A. Merero ya ga Jaanong
1. Letsholo la go Tlhabela Moento
1.1. Letsholo la go Tlhabela Moento wa Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) la Sisonke mafelo a lona a go entela a okeditswe ka fa nageng. Go fitlha ga jaana ka letsholo leno go setse go entilwe batho ba feta ba le 207 808.
1.2. Dikgato di le tharo tse di latelang ke tsa Letsholo la Naga ya Aforika Borwa la go Tlhabela Moento:
- Kgato ya Ntlha: E setse e le mo tirisong mme e tla tswelela sebaka sa dikgwedi di le tharo go tloga ka kgwedi ya Tlhakole go fitlha ka kgwedi ya Moranang 2021, mme ka yona go tla entiwa badiredi ba lephata la boitekanelo ba ba ka dirang milione le halofo (mme mo go bona ba le 608 295 ke ba ba setseng ba ikwadiseditse go tlhabela) ka fa nageng. Tsotlhe di tsamaya ka tolamo go kgontsha Lefapha la Boitekanelo go enta badiredi botlhe ba lephata la boitekanelo fa Kgato ya Ntlha e konosela.
- Kgato ya Bobedi: E tla tsenngwa tirisong sebaka sa dikgwedi di feta di le thataro, mme e tla simolola ka kgwedi ya Motsheganong go fitlha ka kgwedi ya Diphalane 2021. Kgato eno e tla enta batho ba ba tlhokang tlhokomelo e e tseneletseng ba le kanaka 13 350 140, go akaretsa le badiredi bao tiro ya bona e tlhokagalang thata mmogo le badiri ba pabalesego le boitekanelo kwa tirong; badiri ba tiro ya bona e leng botlhokwa thata mo go tsosoloseng ikonomi ba ba jaaka badiri ba kwa meepong, badiri ba mafelo a borobasogo, badiri mo intasetering ya dithekesi, badiri mo mabentleleng a magolo le a a potlana, barekisi ba mo mebileng ba ba rekisang maungo le merogo, badiri ba lephata la kgaso le makala a mangwe a a tlhokagalang.
Mafelo a go tlhabela moento mo Kgatong ya Bobedi le ya Boraro a tla okediwa go nna le a le kanaka 2 085 mme e bile gape go tla dirisiwa le a makala a poraefete gore re tokafatse tolamo le lebelo la letsholo la go tlhabela moento.
- Kgato ya Boraro: E tla tsenngwa tirisong sebaka sa dikgwedi di feta di le tharo (go simolola ka Ngwanaitseele 2021 go fitlha ka Tlhakole 2022) mo go tla entiwang batho botlhe ba ba setseng ba ba iseng ba entiwe mo nageng ya Aforika Borwa, go tla tsenyelediwa le bao ba sa entiwang ba ba neng ba tshwanetse go entiwa mo Kgatong ya Bobedi, mme mo kgatong eno go tla entiwa batho ba le 22 600 640.
1.3. Kabinete e leboga merwalo e mentsi ya meento ya Johnson & Johnson (J&J) e e ntseng e goroga ka fa nageng, go nne ka yona go totobetse gore go tla nna le kgatelopele mo go diragatseng Kgato ya Ntlha ya Letsholo la go tlhabela moento la Sisonke.
1.4. Kabinete e santse e na le tshepo mo kgatelopeleng eo e dirwang ke Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA) mo go letleleleng moento wa J&J go dirisiweng go enta matšhwititšhwiti a batho. Dikgato tsa sešweng tsa SAHPRA tsa go letlelela go dirisiwa ga meento ya COVID-19 ya setlamo sa Pfizer/BioNTech di tshwanetse go oketsa meento e e bolokang matshelo ka fa nageng.
1.5. Kabinete e rata go ka netefaletsa baagi ba Aforika Borwa gore Lefapha la Boitekanelo, le tshwarisane le lekala la poraefete, le ka kgona go diragatsa letsholo la go enta matšhwititšhwiti a batho fa Kgato ya Bobedi e simolola.
1.6. Kabinete e leboga gape le leeto le le tserweng ke Monnasetulo wa Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) ya Letsholo la Meento ya COVID-19, e bong Motlatsamoporesitente David Mabuza, la go etela Lefelo la go Polokelo ya Meento la Biovac kwa porofenseng ya Kapa Bophirima ka Labone, 18 Mopitlwe 2021.
