A. Merero ya ga Jaanong
1. Letsholo la go Tlhaba Moento wa Mogare wa Corona (COVID-19)
1.1. Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e dirilweng mo go tlhabeleng meento ya COVID-19 mo e rileng ka Labobedi la bo 08 Seetebosigo 2021 ga bo go setse go entilwe batho ba le 1 524 589 mme mo go yona batho ba le 1 045 245 ke ba ba entilweng ka lebotlolwana la ntlha la moento wa Pfizer mme eno ke phitlhelelo e e namatshang. Mo godimo ga seno, batho ba bangwe gape ba le dimilione di le tharo ba setse ba ikwadisitse mo Sefalanatshedimosetsong sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki (EVDS), mme seno ke selo se re tshwanetseng go itumelela sona jaaka re samagane le go lwantshana le go anama ga mogare ono.
1.2. Go tshwarisana le makala a poraefete letsholo leno la go tlhabela moento wa COVID-19 go gagamaditse matsapa a naga a go netefatsa gore meento le melaetsa e e pholosang matshelo ka dikgato tsa go itlhokomela mo leroborobong la COVID-19 e fitlhelela batho ba le bantsi.
1.3. Kabinete e itumedisitswe gape le ke dikgato tsa Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) tsa go totobatsa fa moeto wa COVID-19 wa Sinovac o ka dirisiwa mo seemong sa tshoganyetso, mme seno se gwetlha Ba Bothati jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo ya Aforika Borwa (SAHPRA) go sekaseka kopo ya Sinovac ka bonako.
1.4. Kabinete e gakolola maAforika Borwa go tswelela go ntsha matlho dinameng le go ikobela dikiletso tsotlhe tsa Maemo a Kgato ya Bobedi a go Samagana le Mogare wa Corona. Lekhubu la boraro ga go ko re ka le tshabelang mme re tshwanetse go fokotsa bogale jwa lona. Tla re rwaleng maikarabelo ka go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho, re katogane le batho ba bangwe ka sekgala sa mitara le halofo, go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa go di tsikitletsa ka sebolayamegare se se nang le tswaki e e kanaka 70% ya alekhoholo le go ikgatosa go nna moo go nang le boidiidi jwa batho kgotsa go ya kwa mafelong a bontsi bo kopanelang mo go ona.
2. Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS)
2.1. Kabinete e nopotse dipoelo tsa QLFS mo kgweditharong ya ntlha ya ngwaga wa 2021 tse di bontshang gore dipalopalo tsa badiri ga di a fetoga go le kalo ka di bontsha gore re na le badiri ba le kanaka 15,0 milione, mme palo ya badiri ba le kanaka 28 000 ke ba ba feletsweng ke ditiro mo kgweditharong ya ntlha ya 2021. Palo ya batho ba ba senang ditiro le yona ga e a fetoga go le kalo ka go na le batho ba le 7,2 milione ba ba senang ditiro mme fa palo eno e bapisiwa le ya kotara ya bone ya ngwaga wa 2020 re bona tlhatlogo ya batho ba le 8 000 ba ba senang ditiro. Palo ya batho ba banyemileng mmoko ba babatlanang le ditiro yona e oketsegile ka batho ba le kanaka 201 000 (6,9%) mo dikgweditharong di le pedi, mme re bone gape le palo ya batho ba ba sa tsenyeng letsogo mo ikonoming le yona e tlhatloga go nna 164 000.
2.2. Diphetogo tseno ke ka ntlha ya go oketsega ga dipalopalo tsa botlhokatiro tsa summoso mo di oketsegileng ka phesente e le nngwe go tloga mo go di le 32,5% mo kgweditharong ya bone ya ngwaga wa 2020 go fitlha mo go di le 32,6% mo kgweditharong ya ntlha ya 2021 – eno ke palo e e kwa godimo thata e re e bonang fa e sale re simolola ka QLFS mo ngwageng wa 2008. Dipalopalo tsa botlhokatiro go ya ka tlhaloso e e tseneletseng ya botlhokatiro e oketsegile ka diphesente di le thataro go fitlha mo go di le 43,2% mo kgweditharong ya ntlha ya ngwaga wa 2021 fa e bapisiwa le ya kgweditharo ya bone ya ngwaga wa 2020.
