A. Merero ya ga Jaanong
1. Letsholo la go Tlhaba Moento wa Mogare wa Corona (COVID-19)
1.1. Kabinete e itumedisiwa ke gore Kgato ya Bobedi ya letsholo la go tlhabela moento e tsamaile sentle le gore diketekete tsa batho ba ba nang le matshwanedi ba setse ba entilwe.
1.2. Mafelo otlhe a go enta a a setseng a butse ka fa nageng a setse a ithulagantse sentle go ka thusa batho botlhe ba ba rometsweng melaetsa ya gore ba tle go enta. Puso e gakolola batho botlhe ba ba tla yang kwa mafelong a go entela gore ba ikobele ditaolelo tsa boitekanelo ka go tla ba apere dimaseke, ba tsikitletse diatla ka sebolayamegare mmogo le go katogana gore ba sireletsane. Mafelo a no a go entelwang kwa go ona a ka bonwa mo webesaeteng ya https://sacoronavirus.co.za/2021/05/12/active-vaccination-sites/(link is external).
1.3. Jaaka lefatshe lotlhe le samagane le go enta batho, Kabinete e itumedisiwa ke gore ga jaana batho ba feta dimilione di le pedi ba setse ba ikwadiseditse moento mo Sefalanatshedimosetsong sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki (EVDS) mo webesaeteng ya https://vaccine.enroll.health.gov.za.
1.4. Go netefatsa gore ga go ope yo re mo tlogelang kwa morago, re tlhomile dirala di le dintsinyana tseo batho ba ka ikwadisang mo go tsona. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta go ikwadisa mo go EVDS. Bamlelapa le ditsala tsa motho yo a nang le dingwaga di le 60 le go feta ba rotloediwa gore ba rotloetsa batho bano go ikwadisa mmogo le go ba thusa go ikwadisa.
1.5. Batho ba ka kgona go ikwadisa le ka Whatsapp ka go romela molaetsa “REGISTER” mo go 0600 123 456 kgotsa ka go romela nomoro ya bona ya lekwaloitshupo ka SMS ka go tobetsa *134*832*ba tsenye nomoro ya lekwaloitshupo morago ba tobetse#. Ditirelo tseno ke mahala mo ditlamong tsa megala tsa Aforika Borwa. Batho ba ka ikwadisa gape le ka go letsetsa mogala wa 0800 029 999.
1.6. Kabinete e gakolola maAforika Borwa otlhe gape gore lekhubu la boraro le santse le nanaba gare ga rona mme e gateletse gore go botlhokwa jang go thibela go tshelana ka COVID-19 ka go ikobela ditaolelo tse di sa tsenyeletseng tsa go nwa melemo tse di jaaka go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho, go katogana ka ka bokgakajana jwa mitara le halofo mmogo le go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa gona go itsikitletsa ka sebolayamegare se se nang le boleng jwa alekhoholo jo bo ka dirang 70%.
2. Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente
2.1. Kabinete e neseditse pula pegelo ya kgatelopele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente, leo maitlhomo a lona e leng go tlhola ditiro tse dintšhwa, go tshegetsa ditsela tse batho ba iphedisang ka tsona mmogo le go ema nokeng ditiro tse di leng teng ga jaana mmogo le makala a a leng mo tlalelong.
2.2. Pegelo eno e bontsha gore fa kgwedi ya Mopitlwe 2021 e garela, batho ba le 532 180 ba ne ba setse ba thusitswe ke letsholo leno jaaka le tlholetse batho ba le 422 786 ditiro mmogo le go ema nokeng ditsela tsa go iphedisa tsa batho ba le 109 394.
2.3. Go santse go samaganwe gape le ditšhono tse dingwe di le 161 972 tsa ditiro go nna karolo ya Kgato ya Ntlha yaletsholo leno la go tlhola ditiro, mme seno se tla oketsa palo ya ditšhono tsotlhe gore e nne tse di kankana 694 152.
