Skip to main content
x

A.  Merero ya ga Jaana

1.  Madi a Thuso ya Namolo ya Matlhotlhapelo a Loago a Bolwetsi jwa Mogare wa Corona (SRD ya COVID-19) 

1.1.  Kabinete e itsi sentle ka matsapa a a bakilweng ke leroborobo la COVID-19 le tirisodikgoka ya mo phatlalatseng fa gautshwane mo dikarolong dingwe tsa KwaZulu-Natal le Gauteng. Mo ntlheng eno, e gakolotse maAforika Borwa gore go dira kopo ya Madi a thuso a SRD ya COVID-19 mo nageng go tshegetsa batho ba ba se nang lotseno, go buletswe ka Labotlhano, 6 Phatwe 2021. 

1.2.  Setheo sa Aforika Borwa sa Tshireletso ya Loago (SASSA) se tlhomile dirala tse dingwe tseo di ka dirisiwang go tlhatlhela dikopo ka tsona ka go dirisa epe ya bona ya govchat.app le Facebook Messenger, mo godimo ga webosaete ya bona e dikopo di ntseng di tlhatlhelwa ka yona ya: https://srd.sassa.gov.za gongwe ka go romela molaetsa ka WhatsApp mo 082 046 8553.

1.3.  Batho ba ba nang le dingwaga di le 18 le 60 ba ba se nang tshegetso epe ya ditšhelete ba tshwanetse go dira dikopo. Thuso ya R350 ka kgwedi e tla tswela mosola malapa a a welang mo khumanegong le a a latlhegetsweng ke ditiro.

2.  Motlakase

2.1.  Kabinete e amogetse go kasetiwa mo bekeng eno ga melawana e e oketsang tekanyetso ya tlhagiso ya motlakase e e seng mo kiriting ya bosetšhaba go tloga go mekawate o le mongwe go ya go dimekawate di le 100. Ka Seetebosigo 2021, Moporesidente Cyril Ramaphosa o itsisitse fa Sejule 2 ya Molao wa Taolo ya Motlakase wa ngwaga wa 2006 (Molao wa bo 4 wa 2006) e tla kwalolwa sešwa go oketsa tekanyetso ya go rebola dilaesense ga Molaodi wa Bosetšhaba wa Motlakase wa Aforika Borwa malebana le diporojeke tsa tlhagiso ya motlakase e e seng mo kiriting ya bosetšhaba go kgontsha tlhagiso e e oketsegileng ya motlakase e e dirwang ke ditlamo tsa poraefete.

2.2.  Jaanong ditlamo tse di mo maphateng a a dirisang motlakase o montsi di tla kgona go itlhagisetsa motlakase kwa ntle ga go tlhoka laesense. Bokgoni jo bontšhwa jwa tlhagiso ya motlakase bo tla oketsa go nna teng ga motlakase ka go fokotsa go ikaega mo kiriting ya motlakase le go bulela dipeeletso tsa botlhokwa tsa lephata la poraefete. 

3.  Pakana ya Tshegetso ya Tsosoloso ya Ikonomi 

3.1.  Kabinete e ikuetse mo dikgwebong tsotlhe tse di nang le tshiamelo tse di amilweng ke dikhuduego tsa fa gautshwane kwa KwaZulu-Natal le Gauteng go dira kopo ya tshegetso ya kadimo ya madi a go ema nokeng diindaseteri kwa ntle ga go duediswa morokotso ope, ka fa tlase ga Pakana ya Tshegetso ya Tsosoloso ya Ikonomi ya matlole a le kanaka R3.75 bilione e e rebolwang ke puso. 

3.2.  Lefapha la Kgwebisano, Madirelo le Kgaisano (the dtic) le ditheo tsa lona tsa ditšhelete tsa tlhabololo – Koporasi ya Tlhabololo ya Madirelo le Letlole la Bosetšhaba la Maatlafatso, di rulagantse pakana ya tlamelo ya matlole go tshegetsa ditsereganyo tse di farologaneng tsa go tsosolosa dikgwebo. Seno se akaretsa go aga sešwa mafaratlhatlha, didiriswa, go baakanya dikago, setoko le matlole a go tsweletsa kgwebo. Matlole ano a tla thusa go namola dikgwetlho tsa ikonomiloago tse dikgwebo tse di amilweng ke dikhuduego di lebaneng natso. 

3.3.  Gape Kabinete e amogetse le go tshegetsa kitsiso ya JP Morgan ya go tlamela ka tshegetso ya ditšhelete le e e seng ya ditšhelete ya bokana ka R340 milione ka lenaneo le le bidiwang Abadali Equity Equivalent Investment Programme (EEIP). Lenaneo leno le na le Letlole la Abadali – Letlole la go Ema Nokeng Kgolo ya Dikgwebo tsa Bathobantsho le Abadali Grant (R40 milione). 