2.3. Dipalopalo tsa semmuso tsa botlhokatiro mo bašweng (bašwa ke batho ba dingwaga tsa go tloga mo go 15 go fitlha mo go 34) di ne di eme mo go 46,3% mo kgweditharong ya ntlha ya 2021. Mo dipalopalong tseno 9,3% ke ya bašwa ba ba konoseditseng dithuto tsa kwa yunibesiti. Ditiro mo lekaleng le le duelelang lekgetho di oketsegile ka 79 000 mme makala a mangwe a latlhegetswe ke ditiro mo kgweditharong ya ntlha ya 2021. Ditiro mo lekaleng leo le sa dueleleng lekgetho di fokotsegile ka 19 000 (0,8%); ditiro tsa go tlhokomela malapa a batho di fokotsegile ka 70 000 (5,8%), ditiro mo lephateng la Temothuo le fokotsegile ka 18 000 (2,2%).
2.4. Diintaseteri tse dingwe di kgonne go tlhola ditiro fa tse dingwe tsona di latlhegetswe ke ditiro mo pakeng ya magare ga kgweditharo ya bone ya 2020 le ya ntlha ya 2021, mme fa tseno tsotlhe di lebelelwa re bona gore re latlhegetswe ke ditiro di le 28 000. Bontsi jwa ditiro di tlhodilwe mo lekaleng la matlole (mo re boneng tlhatlogo ka ditiro di le 215 000) mme re bone gape ditiro tse dingwe mo lekaleng la ditirelo tsa baagi le loago (16 000), mo lekaleng la mafaratlhatlha (16 000), mo lekaleng la moepo (12 000) le mo lekaleng la tlhagisodikuno (7 000). Re bone tatlhegelo ya ditiro le mo lekaleng la kago (87 000), mo lekaleng la kgwebisano (84 000), mo lekaleng la ditiro tsa go tlhokomela malapa a batho (70 000), mo lekaleng la Dipalangwa (40 000) le mo lekaleng la Temothuo (18 000).
3. Dipoelo tsa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP)
3.1. Ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e godile ka 1,1% mo kgweditharong ya ntlha ya 2021 (e leng go tloga ka Ferikgong go fitlha ka Mopitlwe), mme seno se tseewa e le kgolo ya ngwaga ka 4,6%. Seno se latela kgolo e e sekasekilweng sešwa ya GDP ya 1,4% (e leng kgolo ya ngwaga ka 5,8%) mo kgweditharong ya bone ya ngwaga wa 2020.
3.2. Lekala la matlole, meepo le kgwebisano ke ona a a neng a goga kwa pele tlhagiso (tlamelo ya ditlhagisiwa) mo ikonoming, fa tiriso ya matlole mo malapeng le diphetogo mo dilong tse di rekiwang di thusitse mo kgolong ya ikonomi fa go tla mo karolong ya tiriso ya matlole.
3.3. Le fa kgolo eno e le ya boraro mo dikgweditharong tse di tlhomaganeng, ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e fokotsegile ka 2,7% fa e bapisiwa le ya kgweditharo ya ntlha ya 2020.
4. Tlamelo ya Motlakase o o sa Sokodiseng
4.1. Kabinete e itse tšhakgalo e maAforika Borwa a leng mo go yona ka ntlha ya go tshaba gangwe le gape ga motlakase ka ntlha ya go se diri sentle ga mafaratlhatlha a phetiso ya motlakase kwa Eskom. Kabinete e santse e eme ka la gore go tsenngwe tirisong Leano la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase la 2030, mme mo go lona ke metswako e e farologaneng ya motlakase e re ka e dirisang go na le go itshepela mo motsweding o le mongwe kgotsa e le mmalwanyana fela ya phepelo ya motlakase.
4.2. Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE)le buletse gape le Thendara ya Botlhano ya Batlhagisi ba ba Ikemetseg ba Motlakase o o Ntšhwafatsegang go ka reka mo go bona dimekawate di le 2 600 tsa motlakase o o fetlhiwang ke phefo le o o fetlhiwang ke letsatsi go thusana le motlakase wa ka fa nageng. Go kwalolwa sešwa ga melawanataolo eno ya motlakase go tla kgontsha gape le dimasepala tse di nang le bokgoni go ka ithekela motlakase ka bobona mo batlhagising ba motlakase ba ba leng teng. Seno se tla imolola boima mo motemeng wa bosetšhaba wa motlakase.
5. Ditshupetso
5.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditshupetso tsa sešweng tsa kwa Soweto mo kwa bokhutlhong ditiro tsotlhe mo motse ono di neng tsa ema tsi ka ntlha ya ditiragalo tseno mme go ikuelwa mo go badiraditshupetso go wetsa matswalo le go itshwara.