1.7. Tirisanommogo magareng ga Biovac le setlamo sa kwa Amerika sa melemo ya megare, ImmunityBio, mabapi le go thusa gore Aforika Borwa e kgone go itirela meento ya yona ya COVID-19, e tla thusa setlamo seno sa ImmunityBio gore se tlhagise meento ya sona ya bobedi ya COVID-19 ka fa nageng ya rona.
1.8. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe mmogo le mo go yo mongwe le yo mongwe yo a leng ka fa nageng go nna le seabe mme ba obamele dikgatokiletso tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng – segolo jang ka re tla bo re tsena mo pakeng e go ketekiwang meletlo ya sedumedi ya Paseka, Tsogo ya Morena le ya Ramadan – gore re thibele kgonagalo ya go nna le lekhubu la boraro la bolwetse jono.
1.9. Kabinete e touteletse botlhokwa jwa go ikobela ditaolelo tsa boitekanelo tse di seng ka ga go nwa melemo mo go thibeleng go tshwaetsana ka COVID-19 ka go tswelela go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho, go katogana le batho ba bangwe ka sekgala sa mitara le halofo, go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa go itlotsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole, mmogo le ikgatolosa go nna mo go nyeumang ka batho.
2. Motlakase
2.1. Kabinete e itse sentle seabe se se sa itumediseng seo kgaolo ya motlakase e nnileng le sona mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng mo ikonoming ya loago, mo go kgoreletseng le mo go sitiseng baagi le dikgwebo ka fa nageng.
2.2. Go tsewa matsapa otlhe a a kgonegang go rarabolola dikgwetlho tsa ga jaana tsa motlakase le go tsenya tirisong tlamelo e ntšhwa ya motlakase mo nakong e khutshwane, gonne seno se botlhokwa thata mo go tsosoloseng ikonomi ya Aforika Borwa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, puso e tsweletse go ema nokeng dikgato tse di tshwaraganetsweng tsa go thusa Eskom go tsetsepela le go dira gore e simolola go gola.
2.3. Kabinete e e leboga tsiboso ya Tona ya Metswedi ya Dimenerale le Motlakase rre Gwede Mantashe mabapi le ditlamo tseo ba di ratileng go ka neelwa dithendara tsa go re tlamela ka dimekawate di le 2 000 tsa motlakase wa tshoganyetso tse di tla thusang go ema nokeng tlamelo ya rona ya motlakase mo pakeng e khutshwanyana.
2.4. Ditlamo tse ba di ratileng tse di tla neelwang dithendara tsa Letsholo la Ditlamo tse di Ikemetseng tsa Tlhagiso ya Motlakase go solofetswe gore di tla reka motlakase mo maphateng a motlakase wa letsatsi, motlakase o o fetlhiwang ke phefo, diedi tsa gase ya tlhago mmogo le mo maphateng a go boloka dibeteri. Dikgato tsa ntlha tsa go gokela motlakase ono di tla simolola ka Phatwe 2022.
2.5. Diporojeke tseno di le robedi di tla tlisa mo ikonoming ya rona bokanaka R45 bilione, mme ditlhagisiwa tsa ka fa nageng di tla lekanyediwa go halofo ya ditlhagisiwa tsotlhe mme seno se tla tlhola ditšhono tsa ditiro di le 3 800 fa go agiwa mafaratlhatlha ano. Ditšhono tse dingwe gape tsa ditiro di le 13 500 di tla tlhodiwa go ya ka Konteraka e e Utlwanetsweng ya Paka ya Dingwaga di le 20.
2.6. Dikgato tsa go ritibatsa maemo tseo puso e di tsayang go fetola sebopego sa setlamo sa thulaganyo ya motlakase le go se matlafatsa kwa bokhutlhong di tla tokafatsa tlhagiso ya motlakase ka fa nageng. Kgatelopele e kgolo e re setseng re itemogetse yona e supa gore dikgato tsa rona tsa go samagana le dikgwetlho tsa motlakase di simolola go iponagatsa.
2.7. Kabinete e ikuela gape le mo go rona rotlhe go ema nokeng dikgato tsotlhe tsa go rarabolola dikgwetlho tsa rona le go maatlafatsa ka fao Eskom e dirang tiro ya yona ka go begela ditheo tsa go disa kobamelomolao ka matsapa otlhe a go ikgogela motlakase go go seng mo molaong, go nota mabone le go rekisiwa ga motlakase o o seng mo molaong. Rotlhe re tshwanetse go nna bareki ba motlakase ba ba rwalang maikarabelo ka go duelela dituelelo tsa rona tsa motlakase tsa kgwedi le kgwedi.
