Skip to main content
x

 

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Kgato e e Tlhatlhobilweng Sešwa ya Bone ya Dikgato tsa go Sekega Nakwana Ditiro tsa ka fa Nageng 


1.1.    Kabinete e tlhomamisitse Kgato e e Tlhatlhobilweng Sešwa ya Bone jaaka go itsisitswe ke Motlotlegi Moporesidente Cyril Ramaphosa ka Latshipi, 27 Seetebosigo 2021 e le kgato e e botlhokwa mo ntweng kgatlhanong le lekhubu la boraro la leroborobo la COVID-19 mo Aforika Borwa. 

1.2.    Go gagamatswa ga melaokiletso go tla natlafatsa bokgoni jwa rona go fokotsa ditshwaetsego mme seno se tla fokotsa boidiidii jwa balwetse mo maokelong a ga jaanong a setseng a le mo tlalelong.

1.3.    Dikgatokiletso tseno tse di okeditsweng di tla sekwasekwa gape morago ga matsatsi a le 14 mme go tla elwa tlhoko gore di se nne le seabe se se sa namatsheng mo ikonoming jaaka e le maiteko a rona a go boloka matshelo le le ka fao batho ba iphedisang ka gone.

1.4.    Kabinete e gateletse gore mofuta wa Delta o tshwaetsa bonolo thata go na le mefuta e mengwe, ka jalo re tlhoka go nna malalaalaotswe letsatsi le letsatsi gonne batho ba le bantsi bao ba tshwaeditsweng ke COVID-19 ga ba bontshe matshwao ape.

1.5.    Dikaelo tse di Kopantsweng tsa Pabalesego ya Boitekanelo kwa Tirong ka Tona ya Tiro le Bodiri di neelana ka dikaedi tseo di tsholang dikgwebo di dira fa ka fa letlhakoreng le lengwe gape di netefatsa pabalesego le boitekanelo jwa mongwe le mongwe kwa lefelong la tiro.

1.6.    Mo matsatsing ano a lefatshe le šenneng meno, go botlhokwa go dira sengwe le sengwe mo maatleng a gago go boloka matshelo ka go ikgatolosa go ya mo mafelong a batho ba bokanelang mo go ona, go obamela Melawanataolo ya Tsamaiso ya Matlhotlhapelo a COVID-19 le go diragatsa dikgato tse dingwe tsa go itshireletsa tsa go rwala mmaseke fa o le fa gare ga batho, go tlhapa diatla tsa rona kgapetsa ka sesepa le metsi kgotsa go dirisa sebolayamegare se se tswakilweng ka 70% ya alekhoholo, go katogana ka sekgala sa mitara le halofo ka dinako tsotlhe.

2.    Letsholo la Moento wa COVID-19

2.1.    Aforika Borwa e tswelela go matlafatsa Letsholo la go Tlhabela Moento wa COVID-19 go sireletsa baagi go ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa mogare. Go tloga ka 30 Seetebosigo 2021 batho ba le 3 026 636 ba ne ba setse ba tlhabilwe moento mme bano ba akaretsa badiri ba tsa boitekanelo, batho ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta le barutabana. Mo palong eno ke barutabana ba le 238 315 bao ba setseng ba entilwe.

2.2.    Kabinete e akgotse Lefapha la Boitekanelo le la Thuto ya Motheo ka go samagana le ditlhoko tsa barutabana le tsa badiri ba bangwe mo maphateng a puso le a poraefete mo lekaleng la thuto ka go diragatsa letsholo la go tlhaba moento. 

2.3.    Badiri ba lekala la pabalesego ba tla simolola go entiwa ka Mosupologo, 5 Phukwi 2021 mo go tla simololwa ka maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mme ka Labone, 8 Phukwi 2021 go latele maloko a Sesole sa Tshireletso sa Aforika Borwa (SANDF). 

2.4.    Go ikwadisetsa go tlhabiwa moento mo Sefalanatshedimosetsong sa go Ikwadisetsa go Tlhabela Moento (EVDS) go buletswe bagodi ba dingwaga di le 50 le go feta, mme ba beetswe go simolla go tlhabiwa ka Labone, 15 Phukwi 2021. Batho ba ba mo setlhopheng sa dingwaga tseno ba rotloediwa go ikwadisa mo webesaeteng ya https://vaccine.enroll.health.gov.za kgotsa ka go ikwadisa ka WhatsApp mo go: 0600 123456.  

2.5.    Matsatsi a a rulaganyeditsweng go tlhabela moento ga badiri ba ba di gogang kwa pele mo makaleng a a botlhokwa mo ikonoming a a jaaka meepo, badiri ba kwa mabenkeleng le ba bangwe a tla itsisiwe ke Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) ka ga Meento eo e eteletsweng pele ke Motlatsamoporesidente.

