe ya Aforika ke bolwetse jo bo tshelanang mme bo ama dikolobe tsa fa gae le tsa naga, fela ga o fetele mo bathong. Ka go rialo, Kabinete e ikuela gore batho ba ikele tlhoko thata gore re kgone go thibela kgonagalo ya go anama ga bolwetse jono gore bo se fetele mo dikarolong tse dingwe tsa naga ya rona.

3.3. Balemirui ba elediwa gore ba apaye masaledi a dijo tse ba di fepang dikolobe sebaka sa ura pele ba ka di fepa, seno se tla thusa go bolaya mogare wa Mokgotlhwane wa Metlhape ya Dikolobe ya Aforika mmogo le malwetse a mangwe a a leng kotsi.

4. Dipalopalo tsa Kotara ya Bone tsa Ngwaga wa 2020 tsa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP)

4.1. Kabinete e sekegela tsebe dipalopalo tsa kotara ya bone tsa ngwaga wa 2020 tsa GDP tse di rebotsweng ke ba Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (StatsSA) ka Labobedi, 9 Mopitlwe 2021. GDP ya mmatota e tlhatlogile ka 6.3%, mme seno se diragetse bogolosegolo ka ntlha ya gore go nnile le dikgato tsa go repisiwa ga dikiletsa tsha go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ka ntlha ya COVID-19. Dipoelo tsa seno di bontsha kgolo e e gagametseng mo go rekiweng ga didirisiwa tsa mo dintlong le mo tlhagisodikunong. Ka ntlha ya seno, ngwaga o tlhe wa 2020, GDP ya mmatota e funyetse fela ka 7.0% – e leng poelo e e kaone go gaisa ka fao re neng re solofetse.

4.2. Lekala la tlhagisodikuno lona le tlhatlogile ka 21.1%  mo kotareng ya bone ya 2020.  Makalanyana a le robongwe mo go a le 10 a nnile le dikoketsego tsa ditheko (mo lekalanyana la dijo le dino le di gogileng kwa pele mme go latele la dijanaga le diphatse tsa dijanaga, mmogo le la tshipi le lesenke), fa kgolo mo dithekisong e tlhatlogile ka (9.8%) mo mabentlele a dithekiso a neng a di goga kwa pele mme go latele, dithekiso tsa dijanaga, mafelo a dithekiso tsa dijo le madulo. Temothuo e nnile le kgolo e e kwa godimo ya fa e sale  (ka 13.1% mo ngwageng wa 2020) mme sone ke ka ntlha ya maemo a bosa a a tswetseng lekala leno molemo ka go tokafatsa seabe sa lona mo mabeleng, mo tlhagisong ya dijalo tse di tlhokagalang le mo tlhagisong ya leruo go fepa makalanyana ano.

4.3. Fa go tla mo tirisong ya madi, palogotlhe ya bofelo ya tiriso ya madi a lelapa e tlhatlogile ka lebelo le le kanaka 7.5%, mme yona e latelwa ke ya mabentlelebojelo le ya mafelo a botlhabakgobe kwa dihoteleng; mabentlele a dijo le dino; mmogo le makala a bojanala le a setso.  Kago ya letloletsepamolotlhe e tlhatlogile ka 12.1%, mme yona e etilwe kwa pele ke dipeeletso tse di tlhatlogileng mo didirisiweng tsa dipalangwa mmogo le mo ditirong tsa dikonteraka tsa dikago ka fa go bonagala tlhabologo mo dikonterakeng tsa go aga ditsela tse di dirisiwang ke dipalangwa tse di rwalang batho le dithoto mmogo le ditiro tse di setseng di simolotse tsa boenjenere jo bo tlisang tlhabologo.

4.4. Kabinete e na le tshepo ya gore ikonomi e tla itharabologelwa ka go diragatsa matsholo a a botlhokwa a go tsereganya a boitekanelo mmogo le ka go diragatsa dikgato tsa go tshwarisana tiro ga puso le dikgwebo, badiri le baagi mo go diragatseng Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP) la naga ya rona.

5. Samiti ya Thotloetso ya go Reka ka fa Nageng le go Rekisetsa Dinaga tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng ya Proudly South African

5.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o fane ka Puo ya Dintlha tse di Botlhokwa mo kopanong e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ka Labobedi, 9 Mopitlwe 2021 e e ka ga Samiti ya Thotloetso ya go Reka ka fa Nageng le go Rekisetsa Dinaga tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng ya Proudly South African, e e tshwerweng ka moono yo o reng: "Go dira gore Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng e nne tsona di Godisang Ikonomi". Proudly South African ke setheo sa Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano.