3. Samiti e e Tshwaretsweng kwa Motseteropong wa Paris e e Mabapi le Tlamelo ka Matlole ya Ikonomi ya Dinaga tsa Aforika
3.1. Kabinete e tshegeditse boikuelo jo bo dirilweng ke baeteledipele kwa Samiting eno e e Mabapi le Tlamelo ka Matlole ya Ikonomi ya Dinaga tsa Aforika e e neng e Tshwaretsweng kwa Motseteropong wa Paris, kwa nageng ya Fora ka Labobedi, 18 Motsheganong 2021, jo bo reng dinaga tsa Aforika di tshwanetse go neelwa tetla ya go ka goga matlole a a itlhophileng a bonnye jo bo ka fitlhang go US$100 bilione mo matloleng a a sekeditsweng a Setheo sa Matlole sa Boditšhabatšhaba (IMF).
3.2. Go neelwa madi ano go tla thusa tsosoloso ya ikonomi ya dinaga tsa Aforika tse leroborobo la COVID-19 le di amileng bobe gore khumo ya tsona e nne e e gagametseng le e e tla nnelang ruri mmogo le go dira gore ditheo tsa lefatshe tsa kadimo ya matlole di nne le dithoto tse di boleng.
3.3. Mo samiting eno go totobaditswe ntlha e e itsegeng thata ya gore dinaga tsotlhe di tshwanetse go neelwa meento, bogolosegolo dinaga tsa Aforika le tseo di santseng di iketetsa, ka ntlha ya maikano a a dirilweng a lefatshe a gore meento e tshwanetse go nna mo diatleng tsa mebuso mo lefatsheng ka bophara.
3.4. Mo samiting eno gape go ne ga sekasekiwa ntlha ya go okediwa ga meento ya COVID-19 e e leng mo diatleng tsa mebuso go ralala le lefatshe. Go ne ga ikanwa gore Aforika e tla tshegediwa gore e kgone go iponela meento e e babalesegileng e e sa turisiweng, mmogo le ditirelo tsa tlhatlhobo le kalafi ka go thusiwa ke Mokgatlho wa Merero ya Boitekanelo wa Lefatshe (WHO) ka Letsholo la bona la Potlakiso ya Tlamelo ka Meento ya COVID-19 (ACT-A) mmogo le ka Thulaganyo e nngwe gape ya bona ya Theko ya Meento ya COVID-19 mo Lefatsheng (COVAX).
3.5. Kabinete gape e gateletse boikuelo jwa ga Moporesitente Ramaphosa jwa gore dinaga tsotlhe tse di tsenetseng samiti eno di tshwanetse go ema ka lefoko le le leng le le reng Mokgatlong wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO) o tshwanetse go sekega nakwana ditlha tse di amanang le ditshwanelo tsa dithoto le dithata tsa dikgwebo (TRIPS). Tsereganyo eno e tla dira gore seelo sa tlhagiso ya meento se oketsege mmogo le sa didirisiwa tsa thekenoloji ya teng gore re kgone go samagana le leroborobo leno ka tshwanelo.
4. Baagi ba kwa Tafelkop ba Abelwa Makwalobopaki jwa Madulo
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go abela balemirui ba bathobantsho ba le 30 ba kwa Tafelkop kwa tikologong ya Groblersdal kwa porofenseng ya Limpopo.diheketara di le 189 tsa lefatshe.
4.2. Eno ke karolo ya thulaganyo ya letsholo la pusetso ya dinaga go beng e bile gape ke karolo ya tiro e e tsweletseng ya Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e e jarileng maikarabelo mo mererong ya Pusetso ya Dinaga go ka leka go potlakisa dikgato tsa pusetso ya dinaga.
4.3. Balemirui bano ba na le sebaka sa dingwaga di le 25 ba ntse ba lema dijalo tse di farologaneng mo lefatsheng leno e bile ba di rekisetsa mabentlele a dijo, dikema tsa phepo ya dijo kwa dikolong mmogo le mebaraka ya maungo le merogo kwa Pretoria le kwa Johannesburg.
5. Dipuo tsa Thebolotekanyetsokabo
5.1. Kabinete e neseditse pula dipuo tsa thebolotekanyetsokabo tse di sa tswang go simolola sešweng jaana tse ka tsona mafapha a tlhalosang ka botlalo maano a ona le dintlha tse di kwa setlhoeng tse a batlang go di diragatsa mo ngwageng oo. Kwa Palamenteng, jaaka e le yona e e emetseng setšhaba, go tshwarwa dingangisano tse di gagametseng mabapi le madi a mafapha a a kopang gore madi a puso a tswele baagi mosola.
