Skip to main content
x

A.    Merero ya ga Jaana

1.    Letsholo la Meento ya Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) 

1.1.    Lenaneo la bosetšhaba la Aforika Borwa la go enta le setse ga jaana le tsamaya ka lebelo mme lekala la boitekanelo (la puso le la poraefete) le enta bonnye batho ba le milione o le 1 mo matsatsing a le mararo. Go fitlha ga jaana, Maaforika Borwa a feta dimilione tse 8 a setse a entilwe. Ka seelo sa ga jaana, Moporesitente o tla itsise mo nakong e e sa fediseng pelo, letlha le lešwa le go solofelwang fa naga e tla fitlhelela tshouto ya setšhaba. 

1.2.    Kabinete e tswelela go ikuela go Maaforika Borwa go enta, ka ntlha ya fa se e le sona sebetsa sa rona se se nonofileng mo ntweng kgatlhanong le COVID-19. Batho jaanong ba ka ya kwa lefelong lefe fela la go entela ka makwaloitshupo a bona, ntle le go dira peelano, mme ba tla kwadisiwa le go entiwa. 

1.3.    Kabinete e amogetse go tlisiwa ga meento e le dimilione tse 5.6 ya Pfizer mo bekeng e, e re e abetsweng ke Amerika, e e tla netefatsang gore re nna le meento e e lekaneng go netefatsa gore re matlafatsa lenaneo la rona la go enta. 

1.4.    Ka 1 Lwetse 2021, batho ba bogolo jo bo magareng ga 18 le 34 ba tla bo ba siametse go entiwa. 

1.5. Kabinete e lemogile kwelotlase e e bonalang mo dikgetseng tse dišwa tsa tshwaetso mo Aforika Borwa jaaka naga jaanong e setse e fetile setlhoa sa lekhubu la boraro. Le fa go le jalo, diporofense tse nne – Kapa Bophirima (le fa e sa tswa go tsena mo setlhoeng), Kapa Bokone, Bokone Bophirima le Foreisetata – di ntse di kwadisa koketsego ya seelo sa ditshwaetso tse dišwa. 

1.6. Kabinete e tsweletse gape go ikuela go Maaforika Borwa otlhe go tswelela go ikobela dikgato tsa go thibela go tshwaetsega ka go apara maseke, go tlhapa diatla, go katoga batho ba bangwe ka sekgala sa mitara le halofo le go se itshunyetshunye mo boidiiding jwa batho. 

2.    Go Bulwa ga Dikolo 

2.1.    Kabinete e amogetse go bulwa ga dikolo ntle le dikgoreletsi, segolo go boela ga barutwana botlhe ba dikolopotlana sekolong go tla sekolong letsatsi le letsatsi. Kabinete e ikuela go dikolo tsotlhe go tswelela go dira go ya ka melawanatsamaiso e e tlhomilweng ya boitekanelo ya COVID-19. 

2.2.    Tshwetso ya go busetsa barutwana botlhe ba dikolopotlana kwa diphaposing letsatsi le letsatsi e tserwe morago ga go sekaseka dikgatlhegelo tsa bana, mme se se tla ba thusa go boelwa ke nako ya dithuto e e ba latlhegetseng mo pakeng ya kganelomotsamo e e neng e gagametse ya bosetšhaba. 

3.    Tumalano ya Meputso ya Badiredipuso 

3.1.    Kabinete e lebogile badiredipuso le ba ba neng ba amega mo ditherisanong tsa meputso ka go baya naga ya rona le batho ba yona kwa pele, go latela go saeniwa ga tumalano ya motlhakanelwa ya koketso ya meputso ya Badiredipuso. 

3.2.    Kabinete e itumedisiwa ke gore mapata otlhe a ne a supa boeteledipele jo bo kopaneng le maikemisetso a a tseneletseng go bona tharabololo e e tswelang mosola badiredipuso le baagi, mme e ikuela go botlhe go tswelela pele ka mowa o le mongwe wa semphato le boratanaga. 

