Skip to main content
x

A.  Go Atlhaatlhilwe Kgang ya Bonweenwee

1.  Tirisobotlhaswa ya didirisiwa tseo maitlhomo a tsona e leng go samagana le Mogare wa Corona (COVID-19)

1.1. Kabinete e swabile nko go feta molomo ke dipegelo tsa sešweng tse di ka ga ditiragalo tsa bonweenwee le tsa bogodu jwa didirisiwa tse di tlhokagalang thata tseo puso e neelaneng ka tsona gore e kgone go pholosa matshelo a batho le go sireletsa ka fao ba iphedisang ka teng fa re santse re aparetswe ke leroborobo leno la COVID-19.

1.2. Batho ba bangwe ba ba senang maitseo mmogo le ditlamo tse dingwe ba ntse ba thopa ka bogodu didirisiwa tse puso e ntseng e leka go thusa ka tsona go ka fepa malapa a a dikobodikhutshwane mmogo le didirisiwa tsa go itshireletsa (di-PPE) tseo di neng di tshwanetse go thusa batlhankedi ba ba di gogang kwa pele, bogolosegolo ba tirelo ya tsa boitekanelo. 

1.3. Ditiragalo tseno tsa bosenyi tseo gape di senang maitseo di tsenyeletsa go tlhatlotsa ditlhwatlhwa tse di utlwanetsweng le go naya batho ba bangwe dijo tseo di tshwanetseng go neelwa bao ba leng dikobodikhutshwane, go tsenyeletsa ditiragalo tsa bonweenwee mo matloleng ao a neng a tshwanetse go thusa badiredi le dikgwebo tseo di kakatletseng tseo di amilweng ke go emisiwa ga ditiro tsa ikonomi ka ntlha ya kgato ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng. 

1.4. Kabinete e ikuetse mo ditheong tsotlhe tsa puso go tsholetsa maikano a a kwa godimo a maitsholo le a go rwala maikarabelo, le go diragatsa dithomo tsa tsona ka manontlhotlho le ka tshwanelo. Kabinete e santse e eme ka lefoko la yona la go tlhoma tsamaiso ya puso e e nang le bokgoni, e e lolameng  e bile e tlhabolola baagi ba yona. E tshegetsa boikuelo jwa sešweng jaana jwa ga Moporesitente Cyril Ramaphosa jwa gore ditheo tsa go disa kobamelomolao di dire sengwe le sengwe se se leng mo maatleng a tsone go ka golega bao ba amegang mo ditiragalong tsa bonweenwee, go sa kgathalesege gore ke bo mang mmogo le go netefatsa gore matlole otlhe a a utswitsweng a boela morago.

1.5. E setse e le dingwagangwaga puso e ntse e tla ka ditharabololo di le dintsi tse di farologaneng go lwantshana le ditiragalo tsa bonweenwee, e leng tsone tse di amang kabo ya ditirelo ka tsela e e sa itumediseng mo baaging ba ba humanegileng le bao ba leng mo tlalelong. 

1.6. Maitlhomo a tikwatikwe ya tsamaiso ya dikgetse tse di itlhophileng e e sa tswang go tlhomiwa ke go gagamatsa matsapa a a tshwaraganetsweng a ditheo tsa go disa kobamelomolao go di kgontsha gore di thibele, di nopole, di rebole dipatlisiso mmogo le go rebola ditshekiso mabapi le dikgetse tsa bonweenwee mo mererong ya COVID-19. Ditheo tseno di tsenyeletsa Tikwatikwe ya Matlhale a Bosenyi jwa Matlole (FIC); Bothati jo bo Ikemetseng jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di ka ga go Tlola Molao ga Sepodisi (IPID); Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA); Bothati jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tsa Bosenyi jo bo kwa Setlhoeng (Hawks) ka fa teng ga Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS); Tirelo ya Matseka le Matlhale a Dikgetse tsa Bosenyi; Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS); Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) mmogo le Setheo sa Phemelo ya Puso (SSA). 

