Fa e sale go tsenngwa tirisong dikgatokiletso tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ka ngwaga wa 2020, Kabinete e ne e le gona e kopana ka namana go tshwara kopano ya yona ya ntlha, Seno ke karolo ya Kabinete ya go itlwaetsa ditsela tse dintšhwa tsa go diragatsa jaaka naga e tsweletse go bulela ditiragalo tse di tlwaelegileng gannyane gannyane.
A. Merero ya ga Jaanong
1. Go Emisiwa ga Nakwana ga Letsholo la go Tlhabela Moento la Sisonke mmogo le Dikeletso tsa go Khutlhisa Kiletso eo
1.1. Kabinete e lomilwe tsebe ka dikgato tsa go emisiwa ga nakwana ga Letsholo la go Tlhabela Moento la Sisonke ka moento wa Johnson & Johnson (J&J) jaaka dikgato tseno di tserwe go lebeletswe gore borasaense ba naga ya Aforika Borwa ba sekaseke tshedimosetso e e leng teng ka ga moento wa J&J go bona fa e le gore e kotsi kgotsa jang. Dikgato tseno tsa go emisa nakwana tiriso ya moento wa J&J di latela gore naga ya Amerika e emise tiriso ya moento ono mo letsholong la bona la J&J go latela gore ba amogele dipegelo tsa gore batho ba le barataro ba ba entilweng ka moento ono ba thema madi, e leng selo se se sa tlwaelegang go le kalo. Lebaka le lengwe gape la go emisa tiriso ya moento ono ke go latela tshwetso e e tserweng ke setlamo sa J&J mo se ithaopileng go emisa nakwana tiriso ya meento ya bona kwa dinageng tsa Yuropa.
1.2. Go emisiwa go dirisiwa ga moento ono nakwana go latela gore puso ya Aforika Borwa e solofetse gore go tla latelwa dikgato tsotlhe tsa polokesego mabapi le letsholo leno la go tlhabela moento. Tshedimosetso e e leng teng ga jaana mo Aforika Borwa e bontsha go se ope mo badireding botlhe ba lephata la boitekanelo ba ba setseng ba entilwe ba ga jaana le bona madi a bona a setseng a simolola go thema.
1.3. Kabinete e dumelana le tshwaelo ya Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA) ya gore tiriso ya moento wa J&J e letlelelwe go dirisiwa mo letsholong la go enta.
1.4. Borasaense ba rona ba tla tswelela go ela maemo tlhoko fa maAforika Borwa a tswelela go entiwa. Fa gare ga kgwedi ya Moranang 2021 palo ya badiredi ba boitekanelo ba ba neng ba setse ba entilwe mo Letsholong la go Tlhabela Moento la Sisonke ba ne ba le kanaka 292 623.
2. Letsholo la go Tlhabela Moento
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tse di tsamaetseng ka bonako tsa go saeniwa ga konteraka ya thendara ya go reka meento ya J&J e e tla dirisiwang mo letsholong la go tlhaba moento, mme e akgola Tona ya Boitekanelo Ngaka Zweli Mkhize le modirikaene Tona ya Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo, Rre Ebrahim Patel jaaka ba rarabolotse ntlha e e neng e saletse morago e e mabapi le konteraka eno ya go reka meento ntle le go wetsa Aforika Borwa ka nko.
2.2. Mo godimo ga seno, Kabinete e akgola dipuisanelo tse di tsamaileng sentle tsa go reka meento e mengwe gape e le dimilione di le 10 ya setlamo sa Pfizer, mme seno se raya gore re setse re na le meento e le dimilione di le 30 e re e rekileng mo setlamong seno. Seno se raya gore Aforika Borwa e tla kgona go enta batho ba le dimilione di le 15 ka meento eno yotlhe ya Pfizer.
2.3. Mo go ipaakanyetseng go tsena mo Kgatong ya Bobedi ya go tlhaba moento e e tla simololang ka la bo 17 Motsheganong 2021, Kabinete e rotloetsa baaging botlhe ba ba nang le dingwaga di le 60 go ya kwa godimo go ikwadisetsa go tlhaba moento mo Sefalanatshedimosetsong sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki (EVDS) mo go: https://vaccine.enroll.health.gov.za.