4.    Peodinakong ka Maemo a Tshireletso 

4.1.    Kabinete e amogetse maiteko a ditheo tsa tiragatso ya molao go busetsa tsepamo ka bonako mo diporofenseng tsa KwaZulu-Natal le Gauteng. 

4.2.    Kabinete e akgotse gape le ditheo tsa tiragatso ya molao ka tswelopele e di e dirang ka go latelela ba ba nang le maikarabelo a go baka tlhotlheletso ya tirisodikgoka mme re rata go netefaletsa Maaforika Borwa gape gore re tla dira ka bojotlhe go netefatsa gore ba ba bakileng dikhuduego tse di diragetseng mo diporofenseng tse pedi tse, ba lebagana le letsogo le le thata la molao. 

4.3.    Go fitlha ga jaana, go setse go tshwerwe babelaelwa ba le barataro mme ba setse ba tlhageletse mo dikgotlatshekelo tse di farologaneng ka melato ya tlhotlheletso ya tirisodikgoka mo pepeneneng mme sepodisi mmogo le Bothati ba Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba di tswelela go bokeletsa bopaki gore ditsheko tsa bona di atlege. 

4.4.    Kabinete e etse tlhoko gore palo ya dintsho tse di bakilweng ke tirisodikgoka e, ga jaana ke 354, ka palo ya dintsho tse di maleba tse di golaganngwang le dikhuduego tse mo Gauteng di sa fetogang ka 79 mme kwa KwaZulu-Natal e le 275, go fitlha maabane, 04 Phatwe 2021. 

4.5.    Mo dipalong tse di begilweng tsa dintsho kwa KwaZulu-Natal, palo e e kwa godimo ke ya Toropokgolo ya eThekwini, 36 di begilwe kwa Phoenix (di le 29 e le tsa polao fa tse 7 e le dipatlisiso tsa sebaki sa loso, mme go fitlha ga jaana go setse go tshwerwe babelaelwa ba le 22 kwa Phoenix mme ba setse ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo. 

4.6.    Kabinete e ikuela go baagi ba KwaZulu-Natal go dirisana mmogo le go tshegetsa puso mo maitekong a yona a go samagana le dikgotlhang tsa bosemorafe le maiteko a a tshosetsang go nyatsa meono e dikokomane tsa Aforika Borwa ono wa temokerasi, o o sa tlhaoleng ka mmala e bile e le wa tekatekano, ba neetseng matshelo a bona ka ntlha ya yona. 

5.    Tsosoloso ya Ikonomi 

5.1.    Kabinete e amogetse tshegetso ya namolo ya ikonomi ya R36 bilione go tswa go puso jaaka karolo ya bobedi ya motseletsele wa ditsereganyo tsa go busetsa naga maemong go tswa mo matsading a leroborobo la COVID-19 a a etegeditsweng ke dikhuduego le tshenyo ya dikgwebo e e diragetseng kwa KwaZulu-Natal, Gauteng le dikarolo dingwe tsa Mpumalanga (le fa tota di ne di se kalo). 

5.2.    Bontsi ba namolo e ke ya Thebolelo ya Namolo ya Kgatelelo ya Loago go fokotsa botlhoki le tlala mo go ba ba humanegileng go gaisa mo setšhabeng, le maneneo a tshegetso go badiri le dikgwebo. Puso e tswelela go batla tshegetso e nngwe go netefatsa gore ikonomi e busediwa mannong go ya ka Leano la Tlhabololo le Tsosoloso ya Ikonomi. 

5.3.    Tiro ya go tsosolosa ikonomi ke maikarabelo a Maaforika Borwa otlhe. Kabinete e ikuela go baagi botlhe le lekala la poraefete go inyalanya le maiteko a bosetšhaba a go aga sešwa mmogo, botoka le ka bonako go lere Aforika Borwa wa katlego, tekatekano e bile a le botoka. 