1.7. Ditatofatso tsa bonweenwee tse di batlisiswang di tsenyeletsa tsa dijo tse go fanweng ka tsona ka tsela ya borukhutlhi, tsa matlole a a jelweng ao a neng a tshwanetse go thusa bao ba tlhokang thuso, go rekiwa ga di-PPE le didirisiwa tse dingwe tsa boitekanelo, mmogo le tsa go thopiwa ga matlole a Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) a a mabapi le Sekema sa go Tshegetsa Nakwana Badiredi/Bathapi ba ba leng mo Tlalelong. 

1.8. Mo go potlakiseng le mo go matlafatseng dikgato tsa go samagana le bonweenwee, Moporesitente Ramaphosa sešweng jaana o saenile Taelo ya Semolao e e laelang SIU go dira diphuruphutso mo maitsholong a mangwe le a mangwe a a seng mo molaong kgotsa a a sa amogelesegeng mo go rekiweng ga ditlhagisiwa tse dingwe le tse dingwe, ditiro le ditirelo mo setheong sengwe le sengwe sa puso fa naga e ne e le mo pakeng ya maemong a masetlapelo kgotsa mo pakeng e e tsamaelanang le eno.

SIU e matlafaditswe go dira dipatlisiso tse dingwe le tse dingwe tse di ka ga tirisobotlhaswa ya matlole a COVID-19 go ralala le ditheo tsotlhe tsa puso mmogo le go tlhatlhela dikgetse le kgotlatshekelo tebang le batho bao ba amegang gore ba busetse puso ditshenyegelo tsa yona kgotsa go duelela ditatlhegelo tsa yona. Go netefatsa gore dikgato tseno di tsewa ka bonako, gangwe le gape morago ga dikgwedi tse dingwe le tse dingwe di le thataro Moporesitente o tla romelwa dipegelo tsa nakwana mo ntlheng eno tse di ka ga kgatelopele mo dipatlisisong tseno. 

1.9. Kabinete e amogetse gape le dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa mo melawanataolong ya ntlha ya Khomišene ya Diphuruphutso tse di Mabapi le Ditatofatso tsa go Goga Puso ka Nko, Bonweenwee le Borukhutlhi mo ditheong tsa puso, go tsenyeletsa le mo dikgwebong tsa puso. Melawanataolo e e kwalolotsweng sesšwa eno e tla kgontsha gore khomišene eno e kgone go abela ditheo tse dingwe tsa go disa kobamelomolao ka tshedimosetso. Seno se tla thusa mo go potlakiseng dipatlisiso le mo go iseng tshekisong dikgetse tse di amanang le bonweenwee. 

1.10. Jaaka e le karolo ya go gagamatsa dikgatotharabololo tseno, Kabinete gape e neseditse pula dikgato tsa go tlhoma setlhopha sa Ditona di le tlhano tseo di tla samaganang le, gareng ga tse dingwe, go sekaseka dithendara tsotlhe tse di amanang le merero ya COVID-19 tse di diragaditsweng mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mmogo le go tla ka ditsela tse di tla gagamatsang dithulaganyo tse di dirisiwang ga jaana tsa dithendara. Setlhopha seno se tla tsenyeletsa Tona ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa, Rre Ronald Lamola (Motlhami); Tona ya Matlole, Rre Tito Mboweni, Tona ya Ditirelo tsa Puso le Tsamaiso, Rre Senzo Mchunu, Tona ya Tirisano ya Maphata a Puso le Merero ya Setso, Ngaka Nkosazana Dlamini Zuma mmogo le Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Rre Jackson Mthembu. 

1.11. Mafapha otlhe a puso a tla tshwanelwa ke go romela dikonteraka tsa ona tsotlhe tseo a di abileng mo pakeng eo kwa setlhopheng seno sa ditona gore di phasaladiwe mme setšhaba sotlhe se kgone go itse ka ga tsona. 