2.4. Batho ba ba sa kgoneng go ikwadisa mo inthaneteng ba ka itlisa ka namana go ikwadisa kwa mafelong a le 3 338 a a leng teng a go tla tlhabelwang meento kwa go ona go ralala le naga. Go tla romelwa gape le dirori tse di tsamayang mo metseng go thusa ka ikwadiso ya bagodi, bao ba nnang mo mebileng le batho ba ba nnang kwa metseselegaeng.
3. Dipalo tsa Ditshwaetso tsa Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19)
3.1. Kabinete e sedimoseditswe ka dipalo tsa ditshwaetso tsa COVID-19 ka fa nageng mme e akgotse maAforika Borwa ka go tswelela go ikobela ditaolelo tsa boitekanelo tse di sa tsenyeletseng tsa go nwa melemo tse di jaaka go apara dimaseke fa ba le fa gare ga batho, go katogana ka sekgala sa mitara le halofo mmogo le go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa ka go tsikitletsa diatla ka sebolayamegare se se nang le boleng jwa alekhoholo jo bo ka dirang 70%.
3.2. Le fa go le jalo, dipegelo di supa gape le gore go nnile le koketsego ya baagi ba ba ka dirang 4,9% ya palo yotlhe ya baagi ba ka fa nageng ba morago ga go direng diteko mo matsatsing a le 14 a a fetileng pele ga la bo 18 Moranang 2021 go fitlhetsweng ba tshwaetsegile. Dipalo tseno di oketsegile go tloga mo bathong ba le 14 113 mo matsatsing a le 14 a a latelang go fitlha mo ba le 14 807 mo matsatsing a le 14 a a fetileng.
3.3. Koketsego eno ke ka ntlha ya batho go kopana e le setlhopha mo porofenseng ya Foreistata le Kapa Bokone mme go setse go tlhomilwe ditlhopha tsa go tsibogela matsapa ka ponyo ya leitlho gore di simolole ka tiro ya go tsaya dikgato tsa go gata motlhala batho bao ba kopaneng le bao ba tshwaetsegileng.
4. Go Itharabologelwa ga Ikonomi
4.1. Kabinete neseditse pula Dipatlisiso tsa Ngwaga le Ngwaga tsa ngwaga ono wa 2021 tsa Tirelo ya Dikantoro tsa Puso mabapi le Itirelo ya Thulaganyo ya Kgwebo e e Direlwang Puso ke Ditlamo tse e seng tsa Puso (BPO).
4.2. Dipatlisiso tseno di ne di tsenetswe ke batlhenkedikhuduthamaga ba feta ba le 600 go tswa mo mebarakeng e le robedi e e botlhokwa e e dirisang ditirelo tseno, go tsenyeletsa maraka wa Australia, Canada, France, Germany, Italy, Spain, United Kingdom (UK) le Amerika.
4.3. Seno se gagamatsa tiro ya puso le lekala leno mo go ageng bokgoni jwa BPO jwa ka fa nageng, mo kgolo e diragalang mo disenthareng tsa megala, ditheong tsa tshegetso ya bokgoni mmogo le mo ditirelong tsa tsamaiso le tseo di thusang batho mo difemeng tse dikgolo tsa boditšhabatšhaba le tsa Aforika Borwa.
4.4. Mafaratlhatlha a a tlhabologileng a ka fa nageng a dijithale, badiri ba yona ba ba nang le bokgoni, kitso e e leng teng ya ditirelo tsa thekenoloji le ya matlole mmogo le kitso e e leng teng ya go bua Sejatlhapi, di tswelela go ngokela ditirelo tseno tsa BPO.
5. Go Tlhola Ditiro
5.1. Kabinete e itumediswa ke gore dikgato di le dintsi tsa puso tsa go rotloetsa maAforika Borwa go nna le seabe mo ikonoming, segolo jang bašwa, di setse di simolola go ntsha maungo.
5.2. Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente le le thankgolotsweng ka Diphalane 2021 go samagana le ditlamorago tsa COVID-19 le tlhodile le go somarela ditiro di ka nna 360 010 fa kgwedi ya Tlhakole 2021 e ne e garela, bontsi e ne e le ditiro tsa bašwa ba ba neng ba sena ditiro. Mo godimo ga seno, letsholo la go tlhola ditiro le tshegeditse ditsela tseo batho ba ipedisang ka tsona tsa bajalefa ba letsholo leno ba le 60 539 ka go ba neela tshegetso e e tsenyeletsang le go abela balemirui ba ba supogang diboutšhara tsa ditlhagisiwa.