3. Kutlwanelo ya Tuelelo ya Dituelelo tsa Dithuto tsa kwa Diyunibesiting
3.1. Kabinete e santse e eme ka le le reng e batlana le tharabololo e e tla nnelang ruri ya go tlamela ditheo tsa thuto e kgolwane ka matlole, go kgontsha baithuti botlhe ba ba dirileng bontle mo dipholong tsa bona gore ba se kgaramediwe kwa ntle ka ntlha ya fa ba sena matlole a go ituelela go tsweletsa dithuto tsa bona.
3.2. Tumelano e e fitlheletsweng ke Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane (DHET) mmogo le ditheo tsa thuto e kgolwane e tsamaisana le lenaneo la diphetogotlhotlhwa, go thusa gore ditlhotlhwa tsa dituelelo tsa dithuto tse dikgolwane di kgone go duelesega.
3.3. Kabinete e tlhobaediwa ke sekoloto sa kgale sa baithuti mo ditheong tsa thuto e kgolwane se se tswelelang go tlhatloga. Ga jaana DHET e samagane le go bokeletsa tshedimosetso ka baithuti ba ba amilweng ke sekoloto seno, mme kgato eno e tla nna karolo ya leano la go sekaseka pholisi ya go dulelela dithuto tsa baithuti gore re kgone go tsenya tirisong leano le le tsepameng la go tlamela ditheo tsa thuto e kgolwane ka matlole.
3.4. Ga jaana, Kabinete e rotloetsa ditheo tsa thuto e kgolwane go tšhotlha kgang eno le mekgatlho ya sepolotiki ya baithuti go bona ditharabololo tse di tla kgontshang gore baithuti ba bangwe ba bantsi ba kgone go ikwadisa.
3.5. Kabinete e amogetse dikgato tsa ka potlako tsa go batlisisa le go golega babelaelwa ba le bane ba batlhankedi ba sepodisi ba ba latofadiwang ka polao ya Rre Mthokozisi Ntumba wa dingwaga di le 35 mo mogwantong wa sešweng wa baithuti kwa Yunibesiti ya Wits mo Johannesburg. Mo godimo ga moo, Kabinete e leboga go golegwa ga bao ba amegang mo tirisodikgokeng mo baaging le bao ba tsweletseng go tlhasela mapodisi mo nakong ya fa megwanto eno e ne e tsweletse.
3.6. Kabinete e tlotla tshwanelo ya molaotheo ya gore batho ba letleletswe go ka rebola megwanto e e renang kagiso e e sa tloleng molao. Mme le fa go le jalo, ditheo tsa go disa kobamelomolao ga di kitla di itlhokomolosa botlhokotsebe le tlolo ya molao go tlhakatlhakanya megwanto e e ka ga dingongorego tse di utlwagalang ka go ikgatolosa bona fa ba senya le go tshuma meago le dithoto tsa batho le tsa puso.
4. Dipolao tsa Mapodisi
4.1. Kabinete e santse e tlhobaediwa ke dipegelo tse di leng teng ga jaana mabapi le go tlhaselwa ga batlhankedi ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS). Mapodisi a ipaya mo kotsing letsatsi le lengwe le le lengwe gore ba boloke matshelo a baagi ba naga ya rona.
4.2. Mo kgweding e e fetileng, fa e sale ka la bo 25 Tlhakole 2021, palogotlhe ya mapodisi a le 12 a setse a bolailwe setlhogo ba le mo tirong le ba ba neng ba se mo tirong mo mafelong a a farologaneng mo nageng.
4.3. Ditiro tsotlhe tsa tirisodikgoka le pola ya mapodisi ga se fela tsa bogatlapa mme gape di bontsha batho ba ba sa kgathaleleng naga ya bona, mme baagi ga ba tshwanela go di nna ka marago. Kabinete e ikuela mo ditheong tsotlhe tsa go disa kobamelomolao go netefatsa gore mapodisi otlhe a a hulereng dipolao tsa bona ga e nne lesepa la bosigo.
4.4. Re le setšhaba sa batho ba ba obamelang molao e bile ba rata mo go renang kagiso, tla re tshwaraganeng go bontsha ka fa dipolao tsa mapodisi di re ferosang dibete ka gone ka go begela ditheo tsa go disa kobamelomolao ka ditlhokotsebe tse re di itseng tse di amegang le ka bao ba tshabileng molao. Polao ya lepodisi le le lengwe fela ke selo se segolo thata.
5. Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho
5.1. Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe a a nnileng teng mo meketeng ya ka fa nageng ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho ka Latshipi, 21 Mopitlwe 2021 ka moono yo o reng: “Ngwaga wa wa go keteka ditiro tsa ga Mme Charlotte Maxeke: Re tsholetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa batho le fa re le mo pakeng ya COVID-19”. Mokete wa monongwaga o ketekiwa ka nako e le nngwe le Mokete wa Ngwaga wa bo 25 wa go amogela Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.
5.2. Letsatsi leno le re gakolola ka maikano a rona re le naga go tswelela go lwantshwana le ditiraragalo tsa go nyefolana go ya ka lotso, ditiragalo tsa go nyefolana go ya ka bong, ditlhaselo tse di tlhotlhelediwang ke letlhoo la bosemorafe le ditlhaselo tse dingwe tsa mothale ono, go tsenyeletsa le tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV) le phure eno ya tirisodikgoka e e setlhogo ya sepodisi mo baaging.
5.3. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go dirisa matsatsi a a santseng a le teng a Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho go rotloetsana go nna seoposengwe, go aga setšhaba le go ipona re le bana ba mpa.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Pholisi ya Naga ya Polokelo ya Tshedimosetso ya Dikhomphiutha mo Seraleng sa Lefaufau ka Inthanete
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go gatisa mo kaseteng Sekwalwa sa Pholisi ya Naga ya Polokelo ya Tshedimosetso ya Dikhomphiutha mo Seraleng sa Lefaufau ka Inthanete gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga yona. Maitlhomo a pholisi eno ke go lepalepanya dipholisi le mealo e e leng teng go netefatsa gore naga ya rona e sola mosola ditlhabololo tse di nnang teng mo ikonoming ya didirisiwa tsa dijithale.
1.2. Ditirelo tsa Tshedimosetso ya Dikhomphiutha le tsa Polokelo ya Tshedimosetso ya Dikhomphiutha mo Seraleng sa Lefaufau ka Inthanete di botlhokwa thata mo ikonoming ya didirisiwa tsa dijithale. Maitlhomo a pholisi eno gape a netefatsa gore naga e nna le seabe ka botlalo mo pakeng e ntšhwa e e renang tshedimosetso ya dikhomphiutha. Gang fa e sena go amogelwa, pholisi eno e tla gagamatsa gape le bokgoni jwa puso go direla baagi ba yona.
2. Sekwalwa sa Naga sa Dipeelo tse di Tlhomilweng tsa go Tsenya Letsogo (NDC) mo go Thusaneng mo Ditsibogelong tsa Lefatshe tsa go Samagana le Phetogo ya Maemo a Loapi
2.1. Kabinete e neseditse pula sekwalwa se se tsentsweng mo dinakong sa NDC se se ka ga phetogo ya maemo a loapi gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona. Tumelano ya kwa Paris e e mabapi le phetogo ya maemo a loapi e re Aforika Borwa gangwe le gape e tla romela di-NDC tse di tlhalosang ka fao e fitlheletseng dipeelo tsa yona mo go fokotseng go Kuelediwa ga Digase tse di Kgotlhelang Tikologo (GHG).
2.2. Fa e sale re amogela Tumelano ya kwa Paris ka Sedimonthole 2015, Aforika Borwa e setse e gatetse pele go utlwagala tota mo go kwaleng le mo go diragatseng di-NDC tsa yona.
2.3. Sekwalwa sa NDC se se tsentsweng mo dinakong se tseela tlhogong maemo a naga ya Aforika Borwa, ditlhokwa tse di tshwanetsweng go kgotsofadiwa tsa semolao tsa Tumelano ya kwa Paris, dithoto tsa yona mmogo le tshedimosetso ya sešweng ka merero ya saense.
3. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) Mabapi le Bolotloa ya Sejana sa Lefatshe (NWC) sa 2023
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlhoma IMC go samagana le NWC ya 2023. IMC e tla samagana le tiro ya go ipaakanyetsa mokete ono.
3.2. Aforika Borwa e tla bo e le naga ya ntlha mo kontinenteng ya Aforika go tshwara NWC, mo e tla bong e amogetse baagi ba dinaga di le 16 tse di tla bong di le mo dikgaisanong tseno.