6.    Motlakase

6.1.    Kabinete e amogetse go konosediwa ga Seteišene sa Motlakase sa Medupi ka diyuniti tsotlhe tsa go fetlha motlakase ka borataro ba tsona di tsene mo mafaratlhatlheng a motlakase. Se se tla thusa thata go fokotsa kgatelelo mo mafaratlhatlheng mme puso e tswelela go tsepama mo go netefatseng gore ga re sokodisiwe ke motlakase. 

6.2.    Kabinete e akgola Mme Zandi Shange, Mokaedi wa Porojeke ya Seteišene sa Motlakase sa Medupi go dira gore seteišene se segolo se sa motlakase se tsene mo mafaratlhatlheng. Jaaka hisetori ya boenjeneri jwa dikago e tla bo e kwadiwa, basadi ba naga ya rona ba tla emelwa ka botlalo ka ntlha ya fa Mme Shange e le ena mosadi wa ntlha wa Moaforika go konosetsa porojeke e kgolo jaana. 

6.3.    Puso e ikuetse gore bolaodi jwa ESKOM gammogo le badiri ba tswelele go dira ka natla go konosetsa tiro ya diteišene tse di setseng tsa motlakase go akaretsa tsa motlakase o o ntšhwafatsegang. 

7.    Maemo a Boeletlhoko a Iseraele kwa Khomišeneng ya Mokgatlotshwaraganelo wa Aforika (AUC) 

7.1.    Kabinete e ganetsa ka mafoko a a bogale tshwetso ya Monnasetilo wa AUC e e sa lolamang e bile e le ya gagwe a le esi go neela Iserale maemo a boelatlhoko kwa AU. AU ke kemedi ya semolao ya dinaga tsa Aforika tse e leng ditokololo tse go tshwanetseng ga rerisanwa le tsona fa go tsewa ditshwetso tsa mothale o. 

7.2.    AU ke kemedi ya dikeletso tsa Maaforika otlhe mme e na le serodumo sa gore batho ba Aforika ba tshepa boeteledipele ba yona. Ka jalo, e tshwanetse go leka ka bojotlhe go tsaya ditshwetso tse di seng kgatlhanong le meono ya Tšhata ya AU. 

7.3.    Go tswelela ga Iseraele go nna kwa Palestina go tota go sa lolama e bile ke matlhabisaditlhong, e bile se se utswa ditshwanelo tsa botho tsa Bapalestina. Tshwetso e ya lephataesi e latela ditlhaselo tse di sa lolamang mo Bapalestineng ba ba senang molato ka Baiseraele kwa Jerusalema Botlhaba le Gaza. 

7.4.    Kabinete e ikuela go AU go leba sešwa tshwetso ya yona e e etsereng e le esi ntle le go sekegela tsebe maphata a yona ya go neela Iseraele maemo a boelatlhoko mo AU. E tswelela ka boineelo ba yona mo maitekong a go tsosolosa ditsamaiso tsa sepolotiki tse di tla bakang go tlhongwa ga puso e e dirang sentle ya Palestina, e e tshelang sentle ka kagiso le Iseraele. 

B.     Ditshwetso tsa Kabinete 

1.    Keteko ya Kgwedi ya Basadi 

1.1.    Kabinete e amogetse morero le ditiragalo tsa go keteka Kgwedi ya Basadi monongwaga, e e akgolang seabe sa basadi ba le 20 000 ba ba neng ba gwantela kwa Union Buildings kwa Tshwane ka 9 Phatwe 1956 ba ipelaetsa kgatlhanong le go atolosiwa ga Melao ya Dipasa go akaretsa basadi. 

1.2.    Monongwaga ditiragalo di tla ketekwa ka fa tlase ga morero: “Ngwaga wa ga Charlotte Maxeke: Phitlhelelo ya Ditshwanelo tsa Basadi”. Morero o o nyalana le keteko ya ngwaga otlhe wa segopotso sa molwelakgololesego Charlotte Mannya Maxeke. 