5.2. Dipuo tsa Thebolotekanyetsokabo di diragatsa maikano a a farologaneng a a dirilweng ke Motlotlegi Moporesitente Cyril Ramaphosa mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Tlhakole 2021. Di diragatsa gape le Ponelopele ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) mmogo le Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) la 2019-2024.
5.3. Monongwaga puso e tsepamisitse mogopolo mo go tsosoloseng ikonomi ya rona, go e ema nokeng gore e gole le go tlhola ditiro tse re di tlhokang. Re tla samagana le dintha di le nne tse di botlhokwa tse di nopotsweng mo go SoNA e leng: (a) Go phutlhamisa leroborobo la COVID-19; (b) go potlakisa itharabologelo ya ikonomi; (c) go diragatsa dikgato tsa go fetola batsholateu mo ikonoming gore re kgone go tlhola ditiro tse di tla nnelang ruri le go dira gore re nne le kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola, mmogo le (d) Go lwantshana le bonweenwee gore re kgone go matlafatsa puso.
6. Go Lwantsha Bosenyi
6.1. Kabinete e eme ka lefoko le le lengwe le Khomišene ya Tekatekano ya Bong mo go nesetseng pula katlholo ya kgotlhatshekelo ya go romela Rre Nowa Makula wa dingwaga di le 32 kwa kgolegelong botshelo jwa gagwe jotlhe makgetlho a le marataro mabapi le polao ya mookapelo wa gagwe e bong Mme Nomzamo Mhlanti, le bana ba gagwe ba le batlhano. O ke molaetsa o o bogale o o lebisitsweng kwa bathong ba ba dirang ditiragalo tseno tse di setlhogo tsa bosenyi gore ba itse gore jaanong ba tla kopana le dinta di fuduga.
6.2. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale dipolao tse di setlhogo tsa kwa Khayelitsha kwa porofenseng ya Kapa Bophirima mmogo le tsa kwa Zandspruit kwa porofenseng ya Gauteng mo batho ba le 21 ba latlhegetsweng ke matshelo a bona. Kabinete e akgotse mapodisi ka go tsibogela ditiragalo tseno ka bonako le go golega babelaelwa mme e bile gape e ikuela mo baaging go tshwarisana ntlha ya pabalesego le mapodisi gore baagi botlhe ba metse e re nnang mo go yona ba nne mo go babalesegileng.
6.3. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go dirisana ga ditheo tsa go disa kobamelomolao tse di dirileng gore go thopiwe diritibatsi mo dinageng tsa Aforika le tsa Botlhabagare. Letsholo leno le le neng le gapiwa kwa pele ke Interpol, le ne le ama dinaga di le 41 mme le dirile gore go thopiwa diritibatsi tse di ka dirang bokanaka diyuro di le dimilione di le lekgolo. Jaaka e le karolo ya letsholo leno, sepodisi mo nageng ya Aforika Borwa se thopile diritibatsi di ka dira diyuro di le dimilione di le 32 mo mokorwaneng wa ditlhapi mme sa tshwara batho ba le 10.
7. Ipaakanyetso ya Letsholo la Mmalabatho
7.1. Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA) le tla rebola dikgato tsa go ipaakanyetsa letsholo la mmalabatho mo mafelong a a rileng mo go tla diriwang letsholotekelelo go ipaakanyetsa letsholo le legolo la mmalabatho go bona gore a tsotlhe di eme sejaro go ka samagana le letsholo leno.
7.2. Dikgato tsa ipaakanyetso ya letsholo la mmalabatho di tla rebolwa go tloga ka la bo 17 Motsheganong go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2021. Ba malapa le ditheo ba ba batlang go nna le seabe mo dikgatoipaakanyetsong tsa letsholo la mmalabatho ba tla tlatsa dipotso ka mogala mo ba tla letsetswang mogala ke motlhankedi wa Tikwatikwe ya Megala ya Stats SA.
7.3. Kabinete e rotloetsa ba malapa le ditheo go ikwadisa gore le bona ba tle ba badiwe. Baagi ba rotloediwa go tsena mo webesaeteng ya getcounted.statssa.gov.za mme ba ikwadise. Letlha le Letsholo le Lekgolo la Mmalabatho le tla simololang ka lona le tla tle le itsisiwe mo tsamaong ya nako.