4. Dipontsho tsa Boditšhabatšhaba tsa Kgoboketso ya Ditempe tsa Poso (IPEX)
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tshwara dipontsho tsa IPEX, tseo gape di bidiwang dipontsho tsa ditempe kwa Motse Kapa go simolola ka la bo 9 go fitlha ka la bo 19 Sedimonthole 2021 ka moono yo o reng "Leeto le re le Tsamaileng gore re Fitlhelele Temokerasi". Federeišene ya Boditšhabatšhaba ya Kgoboketso ya Ditempe tsa Poso (FIP) kwa tshimologong e ne e batla go tshwarela mokete ono kwa Motse Kapa go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 20 Mopitlwe 2021 mme ka ntlha ya COVID-19 e ne ya sutisiwa go isiwa kwa letlheng le le kwa pele.
4.2. Lefapha la Ditlhaeletsano le Thekenoloji ya Dijithale le tla rulaganya le go tshwara mokete ono ka go thusiwa ke komiti e e dirang dithulaganyo ya FIP.
4.3. Ditempe tse di bokeleditsweng di bontsha dinako tse di fetileng tsa hisitori, ditiragalo tse di diragetseng le ditiragalo tse di nnileng mosola mo temokerasing ya Aforika Borwa. Naeng ba ba letetsweng ba tla tsenya letsogo mo bojanaleng, ba rotloetsa ikonomi ya ka fa nageng, mmogo le go tsholetsa gonna seoposengwe mo mererong ya setso le ya loago.
5. Leano la go Diragatsa Matsholo a Ngwagasome a Saense le Thekenoloji (Leano la Ngwagasome la STI )
5.1. Kabinete e neseditse pula Leano la Ngwagasome la STI 2021-2031 go diragatsa merero ya saense le boitshimololedi. Leano leno le latela Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga Saense le Boitshimololedi se se neseditsweng pula ke Kabinete mo ngwageng wa 2019.
5.2. Pholisi eno e tsibogela tlhabologo e e potlakileng e e diragalang mo mererong ya thekenoloji mmogo le go sola mosola STI go re tswela molemo mo tlhabololong ya ikonomi le ya loago ka fa nageng. Leano leno la Ngwagasome le tli dirisiwa jaaka leanokonokono la puso, mo go tla tsenyelediwang le mafapha a mangwe a a jaaka Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae; Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Motlakase; Lefapha la Boitekanelo mmogo le Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo. Tiragatso ya leano leno e tla gapiwa ke mafapha otlhe a a farologaneng a a maleba.
C. Ditiragalo tse di Tlang
1. Setlhopha sa go Buisa Dibuka sa Moporesitente mo Mafaratlhatlheng a Ditlhaeletsano tsa Dibidio
1.1. Kabinete e rotloeditse maAforika Borwa go nna karolo ya kopano ya bone ya Setlhopha sa go Buisa Dibuka sa Moporesitente ka Labone, 25 Mopitlwe 2021 go tloga ka 16:30 go fitlha ka 18:30, ka go dirisa mafaratlhatlha a go tlhaeletsana ka dibidio a Microsoft Teams mo go (https://nrc.org.za/(link is external)).
1.2. Mo kopanong eno o tla busa dibuka tse di babatsegang tsa bakwadi ba naga ya Aforika Borwa e leng buka ya The Suit e e kwadilweng ke Can Themba mmogo le ya I am not a Tramp e e kwadilweng ke Leslie Sehume.
1.3. Fa e sale letsholo leno le thankgololwa ka ngwaga wa 2019, National Reading Coalition e tsweletse go ema nokeng Letsholo la Read to Lead mmogo le boikuelo jwa ga Moporesitente Cyril Ramaphosa jwa go tokafatsa seemo sa go buisa ka fa nageng – mo diphaposiborutelong le mo magaeng a baagi.
1.4. Ka go dirisana re ka tokafatsa bokgoni jono jwa motheo le go bulela ditšhono tsa ditiro.
D. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Ngaka Patrice Motsepe, rakgwebo yo a tumileng yo e leng moAforika Borwa wa ntlha go ka tlhophiwa go nna Moporesitente wa Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao wa Aforika (CAF).
- Kabinete e eleditse gape le maAforika Borwa otlhe matsatsi a a monate a khunologo ya Tsogo ya Morena, mmogo le badumedi paseka e e renang tlotlo le mowa wa sedumedi.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Motlotlegi Kgosi Goodwill Zwelithini kaBhekuzulu, yo a busitseng sebaka go gaisa magosi a mangwe a morafe wa Bogosi jwa AmaZulu. Moporesitente Ramaphosa o reboletse Motlotlegi Tirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng: ya Legato la Ntlha, e e nang gape le tirelo ya go laelwa ke sesole. Motlotlegi o tla gopolwa ka go nna kgosi e e neng e na le ponelopele e bile a dirile gore morafe wa AmaZulu e nne seoposengwe, o tla gopolwa ka go nna moeteledipele mo mererong ya setso le go bo a dirile gore morafe wa AmaZulu o atlege mo botshelong.
- Motlotlegi Moporesitente John Pombe Magufuli wa Naga e e Kopaneng ya Tanzania. Aforika Borwa e lela mmogo le puso le baagi ba naga ya Tanzania jaaka ba aparetswe ke leru le letsho. Mo go laeleng ka tlotlo Moporesitente Magufuli, Moporesitente Ramaphosa o rile: “Re leboga batho ba naga ya Tanzania ka go fana ga bona ba sa balele motho le go ikentsha setlhabelo ga bona gore le rona re bone kgololesego. Ke maitemogelo ano a mo malobeng a a dirang gore le rona re le baagi ba naga ya Aforika Borwa re ipone re latlhegetswe ke Moporesitente Magufuli. Naga ya Tanzania e latlhegetswe ke rre le abuti mo go moporesitente yono, mme fa e le Aforika yona e latlhegetswe ke moeteledipele yo a nang le ponelopele, fa e le Aforika Borwa yona e latlhegetswe ke tsala ya o ka swa nka go ja.”
- Rre Menzi Ngubane, modiragatsi wa ditshwantsho tsa thelebišene wa bogologolo yo a fentseng dikabo yo a neng a diragatsa bontle. O nnile le seabe se segolo thata mo metshamekong ya go diragatsa, mo thelebišeneng le mo seraleng. Tiro ya gagwe ya go nna modiragatsi e tsweletse go tlhotlheletsa ba le bantsi mo intasetering ya bodiragatsi.
- Mme Noxolo Maqashalala, Yo e neng e le modiragatsi yo a dirileng tiro e ntle mo thelebišeneng mo a neng a bontsha bokgoni jwa gagwe jo bontle thata.
- Ngaka Nawal El Saadawi, mosadi wa Moegepeta yo e neng e le mokgaratlhela ditshwanelo tsa batho, mokwadi le modiri wa tiro ya go lekola tlhaloganyo le maikutlo. O nnile le seabe thata mo go lwantsheng kgatelelo ya basadi e e tlisiwang ke merero ya setso, sedumedi le maemo a bona a tshokolo ka go kwala ka dintlha tseno le go kgaratlhela ditshwanelo tsa bona. O ne a tumile ka tiro ya gagwe ya go lwela go emisa ditiro tsa go ripitla basadi serwe sa bona sa bosadi.
- Rre Pathasarvasan Govender, yo a neng a bidiwa gape “Charm Govender”, e ne e le molwelakgaratlho wa kwa Chatsworth kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, yo e neng e le leloko la Natal Indian Congress e bile gape e le leloko la molwelakgaratlho la sesole sa African National Congress (ANC).
- Rre Cecyl Esau, yo e neng e le Molwelakgaratlho e bile gape e le motshwariwa wa mo malobeng wa dipolotiki kwa kgolegelong ya Robben Island e bile gape e le leloko la mo malobeng la sesole sa ANC, sa Umkhonto we Sizwe. Rre Esau o feditse nako ya gagwe e le mošwa le ya fa e le mogodi a kgaratlhela gore Aforika Borwa e nne naga e e nang le kgololesego, e e senang tlhaolele e bile e sa tlhaole go ya ka bong ba motho.
E. Go thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Mme Nolwazi BK Gasa o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo Lefapheng la Thuto le Katiso e Kgolwane (DHET) mo lekaleng la Go Loga Maano, Dipholisi le Ditogamaano.
2. Rre Samuel Zamokuhle Zungu go nna DDG: mo lekaleng la Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegenik (di-TVET) mo lefapheng la DHET.
3. Mme Pretty Nozipho Makukule go nna Motlhankedimogolo wa Matlole (CFO) mo lefapheng la DHET.
4. Mme Memme Sejosengwe, yo konteraka ya gagwe ya Mokwaledikakaretso mo Kantorong ya Moatlhodimogolo e okeleditsweng nako.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete
Mogala: 083 501 0139