1.3.    Dikgato tsa bogatlhamelamasisi tsa basadi ba, di re rotloetsa go aga sešwa naga ya rona go nna maatla morago ga tirisodikgotla mo phatlhaletseng e e neng ya runya kwa KwaZulu le Gauteng, le mo matsading a loago le ikonomi gammogo le boitekanelo a a bakilweng ke COVID-19. Ditiragalo tse di re bontshitse gore fa re momagana jaaka setšhaba se se ratang kagiso le go ikobela molao, re ka fenya kgwetlho efe fela e e re emang fa pele. 

1.4.    Le fa naga ya rona e dirile go tlala seatla tebang le ditshwanelo tsa basadi, go santse go le gontsi go go tshwanetseng go dirwa go tlisa tekatekano mo bathong ba bong jo bo farologaneng le go lwantshana le tirisodikgoka le tshotlako ya basadi mo setšhabeng sa rona. 

1.5.    Kabinete e ikuela go makala otlhe a setšhaba go dira gore dipholisi tsa rona tsa tekatekano ya batho ba bong jo bo farologaneng e nne maitemogelo a a tshelwang mme ba eme kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading ka go bega batlolamolao ba ditiragalo tse kwa seteišeneng se se gaufi sa sepodisi. 

2.    Pegelo ya Dipatlisiso tsa Komiti ya Ditona (IMC) Tebang le Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Matlole go Baithuti (NSFAS) 

2.1     Kabinete e amogetse go rebolwa ga pegelo ya Dipatlisiso tsa IMC tebang le NSFAS. Komiti e, e ne ya tlhomiwa ka Motsheganong 2020 go sekaseka ditirego tsa kgwebo, ditsamaiso le bokgoni jwa NSFAS go ka diragatsa morero wa yona. 

2.2    Dipatlisiso tse di ne di tsepame go bona dibaki digolo tsa mathata a a itemogelwang ke NSFAS le go tsenngwa tirisong ga sekema sa dibasari se sešwa fa e sale ka 2018. Dipatlisiso tse di tlametse ka dikatlenegiso tse di botlhokwa go ka tokafatsa ditiro tsa NSFAS. 

2.3.    Kabinete e itumeletse gore dingwe tsa dikatlenegiso tse di setse di tsentswe tirisong. Pegelo e, e ka fitlhelwa mo webosaeteng ya Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso: www.dhet.gov.za.

3.    Leano la Mafaratlhatlha a Bosetšhaba (NIP) la 2050 

3.1.    Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga NIP 2050 go neela baagi tšhono ya go tshwaela. Leano le ke lona le kgweetsang peeletso ya naga mo mafaratlhatlheng, mme gape le akaretsa diikonomi tsa Aforika ka dingwe tsa diporojeke tsa lona tsa kgaolo. 

3.2.    Godimo ga go kgweetsa kgolo ya ikonomi, le samagana le dithulaganyo tsa maloba tsa mafelo tse di neng di tlhotlhelediwa ke tlhaolele. Le tlhomamisitswe gape mo go nneng le seabe ga puso, kgwebo, ditheo tse e leng tsa puso le mekgatlo ya baagi. 

3.3.    Makala a lona a botlhokwa a akaretsa la maatla, la go tsamaisiwa ga dithoto, la metsi le la ditlhaeletsano tsa dijithale. NIP 2050 e tla phasaladiwa mo nakong e e sa fediseng pelo go neela baagi tšhono ya go tshwaela. 