1.12. Kabinete e amogetse tsiboso ya gore dikgetse di ka nna 36 tse di mabapi le bonweenwee di setse di le mo maemong a a farologaneng a dipatlisiso le a go sekisiwa. Dikgetse tseno di romela molaetsa wa gore puso ga e kitla e itshokela ditiragalo dipe fela tsa bonweenwee, bogolosegolo tseo di diriwang ke batlhankedi ba yona, le gore ditlhokotsebe tsotlhe di tla golegwa le go sekisiwa. 

1.13. Bonweenwee ke bosenyi jo bogolo jo bo utswetsang bahumanegi le go ba tima ditirelo tse di botlhokwa. Re le setšhaba ke maikarabelo a rona go lwantshana le bonweenwee mme ka jalo re tshwanetse go bo utolola re sena poifo epe kgotsa go utlwela ba bangwe botlhoko. Kabinete e ikuela mo baaging go dirisa megala ya tshoganyetso e e farologaneng ya ditheo tsa naga kgotsa tsa makala tse di lwantshanang le bonweenwee eo e tlhomilweng go tshegetsa matsapa a go utolola le go latela dikgetse tsa ditatofatso tsa bonweenwee.

B.  Ditshwetso tse di Botlhokwa    

2.  Togamaano ya Naga ya Bokgoni jwa Didirisiwa tsa Dijithale le tsa Isagong

2.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Togamaano ya Naga ya Bokgoni jwa Didirisiwa tsa Dijithale le tsa Isagong. Togamaano eno e tswa mo Sekwalweng sa Masupatsela se se ka ga Thekenoloji ya Tshedimosetso e e Golagantsweng ya Naga se se saleng se phasaladiwa ka kgwedi ya Lwetse mo ngwageng wa 2016.   

2.2. Togamaano eno e tsibogela letlhomeso le le tsamaisiwang ka maitlhomo a go susumetsa tlamelo ka bokgoni mo makaleng otlhe a ikonomi a a ikaegileng ka go refosana maemo mo mererong ya dijithale mmogo le go godisa merero ya thekenolojio mo mererong ya Diintaseteri tsa Thekenoloji. Se tlamela ka kgato e e bonelang kwa pele le e e ngokang tirisanommogo gore e diragadiwe mo go tla tsenyeletswang le lekala la poraefete, la dithuto tse dikgolwane mmogo le setšhaba ka kakaretso. 

3. Togamaano ya Naga ya go Samagana le Phetogoloapi (NCCAS)

3.1. Kabinete e neseditse pula gore NCCAS e tsenngwe tirisong. Togamaano eno e dirisiwa jaaka Leano la Naga la go Samagana le Diphetogo jaaka e le sengwe seo se tlhokagalang go ya ka Dikutlwanelo tsa Dinagakopano tsa Letlhomeso la Kopanokgothakgothe ka ga Phetogoloapi.  
NCCAS e tlhagisa setlhotshwana sa dipeelo, ditharabololo le dipoelo di le dintsinyana go kgontsha naga ya rona gore e kgone go tlhagisa maikemisetso a Aforika Borwa a go imekamekanya le Tumelano ya kwa Paris e e mabapi le merero ya phetogoloapi.

3.2. Togamaano eno e e tlhagisitsweng ka go sekegela tsebe puso, lekala la poraefete le baagi ba ka fa nageng maitlhomo a yona ke go fokotsa matshosetsi a a tlholang tlalelo mo baaging, mo ikonoming le mo tikologong tebang le seabe sa phetogoloapi. E tlamela gape le ka thulaganyo e e golagantsweng e bile e tsamaisiwa ka thulaganyo go laola le go diragatsa dikgato tsa go tsibogela ditiragalo tse di tlisiwang ke phetogoloapi.

Jaanong jaaka e amogetswe go nna leano le le dirisiwang, Lefapha la Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi e tla nna lona le le di gogang kwa pele mo go le diragatseng mo maphateng otlhe a puso, a dikgwebo le mo baaging. Leano leno le le tla tsenngwang tirisong sebaka sa dingwaga di le 10 le tla nna le tlhatlhobiwa gangwe le gape morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le tlhano.