3.    Letsatsi la Bašwa 

3.1.    Kabinete e lebogile maAforika Borwa otlhe ka go tsenela meletlo ya Letsatsi la Bašwa ka Laboraro, 16 Seetebosigo le le ketekilweng ka moono yo o reng “Ngwaga wa go Keteka Segopotso sa ga Mme Charlotte Mannya Maxeke: Go oketsa ditiro mo bašweng gore setšhaba se nne le seabe mo ikonoming le go tlhabologa.”

3.2.    Moporesidente Ramaphosa o ribolotse dirala tsa mafaratlhatlha a inthanete tsa go ithuta le go batla ditšhono tsa ditiro, e leng sa SA Youth le sa mPowa, tseo maitlhomo a tsona e leng go bokeletsa matlole a a tla tlhamelang bašwa ditšhono mmogo le go ba tlhamela ditiro ka go ba golaganya le bathapi le batlamedi ba matlole. Bašwa ba ka dira porofaele, ba lebelela ditšhono tsa go ithuta le go iponna letseno, le go amogela tshegetso go ditšhanele tse di farologaneng tse di mo dipolatefomong tseno.

3.3.    Etela http://SAYouth.mobi(link is external) kgotsa o letsetsa nomoro eno e e sa duelelweng: 0800 72 72 72 go bona metseletsele ya ditšhono le tshegetso mo Letsholong la Moporesidente la Kemonokeng ya Bašwa ka Ditiro.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Pegelo ka ga Pusoselegae

1.1.    Kabinete e sekasekile maemo a pusoselegae morago ga go bona dipegelo go tswa go Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA), Lefapha la Matlotlo a Setšhaba le Morunikakaretso wa Aforika Borwa.

1.2.    Kabinete e etse tlhoko maemo a a sa namatsheng a dingwe tsa bommasepala mme mo makgetlong a mangwe, puso ya bosetšhaba e tla tshwanela ke go tsereganya go tokafatsa thebolo ya ditirelo le bokgoni jwa bommasepala ba ba rileng go ya ka metheo ya Karolo 139(7) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. 

1.3.    Mo godimo ga moo, puso ya bosetšhaba e eteletswe pele ke CoGTA, Lefapha la Matlotlo a Setšhaba le mafapha a thebolo ya ditirelo a tla matlafatsa tshegetso ya bona go bommasepala go ya ka Mmotlele wa Tlhabololo o o ikaegileng ka Sedika (DDM) le maikarabelo a tsona jaaka go tlhalositswe mo Karolo 154 ya Molaotheo.

2.    Tsenogare ya Dinaga Tlhabolo tsa Borweng ba Aforika(SADC) kwa Mozambique

2.1.    Kabinete e amogetse ditshwetso tsa Samiti e e Kgethegileng ya Ditlhogo tsa Dinaga tsa Dipuso tsa SADC e e neng e tshwaretswe kwa Maputo, Mozambique ka Laboraro, 23 Seetebosigo 2021. 

2.2.    Samiti e atlenegisitse botsaakarolo jwa dinaga maloko go seabe sa tsona sa go busetsa maemo sekeng kwa Mozambique. Jaaka karolo ya SADC, Aforika Borwa le yona e tla tsaya karolo mo maitekong ano ao maikaelelo a yona e leng go busetsa maemo sekeng mo kgaolong.

3.    Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya bo 21 ka ga AIDS le Ditshwaetsego tsa Malwetse a Thobalano (di-STI) mo Aforika (ICASA) e Tshwarelwa mo Nageng

3.1.    Kabinete e atlenegisitse gore ICASA ya bo 21 e tla tshwarelwa mo nageng, eo e tla tshwarelwang kwa Durban go tloga ka la bo 6 go fitlha ka la bo 11 Sedimonthole 2021. 

3.2.    Go tshwarelwa mo nageng ga ICASA go tla naya Aforika Borwa tšhono ya go bontsha maitlamo a yona a go samagana le maikaelelo a kalafi a Ditšhabakopano a 90-90-90 go thusa go fedisa leroborobo la AIDS. Aforika Borwa e dirile tswelopele e e bonalang mo ntweng kgatlhanong le HIV le AIDS, fela go santse go le gontsi go go tlhokwang go dirwa go fokotsa ditshwaetsego tse dintšhwa. 

3.3.    Khonferense e tla tswelela go neelana ka polatefomo ya dipuisano le ditšhono tsa go ithuta tse di mabapi le ditogamaano tsa go thibela HIV le di-STI mo nakong ya leroborobo la COVID-19.