4.    Go Akarediwa ga Setheo sa Matlole sa Dikgwebopotlana (SEFA) le Setheotlhabololo sa Dibanka tsa Dikoporasi (CBDA) mo teng ga Setheotlhabololo sa Dikgwebopotlana (SEDA) 

4.1.    Kabinete e neetse tetla ya go akarediwa ga SEFA le CBDA mo teng ga SEDA. Go kopanngwa ga ditheo tse, go tla kgontsha tshegetso ya puso e e momaganeng go dikgwebonnye, tse di potlana le tse di magareng gammogo le dikoporasi go tloga ka 1 Moranang 2022. 

4.2.    Setheo se le sengwe se se tshitshinngwang se, se tla tlamela ka tshegetso ya matlole le e e seng ya matlole go dikgwebo tse. Ka go tlhakanya metswedithuso, setheo se se tla nna le seabe se se maatla e bile se fitlhelelega mo didikeng le mo ditoropokgolong tsotlhe. 

4.3.    Kakaretso e e letleletsweng e, e tla baka go tlhaolwa sešwa ga SEDA (e e tla newang leina le lešwa moragonyana) go ya ka Molao wa Taolo ya Matlole a Setšhaba wa ngwaga wa 1999 (Molao w abo 1 wa 1999) go tswa mo go nneng setheo sa Kgaolo 3A go nna sa Kgaolo 2. 

4.4.    Kabinete e letleletse go atolosiwa ga Boto ya SEFA go fitlha ka 31 Mopitlwe 2022 go kgontsha tebanyo le go simolola ga ditsamaiso tsa kgabaganyo. 

5.    Meono le Dielo tsa Tiragatso e e Babalesegileng ya Bojanala mo Pakeng ya COVID-19 le Maroborobo a Mangwe 

5.1.    Kabinete e amogetse Meono le Dielo tsa tiragatso e e babalesegileng ya Lekala la Bojanala mo bokaelong jwa COVID-19 le maroborobo a mangwe a a jalo. 

5.2.    Meono le dieleo tse, di tlamela ka mekgwa ya motheo ya boitekanelo le pabalesego e e tla netefatsang tshwano go ralala lekala la bojanala. Di tla akaretsa ditirelo tse di jaaka manno, dijo, go tsamaisa bajanala, dikhasino, manyalo le ditiragalo tse dingwe tse di amanang natso. 

5.3.    Ga jaana re mo seemong sa mebaraka ya boditšhaba mme se se tla kgontsha lekala le go bula ka botlalo go amogela bajanala ba boditšhaba. 

6.    Khonferense ya Bosetšhaba ya Khudugo le go ya Metsesetoropong mo Aforika Borwa 

6.1.    Kabinete e mametleletse Khonferense ya Boditšhaba ya Khudugo le go ya Metsesetoropong mo Aforika Borwa e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tsa dibidio go tloga ka 26 go fitlha ka 30 Phukwi 2021. Khudugo le go ya Metsesetoropong e ntse e le karolo ya dintlhakgolo tse nne tsa Pholisi ya Baagi ya Aforika Borwa fa e sale ka 2015. 

6.2.    Khonferense e ne ya sekaseka tshedimosetso e e leng teng, kitso le tshedimosetso ka ga mekgwa ya khudugo le go ya metsesetoropong mo nageng. Tshedimosetso e, e dira jaaka bopaki ba tlhabololo ya dipholisi le mananeo, go akaretsa togamaano mo maphateng otlhe a le mararo a puso. 

6.3.    Khonferense e, e ne e rulagantswe ka tirisano le mafapha a a maleba a puso, makala a ditlhotlhomiso le mekgatlo ya baagi. Khonferese e ne ya konosediwa ka go tlhoma Foramo ya Tshedimosetso le Ditlhotlhomiso tsa Khudugo le go ya Metsesetoropong go dira jaaka motswedithuso wa tshedimosetso go tshegetsa tiro ya khudugo le go ya metsesetoropong. 

