A. Merero ya ga Jaanong
1. Puo ya Tekanyetsokabo
1.1. Kabinete e amogetse Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya ngwaga wa 2022 e e tlhagisitsweng ke Tona ya Matlotlo Enoch Godongwana kwa Palamenteng, kwa Motsekapa, ka Laboraro, 23 Tlhakole 2022.
1.2. Puo eno ya Tekanyetsokabo e ema nokeng maikano a Moporesitente Cyril Ramaphosa a a nopotseng mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya ngwaga wa 2022 e a e abileng ka Labone, wa la bo 10 Tlhakole 2022.
1.3. Puo eno e bontsha maikemisetso a puso a go dirisa matlole ka maikarabelo le go tlhokomela ikomi ka tlhomamo, e bile gape e bontshitse maikarabelo a yona mo go tlotlomatseng ntlha e ba e tsayang e le botlhokwa ya go tlamela dintlha tse di botlhokwa ka matlole tse di thusang baagi ka letseno go thusa maAforika Borwa a a sokolang.
1.4. Ditharabololo tse dikgolo tse go builweng ka tsona mo Puong ya Tekanyetsokabo ya Naga ya ngwaga wa 2022 maitlhomo a tsona ke go dira gore re nne le tikologo e e edileng e mo go yona botlhe ba tla nnang le seabe mo go godiseng maemo a ikonomi le go dira gore e kgone go nnela ruri.
2. Dikopano tsa maphata a puso le babegakgang morago ga SoNA
2.1. Ditona tsa ditlhopha tsa maphata a puso ba ntse ba tshwara dikopano le batlhankedi ba bobegakgang go tlhalosa ka botlalo Leano la Dikgato tse Puso e tla di Tsayang mo ngwageng o re o lebileng, go latela gore Moporesitente Ramaphosa a abelane ka puo ya gagwe ya mo malobeng ya SoNA ya 2022.
2.2. Dikopano tseno le bobegakgang di bontsha maikemisetso a puso a go diragatsa dikgato tse di botlhokwa tse di tla fetolang matshelo a batho, gareng ga tse dingwe, ka go dira gore maemo e nne a a edileng gore a kgontshe go tlhola ditiro tse di tlhokagalang.
3. Tshedimosetso ya Sešweng ya Mogare wa Corona (COVID-19)
3.1. Kabinete e akgotse maAforika Borwa ka maiteko a bona a a sa kgaleng a go lwantshana le COVID-19, mme e ne gape ya eletsa batho gore ga ba tshwanela go itebala gore COVID-19 e santse e le teng ka ntlha ya fa ba bona dipalo tsa ga jaanong tsa ditshwaetso le tsa dintsho di le kwa tlase. Aforika Borwa e setse e dirisitse mabotlolwana a meento e le dimilione di le 31, mme mo go yona go na le mabotlolwana a a tlhabetseng ka botlalo batho ba bagolo ba le dimilione di le 17.
3.2. Kabinete e gateletse ntlha ya gore COVID-19 ga e ise e fele e bile jaaka mariga a atumela, batho ba tshwanetse go itlhokmela le go tswelela ka dikgato tsa go tila ditshwaetso tsa go tlhapa diatla ka gale kgotsa go di tsikitletsa ka sebolayamegare, go apara dimaseke tse di thibang nko le molomo fa ba le fa gare ga batho, go katogana le batho ba bangwe le go bula matlhabaphefo gore go tsene mowa o o phepa.
3.3. Mme go tlhabela moento ke yona kgato e e di phalang tsotlhe mo go itlhokomeleng mo go COVID-19 le mo malwetseng a mangwe a mogare ono mo isagong, go nne go thibela gore o se bobole mo o ka iphitlhelang o amogetswe kwa bookelong kgotsa wa thula botala ka tlhogo.
3.4. Kabinete e itumedisitswe gape le ke diphetogo tse di itsisitsweng sešweng jaana tse di ka ga letsholo la go tlhabela moento, tseo maitlhomo a tsona gape e leng go netefatsa gore batho ba tlhabelwa moento. Go simolola ka Laboraro, 23 Tlhakole 2022, paka e batho ba neng ba e leta ya matsatsi a le 42 ya pele ba ka tlhabela moento wa bobedi e fokoditswe ka go kgaolwa fa gare mme jaanong ba tshwanetse go leta fela matsatsi a le 21.
3.5. Jaanong batho ba tla kgona go dirisa meento ya go tsosolosa e ba e tlhabetseng mme ba tla itlhophela gore ba batla go tlhabela meento ya go tsosolosa e ba e tlhabetseng e e tswang kwa setlamong se se farologaneng le sa meento e ba e tlhabetseng kwa tshimologong kgotsa ba batla go dirisa ya setlamo se ba dirisitseng meento ya sona kwa tshimologong.