4.    Matshidiso go Batho ba kwa Zambia 

4.1.    Kabinete e romela matshidiso a yona go balosika le batho ba kwa Zambia morago ga go tlhokafala ga Moporesidente wa Rephaboliki ya Zambia, Ngaka Kenneth “KK” Kaunda (97), ka Labone , 17 Seetebosigo 2021. Ngaka Kaunda e ne e le yo mongwe wa batshegetsi ba ba eteletseng pele ba Pan-Africanism, le mampodi yo o kwa pele wa Aforika e e seng ya bokoloniale, e e kopaneng le go tswelelapele. 

4.2.    Go mo tlotla, Moporesidente Ramaphosa o itsisitse matsatsi a le 10 a kutlobotlhoko go tloga ka Labotlhano, 18 Seetebosigo 2021 go fitlhela maitseboa a Latshipi, 27 Seetebosigo 2021, mo difolaga tsa naga di tla fofisediwang kwa tlase mo mafelong otlhe a a nang le  difolaga tseno.

4.3.    Mo botshelong jwa gagwe, Ngaka Kaunda o dirile ka natla a direla tswelopele ya ikonomi, loago le sepolotiki mo Aforika, mme e ne e le moganka wa Kgaratlhelo ya Aforika e e gololosegileng go tswa go taolo ya bokoloniale le tlhaolele. O eteletse pele botho ba Seaforika, mme o tla gopolwa ka boeteledipele jo bo tswileng diatla jwa gagwe mo go tlhamiweng ga Mokgatlho wa Tshwaragano ya Aforika(o ga jaana o bidiwang Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika).

4.4.    Kabinete e atlenegisitse lenaneo le le eteletsweng pele ke Lefapha la Metshameko, Botaki le Setso go tlotla botshelo le seabe sa Ngaka Kaunda go kgololosego ya naga ya gagwe le kontinente, bogolosegolo kgaolo ya Borweng ba Aforika. Moporesidente Ramaphosa o tla tsenela tirelo ya phitlho e e tla tshwarwang kwa Lusaka ka Labotlhano, 2 Phukwi 2021. 

C.    Melaotlhomo 

1.    Phetolo ya Molaotlhomo wa Kwadiso ya Makwalobopaki a Bonno


1.1.    Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Phetolo ya Molaotlhomo wa Kwadiso ya Makwalobopaki a Bonno gore setšhaba se dire ditshwaelo ka ga ona. Molaotlhomo ono o fetola Molao wa Kwadiso ya Makwalobopaki a Bonno wa 1937 (Molao w abo 47 wa 1937), oo dithulaganyo tsa ona di  sa tlholeng di le mosola. 

1.2.    Kwa ntle ga go fetola ditsamaiso tsa tiro tsa Kantoro ya Kwadiso ya Makwalobopaki a Bonno, Molaotlhomo ono gape o tsenya tirisong thulaganyo ya go ikwadisa ya eleketeroniki, eo e tla ntšhwafatsang tsela ya go neela tirelo go babueledi ba tsa matlo le setšhaba ka kakaretso. Gape o tshitsinya gore go thapiwe Mokwadisi wa Makwalobopaki a Bonno, Motlatsamokwadisi wa Makwalobopaki a Bonno le Mothusi wa Mokwadisi wa Makwalobopaki a Bonno.

2.    Molaotlhomokakangwa wa 2020 wa Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC) 

2.1.    Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa SABC wa 2020 gore setšhaba se o sekaseke le go tshwaela. Fela fa o sena go fetiswa go nna molao, Molaotlhomo ono o tla baka go fediswa ga Molao wa Kgaso, 1999 (Molao wa bo 4 wa 1999) wa ga jaana. O batla go matlafatsa bokgoni jwa ditiro tsa mogasi wa setšhaba. 

2.2.    Molaotlhomo o tshitsinya, gareng ga diphetogo tse dingwe, go rulaganngwa gape ga Boto ya SABC, seo se tla matlafatsang ditiro le maikarabelo a yona. Gape o tshitsinya diphetogo mo toalong ya matlole a SABC le mo tsamaisong ya dilaesense tsa TV.

D.    Ditiragalo tse di Tlang

1.    Kgwedi ya Nelson Mandela


1.1.    Ngwaga le ngwaga ka la 18 Phukwi, maAforika Borwa a tshwaragana le ditšhaba go ralala lefatshe go tlotla Moporesidente wa maloba ebile e le mogaka wa boditšhabatšhaba – Ngaka Nelson Rolihlahla Mandela – ka go keteka Letsatsi la Boditšhatšhaba la Nelson Mandela. 

1.2.    Mo dinakong tseno tse di masisi, re tshepetse mo go nneng seoposengwe le mo go nneng mabogodinku jaaka Madiba a re bontshitse. Mo go ikgopotseng ditiro tsa Madiba, Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go ipontsha gore ke bo mang mme ba tshegetse bao mo baaging ba rona ditlamorago tsa COVID-19 di ba amileng bosula. Re ka diragatsa meetlo ya ga Madiba le go tlotla letlotlo la gagwe ka go dira ditiro tse di bontshang botho le boitlhamedi jo bo tshegetsang bao ba amilweng thata ke ditlamorago tsa mogare. 