7.    Go Tlhophiwa ga Aforika Borwa jaaka Tikwatikwe ya Maemo a Bosa a Lefaufau a Tikologo ya Mokgatlo wa Boditšhaba wa Ditirelo tsa Difofane tsa Selegae (ICAO) 

7.1.    Kabinete e letleletse le go amogela go tlhophiwa ga Aforika Borwa go nna Tikwatikwe ya Maemo a Bosa a Tikologo ya Kgaolo ya ICAO. Se se begilwe morago ga gore Aforika Borwa a amogele dipholo tsa boruni tse dintle go tswa go ICAO. 

7.2.    Aforika Borwa, ka Setheo sa Bosetšhaba sa Lefaufau sa Aforika Borwa, e tlhophilwe go tlamela ka tshedimosetso ya maemo a bosa a lefaufau e ga jaana e leng seelo se se amogetsweng sa ICAO mo ditlhokegong tsotlhe tsa ditirelo tsa difofane. 

7.3.    Aforika Borwa e neetswe dingwaga tse tharo go tlhatlosa bokgoni ba yona ba ga jaana bo bo lekanyeditsweng go fitlhelela ditlhokego tsa ICAO. Ditlhokego tsa ICAO di tlhoka ditiro tsa diura tse 24/matsatsi a le supa ka setlhopha se se tlhomilweng sa babonelapele ba ba katisitsweng le batlhotlhomisi ba ba kgethegileng ba lefaufau. E neetswe tetla ya go dirisana le Pan-European Consortium for Aviation Space Weather User Service. 

7.4.    Go tlhophiwa go ga Aforika Borwa ke tšhono ya go godisa thekenoloji ya naga ya saense le boenjeneri gammogo le lekala la itlhamelo, mme e baya naga mo mmapeng jaaka monnaleseabe wa boditšhaba mo saenseng ya lefaufau. 

8.    Tumalano ya Tirisanommogo ya Kgaolo ya Aforika ya Ditlhotlhomiso, Tlhabololo le Katiso Tebang le Saense ya Nutlelere le Thekenoloji (AFRA) 

8.1.    Kabinete e letleletse go romelwa kwa Palamenteng ga tumalano (AFRA) e e tlhabolotsweng dingwaga tse dingwe tse tlhano. AFRA ke tumalano fa gare ga dipuso e e tlhomilweng ke dinaga tsa Aforika tse e leng ditokololo go tswelela go matlafatsa le go oketsa seabe sa saense ya nutlelere le thekenoloji mo tlhabololong ya ikonomi le loago mo kontinenteng ya Aforika. 

8.2.    Aforika Borwa e ntse e le tokololo e e matšato ya AFRA mme e dirisana le dinaga tse dingwe tse e leng ditokololo go rotloetsa maithomo a tumalano e mo kontinenteng ya Aforika. 

9.    Pholisi ya Bosetšhaba ya go Tshwara Dibata mo Metsing a a Fošere (mo Mafelong a e Seng a Lobopo) 

9.1.    Kabinete e neetse tetla ya gore Pholisi ya Bosetšhaba ya go Tshwara Dibata mo Metsing a a Fošere (mo mafelong a e seng a lobopo) e tsenngwe tirisong. Pholisi e e tlamela ka letlhomeso la taolo e e nonofileng ya lekala bodirelatlhapi mo mafelong a e seng a mabopo. E tlhomamisa gape le ditiro tse ga jaana di sa tlhomamang e bile di tlhaediwa matlho tsa bodirelatlhapi jo bonnye. 

9.2.    Gareng ga tse dingwe, pholisi e e tlamela ka go tlhongwa ga ditheo tsa taolo ya bodirelatlhapi; go tshegetsa ditsamaiso tsa bodirelatlhapi mo nageng; taolo ya thaiso ya ditlhapi e e tswelelang mo mafelong a e seng a mabopo le go samagana le merero ya tekano le tlhabololo ya lekala le. 