5.2. Samiti eno e ne e gasiwa mo diraleng tsa inthanete tse dintsi tse di farologaneng le mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano a mantsi a a farologaneng go dira gore batho ba le bantsi ba kgone go nna le seabe mo go yona. Dipontsho tse di tshwerweng ka mafaratlhatla a ditlhaeletsano tsa dibidio di kgontshitse ditlamo go bontsha ditlhagisiwa le ditirelo tsa bona mo bidiong e khutshwane e ebontshang kopano e e tshwerweng ka inthanete e e neng e tsenetswe ke bao ba batlang go gwebisana.

5.3. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa le dikgwebo tsa ka fa nageng go tshetsa ditlhagisiwa le ditirelo tsa naga ya rona, bogolosegolo mo nakong eno e re lekang go tsosolosa ikonomi ya rona, go tshegetsa ikonomi go gola le go tlhola ditiro.

6. Go Etela Lefelopolokelo la Meento la Biovac

6.1. Motlatsamoporesitente David Mabuza o etetse  Lefelopolokelo la Meento la Biovac kwa Midrand, Gauteng ka Labobedi, 2 Mopitlwe 2021 e le karolo ya tiro ya Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng tse di samaganeng le merero ya Meento ya COVID-19, e leng yona e e okameng letsholo la go tlhaba meento go disa gore le diragadiwa ka tolamo.

6.2. Setheo sa Biovac, e leng setlamo sa melemo sa kwa Cape Town, se laolwa ka tshwaraganelo ke puso le lekala la poraefete. Se butswe ka ngwaga wa 2003 gore se samagane le matsholo a naga ya Aforika Borwa a a ka ga go tlhagisa meento mmogo le go e rwala le go e boloka le go e romela mo dikarolong tse di farologaneng.

6.3. Mo tsamaong ya dingwaga tse di fetileng Biovac e agile meago e e lekaneng go ka bolokela le go romela meento kwa dikarolong tse dingwe. Puso e kgotsofaditswe ke seabe sa yona mo letsholong la go tlhaba moento mmogo le tiro eo ba e dirileng le ditlamo tse dingwe tsa melemo mo go tlhagiseng meento ya COVID-19.

6.4. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go tswelela go ntsha matlho dinameng le go tswelela go ikobela dikgato tsa poloko ya boitekanelo tsa go apara dimaseke fa ba le mo gare ga batho, go tlhapa diatla gangwe le gape ka metsi a sesepa kgotsa ka go itlotsa ka sebolayamegare sa diatla se se nang le alekholole e e lekanyeditsweng go 70%, go katogana ka sekgala sa mitara le halofo le go itlhokomolosa go nna mo go leng matšhwititšhwiti a batho. Thibelo ya gore go nne le kgonagalo ya go nna le go runya ga bolwetse jono lekgetlo la boraro e mo diatleng tsa rona.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS)

1.1. Kabinete e amogetse puo ya Tona ya Lefapha la Saense le Thekenoloji, Ngaka Blade Nzimande, e e ka ga tlhaelo ya matlole a NSFAS a go duelela dithuto tsa baithuto. Dikgwetlho tseno di tlhodile gore go nne le tiego ya go garela dikgato tsa go ikwadisa ga baithuti ba ngwaga wa ntlha kwa yunibesiti.

1.2. Leroborobo la COVID-19 le gakaditse dikgwetlho tse sekema seno se ntseng se tobaneng le tsona.  Tse dingwe tsa dikgwetlho tseno ke tsa go atolosiwa ga paka ya thuto mmogo le ya koketsego ya palo ya baithuti ba ba tlhokang go thusiwa go duelela dithuto tsa bona ka ntlha ya fa batsadi ba bona ba latlhegetswe ke ditiro  ka ntlha ya leroborobo leno. Mo go rarabololeng kgwetlho eno, Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go oketsa matlole a sekema seno mme dintlha ka botlalo mo ntlheng eno di tla tlhagisiwa ke Tona Nzimande fa re sena go garela kopano eno ya bobegakgang.