3.4.  Matsholo ano a tla tshegetsa kgolo ya ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona le go tlholwa ga ditiro mo dikgwebong tse dipotlana le tse di magareng, bogolo segolo mo maphateng a tlhagiso le a go gweba ka ditlhagisiwa tsa tlhago. 

4.  Phetolo ya leina

4.1.  Kabinete e amogetse go tewa leina sešwa ga Brandfort kwa Foreisetata go nna Winnie Mandela, go tlotla mogale wa kgaratlho le kgololesego yo o neng a kobetswe kwa toropong eo fa tlhaolele e ne e ntshitse ga tshwene.

5.  Segopotso sa Marikana 

5.1.  Kabinete e golagana le naga yotlhe go gakologelwa matlhotlhapelo a a diragetseng kwa Marikana kwa Bokone Bophirima ka Phatwe 2012, mme e lemoga manyaapelo a a aparetseng badiri, malapa a bona le setšhaba ka bophara. Jaaka setšhaba re sa ntse re ititeile dihuba gore matlhotlhapelo a a jalo ga a tshwanela go diragala gape. 

5.2.  Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa (SAPS) e nnile le kgatelopele e kgolo malebana le go tsenya tirisong dikatlenegiso tsa Khomišene ya Dipatlisiso ya Farlam. Dingwe tsa tsona di tla diragadiwa ka botlalo fa Palamente e se na go baakanya melao e e maleba ya SAPS. 

5.3.  Tiro ya go tokafatsa matshelo a badiramoepong e tswelela pele. Go agiwa ga matlo le go tsosolosiwa ga mafaratlhatlha mo lefelong leo go tswelela pele ka tirisanommogo le lephata la poraefete. 

5.4.  Kabinete e itumeletse gape go utlwa ka kgatelopele e kgolo e e dirilweng malebana le tlhatswadiatla ya batswasetlhabelo ba matlhotlhapelo le bamasika a bona. Kantoro ya Solicitor-General e fetisitse bontsi jwa ditleleimi, mme tuelo ya bofelo e dirilwe ka Seetebosigo 2021. Ditleleimi tse di saletseng kwa morago di diegisiwa ke makwalo a a maleba a go santseng go letilwe gore a romelwe. 

5.5.  Kabinete e ikuela mo babueleding ba batswasetlhabelo go direla ka bonako go konosetsa ditleleimi tse di setseng. Kantoro ya Mmueledi wa Molao wa Puso ke yona e e botlhokwa e e sekasekanang le ditleleimi tseno. 

6.  Samiti ya Dinaga tse di Tlhabologang tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC)

6.1  Moporesidente Ramaphosa o ne a eteletse pele seabe sa Aforika Borwa kwa Samiting ya Tlwaelo ya bo 41 ya Ditlhogo tsa Mebuso e e neng e tshwerwe ka la bo 17 le la bo 18 Phatwe 2021 kwa Lilongwe, Malawi ka moono wa: “Go Maatlafatsa Bokgoni jwa Tlhagiso mo Leroborobong la COVID-19 malebana le Diphetogo tse di Akaretsang, tse di Tsweletsegang, tsa Ikonomi le Madirelo”.

6.2  Samiti e ne ya sekaseka tswelelopele e e nnileng teng go tsweletsa le go maatlafatsa kgokagano ya kgaolo go lepalepana le Thulaganyo ya Tlhabololo ya Togamaano ya Kgaolo ya SADC ya 2020-2030.

6.3  Kabinete e tlhomamisitse maitlamo a Aforika Borwa malebana le kgokagano le tlhabololo ya madirelo mo kgaolong, bogolo segolo go thusa go itharabologelwa ga SADC go tswa mo leroborobong la COVID-19. Fa kgaolo ya borwa jwa Aforika e dira mmogo, e tla tlhagelela e le maatla le go feta jaaka re rulaganya maphata a rona a madirelo go aga sešwa ikonomi ya rona. 

B.  Tshwetso ya Kabinete

1.  Lekgotla la Naga la Taolo ya Mogare wa Corona (NCCC)

1.1.  Kabinete e amogetse pegelo go tswa go NCCC e e supang gore go setse go entilwe meento e feta dimilione di le robongwe mo Aforika Borwa go fitlha ga jaana, mme batho ba feta dimilione di le supa ba entilwe ka bontlhabongwe jwa meento mme ba santse ba tla tlhoka go tlhabelwa moento wa bofelo fa ba feta dimilione di le nne ba entilwe ka botlalo. 