8. Thuso ya Zimbabwe ka Ditirelo tsa go Phutha Batho
8.1. Kabinete e neseditse pula ditirelo tsa go phutha batho ba kwa Zimbabwe. Seno se latela boikuelo jo bo dirilweng ke puso ya Zimbabwe ka Mopitlwe 2019 jwa go kopa thuso ka ditirelo tsa go phutha batho morago ga gore naga eo e anngwe ke Sefefo sa Dipula sa Idai se se tlhodileng merwalela e e gogotseng mafaratlhatlha mo nageng eo le go gogola matshelo a batho ba le bantsi.
8.2. Naga ya Aforika Borwa, mo Letloleng la Tirisano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba go Tsosolosa Aforika, e ikantse go emana nokeng ditirelo tsa go phutha batho ka madi a le kanaka R50 milione go tshegetsa naga ya Zimbabwe. Ka ntlha ya go runya ga leroborobo la COVID-19, porojeke eno e ne ya diegisiwa.
8.3. Morwalo wa ntlha wa dikgetse di le 450 000 tsa mabupi a dikhilokerema di le 12,5 o rometswe ka Letsatsi la go Keteka Boaforika ka la bo 25 Motsheganong 2021 go fepa malapa a a leng mo tlaleng.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Lenaneo la Kgwedi ya Bašwa
1.1. Kabinete e neseditse pula Lenaneo la Kgwedi ya Bašwa la ngwaga wa 2021 ka moono yo o reng: "Ngwaga wa go Keteka Segopotso sa Mme Charlotte Mannya Maxeke: Go oketsa ditiro mo bašweng gore setšhaba se nne le seabe mo kgolong ya ikonomi le go tlhabologa. Letsatsi la go Keteka Bašwa ka la bo 16 Seetebosigo le tla ketekiwa kwa Tikologong ya Harry Gwala kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal. Mo moletlong ono go tla thankgololwa Letsholo la Maditshegetso a go Tlholela Bašwa Ditiro la Moporesitente mmogo le go phasalatsa Leano la Tlhabololo ya Bašwa la 2021-2023, le le tlhagisang letlhomeso le le kgontshang bašwa mo nageng ya Aforika Borwa go itsotsoropa le go itirela.
1.2. Letsholo leno le le tla diragalang kgwedi yotlhe ya Seetebosigo go keteka Kgwedi ya Bašwa le tla diragadiwa ntle le go itlhokomolosa melawana ya boitekanelo jaaka go santse go na le COVID-19
2. Seemo Tebang le Kgatelopele mo Ditsereganyong tse di Dirilweng ke Puso ya Naga kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima
2.1. Kabinete e tsibositswe ka kgatelopele e e dirilweng mabapi le ditsereganyong tse di dirilweng ke puso ya naga kwa porofenseng ya Bokone Bophirima jaaka Karolo ya bo 100(1) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 e laela. Kabinete e kgotsofaditswe ke kgatelopele e ntsi e e dirilweng mo go direng gore mafapha a porofense a a neng a le ka fa tlase ga tsamaiso ya puso ya naga a kgone go ka itsetsepela.
2.2. Pegelo eno e tla tlhagisediwa Komiti ya Nakwana ya Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) gore le yona e e sekaseke ka tsenelelo. Komiti eno e tla tsaya ditshwetso ka pegelo eno mo kopanong ya yona e e tla tshwarwang ka la bo 24 Seetebosigo 2021.
3. Dikgatotsereganyo tse di Diriwang kwa Masepaleng wa Selegae wa Emfuleni
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgatotsereganyo tse di diriwang ke puso ya naga go rarabolola matsapa a metsi le kgeleloleswe a baagi ba kwa Masepaleng wa Selegae wa Emfuleni o o leng mo Tikologong ya Sedibeng kwa Gauteng ba tobaneng le ona. Dikgato tseno di tsewa go ikaegilwe ka Karolo ya bo 63(2) ya Molao wa Ditirelo tsa Metsi wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 108 wa 1997).
3.2. Ditirelo tse di bokoa tsa tsamaiso e e sa lolamang ya puso le tsa taolo ya matlole kwa Masepaleng wa Selegae wa Emfuleni di dirile gore kwa bofelong mafaratlhatlha a metsi le kgeleloleswe a se tlhole a tlhokomelwa jaaka go tshwanetswe. Kwa bofelong re iphitlhela metse e e mo gaufi e dikaganyeditswe ke diedi tsa leswe mme tse dingwe tsa diedi tseno di elela mo Nokeng ya Lekwa mme seno se ka nna kotsi thata mo malapeng a le 120 000 a a leng foo.
3.3. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le laetswe gore le mekamekane le matsapa ano mme ngwaga le ngwaga le begele Kabinete ka kgatelopele e e diriwang. Mo godimo ga ntlha eno, Kabinete e neseditse pula le dikgato tsa go tlhoma Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e tla samaganang le matsapa otlhe a metsi a dimasepala di le dintsinyana di tobaneng le ona. Maikarabelo a semolao mo tirong eno mmogo le maloko a IMC tseno ka bobedi di tla tle di itsisiwe mo tsamaong ya nako.
C. Ditiragalo tse di Tlang
1. Leeto la Semmuso la Moporesitente wa Puso ya Fora
1.1. Moporesitente Ramaphosa e tla re ka labotlhano wa la bo 28 Motsheganong 2021 a etelwa ke Motlotlegi Moporesitente Emmanuel Macron wa naga ya Rephaboliki ya Fora mabapi le Leeto la gagwe la Semmuso kwa Union Buildings kwa teropong ya Pretoria.
1.2. Leeto leno la ntlha la Macron ke go latela gore a lalediwe ke Moporesitente Ramaphosa maitlhomo e le go gagamatsa maano a tirisanommogo magareng ga dinaga tseno ka bobedi, tse gape di nang le ditumelano di le dintsinyana tsa tirisanommogo ya dinaga ka bobedi mo mererong e e farologaneng.
1.3. Leeto la gagwe le tla bo le le ka ga dikgato tsa lefatshe tsa go samagana le COVID-19, mmogo le go samagana le merero ya ikonomi, ya boitekanelo, ya dipatlisiso le ya tlhagisodikuno mo nakong e ya leroborobo le mo nakong e e tlang ya fa leroborobo leno le setse le fetile.
1.4. Baeteledipele bano ba tla tšhotlha gape le 'kgang e e ka ga kgwebisano e e tla unngwelang dinaga ka bobedi ka go lekalekana. Aforika Borwa e na le dikgwebo tsa naga ya Fora tse dintsi go gaisa mo kontinenteng ya Aforika fa Naga ya Fora e le ya bobedi mo Dinageng tsa Yuropa tseo re gwebisanang le tsona tseo dikgwebo tsa Aforika Borwa di beeleditseng mo go tsona.
2. Leeto la Moporesitente wa Sudan
2.1. Moporesitente wa Naga ya Rephaboliki ya Sudan, Ngaka Abdalla Hamdok, go latela gore a lalediwe ke Moporesitente Ramaphosa, o tla tsena mo Leetong la Tiro go etela naga ya Aforika Borwa ka Labone wa la bo 17 Seetebosigo 2021.
2.2. Mo kopanong ya bona go solofetswe gore baeteledipele bano ka bobedi ba tla tšhotlha dikgato tse di ka diragadiwang go gagamatsa tirisanommogo ya dinaga tseno ka bobedi mmogo le go bontshana ka matsapa a a tobaneng le kontinente eno.
3. Kopano ya go Buisa Dibuka ya Moporesitente e e Tshwarwang ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio
3.1. Kabinete e laletsa maAforika Borwa go nna karolo ya kopano ya borataro ya go Buisa Dibuka ya Moporesitente ka Labone, 27 Motsheganong 2021 go tloga ka 16:30 go fitlha ka 18:30. Kopano eno e tla tshwarwa ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio a Zoom mme botlhe baba eletsang go nna karolo mo kopanong eno ba ka ikwadisa mo gowww.nrc.org.za(link is external). Mo kopanong eno go tla buisanwa ka buka ya Frantz Fanon e e ka ga go fedisa bokoloniale e e bediwang The Wretched of the Earth.
3.2. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go itlwaetsa go buisa gonne go itse go buisa ke selo se se botlhokwa thata se o se tlhokang gore o kgone go ithuta sengwe le sengwe.
D. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e lebogisitse:
- Moporofesara Pitika Ntuli, yo e leng mobetli wa difikantswe, mmoki le mokwadi wa moAforika Borwa yo a fentseng dikabo tsa “You-2” e leng tse dingwe tsa dikabo di le pedi tsa Ditshwetso tsa Batho mo dikabong di le supa tsa Botaki jo Bontle go Gaisa jwa Lefatshe kwa motsemogolong wa Paris, kwa nageng ya Fora. Lefelo la botaki la Melrose Gallery kwa Johannesburg le ne le tshwere dipontsho tsa ga Moporofesara Ntuli ka inthanete mo go neng go bontshwa dibetlwa tsa gagwe tsa marapo, tse di bidiwang Azibuyele Emasisweni (Tlang re Boeleng kwa Loe).
- Mme Motlotlegi Mobishopo Naledzani Sikhwari, go latela gore a tlhophiwe jaaka Mobishopo wa ntlha wa mosadi wa Baruti ba Karolo ya Bokone ba Kereke ya Lutere mo dinageng tse di ka fa Borwa jwa Aforika morago ga dingwagasome di le thataro tsa go tlhomiwa ga bo Bishopo ba Borre. Go tlhomiwa ga Mobishopo Sikhwari mo kerekeng e e nang le dingwaga di le 503 ke sesupo sa diphetogo le go rena ga tekatekano ya bong mo setšhabeng.
- Mme Nolitha Fakude, go latela gore a tlhophiwe go nna motho wa mme wa ntlha go okama maemo a Moporesitente mo Lekgotleng la Dimenerale la Aforika Borwa fa e sale le tlhongwa dingwaga di le 131 tse di fetileng. Kabinete e eletsa Mme Fakude, yo gape e leng Monnasetulo wa moepo wa Anglo American South Africa, tsotlhe tse di molemo mo maitlhomong a gagwe a go netefatsa gore meepo e nna le seabe se se botlhokwa mo kgolong ya ikonomi ya naga ya rona.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Rre Emmanuel Mojalefa ‘Mjokes’ Matsane, yo a tlhokafetseng ka kotsi ya sejanaga morago ga gore a diragatse kwa Soweto ka Latshipi wa la bo 23 Motsheganong 2021. E ne e le leloko la Setlhopha sa Mmino wa Kwaito sa Trompies, se se neng se dira mmino wa Aforika Borwa o o monate o o tshwanang o le esi.
- Moporofesara Stanislaus (Stan) Skumbuzo Mzilankatha Sangweni wa dingwaga di le 87, yo a tlhokafetseng ka Labobedi, la bo 18 Motsheganong 2021. O neetse botshelo jwa gagwe jotlhe a kgaratlhela kgololesego mme dingwaga di le 30 tsa botshelo jwa gagwe o diphetse botshabelo kwa dinageng tse di farologaneng. E ne gape e le Mokaedi wa Nakwana mo Khomišeneng ya Merero ya Ikonomi ya Aforika mo Mokgatlhong wa Dinagakopano (UN) mme o rile go boela gae mo nageng ya Aforika Borwa a thapiwa go nna Monnasetulo wa Khomišene ya Ditirelo tsa Puso.
- Puso le baagi ba naga ya Democratic Republic of the Congo go latela gore Thaba ya Nyiragongo e thunye ka Lamatlhatso wa la bo 22 Motsheganong 2021. Go naganwa gore batho ba le 15 ba ka tswa ba tlhokafetse fa diketekete tsa baagi ba moo ba sa tlhole ba na le magae ka ntlha ya go thunya ga seretse se se belang mo lefelong leo.
- Moambasatara Ismael Coovadia, yo e neng e le moambasatara wa mo malobeng wa Iseraele, yo a tlhokafetseng ka Mosupologo wa la bo 24 Motsheganong 2021. O ne a le mosola thata mo go thuseng gore Aforika Borwa e feletse e iponetse kgololesego.
E. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Mme Elizabeth Rhulani Ngwenya o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso: mo lekaleng la Ditirelo tsa Taolo ya Tsamaiso ya Setheo mo Lefapheng la Bojanala.
2. Mme Irene Nomalungelo Mpolweni o thapilwe go nna Mokaedikakaretso mo Lefapheng la Bagale ba Sesole