3.6. Gore re boele mo botshelong jaaka re bo itse le gore ditiro tsa ikonomi le tsa loago le tsona di boele sekeng go tla ya ka gore ke batho ba le bakae ba ba setseng ba tlhabetse moento. Letsholo le le thankgolotsweng mo malobeng la #KeReady maitlhomo a lona ke go rotloetsa bašwa ba bangwe ba le bantsinyana ba ba nang le dingwaga di le 18 go fitlha go di le 34 go tlhabela meento.
4. Go nna seopo sengwe le go aga setšhaba
4.1. Kabinete e kgalemile ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa sešweng tsa go nyatsa batho ba merafe e e rileng mo dikolong tse di rileng ka fa nageng ya rona, e leng selo se se sa dumelelweng le e seng mo metheong e e tlhagisitsweng mo Molaotheong wa rona o o babadiwang mo lefatsheng ka bophara wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.
4.2. Kabinete e itsesitse setšhaba gore go tlontlololwa ga merafe e mengwe ke selo se go ka se itshokelweng sona mo setšhabeng sa naga ya rona ya temokerasi e e santseng e ikoka matsadi a puso ya tlhaolele. Kabinete e ikuetse mo dikolong tsotlhe go mekamekana le ditiragalo tsotlhe tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe ka go di ntshetsa mo pepeneneg fa di diragala gore go kgonwe go samaganwa le tsona ka ponyo ya leitlho.
4.3. Kabinete e ikuetse mo batsading le mo barutabaneng go baya kwa pele dikgatlhegelo tsa barutwana mmogo le go thusana gore re kgone go nna le setšhaba se mo go sona batho ba sa nyatseng ba bangwe ka ntlha ya gore ke ba morafe ofe le gore ke ba bong bofe.
5. Go Tlhasetswe Bakgothosi ba Dijanaga tse di Rwalang Madi kwa Porofenseng ya Gauteng
5.1. Kabinete e akgotse maphata a a farologaneng a ditheo tsa go disa kobamelomolao a a neng a etilwe pele ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mmogo le Yuniti ya go Dira Diphuruphutso tsa Ditiragalo tsa Bosenyi jaaka ba tlhasetse segongwana sa babelaelwa ba ba neng ba tlhometse ka ditlhobolo tse di boitshegang kwa Rosettenville, Johannesburg ka Mosupologo, 21 Tlhakole 2022. Go belaelwa fa segongwana seno se ne se ipaakanyetsa go kgothosa sejanaga se se rwalang madi.
5.2. Go golegilwe babelaelwa ba le 10 mme ba le robedi ba nnile le dikgobalo tse di masisi go latela gore ba fage ntwa ya go thuntshana le mapodisi. Go fitlhetswe babelaelwa bano ba tlhometse ka ditlhobolo le dikolo tse di seng mo molaong, e bile ba tshotse le dijanaga tse di utswitsweng mmogo le didirisiwa tsa go phampholola. Go tsweletswe ka dipatlisiso tsa gore dibetsa tseno ba di neilwe ke bo mang.
5.3. Kabinete e eleditse lepodisi le le gobetseng mo tiragalong eno pholo ya ka bonako. E boetse ya dira boikuelo mo baaging gore ba tswelele go dirisana le sepodisi gore ditšhaba tsa rona di nne mo tikologong e e babalesegileng.
6. Batho ba ba Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle ba ba Leng ka fa Nageng
6.1. Kabinete e gopoditse batho botlhe gore ditheo tsa molao mmogo le tse dingwe tse di matshwanedi ke tsona fela tse di letleletsweng go samagana le merero e e ka ga batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng mmogo le ya batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng ka tsela e e seng mo molaong.
6.2. Ga go kitla go letlelewa gore batho ba itseele molao mo matsogong ka go dira dilo tse di seng mo molaong tse di jaaka go keteka batho bano, go phuaganya dithoto tsa bona le go ba melela meno. Re ikuela mo go batho botlhe ba ba nang le dingongorego tse di utlwagalang ka ntlha eno go di isa kwa ditheong tse di matshwanedi gore go kgonwe go samaganwa le tsona ka tshwanelo.
6.3. Go netefatsa gore dingongorego tse di ka ga batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng go samaganwa le tsona ka tshwanelo, sešweng jaana puso e gololotse sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe sa Pholisi ya Naga ya go Thapa Batho ba ba Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle ba ba Leng ka fa Nageng gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona, mme sona se tlhagisa melao le leano la go tsamaisa tiro go laola mabaka a bathapi ba tshwanetseng go a lebelela pele ba ka thapa batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng mme ka fa letlhakoreng le lengwe se sireletsa ditshwanelo tsa batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng gore ba se jewe ntshu.
7. Kopano ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) le Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa (EU)
7.1. Moporesitente Ramaphosa o ne a tsenetse Kopano ya borataro ya AU-EU kwa Brussels, Belgium ka la bo 17 le la bo 18 Tlhakole 2022, jaaka a ne a tsibogetse taletso ya Monnasetulo wa AU, Motlotlegi Moussa Faki Mahamat.
7.2. Moporesitente o nnile le seabe mo dipuisanong tse di neng di tšhotlhwa teng tse di ka ga phetogo ya maemo a loapi, go fetolwa ga didirisiwa tsa go fetlha motlakase, phetogo mo lephateng la thekenoloji ya mafaratlhatlha a kgaso a dijithale le la dipalangwa. O ne gape a goga kwa pele dipuisano tse di ka ga maokelo le mafelo a go tlhagisa meento.
7.3. Kabinete e itumedisitswe ke seo se tswileng mo kopanong eno, jaaka go tlhomilwe dikgato tse di botlhokwa tsa go tsosolosa tirisanommogo e e tseneletseng magareng ga AU le EU.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe sa Kgatiso ya Boraro sa Leano la Naga la Mafaratlhatlha a Metsi (NWRS-3)
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa gore go phasaladiwa NWRS-3 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga yona. Sekwalwa seno sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe se phasaladiwa morago ga gore go sekasekiwe Sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe sa Kgatiso ya Bobedi sa Leano la Naga la Mafaratlhatlha a Metsi (NWRS-2) se se neng sa nesediwa pula ke Kabinete mo ngwageng wa 2013. Mo tshekatshekong eo go nopotswe dikarolo tse di mosola le dikarolo tse di santseng di tlhoka go tseelwa matsapa.
1.2. Sekwalwa seno se tshitshinya gore go gagamadiwe dikgato tsa go dirisanammogo tsa tlhokomelo ya boleng jwa metsi. Se tshitshinya gore go itlhamelwe ditsela tse dintšhwa le go dirisa didirisiwa tse di matshwanedi tsa thekenoloji mo metsing le mo kgelelolesweng. O tsenya tirisong dikgato tse dingwe gape tse di gagamaditsweng tse di ka ga phepafatso ya metsi a a leswe. Sekwalwa seno gape se samagana le Leano la Naga la go Samagana le Diphetogo mo Maemong a Loapi.
1.3. Metsi ke a mangwe a dilo tse di santseng di le botlhokwa thata mo dikgatong tsa go thusa ikonomi le baagi ka fa nageng e bile a mosola thata mo letsholong la puso la go tsosolosa ikonomi.
2. Kopanokgothakgothe ya Ngwaga wa 2005 e e ka ga go Tlhokomela le go Tsholetsa Ditso ka go Farologana le ka Mefuta ya Tsona (CPPDCE)
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela Pegelo ya Paka ya Bobedi ya Dingwaga di le Nne kwa Mokgatlhong wa Dinagakopano mo Mererong ya Thuto, Saense le Setso (UNESCO). Mosola wa mokgatlho ono ke go diragatsa ditshwetso tse di tserweng mo go CPPDCE ya ngwaga wa 2005.
2.2. Dinaga tse e leng karolo ya UNESCO di tshwanetse go romela dipegelo tsa tsona gangwe le gape morago ga dingwaga di le nne. Dipegelo tseno di tshwanetse go tlhagisa tshedimosetso e e ka ga dipholisi tse dinaga tseno di nang le tsona mmogo le dikgato tse ba di tsereng go tlhokomela le go tsholetsa ditso tse di farologaneng tse di leng teng mo dinageng tseo.
2.3. Pegelo eno e tla nna karolo ya Pegelo ya Lefatshe Lotlhe ya UNESCO e le yona e phasaladiwang gangwe le gape morago ga dingwaga di le nne. Aforika Borwa e tsenetse CPPDCE ka ngwaga wa 2006.
3. Pegelo ya Dipatlisiso ka ga Porojeke ya Maganagobonwa ya Folaga ya Naga
3.1. Kabinete e dumeletse gore go diriwe pegelo ya dipatlisiso ka dikgato tse di tserweng mo go direng Porojeke ya Maganagobonwa ya Folaga ya Naga ya Aforika Borwa.
3.2. Dinaga di a tle di diri difolaga tsa maganagobonwa go itshupa gore bona ke bo mang le gore ba ipela ka eng. Fa folaga eno e setse e dirilwe e tla nna sesupo sa naga, e bile e tla tlhongwa mo mafelong a a ngokelang bajanala mme e tla nna sesupo sa seo naga ya rona e leng sona.
3.3. Porojeke eno e tla etelelwa kwa pele ke Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso jaaka e le maikarabelo a lona go rotloetsa ditiragalo tsa go aga setšhaba le go dira gore se nne seoposengwe.
4. Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA)
4.1. Kabinete e neilwe tshedimosetso e nngwe gape gore go nnile le kgatelopele e nngwe mo go rekiseng dišere di ka dira 51% tsa SAA go di rekisetsa Takatso Consortium, e leng Setlamo se se Botlhokwa se se Dirisanang Mmogo le SAA se go itlhophetsweng sona. Mo teng ga sona go na le sa Harieth General Partners, e leng setlamo se se di gogang kwa pele mo go beeletseng mo mafaratlhatlheng le mo ditlamong tsa difofane mo kontinenteng ya Aforika, mmogo le setlamo sa taolo ya feme ya Difofane tsa Lefatshe.
4.2. Thulaganyo ya go rekisa le go reka dišere tseno e setse e garetswe mme Lefapha la Dikgwebo tsa Puso mmogo le Takatso Consortium ka bobedi ba setse ba saenile tumelano. Kgato e e tla latelang ke ya gore maphata a a farologaneng a a laolang kgwebo eno a dumele gore thulaganyo eno ya thekiso e fetele kwa pele. Baagi ba tla itsisiwe fa maemo a ntse a fetoga mo ntlheng eno.
C. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho
1.1. Aforika Borwa e keteka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka Mosupologo, 21 Mopitlwe 2022 ka moono yo o reng "Ngwaga wa go Tshwaragana re le setšhaba mmogo le go ipopa sešwa: re tsholetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa rona tsa batho".
1.2. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go sola mosola Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho ka go rotloetsana naga go nna seoposengwe, go aga setšhaba le go ipona re le bana ba mpa.
1.3. Ke maikarabelo a rona re le setšhaba go netefatsa gore re lwantshana le ditiragalo tsa tlhaolele, ditiragalo tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe, ditlhaselo tse di tlhotlhelediwang ke letlhoo la bosemorafe mmogo le ditiragalo tsotlhe tsa go se batle go nna le batho ba ba farologaneng nao. Ka go farologana ga rona re ka dira gore re nne ngatana e le nngwe e e tshwaraganeng tsi mme ka go dira jalo ra ipopa seoposengwe.
2. Imbizo ya Moporesitente
2.1. Moporesitente Ramaphosa o tla thankgolola letsholo la Imbizo ya Moporesitente kwa porofenseng ya Bokone Bophirima ka Lamatlhatso, 12 Mopitlwe 2022. Pilediwa eno e naya Moporesitente tšhono ya go buisana le baagi mmogo le go ela maemo tlhoko gore letsholo la kabo ya ditirelo mo mafelong ao le ntse le tsamaya jang.
D. Melaetsa
1. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Mme Nomakula “Kuli” Roberts, yo a neng a na le dingwaga di le 49, yo a neng a itsege thata mo diyalemoweng le mo thelebišeneng yo gape a neng a tumile mo mminong wa pop yo a neng a dira jaaka mogasi mo thelebišeneng le mo seyalemoweng. O ne gape a kwala diathekele tse di ka ga kitso e e tseneletseng mo setlhogong se se rileng mo dimakasineng le mo makwalodikganyeng.
- Rre Ebrahim Patel, yo a neng a na le dingwaga di le 70, yo e neng e le moporesitente wa ntlha mo Mokgatlhong wa Naga ya Aforika Borwa wa Motshameko wa Rakabi. Jaaka a ne a goga kwa pele ntlha ya go fedisa gore motshameko wa rakabi o itsege fela jaaka motshameko wa batho ba morafe o le mongwe fela, o ne a lalediwa go nna tokololo ya Boto ya Boditšhabatšhaba ya Motshameko wa Rakabi (e gona jaanong e itsegeng ka gore ke Boto ya Lefatshe ya Motshameko wa Rakabi).
- Nkosi Ngangomhlaba Matanzima, yo a neng a na le dingwaga di le 79, yo e neng e le yo mongwe wa bao ba simolotseng Ntlo ya Magosi a Setso a Porofense ya Kapa Botlhaba e bile a diretse ntlo eo sebaka sa dingwaga di sena palo e le monnasetulo wa yona.
- Rre Rikhado Muziwendlovu Makhado, yo a neng a itsege ka le le reng Riky Rick, yo a neng a na le dingwaga di le 34, yo e neng e le seopedi sa mmino o o ratwang ke bašwa wa go peteketsa mafoko, yo a neng a kwala dipina, a opela, a tlhama mmino, a diragatsa e bile a itse go dira diaparo. O ne a itsege thata ka mmino wa go peteketsa mafoko ka dipina tse di reng Amantombazane, Boss Zonke, Sidlukotini mmogo le ya Ungazincishi.
Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Sebuekedi sa Kabinete
Mogala: 083 501 0139