10.    Khalentara e e Tshitshinngwang ya Pele ga Thebolo ya go Phasalatsa Dipalopalo tsa Bosenyi tsa Ngwaga wa Ditšhelete wa 2021/22 

10.1.    Kabinete e letleletse khalentara e e tshitshinngwang ya pele-ga-thebolo ya phasalatso ya dipalopalo tsa bosenyi tsa ngwaga wa ditšhelete wa 2021/22. Khalentara e e setseng e e tshitshinngwa ya pele-ga-thebolo ya phasalatso ya dipalopalo tsa bosenyi tsa kwatara ya ntlha ke Phatwe 2021 mme ya kwatara ya bobedi e tla nna Ngwanatsele. Dipalopalo tsa bosenyi tsa kwatara ya boraro le ya bone di tla rebolwa ka Ferikgong le Motsheganong 2022 ka go latelana. 

C.    Melaotlhomo 

1.    Molaotlhomo wa Batsofe o o Kwalolotsweng Sešwa wa ngwaga wa 2021 

1.1.    Kabinete e dumeletse go romelwa ga Molaotlhomo wa Batsofe o o Kwalolotsweng Sešwa wa ngwaga wa 2021 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o, o tlhabolola Molao wa Batsofe wa ngwaga wa 2006 (Molao wa bo 13 wa 2006). 

1.2.    Dintlha tse di kwalolotsweng sešwa di batla go matlafatsa ditsela tsa go sireletsa batsofe. Di tokafatsa ditirelo tse di rebolelwang batsofe jaaka tshegetso ya loago, boitekanelo, tlhokomelo ya mo setšhabeng le mo mafelobonnong. 

1.3.    Molaotlhomo o o tshitshinngwang o, o tlisa go disiwa le go sekasekwa ga ditirelo tse di rebolelwang batsofe. O tlamela gape le ka go ntshiwa ga batsofe mo mafelong a a kotsi kgotsa mo tikologong e e bayang matshelo a bona mo kotsing ntle le go batla pele Taelo ya Kgotlatshekelo. 

2.    Sekwalwa sa Molaotlhomo wa Mekgatlo e e sa Direng Morokotso (NPO) o o Kwalolotsweng Sešwa wa ngwaga wa 2021 

2.1.    Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga sekwalwa sa Molaotlhomo wa NPO o o kwalolotsweng sešwa go neela baagi tšhono ya go tshwaela. Molaotlhomo o, o kwalola sešwa Molao wa NPO, wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 71 wa 1997) wa ga jaana. Molao o o diretswe go tlhoma maemo a a edileng a mo go ona di-NPO di tla tlhongwang le go dira ka nonofo. Fela mo tsamaong ya nako, go ne ga bonala makoa a a rileng, segolo fa go lejwa di-NPO tse dinnye le mekgatlo ya baagi. 

2.2.    Tlhabololo e e tshitshinngwang e samagana le dikgwetlho tsa di-NPO tse dinnye; le tiriso e e botlhaswa ya di-NPO le go nolofatsa mekgwatsamaiso ya phitlhelelego. O tshitshinya gape gore Mokwadisi wa di-NPO a matlafatse go thusiwa, go ela tlhoko le go rotloetsa go se nne bofitlha le go nna maikarabelo ga di-NPO. 

D.    Ditiragalo tse di Tlang 

1.    Letsatsi la Basadi 

1.1.    Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla neelana ka puo ya Letsatsi la Basadi ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tsa dibidio ka Mosupologo, 9 Phatwe 2021, jaaka karolo ya naga ya go keteka Letsatsi la Basadi ka fa tlase ga morero: “Ngwaga wa ga Charlotte Maxeke: Phitlhelelo ya Ditshwanelo tsa Basadi”. 