1.3. Kabinete e laetse gore go diriwe tiro e nngwe gape go batlana le ditharabololo tse di tla nnelang ruri mo ntlheng ya go tlamela baithuti ka matlole a go tsweletsa dithuto mo ditheong tse digolwane. Puso e santse e eme ka le le reng baithuti botlhe ba ba nang le matshwanedi ga ba tshwanela go kgapelwe kwa thoko ka ntlha ya fa ba sena madi a go ituelela dithuto tsa bona. 

2. Sekwalwa sa Kaelo ya Kemo ya ka fao go tla Fetolwang Batsholateu mo Tsamaisong ya Mafatshe le Paka ya Kadimo ya Mafatshe a a leng mo Metseng ya Baagi ba kwa Metseselegae

2.1. Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Kaelo ya Kemo ya ka fao go tla Fetolwang Batsholateu mo Tsamaisong ya Mafatshe le Paka ya Kadimo ya Mafatshe a a leng mo Metseng ya Baagi ba kwa Metseselegae gore go diriwe dikgato tse di tseneletseng le bannaleseabe go batla maikutlo a bona ka sekwalwa seno. Dikarolo tse di tshitshingwang di rebola letlhomeso la semolao la ka fao thulaganyo ya go ntsha lefatshe le le leng mo metseng ya baagi ba kwa metseselegae mo diatleng tsa o mongwe go di naya yo mongwe kgotsa go di naya baagi ba bangwe bao paka ya bona ya go laola lefatshe leo go ya ka molao le seng le totobadiwe gore ke bona beng ba lona ba semolao e ka simololwang ka teng.

2.2. Dikgato tseno tsa go fetola batsholateu di tla oketsa dithoto tsa baagi ba metse eo go ba kgontsha go nna le seabe mo mererong e ba batlang go ka nna le seabe mo go yona e ka tswa e le ya setso, ya loago le ya ikonomi. Dikgato tseno tsa go batla maikutlo di tla garela ka go tshwarwa ga Samiti e e solofetsweng ya Mafatshe a Naga eno.

3. Go rekiwa ga moento

3.1. Kabinete e nopoletswe ke Tona ya Boitekanelo Rre Zwelini Mkhize le Tona ya Matlole Rre Tito Mboweni ka ga dipuisanelo tsa konteraka ya go reka moento mo ditlamong tse di farologaneng tsa melemo. Kabinete e sekasekile dikarolo dingwe tse di boima mo dikonterakeng tseno tse di sa tsamaisaneng le Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso (PFMA), wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 1 wa 1999)mme e amogetse dikgato tse di letleletsweng ke Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba tse di sa tsamaisaneng le molao ono ka maitlhomo e le go pholosa matshelo a maAforika Borwa.

3.2. Dikgato tseno tse di ikgatolosang molao ono di tsenyeletsa tsa go duelela kwa pele meento go netefatsa gore maAforika Borwa a nna le moento ka bonako jo bo tlhokagalang. Kabinete e tshegeditse maiteko a Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba mmogo le Lefapha la Boitekanelo la Bosetšhaba gore a tswelele ka dipuisanelo tsa meento le go netefatsa gore e goroga ka bonako gore e thuse botlhe ka fa nageng.

4. Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go atolosiwa ga paka ya go nna mo tirisong ga Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga go fitlha ka la bo 15 Moranang 2021. Dikgato tseno di diragadiwa go ya ka Karolo ya bo 27(5)(c) ya Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002). Baagi ba rotloediwa go tswelela go ikobela ditaolelo le dikiletso tsotlhe tsa bitekanelo tsa COVID-19 gore re kgone go thubela go anama ga mogare ono.

C. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo wa Pabalesego le Boitekanelo kwa Tirong (OHS) wa 2020

1.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa OHS gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Molao wa OHS wa ngwaga wa 1993 (Molao wa bo 85 wa 1993) le go o lepalepanya leditiragalo tse di diragalang tsa boditšhabatšhaba. Maitlhomo a mangwe gape a ona ke go gagamatsa pabalesego ya badiri mo mafelotirelong a bona.

1.2. Molaotlhomo ono o tsenya tirisong dikarolo tse di matlafatsang badiri gore ba se felelwe ke ditiro fa e le gore ba dira boikuelo jwa gore lefelo leo ba dirang mo go lona ga le a bolokesega, gore bathapi ba se ke ba ba tebela mo tirong.