4. Tlotlomatso ya Kgwedi ya Basadi, Phatwe 2020

4.1. Kabinete e neseditse pula Lenaane la Tlotlomatso ya Kgwedi ya Basadi ka moono yo o reng: “Go tlotla ditshwanelo tsa basadi gore re nne le bokamoso jo mo go bone botlhe re lekalekanang”. Kgwedi ya Basadi ya monongwaga e tsepamisitse mogopolo mo go ikueleng gore rotlhe re tseye dikgato gore re fitlhelele ditshwanelo tsa basadi le tekatekano ya bong. 

4.2. Puso e lomantshitse meno mo ntweng ya go fedisa Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF). Mo bekeng eno Kabinete e neseditse pula Melaotlhomo e le meraro gore e lebe kwa Palamenteng, e leng yona e e tla gagamatsang thulaganyo ya rona ya bosiamisi gore e kgone go tshegetsa batswasetlhabelo ba GBVF.

4.3. Lenaane leno le le tla gogang kgwedi yotlhe le tla gagamatsa tshwaragano ya basadi le go matlafatsa mekgatlho ya basadi gore e samagane le dikgwetlho tse di ba amang ntle le go fela lentswe. Ka Latshipi, wa bo 9 Phatwe 2020, Moporesitente Ramaphosa o tla ema naga ka lefoko mo thelebišeneng, a le mmogo le setlhotshwana sa baeng ba ba bue se se tla bong se buisana ka ntlha eno.

C.  Melaotlhomo

5. Melaotlhomo e neseditswe pula ya GBVF 

5.1. Kabinete e neseditse pula kgato ya go isa kwa Palamenteng Melaotlhomo e le meraro ya GBVF – Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa 2020 wa Molao wa Bosenyi (Ditlolomolao tsa Thobalano le Dikgato tsa Mothale ono); Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Rejisetara ya Naga e go Kwalwang mo go yona Bao ba Dirileng Ditiro tsa Ditlolomolao tsa Thobalano) mmogo le Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditiragalo tsa Tirisodikgoka ka fa Malapeng. Melaotlhomo eno e samagana le matsapa a le mantsinyana a a tlhagisitsweng mo Samiting ya Moporesitente e e Kgatlhanong le GBVF e e neng e tshwerwe ka ngwaga wa 2018 e le go tlotlomatsa thulaganyo ya bosiamisi. 

5.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tlhoma thulaganyo e batswasetlhabelo ba tla kgonang ka yona go ipusolosetsa mo thulaganyong ya bosiamisi fa go tla mo ditiragalong tsa ditlolomolao tsa thobalano. Di gagamatsa ditlhokwa tsa gore ditlhokotsebe tsa ditlolomolao tsa thobalano di bone beile. Ga go sa tlhole go tla tlhokagala makwalo a a rebolang taelo ya go go tshwara ditlhokotsebe gore ditheo tsa go disa kobamelomolao di tsibogele dikgetse tsa ditlolomolao tsa thobalano. Ditlhokwa tsa go tswa kgolegelong ka parola le tsone di gagamaditswe e bile gape le dikotlhao tsa go atlholelwa paka e e khutshwanyana kwa kgolegong le tsona di tlhatlositswe go nna bogale le go feta. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa gape di gagamaditse le ditlamorago tsa go tlolakaka ditaelo tsa kgotlatshekelo tse di sireletsang batswasetlhabelo. 

5.3. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Bosenyi (Ditlolomolao tsa Thobalano le Dikgato tsa Mothale ono) o kwalola sešwa gape le Rejisetara ya Naga e go Kwalwang mo go yona Bao ba Dirileng Ditiro tsa Ditlolomolao tsa Thobalano ka go atolosa mosola wa yona gore e se tsenyeletse fela babeteledi ba bana le ba batho ba ba lwalang mo tlhogong, mme e tsenyeletse gape le babeteledi botlhe ba ba betelelang batho ba ba leng mo tlalelong. Batho botlhe ba ba kwadilweng mo rejisetareng eno ke molao gore ba tshwanetse go tlhagisa tshedimosetso eno fa ba dira dikopo tsa ditiro mo ba tla bong ba dira le batho ba mothale ono.