5.3. Diphatlhatiro di le 300 000 tsa tseno di nnile gone fa go thapiwa bašwa go dira ditiro tsa go thusa barutabana kwa dikolong mo nageng, ka Letsholo la go Thaba Badiredi ba Thuto ya Motheo. Badiredi bano ba ba thusanang le barutabana ba nnile mosola tota mo go direng gore tikologo ya sekolo e nne e e tswileng diatla le fa re le mo maemong a a boima ka fa nageng.
6. Tlhabololo ya Mafaratlhatlha
6.1. Kabinete e leboga kgatelopele e e dirilweng mo go tokafatseng ditirelo tsa Boemelakepe jwa Durban mo re boneng tshubetlhelano e fokotsega thata le ditirelo di diragala ka bonako.
6.2. Motlotlegi, Moporesitente Cyril Ramaphosa, o etetse boemelakepe jwa Durban ka Labone, 15 Moranang 2021 go tlhola gore a go na le kgatelopele e e dirilweng kgotsa jang mo go baakanyeng mafaratlhatlha morago ga gore a tshware kopano le batho ba ba dirisang boemelakepe jono mmogo le bannaleseabe mo boemelakepeng jono mo kgweding ya Diphalane ka ngwaga wa 2019.
6.3. Go tokafatsa tiro ya maemelakepe a naga ya Aforika Borwa, bogolosegolo Boemelkepe jwa Durban, ke ntlha e e kwa setlhoeng ya puso mo go direng gore Aforika Borwa e nne e nngwe ya dinaga tse di nang le maemelakepe a magolo a a nolofatsang kgwebisano mmogo le go gagamatsa maemo a rona mo go nneng le maemelakepe a a dirisiwang go tsenya le go ntsha dithoto ka fa kontinenteng.
6.4. Kabinete e neseditse pula le pegelo e e mabapi le leeto la go lekola maemo kwa Boemelakepeng jwa Saldanha Bay kwa porofenseng ya Kapa Bophirima le le neng le tsewe ke Tona Mafaratlhatlha a Setšhaba Patricia de Lille – a felegeditswe ke Motlatsatona wa gagwe e bong Noxolo Kiviet mmogo le Ngaka Kgosientsho Ramokgopa, yo e leng Tlhogo ya Lekala la Dipeeletso le Mafaratlhatlha a Setšhaba mo Kantorong ya Moporesitente – ka Labobedi, 6 Moranang 2021.
6.5. Lenaneo la Tlhokomelo le Tsosoloso ya Meago le Dithoto tsa Maemelakepe a ma Potlana, leo e leng Porojeke ya Maano a a Tshwaraganetsweng mo Leanong la Dipeeletso mo Mafaratlhatlheng, le le neseditseng pula ke Kabinete ka Motsheganong 2020, ga jaana le na le 77% gore le garele. Le tlhodile ditiro di le 611 mme e bile gape dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolo tsa ka fa nageng di unngwetswe mo thusong ya boleng jo bo kanaka R55 milion. Go letetswe gore porojeke eno e tla garela ka Mopitlwe 2022.
7. Dipegelo tsa Kgwedi le Kgwedi tsa Setheo sa Dipalopalo
7.1. Setheo sa Dipalopalo tsa Aforika Borwa
7.2. Kabinete e itumediswa ke gore go tsenngwatirisong ga Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi e simolola go nna le seabe se se bonagalang mo go tsosoloseng ikonomi ya naga ya Aforika Borwa.
8. Go Kgarietsana kwa Dikolong
8.1. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona tebang le ditiragalo tse di yang magoletsa tsa go kgarietsana mo dikolong tsa naga ya rona, tse di tsenyeletsang tsa sešweng kwa sekolong sa Mbilwi Secondary School kwa Thohoyandou, Limpopo, Dinwiddie High School kwa Germiston, Gauteng mmogo le kwa Mathole High School kwa KwaZulu-Natal.
8.2. Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke leso la ga Lufuno Mavhunga wa dingwaga di le 15 wa sekolo sa Mbilwi Secondary School kwa Thohoyandou, Limpopo, mme e rometse matshediso a yona kwa ba lelapa la ga Mavhunga le ditsala.