5.2. Le fa e le gore tshwanelo ya go dira ditshupetso tse di senang mmudubudu e le karolo e e botlhokwa mo setšhabeng sa rona se se renang ka temokerasi, seno se tshwanetse go diriwa ka tsela e e leng mo molaong e e sa gatakakeng ditshwanelo tsa batho ba bangwe.
5.3. Puso e santse e le mo maikemisetsong a yona a go dirisana le baagi naga ka bophara go tokafatsa maemo a bona a bophelo.
6. Thibelobosenyi
6.1. Kabinete e akgotse tiro e go neng go tlhanasetswe ka yona ke maphata a a farologaneng a a disang kobamelomolao mo go thopilweng ga diritibatsi tsa khokheini e e sa tswakiwang le diritibatsi tse dingwe e e neng e phophothetswe ya dikhilokerema di le 800 ya boleng jwa madi a a ka dirang R400 milione fa e rekisiwa.
6.2. Kabinete e tshwentswe ke dikgetse tse di tlhatlogang tsa go beela dijanaga mebutlwa mo mebileng ya ka fa nangeng mo mebileng ya ditselafefo le ya mopatikwana ka maitlho a go kgothosa le go bolaya bakganni ba dijanaga. E ikuetse mo ditheong tse di disang kobamelo ya molao go gagamatsa matsholo a tsona a go golega badiri bano ba ditiro tseno tse di setlhogo.
6.3. Kabinete e ikuetse mo baaging go begela sepodisi ka ditiro tsotlhe tsa bosenyi, mmogo le tsona tsa diritibatsi, mme ba se itseele molao mo matsogong kgotsa gona go gesela badiri ba ditiro tseno.
7. Komiti ya Ditlhogo tsa Mebuso le Dipuso tsa Aforika mo Mererong ya Phetogo ya Maemo a Loapi (CAHOSCC)
7.1. Moporesitente Ramaphosa, mo maemong a gagwe a Molaodi wa CAHOSCC, o ne a tsenetse kopano e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tsa dibidio ka Labobedi, 08 Seetebosigo 2021. Mo kopanong eno go utlwanwe gore go amogelwe Pegelo ya Molaodi ka ga ka botlhokwa jwa seabe sa Aforika mo go ipaakanyetseng Kopanokgothakgothe ya bo 26 ya Ditokololo tsa Letlhomeso la Dinagakopano la Kopanokgothakgothe ya Mabapi le Phetololoapi (UNFCCC26), se se diragalang mo tirong ya matsholo a Aforika a a ka ga Phetogo ya Maemo a Loapi mmogo le Letsholo la Tshomarelo ya Tlhago la Aforika.
7.2. Mo samiting eno go totobaditswe gore dinaga tsa boditšhabatšhaba di tshwanetse go oketsa matsapa a tsona go utlwagala, di oketse maemo a phisegelo le go ema nokeng dinaga tse di santseng di iketetsa ka ditlhokwa tsotlhe tse di ditlhokang go diragatsa dikgato tsa go samagana le loapi go lebeletswe maikarabelo ka go farologana. Dinaga tsotlhe tsa Aforika di tlhoka kemonokeng go tswa mo badirisaning mmogo ba bona ba dinaga tsa boditšhabatšhaba mme ka jalo dikgato tsa rona tsa go iketetsa di tshwanetse di se tsewe botlhofo gore re kgone go ka fitlhelela dipeelo le diphisegelo tsa rona mo mererong ya loapi, fa ka mo letlhakoreng le lengwe re tsweletse go nna le seabe mo mo letsholong la lefatshe ka bophara.
7.3. Mo kopanong eno go dumelanwe gore re le dinaga re meno ga re lekane jaaka go solofetswe gore Aforika jaaka dinaga tse dingwe tse di gatetseng pele le yona e tshwanetswe go beelwa dinako tse di tshwanang le tsa dinaga tse dingwe gore e inole ikonomi ya yona mo mererong ya go kgotlhela loapi ka go kgaotsa go dirisa ditukisi tsa leokwane. Ntlha eno e botlhokwa thata, bogolo jang ka re lebile go se lekane go go leng teng magareng ga dinaga tsa rona, botlhokatiro le ditlhokwa tsa tlhabololo tse re nang le tsona mo kontinenteng ka bophara, bogolo jang mo basading le mo bašweng. Mo godimo ga tseno tsotlhe, re tlhoka go romela molaetsa o o sa etsaetsegeng wa gore tiragatso le diphisegelo di tshwanetswe go diragadiwa ka go tshwana, fela jalo le ka ditharabololo, diphetogo le ditshegetso.