5.4. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditiragalo tsa Tirisodikgoka ka fa Malapeng o samagana le thulaganyo ya go rebolelwa ditaelo tsa kgotlatshekelo tse di sireletsang batswasetlhabelo mo ditiragalong tsa go otliwa kwa malapeng a bona gore di ka rebolwa le ka mekgwa ya ileketeroniki. O gatelela gore Lefapha la Tlhabololo ya Loago mmogo le Lefapha la Boitekanelo a tshwanetse go tlamela batswasetlhabelo ba ditiragalo tsa go otliwa kwa malapeng a bona ka ditirelo tse di rileng mme e bile gape o lepalepanya dikgaolo tsa Molao wa Ditiragalo tsa Tirisodikgoka ka fa Malapeng wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 116 wa 1998) le dikarolo tsa Molao wa Tshireletso mo Ditiragalong tsa go Tlhokofadiwa mo Maikutlong wa ngwaga wa 2011 (Molao wa bo 17 wa 2011).

6. Molaotlhomo wa go Letla Batho go Dirisa Motekwane kwa Malapeng a Bona wa ngwaga wa 2020 

6.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela kwa Palamenteng Molaotlhomo wa go Letla Batho go Dirisa Motekwane kwa Malapeng a Bona wa ngwaga wa 2020 gore o ye go sekasekiwa. Molaotlhomo ono o diragatsa katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e atlhotseng gore dikarolo dingwe tsa Molao wa Diritibatsi le go Tshedisa Diritibatsi Melelwane ka Tsela e e Seng mo Molaong wa ngwaga wa 1992 (Molao wa bo 140 wa 1992) mmogo le Molao wa go Laola Melemo le Diritibatsi tsa Mothale ono wa ngwaga wa 1965 (Molao wa bo 101 wa 1965) ga di tsamaisane le molaotheo.  

6.2. Katlholo eno e ne ya sekegwa sebaka sa dikgwedi di le 24 go kgontsha Palamente gore e kgone go siamisa dikarolo tseno. Molaotlhomo ono o laola semolao tiriso ya motekwane le bontsi jwa motekwane jo motho a letleletsweng go ka botshola mo go ene mmogo le go rebola tetla e e letlang motho yo mogolo go ka ijalela motekwane o a tla o dirisang. O tlhagisa bontsi jwa motekwane o motho yo mogolo a letleletsweng go ka bo tshola mo go ene mmogo le go iletsa semolao go tsubiwa ga motekwane mo gare ga batho.    

7. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa go Bokeletsa Matlole wa ngwaga wa 2017

7.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela Molaotlhomo ono kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa go Bokeletsa Matlole wa ngwaga wa 1978 (Molao wa bo 107 wa 1978), ka go dira gore matlole a mararo a a leng teng ga jaana – e bong Letlole la go Thusa mo Ditiragalong tsa Masetlapelo, Letlole la Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa mmogo le Letlole la go Thusa Bafaladi e nne letlole le le lengwe – e bong Letlole la Naga la Thuso le Tlhabololo ya Loago. 

7.2. Letlole leno ka jalo le samagana le dikgato tsa go mekamekana le masetlapelo le go tsholetsa tlhabololo ya loago mo baaging. Letlole leno le le kopantsweng le tla thusa mo go tlhamaletseng dithulaganyo tsa tsamaiso, le go kgontsha gore baagi ba ba dikobodikhutshwane ba kgone go fitlhelela ditirelo tse di tsamaisiwang sentle le go ba fokoletsa madi a ditshenyegelo. E tla kopanya diboto di le tharo gore e nne boto e le nngwe.