2. Molaotlhomo wa Tshireletso ya Bareki ba Dintlo

2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Tshireletso ya Bareki ba Dintlo. Molaotlhomo ono o kwalolasešwa Molao wa Dikgato tsa Tshireletso ya Bareki ba Dintlo wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 95 wa 1998).  Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tsenyeletsa tsa go atolosa dikgato tsa tshireletso ya dithata tseo bareki ba dintlo ba nang le tsona – go tsenyeletsa tsa go baakanya ntlo, go tsosolosa ntlo, go dira diphetogo mo ntlong le go oketsa ntlo eo e ntseng e le teng. Molaotlhomo ono o tshitshinya gape gore go nne le matsholo a a tla tlisang phetolo ya batsholateu mo intasetering ya boradikonteraka ba ba agang dintlo.

2.2. Maikutlo a le mantsinyana a setse a amogetswe go tswa mo bannaleseabeng ba intaseteri eno go latela gore re thankgolole dikgato tsa go batla maikutlo a baagi ka molaotlhomo ono. Molaotlhomo ono o tla tsena mo dithulaganyong tse dingwe tsa go batla maikutlo a baagi tsa palamente pele o ka amogelwa go nna molao. 

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Letsatsi la Lefatshe la Tshomarelo ya Metsi

1.1. Aforika Borwa e tla ema le dinaga tsa boditšhabatšhaba mo go ketekeng Letsatsi la Lefatshe la Tshomarelo ya Metsi ka la bo 22 Mopitlwe 2021. Letsatsi leno le lemosa setšhaba ka tlhaelo ya metsi mme le samagana le Peelo ya Tlhabololo ya Leruri ya Borataro e e reng: Go Nna le Metsi a a Nwewang le Ditirelo tsa Kgeleloleswe go Tswela Botlhe Mosola ka Ngwaga wa 2030.

1.2. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le thankgolotse letsholo la #SomarelaMetsi go gopotsa maAforika Borwa otlhe gore lerothodi lengwe le lengwe le na le mosola. Le fa re nnile le pula e e neleng sentle, naga eno e e tlhaelang metsi e santse e na le matsapa a komelelo a a gakatswang ke phetogo ya maemo a loapi.

1.3. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go somarela metsi gonne maitsholo a rona a gompieno a go tshameka ka metsi a tla nna le seabe mo isagong. A re nneng kokoma ya batho bao ba tsereng maikarabelo a go fedisa tshenyo ya metsi.

E. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e akgola:

Mme Tshepho Faith Koopa, ngaka ya ka fa nageng yo a direlang laboratori ya Pathology LabOne yo a ribolotseng serwe sa go dira diteko mo go COVID-19. Serwe seno ke karolo ya mokotlana wa didirisiwa tsa go lekola COVID-19 tse di tlhagisiwang ke laboratori ya LabOne ya Khayelitsha, kwa porofenseng ya Kapa Bophirima le kwa Midstream, kwa Gauteng.

Pathology LabOne e rekile mokotlana ono ka tirisanommogo le Morwakgosi e bong Amon Moagi wa Morafe wa Bakgatla kwa porofenseng ya Bokone Bophirima, mmogo le Africapacity Investment Group le Brawne Capital.

2. Melaetsa ya Matshediso

  • Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
  • Mme Karima Brown (54), molwelakgaratlho le mogaka wa bobegakgang yo a dirileng tiro e ntle.  
  • Rre Peter Matlare (61), moitshimololedikgwebo le Motlatsamokaedikhuduthamagamogolo (DCEO) wa Absa yo a okameng maemo a le mantsinyana a khuduthamaga mo dikgwebong tsa ka fa Aforika Borwa le mo Lekgotlakgasong la Aforika Borwa (SABC).
  • Rre Azwifarwi Dick Ralushi (71) yo e neng e le Moganka wa Molwelakgaratlho ya Kgololesego. Ralushi e ne e le tokololo ya Black Peoples Convention (BPC ) mme o dirile jaaka Mokwaledi wa Tsholetso Serodumo sa Mokgatlho. E ne e le tokololo ya Northern Transvaal Action Committee eo e leng kokoma ya United Democratic Front (UDF), e bile gape e ne e le Lesole la Mokgatlho wa Masole a African National Congress (ANC) wa Umkhonto WeSizwe ka fa tlase ga Northern Transvaal Rural Machinery.

F. Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1. Mme Mamogala Jennifer Musekene – Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lekaleng la Taolo ya Dikhemikhale le Tshelo ya Ditlakala, mo Lefapheng la Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi.

Dipotsolotso:
Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete
Mogala: 083 501 0139

 Union Building