8. Lekgotla la Ditshwanelo tsa Batho la Dinagakopano (UN) mabapi le Dinaga tsa Palestina
8.1. Kabinete e amogetse tshwetso ya go tlhoma Lekgotla la Ditshwanelo tsa Batho la UN go disa maemo go netefatsa gore molao wa ditshwanelo tsa batho wa boditšhabatšhaba o a tlotliwa mmogo le molao wa ditshwanelo tsa batho mo dinageng tsa Palestina, mmogo le dinaga tse di kwa Botlhaba jwa Jerusalema le tsa kwa Iseraele.
8.2. Tshwetso eno gape e re go tshwanetswe go tlhomiwe khomišene e e ikemetseng ya dipatlisiso go batlisisa ditatofatso tsotlhe tsa tlolomolao ya ditshwanelo tsa batho. Kabinete e gateletse botlhokwa jwa go nna le setšhaba se se nang le bosiamisi le ditharabololo tsa leruri mo go khutliseng dikgogakgogano tse di leng teng magareng ga dinaga tseno ka bobedi e leng ya Iseraele le ya Palestina.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Go Atolosiwa ga Paka ya go Nna mo Tirisong ga Molao wa Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go atolosiwa ga paka ya go nna mo tirisong ga Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga go fitlha ka la bo 15 Seetebosigo 2021. Dikgato tseno di diragadiwa go ya ka Karolo ya bo 27(5)(c) ya Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002).
1.2. Kgato eno e letla naga go tswelela go dirisa melao e e leng mo tirisong ya gore baagi ba tswelele go ikobela dikgato tse di sa tsenyeletseng tsa go nwa melemo tsa go ipabalela kgatlhanong le COVID-19.
2. Pegelo ya go Beewa mo Dinakong ka Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go DIragatseng Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF)
2.1. Kabinete e neseditse pula Pegelo ya go Beewa mo Dinakong ka Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go DIragatseng MTSF 2019-2024 e e kwadilweng ke Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro.
2.2. Leroborobo la COVID-19 le nnile le seabe se segolo mo go diragatseng MTSF, bontsi jwa dintlha tse di neng di solofetswe go diragadiwa di santse di tla diragadiwa mo pakeng e re tobaneng le yona, mme le fa go le jalo go na le dipeelo dingwe tse di saletseng morago thata mme mabaka a mangwe a tiego eno ke ka ntlha ya go sutisiwa ga matlole a a neng a tshwenetswe go dirisediwa dintlha tseno.
2.3. Dipegelo tseno di tla tle di phasaladiwa gore baagi ba di bone mme Ditona tsa maphata a a amegang di tla tshwara dikopano le bobegakgang go tlhalosetsa baagi ka botlalo ka ga dipegelo tseno mabapi le dintlha tseo ba atlegileng mo go tsona le tseo go samaganwneg le tsona go tokafatsa tiro ya maphata a bona.
3. Letlhomeso la Tokomane e e Buang ka Dikgatlhegelo tsa Naga ya Aforika Borwa
3.1. Kabinete e neseditse pula Letlhomeso la Tokomane e e Buang ka Dikgatlhegelo tsa Naga ya Aforika Borwa mo dintlheng tseo e samaganang le tsona ka fa nageng le mo go tsa boditšhabatšhaba. Letlhomeso leno le latela Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 mmogo le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).
3.2. Tokomane eno, gareng ga tse dingwe, e tlhalosa seabe sa naga eno mo boipusong jwa yona le mo thulaganyong ya yona ya molaotheo; tshireletsego le pabalesego ya baagi ba yona; katlego ya yona mo ikonoming le dikgato tsa naga tsa go aga Aforika yo o botoka le lefatshe le le botoka go tshelela mo go lona.
3.3. Tokomane eno e tla tle e phasaladiwa mo webesaeteng ya puso le mo webesaeteng ya Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba gore baagi ba nne le yona.
C. Ditiragalo tse di Tlang
1. Samiti ya Ditlhogo tsa Dinaga di le Supa (G7)
1.1. Kabinete e na le tshepo ya gore seabe se naga ya Aforika Borwa e nnileng le sona mo Samiting ya Ditlhogo tsa G7 kwa nageng ya United Kingdom go tloga ka la bo 11 go fitlha ka la bo 13 Seetebosigo 2021, mo naga ya Aforika Borwa e neng e eteletswe kwa pele ke Moporesitente Cyril Ramaphosa, e re naya tšhono ya go samagana le dintlha di le dintsinyana tse di tlhobaetsang mo nageng le mo kontinenteng ya rona.