D.  Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

8.1. Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS)
a. Mobirikadire Ebrahim Ahmed Kadwa – Tlhogo ya Sepodisi mo Porofenseng ya Gauteng: Hawks; le
b. Mobirikadire Moiki Obed Ngwenya – Tlhogo ya Sepodisi mo Porofenseng ya Kapa Botlhaba: Hawks. 

8.2. Rre Collins Letsoalo – Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Letlole la Dikotsi tsa mo Mebileng (RAF).
8.3. Maloko ao e seng a khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Taolo ya Tlolo ya Melao ya Pharakano ya Mebila:
a. Mme Bongekile Zulu (Monnasetulo);
b. Rre Tshikane Owen Mtsetweni;
c. Ngaka Prittish Dala;
d. Mme Dorcas Khosa-Shikwambana; le
e. Rre Bonolo Molemo Ramokhele.

8.4. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Ditlamo tsa Difofane tsa Aforika Borwa:
a. Mme Dudu Hlatshwayo; le
b. Ngaka Kgabo Badimo. 

8.5. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Motlhokomedi wa Pabalesego mo Ditereneng:
a. Rre Boy Johannes Nobunga; (Monnasetulo);
b. Mme Yongama Pamla (Motlatsamonnasetulo);
c. Rre Sisa Lunga Mtwa;
d. Moatefokate Nokuzola Gloria Khumalo;
e. Mme Nompumelelo Ekeke;
f. Mme Dineo Mathibedi;
g. Mme Salome Chiloane-Nwabueze;
h. Moatefokate Frans Johannes van der Westhuizen; le
i. Moatefokate Johannes Collen Weapond.

8.6. Rre Khathutshelo Ramukumba – Motlhankedimogolo wa Matlole wa Kantoroposo ya Aforika Borwa. 
8.7. Rre Mlamli Booi – CEO wa setlamo sa SENTECH SOC Limited (o thapilwe sešwa).  
8.8. Ngaka Mzubanzi Bismark Tyobeka – CEO wa Bothati jwa Naga jwa Taolo ya Nyutlelia (o thapilwe sešwa).

8.9. Boto ya Bothati jwa Naga jwa Taolo ya Nyutlelia
a. Ngaka Thapelo Motshudi (Monnasetulo);
b. Mme Dineo Peta (Motlatsamonnasetulo);
c. Rre Protas Phili; 
d. Mme Devinagie Bendeman;
e. Ngaka Nomusa Qunta;
f. Rre Bernard Pelei Petlane;
g. Rre David Mamphitha; and
h. Mme Lindelwa Dlamini. 

8.10. Boto ya Naga ya Bakaedi ba Setheo sa Dikgerekgere tsa Didirisiwa tsa Thekenoloji ya Diradio:
a. Mme Thandeka Zungu (Monnasetulo);
b. Rre Mogwera Khoathane (Motlatsamonnasetulo);
c. Ngaka Kgaugelo Chiloane;
d. Ngaka Cornelius Ruiters; 
e. Mme Leandra Vilakazi;
f. Mme Lerato Makgae (Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE)); le 
g. Rre Trevor Mark Gordon (Lefapha la Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi).

8.11. Bao paka ya bona mo tirong e atolositsweng: Paka ya Tiro ya Bakaedi ba Boto ya Nakwana ya Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana (SEFA):
a. Rre AM Mahosi (Monnasetulo);
b. Rre M Radebe (Motlatsamonnasetulo);
c. Rre J Kganyago;
d. Mme N Dlamini;
e. Mme NR Mlonzi;
f. Mme DL Mabuza;
g. Mme M Makara; le
h. Moemedi wa Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC). 

8.12. Rre Mlindi Mashologu – Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Karolo ya Tshedimosetso e e ka ga Tlhabololo ya Baagi le Dipatlisiso, Lefapha la Ditlhaeletsano le Thekenoloji ya Dijithale.   
8.13. Mme Thabitha Constance Mametja – DDG: Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Koporasi, Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo. 

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building