8.3. Kabinete e ikuela mo go bannaleseabe botlhe mo mererong ya thuto, mmogo le batsadi le batlhokomedi ba kgodiso ya bana e leng mo matsogong a bona, go tshwaragana go lwantshana le go kgarietsana gore re kgone go nna le tikologo e siametseng go ithuta mo go yona. Ke maikarabelo a yo mongwe le yo mongwe wa rona go se nne ka marago ditiragalo tsa go kgarietsana le go buletsa ba ba dirang ditiragalo tseno kwa botlhankeding jo bo maleba, segolo jang fa batswasetlhabelo ba ditiragalo tseno ba tshaba go ntsha mosi ka sekhurumelo.
9. Ditiragalo tsa Bosenyi jo bo Tlhodiwang ke Letlhoo
9.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa sešweng tse di tlhatlogelang kwa godimo tsa bosenyi jo bo tlhodiwang ke letlhoo mo bathong ba LGBTIQ+ tse di tlhodileng polao ya Andile Ntuthela, Siphamandla Khoza le Nathaniel Mbele.
9.2. Molaotlhomo wa Ditshwanelo tsa Batho o o tsamaisanang le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 o re laela go tlotla ditshwanelo tsa batho ba bangwe ntle le go ba tlhaola. Ditiro tseno tsa bosenyi tse di setlhogo temokerasi ya rona ga go ope fo e di bayang gone, ka jalo rotlhe re tshwanetse go di kgalema ka mafoko a a bogale.
9.3. Kabinete e ikuela mo go mongwe le mongwe yo a ka tswang a na le kitso e e ka thusang gore ditlhokotsebe tse di dirileng bosenyi jono di tshwarwe le go isiwa kgotlatshekelo go bega tshedimosetso eno kwa sepodising ka mogala o o sa duelelweng wa 10111 kgotsa ba begele seteišene sa sepodisi se se gaufi le bona.
10. Mokgotlhwane wa Metlhape ya Dikolobe ya Aforika (ASF) Mmogo le Mokgotlhwane wa Leruo la DIkgogo
10.1. Kabinete e tsibogetse go runya ga bolwetse jwa ASF mo polaseng ya kwa Potchefstroom kwa porofenseng ya Bokone Bophirima mmogo le go runya ga Mokgotlhwane wa Leruo la DIkgogo kwa polaseng ya kwa East Rand kwa Gauteng.
10.2. Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae mmogo le bannaleseabe ba ba maleba ka ponyo ya leitlho ba gagamaditse dikgato tsa pabalesego mmogo le go iletsa motsamao mo dikgaolong tseno.
10.3. ASF ke bolwetse jo bo tshelanang mme bo ama dikolobe tsa fa gae le tsa naga fa Mokgotlhwane wa Leruo la DIkgogo ona o ama fela dikgogo le dinonyane mme mekgotlhwane eno ga e fetele mo bathong.
11. Ditiro tsa Batimamelelo
11.1. Kabinete e akgola tiro ya ba pholoso le batimamelelo ba ba dirileng tiro ya bogatlhamelamasisi bosigo le motshegare ba tima melelo e e neng e runtse kwa Motse Kapa le kwa Sepetleleng sa Dithuto tsa Bongaka sa Charlotte Maxeke kwa Johannesburg.
11.2. Molelo wa kwa Motse Kapa o tshumile meago ya hisetori fa molelo wa kwa Sepetleleng sa Dithuto tsa Bongaka sa Charlotte Maxeke ona o gapeleditse gore balwetse ba le 400 ba tshabisetswe kwa dipetlele tse dingwe. Kabinete e eletsa ba ba nnileng le dikgobalo ka ntlha ya melelo eno gore ba fole ka bonako. Diphuruphutso tsa go phuruphutsa se se tlhodileng melelo eno di setse di simolotse.
12. Dikgogakgogano tsa kwa Mozambique
12.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tse di tserweng ke Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) tse di mabapi le go tlisa khutso le kagiso le pabalesego tse di tla nnelang ruri mmogo le itshwarelano le tlhabologo mo nageng ya Rephaboliki ya Mozambique.
12.2. Samiti e Kgolo ya Dinaga tse di Emetseng Mebuso e e Tshwarwang ke Ditlhogo tsa Mebuso e le Meraro ya Monnasetulo, e e tla nnang Monnasetulo le e e leng gaufi le go tswa mo maemong a go nna Monnasetulo mo Dinageng tsa SADC e e neng e tshwerwe ka Labone, 8 Moranang 2021 kwa Maputo e laetse gore ka gangwe go romelwe ba botegeniki kwa nageng ya Mozambique.