E.    Melaetsa

1.    Go akgola

Kabinete e akgola le go eletsa masego: 

- Tatjana Schoenmaker, ka go gapela Aforika Borwa mmetale wa ntlha wa gauta kwa Diolimpiking tsa Tokyo, Japan morago ga go tsenela makgaolakgang a kgaisano ya basadi ya go thuma ka mafatlha ya dimitara di le 200 mme a tlhoma rekoto e ntšhwa ya lefatshe. Kwa tshimologong o ne a fenya mmetale wa selefera mo kgaisanong ya go thuma ka mafatlha ya dimitara di le 100

- Bianca Buitendag, mo phenyong ya gagwe ya mmetale wa selefera mo makgaolakgannyeng a dikgaisano tsa metshameko ya basadi ya go tantabela maphotho ka mekorwana. Diphitlhelelo tse di manontlhotlho tse di tlisa palogotlhe ya dimmetale tsa naga ya rona kwa Diolimpiking tsa Tokyo go tse tharo. 

2.    Matshidiso 

Kabinete e romela matshidiso go balosika le ditsala tsa ga: 

- Rre Shona Ferguson (47), motlhagisi wa metshameko ya thelebišene (TV) le ya difilimi le modiragatsi yo o nnileng le seabe se segolo mo tlhabololong ya intaseteri ya difilimi mo nageng. 

- Rre Clive Scott (84), mogaka wa TV le modiragatsi yo o bokgoni yo re neng ra mmona mo dithelebišeneng tsa rona dingwaga di le dintsi. 

- Rre Pandelani Jonathan Mudziwa Makhado (99), moipelaetsi wa maloba wa sepolotiki yo e neng e le mongwe wa baeteledipele ba letsholo kgatlhanong le dipasa ka 1960, mme o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go kgaratlheleng temokerasi le kgololosego. 

- Mama Thalitha Monica Lebea-Mampuru (87), yo o lwetseng kgololesego ya naga ya rona ntle le go nyema mooko, gammogo le Aforika Borwa yo o sa tlhaoleng ka mmala, bong e bile a gololesegile. E ne e le ena Materone wa ntlha wa Kholetšhi ya Kgololesego ya Solomon Mahlangu (SOMAFCO). 

- Rre Geoff Makhubo (53), Mmeyara wa Toropokgolo ya Johannesburg; moeteledipele yo o neng a sa ikobonye e bile a dira ka natla, yo o neng a di goga kwa pele mo thebolelong ya ditirelo. E ne e le Monnasetilo wa Kgaolo wa African National Conference. 

- Rre Luthendo Benedict Sigogo (49), Moatlhodi wa Namaotshwere wa Kgotlatshekelokgolo ya Mpumalanga le Mokhomišenara wa Khomišene ya Ditirelo tsa Bosiamisi, ka tiro e e manontlhotlho ya borutegi jwa molao, yo o neng a ineetse jaaka moemedi wa diphetogo. O ne a dira gape jaaka moporesitente wa Mokgatlo wa Babueledi ba Bantsho. 

- Ba malapa le masika a moloko a Palamente a a tlhokafetseng go sa le gale. 

F.    Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Moatefokate Nomalanga Petronella Sithole jaaka Motlhankedikhuduthamaga Mogolo wa Bolaodi ba Bosetšhaba ba Maatla ba Aforika Borwa. 

2.    Mme Danile Nyakale jaaka moemedi wa Koporasitlhabololo ya Madirelo mo Botong ya Bagwebisani ba Diteemane ba Puso. 

3.    Boto ya Bakaedi ba Boto ya Merero ya Lefatshe: 
(i)    Mme Lusanda Nomasongo Netshitenzhe (Monnasetilo);
(ii)    Rre Masopha Moshoeshoe; 
(iii)    Moatefokate Anthonie Viviers; 
(iv)    Ngaka James Fraser Bourhill; le
(v)    Mme Precious Hlengiwe Makoe.

4.    Bakaedi ba Tlaleletso ba Boto ya Bolaodi ba Ditaemane le Dimetale tsa Boleng ya Aforika Borwa: 
(i)    Rre Virendra Gangaram Magan; le
(ii)    Mme Ndivhuho Munyai. 

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building