2.    Setlha sa Lekgetho 

2.1.    Setlha sa lekgetho sa 2021 se tla bulwa ka Labone, 1 Phukwi 2021 go fitlhela Labobedi, 23 Ngwanaitseele. Baduelalekgetho ba rotloediwa go dirisa eFiling (www.sars.gov.za) kgotsa Mobi-App ya Tirelo tsa Lekgetho la Aforika Borwa go tsenya dipoelo tsa lekgetho tsa bona. 

2.2.    Monongwaga palo e e rileng ya baduelalekgetho e tla sekasekwa gape ntle le go kopiwa go nolofatsa tsamaiso. Go romela dipoelo tsa lekgetho ka nako ebile di nepagetse go netefatsa gore baduelalekgetho ba nna ba obamela le go thusa puso go rebola ditirelo go maAforika Borwa ao a di tlhokang go gaisa. 

E.    Melaetsa

1.    Go Akgola


Kabinete e akgola le go eletsa masego: 

- Rre Nicholas Dlamini, Moaforikaborwa wa ntlha wa mothomontsho go nna le seabe mo lobelong la Tour de France.

- Kaizer Chiefs FC ka go iponela maemo go Makgaolakgang a CAF Championship League eo e tla tshwarelwang kwa Morocco ka Lamatlhatso, 17 Phukwi 2021, le Mokatisi Pitso ka go isa Ahl Aly FC ya Egypt go Makgaolakgang ona ao a CAF Champions. 

- Rre Lesetja Kganyago, Mmusisi wa Bankakgolo ya Aforika Borwa (SARB), yo o abetsweng sekgele sa Mmusisi wa Banka Bogareng wa Ngwaga mo kgaolong ya Dikabo tsa Rabanka wa Moaforika tsa 2021. Ka fa tlase ga ketapele ya gagwe, SARB e dirile go bonala kgatlhanong le ditlamorago tsa COVID-19 go ikonomi.

- Ngaka Ngwako Stephen Sebopetsa, Mogokgo wa Sekolo se se Potlana sa Rathaga kwa Sedikeng sa Rakwadu 1, Kgaolo ya Botlhaba jwa Mopani, Limpopo, ka go amogela Sekgele sa Bagokgo ba Lefatshe go boeteledipele jo bo manontlhotlho, tiro e e botlhokwa le seabe mo lephateng la thuto.

- SARB mo go ketekeng ngwagakgolo ka Laboraro, 30 Seetebosigo 2021. Banka e butse dikgoro tsa yona ka la bo 30 Seetebosigo 1921 mme ke banka bogareng e e di fetang tsotlhe ka mo Aforika. SARB e na le taolelo ya molaotheo e e botlhokwa go tshola tsepamo go ditlhotlhwa go leka go tshola kgolo ya ikonomi e e tswelelang. Banka e golotse papetlana ya R5 go tlotla dingwaga di le 100 e ntse e le teng.

2.    Matshidiso 

Kabinete e romela matshidiso go balosika le ditsala tsa ga: 

- Ngaka Jabu Mabuza, yo a neng a na le dingwaga di le 63, rakgwebo wa moAfrika Borwa yo o fitlheletseng go le gontsi le moeteledipele wa tsa kgwebo yo o dirileng jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Tsogo Sun Holdings, Modulasetilo wa Boto ya Eskom le gape jaaka Moporesidente wa Business Unity South Africa. 

- Moporofesara Mzilikazi Khumalo, yo a neng a na le dingwaga di le 89, le mosadi wa gagwe Mama Rose Khumalo, yo a neng a na le dingwaga di le 88. Moporofesara Khumalo e ne e le motho yo o kwa godimo go tsa thuto, setso le mo setšhabeng mo Aforika Borwa. Gape o ne a itsege ka go rulaganya dipina tsa setso, motlhami wa mmino wa khorale le go kaela setlhopha sa mmino. O thusitse go kwala pina ya opera ya IsiZulu ya Princess Magogo kaDinuzulu. Se a tumileng that aka sona, Moporofesara Khumalo e ne e le karolo ya komiti e e kopantseng thapelo ya Nkosi Sikelel’iAfrika le pina ya bosetšhaba ya puso ya tlhaolele, Die Stem, go tlhama Pina ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa morago ga mmuso wa tlhaolele.

F.    Go Thapiwa 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Mme Tirhane Alinah Fosi jaaka CEO ya Ditiro tsa Kgatiso tsa Puso, sebaka sa dingwaga di le tlhano.

Dipotso:
Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Selulafouno: 083 501 0139

 Union Building