12.3. Kabinete gape e itumeletse gore baagi ba Aforika Borwa ba ba leng kwa nageng ya Mozambique ba tlametswe ka ditirelo tsa thuso ya fa o le mo tlalelong kwa nageng e sele ke ba Tikwatikwe ya Megala e e dirang bosigo le motshegare ya Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba. MaAforika Borwa a le mantsinyana a buseditswe mo nageng ya bona fa ba bangwe ba isitswe mo mafelong a a babalesegileng kwa nageng ya Mozambique.
13. Polao e e Setlhogo ya Makau a Lelapa la ba ga Coka
13.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale polao e e setlhogo ya sešweng jaana ya bana ba motho e bong Zenzele le Amos Coka, ba ba bolailweng kwa polaseng ya kwa porofenseng ya Mpumalanga. Bana bano ba motho ba ne ba le mo setlhopheng sa baagi ba kwa dipolaseng ba ba neng ba tswile letsholo la go batla tiro ya nakwana kwa dipolaseng.
13.2. Kabinete e akgotse mapodisi ka go tsibogela ntlha eno ka bonako jo ba dirileng mo go golegeng babelaelwa bano ba ba latofadiwang ka tiro eno ba ga jaana ba setseng ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo ya Magiseterata ya kwa Piet Retief.
13.3. Kabinete e ikuela gore go rene kagiso mo baaging ba motse oo gore dithulaganyo tsa go di gama ba sa di tlhapela di tsamaisiwe ka tolamo mmogo le go netefatsa gore bao go fitlhelwang ba le molato go aparwa kobo e le nngwe le bona,
14. Tharabololo ya Mogwanto wa kwa Motse Kapa
14.1. Tona ya Merero ya Selegae, Ngaka Aaron Motsoaledi, o begetse Kabinete ka kgatelopele e e dirilweng ke Mokomišenaramogolo wa Merero ya Bafaladi wa Dinagakopano (UNHCR) mabapi le go rarabolola kgotlang e e mabapi le mogwanto wa kwa Motse Kapa, o bontsi ba bagwanti ba ona e leng baagi ba naga ya Democratic Republic of Congo.
14.2. Bagwanti bano ba ne ba abetswe lefelo la bodulo go nna nakwana kwa Paint City le kwa Wingfield mo Motse Kapa jaaka melawanataolo ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga a COVID-19 e ne e laola.
14.3. UNHCR e ithaopile gore e tla thusana le bagwanti bano go bona mo ba ka itshubang gone mo Motse Kapa. Mokgatlo wa Boditšhabatšhaba wa Bofaladi le ona o ithaopile go busetsa gae bao ba batlang go boela kwa dinageng tsa bobona ka go ba rekela ditekete tsa difofane. Kabinete e leboga thuso eno ya botho mme e ikuela mo bagwanting bano go amogela dithuso tseno.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Sekwalwa sa Bofelo sa Tetlelelo ya Tiragatso ya Manyalo
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa sa Bofelo sa Tetlelelo ya Tiragatso ya Manyalo gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona. Maitlhomo a sekwalwa seno ke go tlhoma Molaotlhomo o le Esi wa Manyalo o montšhwa. Sekwalwa seno gape se dira gore merero ya manyalo e tsamaisane le motheo wa molaotheo o o ka ga go lekalekana ga batho.
1.2. Sekwalwa seno se letlelela manyalo a batho botlhe ba bong jo bo tshwanang le jo bo farologaneng, ba ditumelo tse di farologaneng, le ba ditso tse di farologaneng. Sekwalwa seno gape se lebeletse go fedisa manyalo a bana mo nakong e e tlang.
2. Leano la Tsosoloso ya Lekala la Bojanala
2.1. Kabinete e neseditse pula Leano la Tsosoloso ya Lekala la Bojanala. Leano leno le bontsha ka fao go nneng seoposengwe ga puso le lekala la bojanala go nnileng mosolo ka teng mo go samaganeng le matsadi a tlhakantsuke e e tlhodilweng ke leroborobo la COVID-19. Sekwalwa sa leano leno se ne sa phasaladiwa mo kgweding ya Phatwe ka ngwaga wa 2020 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona.