1.2.  Kabinete e amogetse thulaganyo ya go atolosa letsholo la go tlhabela moento go oketsa dipalo tsa batho b aba entiwang, bogolo segolo mo diporofenseng tse di bontshitseng palo e e kwa tlase ya batho b aba entilweng. Jaaka karolo ya go atolosa letsholo la go tlhabela moento, Kabinete e rebotse tetla ya gore batho ba dingwaga di le 18 le 35 go tloga ka 20 Phatwe 2021 ba ka letlelelwa go tlhabela moento.

1.3.  Bosupi jwa saense bo tlhomamisa gore batho ba ba entilweng ba na le tšhono e e botoka ya go falola COVID-19 go na le ba ba sa entiwang. Ka jalo, re tshwanetse go fedisa magatwe a a sa reng sepe le a a latlhetsang malebana le meento mme re tseye tshwetso ya go tlhabela moento gore re nne le botshelo. 

1.4.  Gape Kabinete e amogetse dikgato tsa go tswelela go baya naga mo Legato 3 la Tsiboso e e Baakanyeditsweng Matshosetsi la taolelomotsamao ya bosetšhaba, go ya ka kgakololo ya Komiti ya Bogakolodi ya Ditona. Kabinete e rotloetsa batho botlhe ba ba sa entiwang mo Aforika Borwa go entiwa gonne meento e re sireletsa mo go gatelelweng fa re lwala ka ntlha ya COVID-19 e bile e boloka matshelo. 

1.5.  Go entiwa go bonolo; etela fela lefelo la meento le le gaufi nao o tshotse lekwaloitshupo la gago go kwadisiwa le go entiwa. O ka bona lefelo le le gaufi nao go tswa mo mafelong a meento a a fetang 3 000 go ralala naga mo webesaeteng ya: www.sacoronavirus.co.za/active-vaccination-sites(link is external).

C.  Tiragalo e e Tlang

1.  Dipontsho tsa Lefatshe tsa 2020

1.1.  Aforika Borwa e tla nna le seabe mo Dipontshong tse di tlang tsa Lefatshe tsa 2020. Kabinete e rebotse tumelelo ya go nna le seabe ka Sedimonthole 2019. Tiragalo eno e ne ya busediwa morago ka ntlha ya COVID-19. E tla tshwarwa ka mekgwa e e farologaneng mob a bangwe ba tla e tsenelang ka mafaratlhatlha a dibidio tsa ditlhaeletsano fa ba bangwe ba tla ikisa ka namana kwa Dubai, United Arab Emirates go tloga ka la bo 1 Diphalane 2021 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2022. 

1.2.  Tiragalo eno ya ditšhabadintsi, e e diragalang dingwaga dingwe le dingwe tse tlhano kwa dinageng tse di farologaneng, e tlamela mmaraka o mogolo le o o ngokelang go bontsha batho ba lefatshe lotlhe dithoto le ditirelo tsa Aforika Borwa. Ba dtic ba tla tshwara kopano ya bobegakgang beke e e tlang go tlhalosa tshedimosetso ka botlalo ka seabe seo Aforika Borwa e tla nnang le sona kwa Dipontshong tsa Lefatshe tsa 2020.

D.  Melaetsa

1.  Dikakgolo

Kabinete e akgola le go eleletsa masego: 

- Batimamolelo ba le 109 le batsamaisi ba ba rometsweng ke Lenaneo la Go Dira ka Melelo la Lefapha la Jalo ya Dikgwa, Boruatlhapi le Tikologo go thusa mo maitekong a go lwantsha melelo kwa porofenseng ya Manitoba kwa Canada.

- Mme Tatjana Schoenmaker, ka go gapa dimedale tsa selefera le gauta mo motshamekong wa go thuma le Mme Bianca Buitendag, ka go gapa medale wa selefera mo motshamekong wa go tantabela maphotho ka mokorwana mo lewatleng kwa Metshamekong e e neng e tshwerwe fa gautshwane ya Diolimpiki kwa Tokyo, Japane. Ba dirile gore folaga ya Aforika Borwa e phaphasele kwa godimo.

- Rre Brad Binder, ramabelo wa dithuthuthu, ka go dira gore folaga ya Aforika Borwa e phaphasele kwa godimo ka go gapa lebelo la 2021 MotoGP Austrian Grand Prix.
 

2.  Matshediso

Kabinete e rometse matshediso go bamalapa le ditsala tsa ga: 

- Rre Dan Sechaba Montsitsi (67), mongwe wa baeteledipele ba nako ya Dikhuduego tsa Soweto tsa 16 Seetebosigo 1976, yo o lwetseng kgololesego le temokerasi a sa fele lentswe, mme gape a dirile jaaka Tokololo ya Palamente.

- Ngaka Johan van Zyl (63), Modulasetilokhuduthamaga wa Toyota South Africa Motors, yo o gakologelwang ka ntlha ya boeteledipele jwa gagwe le Katlego ya setlamo sa Toyota Motor Europe.
 

Dipotsiso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Selefounu: 083 501 0139

 Union Building