1.2. Dikopano tse di jaaka eno ya Samiti ya Ditlhogo tsa G7 di botlhokwa thata mo go thuseng Aforika Borwa go tsholetsa dipono tsa yona mo go ageng lefatshe le rotlhe re lekalekanang le go renang kagiso mo go lona. Mo kopanong eno Aforika Borwa e tla tlhagisa ditlamorago tse di sa jeseng diwelang mo ikonoming le mo loagong tse di tlhodilweng ke leroborobo la ga jaanong, mme e bile gape e tla tlhagisa maiteko a re a dirang go supoga mo seemong seno ka go dirisa dipholisi tsa rona tse di mosola tsa matlole le tsa loago.
1.3. Aforika Borwa e tla dirisa kopano eno gape ka go bokeletsa dinaga tse dingwe tsa G7 go nna karolo ya dinaga tse di emang nokeng tshekego ya nakwana e e mabapi le Ditlha tse di Amanang le Ditshwanelo tsa Dithoto le Dithata tsa Dikgwebo (TRIPS) mo Mokgatlong wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO) go Letlelela Ditlamo tse di sa Abelwang Dithoto le Dithata gore le tsona di Letlelelwe go Tlhagisa Meento ya COVID-19. Seno se tla dira gore dinaga di kgone go itirela meento mme seno se tla dira gore batlhagisi ba melemo ka fa nageng ba kgone go bula dikgwebo tsa bona ka fa nageng le ka fa kontinenteng ya rona.
D. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e lebogisitse:
- Rre Pitso Mosimane (Mokatisi Pitso), ka go tsholetsa folaga ya naga ya Aforika Borwa ka go etelela kwa pele setlhopha sa kgwele ya dinao se se kwa maemong a a kwa godimo mo kontinenteng ya Aforika sa Al Ahly ka se fentse Sejana sa Digaka sa Aforika. Molaodi yono yo mo malobeng a neng a laola setlhopha sa Mamelodi Sundowns o fentse sekgele sa gagwe sa bone mo dikgweding di le thataro fela fa e sale e nna karolo ya setlhopha seno sa Al Ahly se se leng kwa Cairo, kwa Egepeto.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Rre MacDonald Ndodana Mathunjwa, yo a itsegeng thata ka tiragatso ya gagwe mo motshamekong wa Home Affairs, Generations, Soul City, Intsika le Bones of Bones.
- Rre Mabi Gabriel Thobejane, yo e neng e le yo mongwe wa baopedi ba ba itsegeng ba mmino wa jazz.
- Rre Ben Kruger, yo e neng e le modiragatsi yo a itsegeng, e le mokwadi e bile gape le e le motlhagisi yo a diragaditseng mo go Binnelanders.
- Mme Shaleen Surtie-Richards, modiragatsi yo a dirileng bontle yo a itsegeng thata ka motshameko wa filimi ya ngwaga wa 1988 e e bidiwang Fiela se Kind, mmogo le mo metshamekong e mengwe e e jaaka wa Egoli: Place of Gold le 7de Laan.
- Mme Ivy Cikizwa Gcina, yo a dirileng mo mekgatlhong e e farologaneng mo nakong ya gagwe mo go lwantshaneng le puso ya tlhaolele, go tsenyeletsa Mokgatlho wa Baagi ba Bathobantsho wa Port Elizabeth yo gape e neng e le tokololo ya Plamente ya ntlha ya puso ya temokerasi magareng ga 1994 le 1999.
E. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Rre Nhlanhla Michael Mabaso o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG) mo lekaleng la Ditirelo tsa Tshedimosetso mo Lefapheng la Merero ya Selegae.
2. Go thapiwa ga ditokololo tsa Boto e e Ikemetseng ya Bolaodi jwa Baruni sebaka sa dingwaga di le tlhano:
a. Rre Fulvio Tonelli;
b. Mme Ruth Benjamin-Swales;
c. Mme Thabiso Kutumela;
d. Mme Nalini Maharaj;
e. Rre Prostas Phili;
f. Mme Zine Mshengu;
g. Rre Eugene Zungu;
h. Mme Chuma Mjali;
i. Rre Richard Hawkins; le
j. Mme Naidene Ford-Hoon.
3. Moporesitente o thapile Rre Hlengani Mathebula go nna Monnasetulo wa Boto ya Bakaedi ba Lekala la Tlhabololo le Pharologano ya Bobegakgang (MDDA)
Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete
Mogala: 083 501 0139