2.2. Leano leno le tshitshinya dikgato tsa go ritibatsa maemo di le mmalwa, mme mo go tsona go na le tsa go tlhotlheletsa baagi ba naga eno go ja nala mo mafelong a ka fa nageng eno a bojanala; go thankgolola matsholo a go golaganya dipeeletso le matsholo a go aga mafaratlhatlha; mmogo le go golaganya dikgaolo tsa bojanala.
2.3. Ditharabololo tse di tshitshinngwang di tsamaisana le leano la naga la ERRP. Maitlhomo a leano leno ke go somarela matshelo a batho le ka fao ba iphedisang ka teng, mogo le go tlhola ditiro tse dintšhwa. Leano leno le tla gagamatsa gape le dikgato tsa go refosana maemo mo lekaleng leno mmogo le go matlafatsa basadi, bašwa mmogo le batho ba ba tshelang ka bogolofadi mo lekaleng leno.
2.4. Tona ya lefapha Mamoloko Kubayi-Ngubane mmogo le ba intaseteri ya bojanala mosong ono ba tsogile ba thankgolola Leano la Tsosoloso ya Lekala la Bojanala.
3. Pegelo mabapi le Tiro ya Letsholo la Dipatlisiso le Tlhabololo (R&D) ka Merokotso ya Lekgetho
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela kwa Palamenteng Pegelo e e mabapi le Tiro ya Letsholo la Dipatlisiso le Tlhabololo ka Merokotso ya Lekgetho mabapi le ngwaga wa matlole wa 2018/19 jaaka go laolelwa ke Karolo ya bo 11 D ya Molao wa Lekgetho la Merokotso wa ngwaga wa 1962 (Molao wa bo 58 wa 1962).
3.2. Letsholo la Merokotso ya Lekgetho le tsentswe tirisong go thusa naga gore e sutlhelele go fitlhelela 1% ya dipeelo tsa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) mo tirisong ya matlole a dipatlisiso le a tlhabololo pele ga ngwaga wa 2024. Pegelo eno e tla abelanwa le baagi fa e sena go feta mo diatleng tsa badiramelao kwa Palamenteng.
4. Setheo sa Tuelelo ya Matlole a Dikgobalo Tse di Masisi tse di sa Lebelelwang tse di ka Tlhodiwang ke Moento (NFC)
4.1. Kabinete e neseditse pula go tlhomiwa ga Setheo sa Tuelelo ya Matlole a Dikgobalo Tse di Masisi tse di sa Lebelelwang tse di ka Tlhodiwang ke Moento (NFC). Setheo seno se tlhomilwe ka ntlha ya ditumelano tse re tseneng mo go tsona le ditlamo tsa melemo tse di tla re rekisetsang meento ya COVID-19.
4.2. Setheo seno se botlhokwa gape ka ntlha ya fa se tla thusa maAforika Borwa a meento eno e ka se ba tshwareng sentle gore ba kgone go bona thuso e e botoka ya kalafo.
4.3. Setheo seno se tla tlhomiwa fa re sena go kwala sešwa Karolo ya bo 27 ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002). Setheo seno se tla etelelwa pele ke moatlhodi.
5. Pegelo ya Phanele ya Maemo a a kwa Godimo e e ka ga Tlhokomelo ya Diphologolo tse di Tlhaga
5.1. Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Phanele ya Maemo a a kwa Godimo e e ka ga Tlhokomelo ya Diphologolo tse di Tlhaga, e e tlhomilweng ke Kantoro ya Tona ya Merero ya Dikgwa, Botshwaro jwa Ditlhapi le Tikologo go sekaseka dipholisi, melao le ditiro tse di amanang le tlhokomelo ya diphologolo tse di tlhaga tsa naga ya rona tse di lebileng go nyelelela ruri, go di tsadisa, go di tsoma, go gweba ka tsona le go di tshwara (go di rua le go di godisa). Ka diphologolo tseno go a bo go buiwa ka ditlou, ditau, mangau le ditshukudu.
5.2. Go solofetswe gore Kantoro ya Tona e tla rebola ditshitshinyo tse di tsitshintsweng ke phanele eno gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga tsona fa go tlhokagalang mme di tle di tsenngwa tirisong.
C. Molaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dithulaganyo tsa go Samagana le Bosenyi
1.1. Kabinete e neseditse pula go isiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dithulaganyo tsa go Samagana le Bosenyi. Molaotlhomo ono akwalola sešwa Karolo ya bo 154(3) ya Molao wa Tsamaiso ya Dithulaganyo tsa Bosenyi wa ngwaga wa 1977 (Molao wa bo 51 wa 1977), o Kgotlatshekelo ya Molaotheo e fitlhetseng gore ga o sireletse batswasetlhabelo ba bosenyi bao e leng bana fa dithulaganyo tsa go samagana le boseny di diragadiwa.
1.2. Karolo e e kwalolotsweng sešwa eno e dira gore batlolamolao ba e santseng e le ba bannye, batswasetlhabelo ba bosenyi le dipaki tsa boseny ba le bona ba santseng ba le ba ba nnye maina a bona mmogo le seabe sa ba nang le sona se se phasaladiwe go fitlha ba tshwara dingwaga di le 18.
1.3. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di thibela go phasaladiwa ga tshedimosetso epe fela e e ribololang kgotsa e e ka ribololang maina kgotsa seabe sa molatofadiwa kgotsa paki yo dingwaga tsa gagwe di leng ka fa tlase ga di le 18 fa kgetse eno e bulwa. Tetla ya go ka phasalatsa dintlha tseno e ka rebolwa ke motlhankedi wa kgotla kgotsa moatlhodi yo kgetse e tobaneng le ene.
D. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Kgololesego le Letsatsi la Kgololesego
1.1. Kgwedi ya Kgololesego ya monongwaga e tshwarwa ka moono yo o reng: “Ngwaga wa go Keteka Ditiro tsa ga Mme Charlotte Maxeke: Se Kgololesego e leng ka ga sona mo Pakeng ya COVID-19”.
1.2. Rotlhe re na le maikarabelo a go dirisa temokerasi le kgololesego ya rona go dira mmogo le go tshwarisana toro e le nngwe ya go aga Aforika Borwa yo a tshwaraganeng e bile a utlwana.
1.3. Mokete wa monongwaga o tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano mo mokete o mogolo wa naga o tla tshwarelwang kwa porofenseng ya Foreistata.
2. Letsatsi la Lefatshe la go Keteka Mosola wa Dibuka
2.1. Letsatsi la Lefatshe la go Keteka Mosola wa Dibuka, le le itsegeng gape ka gore ke Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Dibuka, le ketekiwa ngwaga le ngwaga ka la bo 23 Moranang go rotloetsa batho go tlotlomatsa mosola wa dibuka le go thusa go aga setšhaba se se ratang go buisa.
2.2. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go itlwaetsa go buisa le go dira seno letsatsi le lengwe le le lengwe. Go itse go buisa ke selo se se botlhokwa thata se o se tlhokang gore o kgone go ithuta sengwe le sengwe.
E. Melaetsa
1. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Ngaka Sindisiwe van Zyl, wa dingwaga di le 45, yo e neng e le ngaka e bile e le mogasi wa Kaya FM yo a neng a ratega thata e bile a fetotse matshelo a batho ba le bantsi le go ba thusa ka tsa pholo le boitekanelo ka fa nageng.
- Barutwana ba le barataro ba sekolo sa Jim Chavani Secondary School kwa Tikologong ya Vhembe, kwa porofenseng ya Limpopo e bong Vukosi Ringani, Nhlaluko Maluleke, Freedom Rihlamfu, Aubrey Chauke, Temba Nyambi le Thomy Masipenda ba ba tlhokafetseng fa sejanaga se ba neng ba se nametse se sugagana le ntlo.
- Wa Lelapa la Bogosi e bong Morwakgosi Philip, Duke wa Edinburgh, yo a neng a tla tshwara dingwaga di le 100, kwa United Kingdom
- Rre Bhekizizwe Vusimuzi Mpila, wa dingwaga di le 43, yo e neng e le mokgonyana wa Motlatsamoporesitente David Mabuza.
- Moporesitente Idriss Déby Itno, wa dingwaga di le 69, wa Rephaboliki ya Chad. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale tirisodikgoka e e renang ka koo e e fetileng ka matshelo a batho ba le bantsi, go tsenyeletsa le botshelo jwa ga Moporesitente Déby, yo a tlhokafetseng ka ntlha ya dikgobalo tse a nnileng le tsona fa a ne a eteletse kwa pele sesole sa gagwe go lwantshana le digongwana tsa borokhutlhi jwa marabele a a tlhasetseng naga eo.
F. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Boto ya Bakaedi ba Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF):
- Rre Zola Luswazi (Monnasetulo);
- Rre Edward Malometje Thobejane;
- Mme Martle Keyter;
- Rre Donald Khumalo;
- Mme Louressé Specht;
- Mme Vuyiswa Miya;
- Rre Thembinkosi Josopu;
- Mme Thandiwe Mfulo;
- (Ngaka Hamilton Daluxolo Ntsinde;
- Rre Takalani Musekwa;
- Mme Brenda Sibeko; le
- Mme Ogalaletseng Gaarekwe.
2. Go okediwa ga paka ya tiro ya ditokololo tsa Boto ya Bojanala ya Aforika Borwa:
- Rre Siyabonga Dube (Monnasetulo);
- Mme Mojankunyana Gumbi;
- Rre Aloysius Ikalafeng;
- Rre Enver Duminy;
- Mme Michelle Constant;
- Rre Ravi Nadasen;
- Mme Kathleen Elizabeth Rivett-Carnac;
- Mme Lindiwe Sangweni-Siddo;
- Rre Mduduzi Zakwe;
- Mme Zola Baba Tshefu;
- Mme Gloria Serobe; le
- Mme Nomzamo Bhengu.
3. Boto ya Bakaedi ba Bolaodi jwa Motlakase wa Naga:
- (Mme Vuyiswa Miya;
- Rre Allan Taylor;
- Rre Peter Becker; le
- Mme Khangela Baloyi.
4. Ditokololo tsa Lekgotla la Boto ya Kgotlanaboikuelo ya Difilimi le Diphasalatso:
- (Mme Zamantungwa Mkosi (Monnasetulo);
- Ngaka Siyasanga Mhlangabezi Tyali;
- Mme Lungelo Nxele;
- Mme Agalutchmi Pillay;
- Rre Phosa Mashangoane;
- Mme Gloria Zanele Nkosi;
- Mme Mpho Sedibe;
- Ngaka Andile Nontso; le
- Moatefokate Lufuno Tokyo Nevondwe.
5. Boto ya Bajalefa ba Sekgwama sa Tlhabololo se se Ikemetseng:
- Mme Tebogo Magogodi Malaka;
- Rre Krishen Sukdev;
- Mme Lerato Kumalo;
- Mme Karabo Siyila;
- Mme Nthabiseng Mkhwanazi;
- Moporofesara Raymond Nkado;
- Rre Mpilo Sakile Mbambisa;
- Mme Zimbini Hill;
- Rre Tim Sukazi; le
- Ngaka Michael Sutcliffe.
6. Baromiwabagolo le Baromiwa ba Tlaleletso mo Khomišeneng ya Metsi go tswa kwa Dithabeng tsa Lesotho:
- Rre Teboho Nkhahle; le
- Ngaka Musa Furumele.
- Mme Thembelihle Mbatha o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Matlole (CFO) mo Tirelong ya Boombate mo Dikemaeng tsa Baagi kwa Lefapheng la Bonno jwa Batho, Metsi le Kgeleloleswe.
- Mme Nonhlanhla Nyewula o thapilwe go nna CFO wa SENTECH.
- Rre Shonisani Mathews Munzhedzi o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) mo Setheong sa Naga sa Ditshedi le Dimela tse di Farologaneng tsa Aforika Borwa.
- Mme Nondumiso Mandisa Tshikwatamba o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lekaleng la Ditirelo tsa Tsamaiso ya Setheo mo Lefapheng la Metshameko, Botsweretshi le Setso.
- Mme Constance Moitse o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Thibelo ya Bonweenwee le Ditirelo tsa Tshireletso mo Lefapheng la Merero ya Selegae.
- Ngaka Nicholas Gilmour Crisp o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) mo Lefapheng la Boitekanelo.
- Rre Allan Golden Zimbwa o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Tshegetso ya Botegeniki mo Setheong sa Tshegetso ya Mafaratlhatlha a Dimasepala.
- Rre Lindokuhle Cedric Mkhumane o thapilwe go nna Mokaedikakaretso (DG) mo Lefapheng la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana.