Skip to main content
x

A. Merero ya ga Jaanong

1. Tshedimosetso ya Sešweng ya Mogare wa Corona (COVID-19)

1.1. Kabinete e itumedisitswe ke dipalo tse dintšhwa tse di rebotsweng tse di totobaditseng fa dikgetse tsa bao ba tshwaeditsweng ke COVID-19 di wetse kwa tlase mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng mmogo le go oketsega ka 87% ya bao ba itharabologetsweng. Palo ya batho ba ba tlhokang go amogelwa kwa maokelong mmogo le ya batho ba ba tlhokang go dira diteko tsa COVID-19 le yona e wetse kwa tlase.

1.2. Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe ka karolo eo ba e tshamekileng ka go obamela melaokiletso ya go fokotsa bogale jwa leroborobo leno. Re akgola boineelo le go ikentsha setlhabelo go badiredi botlhe ba boitekanelo ba ba ntseng ba di goga kwa pele ba bo dirileng mo go re bolokeng mo mogareng ono.

1.3. A re ageleleng mo dikganyeng tse dikgolo tseno tse di rotloetsang mme re tswelele go dira mmogo gore re dire ka tolamo se se matshwanedi, jaaka go katogana, go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho, le go tlhapa diatla ka metsi a sesepa kgotsa go di tlotsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole.

1.4. Kabinete e rotloetsa baagi botlhe mo nageng ya Aforika Borwa go taonelouta COVID Alert SA Application e e sa duelelweng mo go Apple App Store kgotsa mo go Google Play. Lefapha la Boitekanelo le tsentse tirisong epe eno go nna e nngwe ya didirisiwa tse di tla tsibosang maAforika Borwa fa e le gore ba kile ba kopana le mongwe yo a nang le COVID-19. Epe eno e gagamatsa dikgato tsa rona tsa go lwantshana le go anama ga mogare ono.

1.5. Kabinete e neseditse pula gape le go atolosiwa ga nako ya go nna tirisong ga semo sa masetlapelo a naga go ya ka Karolo ya bo 27(5)(c) ya Molao wa Taolo ya Masetlapelo wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002). Seno se kgontsha gore melaokiletso e e samaganang le taolo ya go anama ga bolwetse jono jwa COVID-19. e kgone go tswelela go nna mo tirisong.

2. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)

2.1. Leru leno la GBV le tswelela go aparela naga ya rona ka tirisodikgoka le dipolao tsa basadi tse di seng kana ka sepe. Ditiragalo tseno tse di setlhogo tsa sešweng di tsenyeletsa go bolawa ga motshameki wa mananeo a thelebišene Thandeka Mdeliswa (34) yo a thuntshitsweng ka tlhobolo kwa gaabo kwa Evander, mo porofenseng ya Mpumalanga mmogo le lekgarebe la dingwaga di le 28 le le bolailweng ke monna wa lona mo dikantorong tsa Seteišene sa Mapodisi sa Madeira kwa Kapa Botlhaba a ile go tlhatlhela kgetse ya tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong ya lorato. Kabinete e re e batla go bona tiragatso ya bosiamisi mo dikgetseng tse pedi tseno mmogo le mo dikgetseng tse dingwe tse di tlhatlhetsweng.

2.2. Sešweng jaana Kabinete e neseditse pula melao e le meraro e e gagamatsang ntwa kgatlhanong le ditiragalo tsa GBV. Yona ke Molaotlhomo o o Kwalolotswe Sešwa wa Tirisodikgoka Magareng ga Batho ba ba leng mo Kgolaganong; Molaotlhomo o o Kwalolotswe Sešwa wa Bosenyi le Melato ya Mothale ono wa ngwaga wa 2020; mmogo le Molaotlhomo o o Kwalolotswe Sešwa wa ngwaga wa 2020 wa Molao o o Samaganang le Bosenyi (Ditlolo tsa Molao wa Thobalano le Melato ya Mothale ono). Melao eno e mosola mo go netefatseng gore batswasetlhabelo ba ditiragalo tsa tirisodikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong ya lorato mmogo le ba GBV ba babalesega ka tshwanelo le ka manontlhotlho.

3. Papatso ya Setlamo sa Clicks

3.1. Kabinete e tshwenyegile thata go bona papatso e e gagamatsang e e phasaladitsweng mo webesaeteng ya setlamo sa Clicks, e e tlhotlhileng ditiragalo tse dintsi tsa ditshupetso. Kabinete e tsaya phasalatso eno jaaka selo se se dubang maikutlo e bile se tlhapaola batho ba lotso lo lo rileng.

3.2. Mo hisetoring ya rona ya sešweng meriri ya bathobantsho e ne e dirisiwa thata mo ditiragalong tsa dipolotiki le tsa go tlhaola batho go se mabaka a a utlwalang. Hisetori ya naga ya rona e tletsetletse ka melao le ditiragalo tse di rileng mo setšhabeng tseo di neng di nyefola le go nyenyefatsa ‘go nna mothomontsho’ le go nyenyefatsa sebopego sa dikarolo dingwe – go naya motlhala, go nna le mmala o montsho, go nna le moriri o o dikgobe le o o raraganeng.

3.3. Ke ka fao re itumelelang dikgato tsa ka gangwe tsa go siamisa seemo seno tse di tserweng ke Clicks. Tsona di tsenyeletsa le maikano a bona a go dirisana le puso mo go tlotlomatseng didirisiwa tsa ka fa nageng mo mabentleleng otlhe a bona mmogo le go tshwarisanammogo le batlamedi ba bona ba didirisiwa le ditirelo go tsholetsa metheo ya molaotheo jaaka e tlhagelela mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Ba tla tsenya gape tirisong lenaane la katiso go katisa balaodi le badiredi ba bona ka merero ya go nna seoposengwe re le batho ba ba farologaneng.

3.4. Kabinete e laela gape le ditlamo tsa dipapatso tse di dirisanang le setlamo sa Clicks mmogo le ditlamo tse dingwe gape tse di dirisanang le ditlamo tse dingwe gore le tsona di tsaye dikgato tse di utlwagalang mo go tsholetseng le mo go sireletseng ditshwanelo tsa batho, le mo go buleng batho matlho ka ditiragalo tse di ferosang dibete tsa go nyefola batho ba lotso le lengwe, tsa go tlhoka tekatekano le tsa go tlhaolana.

3.5. Makala otlhe a setšhaba sa rona a tshwanetse go tsholetsa tirisanommogo magareng ga mafapha a puso le Ditheo tsa Puso tse di Tshegetsang Temokerasi ya Molaotheo mo go tsenyeng tirisong matsholo a thuto a go ema kgatlhanong le ditiragalo tsa tlhaolele le tsa go tlhaolana.

3.6. Go fela jalo le fa go tla mo ditshwanelong tsa go ema kgatlhanong le ditiragalo tse di sa siamang ntle le go boifa kgotsa go tshaba gore o ka kgalemelwa seo ka mafoko a a bogale, puso e gakolola maAforika Borwa otlhe gore tshwanelo eno e sireleditswe ke Molaotheo. Le fa go le jalo, tshwanelo e e letlang batho go dira ditshupetso le yona e tsamaya le maikarabelo a go dira seo ka kagiso o sa gatake ditshwanelo tsa batho ba bangwe. Puso e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa bosenyi tse di dirilweng mo mabentleleng a Clicks. Ditiragalo tsa mothale ono tse di seng mo molaong di nyatsa ditshwanelo tsa batho tse e leng tsona di dirileng gore naga eno e nne jaaka e le fa re sale re bona temokerasi.

3.7. Naga ya Aforika Borwa e samagane le go godisa ikonomi mme ka jalo e ka se kgone go mekamekana le matsapa a gore batho ba felelwe ke ditiro ka ntlha ya go tswalelwa ga dikgwebo. Boitaolo le go senngwa ga dithoto tsa maphata a poraefete le a puso ga se selo se se tshwanetsweng go rotloediwa go diragala ka ntlha ya gore ga se dikgato tse di rwalang maikarabelo le tse di tlhotlhang tswelelopele fa go tla mo go rarabololeng dikgogakgogano.

4. Ikonomi

4.1. Go wela tlase ga Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) mo Kgweditharong ya Bobedi ka go rekota maemo a 16,4% mo ngwageng go dira 51,2% ka ntlha ya COVID-19, e tlhatlosa kotsi ya go fitlhelela ponelopele ya Matlole a Tlaleletso a kgolo ya bokanaka -7.2% ka 2020.

4.2. Seno se totobatsa nepo ya ditshwetso tsa puso tsa go tsenya tirisong ka ponyo ya leitlho leano la puso la itharabologelo ya ikonomi, ka go tshwarisana tiro eno le badirisanimmogo mo mererong ya loago go dira gore ikonomi e tsene mo maemong a kgolo a a botoka.

4.3. Leano leno, le le tla gogwang kwa pele ke manaane a mafaratlhatlha, le tla tsenyeletsa gape le go tsenya tirisong dikgato tse di tlhokagalang bogolo tsa tsosoloso ya ditheo.

5. Go Bolawa ga Nathaniel Julius

5.1. Kabinete e rometse matshediso a yona kwa ba lelapa la ga Nathaniel Julius, mosimanyana wa dingwaga di le 16 yo ditatofatso di reng o thuntshitswe le go bolawa ke batlhankedi ba sepodisi ba Eldorado Park.

5.2. Go tshwarwa ga batlhankedi bano ba bararo ke Bothati jo bo Ikemetseng jwa Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di ka ga go Tlola Molao ga Sepodisi (IPID) ka ditatofatso tsa polao le go kgoreletsa molao go totobaditse metheo e e botlhokwa ya gore ga go ope yo a fetang molao.

5.3. Kabinete e ikuela mo baaging ba Eldorado Park go dirisanammogo le IPID mmogo le go tswelela go dirisana le ditheo tsa thulaganyo ya bosiamisi mo bosenying go netefatsa gore bosiamisi bo a diragadiwa.
 
6. Pegelo ya Morunikakaretso (AG) ka ga dithendara tsa COVID-19

6.1. Pegelo ya sešweng ya AG e nopola gape le ditiragalo tse di seng mo molaong le tsa ditlolo tsa molao mo tsamaisong ya matsholo a matlole a go rola boima jwa COVID-19 a a tsentsweng tirisong ke puso go fokotsa matsapa a ikonomi le go thibela go anama ga mogare ono.

6.2. Seo pegelo eno e se ribolotseng se tla romelwa kwa setheong sa makalamantsi sa Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphutsha Bonweenwee seo maitlhomo a sona e leng go rebola dipatlisiso mo ditiragalong tse di amanang le bogodu le bonweenwee mo mererong ya COVID-19. Tseo di ribolotsweng di tsenyeletsa go tlhatlosiwa ga ditlhwatlhwa tsa theko go feta ka moo di tshwanetseng go nna ka teng, batlhankedi ba puso ba ba ikwadisitseng go neelwa matlole a go ba thusa ao a neng a tshwanetse go neelwa batho ba ba tlhokang thuso eno, ditiragalo tse di supang fa go ka tswa go nnile le bogodu mmogo le go itlhokomolosa melao le melawana ya botsamaisi jwa tlamelo ya taolo ya dithoto.

6.3. Kabinete e boeletsa maemo a yona go tswelela go gata motlhala batho botlhe ba go fitlhelwang ba dirisitse matlole ano ka tsela e ba neng ba sa tshwanela go a dirisa ka yona, go sa kgathalesege gore ke bo mang. Ditiragalo tseno tse di tswileng mo tseleng tse di utololwang ke ditheo tsa puso ka go dirisa tshedimosetso e e phasaladitsweng mo webesaeteng ya Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba (www.treasury.gov.za) di tla latelwa ka tshwanelo ke mafapha a a maleba.

B. Ditshwetso tsa Kabinete
 
1. Ditharabololo tsa Naga tsa Phetogo ya Maemo a Loapi

1.1. Kabinete e neseditse pula go tlhomiwa ga Khomišene ya Moporesitente ya Tsamaiso ya Merero ya Phetogo ya Maemo a Loapi. Seno se tsamaisana le Tumelano ya Letlhomeso la Moporesitente la Samiti ya Ditiro eo e saenilweng mo Samiting ya Ditiro ya Moporesitente ka ngwaga wa 2018. Khomišene eno e tla tsamaisa phetogo ya maemo ka tsela e e leng mo molaong gore re nne le khabone e e kwa tlase mo loaping mmogo le go dira gore ikonomi le setšhaba sa rona se kakatlele go fitlha re tsena mo ngwageng wa 2050.

1.2. Sebopego sa khomišene eno se tla emelwa ke puso, badirisanimmogo mo mererong ya loago, mekgatlho ya baagi mmogo le botlhogoputswa mo ditheong tsa thuto le mo ditheong tsa dipatlisiso. Naga ya Aforika Borwa e na le maikarabelo jaaka e nngwe ya dinaga tse di botlhokwa mo Letlhomesong la Dinagakopano la Kopanokgothakgothe ya Mabapi le Phetololoapi (UNFCCC).

1.3. Kabinete e neseditse pula gape le Togamaano ya naga mo Tlhabololong ya Dikgato tsa go Fokotsa Kgotlheloloapi ka Mesi (LED) e e rometsweng kwa Mokwaleding wa UNFCCC. Togamaano eno ya LED e tla tlhabolola pholisi ya naga ya phetogo ya maemo a loapi ka tsela e e rulagantsweng sentle, e e golaganeng e bile e tletse ka ditogamaano. Togamaano eno e tlhagisa dikgato tsa go rarabolola marara tse di tsepamisitseng mogopolo mo makaleng a le mane a ikonomi a a botlhokwa, e bong la Eneji; la Diintaseteri; la Temothuo, Dikgwa le Tiriso ya Lefatshe; mmogo le la Go Sela Ditlakala.

2. Togamaano ya Naga ya Taolo ya Ditlakala (NWMS) ya 2020

2.1. Kabinete e neseditse pula NWMS ya 2020 go tsena mo legatong la NWMS ya 2011. Togamaano ya naga ya taolo ya ditlakala e diragatsa metheo ya Taolo ya Naga ya Tlhokomelo ya Tikologo: Molao wa Ditlakala wa ngwaga wa 2008 (Molao wa bo 59 wa 2008). E tsamaisa manaane a Tlhokomelo ya Tikologo. E tsamaisa kgolo ya ikonomi e e sa senyeng tikologo e e tsenyeletsang kgolo ya ikonomi e e akaretsang batho botlhe, ka go tsepamisa mogopolo mo dikarolong di le tharo tse di botlhokwa – phokotso ya ditlakala, ditirelo tse di mosola tse di sa kgaotseng, mmogo le matsholo a temososetšhaba le a kobamelomolao.

3. Dikholeje tsa Dithuto tsa Temothuo

3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlhoma dikholeje tsa temothuo go nna karolo ya tiro ya Dikholeje tsa Thuto e Kgolwane go ya ka Molao wa Thuto e Kgolwane wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 101 wa 1997) jaaka o kwalolotswe sešwa.

3.2. Dikholeje tsa temothuo – tse ga jaana di ikarabelang mo Lefapheng la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae – di tlamela ka matsholo a a tsamaelanang le a dipoelo tsa makwalothuto a thuto e kgolwane ao a tsenyeletsang katiso ya bokgoni le manaane a thuto ya tiro ya diatla. Go ntsha dikholeje tseno mo lefapheng leno go dira gore di ikarabele mo Lefapheng la Thuto e kgolwane le Katiso le tla dira gore di ikamanye sentle le dikarolo tsa Molao wa Thuto e Kgolwane wa ngwaga wa 1997 mme seno se tla tokafatsa ka fao di busiwang le go laolwa ka teng.

4. Pegelo ya Dipatlisiso le Tlhabololo (R&D) mo Manaaneng a Merokotso ya Lekgetho ya Ngwaga wa Matlole wa 2017/18

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isiwa ga Pegelo ya Dipatlisiso le Tlhabololo (R&D) mo Manaaneng a Merokotso ya Lekgetho ya Ngwaga wa Matlole wa 2017/18 kwa Palamenteng. Dipatlisiso tseno di mo motlhaleng wa ka fao merokotso eno e e beetsweng ditlamo e dirisiwang ka teng mo go mo tsholetseng dipatlisiso le tlhabololo mo makaleng a tsona. Lenaane leno la merokotso ya lekgetho le simolotse lantlha ka Ngwanaitseele 2006. Go ya ka pegelo eno, go simolola ka Ngwanaitseele 2006 go fitlha ka Tlhakole 2018, mo ditlamong tsotlhe di le 1 091 tse di dirileng dikopo tsa thuso eno, di le 902 di ne tsa thusiwa ka morokotso eno. Pegelo ka botlalo e tla tle e phasaladiwa gang fa Moporesitente a setse a e tlhagisitse kwa Palamenteng.

5. Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga Letlhomeso la Pholisi ya Ditirelo tsa Mananeo a a Reediwang le a a Bogelwang

5.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga Letlhomeso la Pholisi ya Ditirelo tsa Mananeo a a Reediwang le a a Bogelwang: E leng Ponelopele e Ntšhwa ya Naga ya Aforika Borwa ya 2020, gore baagi ba ntshe maikutlo a bona le go dira ditshwaelo.

5.2. Sekwalwa sa Masupatsela seno, gareng ga tse dingwe, se tshitshinya gore go nne le pholisi e ntšhwa le gore go fetolwe melawanataolo mmogo le go dira ditshwaelo tseo maitlhomo a tsona e leng go baya mo maemong a mantšhwa makala a bobegakgang jwa mananeo a a reediwang le a a bogelwang go lebilwe kgolo mo isagong mmogo le mo go tsholetseng dipeeletso.

6. Go Fetola Mafelo a a Nang le Didirisiwa tsa Ngwaoboswa

6.1. Kabinete e lomilwe tsebe ka kgatelopele e e dirilweng ke setlhophatiro se se batlang maikutlo a maphata mangwe se se eteletsweng kwa pele ke Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso mabapi le mafelo a a nang le didirisiwa tsa ngwaoboswa. Setlhopha seno se rwesitswe tiro ya gore se sekaseke merero ya ga jaana ya ngwaoboswa, le ka fao Kabinete e tsibogelang ka teng metheo ya botlhokwa ya hisetori ya rona le ya Molaotheo wa rona.

6.2. Setlhopha seno se dirile ditshitshinyo tebang le difikantswe/dikgopotso tse di tshwanetseng go tsholetsa metheo e mentšhwa eo Aforika Borwa wa temokerasi a fitlheletsweng ka yona. Se tshitshinya gore tse dingwe tsa difikantswe tsa rona tsa hisetori di fudusiwe go isiwa kwa diphakeng tsa meono e e maleba tseo di tla fitlhelwang gotlhe ka fa nageng. Go tla runiwa ka botlalo difikantswe tsotlhe tse di leng teng ka fa nageng, matshwao otlhe mmogo le dikgopotso tsotlhe mme dipoelo tsa seno e tla nna tsona tse di re supetsang gore re ka aga kae diphaka tseno tsa meono tseo di tshitshinngwang tse maitlhomo a tsona e leng go aga setšhaba.

6.3. Kabinete e tshegetsa kgato eno, eo e tla nnag le mosolo mo go ageng setšhaba le mo go netefatseng gore mafelo a setšhaba a bontsha metheo ya molaotheo wa puso e e busitseng morago ga ya bokoloniale le morago ga puso ya tlhaolele e e tsholetsang metheo ya temokerasi. Diphaka tseno tsa setso tsa go aga setšhaba go tla fudusetswa kwa go tsona dintlha tsotlhe tsa hisetori tse di bontshang dibetlwa tsa puso ya bokoloniale le ya tlhaolele gore bana ba kamoso ba itse gore go ne go diragala eng ka fa nageng.

C. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e akgola le go lakaletsa masego:

1.1. Mokaedikakaretso (DG) wa mo malobeng mo Kantorong ya Moporesitente yo gape e neng e le Mokwaledi wa Kabinete, Ngaka Cassius Lubisi, jaaka a tswa mo Tirelopusong go rola tiro go latela gore a direle puso ka botswapelo mo Kantorong ya Moporesitente le mo pusong ya kwa waZulu-Natal. Ngaka Lubisi o tlogelela baagi ba Aforika Borwa lefa la tirelo ya boikanyego, la tirelo ya manontlhotlho le ya go nna le sebete.

1.2. DG wa mo malobeng wa Lefapha la Boitekanelo, Ngaka Precious Matsoso, jaaka a thapilwe go nna yo mongwe wa batlhankedibagolo ba phanele mo Phaneleng e e Ikemetseng ya go Ithulaganya le go Tsibogela Maroborobo ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO).

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e rometse matshediso kwa go:

2.1. balelapa le ditsala tsa ga mmoki yo a itsegeng yo gape e neng e le molwelakgaratlho wa dipolotiki Rre Achmat Dangor yo a dirisitseng bokgoni jwa gagwe jwa go kwala go utolola ka fao puso ya tlhaolele e neng e busa ka tsela eo e senang bosiamisi ka teng mmogo le go ntsha maikutlo a bao ba neng ba sa kgone go ka ipuelela.

2.2. balelapa, ditsala le badirimmogo ba ga Mme Nyameka Goniwe, Mmusakgotla wa Masepala wa Inxuba Yethemba kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba yo gape e neng e le motlholagadi wa molwelakgaratlho, Rre Matthew Goniwe.

2.3. balelapa le ditsala tsa ga Sajene Mogolo wa Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF), Moleftenente Mogolo Vejay Ramlakan, yo gape a nnileng le seabe mo kgololesegong ya maAforika Borwa otlhe.

2.4. balelapa le ditsala tsa ga Rre Petrus Meyer, yo a itsegeng thata jaaka Oom Piet, wa kwa porofenseng ya Kapa Bophirima mmogo le Moambasatara Kgoši Mohlamme Piet Mathebe le Rre David Mbulaheni Malada kwa porofenseng ya Limpopo. MaAforika Borwa ano a a itlhophileng ba kgaratlhetse kgololesego le temokerasi ka boineelo mo nageng ya Aforika Borwa.

2.5. balelapa le ditsala tsa ga molwela ditshwanelo tsa batho yo a tlotlegang, Moatefokate George Bizos, yo a thutseng botala ka tlhogo a na le dingwaga di le 92. E ne e le naledi mo kgaratlhong kgatlhanong le puso ya tlhaolele ka fa nageng ya Aforika Borwa. Moatefokate Bizos o dirile jaaka mmueledi wa Nelson Mandela dingwaga di le dintsi e bile e ne e le yo mongwe wa babueledi ba ba neng ba le mo phaneleng e e neng e buelela basekisiwa mo Tshekong ya Rivonia.

E ne e le mmueledi yo a tlotlomadiwang wa ditshwanelo tsa batho e bile e ne e le yo mongwe wa batho bao ba simolotseng Tikwatikwe ya Didirisiwa tsa Moloa, e leng mokgatlho o o samaganang le merero ya ditshwanelo tsa batho

D. Go Thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Moleftenente Mogolo Tebello Constance Mosikili go nna Motlatsatlhogo ya Lephata la Sepodisi le le Batlisisang Dikgetse tse di Masisi.
2. Rre Trevor Rammitiwa jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Bobegakgang jwa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano.

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete
Mogala: 083 501 0139
Letlha: Labone, 10 Lwetse 2020
E rebotswe ke: Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS)

 Union Building